LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 12/15 ts. 8-10
  • “Batlañ Yehofa, Lona Bakgōbaladi Botlhe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Batlañ Yehofa, Lona Bakgōbaladi Botlhe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tshwanetse go Batla Kgobalalo?
  • Bao Ba “Batlañ Kgōbalalō” Gompieno
  • Tsaya Kgato O Supa Kgobalalo
  • Nna Bonolo Mme o Itumedise Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Go Tswelela o Amogelwa ke Modimo Le fa O Lebana le Diphetogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Batla Jehofa Pele ga Letsatsi la Gagwe la Bogale
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Batlang Jehofa Pele ga Letsatsi la Bogale Jwa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 12/15 ts. 8-10

“Batlañ Yehofa, Lona Bakgōbaladi Botlhe”

“BATLAÑ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe, ba lo dihileñ katlholō ea gagwè; batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”—Sefania 2:3.

Moperofeti Sefania o ne a bolelela ‘bakgobaladi ba lefatshe’ mafoko ao, mme o ne a ba rotloetsa go ‘batla kgobalalo’ gore ba tle ba sirelediwe mo “letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.” Go phepafetse gore kgobalalo e a tlhokega gore re bolokwe. Mme ka ntlha yang?

Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tshwanetse go Batla Kgobalalo?

Kgobalalo ke go nna motho yo o bonolo, yo o seng boikgodiso kana yo o seng mabela. E amana thatathata le mekgwa e mengwe e mentle, e e jaaka boikokobetso le bonolo. Ka jalo, bakgobaladi ke batho ba ba rutiwang motlhofo e bile ba rata go amogela kotlhao e e tswang mo seatleng sa Modimo, le mororo e ka nna ya utlwala e se monate ka nako eo.—Pesalema 25:9; Bahebera 12:4-11.

Kgobalalo ka boyone e ka nna ya amana go le gonnye fela le tsela e motho a rutegileng ka yone kana maemo a gagwe mo botshelong. Lefa go ntse jalo, bao ba rutegileng thata kana ba ba atlegileng mo dilong tsa selefatshe ba bona ba tshwanela go itirela ditshwetso mo go sengwe le sengwe, tota le mo dikgannyeng tse di amanang le kobamelo. Seno se ka ba kgoreletsa gore ba se letlelele motho mongwe gore a ba rute sengwe kana gore ba se ka ba amogela kgakololo le go dira diphetogo tse di tlhokegang mo matshelong a bone. Ba bangwe ba ba humileng dilo tse di bonalang ba ka nna ba akanya ka tsela e e phoso ya gore pabalesego ya bone e ikaegile ka dithoto tsa bone tse di bonalang. Ka gone, ga ba bone ba tlhoka dikhumo tsa semoya tse di bonwang mo Lefokong la Modimo, Bibela.—Mathaio 4:4; 5:3; 1 Timotheo 6:17.

Akanya ka bakwadi, Bafarisai, le ditlhogo tsa baperisiti ba motlha wa ga Jesu. Mo tiragalong e nngwe Bafarisai ba ne ba bolela jaana fa maotlana a ba neng ba a romile go ya go tshwara Jesu a ne a boa a sa mo tshwara: “A le lona lo timedicwe? A bañwe ba balaodi, kgotsa ba Bafarisai, ba dumetse mo go èna? Me batho ba ba bantsi ba ba sa itseñ molaō, ba hutsegile.” (Yohane 7:45-49) Ka mafoko a mangwe, go ya ka bone, batho ba ba neng ba sena kitso e bile ba sa rutega ke bone fela ba neng ba ka nna dieleele gore ba bo ba dumele mo go Jesu.

Lefa go le jalo, Bafarisai bangwe ba ne ba kgatlhiwa ke boammaaruri, mme ba ile ba bo ba buelela Jesu le Bakeresete. Bangwe ba bone e ne e le Nikodemo le Gamaliele. (Yohane 7:50-52; Ditihō 5:34-40) Fa Jesu a sena go swa, “leshōmō ye legolo ya baperisiti ya inèla mo tumeloñ.” (Ditihō 6:7) Kwantle ga pelaelo sekao se se tlhomologileng thata e ne e le moaposetoloi Paulo. O ne a rutwa fa dinaong tsa ga Gamaliele mme a simolola go nna mmueledi yo o setswerere le yo o tlotlegang tota wa tumelo ya Sejuda. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya o ne a tlhwaela tsebe pitso ya ga Keresete Jesu ka boikokobetso mme o ne a nna molatedi wa gagwe yo o tlhagafetseng.—Ditihō 22:3; 26:4, 5; Bagalatia 1:14-24; 1 Timotheo 1:12-16.

Seno sotlhe se bontsha gore go sa kgathalesege gore motho o godisitswe ka tsela efe kana gore o ikutlwa jang gone jaanong ka molaetsa o o tswang mo Bibeleng, mafoko a ga Sefania a santse a mo ama. Fa motho a batla gore a amogelwe ke Modimo le go kaelwa ke Lefoko la gagwe, o tlhoka kgobalalo.

Bao Ba “Batlañ Kgōbalalō” Gompieno

Dimilione tsa batho go dikologa lefatshe di reetsa mafoko a a molemo a Bogosi. Basupi ba ga Jehofa ba tshwara dithuto tsa Bibela tse di fetang dimilione tse nne beke le beke mo magaeng a batho ba ba ntseng jalo. Ba godisitswe ka ditsela di le dintsi tse di farologaneng le mo maemong a a farologaneng a ikonomi le a loago. Lefa go ntse jalo, selo se le sengwe se botlhe ba tshwanang ka sone ke go bo ba kgona go ikokobeletsa go reetsa molaetsa wa Bibela oo mongwe a ba tliseditseng one kwa legaeng la bone kana golo gongwe fela. Ba le bantsi ba bone ba tswelela pele sentle ka gonne ba batla go dira boiteko jotlhe jwa gore ba tlose dikgoreletsi mo tseleng ya bone. Ee, ke bangwe ba ‘bakgobaladi ba lefatshe’ gompieno.

Tsaya ka sekai, Maria wa kwa Mexico. O ne a ithutela molao kwa yunibesithing e bile o ne a sa tlhoke madi ka ntlha ya boswa jo a neng a bo rua. Ka ntlha ya seno, o ne a simolola go nna le megopolo ya go rata go dira maratwaepelo eo a bolelang gore e ne ya mo fetola gore a nne motho “yo o seganana, yo o senang maitseo, yo o itseelang kwa godimo e bile a latola gore Modimo o teng.” “Ke ne ka simolola go akanya gore sengwe le sengwe se ka rarabololwa ke madi le gore Modimo o ne o se botlhokwa. Tota e bile, ke ne ke akanya gore ga o yo,” Maria o ne a gakologelwa jalo. “Ke ne ke bona kereke e le selo sa boeleele le se se iwang fela ka gore o tshwanetse,” o ne a oketsa jalo.

Moragonyana, Maria o ne a lemoga diphetogo dingwe mo go ntsalae fa a sena go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. “O ne a kile a bo a le bosula tota, mme jaanong ke motho yo o ratang kagiso e bile o siame,” Maria o ne a tlhalosa jalo. “Balosika ba ne ba bolela gore e ne e le moreri e bile a bala Bibela, mme ka lone lebaka leo o ne a sa tlhole a nwa lefa e le go tlhola a setsesetse basadi morago. Ka jalo ke ne ke batla gore a tle a mpalele Bibela ka go bo ke ne ke akanya gore ka go dira jalo ke tla bona kagiso e ke neng ke ntse ke e batla.” Go ne ga felela ka gore Maria a dumele go ithuta Bibela le banyalani bangwe ba Basupi.

O ne a na le dilo di le dintsi tse a neng a tshwanetse go di fenya, mme gape go ne go se motlhofo mo go ene gore a amogele molaomotheo wa Bibela wa botlhogo wa gore a ineele mo monneng wa gagwe. Mme lefa go ntse jalo o ne a dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe le mo tseleng e a neng a ikutlwa ka yone. O ne a ipolela jaana: “Ke akanya gore fa e sa le bakaulengwe ba tsena mo legaeng la me mme ba lere thuso ya ga Jehofa, legae la me le ile la nna le boitumelo, kagiso, le masego a Modimo.” Gompieno, Maria ke Mosupi wa ga Jehofa yo o ineetseng e bile a kolobeditswe.

Fa re ntse re latela kobamelo ya boammaaruri, go na le karolo e nngwe e mo go yone kgobalalo, kana go tlhaela ga yone, go leng botlhokwa thata. Gantsi mo lelapeng o fitlhela mosadi a amogela boammaaruri e bile a batla go direla Modimo, lefa go ntse jalo monna ene a ikgogona. Gongwe go thata mo banneng ba bangwe go dumela gore jaanong go na le motho yo mongwe gape—Jehofa Modimo—yo mosadi wa gagwe a tshwanetseng go mo ikobela. (1 Bakorintha 11:3) Mosadi mongwe kwa Chihuahua, kwa Mexico, o ne a kopa gore a tshwarelwe thuto ya Bibela, mme kgabagare ene mmogo le bana ba gagwe ba le supa ke bone fela ba ba neng ba tsena mo boammaaruring. Kwa tshimologong monna wa gagwe o ne a mo ganetsa. Ka ntlha yang? Ka go bo a ne a sa batle gore lelapa la gagwe le tsamaye le rera ka ntlo le ntlo, le tsamaisa dibuka tsa Bibela. Go bonala a ne a bona e le go mo isa kwa tlase. Lefa go ntse jalo, lelapa la gagwe le ne la ema le nonofile mo tshwetsong ya lone ya go direla Modimo. Morago ga lobakanyana monna o ne a simolola go bona botlhokwa jwa go dumelana le thulaganyo ya Modimo. Mme lefa go ntse jalo go ne ga feta dingwaga di le 15 pele a ineela mo go Jehofa.

Kwa Mexico yotlhe, go sa ntse go na le metsana e mentsi e e kwa thoko e baagi ba yone ba buang dipuo tsa bone tsa Seindia le gone ba tshegeditse dingwao tsa teng. Molaetsa wa Bibela o fitlha le kwa bathong bano mme o ba thusa go tokafatsa maemo a bone mo botshelong, e re ka ba bangwe ba ithuta go bala le go kwala fa ba ntse ba ithuta boammaaruri. Lefa go ntse jalo, lebaka la go bo batho ba sa rutega thata kana ba na le dithoto di sekaenyana fela tse di bonalang ga go reye gore ba ka amogela boammaaruri motlhofo fela. Ka dinako tse dingwe go ikgantsha ka lotso le go ngaparela thata dingwao tsa bagologolwane go dira gore go nne thata mo go ba bangwe go amogela boammaaruri. Gape seno se bontsha lebaka la go bo mo metsaneng e mengwe ya Baindia, bao ba amogelang boammaaruri gantsi ba tshwenngwa ke baagi ba bangwe ba motse. Ka jalo kgobalalo e tlhokega mo dilong di le dintsi.

Tsaya Kgato O Supa Kgobalalo

Wena ka namana o eme fa kae? A o tsaya kgato malebana le boammaaruri jwa Lefoko la Modimo? Kana go a go thatafalela go dumela boammaaruri bongwe jwa Bibela? Gongwe o ka rata go itlhatlhoba ka bowena gore o bone gore ke eng se se go kgoreletsang. A o tshwenngwa ke go bo batho ba le bantsi ba ba amogelang boammaaruri e le batho fela ba e seng ba maemo a a kwa godimo? A o ka tswa o akanya ka tsela ya boikgodiso? Go molemo go tlhatlhanya ka mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ dinyana ke lehatshe, gore o tlhabisè ba ba botlhale ditlhoñ; e bile gapè Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ bokōa ke lehatshe, gore o tlhabisè dilō tse di nonohileñ ditlhoñ; Le tse di kaiwañ matlakala a lehatshe, le dilō tse di nyatsègañ, Modimo o di itshenketse, E, le dilō tse di seeoñ, gore o nyeletsè dilō tse di leoñ: Gore go se ka ga ikgantsha nama epè ha pele ga Modimo.”—1 Bakorintha 1:27-29.

A o ne o ka gana letlotlo e le fela ka go bo o le fitlhetse mo sejaneng se e seng sa sepe sa letsopa? Tota nnyaa! Lefa go ntse jalo, eo ke yone tsela e Modimo a tlhophileng go re neela Lefoko la boammaaruri le le bolokang botshelo ka yone, jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalosa jaana: “Khumō e, re e chotse ka diyana tsa lecopa, gore bogolo yo bo leñ bogolo thata yoa nonohō e nnè yo bo cwañ mo Modimoñ, e señ mo go rona.” (2 Bakorintha 4:7) Kgobalalo le boikokobetso di tla dira gore re kgone go bona boleng jwa mmatota jwa letlotlo leno mme e seng fela “diyana tsa lecopa,” kana baemedi ba batho, ba ba le tlisang kwa go rona. Ka go dira jalo, gape re tla bo re dira gore go kgonege tota gore re ka “shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa” le go nna gareng ga bakgobaladi bao ba ‘tla ruang lefatshe.’—Sefania 2:3; Mathaio 5:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela