LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 10/15 ts. 17-22
  • Se Lorato (Agape) E Seng Sone le Se Lo Leng Sone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se Lorato (Agape) E Seng Sone le Se Lo Leng Sone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse Lorato E Seng Tsone
  • Dilo Tse Dingwe Tse Lorato E Seng Tsone
  • Dilo Tse Lorato Lo Leng Tsone
  • “Tswelelang Lo na Le Lorato”
    Atamalana le Jehofa
  • ‘Se Segolo mo go Tseno Ke Lorato’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Nonotshiwa ke Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Lorato—Nonofo e e Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 10/15 ts. 17-22

Se Lorato (Agape) E Seng Sone le Se Lo Leng Sone

“Mo [loratong lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe, NW] lo tsenyè loratō.”—2 PETERE 1:5, 7.

1. (a) Ke nonofo efe e Bibela e bolelang gore e botlhokwa thatathata? (b) Ke mafoko afe a manè a Segerika a gantsi a ranolwang jaaka “lorato,” mme ke lefe le go buiwang ka lone mo go 1 Yohane 4:8?

LORATO ke nonofo kana ke go nna moyamontle goo Lefoko la Modimo bong Bibela le bolelang gore lo botlhokwa. Mo Segerikeng, puo ya ntlhantlha e Dikwalo tsa Bokeresete di neng di kwadilwe ka yone, re fitlhela go na le mafoko a le manè a a ranolwang jaaka “lorato.” Lorato lo re batlang go bua ka lone fano ga se eʹros (lefoko le le seyong mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika), loo lo supiwang ka ntlha ya kgogedi ya tlhakanelodikobo; kana stor·geʹ, lo lo fa gare ga balosika; e bile ga re e go bua ka phi·liʹa, lorato lo lo nonofileng lwa ditsala lo mongwe le mongwe a tsayang yo mongwe a le botlhokwa, lo go builweng ka lone mo setlhogong se se fetileng. Go na le moo, re batla go bua ka a·gaʹpe—lorato lo lo supiwang ka ntlha ya melaometheo, le go ka nnang ga twe le tshwana fela le go sa nneng bogagapa, lorato lo moaposetoloi Johane a neng a bua ka lone fa a ne a re: “Modimo o loratō.”—1 Yohane 4:8.

2. Ke eng se se boammaaruri se se ileng sa buiwa ka lorato (a·gaʹpe)?

2 Porofesa William Barclay o bolela jaana mo go New Testament Words ka lorato lono (a·gaʹpe): “Agapē e ama thata tlhaloganyo: ga se tsela e re iphitlhelang re ikutlwa ka yone mo dipelong tsa rona [jaaka go diragala ka phi·liʹa]; ke molaomotheo o re akanyang ka one re bo re dira tshwetso ya go dira jaaka o re laela. Agapē e laolwa ke go batla go dira sengwe. Ke go gapa sekgele, go fenya, le go kgona go dira sengwe. Ga go na motho ope yo o kileng a rata baba ba gagwe ka tlholego fela. Fa o rata baba ba gago o a bo o gapile sekgele mo dilong tse ka tlholego re ratang go di dira e bile o a bo o fentse maikutlo a gago a tlholego. Agapē . . . totatota ke go nna le maatla a go rata batho ba ba sa go neyeng lebaka la go ba rata, go rata batho ba re sa ba batleng.”

3. Jesu Keresete le Paulo ba ile ba gatelela lorato jang?

3 Ee, tsela e mofuta ono wa lorato o gatelelwang ka yone ke nngwe ya dilo tse di farologanyang kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa Modimo le mefuta e mengwe yotlhe ya kobamelo. Go molemo go bo Jesu Keresete a ne a bolela ditaolo tse pedi tseno tse dikgolo: “Ea tlhōgō ke e, . . . U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago, le ka thata eotlhe ea gago. Ea bobedi ke e, U ratè moñwe ka wèna yaka u ithata. Ga go na taolō epè e e hetañ cōna tse.” (Mareko 12:29-31) Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela lorato ka tsela e e tshwanang mo go kgaolo 13 ya 1 Bakorintha. Fa a sena go gatelela gore lorato ke nonofo e e tlang pele le e e botlhokwa thata, o ne a konela ka go bolela jaana: “Me yana go sala tumèlō, le cholohèlō, le loratō, boraro yo; me se segolo mo boraruñ yo ke loratō.” (1 Bakorintha 13:13) Jesu o ne a bolela sentle fa a ne a re balatedi ba gagwe ba tla bonwa ka go ratana.—Yohane 13:35.

Dilo Tse Lorato E Seng Tsone

4. Paulo o umaka dikarolo tse kae tse di sa siamang le tse kae tse di siameng ka lorato mo go 1 Bakorintha 13:4-8?

4 Go ile ga nna ga bolelwa gore go motlhofo go bolela se lorato e seng sone go na le go bolela se lo leng sone. Seo se boammaaruri ka tsela nngwe, ka go bo moaposetoloi Paulo mo kgaolong e a buang ka lorato mo go yone, mo go 1 Bakorintha 13, ditemana 4 go ya go 8, o umaka dilo di le robong tse lorato e seng tsone le di le supa tse di tlhalosang gore lorato ke eng.

5. ‘Lefufa’ le tlhalosiwa jang, e bile le bolelwa jang mo Dikwalong ka tsela e e siameng?

5 Selo sa ntlha se Paulo a bolelang gore lorato ga lo na sone ke gore “ga le [lefufa, NW].” Seo se batla go tlhalosiwa gonne motho a ka nna lefufa mme go siame fela mme go na le lefufa le lengwe le le sa siamang. Bukantswe nngwe e tlhalosa “lefufa” jaaka “go sa batle go gaisiwa ke ope” le jaaka “boineelo jo bo feletseng.” Ke gone ka moo Moshe a neng a bolela jaana mo go Ekesodo 34:14: “Ga u ketla u ōbamèla modimo opè o sele; gonne Yehofa eo leina ya gagwè go tweñ, Kelehuha, ke Modimo o o lehuha rure.” Jehofa o bolela jaana mo go Ekesodo 20:5: “Nna Jehofa Modimo wa gago ke Modimo o o batlang boineelo jo bo feletseng.” (NW) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala se se tshwanang jaana: “Gonne lefufa la me mo go lona ke lefufa la bomodimo.”—2 Bakorintha 11:2, NW.

6. Ke dikai dife tsa Dikwalo tse di supang gore lorato ga lo lefufa?

6 Lefa go ntse jalo, ka kakaretso fela, “lefufa” ke lefoko le le sa siamang, ke ka lebaka leo le kwadilweng le ditiro tsa nama mo go Bagalatia 5:20. Ee, lefufa le le ntseng jalo le na le bogagapa e bile le tsosa kilo, mme kilo e farologane gotlhelele le lorato. Lefufa le ne la dira gore Kaine a ile Abele a bo a mmolaye, gape le ne la dira gore bomorwarraagwe Josefa ka rraagwe ba mo ile ba bo ba batle go mmolaya. Lorato ga lo utlwe botlhoko lo le lefufa ka dilo tsa ba bangwe kana ka dilo tse di molemo tse ba di bonang, jaaka Kgosi Ahabe a ne a utlwa botlhoko ka bogagapa a batla tshimo ya ga Nabothe ya mofine.—1 Dikgosi 21:1-19.

7. (a) Ke tiragalo efe e e bontshang gore Jehofa ga a itumelele go ikgantsha? (b) Ke eng fa lorato lo sa ikgantshe lo dira jalo ka go sa akanyetse?

7 Morago ga foo, Paulo o re bolelela gore lorato “ga lo ko lo ikgantsha.” Go ikgantsha go supa gore motho ga a na lorato, ka go bo go dira motho gore a ipeye kwa godimo ga ba bangwe. Jehofa ga a rate baikgantshi, jaaka re ka bona ka tsela e a neng a dira gore Kgosi Nebukadenesare a ikokobetse ka teng fa a ne a ikgantsha. (Daniele 4:30-35) Gantsi motho yo o ikgantshang ga a akanyetse ba bangwe gonne o lebile fela dilo tse a kgonang go di dira kana tse a kgonang go nna natso. Ba bangwe ba ka nna ba rata go ikgantsha ka tsela e ba atlegang ka yone mo bodiheding jwa Bokeresete. Ba bangwe ba tshwana le mogolwane mongwe yo a neng a utlwa a sa kgone go itshwara gore a bolelele ditsala tsa gagwe gore o rekile koloi e ntšha e e jang madi a a ka tshwarang R150 000. Dilo tseno tsotlhe ga di supe lorato ka gore di dira gore motho yo o ikgantshang yono a lebege e kete o botoka mo go ba ba mo reeditseng.

8. (a) Jehofa o ikutlwa jang ka ba ba ikgogomosang? (b) Ke eng fa lorato lo sa itshware ka tsela eo?

8 Re bolelelwa gape gore lorato ga lo “mabela.” Motho yo o mabela kana yo o ikgogomosang o ipaya kwa godimo ga ba bangwe ka go tlhoka lorato. Tota mogopolo o o ntseng jalo ga o supe botlhale gonne “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, me ba ba ikokobetsañ o ba nee tshegōhaco.” (Yakobe 4:6) Lorato lo dira ka tsela e e farologaneng thata le eo; lo leba ba bangwe ba le botoka. Paulo o ne a kwala jaana mo go Bafilipi 2:2, 3: “Dihahatsañ boitumèlō yoa me, yoa gore lo nnè kgopolō e le ñwe hèla, lo chwanè mo loratoñ, lo le mo tumalanoñ e le ñwe hèla, lo le pelo e le ñwe hèla; Lo sa dihe sepè ka gore lo itiha lekōkō, leha e le ka go ipelahatsa hèla, ha e se go re, ka boikokobeco yoa pelo, moñwe le moñwe a kaeè eo moñwe ha a mo gaisa ka molemō.” Mogopolo o o ntseng jalo o dira gore ba bangwe ba phuthologe fa ba na nao, fa motho yo o ikgogomosang a dira gore ba bangwe ba se ka ba phuthologa fa ba na nae gonne a se botsalano.

9. Ke eng fa lorato lo sa dire dilo kafa go sa tshwanelang?

9 Paulo o bolela gape gore lorato “ga lo ko lo diha kaha go sa chwanèlañ.” Bukantswe e tlhalosa “go dira kafa go sa tshwanelang” jaaka “selo se se sa tshwanelang tota kana maitseo kana boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Motho yo o dirang kafa go sa tshwanelang (ka go tlhoka lorato) ga a na sepe le maikutlo a ba bangwe. Dithanolo tse dintsi tsa Bibela di ranola Segerika seno jaaka “go tlhoka tlotlo.” Motho yo o ntseng jalo o kgala sengwe le sengwe se se tshwanetseng le se se siameng. Eleruri, fa o akanyetsa ba bangwe ka lorato go tla go dira gore a tile dilo tsotlhe tse di sa supeng tlotlo kana tse di sa tshwanelang, dilo tse di kgopisang kana tse di gakgamatsang.

Dilo Tse Dingwe Tse Lorato E Seng Tsone

10. Ke ka tsela efe lorato lo sa ipatleleng dilo tse di batliwang ke lone fela?

10 Morago ga foo re bolelelwa gore lorato “ga lo ko lo ipatlèla hèla,” ke gore ka nako ya fa re batla sengwe mme ba bangwe ba batla se sele. Moaposetoloi o bolela jaana gape felo gongwe: “Ga go e se go ko go nne motho opè eo o kileñ a ila nama ea gagwè, me oa e otla, a e ñomaèle.” (Baefesia 5:29) Lefa go ntse jalo, ka nako ya fa re batla sengwe mme yo mongwe a batla se rona re sa se batleng e bile go sena molaomotheo ope wa Bibela o o amegang, re tshwanetse go dira jaaka Aberahame a ne a dira ka Lote, letla motho yo mongwe ka lorato gore a tlhophe pele.—Genesise 13:8-11.

11. Go kaya eng gore lorato ga lo ko lo gakatsega?

11 Gape lorato ga lo kgopisege ka bonako. Ka jalo, Paulo o re bolelela gore lorato “ga lo ko lo gakatsèga.” Ga lo kgopisege bonolo. Lo a ikgapa. Batho ba ba nyalaneng segolobogolo ba tshwanetse go tsaya kgakololo eno masisi mme ba itise gore ba se ka ba buela kwa godimo ka go fela pelo ba galefile kana ba omana ba buela kwa godimo. Go na le maemo a mangwe a a dirang gore motho a kgopisege bonolo, a ka one Paulo a neng a bona go le botlhokwa gore a gakolole Timotheo jaana: “Motlhanka oa Morèna ga aa chwanèla go lwa, ha e se go nna bonōlō hèla mo go botlhe, a le secwiriri sa go ruta, a le boiphapaanyō”—ee, a sa kgopisege—“a le boikokobeco, a shokolola ba ba ikgantshañ.”—2 Timotheo 2:24, 25.

12. (a) Ke ka tsela efe lorato lo sa nneng lo kgopisegile? (b) Ke eng fa go se botlhale go nna o ntse o kgopisegile?

12 Paulo o gakolola jaana fa a tswelela ka dilo tse lorato e seng tsone: “Loratō . . . [ga lo ko lo nnela ruri lo kgopisegile, NW].” Seno ga se reye gore lorato ga lo ko lo lemoga dilo tse di kgopisang. Jesu o ne a re bolelela kafa re tshwanetseng go rarabolola dikgang ka teng fa re utlwisitswe botlhoko. (Mathaio 18:15-17) Lefa go ntse jalo, lorato ga lo re letle gore re nne re galefile, dipelo tsa rona di le lofuto. Go sa nnele ruri re kgopisegile go raya gore fela fa kgang e sena go rarabololwa ka tsela ya Dikwalo re tshwanetse go itshwarela yo o re kgopisitseng re bo re e lebala. Ee, se nnele go ipogisa kana o itlhakatlhakanya maikutlo ka go nna o akanya ka phoso e o e diretsweng, o nna o ntse o kgopisegile!

13. Go kaya eng go sa itumelele tshiamololo, mme ke eng fa lorato lo sa dire jalo?

13 Mo godimo ga moo, re bolelelwa gore lorato “ga lo itumelele tshiamololō.” Lefatshe le itumedisiwa ke tshiamololo, jaaka seo se ka bonwa kafa dibuka, dibaesekopo, le dithulaganyo tsa thelebishene tse di supang thubakanyo le tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, di ratiwang thata ka teng. Go itumelela dilo tse di ntseng jalo go supa bogagapa, go sa tlotle melaometheo ya Modimo e e siameng kana go sa amege ka boitekanelo jwa batho ba bangwe. Go itumelela dilo tse di ntseng jalo tsa bogagapa ke go jalela nama mme fa nako e ntse e tsamaya re tla roba sebodu se se tswang mo nameng.—Bagalatia 6:8.

14. Ke eng fa re ka bolela re tlhomamisa tota gore lorato ga lo ko lo tlhaela?

14 Jaanong selo sa bofelo se lorato e seng sone ke seno: “Ga lo ko lo tlhaèla gopè.” Selo sa botlhokwa ke gore, lorato ga lo ko lo tlhaela gope kana lo fela gonne Modimo ke lorato, e bile ke “Kgosi e e nntseñ hèla e sena tshimologō leha e le bokhutlō.” (1 Timotheo 1:17) Re tlhomamisediwa jaana mo go Baroma 8:38, 39, gore lorato lo Jehofa a re ratang ka lone ga lo kitla lo tlhaela: “Kea tlhōmamisa, go re, go le losho, go le botshelō, go le baengele, go le magōsana, go le dilō tse di leeoñ, go le dilō tse di tla tlañ, go le dinonohō, Go le bogodimo, go le boteñ, leha e ka bo e le sebopiwa señwe se sele, ga go ketla go nonoha sepè go re kgaoganya le loratō loa Modimo, lo lo mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.” Gape, lorato ga lo ko lo tlhaela ka gore ka metlha lo kgona dilo tsotlhe. Ga lo palelwe ke maemo ape, lefa e ka nna sepe fela se se gwetlhang.

Dilo Tse Lorato Lo Leng Tsone

15. Ke eng fa Paulo a umaka bopelotelele kwa pele ga dikarolo tse di siameng tsa lorato?

15 Paulo o simolola jaana fa a tla mo letlhakoreng le le itumedisang, dilo tse lorato lo leng tsone: “Loratō lo ichōka ka pelotelele.” Go a tle go bolelwe go twe Bakeresete ba ka se ka ba kgona go nna botsalano fa ba se pelotelele, ke gore fa ba sa itshokelane. Go ntse fela jalo ka gore rotlhe ga re a itekanela, e bile go sa itekanelang ga rona le makoa a rona di leka ba bangwe. Ga go gakgamatse go bo moaposetoloi Paulo a kwadile seno fela fa a simolola ka dilo tse lorato e leng tsone!

16. Maloko a lelapa a ka bontshana bopelonomi jang?

16 Paulo o bolela gore lorato gape lo “pelonomi.” Ke gore, lorato lo a thusa, ga lo dire dilo ka go phamoga fela, lo akanyetsa ba bangwe. Bopelonomi bo itshupa ka dilo tse dikgolo le tse dinnye. Mosamaria yo o molemo eleruri o ne a supa bopelonomi mo monneng yo a neng a tlhaselwa ke dinokwane. (Luke 10:30-37) Lorato lo itumelela go re “tsweetswee.” Fa o re, “Mpha senkgwe seo” ga o kope. Go bua pele o re “tsweetswee” ke go kopa. Banna ba ba nyetseng ba supa bopelonomi mo basading ba bone fa ba reetsa kgakololo eno e e mo go 1 Petere 3:7: “Lona banna ba lo nyetseñ, lo agè le basadi ba lona kaha kicoñ, ka go naea mosadi tlotlō, yaka e le seyana se se señ thata, ka lo bile lo le barui mmōgō nabō ba tshegōhaco ea botshelō; gore merapèlō ea lona e tle e se ka ea kgoreletsèga.” Basadi ba ba nyetsweng ba supa fa ba le pelonomi mo banneng ba bone fa ba ‘boifa banna ba bone.’ (Baefesia 5:33) Borre ba itshupa ba le pelonomi mo baneng ba bone fa ba latela kgakololo eno e e mo go Baefesia 6:4: “Lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”

17. Lorato lo itumelela boammaaruri ka ditsela dife tse pedi?

17 Lorato ga lo itumelele tshiamololo mme lo “itumèlèla boamarure.” Lorato le boammaaruri ga di kgaogane—Modimo o lorato, e bile gape, ke “Modimo oa boamarure.” (Pesalema 31:5) Lorato lo itumelela go bona boammaaruri bo fenya mme maaka a senoga; seno ke lebaka lengwe la go bo palo ya baobamedi ba ga Jehofa e oketsega thata jaana gompieno. Lefa go ntse jalo, e re ka boammaaruri bo bapisiwa le tshiamololo, kgopolo e nngwe gape e ka nna gore lorato lo itumelela tshiamo. Lorato lo a itumela fa tshiamo e fenya, jaaka baobamedi ba ga Jehofa ba laelwa gore ba dire jalo fa Babelona yo Mogolo a wa.—Tshenolō 18:20.

18. Lorato lo itshokela dilo tsotlhe ka tsela efe?

18 Gape Paulo o re bolelela gore lorato “lo ichōkèla dilō cotlhe.” Jaaka Kingdom Interlinear e bontsha, selo sa botlhokwa ke gore lorato lo bipa dilo tsotlhe. Ga lo ko lo “bolela diphoso” tsa mokaulengwe, jaaka baikepi ba rata go dira. (Pesalema 50:20; Diane 10:12; 17:9) Ee, se se buiwang fano se tshwana fela le se se mo go 1 Petere 4:8: “Loratō lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.” Gone mme, go ikanyega go tla thibela motho gore a bipe maleo a a masisi a a fitlhela Jehofa le phuthego ya Bokeresete.

19. Lorato lo dumela dilo tsotlhe ka tsela efe?

19 Lorato lo “dumèla dilō cotlhe.” Lorato lo akanya dilo tse di siameng eseng tse di phoso. Seno ga se reye gore lorato lo ka tsiediwa bonolo. Ga lo dumele dipolelo tse di buiwang ka tsela ya gore di kgatlhe ka bonako fela. Lefa go ntse jalo, motho o tshwanetse gore a batle go dumela gore a nne le tumelo mo Modimong. Ka jalo lorato lo tlhomamisa dilo, ga lo tshwayetshwaye diphoso go sa tlhokege. Ga lo gane go dumela jaaka balatolamodimo ba ba gagamalelang maikutlo a bone ba bolela gore Modimo ga o yo, e bile ga le tshwane le ba ba sa tlhomamiseng sepe, ba ba gagamalelang maikutlo a bone ba bolela gore re ka se kgone go itse gore re tswa kae, gore ke eng re le fano, le gore isagwe e tlile go nna jang. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa dilo tseno tsotlhe. Lorato gape lo iketleetsa go dumela gonne lo a ikanya, ga lo ko lo belaela fela go sa tlhokege.

20. Lorato lo amana jang le go nna le tsholofelo?

20 Moaposetoloi Paulo o re tlhomamisetsa gape gore lorato “lo sholohèla dilō cotlhe.” E re ka lorato lo akanya dilo tse di siameng eseng tse di bosula, lo nna lo solofetse dilo tse Modimo o di solofeditseng mo Lefokong la gagwe ka tsela e e nonofileng. Re bolelelwa jaana: “Eo o lemañ o chwanetse go lema ka cholohèlō, le eo o holañ o chwanetse go hola ka cholohèlō ea go abèlwa.” (1 Bakorintha 9:10) Fela jaaka lorato lo sa belaelele motho bosula, gape le solofela thata, nako le nako le solofela dilo tse di siameng.

21. Dikwalo di tlhomamisa jang gore lorato lo a iphapaanya?

21 Kwa bofelong, re tlhomamisediwa gore lorato lo “iphapaanya le dilō cotlhe.” Le kgona go dira jalo gonne moaposetoloi Paulo o re bolelela jaana mo go 1 Bakorintha 10:13: “Ga loa wèlwa ke thaèlō epè e e sa kakeñ ea [iphapaanngwa, NW] ke motho: me Modimo o boikañō o o se ketlañ o lo lesa loa raèlwa ka mo go hetañ nonohō ea lona; me o tla re mo thaeloñ o lo baakanyetse kgōrō ea phalolō le eōna, gore lo tlè lo bōnè go e ichokèla.” Lorato lo tla re dira gore re lebe dikai tse dintsi tse di mo Dikwalong tsa batlhanka ba Modimo ba ba neng ba iphapaanya, bao tlhogo ya bone e leng Jesu Keresete, jaaka re gakololwa mo go Bahebera 12:2, 3.

22. Jaaka bana ba Modimo, ke nonofo efe e e botlhokwa thatathata e re tshwanetseng go amega thata ka go e supa?

22 Eleruri, lorato (a·gaʹpe) ke nonofo e e botlhokwa thata e rona jaaka Bakeresete, jaaka Basupi ba ga Jehofa, re tshwanetseng go ithuta go nna nayo, re ithute se lo seng sone le se lo leng sone. Jaaka bana ba Modimo, a ka metlha re amegeng thata ka go nna le loungo lono lwa moya wa Modimo. Fa re dira jalo re tla bo re dira jaaka Modimo, ka go bo, gakologelwa gore, “Modimo o loratō.”

A O A Gakologelwa?

◻ Jesu Keresete le Paulo ba supa jang gore lorato lo botlhokwa thatathata?

◻ Lorato ga lo lefufa ka tsela efe?

◻ Lorato lo ‘itshokela dilo tsotlhe’ jang?

◻ Ke eng fa go ka bolelwa gore lorato ga lo ko lo tlhaela gope?

◻ Lorato lo itumelela boammaaruri ka ditsela dife tse pedi?

[Lebokoso mo go tsebe 21]

LORATO (AGAPE)

Se Lo Seng Sone Se Lo Leng Sone

1. Ga lo lefufa 1. Lo pelotelele

2. Ga lo ko lo ikgantsha 2. Lo pelonomi

3. Ga lo mabela 3. Lo itumelela boammaaruri

4. Ga lo ko lo dira kafa 4. Lo itshokela dilo tsotlhe

go sa tshwanelang

5. Ga lo ko lo ipatlela fela 5. Lo dumela dilo tsotlhe

6. Ga lo ko lo gakatsega 6. Lo solofela dilo tsotlhe

7. Ga lo ko lo nna lo kgopisegile 7. Lo iphapaanya le dilo

tsotlhe

8. Ga lo ko lo itumelela tshiamololo

9. Ga lo ko lo tlhaela gope

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Jehofa o ne a dira gore Nebukadenesare a ikokobetse gonne a ne a ikgantsha

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela