LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 10/15 ts. 27-30
  • Tharonngwe—A Bibela E A E Ruta?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tharonngwe—A Bibela E A E Ruta?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Bibela Tota E Se Bolelang
  • Tlhaloso E E Tlhamaletseng ya Dikwalo
  • Moya O O Boitshepo O Senola Boammaaruri Jotlhe
  • Dipotso Tsa Thuto ya Boroutšhara ya A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Karolo 1—A Jesu le Barutwa ba Gagwe Ba ne Ba Ruta Thuto ya Tharonngwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Modimo yo o Esi wa Boammaaruri” ke Mang?
    Tsogang!—2005
  • Jesu Keresete—Morwa Modimo yo o Rategang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 10/15 ts. 27-30

Tharonngwe—A Bibela E A E Ruta?

“Tumelo ya Katoliki ke eno, re obamela Modimo o le mongwe fela e le Tharonngwe mme e le Tharonngwe e e Tshwaraganeng. . . . Ka jalo Rara ke Modimo, Morwa ke Modimo, le Moya O O Boitshepo ke Modimo. Lefa go ntse jalo ga se Medimo e Meraro, mme ke Modimo o le Mongwe.”

MAFOKO ano ke one a Tumelo ya Motheo ya ga Athanasius e tlhalosang thuto ya motheo ya Labokeresete—Tharonngwe ka one.a Fa e le gore o leloko la kereke ya Katoliki kana ya Porotesetanta o ka nna wa bolelelwa gore thuto eno ke ya botlhokwatlhokwa e o tshwanetseng go e dumela. Mme a o ka kgona go tlhalosa thuto eno ya motheo? Bangwe ba batho ba ba botlhaletlhale mo go Labokeresete ba ipoletse gore ga ba tlhaloganye Tharonngwe.

He, ke ka ntlha yang fa ba e dumela? A ke ka go bo Bibela e ruta thuto eno ya motheo? Moswi bishopo John Robinson wa Anglican o ne a araba potso eno mo bukeng ya gagwe e e rekwang thata ya Honest to God ka tsela e e dirang gore motho a akanye. O ne a kwala jaana:

“Se se diragalang tota ke gore fa go rerwa le fa go rutiwa thata go bolelwa gore Keresete ga a kake a kgona go itsiwe ke ope seo e leng kgopolo e e sa tshegediweng ke Tesetamente e Ntšha. E bolela fela gore Jesu e ne e le Modimo, mo e leng gore lefoko ‘Keresete’ le ka dirisiwa mo boemong jwa lefoko ‘Modimo.’ Mme ga go na gope koo Bibela e dirisitseng mafoko ano jalo teng. Tesetamente E Ntšha e bolela gore Jesu e ne e le Lefoko la Modimo, e bolela gore Modimo o ne o le mo go Keresete, e bolela gore Jesu ke Morwa Modimo; mme ga e bolele motlhofo fela gore Jesu e ne e le Modimo.”

John Robinson e ne e le motho yo o tsosang dikganetsano mo Kerekeng ya Anglican. Lefa go ntse jalo, a o ne a bua boammaaruri fa a ne a re ga go na gope kwa “Tesetamente e Ntšha” e bolelang “motlhofo fela gore Jesu e ne e le Modimo”?

Se Bibela Tota E Se Bolelang

Bangwe ba ka nna ba araba potso eo ka go nopola temana eno e e simololang Efangele ya ga Johane: “Kwa tshimologoñng Lefoko o ne a le teng, mme Lefoko o ne a na le Modimo, mme Lefoko e ne e le Modimo.” (Yohane 1:1, King James Version) A seo ga se ganetse se bishopo yono wa Anglican a se boletseng? E seng thata jalo. Fela jaaka John Robinson a ne a itse sentle, baranodi bangwe ba motlha wa segompieno ga ba dumelane le kafa King James Version e ranolang temana eo ka teng. Ka ntlha yang? Ka gonne mo polelwaneng e e reng “Lefoko e ne e le Modimo” mo Segerikeng sa ntlhantlha, lefoko “Modimo” ga le na lebopitlhopho “the.” Mo mafokong a a fa pele ga ano “Lefoko o ne a na le Modimo,” lefoko le le ranotsweng jaaka “Modimo” le supa ene tota, ke gore, le na le lebopitlhopho. Seno se dira gore mafoko a mabedi ano a nne le ditlhaloso tse di sa tshwaneng.

Ka gone, dithanolo dingwe, di a ranola ka go supa gore ke la mofuta ofe. Ka sekai, tse dingwe di ranola polelwana eno jaaka “Lefoko e bo e le wa bomodimo.” (An American Translation, Schonfield) Moffatt ene o a ranola ka go re “Logos e ne e le wa bomodimo.” Lefa go ntse jalo, go supa gore “bomodimo” ke lone lefoko le le tshwanelang thata fano, John Robinson le motshwayadiphoso wa dikwalo tsa bogologolo wa Moborithane ebong Sir Frederick Kenyon ba ne ba bolela gore Johane a ka bo a dirisitse lefoko la Segerika le le kayang “bomodimo,” theiʹos fa e le gore o ne a batla go gatelela seo. New World Translation, e nepile ka gore e tsaya lefoko “Modimo” jaaka le le akaretsang, e bile e le le le supang mofuta wa se go buiwang ka sone jaaka popego ya lone ya Segerika e supa, e bo e le ranola e dirisa lebopikakaretso mo Seesemaneng, jaana: “Lefoko ya bo e le modimo mongwe.”

Porofesa C. H. Dodd, yo o kaelang go ranolwa ga New English Bible, o akgela jaana ka thanolo eno: “Thanolo e e ka tswang e le yone . . . e tla nna, ‘Lefoko e ne e le modimo mongwe.’ E re ka e le thanolo e e ranolang lefoko ka lefoko ga e na phoso epe.” Lefa go ntse jalo, The New English Bible ga e ranole temana eno ka tsela eo. Go na le moo, Yohane 1:1 e balega jaana mo thanolong eo: “Lefoko o ne a setse a le teng fa dilo tsotlhe di ne di simologa. Lefoko o ne a nna le Modimo, mme se Modimo o neng o le sone, Lefoko o ne a le sone.” Ke ka ntlha yang fa komiti ya thanolo e se kile ya tlhopha thanolo e e motlhofo go na le eo? Porofesa Dodd o araba jaana: “Lebaka la go bo re sa e amogele ke gore ga e dumalane le kgopolo ya jaanong ya se se kwadilweng ke Johane, tota le kgopolo ya Bokeresete ka kakaretso.”—Technical Papers for the Bible Translator, Bolumo 28, January 1977.

Tlhaloso E E Tlhamaletseng ya Dikwalo

A re ka bolela gore kgopolo ya gore Jesu e ne e le modimo mongwe mme a sa tshwane le Modimo Mmopi e ganetsa se se kwadilweng ke Johane (ke gore, moaposetoloi Johane), mmogo le kgopolo ya Bokeresete ka kakaretso? A re tlhatlhobeng ditemana dingwe tsa Bibela tse di buang ka Jesu le ka Modimo, mme re tla bona se baakgedi bangwe ba ba neng ba tshela pele go tlhamiwa kgopolo ya Tumelo ya Motheo ya Athanasius ba neng ba se akanya ka ditemana tseo.

“Nna le Rara re moñwe hèla.”—YOHANE 10:30.

Novatian (c. 200-258 C.E.) o ne a akgela jaana: “E re ka A rile re ‘mongwe’ [b] a baheitane ba tlhaloganye gore ga A ka a re motho ‘a le mongwe.’ Ka gonne fa mongwe a kwadilwe a sa tlhalose bong, o kaya kutlwano e e fa gare ga batho, e seng gore ba tshwaragane. . . . Mo godimo ga moo, go bo A re a le mongwe, o bolela gore ba a dumelana, le gore ba atlhola ka go tshwana, le gore ba na le lorato gareng ga bone, fela jaaka Rara le Morwa ba dumelana, ba ratana, e bile ba ratana go tswa pelong.”—Treatise Concerning the Trinity, kgaolo 27.

“Rara o mogolo bogolo go nna.”—YOHANE 14:28.

Irenaeus (c. 130-200 C.E.): “Re ka ithuta ka Ene [Keresete] gore Rara o okametse dilo tsotlhe. Ka go bo ‘Rara,’ Ene o bolela jalo, ‘o mogolo bogolo go nna.’ Ka gone, Morena wa rona o boletse gore Rara o na le kitso e e fetang ya batho botlhe.”—Against Heresies, Buka II, kgaolo 28.8.

“Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—YOHANE 17:3.

Clement wa Alexandria (c. 150-215 C.E.): “Go itse Modimo o o nnetseng ruri, monei wa se se nnetseng ruri, le go nna le Modimo ka go mo itse le go mo tlhaloganya, ene yo e leng wa ntlha, le yo o kwa godimodimo, le yo mongwe fela, le yo o molemo. . . . Motho yo o tla tshelang botshelo jwa boammaaruri sa ntlha o bolelelwa gore a Mo itse ‘yo go senang motho ope yo o ka mo itseng, fa Morwa a sa (Mo) senole.’ (Math. 11:27) Go tswa foo go tshwanetse ga ithutiwa bogolo jwa Mmoloki yo o tlang morago ga Gagwe.”—Who Is the Rich Man That Shall Be Saved? VII, VIII.

“Modimo o le moñwe hèla, le Rara oa botlhe, eo o godimo ga botlhe, le eo o dihañ ka botlhe, le eo o mo go botlhe.”—BAEFESIA 4:6.

Irenaeus: “Ka gone go bolelwa ka Modimo o le mongwe ebong Rara, yo o okametseng botlhe, mo go sengwe le sengwe, le ka dilo tsotlhe. Eleruri Rara o okametse botlhe, e bile Ke Tlhogo ya ga Keresete.”—Against Heresies, Buka V, kgaolo 18.2.

Bakwadi bano ba ntlhantlha ba ne ba tlhaloganya gore ditemana tseno di tlhalosa gore Rara o mogolo go feta botlhe, o okametse sengwe le sengwe le mongwe le mongwe go akaretsa le Jesu Keresete. Dikakgelo tsa bone ga di supe lefa go le gonnye gore ba ne ba dumela Tharonngwe.

Moya O O Boitshepo O Senola Boammaaruri Jotlhe

Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe gore ba ne ba tla fiwa moya o o boitshepo jaaka mothusi fa a sena go swa le go tsosiwa mo baswing. O ne a ba solofetsa jaana: “Mogañ ōna Mōea oa boamarure o tsileñ, o tla lo gōgèla mo boamarureñ yotlhe: . . . me o tla lo bolèlèla dilō tse di tla tlañ.”—Yohane 14:16, 17; 15:26; 16:13.

Tsholofetso eo e ne ya diragadiwa morago ga loso lwa ga Jesu. Bibela e bega kafa moya o o boitshepo o neng wa senolela kana wa phepafaletsa phuthego eo ya Bokeresete dithuto tse disha tsa motheo ka teng. Dithuto tse disha tseno di ne tsa kwalwa mo dibukeng tseo morago di neng tsa nna karolo ya bobedi ya Bibela, Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika eleng “Tesetamente e Ntšha.” Mo tshedimosetsong e ntsi e ntšha e e leng teng gompieno, a go ka tswa go na le sepe se se senolang gore go na le Tharonngwe? Nnyaa. Moya o o boitshepo o senola sengwe se se farologaneng le seo thata kaga Modimo le Jesu.

Ka sekai, ka Pentekosete ya 33 C.E., fa moya o o boitshepo o sena go tla mo barutweng ba ba neng ba kokoanetse kwa Jerusalema, moaposetoloi Petere o ne a naya boidiidi jo bo neng bo le kafa ntle bosupi kaga Jesu. A o ne a bua ka Tharonngwe? A o ko o ele tlhoko mafoko ano a mangwe a gagwe, mme o ikatlholele ka bowena: “Yesu . . . e le monna eo Modimo o lo shupeditseñ go itumèla ga ōna mo go èna, ka ditihō tsa nonohō, le dikgakgamaco, le dichupō, tse Modimo o di dihileñ ka èna mo gare ga lona.” “Yesu eo, Modimo o mo cositse, me rotlhe re bashupi ba gōna.” “Modimo o mo dihile Morèna le Keresete, eboñ èna Yesu eo lo mmapotseñ.” (Ditihō 2:22, 32, 36) Mafoko ano a a neng a bolelwa ke Petere yo o neng a tletse moya, ga a rute Tharonngwe le eseng, mme a gatelela gore Jesu o kwa tlase ga ga Rraagwe, gore o dirisiwa go diragatsa thato ya Modimo.

Mokeresete yo mongwe yo o ikanyegang o ne a bua kaga Jesu ka bonakonyana fela morago ga foo. Setefane o ne a tlisiwa fa pele ga Sanehederine go arabela melato mengwe. Go na le moo, Setefane o ne a fetola seemo seo, a bolela gore ba ba mo latofatsang ba tshwana le borraabo mogologolwane ba batsuolodi. Kwa bokhutlong, pego eno ya re: “Èna, ka a tletse Mōea o o Boitshèpō, a nna a lelalèla legodimoñ hèla, me a bōna kgalalèlō ea Modimo, le Yesu a eme kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo; Me a re, Bōnañ, ke bōna magodimo a atlhamologile, le Morwa Motho a eme kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo.” (Ditihō 7:55, 56) Ke ka ntlha yang fa moya o o boitshepo o ne o senola Jesu jaaka “Morwa Motho” fela a eme kafa letsogong le legolo la Modimo mme e se karolo ya modimo o o ditlhogo di tharo o o lekanang le Rraagwe? Go phepafetse gore Setefane o ne a sa gopola sepe ka Tharonngwe.

Fa Petere a ne a isa mafoko a a molemo kaga Jesu kwa go Korenelio, e ne e le tshono e nngwe ya gore a bue ka thuto ya motheo ya Tharonngwe. Go ne ga diragala eng? Petere o ne a tlhalosa gore Jesu ke “Morèna oa botlhe.” Mme o ne a tswelela a tlhalosa gore borena jono o ne a bo newa ke mongwe yo mogolo go mo feta. Jesu e ne e le “èna eo o laocweñ ke Modimo gore a nnè moatlhodi oa batshedi le bashwi.” Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, Rraagwe, o ne “a mo naea [a mo letla] gore a bonadiwè” mo balateding ba gagwe. Mme go tweng ka moya o o boitshepo? O a umakiwa mo puisanong eno mme eseng jaaka motho wa boraro wa Tharonngwe. Go na le moo, “Modimo o mo [Jesu] tloditse ka Mōea o o Boitshèpō le ka nonohō.” Ka jalo, moya o o boitshepo, go na le gore go twe ke motho, go bolelwa fa e le selo se eseng motho, jaaka “nonohō” e le yone e umakiwang mo temaneng eo. (Ditihō 10:36, 38, 40, 42) Sekaseka Bibela ka kelotlhoko, mme o tla fitlhela bosupi jo bongwe jwa gore moya o o boitshepo ga se motho mme gore ke maatla a a dirang a a ka tlalang mo bathong, a ba tlhotlheletsa, a ba dira gore ba nne tlhaga, e bile o ka tshololelwa mo go bone.

Sa bofelo, moaposetoloi Paulo o ne a na le tshono e e molemo ya go tlhalosa Tharonngwe—fa e le gore e ne e le thuto ya motheo ya boammaaruri—fa a ne a rerela Baathena. Mo puong ya gagwe, o ne a bua ka sebeso sa bone “Sa Modimo Moñwe O O Sa Itsiweñ” a bo a re: “Se lona lo se ōbamèlañ ka go tlhōka go itse, ke shōna se ke se lo ranolèlañ.” A o ne a ba bolelela ka Tharonngwe? Nnyaa. O ne a tlhalosa kaga “Modimo o o dihileñ lehatshe le dilō cotlhe tse di mo go yeōna, ōna, ka o le Morèna oa legodimo le lehatshe.” Mme o ne a reng ka Jesu? “[Modimo] o tlhomile letsatsi ye o tla atlholañ lehatshe ka yeōna ka tshiamō, ka monna eo o mo laotseñ.” (Ditihō 17:23, 24, 31) Tharonngwe ga e umakiwe ka gope fano!

E bile tota, Paulo o ne a tlhalosa sengwe kaga maikaelelo a Modimo se se dirang gore go se ka ga kgonega gore Jesu le Rraagwe e nne dikarolo tse di lekanang tsa Tharonngwe. O ne a kwala jaana: “[Modimo] o beile dilō cotlhe mo taoloñ ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè [Jesu]. Me ha o re, Dilō cotlhe di beilwe mo taoloñ, goa bōnala ha go sa reewe ōna o o beileñ dilō cotlhe mo taoloñ ea gagwè. Me e tla re dilō cotlhe di sena go beèwa mo taoloñ ea gagwè, hoñ Morwa ōna le èna ka esi o tla beèwa mo taoloñ ea ōna o o beileñ dilō cotlhe mo taoloñ ea gagwè, gore Modimo o nnè gotlhe mo go cotlhe hèla.” (1 Bakorintha 15:27, 28) Ka jalo, Modimo o tla bo o santse o le kwa godimo ga botlhe, go akaretsa le Jesu.

A gone Bibela e ruta Tharonngwe? Nnyaa. John Robinson o ne a bua boammaaruri. Ga e yo mo Bibeleng, le gone ga se karolo ya “kgopolo ya Bokeresete.” A o tsaya seno se le botlhokwa mo kobamelong ya gago? O tshwanetse. Jesu o ne a re: “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Fa re tsaya go obamela Modimo ga rona masisi, go botlhokwa gore re mo itse tota jaaka a ntse, jaaka a re itshenoletse. Ke gone fela re ka bolelang ka boammaaruri gore re bangwe ba “baōbamedi ba amarure” ba ba “ōbamèlañ Rara . . . ka Mōea le ka boamarure.”—Yohane 4:23.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go ya ka The Catholic Encyclopedia, kgatiso ya 1907, bolumo 2, tsebe 33.

b Novatian o bolela ntlha ya gore lefoko “a le mongwe” mo temaneng eno ga le tlhalose bong. Ka gone he, tota le raya “selo se le sengwe.” Bapisa Yohane 17:21, koo lefoko la Segerika le le kayang “a le mongwe” le dirisiwang ka tsela e e tshwanang teng. Se se kgatlhang ke gore New Catholic Encyclopedia (kgatiso ya 1967) ka kakaretso e dumelana le De Trinitate ya ga Novatian, le mororo e bolela gore “Moya O O Boitshepo ga o tsewe e le Motho wa bomodimo.”

[Mafoko a a mo go tsebe 28]

Dikwalo di tlhalosa ka tlhamalalo fela gore Jesu le Rraagwe ga se Modimo o le mongwe

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Ke ka ntlha yang fa moya o o boitshepo o se kile wa senola morago ga Pentekosete ya 33 C.E. gore Jesu ke Modimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela