LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 12/1 ts. 14-19
  • Dikao tse Re Ka Di Latelang tsa Boikokobetso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikao tse Re Ka Di Latelang tsa Boikokobetso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa Modimo O Ikokobeditse
  • Sekao sa ga Keresete sa Boikokobetso
  • Moaposetoloi Paulo, Sekao Se Se Molemo sa Boikokobetso
  • Dikao tsa Motlha wa Segompieno
  • Lwela go Nna le Boikokobetso Jwa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa O Tshwanetse go Nna Boikobo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Jehofa o Rata Batho ba ba Boikokobetso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Jesu o Tlhomile Sekao sa Boikokobetso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 12/1 ts. 14-19

Dikao tse Re Ka Di Latelang tsa Boikokobetso

“[Boikokobetso, NW] yoa gago bo ntihile mogolo.”—PESALEMA 18:35.

1. Go na le bosupi bofe jwa gore poresidente nngwe ya pele ya Mokgatlho wa Watch Tower e ne e ikokobeditse?

JOSEPH F. RUTHERFORD o ne a eme sentle ka mmele, a feta dimetara di le 1,8 ka boleele e bile a le bokete jo bo fetang dikilogeramo di le 90 kgakala. Gape o ne a na le lentswe le legolo, le a neng a sa le dirisetse fela go itsise leina la ga Jehofa go feta jaaka le kile la itsisiwe pele mme gape a le dirisa go senola kafa baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete ba leng temepedi ka gone, a bitsa bodumedi jwa bone a re ke “serai le maano a boferefere.” Mme lefa dipuo tsa gagwe di ne di le maatla jalo, fa a ne a rapela le lelapa la Bethele kwa ntlongkgolo, o ne a utlwala fela jaaka mosimanyana a bua le rraagwe, ka jalo a bontsha kafa a nang le kamano e e gaufiufi ka gone le Modiri wa gagwe le kafa a ikokobeditseng ka gone. Ee, o ne a ikokobeditse fela jaaka ngwana yo monnye.—Mathaio 18:3, 4.

2. Batlhanka ba ga Jehofa ba farologane thata le batho ba lefatshe bogolo jang mo kgannyeng efe?

2 Kwantle ga pelaelo, batlhanka botlhe ba boammaaruri ba ga Jehofa Modimo ba ikokobeditse. Fa go tla mo ntlheng eno ba farologane fela thata le batho ba lefatshe. Gompieno le tletse ka batho ba ba ikgodisang fela thata go feta ka nako epe fela e e fetileng. Batho ba maemo le batho ba ba maatla, bahumi le barutegi, tota le batho ba bantsi ba ba humanegileng le ba ba tlhokang ka ditsela tse dingwe ba a ikgodisa.

3. Ke eng se se ka bolelwang kaga diphelelo tsa boikgodiso?

3 Boikgodiso bo lere dikgotlhang tse dintsi le matshwenyego a mantsi. Eleruri, mathata otlhe a a mo lobopong a simologile fa moengele mongwe a ne a ikgodisa, a batla gore a obamelwe ka tsela e e neng e tshwanetse Mmopi fela, Jehofa Modimo. (Mathaio 4:9, 10) Mo godimo ga moo, ene yoo, yo o neng a itira Diabolo le Satane, o ne a atlega go raela mosadi wa ntlha, Efa, ka go mo gogela ka boikgodiso jwa gagwe ene Efa. O ne a mo solofetsa gore fa a ka ja loungo lo ba boleletsweng gore ba se ka ba lo ja, o tla tshwana le Modimo ka boone, a itse molemo le bosula. Fa a ka bo a ne a ikokobeditse, o ka bo a rile, ‘Ke tla bo ke batlelang go tshwana le Modimo?’ (Genesise 3:4, 5) Fa re leba kafa batho ba leng mo boemong jo bo tlhomolang pelo ka gone, mo mmeleng, mo tlhaloganyong, mo boitsholong, a bo batho ba sena seipato ruri sa gore ba ikgodise! Ga go gakgamatse go bo re bala gore Jehofa o ila “boitlotlomatso le boikgodiso”! (Diane 8:13, NW) Go na le dikao tsa batho ba ba boikokobetso tse di fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, Bibela, tse di farologaneng gotlhelele le batho botlhe ba ba ikgodisang.

Jehofa Modimo O Ikokobeditse

4. Ke dikwalo dife tse di bontshang gore Jehofa o ikokobeditse?

4 Jehofa Modimo—Mogodimodimo, Molaodi wa Lobopo, Kgosi ya bosakhutleng—o ikokobeditse. (Genesise 14:22) A tota go ka nna jalo? Ee, ruri! Jaaka fa go kwadilwe mo go Pesalema 18:35, Kgosi Dafide o ne a re: “U bile u nneile le thèbè ea poloka ea gago: me lecōgō ya gago ye le siameñ le ntshegeditse, le [boikokobetso, NW] yoa gago bo ntihile mogolo.” Go phepafetse gore, Kgosi Dafide o ne a dumela gore boikokobetso jwa ga Jehofa ke jone bo neng bo mo dirile mogolo, ene Dafide. Gape, re bala mo go Pesalema 113:6 gore Jehofa ke “eo o ikokobetsañ gore a bōnè dilō tse di kwa legodimoñ le mo lehatshiñ.” Dithanolo tse dingwe di balega ka go re, “o inama gore a bone,” (New International Version) “o ba a leba kwa tlasetlase.”—The New English Bible.

5. Ke ditiragalo dife tse di supang gore Jehofa o ikokobeditse?

5 Eleruri Jehofa Modimo o ne a ikisa kwa tlase ka tsela e a neng a dirisana le Aberahame ka yone, a letla Aberahame gore a mmotsolotse kaga tshiamo ya Gagwe fa a ikaeletse go senya metse e e neng e tletse boikepo ya kwa Sodoma le Gomora.a (Genesise 18:23-32) Mme fa Jehofa a ne a bontsha gore o batla go senya morafe wa Iseraele—nako nngwe e le ka ntlha ya go obamela ga bone medimo ya disetwa, mme nako e nngwe e le ka ntlha ya go tsuologa ga bone—Moshe nako le nako o ne a buisana le Jehofa fela jaaka e kete o bua le motho yo mongwe. Nako le nako Jehofa o ne a dumelana le ene. Lebaka la go bo a ne A dumela dikopo tsa ga Moshe malebana le batho ba Gagwe ba Iseraele le ne le bontsha gore o ikokobeditse. (Ekesodo 32:9-14; Dipalō 14:11-20) Dikai tse dingwe tsa fa Jehofa a dirisana le batho a ikokobeditse jaaka e kete ke motho a bua le motho yo mongwe, di ka bonwa mo nakong ya fa a ne a dirisana le Gideone le Jona, jaaka fa go kwadilwe mo go Baatlhodi 6:36-40 le Yona 4:9-11.

6. Ke tsela efe ya ga Jehofa e le yone e senolang gore o ikokobeditse?

6 E bile tota, mo e ka nnang ka makgetlo a le robong, ga twe Jehofa o “bonya go galeha.”b Go nna pelotelele ga ga Jehofa, a le bonya go galefa, fa a dirisana le dibopiwa tse di sa itekanelang go ralala dimeleniamo ke bosupi jo bo oketsegileng jwa gore o ikokobeditse. Batho ba ba ikgodisang ba pelokhutshwane, ba galefa ka bonako, mme ga go a nna jalo le eseng ka bopelotelele. A bo boikokobetso jwa ga Jehofa bo dira gore boikgodiso jwa batho ba ba sa itekanelang bo lebege bo sena tlhaloganyo jang ne! E re ka re bolelelwa gore re ‘nne baetsi ba Modimo jaaka bana ba ba rategang,’ re tshwanetse go ikokobetsa fela jaaka ene a ikokobeditse.—Baefesia 5:1.

Sekao sa ga Keresete sa Boikokobetso

7, 8. Dikwalo tsa reng ka ga boikokobetso jwa ga Jesu Keresete?

7 Sekao se se latelang ka bogolo sa boikokobetso se re tshwanetseng ra se latela se umakilwe mo go 1 Petere 2:21: “Gonne lo biledicwe gōna mouō: gonne Keresete le èna o bogile botlhoko mo boemoñ yoa lona, a lo tlogèlèla sekaō, gore lo tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè.” Lobaka lo loleele pele a tla mo lefatsheng jaaka motho, go ne ga bolelelwa pele jaana kaga gagwe mo go Sekaria 9:9: “Itumèl[e] thata, wèna morwadia Siona; thèla loshalaba, wèna morwadia Yerusalema: bōna, kgosi ea gago ee tla kwa go wèna: o tshiamō, o na le poloka; o boikokobeco, o palame esela.” Fa Jesu Keresete a ka bo a ne a le boikgodiso, ruri o ka bo a ile a amogela mpho ya ga Diabolo ya go mo fa magosi otlhe a lefatshe fa a ka mo obamela. (Mathaio 4:9, 10) Gape o ne a bontsha gore o ikokobeditse ka go bolela fa thuto yotlhe a e tsaya kwa go Jehofa, a re: “E tla re lo sena go tlhatlosa Morwa Motho, ediha gōna lo tla itseñ ha ke le èna; me le gōna lo tla itse ha ke sa dihe sepè ka nosi, me ke bua dilō tse hèla yaka Rara a nthutile.”—Yohane 8:28.

8 Go utlwala sentle gore Jesu a bo a ile a bolelela batho ba ba mo reeditseng jaana: “Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: mo lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō.” (Mathaio 11:29) Mme a bo a ne a tlhoma sekao se se molemo jang ne sa boikokobetso fa a ne a tlhapisa dinao tsa baaposetoloi ba gagwe mo maitseboeng a bofelo a na le bone jaaka motho! (Yohane 13:3-15) Go a tshwanela tota go bo mo go Bafilipi 2:3-8, moaposetoloi Paulo a gakolola Bakeresete gore ba nne le “boikokobeco yoa pelo,” a ba fa sekai ka Jesu Keresete: “Lo nnè le pelo e mo go lona, e e neñ e le mo go Keresete Yesu le èna: Eo e rileñ a le mo chwanoñ ea Modimo, a se ka a kaea ha go lekana le Modimo e le se se ka huparèlwañ, me a ikhudula, a tsaea chwanō ea motlhanka, ka a dihwa mo chwanoñ ea batho; me o rile a hitlhèlwa a le mo popegoñ ea motho, a ikokobetsa, a ineèla hèla le mo loshuñ, eboñ [je] e leñ losho loa mokgōrō.” Fa a ne a lebane le kgwetlho e kgolo go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa gagwe, o ne a rapela Rraagwe jaana ka boikokobetso: “Eseñ kaha go rateñ ga me, e leñ kaha go rateñ ga gago.” (Mathaio 26:39) Kwantle ga pelaelo, e le gore re nne baetsi ba ga Jesu Keresete, ba ba tsamayang mo dikgatong tsa gagwe, re tshwanetse ra ikokobetsa.

Moaposetoloi Paulo, Sekao Se Se Molemo sa Boikokobetso

9-12. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhoma sekao se se molemo sa boikokobetso ka ditsela dife?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Nnañ baetsi ba me, yaka le nna ke le moetsi oa ga Keresete.” (1 Bakorintha 11:1) A moaposetoloi Paulo o ne a etsa Jesu Keresete ka go nna boikokobetso mo pelong, ka jalo a nna sekao se sengwe gape sa boikokobetso se re tshwanetseng go se etsa? Eleruri o ne a dira jalo. Selo sa ntlha, o ne a bolela ka boikokobetso gore e ne e le motlhanka wa ga Jesu Keresete. (Bafilipi 1:1) O ne a bolelela bagolwane ba kwa Efeso kafa a ileng a ‘direla Morena ka boikokobetso jotlhe jwa pelo ka gone le ka dikeledi le ka diteko tse di mo wetseng ka ditogamaano tsa Bajuda.’ (Ditihō 20:17-19) Fa a ka bo a ne a sa ikokobetsa, o ka bo a sa ka a kwala mafoko a a mo go Baroma 7:18, 19: “Kea itse ha go sa aga sepè se se molemō mo go nna, ke go re, mo nameñ ea me . . . Gonne molemō o ke o ratañ, ga ke o dihe: me boshula yo ke sa bo rateñ, ke yōna ke bo dihañ.”

10 Se sengwe gape se se supang kafa Paulo a ikokobetsang ka gone ke se a se kwaletseng Bakeresete ba kwa Korintha, jaaka fa go kwadilwe mo go 1 Bakorintha 2:3: “Ka nna le lona ke le mo bokoeñ, le mo poihoñ, le mo bogolong yoa thoromō.” Fa a ne a bua ka boikokobetso kaga botshelo jwa gagwe jwa pele a fetoga Mokeresete, o ne a kwala jaana: “Galè ke ne ke le mokgadi, le mmogisi, le mosenyi. . . . Keresete Yesu o na a tla mo lehatshiñ go boloka baleohi; ba ke leñ tlhōgō mo go bōnè.”—1 Timotheo 1:13, 15.

11 Se sengwe gape se se supang boikokobetso jwa gagwe ke kafa a neng a dumela ka gone gore Jehofa Modimo ke ene a mo thusang go atlega mo maitekong a gagwe otlhe. O ne a kwala jaana kaga bodihedi jwa gagwe: “Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo oa uñwisa. Yalo eo o yalañ e be e se sepè, leha e le eo o nosañ; ha e se Modimo hèla o o uñwisañ.” (1 Bakorintha 3:6, 7) Gape o ne a kopa bakaulengwe ba gagwe gore ba mo rapelele gore a neele bosupi sentle, jaaka fa re bala jaana mo go Baefesia 6:18-20: “Lo nntse lo [nthapelela] ka metlha eotlhe . . . gore, . . . ke be ke nèwè puō gore ke buè mo go aōna [bosaitseweng jwa mafoko a a molemo] ka botlhōka poihō, yaka ke chwanetse go bua.”

12 Paulo gape o ne a bontsha kafa a ikokobeditseng ka gone ka tsela e a neng a dirisana sentle le baaposetoloi ba bangwe ka yone: “Yakobe, le Kefase, le Yohane . . . [ba ne] ba neèla nna le Barenabase diatla tsa bolekane, gore re eè kwa go Badichaba, me bōnè ba eè go ba bogwèra.” (Bagalatia 2:9) Gape o ne a bontsha kafa a iketleeditseng ka gone go dirisana sentle le bagolwane ba phuthego ya kwa Jerusalema ka go tsamaya le makau a mane kwa tempeleng a bo a ba duelela fa ba diragatsa ikano nngwe.—Ditihō 21:23-26.

13. Ke eng se se dirileng gore boikokobetso jwa ga Paulo e nne jo bo tlhomologileng jaana?

13 Boikokobetso jwa ga Paulo bo tlhomologa segolobogolo fa re lemoga kafa Jehofa Modimo a neng a mo dirisa thata ka teng. Ka sekai, re bala gore “Modimo oa diha dikgakgamaco diñwe tse di heteletseñ ka diatla tsa ga Paulo.” (Ditihō 19:11, 12) Mo godimo ga moo, o ne a neelwa diponatshegelo le ditshenolo tse di tswang legodimong. (2 Bakorintha 12:1-7) Gape ga re a tshwanela go tlhokomologa gore o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale dibuka di le 14 mo go tse 27 (tse tota e neng e le makwalo) tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Seno sotlhe ga se a ka sa dira gore a ikgogomose. O ne a nna a ntse a ikokobeditse.

Dikao tsa Motlha wa Segompieno

14-16. (a) Poresidente wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a tlhoma sekao se se molemo sa boikokobetso jang? (b) Sekao sa gagwe se farologane thatathata le sa ga mang?

14 Re bala kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e mo go Bahebera 13:7 jaana: “Gopolañ ba ba kileñ ba lo laola, ba lo bolèlèla lehoko ya Modimo; me lo re lo akanya bohèlèlō yoa botshelō yoa bōnè, lo tlo lo etsè tumèlō ea bōnè.” Go bontsha gore re utlwa kgakololo eo re ka tsaya sekao sa motlha wa segompieno e le poresidente wa ntlha wa Watch Tower Bible and Tract Society, ebong Charles Taze Russell, yo re ka etsang tumelo ya gagwe. A e ne e le monna yo o ikokobeditseng? Eleruri o ne a ikokobeditse! Jaaka fa go lemogilwe sentle, mo mafokong a a mo dibolumong tsa gagwe tse thataro tsa Studies in the Scriptures, tsa ditsebe tse di ka nnang 3 000, ga go na gope mo a kileng a bua kaga gagwe ka boene gone. Go dirwa fela ka tsela eo le mo dikgatisong tsa Watch Tower Bible and Tract Society, ga di ise tlhokomelo mo bathong ka go bolela gore bakwadi ba ditlhogo tsa tsone ke bomang.

15 Fa a ne a kwala go Watch Tower, Russell o kile a bolela gore o ne a sa itse sepe ka selo se go tweng “Bo-Russell” kana motho yo go tweng “Mo-Russell,” e le mafoko a a neng a dirisiwa ke baganetsi ba gagwe mme ene a a gana fela puo phaa. O ne a kwala jaana: “Tiro ya rona . . . e ntse e le go kopanya dikarolwana tse di sa bolong go gasama tsa boammaaruri le go bo ruta batho ba Morena—eseng jaaka jo bosha, eseng jaaka jo bo tswang mo go rona, mme jaaka jo bo tswang mo Moreneng. . . . Tiro e re neng re e dira e mo go yone Morena a ileng a rata gore a dirise bokgoni jwa rona jo e seng jwa sepe joo re nang najo e ne e se ya go tlhama boammaaruri fa e se fela go bo tsosolosa, go bo siamisa, le go dira gore bo dumalane le dikwalo.” Eleruri, o ne a bua mafoko a a tshwanang le a ga moaposetoloi Paulo, a a fitlhelwang mo go 1 Bakorintha 3:5-7.

16 Boikutlo jwa gagwe bo ne bo farologane gotlhelele le jwa ga Charles Darwin. Mo kgatisong ya gagwe ya ntlha ya The Origin of Species ka 1859, Darwin o ne a bua kgapetsakgapetsa kaga kgopolo “ya me,” a tlhokomologa se ba bangwe ba neng ba se buile pele ga gagwe kaga thutotlhagelelo. Mokwadi mongwe yo o itsegeng wa mo lekgolong leo la dingwaga, Samuel Butler, o ne a kgala Darwin ka mafoko, a bontsha gore batho ba le bantsi pele ga gagwe ba ne ba ile ba tsweletsa pele mogopolo wa thutotlhagelelo; tota e ne e sa simologa ka Darwin.

17. Dikai tse dingwe gape tsa gore Mokaulengwe Rutherford o ne a le boikokobetso ke dife?

17 Motlhanka yo mongwe gape yo o ikanyegang wa mo metlheng ya segompieno yo Jehofa Modimo a ileng a mo dirisa thata e ne e le Joseph F. Rutherford, yo o umakilweng kwa tshimologong. E ne e le mmueledi yo o pelokgale wa boammaaruri jwa Bibela bogolo jang kaga leina Jehofa. Le mororo a ne a itsege thata jaaka Moatlhodi Rutherford, mo pelong e ne e le monna yo o ikokobeditseng. Ka sekai, o kile a bua mafoko mangwe a gatelela kafa a ikutlwang ka gone ka seo Bakeresete ba neng ba ka se lebelela ka 1925. Fa dilo di sa direge kafa a neng a solofetse ka gone, o ne ka boikokobetso a bolelela lelapa la Bethele kwa Brooklyn gore o ne a sa leba dilo sentle. Mokeresete mongwe yo o tloditsweng yo o neng a dirisana gaufiufi le ene o ne a supa gore o ne a atisa go utlwa Mokaulengwe Rutherford a kopa maitshwarelo go dumelana le Mathaio 5:23, 24, mo pele ga batho ba bantsi mmogo le kwa thoko, ka go bo a ne a utlwisitse Mokeresete mongwe ka ene botlhoko ka mafoko mangwe a a neng a sa a akanyetsa sentle. Motho yo o nang le maemo a a kwa godimo o tlhoka boikokobetso gore a ikope maitshwarelo mo go ba ba kwa tlase ga gagwe. Mokaulengwe Rutherford o ne a tlhomela balebedi botlhe sekao se se molemo, e ka tswa e le mo phuthegong, mo tirong ya go eta, kana kwa go lengwe la makala a Mokgatlho.

18. Poresidente wa boraro wa Mokgatlho o ne a bua mafoko afe a a supang gore o ne a na le boikokobetso jwa pelo?

18 Poresidente wa boraro wa Watch Tower Bible and Tract Society, ebong Nathan H. Knorr, le ene o ne a bontsha gore, le mororo a ne a na le maemo jaana mo gare ga batho ba ga Jehofa, o ne a sa ikutlwe a tlotlometse ka ntlha ya maemo a gagwe. Lefa a ne a gaisa ba bangwe ka go kgona go rulaganya dilo sentle le go kgona go bua fa pele ga batho ba bantsi, o ne a leba ditiro tsa ba bangwe di le botlhokwa fela thata. Ke gone ka moo a kileng a etela ofisi ya leloko lengwe mo Lephateng la Bakwadi a bo a mo raya a re: “Fano ke gone fa go dirwang tiro e e botlhokwa fela thata le e e boima thatathata. Ke gone ka moo ke e dirang go le gonnye fela.” Ee, o ne ka boikokobetso a diragatsa kgakololo e e mo go Bafilipi 2:3, gore ‘ka boikokobetso jwa pelo motho a kaye fa ba bangwe ba mo feta.’ O ne a tlhaloganya gore le mororo go direla jaaka poresidente wa Mokgatlho go ne go le botlhokwa, ditiro tse dingwe le tsone di ne di le botlhokwa. Go ne go tlhoka gore a ikokobetse gore a ikutlwe jalo a bo a tlhalose boikutlo joo ka phepafalo jalo. E ne e le sekao se sengwe se se molemo se botlhe ba ka se latelang, bogolo jang ba ba nang le maemo a a kwa godimo a bolebedi.

19, 20. (a) Poresidente wa bone wa Mokgatlho o ne a tlhoma sekao sefe sa boikokobetso? (b) Setlhogo se se latelang se tla re thusa jang gore re ikokobetse?

19 Poresidente wa bonè wa Mokgatlho, ebong Fred W. Franz, le ene e ne e le sekao se se molemo sa boikokobetso. E re ka a ne a le motlatsa poresidente wa Mokgatlho dingwaga di ka nna 32, o ne a kwala dilo tse dintsi tse di neng tsa dirisiwa mo dimakasineng le mo dithulaganyong tsa kopano di le dintsi fela thata; lefa go ntse jalo fa go tla mo ntlheng eno ka metlha o ne a itseela kwa tlase, a sa batle gore le ka motlha e nne ene a bonwang. Go ka umakwa sekao se sengwe sa bogologolo se se tshwanang le seo. Fa Joabe a ne a fenya Baamona kwa Raba, o ne a tlhomamisa gore Kgosi Dafide e nne ene a tlotliwang ka ntlha ya phenyo eo.—2 Samuele 12:26-28.

20 Eleruri, go na le dikao di le dintsi tse di molemo, tsa nako e e fetileng le tsa gone jaanong, tse di re nayang mabaka a a nonofileng a gore re ikokobetse. Lefa go ntse jalo, go na le mabaka a le mantsi a a oketsegileng a gore re ikokobetse, mme one mmogo le dilo tse di ka re thusang gore re ikokobetse di tla tlhatlhobiwa mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lefoko “condescend” (go ikisa kwa tlase), gantsi le dirisiwa go kaya “go itshwara jaaka yo o kwa godimo.” Mme lefa go ntse jalo bokao jwa lone jwa konokono—e le bokao jo le dirisiwang ka jone go New World Translation—ke “go nolofala,” “go ithontsha ditshiamelo tsa maemo.”—Bona Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary.

b Ekesodo 34:6; Dipalō 14:18; Nehemia 9:17; Pesalema 86:15; 103:8; 145:8; Yoele 2:13; Yona 4:2; Nahume 1:3.

A O A Gakologelwa?

◻ Boikgodiso bo ile jwa nna le diphelelo dife?

◻ Ke mang yo o ileng a tlhoma sekao se sentle go gaisa botlhe sa boikokobetso?

◻ Ke eng se se re bontshang gore motho yo mongwe gape yo o neng a le boikokobetso go gaisa botlhe e ne e le mang?

◻ Moaposetoloi Paulo o ne a tlhoma sekao sefe se sentle sa boikokobetso?

◻ Re na le dikao dife tse di tlhomologileng tsa boikokobetso tsa motlha wa segompieno?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jesu o ne a supa boikokobetso ka tsela e ntle thata

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Paulo o ne a tlhoma sekao se sentle sa boikokobetso

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Mokaulengwe Russell gaa ka a itlotlomatsa ka ntlha ya dilo tse a neng a di kwala

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela