LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 10/15 ts. 31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Neo ya go Bua ka Diteme Ke Karolo ya Bokeresete jwa Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Kaelwa ke Moya wa Modimo mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga le Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A Diphodiso Tsotlhe Tsa Kgakgamatso di Tswa Kwa Modimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 10/15 ts. 31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

A polelwana e e reng “ke wa semōea,” e e fitlhelwang mo go 1 Bakorintha 14:37, e raya gore motho o amogetse moya o o boitshepo ka kgopolo ya gore o tloditswe, kana a e raya gore moya o mo neile neo nngwe ka kgakgamatso?

Temana eno e balega jaana mo go New World Translation of the Holy Scriptures: “Fa mongwe a gopola gore ke moperofeti kana gore o neilwe moya, a a dumele dilo tse ke di lo kwalelang, ka gonne ke molao wa Morena.”—1 Bakorintha 14:37.

Mmadi a ka nna a tsaya polelwana e e reng “o neilwe moya” jaaka e e kayang gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tsalwa ka moya mme e nna barwa ba Modimo ba semoya. Kana polelwana eo e ka nna ya tlhaloganngwa jaaka e e rayang motho yo o amogetseng neo e e kgethegileng ya moya o o boitshepo. Tlhaloso eno ya morago ke yone e go lebegang e le yone, jaaka se go buiwang ka sone se thusa go bontsha seno.

Moaposetoloi Paulo fano o ne a dirisa lefoko la Segerika pneu·ma·ti·kosʹ, le tota le kayang “se e leng sa moya, sa semoya.” Dipopego tsa lone di dirisiwa go tlhalosa “mmele oa semōea,” “masegō . . . a semōea,” ‘botlhale jwa semoya,’ le “ntlo ea semōea.”—1 Bakorintha 15:44; Baefesia 1:3; Bakolosa 1:9; 1 Petere 2:5.

Mo makgetlong ao, Bibela e bolela ka tlhamalalo selo (mmele, masego, botlhale, ntlo) seo “semōea” se se tlhalosang. Mme mo makgetlong a mangwe, kgopolo le tlhaloso e e tshwanetseng ya “semōea” e tshwanetse go tlhaloganngwa go ya ka kgang e go buiwang ka yone. Ka sekai, 1 Bakorintha 2:14, 15 e bapisa boikutlo jwa motho wa senama le jwa ho pneu·ma·ti·kosʹ, seo se rayang “motho wa semoya.”

Bakorintha wa Ntlha dikgaolo 12 go ya go 14 e bua thata ka dineo tse di gakgamatsang tsa moya o o boitshepo. Modimo o ne wa di naya Bakeresete bangwe ba ntlha go bontsha gore o ne a sa tlhole a dirisa Iseraele wa tlholego mme jaanong a segofatsa “Iseraela wa Modimo” wa Bakeresete. (Bagalatia 6:16) Paulo o ne a kwala jaana ka dineo tseno: “Me yana go na le dinèō nèō diñwe le diñwe, me Mōea o moñwe hèla.” (1 Bakorintha 12:4) Botlhale jo bo kgethegileng, kitso, le tumelo e ne e le dingwe tsa dineo tsa moya, fela jaaka go perofesa, go bua ka diteme, le go tlhalosa diteme.—1 Bakorintha 12:8-11.

Bakeresete ba kwa Korintha ba Paulo a neng a ba kwalela ba ne ba tloditswe ka moya o o boitshepo wa Modimo. Paulo o ne a re: “Me loa tlhapisiwa, loa itshepisiwa, loa siamisiwa mo ineñ ya Morèna Yesu Keresete, le mo Moeeñ oa Modimo oa rona.” (1 Bakorintha 6:11; 12:13) Ee, botlhe ba ne ba amogetse “sebèèlèlō sa Mōea.” (2 Bakorintha 5:5) Lefa go ntse jalo, ga ba a amogela neo e e kgethegileng ka moya o o boitshepo botlhe. E bile go bonala e kete ba bantsi ba ne ba kgatlhiwa ke go bua ka diteme, ba tsaya mpho eno e le ya botlhokwa mme go sa tshwanela. Paulo o ne a ba kwalela a baakanya tsela e ba akanyang ka yone a bo a bolela gore diteme di ne di ka se solegele batho ba bantsi molemo jaaka mpho ya go perofesa yone e ne e ka dira. Paulo o ne a gakolola Bakorintha jaana kwa bokhutlong jwa kgaolo 12: “Eletsañ thata dinèō tse dikgolo.”—1 Bakorintha 12:28-31.

Go tswa foo, o ne a ba rotloetsa jaana kwa tshimologong ya kgaolo 14: “Latèlañ loratō, leha go nntse yalo lo eletsè thata [ta pneu·ma·ti·kaʹ], me bogolo gore lo ranolè.” Ba eletse eng thata? Bakeresete bao ba ne ba sa tshwanela go eletsa go tlodiwa ka moya, ka gonne ba ne ba setse ba tloditswe. Go a utlwala gore Paulo o ne a raya “dinèō” tsa moya, tse a neng a ba rotloetsa gore ba di eletse kwa bokhutlong jwa kgaolo 12. Ka gone, New World Translation of the Holy Scriptures e ranola 1 Bakorintha 14:1 jaana: “Nnang lo batla dineo tsa semoya ka tlhagafalo.” Dithanolo tse dingwe tsa Bibela fa di fitlha fano di ranola ta pneu·ma·ti·kaʹ di re “dineo tsa semoya” kana “dineo tsa Moya.”

Ka kitso eo, re lemoga gore kwa bokhutlong jwa kgaolo 14, Paulo o golaganya go perofesa le pneu·ma·ti·kosʹ. Kgang e go buiwang ka yone mo temaneng ya 1 e akantsha gore o ne a raya go newa moya. The New Testament in Modern Speech, e e kwadilweng ke R. F. Weymouth e ranola jaana: “Fa mongwe a itsaya gore ke moperofeti kana gore ke motho yo o nang le dineo tsa semoya, a a lemoge gore se ke se kwalang jaanong ke molao wa Morena.”

Ee, Bakeresete botlhe, lefa ba ne ba ka tswa ba abetswe go perofesa kana neo epe fela ya moya, ba ne ba tlhoka go amogela le go latela kgakololo e Paulo a neng a e kwadile malebana le kafa dilo di neng di tshwanetse go dirwa ka teng mo phuthegong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela