Go Rarabolola Masaitseweng a Leina Le Legolo Go A Gaisa Otlhe
Go a kgatlha go bo Koran ya Mamoselema le Bibela ya Bakeresete di bua
ka leina le legolo go a gaisa otlhe. Tlhaloso eno e fa bokao jwa leina leno le legolo go a gaisa otlhe le kafa le leng botlhokwa ka gone. Gape e bontsha kafa leina leo le amang setho sotlhe ka gone le isagwe ya rona mono mo lefatsheng.
MO LEFATSHENG leno go tshedile ga bo ga swa dimilionemilione tsa banna le basadi. Gantsi maina a bone a ne a swa le bone, le go ba gakologelwa go lebetswe. Mme maina mangwe a magolo one—a a tshwanang le Avicenna, Edison, Pasteur, Beethoven, Gandhi, le Newton—a tswelela a ntse a tshela. Maina ano a amanngwa le dilo tse beng ba one ba di fitlheletseng, tse ba di ribolotseng, le tse ba di tlhamileng.
Lefa go ntse jalo, go na le leina le legolo go feta a mangwe otlhe. Dikgakgamatso tsotlhe tsa nako e e fetileng le tsa gone jaanong tse di leng gone mo lobopong lotlhe di amana le lone. Aitsane, tsholofelo ya motho ya go tshela lobaka lo loleele le go tshela ka boitumelo e amana le leina leno!
Batho ba le bantsi ba batlile go itse leina leno. Ba le senkile ba bo ba botsa ka lone, mme ga ba a ka ba le bona. Mo go bone e santse e le bosaitseweng. Tota e bile, ga go na motho ope yo o ka kgonang go ribolola leina leno fa Mong wa lone a sa mo senolele lone. Se se itumedisang ke gore, bosaitseweng jwa leina leno le le ka se keng la lekanngwa le lepe bo rarabolotswe. Modimo ka boene o dirile seno e le gore ba ba dumelang mo go ene ba tle ba itse kaga gagwe. O senoletse Adame leina la gagwe, morago ga moo a le senolela Aborahame, a le senolela Moshe, le batlhanka ba bangwe ba Gagwe ba ba ikanyegang ba bogologolo.
Go Batla Leina Le Legolo go A Gaisa Otlhe
Koran e bolela ka mongwe “yo o neng a itse Dikwalo thata.” (27:40) Fa e tlhalosa temana eno, buka e e itseweng e le Tafsīr Jalālayn e bolela jaana: “Asaf morwa Barkhiyā e ne e le monna yo o siameng. O ne a itse leina le legolo go a gaisa otlhe la Modimo, mme ka metlha fa a le bitsa, o ne a arabiwa.” Seno se re gakolola ka mokwadi wa Bibela ebong Asafe, yo o neng a bolela jaana mo go Pesalema 83:18: “Gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e leñ Yehofa, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.”
Mo go Koran 17:2, re bala jaana: “Re ne ra naya Moshe Dikwalo mme o ne a dira gore e nne tsone di kaelang Baiseraele.” Mo go tsone Dikwalo tseo, Moshe o bua le Modimo, a re: “Bōna, e tla re ke hitlha mo baneñ ba Iseraela, me ke ba raea, ke re, Modimo oa borra eno o nthomile kwano go lona, me ba nthaea ba re, Leina ya ōna ke mañ? ke ba reè, ke reñ?” Modimo wa araba Moshe ka go re: “U tla raea bana ba Iseraela yana, u re, Yehofa, Modimo oa borra eno, Modimo oa ga Aberahame, Modimo oa ga Isake, le Modimo oa ga Yakobe, o nthomile kwano go lona; ye, ke yeōna leina ya me ka bosakhutleñ.”—Ekesodo 3:13, 15.
Mo metlheng ya bogologolo, Baiseraele ba ne ba itse leina leno le legolo la Modimo. E bile le ne le dirisiwa gape le mo maineng a bone. Fela jaaka fa motho gone jaanong a na le leina Abdullah, le le kayang “Motlhanka wa Modimo,” batho ba Iseraele wa bogologolo ba ne ba na le leina Obadia, le le kayang “Motlhanka wa ga Jehofa.” Mmaagwe moperofeti Moshe o ne a bidiwa Jokebede, le gongwe le kayang gore “Jehofa Ke Kgalalelo.” Leina Johane le kaya gore “Jehofa O Nnile Pelontle.” Mme leina la moperofeti Elija le kaya gore “Modimo wa Me Ke Jehofa.”
Baperofeti ba ne ba itse leina le legolo leno e bile ba ne ba le dirisa ka tlotlo e kgolo. Le fitlhelwa makgetlho a feta 7 000 mo Dikwalong Tse Di Boitshepo. Jesu Keresete, morwa wa ga Maria, o ne a le tlotlomatsa fa a ne a bolela jaana fa a rapela Modimo: “Leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea: . . . ke ba itsisitse leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise; gore loratō lo u nthatileñ ka lōna lo nnè mo go bōnè.” (Yohane 17:6, 26) Mo kakgelong ya gagwe e e itsegeng thata kaga Koran, Bayḍāwī o akgela ka Koran 2:87, a bolela gore Jesu o ne a tle a “tsose baswi ka leina le legolo go a gaisa otlhe la Modimo.”
Mme jaanong go diragetseng se se dirileng gore leina leno e nne masaitseweng? Leina leo le amana jang le isagwe ya mongwe le mongwe wa rona?
Go Ne Ga Tla Jang Gore Leina Leno Le Nne Masaitseweng?
Batho bangwe ba akanya gore “Jehofa” ka Sehebera e bolela “Allah” (Modimo). Mme “Allah” e tsamaisana le lefoko ʼElo·himʹ la Sehebera, eleng lefoko ʼelohʹah (modimo) le le mo bontsing jo bo bontshang tlotlomalo. Go ne ga tsoga tumelo nngwe e e phoso mo Bajudeng e e neng e ba kganela go bitsa leina la Modimo, ebong Jehofa. Ka gone, fa ba ne ba bala Dikwalo Tse Di Boitshepo mme ba bona leina la Jehofa, ba ne ba go dira tlwaelo gore ba re ʼAdho·naiʹ, leo le kayang “Morena.” Mo mafelong mangwe, ba ne ba bo ba fetola mokwalo wa pele wa Sehebera ba tsaya “Jehofa” ba mo dira ʼAdho·naiʹ.
Baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete le bone ba ne ba dira sone selo se se tshwanang. Mo boemong jwa leina Jehofa ba ne ba baya “Modimo” (“Allah” ka Searabia) le “Morena.” Seo se ne sa dira gore go nne le thuto ya motheo ya maaka ya Tharonngwe, e e sa thewang gope mo Dikwalong Tse Di Boitshepo. Ka ntlha ya seno, dimilionemilione tsa batho ba obamela Jesu le moya o o boitshepo ka phoso mme ba ba tsaya gore ba lekana le Modimo.a
Ka gone, baeteledipele ba Bojuda le ba Labokeresete ba molato go bo batho ba le bantsi jaana ba sa itse sepe ka leina leno le legolo go a gaisa otlhe. Mme lefa go ntse jalo Modimo o ne a bolelela pele jaana: “Me ke tla itshepisa leina ya me ye legolo, . . . me merahe e tla itse ha ke le Yehofa.” Ee, Jehofa o tla dira gore leina la gagwe le itsiwe ke merafe yotlhe. Ka ntlha yang? Ka gonne ga se Modimo wa Bajuda fela kana wa morafe ope o o rileng kana batho. Jehofa ke Modimo wa batho botlhe.—Esekiele 36:23; Genesise 22:18; Pesalema 145:21; Malaki 1:11.
Leina Le Legolo go A Gaisa Otlhe le Isagwe ya Rona
Dikwalo Tse Di Boitshepo di bolela jaana: “Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya Morèna [Jehofa, NW] o tla bolokwa.” (Baroma 10:13) Go bolokwa ga rona ka letsatsi la katlholo go tla bo go amana le go itse ga rona leina la Modimo. Go itse leina la gagwe go akaretsa go itse dinonofo tsa gagwe, ditiro tsa gagwe, le maikaelelo a gagwe le go tshela tumelanong le melaometheo ya gagwe e e kwa godimo. Ka sekai, Aborahame o ne a itse leina la Modimo e bile o ne a bitsa leina leo. Ka ntlha ya moo, o ne a nna le kamano e e molemo le Modimo, o ne a dumela mo go ene, a ikaega ka ene, e bile a mo utlwa. Ka gone Aborahame o ne a nna tsala ya Modimo. Ka mo go tshwanang, go itse leina la Modimo go re atametsa gaufi le ene mme go re thusa gore re nne le kamano le ene motho ka namana, re tshwareletse thata mo loratong la gagwe.—Genesise 12:8; Pesalema 9:10; Diane 18:10; Yakobe 2:23.
Mo Bibeleng re bala jaana: “Yehofa a reetsa, me a utlwa, me lokwalō loa segopodishō loa kwalwa ha pele ga gagwè, loa kwalèlwa ba ba boihañ Yehofa le ba ba akanyañ leina ya gagwè.” (Malaki 3:16) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra ‘akanya’ ka leina leno le legolo go a gaisa otlhe? Leina Jehofa totatota le kaya gore “O Dira Gore go Nne Gone.” Seno se senola Jehofa jaaka Ene yo o dirang gore ene ka boene a nne Modiragatsi wa ditsholofetso. Ka metlha o dira gore maikaelelo a gagwe a diragadiwe. Ke ene Modimo mothatayotlhe, ene Mmopi a le esi, yo o nang le nonofo nngwe le nngwe e e molemo. Ga go na lefa e le lefoko le le lengwe le le ka kgonang go tlhalosa tsela e Modimo ka boene a leng ka teng. Mme Modimo o ne a itlhophela leina le legolo go a gaisa otlhe—Jehofa—mme le dira gore motho a gakologelwe dinonofo tsa gagwe tsotlhe, le maikaelelo a gagwe.
Mo Dikwalong Tse Di Boitshepo, Modimo o re bolelela ka maikaelelo a gagwe ka batho. Jehofa Modimo o bopile motho gore a ipelele botshelo jo bo sa khutleng, jo bo itumetseng mo Paradaiseng. Thato ya gagwe ka setho ke gore batho botlhe ba tshwanetse ba nna lelapa le le lengwe, le le seoposengwe ka lorato le kagiso. Modimo wa lorato o tla diragatsa boikaelelo jono mo isagweng e e sa fediseng pelo.—Mathaio 24:3-14, 32-42; 1 Yohane 4:14-21.
Modimo o tlhalosa mabaka a go bo batho ba boga e bile o bontsha le gore go a kgonega gore ba ka bolokwa. (Tshenolō 21:4) Mo go Pesalema 37:10, 11, re bala jaana: “Gonne e tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna: E, u tla sekaseka helō ga gagwè ka tlhōahalō, me èna o tla ba a seeō. Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Bona gape Koran 21:105.
Ee, Modimo o tla itsiwe ka leina la gagwe le legolo. Merafe e tla itse gore ke ene Jehofa. Abo e le tshiamelo e kgolo jang ne go itse leina leno le legolo go a gaisa otlhe, go supa ka lone, le go le ngaparela! Fa re dira jalo, boikaelelo jwa Modimo jo bo itumedisang bo tla diragadiwa mo go mongwe le mongwe wa rona: “Ereka a tlhomile loratō loa gagwè mo go nna, ke gōna ka mouō ke tla mo gololañ: ke tla [mo sireletsa, NW], ka go bo a itsile leina ya me. O tla mpitsa, me ke tla mo araba; . . . Ke tla mo thethebatsa pelo ka botshelō yo bolele, ke mo shupetsa poloka ea me.”—Pesalema 91:14-16.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona bosupi jwa gore Tharonngwe ga e rutiwe ke Bibela, bona boroutšhara ya A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? e e gatisitsweng ka 1989 ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Fa setlharing se se neng se tuka, Modimo o ne a ikitsise mo go Moshe gore ke ‘Jehofa, Modimo wa ga Aberahame’
[Motswedi wa Setshwantsho]
Moses and the Burning Bush, by W. Thomas, Sr.