LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 11/15 ts. 17-22
  • Nna Pelokgale!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Pelokgale!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bopelokgale jwa go Etsa Keresete
  • Bopelokgale jwa go Nna Re Rera
  • Bopelokgale jwa go Ema mo Letlhakoreng la ga Jehofa
  • Bopelokgale mo Malapeng A A Nang le Ba Ba Sa Dumeleng
  • Bopelokgale jwa go ‘Baya Dithamo Fa Fatshe’
  • Bopelokgale Bo Lere Boitumelo
  • Tswelelang Lo Supa Bopelokgale
  • ‘Nna Pelokgale O bo O Nonofe Thata’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • “O Nne Pelokgale . . . Mme o Dire”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • ‘Lo Nne Pelokgale lo Nonofe!’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Nna Pelokgale Jehofa O na Le Wena!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 11/15 ts. 17-22

Nna Pelokgale!

“Nna pelokgale mme o re: ‘Jehofa ke mothusi wa me.’”—BAHEBERA 13:6, NW.

1. Batho ba ba neng ba ithuta boammaaruri jwa Modimo mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba supa bopelokgale jang?

ENE e le mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha O O Tlwaelegileng ono wa rona. Mesia yo a neng a sa bolo go emelwa o ne a gorogile. O ne a rutile balatedi ba gagwe sentle e bile o ne a simolotse tiro e e botlhokwa thata ya go rera. E ne e le nako ya gore batho ba utlwe mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Ka gone, banna le basadi ba ba neng ba ithutile boammaaruri ba ne ba bolela molaetsa o o itumedisang oo ba sa boife.—Mathaio 28:19, 20.

2. Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhoka go nna pelokgale gompieno?

2 Bogosi bo ne bo ise bo tlhongwe mo metlheng eo. Mme Jesu Keresete, Kgosi E E Tlhophilweng, o ne a perofesitse gore o tlile go nna teng mo isagweng a busa mo Bogosing mme a sa bonale. Seo se ne se tlile go tshwaiwa ke dilo tse di tshwanang le dintwa, mauba, dikgogodi tsa malwetsi, dithoromo tsa lefatshe, le go rerwa ga mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe ka selekanyo se se iseng se bonwe pele. (Mathaio 24:3-14; Luke 21:10, 11) Jaaka Basupi ba ga Jehofa re tlhoka go nna pelokgale gore re itshokele maemo ano le tsela e re bogisiwang ka yone. Ka jalo, go tla nna molemo gore re sekaseke dipego tsa Bibela tse di kaga baboledi ba Bogosi ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.

Bopelokgale jwa go Etsa Keresete

3. Ke mang yo o tlhomang sekao se se gaisang sa bopelokgale, mme go ile ga bolelwa eng ka ene mo go Bahebera 12:1-3?

3 Jesu Keresete ke sekao se se gaisang sa bopelokgale. Fa a sena go umaka “boididi yo bo kalo kalo” jwa basupi ba ga Jehofa ba metlha ya pele ga Bokeresete, moaposetoloi Paulo o ne a bua thata ka Jesu a re: “Ereka re dikanyedicwe ke boididi yo bo kalo kalo yoa bashupi, a le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe, le boleo yo bo bohehō go re rareètsa, me a re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele. Re nntse re lebile kwa go Yesu, mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona, eo e rileñ ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō, a nyatsa ditlhoñ, me a dula kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ya setulō sa Modimo sa bogosi. A lo ko lo akanyeñ èna eo o ichoketseñ kganèlō e e kalo kalo ea baleohi ba ba ikganetsañ, gore lo tlè lo se ka loa lapa, loa ñodièga mo meoeñ ea lona.”—Bahebera 12:1-3.

4. Jesu o ne a supa jang gore o pelokgale fa a ne a raelwa ke Satane?

4 Jesu o ne a ganetsa Satane a sa boife fa a sena go kolobediwa le fa a sena go fetsa malatsi a le 40 a tlhatlhanya, a rapela le go itima dijo kwa nageng. Jesu o ne a gana fa Diabolo a ne a mo raela gore a fetole maje senkgwe gonne go ne go le phoso gore a dire kgakgamatso a ikgotsofatsa ene ka boene. “Go kwadilwe, ga twe,” Jesu o ne a bolela jalo, “motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.” Fa Satane a ne a mo gwetlha gore a itigele fa fatshe go tswa kwa godimo ga tempele, Jesu o ne a gana gonne e ne e tla bo e le boleo go leka Modimo gore a mo falotse mo go lekeng go ipolaya. “Go bile go kwadilwe, ga twe,” Keresete o ne a bolela, “U se ka ua leka Yehofa Modimo oa gago.” Satane o ne a mo solofetsa go mo naya magosi otlhe a lefatshe fa a ne a ka ‘mo obamela,’ mme Jesu o ne a gana go tsuologa e bile o ne a gana go dumelana le kgwetlho ya ga Diabolo ya gore batho ga ba ka ke ba tswelela pele ba ikanyega mo Modimong fa ba lekwa. Ka jalo Jesu o ne a bolela jaana: “Tloga u eè koñ, Satana: gonne go kwadilwe, ga twe, U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.” Fa a rialo, Moraedi “a mo tlogèla ka lobaka.”—Mathaio 4:1-11; Luke 4:13.

5. Ke eng se se ka re thusang go ema re nonofile fa re raelwa?

5 Jesu o ne a ineetse mo go Jehofa mme o ne a ganetsa Satane. Fa le rona ka tsela e e tshwanang re ‘ineela mo Modimong mme re tlhabana le diabolo o tla re tshaba.’ (Yakobe 4:7) Fela jaaka Jesu, re ka emelana le dithaelo ka bopelokgale fa re dirisa Dikwalo, gongwe e bile re di nopola ka nako ya fa re raelwa gore re leofe. A go ka kgonega gore re ineele fa re raelwa gore re utswe fa e ka re ka yone nako eo ra bo re bua mafoko a molao ono wa Modimo: “U se ka ua ucwa”? A go ka kgonega gore Bakeresete bape fela ba babedi ba tlhakanele dikobo ba sa tshwanela fa go ka nna le a le mongwe fela mo go bone yo o ka umakang mafoko ano ka bopelokgale: “U se ka ua diha boaka”?—Baroma 13:8-10; Ekesodo 20:14, 15.

6. Jesu o ne a fenya lefatshe ka bopelokgale jang?

6 Jaaka Bakeresete ba ba ilwang ke lefatshe leno, re ka kgona go tila moya wa lone le boitsholo jwa lone jwa go rata go dira boleo. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Mo lehatshiñ lo na le pitlaganō: me nametsègañ; ke hentse lehatshe.” (Yohane 16:33) O ne a fenya lefatshe ka go sa tshwane le lone. Sekao sa gagwe jaaka mofenyi le kafa tsela ya gagwe ya go boloka bothokgami di neng tsa felela ka gone, go re tlatsa bopelokgale jwa gore re mo etse ka go nna re kgaogane le lefatshe leno e bile le sa re leswefatse.—Yohane 17:16.

Bopelokgale jwa go Nna Re Rera

7, 8. Ke eng se se tla re thusang gore re tswelele re rera le mororo re ntse re bogisiwa?

7 Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba ikaega ka Modimo gore a ba dire gore ba nne pelokgale mme ba nne ba rera le mororo ba ne ba bogisiwa. Keresete o ne a wetsa bodihedi jwa gagwe a sa boife le mororo a ne a bogisiwa, mme morago ga Pentekosete ya 33 C.E. balatedi ba gagwe ba ba neng ba bogisiwa ba ne ba tswelela ba rera mafoko a a molemo le mororo baeteledipele ba tumelo ya Bajuda ba ne ba leka go ba thibela. (Ditihō 4:18-20; 5:29) Barutwa ba ne ba rapela jaana: “Morèna, bōna dipōpō tsa bōnè: me u neè batlhanka ba gago go bua lehoko ya gago ka pelokgale eotlhe hèla.” Mme go ne ga diragala eng? Pego e bolela jaana: “E rile ba sena go rapèla, helō ha ba phuthegetseñ gōna ga reketla; me botlhe ba tlala Mōea o o Boitshèpō, me ba nna ba bua lehoko ya Modimo ka pelokgale.”—Ditihō 4:24-31.

8 E re ka bontsi jwa batho gompieno bo sa batle go reetsa mafoko a a molemo, gantsi go tlhokega gore motho a nne pelokgale gore a ba rerele. Batlhanka ba ga Jehofa ba tlhoka bopelokgale jo ba bo newang ke Modimo gore ba kgone go neela bosupi ka botlalo segolo thata fa ba bogisiwa. (Ditihō 2:40; 20:24) Ka jalo, mmoledi yo o pelokgale yono wa Bogosi ebong Paulo o ne a bolelela motho mongwe yo o ditlhong yo mosha, yo a neng a sena boitemogelo jo bo kalo, yo a neng a dira nae a re: “Modimo ga oa ka oa re naea mōea oa bogatlapa, ha e se oa nonohō le oa loratō le oa mogopolō o o tlhōmameñ hèla. Me ke gōna, u se ka ua tlhaywa ke ditlhoñ kaga chupō ea Morèna oa rona, leha e le kaga me ke le mogolegwi oa gagwè: me u ichōkèlè bothata u na le Mahoko a a Molemō kaha thateñ ea Modimo.” (2 Timotheo 1:7, 8) Fa re rapelela gore re newe bopelokgale, re tla kgona go tswelela re rera, e bile pogiso ga e kitla e re amoga boitumelo jwa rona jaaka baboledi ba Bogosi.—Mathaio 5:10-12.

Bopelokgale jwa go Ema mo Letlhakoreng la ga Jehofa

9, 10. (a) Bajuda le Baditšhaba ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira eng gore ba kolobediwe jaaka barutwa ba ga Keresete? (b) Ke eng fa batho ba ne ba tlhoka go nna pelokgale gore ba fetoge Bakeresete?

9 Bajuda le Baditšhaba ba bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlogela dingwao tse di sa dumelaneng le Dikwalo mme ba nna balatedi ba ba kolobeditsweng ba ga Keresete. Ka bonako fela morago ga Pentekosete ya 33 C.E., “palō ea barutwa ea ntsihala mo gogolo thata mo Yerusalema; me leshomō ye legolo ya baperesiti ya inèla mo tumeloñ.” (Ditihō 6:7) Bajuda bao ba ne ba nna le bopelokgale jwa go tswa mo bodumeding jwa bone mme ba amogela Jesu jaaka Mesia.

10 Baditšhaba ba bantsi ba ne ba simolola go nna badumedi go simolola ka 36 C.E. Ka nako ya fa Korenelio, maloko a lelapa la gagwe, le Baditšhaba ba bangwe ba utlwa mafoko a a molemo, ba ne ba a dumela ka bonako, ba amogela moya o o boitshepo, mme ba ‘kolobediwa mo leineng la ga Jesu Keresete.’ (Ditihō 10:1-48) Modisakgolegelo mongwe wa Moditšhaba wa kwa Filipi le lelapa la gagwe ba ne ba amogela Bokeresete ka bonako, mme “a akoha a kolobediwa, èna le ba gagwè botlhe hèla.” (Ditihō 16:25-34) Ba ne ba tlhoka bopelokgale gore ba tseye dikgato tse di ntseng jalo gonne Bakeresete e ne e le setlhotshwana se se bogisiwang, e bile se ilwa. E santse e le sone le gompieno. Mme lefa go ntse jalo, fa o ise o ineele mo Modimong e bile o ise o kolobediwe jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, a eno ga se nako ya gore o tseye dikgato tseno tse di supang bopelokgale?

Bopelokgale mo Malapeng A A Nang le Ba Ba Sa Dumeleng

11. Eunike le Timotheo ba re tlhometse sekao sefe sa bopelokgale?

11 Eunike le morwawe ebong Timotheo ba ne ba tlhoma dikao tse di molemo thata tsa go supa tumelo ka bopelokgale mo lelapeng le le nang le yo o sa dumeleng. Eunike o ne a ruta morwawe “dikwalō tse di boitshèpō” go tswa bonyaneng le mororo monna wa gagwe e ne e le moheitane. (2 Timotheo 3:14-17) Fa a sena go nna Mokeresete, o ne a supa “tumèlō e e senañ boitimokanyō.” (2 Timotheo 1:5) Gape o ne a le pelokgale go ruta Timotheo dithuto tsa Bokeresete mme a ntse a tlotla botlhogo jwa monna wa gagwe yo o sa dumeleng. Eleruri, tumelo le bopelokgale jwa gagwe di ne tsa duelwa fa morwawe yo a neng a rutilwe sentle a ne a tlhophiwa gore a pate Paulo mo maetong a gagwe a borongwa. Abo seno se ka tlhotlheletsa batsadi ba Bakeresete ba ba iphitlhelang ba le mo maemong a a tshwanang jang ne!

12. Timotheo o ne a nna motho wa mofuta ofe, mme ke bomang jaanong ba ba itshupang gore ba tshwana le ene?

12 Le mororo Timotheo a ne a nna mo ntlong e e nang le motho yo o sa dumeleng, o ne a nna pelokgale a fetoga Mokeresete mme a nna motho wa semoya yoo Paulo a neng a ka bolela jaana ka ene: “Me ke sholohetse mo go Morèna Yesu ha ke tla akoha ke roma Timotheo kwa go lona [Bafilipi], gore le nna ke gomotsègè, mogañ ke tlhaloganyañ kaha lo nntseñ ka gōna. Gonne ga ke na opè eo o pelo e chwanañ le ea gagwè, eo o tla tlhōkōmèlañ ka tlhōmamō kaha lo tshelañ ka gōna. . . . Lo itse go lekèga ga gagwè, go re, yaka ñwana a tla a dihèle rragwè, le èna o dihile le nna yalo mo go cwedisetseñ Mahoko a a Molemō kwa pele.” (Bafilipi 2:19-22) Gompieno, basimane le basetsana ba bantsi ba ba leng mo malapeng a a nang le ba ba sa dumeleng e nna Bakeresete ba boammaaruri. Fela jaaka Timotheo le bone ba a itshupa, e bile re itumelela go bo e le maloko a phuthego ya ga Jehofa!

Bopelokgale jwa go ‘Baya Dithamo Fa Fatshe’

13. Akwila le Peresila ba ne ba supa bopelokgale ka tsela efe?

13 Akwila le mosadi wa gagwe, Peresila (Periseka), ba ne ba tlhoma sekao ka go ‘baya dithamo tsa bone fa fatshe’ ka bopelokgale ka ntlha ya modumedi ka bone. Ba ne ba amogela Paulo mo legaeng la bone, ba dira le ene ditente, ba bo ba mo thusa go tlhoma phuthego e ntšha kwa Korintha. (Ditihō 18:1-4) Mo lobakeng lwa dingwaga tse 15 e ntse e le ditsala, ba ne ba baya matshelo a bone mo kotsing ka ntlha ya gagwe ka tsela nngwe e e sa bolelwang. Ba ne ba nna kwa Roma fa a ne a bolelela Bakeresete ba koo jaana: “Dumedisa Periseka le Akwila, badihedi ka nna mo go Keresete Yesu, E le ba ba kileñ ba baea dithamo tsa bōnè ha hatshe, gore ba mpolokè; ba ke sa ba lebogeñ ke le nosi, me le cōna diphuthègō cotlhe tsa Badichaba dia ba leboga.”—Baroma 16:3, 4.

14. Akwila le Periseka ba ne ba dira tumalanong le taolo efe fa ba ne ba baya dithamo tsa bone fa fatshe ka ntlha ya ga Paulo?

14 Akwila le Periseka ba ne ba baya dithamo tsa bone fa fatshe go boloka Paulo ba dira go dumelana le mafoko ano a ga Jesu: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè.” (Yohane 13:34) Taolo eno e ne e le “ncha” gonne e ne e batla gore motho a dire se se fetang se se batliwang ke Molao wa ga Moshe wa gore motho a rate moagisani wa gagwe jaaka a ithata. (Lefitiko 19:18) E ne e batla gore motho a nne le lorato lwa go intsha setlhabelo lo lo neng lo ka dira gore a swele ba bangwe, jaaka Jesu a ne a dira. Tertullian yo e neng e le mokwadi mo lekgolong la bobedi le la boraro la dingwaga C.E. o ne a nopola mafoko a batho ba selefatshe ba neng ba a bolela ka Bakeresete fa a ne a kwala jaana: “‘Bonang,’ ba bolela jalo, ‘kafa ba ratanang ka teng . . . le kafa ba iketleeditseng go swelana ka teng.’” (Apology, kgaolo XXXIX, 7) Re ka nna ra tshwanela go supa lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe segolobogolo ka nako ya fa re bogisiwa ka go baya matshelo a rona mo kotsing re tila gore badumedi ba bangwe ba se ka ba tshwarwa setlhogo kana ba bolawa ke baba.—1 Yohane 3:16.

Bopelokgale Bo Lere Boitumelo

15, 16. Jaaka go supilwe mo go Ditihō kgaolo 16, bopelokgale le boitumelo di amana jang?

15 Paulo le Silase ba ntsha bosupi jwa gore go nna pelokgale fa o lekwa go ka lere boitumelo. Ba ne ba itewa ka dithobane batho ba ba lebile ba bo ba tsenngwa mo dikoteng tsa kgolegelo ka taelo ya balaodi ba kwa Filipi. Mme lefa go ntse jalo ga ba a ka ba tshwenyega thata mo maikutlong ba bo ba ineela ka go boifa. Le mororo ba ne ba lekwa, ba ne ba santse ba na le bopelokgale jo bo tswang mo Modimong le boitumelo jo Bakeresete ba ba ikanyegang ba nnang najo fa ba bo supa.

16 Paulo le Silase ba ne ba rapela ba baka Modimo ka dipina, mo e neng e ka nna fa gare ga bosigo. Ka bonako fela, thoromo ya lefatshe e ne ya tshikhinya kgolegelo, ya bofolola dikgole, mme ya bula mejako. Modisakgolegelo yo o neng a tshogile le lelapa la gagwe ba ne ba newa bosupi jo bo nonofileng jo bo neng jwa dira gore ba kolobediwe jaaka batlhanka ba ga Jehofa. Ene ka boene o ne a “itumèla thata, le botlhe ba ntlo ea gagwè, ka ba dumetse mo Modimoñ.” (Ditihō 16:16-34) Abo seno se tshwanetse sa bo se ne sa itumedisa Paulo le Silase jang ne! E re ka re sekasekile sekao seno sa Dikwalo mmogo le tse dingwe gape tsa ba ba neng ba supa bopelokgale, re ka dira jang gore re nne re ntse re le pelokgale jaaka batlhanka ba ga Jehofa?

Tswelelang Lo Supa Bopelokgale

17. Jaaka go supilwe mo go Pesalema 27, go lebelela mo go Jehofa go amana jang le go nna pelokgale?

17 Go solofela mo go Jehofa go tla re thusa gore re nne re ntse re le pelokgale. Dafide o ne a opela jaana: “Lebèlèla mo go Yehofa; u nnè thata, me a pelo ea gago e natlahalè; E, lebèlèla mo go Yehofa.” (Pesalema 27:14) Pesalema ya 27 e bontsha gore Dafide o ne a ikaegile ka Jehofa jaaka “thata” ya botshelo jwa gagwe. (Temana ya 1) Dafide o ne a dirwa pelokgale ke go bo a bone kafa Modimo a neng a dira ka teng ka baba ba gagwe mo nakong e e fetileng. (Ditemana 2, 3) Selo se sengwe gape e ne e le gore o ne a anaanela lefelo le Jehofa a neng a obamelwa kwa go lone. (Temana 4) Go ikanya gore Jehofa o tla mo thusa, a mo sireletsa, le go mo golola le gone go ne go dira gore Dafide a nne pelokgale. (Ditemana 5-10) Gape o ne a thusiwa ke go nna a rutiwa melaometheo ya ditsela tse di siameng tsa ga Jehofa ka dinako tsotlhe. (Temana 11) Dafide o ne a thusiwa gore a nne pelokgale ke go rapela a solofetse tota gore o tla gololwa mo babeng ba gagwe, mmogo le ke go nna le tumelo le tsholofelo. (Ditemana 12-14) Re ka dira gore re nne pelokgale ka ditsela tse di tshwanang, ka go rialo re supa tota gore re ‘lebeletse mo go Jehofa.’

18. (a) Ke eng se se bontshang gore go kopanela ka metlha le baobamedi ba bangwe ba ga Jehofa go ka re thusa gore re nne re le pelokgale? (b) Dipokano tsa Bokeresete di na le seabe sefe mo go direng gore re nne pelokgale?

18 Go kopanela ka metlha le baobamedi ba bangwe ba ga Jehofa go ka re thusa gore re nne re le pelokgale. Ka nako ya fa Paulo a ne a ikuela go bona Kaisare mme a ya kwa Roma, badumedi ka ene ba ne ba mo kgatlhantsha kwa Borekelong jwa Apia kwa Matlung a Mararo a Tapologelo. Pego e bolela jaana: ‘E ri le fa a ba bona, Paulo a leboga Modimo, me a nametsega.’ (Ditihō 28:15) Fa re ya kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha, re reetsa kgakololo eno ya ga Paulo: “A re gopolaneñ re tlhotlheletsanyeñ mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō; Re se ka ra bakèla go phuthèga ga rona, yaka mokgwa oa bañwe, me re laelanè; me bogolo thata ka lo bōna motlha o atamèla.” (Bahebera 10:24, 25) Go tlhotlheletsana go kaya eng? Go tlhotlheletsana go kaya go “dira gore motho a nne pelokgale, a nonofe, kana a nne le tsholofelo.” (Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary) Re ka dira go le gontsi go rotloetsa Bakeresete ba bangwe go nna pelokgale, mme kgothatso ya bone le yone e ka dira gore le rona re nne le nonofo eno.

19. Dikwalo le dikgatiso tsa Bokeresete di ka re thusa jang gore re nne re ntse re le pelokgale?

19 Re tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha le go dirisa kgakololo ya lone mo matshelong a rona, gore re nne re le pelokgale. (Duteronome 31:9-12; Yoshue 1:8) Mo thutong ya rona ya ka metlha re tshwanetse go ithuta le dikgatiso tsa Bokeresete tse di thailweng mo Dikwalong, gonne kgakololo e e mosola e e mo go tsone e tla re thusa gore re fenye ka bopelokgale jo bo tswang mo Modimong fa tumelo ya rona e lekwa. Re bone go tswa mo dipegong tsa Bibela kafa batlhanka ba ga Jehofa ba ileng ba itshupa ba le pelokgale ka teng mo maemong a a farologaneng. Gone jaanong, re ka nna ra se ka ra itse gore tshedimosetso e e ntseng jalo e ka re thusa ka tsela efe, mme Lefoko la Modimo le na le maatla, mme se re se ithutang go tswa mo go lone se ka re solegela molemo ka metlha. (Bahebera 4:12) Ka sekai, fa go boifa motho go simolola go ama bodihedi jwa rona, re ka gakologelwa kafa Enoke a neng a nna pelokgale ka teng mo go boleleleng batho ba ba boikepo molaetsa wa Modimo.—Yude 14, 15.

20. Ke eng fa go ka bolelwa gore thapelo e botlhokwa thata gore re tswelele re le pelokgale jaaka batlhanka ba ga Jehofa?

20 Re tshwanetse go nnela ruri mo thapelong gore re nne re ntse re le pelokgale jaaka batlhanka ba ga Jehofa. (Baroma 12:12) Jesu o ne a itshokela diteko tsa gagwe ka bopelokgale ka gonne o ne a “isa merapèlō le mekokotlèlō e e nañ le selelō se se tona le dikeledi kwa go èna eo o nonohileñ go mo golola mo loshuñ, me [a] . . . utlwiwa ka ntlha ea go boiha Modimo ga gagwè.” (Bahebera 5:7) Fa re nna re atamalane le Modimo ka go mo rapela ga re kitla re tshwana le magatlapa a selefatshe a a emetsweng fela ke “losho loa bobedi” le motho wa teng a ka se kang a tsosiwa mo baswing. (Tshenolō 21:8) Modimo o sireletsa le go naya fela batlhanka ba ba pelokgale botshelo mo lefatsheng la gagwe le lesha.

21. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ka kgona go nna pelokgale?

21 Ga re a tshwanela go boifa badimona le batho ba e leng baba e re ka re le Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa e bile re engwe nokeng ke Modimo le go thusiwa ke sekao sa bopelokgale sa ga Jesu yoo a neng a fenya lefatshe. Botsalano jo bo agang semoyeng fa re kopane le batho ba ga Jehofa le jone bo tla re thusa gore re nne pelokgale. Re nna pelokgale gape fa re kaelwa le go gakololwa ke Dikwalo le dikgatiso tsa Bokeresete. E bile dipego tsa Bibela tse di bolelang ka batlhanka ba Modimo ba nako e e fetileng di re thusa go tsamaya mo dikgatong tsa gagwe ka bopelokgale. Ka gone, a re tsweleleng pele re le pelokgale mo tirelong e e boitshepo mo malatsing ano a a botlhoko a bofelo. Ee, a batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba nne pelokgale!

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Sekao sa ga Jesu se ka re dira gore re nne pelokgale jang?

◻ Ke eng se se neng sa naya Jesu le balatedi ba gagwe bopelokgale jwa gore ba tswelele ba rera?

◻ Ke eng fa Bajuda le Baditšhaba ba ne ba tlhoka go nna pelokgale gore ba eme mo letlhakoreng la ga Jehofa?

◻ Eunike le Timotheo ba ne ba tlhoma dikao dife tsa go nna pelokgale?

◻ Ke bosupi bofe jo bo leng teng jwa gore go nna pelokgale go lere boitumelo lefa motho a bogisiwa?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Re ka emelana le teko fela jaaka Jesu, fa re dirisa Dikwalo le fa re di nopola

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela