Go Bona Selo Se Se Ka Dirang Gore go Nne le Lorato Lo Lo Tswang Pelong Lwa Bokaulengwe
“Le mo poihoñmodimo ea lona lo tsenyè [lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe, NW].”—2 PETERE 1:5-7.
1. Lengwe la mabaka a magolo a go bo batho ba ga Jehofa ba itumela fa ba kokoane ke lefe?
MO NAKONG e e fetileng ngaka nngwe e e neng e se Mosupi wa ga Jehofa e ne ya nna teng fa morwadie a ne a aloga kwa Sekolong sa Watch Tower sa Bibela sa Gileade, koo a neng a katiseditswe teng go nna morongwa. O ne a kgatlhiwa ke bontsintsi jwa batho ba ba itumetseng mo a neng a bolela gore batho bano ba tshwanetse ba bo ba sa lwale thata. Ke eng se se neng se dira gore batho bano ba itumele thata jalo? E bile, ke eng se se dirang gore go nne le boitumelo fa batho ba ga Jehofa ba kokoane, mo diphuthegong, kwa dikopanong tsa potologo, le kwa dikopanong tsa kgaolo? A ga se lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe lo ba lo bontshanang? Kwantle ga pelaelo, lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe ke lone lebaka lo lo dirileng gore go buiwe gore ga go na setlhopha sepe sa bodumedi se se ipelang, se se itumelang, le se se nnang se kgotsofetse mo bodumeding jwa sone jaaka Basupi ba ga Jehofa.
2, 3. Ke mafoko afe a mabedi a Segerika a a bolelang kafa re tshwanetseng go ikutlwa ka teng ka ba bangwe, mme mafoko ano a farologana jang?
2 Re tshwanetse go solofela go bona lorato lo lo ntseng jalo lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe ka ntlha ya mafoko ano a ga moaposetoloi Petere a a mo go 1 Petere 1:22: “Ereka lo itshekisitse meōea ka go ineèla ga lona mo boamarureñ, loa tsamaea loa hitlha mo [go rateng bakaulengwe ka lorato lo lo tswang pelong] mo go senañ boitimokanyō, ka re, lo ratanè mo peduñ ka tlhōahalō.” Lefoko la motheo la Segerika le le ranotsweng fano jaaka “lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe” ke phi·liʹa (lorato lo lo tswang pelong). Le batlile le kaya se se tshwanang e a·gaʹpe, lefoko le gantsi le ranolwang jaaka “loratō.” (1 Yohane 4:8) Lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe lo farologana le lorato ka ditsela dingwe tse di kgethegileng le mororo gantsi le lengwe le dirisiwa fa le lengwe le tshwanetseng go dirisiwa teng. Ga re a tshwanela go a tlhakatlhakanya jaaka baranodi ba bantsi ba Bibela ba dira. (Re tlile go tlotla ka mafoko a mabedi ano mo setlhogong seno le se se latelang.)
3 Fa a ne a bua ka pharologano e e fa gare ga mafoko a mabedi ano a Segerika, mokanoki mongwe o ne a bolela gore phi·liʹa “ke lefoko le le supang boineelo le go atamalana le go ratana go tswa pelong.” Kafa letlhakoreng le lengwe a·gaʹpe yone e ama tlhaloganyo. Ka jalo le mororo re bolelelwa gore re rate (a·gaʹpe) baba ba rona, ga re ba rate go tswa pelong. Ke eng fa re sa dire jalo? Gonne “go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakorintha 15:33) Mafoko ano a ga moaposetoloi Petere le one a gatisetsa bosupi jwa gore mafoko ano a a farologana: “Le mo go [rateng bakaulengwe go tswa pelong] lo tsenyè loratō.”—2 Petere 1:5-7; bapisa Yohane 21:15-17.a
Dikai tsa Lorato Lo Lo Kgethegileng Tota Lo Lo Tswang Pelong lwa Bokaulengwe
4. Ke eng fa Jesu le Johane ba ne ba ratana go tswa pelong ka tsela e e kgethegileng?
4 Lefoko la Modimo le re naya dikai di le mmalwa tse di molemo tsa go supa lorato lo lo kgethegileng tota lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe. Lorato lo lo kgethegileng lono lo lo tswang pelong, ga lo nne teng fela ka go bo motho a eletsa jalo mme le nna teng ka go bo motho a anaanela dinonofo dingwe tse di tlhomologileng. Kwantle ga pelaelo sekai se se itsiweng thata ke sa kafa Jesu Keresete a neng a rata moaposetoloi Johane ka teng go tswa pelong. Eleruri, Jesu o ne a rata baaposetoloi botlhe ba gagwe ba ba ikanyegang ka lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe, e bile a dira jalo ka lebaka le le molemo. (Luke 22:28) Tsela nngwe e a neng a le supa ka yone ke fa a ne a ba tlhapisa dinao, ka go dira jalo a ba ruta gore ba ikokobetse. (Yohane 13:3-16) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a rata Johane ka tsela e e kgethegileng tota go tswa pelong e bile Johane o go umaka kgapetsakgapetsa. (Yohane 13:23; 19:26; 20:2) Lefa gone Jesu a ne a na le lebaka la go supetsa balatedi ba gagwe le baaposetoloi ba gagwe lorato lo lo tswang pelong, go bonala tsela e Johane a neng a dira dilo ka yone e ne e dira gore Jesu a mo rate ka tsela e e kgethegileng go tswa pelong gonne a ne a anaanela Jesu thata. Re kgona go bona seno mo mekwalong ya ga Johane, mo Efangeleng ya gagwe mmogo le mo makwalong a gagwe a a tlhotlheleditsweng. A bo a umaka lorato kgapetsakgapetsa jang ne mo mekwalong eo! Se Johane a se kwadileng mo go Yohane dikgaolo 1 le 13 go ya go 17, mmogo le go bolela ga gagwe kgapetsa ka botshelo jwa ga Jesu pele e nna motho go supa kafa a neng a anaanela dinonofo tsa ga Jesu tsa semoya thata ka teng.—Yohane 1:1-3; 3:13; 6:38, 42, 58; 17:5; 18:37.
5. Go ka tweng ka tsela e e kgethegileng e e tswang pelong e Paulo le Timotheo ba neng ba ratana ka yone?
5 Ka tsela e e tshwanang ga re batle go itlhokomolosa lorato lo lo kgethegileng lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe loo moaposetoloi Paulo le tsala ya gagwe ya Mokeresete Timotheo ba neng ba ratana ka lone, leo eleruri le neng le thailwe mo go anaaneleng dinonofo tse mongwe le mongwe wa bone a neng a na natso. Mekwalo ya ga Paulo e akgela sentle kaga Timotheo, jaaka fa a ne a re: “Ga ke na opè eo o pelo e chwanañ le ea gagwè, eo o tla tlhōkōmèlañ ka tlhōmamō kaha lo tshelañ ka gōna. . . . Lo itsè go lekèga ga gagwè, go re, yaka ñwana a tla a dihèle rragwè, le èna o dihile le nna yalo mo go cwedisetseñ Mahoko a a Molemō kwa pele.” (Bafilipi 2:20-22) Go na le mafelo a mantsi mo makwalong a a neng a a kwalela Timotheo a a supang kafa Paulo a neng a rata Timotheo ka teng go tswa pelong. Ka sekai, ela tlhoko 1 Timotheo 6:20 e e reng: “Timotheo, a u ko u dibèlè shōna se u se neecweñ.” (Bona gape 1 Timotheo 4:12-16; 5:23; 2 Timotheo 1:5; 3:14, 15.) Fa go bapisiwa makwalo a Paulo a neng a a kwalela Timotheo le le a neng a le kwalela Tito go bonala tota gore Paulo o ne a rata lekawana leno go tswa pelong ka tsela e e kgethegileng. Timotheo o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang ka botsalano jwa bone, jaaka go ka bonwa mo mafokong a ga Paulo a a mo go 2 Timotheo 1:3, 4: ‘Go go gopola ga me ga go khutle, mo mekokotlelong ya me, . . . ke tlhologeletswe go go bona, Gore ke tladiwe boitumelo, ke ntse ke gakologetswe dikeledi tsa gago.’
6, 7. Dafide le Jonathane ba ne ba ikutlwa jang mongwe ka yo mongwe, mme ka ntlha yang?
6 Dikwalo tsa Sehebera le tsone di naya dikai tse di molemo thata, jaaka sa ga Dafide le Jonathane. Fa re bala re utlwa gore fa Dafide a sena go bolaya Goliathe, “mōea oa ga Yonathane oa logakana le mōea oa ga Dafide, me Yonathane a mo rata yaka a ithata.” (1 Samuele 18:1) Ga go belaetse gore Jonathane o ne a rata Dafide go tswa pelong ka tsela e e kgethegileng gonne a ne a anaanela sekao se Dafide a neng a se tlhoma sa go tlhagafalela leina la ga Jehofa le bopelokgale jo a neng a bo supa jwa go ya go kopana le Goliathe.
7 Jonathane o ne a rata Dafide thata mo e leng gore o ne a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a femele Dafide mo go Kgosi Saule. Jonathane ga a ise a ko a supe gore ga a rate go bo Jehofa a tlhophile Dafide gore e nne kgosi e e latelang ya Iseraele. (1 Samuele 23:17) Dafide le ene o ne a rata Jonathane ka tsela e e tshwanang go tswa pelong, jaaka go ka bonala mo go se a neng a se bolela fa a ne a hutsafaletse loso lwa ga Jonathane: “Ke mo tlaleloñ kaga gago Yonathana, mogolole: mo go nna, u nntse u le natehō thata: loratō loa gago mo go nna lo no lo gakgamatsa, lo heta loratō lwa basadi.” Eleruri e ne e le ditsala tse di neng di anaanelana thata.—2 Samuele 1:26.
8. Ke basadi bafe ba babedi ba ba neng ba ratana go tswa pelong ka tsela e e kgethegileng, mme ka ntlha yang?
8 Gape re na le sekai sengwe se se molemo mo Dikwalong tsa Sehebera sa basadi bangwe ba babedi, Naomi le ngwetsi ya gagwe ebong Ruthe, ba ba neng ba ratana tota go tswa pelong ka tsela e e kgethegileng. Gakologelwa mafoko ano a Ruthe a neng a a bolelela Naomi: “U se ka ua nthapèla gore ke gu tlogèlè, ke boeè, ke kgaoganè le go gu sala moragō: gonne kwa u eañ gōna, ke tla ea gōna; kwa u lalañ gōna, ke tla lala gōna: batho ba ga eno e tla nna batho ba ga echo, le Modimo oa gago e tla nna Modimo oa me.” (Ruthe 1:16) A ga re a tshwanela go swetsa ka gore tsela e Naomi a neng a itshwara ka yone le e a neng a bua ka Jehofa ka yone e ne ya dira gore Ruthe a bue ka tsela eno e e supang kanaanelo?—Bapisa Luke 6:40.
Sekao sa ga Moaposetoloi Paulo
9. Ke eng se se bontshang gore Paulo o ne a tlhoma sekao mo go supeng lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe?
9 Jaaka re setse re bone, moaposetoloi Paulo o ne a rata Timotheo ka lorato lo lo kgethegileng tota lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe. Mme gape o ne a tlhoma sekao se se molemo thata sa go supa lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe mo bakaulengweng ba gagwe ka kakaretso. O ne a bolelela bagolwane ba kwa Efeso gore ‘ka lobaka lwa dingwaga di le tharo, o ne a nna a ba gakolola botlhe ka dikeledi bosigo le motshegare.’ A seo ga se lorato lo lo nonofileng lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe? Eleruri ke lone! E bile le bone ba ne ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang ka Paulo. Fa ba sena go utlwa gore ga ba kitla ba mmona gape, ba ne “ba lela botlhe mo go botlhoko, ba wèla mo thamuñ ea ga Paulo, ba mo atla.” (Ditihō 20:31, 37) A seo ga se lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe lo lo thailweng mo go anaaneleng ba bangwe? Tota! Lorato lwa gagwe lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe lo bonwa gape mo mafokong ano a gagwe a a mo go 2 Bakorintha 6:11-13: “Molomo oa rona o lo atlhametse, lona Bakorintha, pelo ea rona e pitlologile. Ga loa pitlagañwa ke rona, me lo pitlaganye mo loratoñ loa lona ka losi. Me yana le lona pitlologañ, gore e tlè e nnè tebogō ea kaha ke lo dihetseñ ka gōna; ke bua yaka ha ke bua le bana ba me.”
10. Ke bomang ba ba neng ba sena lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe ba ba ileng ba dira gore Paulo a bolele diteko tsa gagwe mo go 2 Bakorintha kgaolo 11?
10 Go phepafetse gore Bakorintha ba ne ba sa rate moaposetoloi Paulo ka lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe. Ke gone ka moo bangwe ba bone ba neng ba ngongorega jaana: “Dikwalō tsa gagwè di boima, di thata; me ha a le ha sebele sa gagwè, o ba a le bokōa, le puō ea gagwè e be e se sepè.” (2 Bakorintha 10:10) Ke ka lebaka leo Paulo a neng a bua ka “baaposetoloi ba bagolo” ba bone e bile o ne a patelesega go ba bolelela ka diteko tse a neng a di itshokela jaaka di kwadilwe mo go 2 Bakorintha 11:5, 22-33.
11. Ke bosupi bofe jo bo leng teng jwa gore Paulo o ne a rata Bakeresete ba kwa Thesalonika go tswa pelong?
11 Lorato lo lo nonofileng lo lo tswang pelong lwa ga Paulo lo a neng a rata ba a neng a ba direla ka lone lo bonala thata mo mafokong a gagwe a a mo go 1 Bathesalonia 2:8: “Ereka re ne re lo tlhōahaletse ka loratō, ra bo re itumèla go lo naea, e señ Mahoko a a Molemō a Modimo a le aosi, me le e leñ meōea ea rona, ka lo no lo setse lo ratwa ke rona thata.” Totatota, o ne a rata bakaulengwe ba basha bano thata mo e leng gore fa a ne a palelwa ke go itshoka—a tlhoafaletse thata go itse gore ba itshoketse pogiso jang—o ne a romela Timotheo, yo a neng a tla ka pego e e neng ya itumedisa Paulo fela thata. (1 Bathesalonia 3:1, 2, 6, 7) Insight on the Scriptures e akgela sentle jaana: “Paulo le ba a neng a ba direla ba ne ba ratana ka lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe.”
Kanaanelo—Selo Se Se Bakang Lorato Lo Lo Tswang Pelong lwa Bokaulengwe
12. Re tshwanetse go bontsha bakaulengwe ba rona lorato lo lo nonofileng lo lo tswang pelong ka mabaka afe?
12 Kwantle ga pelaelo, kanaanelo ke selo sa konokono se se dirang gore go nne le lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe. A bakaulengwe botlhe ba ba ineetseng ba ga Jehofa ga ba na dinonofo tse re di anaanelang, tse di dirang gore re ba rate ka lorato lo lo tswang pelong, di dira gore re ba neneketse? Rotlhe re batla Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe pele ga dilo tsotlhe. Rotlhe re lwa ka thata le baba ba rona ba bararo: Satane le badimona ba gagwe, lefatshe le le boikepo leno le le laolwang ke Satane, le dilo tse re di ruileng tse nama ya rona e e ratang boleo e ratang go di dira. A ga re a tshwanela gore ka metlha re tseye gore bakaulengwe ba rona ba dira se ba ka se kgonang segolo jang fa re akanyetsa maemo a bone? Mongwe le mongwe mo lefatsheng o eme mo letlhakoreng la ga Jehofa kana la ga Satane. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba ineetseng ba mo letlhakoreng la ga Jehofa, ee, mo letlhakoreng la rona, mme ka jalo re tshwanetse go ba rata ka lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe.
13. Ke eng fa re tshwanetse go rata bagolwane ka tsela e e nonofileng go tswa pelong?
13 Go tweng ka go anaanela bagolwane ba rona? A ga re a tshwanela go ba rata thata segolo jang fa re akanya kafa ba direlang phuthego ka natla ka teng? Fela jaaka go ntse ka rona rotlhe, ba tshwanela go itlamela le go tlamela malapa a bone. Gape ba na le ditiro tse dingwe tse ba tshwanetseng go di dira tse di tshwanang le tsa rona jaaka go ithuta ka namana, go ya kwa dipokanong tsa phuthego, le go nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo. Mo godimo ga moo, ba tshwanetse go baakanyetsa dikarolo tsa bone mo thulaganyong ya dipokano, go naya dipuo tsa phatlalatsa, le go rarabolola mathata a a nnang teng mo phuthegong, ka dinako tse dingwe ba tlhoka gore ba dirise diura tse dintsi ba sekaseka dikgetsi. Eleruri re batla go ‘tlotla ba ba ntseng jalo.’—Bafilipi 2:29.
Go Supa Lorato Lo Lo Tswang Pelong lwa Bokaulengwe
14. Ke dikwalo dife tse di re bolelelang gore re supe lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe?
14 Re tshwanetse go supetsa bakaulengwe ba rona lorato lo lo nonofileng lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe, fela jaaka Jesu Keresete le Paulo gore re kgone go itumedisa Jehofa. Re bala jaana: “[Mo loratong lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe] lo ratane ka go neneketsana.” (Baroma 12:10, Kingdom Interlinear) “Fa e le kaga [lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe], ga go tlhokege gore re lo kwalele, gonne lona ka bolona lo rutiwa ke Modimo gore lo ratane.” (1 Bathesalonia 4:9, Int) “A [lorato lwa lona lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe] lo tswelele.” (Bahebera 13:1, Int) Rraarona wa selegodimo eleruri o a itumela fa re bontsha bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe!
15. Re ka supa lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe ka ditsela dife?
15 Bakeresete ba metlha ya baaposetoloi ba ne ba tlwaetse go dumedisa ba bangwe ka “katlō e e boitshèpō” kana ka “katlō ea loratō.” (Baroma 16:16; 1 Petere 5:14) Sesupo tota sa lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe! Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe gompieno, selo se se supang gore o na le lone ke fa o nyenya le motho o le botsalano tota le fa o mo dumedisa ka letsogo. Kwa dinageng tsa Selatini, jaaka kwa Mexico, go kampa motho, ke gone go supang fa o mo rata go tswa pelong. Lorato lono lo lo nonofileng lo lo tswang pelong lo lo supiwang ke bakaulengwe bao ba rona e ka tswa e le lebaka la go bo go na le koketsego e kgolo jaana mo dinageng tseo tsa bone.
16. Re ka supa lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe kwa Holong ya Bogosi leng?
16 Fa re tsena kwa Holong ya Bogosi, a re tsaya matsapa a a kgethegileng go supa lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe? Lo tla re dira gore re bue sengwe se se kgothatsang, segolobogolo mo go ba ba lebegang ba tshwenyegile maikutlo. Re bolelelwa gore re ‘nametse ba ba lapang pelo.’ (1 Bathesalonia 5:14) Eleruri eo ke tsela nngwe e re ka supang lorato lo lo nonofileng lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe ka yone. Tsela e nngwe gape e e molemo ke go bolela fa re lebogela puo ya phatlalatsa, karolo ya thulaganyo e e beilweng sentle, maiteko a magolo a a dirilweng ke moithuti mo Sekolong sa Bodihedi sa Puso ya Modimo, le tse dingwe fela jalo.
17. Mogolwane mongwe o ne a dira jang gore phuthego e mo rate go tswa pelong?
17 A re ka laletsa bangwe go tla go ja dijo kwa magaeng a rona kana sengwe fela se se botlhoshwana morago ga dipokano fa nako e letla? A ga re a tshwanela go letla kgakololo ya ga Jesu e e mo go Luke 14:12-14 gore e re kaele? Motho mongwe yo e neng e kile ya bo e le morongwa o ne a tlhophiwa jaaka molebedi yo o okamelang mo phuthegong e batho botlhe ba yone e neng e le ba morafe o sele. O ne a lemoga gore ga ba mo rate ka lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe, ka jalo o ne a loga maano a go baakanya seemo seno. Ka tsela efe? O ne a laletsa lelapa le le farologaneng Sontaga se sengwe le se sengwe go tla go ja dijo. Fa ngwaga o ya go fela, botlhe ba ne ba mo rata ka lorato lo lo nonofileng lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe.
18. Re ka bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba lwalang lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe jang?
18 Fa mokaulengwe kana kgaitsadi a lwala, a le kwa gae kana kwa kokelong, lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe lo tla re dira gore re mmolelele gore re amega ka ene. Go tweng ka ba ba nnang kwa legaeng le go tlhokomelelwang batsofe kwa go lone? Ke eng o sa ba etele ka namana, o sa letse mogala, kana wa romela karata e e buang mafoko a a supang lorato?
19, 20. Re ka supa jang gore re pitlologile fa go tla mo loratong lo lo tswang pelong lo re ratang bakaulengwe ba rona ka lone?
19 Fa re bua mafoko a a ntseng jalo a a supang lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe, re ka ipotsa jaana, ‘A ke bontsha batho ba ba rileng fela lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe? A dilo tse di tshwanang le mmala wa letlalo, thutego, kana dikhumo di tlhotlheletsa tsela e ke supang lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe ka yone? A go tlhokega gore ke supe lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe ka mo go oketsegileng, jaaka moaposetoloi Paulo a ne a kgothatsa Bakeresete ba kwa Korintha gore ba dire?’ Lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe lo tla dira gore re lebe bakaulengwe ba rona sentle, re ba anaanela ka ntlha ya dinonofo tse di molemo tse ba nang natso. Gape lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe lo tla re thusa gape gore re itumelele bakaulengwe ba rona fa ba gatela pele go na le gore re fufege.
20 Gape lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe lo tshwanetse go re dira gore re nne re ntse re butse matlho go thusa bakaulengwe ba rona mo bodiheding. Go tshwanetse ga nna jaaka nngwe ya dipina (Ya 92) tsa rona e bolela jaana:
“Ba ba bokoa a re ba thuseng,
Go nna le seabe mo go rereng.
A re thuseng ba babotlana,
Ka gone ba se ka ba boifa.”
21. Re ka solofela go tshwarwa jang fa re supa lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe?
21 Ka jalo, a re se kang ra lebala gore fa re supa lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe, re angwa ke molaomotheo ono o Jesu a o boletseng mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Naeañ, me lo tla nèwa; selekanyō se se molemō, se se katecweñ, se se tsikitledicweñ, se se penologañ, batho ba tla se lo naea mo dihubeñ tsa lona. Gonne ka selekanyō se lo lekanyañ ka shōna lo tla ba lo lekanyediwa ka shōna hèla.” (Luke 6:38) Re solegelwa molemo ka borona fa re supa lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe, re supa fa re tseela batlhanka ba ba tshwanang le rona ba ga Jehofa kwa godimo. Eleruri go itumela ba ba itumelelang go supa lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se latelang se se reng: “Se Lorato (Agape) E Seng Sone le Se Lo Leng Sone.”
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke mafoko afe a Segerika a a supang kafa re tshwanetseng go ikutlwa ka teng, mme a farologana jang?
◻ Ke eng se se ka re thusang gore re nne le lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe?
◻ Ke dikai dife tsa Dikwalo tse re nang le tsone tsa ba ba ileng ba supa lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe?
◻ Ke eng fa re tshwanetse go rata bakaulengwe ba rona le bagolwane ka lorato lo lo nonofileng lo lo tswang pelong?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Moaposetoloi Petere o ne a kgothaletsa bakaulengwe ba gagwe gore ba tsenye lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe mo tumelong ya bone le mo dinonofong tse dingwe tsa Bokeresete