LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 1/15 ts. 5-7
  • Lefatshe Le Le Senang Ntwa—Le Tla Tloga le Tla!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe Le Le Senang Ntwa—Le Tla Tloga le Tla!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsenya go Akanya ka Kagiso mo Mogopolong
  • Tsela E Modimo O Tla Tlisang Kagiso ka Yone
  • Go Tlosa Dikgoreletsi tsa Bodumedi
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Batla Kagiso ya Boammaaruri O bo O e Latelele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ke Mang yo o Tla Isang Batho Kwa Kagisong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ntwa e Tla Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 1/15 ts. 5-7

Lefatshe Le Le Senang Ntwa—Le Tla Tloga le Tla!

KA DECEMBER 24, ka 1914, lesole lengwe le lesha la Borithane le le bidiwang Jim Prince le ne la ralala lebala la fa gare ga melelwana mme la ya go bua le lesole lengwe la Mojeremane. “Nna ke Mo-Saxon. Wena o Mo-Anglo-Saxon. Ke eng fa re lwa?” Mojeremane yoo o ne a mmotsa jalo. Dingwaga morago ga moo, Prince o ne a dumela jaana: “Le gone jaanong ga ke ise ke itse karabo ya potso eo.”

Mo bekeng nngwe e e tlhomologileng ka 1914, masole a Borithane le a Jeremane a ne a dira botsalano, a tshameka bolo mmogo, e bile ba abelana dimpho tsa Keresemose. Lefa go ntse jalo, peomarumofatshe eo, e ne e se kafa molaong. Bojenerale ba ne ba sa batle gore mephato ya bone e itse gore “mmaba” ga a bosula jaaka a tlhalosiwa mo dikgannyeng tsa ntwa tse di anamisang dikgopolo tse di phoso. Moragonyana ga moo lesole lengwe la Borithane ebong Albert Moren le ne la gakologelwa jaana: “Fa peomarumofatshe eo e ne e ka bo e ne e tsweletse pele beke e nngwe gape, go ka bo go ne go ile ga nna thata go simolola ntwa gape.”

Peomarumofatshe eo ya tshoganyetso e supa gore le e leng masole a a thapisitsweng a eletsa gore go nne le kagiso go na le gore go nne le ntwa. Bontsi jwa masole a a itseng gore go maswe jang kwa ntweng ba ka dumalana le seane se se bolelang jaana sa Sepanishe: “A motho yo o sa itseng ntwa a ye ntweng.” Kwantle ga pelaelo, fa go ka dirwa tshekatsheko ya lefatshe ka bophara gore batho ka kakaretso ba ikutlwa jang, e tla supa gore bontsi bo rata kagiso go na le ntwa. Mme gone keletso eno ya kagiso e e leng teng mo lefatsheng e ka dirwa jang gore e tlose ntwa mo lefatsheng?

Pele ntwa e ka fedisiwa, batho ba tshwanetse go fetola maikutlo a bone. Molaotheo wa Lekgotla la UN la Thuto, Saense, le Setso o bolela jaana: “E re ka ntwa e simolola mo megopolong ya batho, megopolo ya batho e tshwanetse go dirwa gore e dibele kagiso.” Lefa go ntse jalo, setšhaba sa gompieno se go sa ikanyege le letlhoo di atileng mo go sone, se nna se tswelela pele ka go dirisa dikgoka le go feta, ga se nne le kagiso.

Lefa go ntse jalo, Modimo ka boone o solofeditse gore ka letsatsi lengwe go akanya ka kagiso go tla gatisediwa mo megopolong ya batho ba ba ratang tshiamo. O ne a bolela jaana ka moperofeti wa gagwe Isaia: “Me [Modimo] o tla atlhola ha gare ga merahe, a kgalemèle dichaba di le dintsi: me di tla thula dichaka tsa bōnè megale ea megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”—Isaia 2:4.

Go Tsenya go Akanya ka Kagiso mo Mogopolong

A go ka kgonega go fetola tsela e motho a akanyang ka yone ka tsela e e gakgamatsang jalo? A batho ba tla tsamaya ba ithuta go boloka kagiso go na le go galaletsa ntwa? Akanya ka sekai sa ga Wolfgang Kusserow. Ka 1942 Ba-Nazi ba ne ba bolaya Mojeremane yono wa dingwaga tse 20 ka go bo a ne a ‘sa batle go ithuta ntwa.’ Ke eng fa a ne a tlhopha go swa? Mo lekwalong la gagwe o ne a nopola melaometheo ya Dikwalo jaaka, “U rate oa ga eno yaka u ithata” le “Botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.” (Mathaio 22:39; 26:52) Morago ga moo o ne a botsa jaana ka tlhamalalo: “A Mmopi wa rona o kwaletse ditlhare dilo tseno?”

Lefoko la Modimo le le kwadilweng mo Bibeleng, le “tlhaga” mme le ile la tlhotlheletsa Mosupi yo mosha yono wa ga Jehofa go latelela kagiso go sa kgathelesege gore go tla diragalang ka ene. (Bahebera 4:12; 1 Petere 3:11) Mme lefa go ntse jalo, ga se Wolfgang Kusserow fela yo a neng a latelela kagiso ka tsela eo. Mo bukeng ya The Nazi Persecution of the Churches 1933-45, J. S. Conway o nopola direkoto tsa semolao tsa Ba-Nazi tse di bontshang gore Basupi ba ga Jehofa botlhe ba ne ba gana go ya ntweng. Jaaka fa Conway a bontsha, go nna pelokgale jalo go ne go tshwana fela le gore ba saenela gore ba bolawe.

Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba tswelela pele ba latelela kagiso, go sa kgathalesege gore ke ba lotso kana morafe ofe. Ka ntlha yang? Ka go bo ba ithutile mo Bibeleng gore batlhanka ba boammaaruri ba Modimo ba tshwanetse gore ba thule ditšhaka tsa bone megale ya megoma. Mosha mongwe wa kwa Argentina yo o bidiwang Alejandro, yo o neng a fudugela kwa Iseraele ka 1987, a ka supa gore seno se boammaaruri.

Alejandro o ne a nna dingwaga tse tharo kwa polaseng nngwe fa a ne a le kwa yunibesithing e bile a dira mo dioteleng le mo diresetšhurenteng tse di farologaneng. Ka yone nako eno, o ne a simolola go bala Bibela a batla go itse gore lebaka la go bo botshelo bo le teng ke eng. Mme mo godimo ga tsotlhe, o ne a eletsa go bona lefatshe le batho ba neng ba tla itumelela kagiso le tshiamiso mo go lone. Alejandro—yo e neng e le Mojuda o ne a dira le Bajuda mmogo le Baarabia mme lefa go ntse jalo o ne a se ka a ema le letlhakore lepe.

Ka 1990 tsala nngwe ya gagwe e e neng e ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa e ne ya laletsa Alejandro go ya kopanong ya letsatsi le le lengwe kwa Haifa. E re ka a ne a gakgamadiwa thata ke go bona Bajuda le Baarabia ba le 600 ba ntse mmogo ka boitumelo, o ne a akanya jaana, ‘Eno ke yone tsela e batho ba tshwanetseng gore ba tshele ka yone.’ Mo dikgweding tse thataro le ene o ne a nna Mosupi mme gone jaanong nako ya gagwe e ntsi o e dirisetsa go rera ka molaetsa wa Bibela wa kagiso.

Tsela E Modimo O Tla Tlisang Kagiso ka Yone

Le mororo dikai tseno di ama maikutlo, ke dilo tse di sa tlwaelegang gompieno mo lefatsheng. Le mororo tsamaiso eno e ntse e iphaka gore e rata kagiso, e ntse e tlhotlheletsa ntwa. O ka rata go nna mo mmileng o baagi ba one ba dirisang madi a a fa gare ga 7 le 16 lekgolong a ba a amogelang go reka dithunya le dilo tsa go sireletsa matlo a bone? Mme gone, ke sone se merafe e ntseng e se dira ka madi a ba ntseng ba a senya mo dilong tsa bosole mo dingwageng tsa bosheng jaana. Ga go gakgamatse he go bo boperofeti jwa ga Isaia bo bontsha gore batho ba ka se ka le ka motlha ba kgona go thula ditšhaka tsa bone megale ya megoma go fitlha Modimo ‘o kgalemela merafe.’ O tla dira seo jang?

Selo sa konokono se se tla dirisiwang go baakanya dilo ke Bogosi jwa ga Jehofa Modimo. Moperofeti Daniele o ne a bolelela pele gore ‘Modimo wa legodimo o ne o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa gope.’ O oketsa ka gore, Bogosi jono, “bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō otlhe [mebuso ya lefatshe] me bo tla èma ka bosakhutleñ.” (Daniele 2:44) Mafoko ano a supa gore Bogosi jwa Modimo bo tla laola lefatshe ka botlalo. Bogosi jono bo tla fedisa ntwa ka go nyeletsa dilo tse di thibelang merafe gore e se ka ya utlwana. Mo godimo ga moo, e re ka babusiwa ba bogosi jono ba tla bo “ba rutwa ke Yehofa,” kagiso ya bone “e tla nna kgolo.” (Isaia 54:13) Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a re re rapele Modimo jaana: “Bogosi yoa gago a bo tlè”!—Mathaio 6:10.

Go Tlosa Dikgoreletsi tsa Bodumedi

Modimo o tla tlosa le dilo tsa bodumedi tse di kgoreletsang gore go nne le kagiso. Bodumedi ke bone bo dirileng gore go nne le ntwa e e tsereng nako e telele go di feta tsotlhe mo hisitoring—Botlhabanelatumelo, kana “Dintwa Tse Di Boitshepo,” tse di ileng tsa simololwa ke Mopapa Urban II ka 1095 C.E.a Mo lekgolong leno la rona la dingwaga baruti ba ile ba tlhotlheletsa batho go tsena mo dintweng, le e leng le dintwa tse di sa amaneng ka gope le bodumedi.

Fa a ne a bua ka se dikereke tse e neng e le tsa Bokeresete fela ka maina di neng di se dira ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya I, rahisitori Paul Johnson o ne a kwala jaana: “Baruti ba ne ba palelwa, e bile ba sa batle go dira gore tumelo ya Bokeresete e nne yone e tlang pele ga bomorafe. Ba bantsi ba bone ba ne ba ineela ba tsaya gore Bokeresete bo tshwana fela le boratanaga. Masole a Bakeresete a ditumelo tsotlhe a ne a kgothalediwa gore a bolaane mo leineng la Mmoloki wa bone.”

Bodumedi bo tlhotlheleditse ntwa thata go na le gore bo dire gore go nne le kagiso. Mme tota, Bibela e tlhalosa bodumedi jwa maaka jaaka “seaka” se se ratanang le babusi ba lefatshe. (Tshenolō 17:1, 2) Modimo o bolela gore o na le molato wa madi a batho botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng. (Tshenolō 18:24) Kwa bokhutlong, Jehofa Modimo o tla tlosa sekgoreletsi seno gore go nne le kagiso ka bosakhutleng.—Tshenolō 18:4, 5, 8.

Lefa dilo tse di senyang kagiso tse di ntseng jaaka dipolotiki le bodumedi jwa maaka di ka tlosiwa, kagiso e ka se ka ya nnela ruri fa motlhotlheletsi yo mogolo wa ntwa e leng Satane Diabolo—a ise a fedisiwe. Seo ke selo sa bofelo se se mo thulaganyong se Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang go lere kagiso mo lefatsheng. Buka ya Bibela ya Tshenolō e tlhalosa gore Satane o tla ‘tshwarwa’ a bo a ‘golegwa’ le go ‘latlhelwa mo moleting’ gore “a se ka a tlhola a tsietsa merahe.” Morago ga moo o tla nyelediwa ruri.—Tshenolō 20:2, 3, 10.

Tsholofetso ya Bibela ya gore ga go kitla go tlhola go nna le ntwa ga se toro fela. Thulaganyo ya ga Jehofa Modimo ya kagiso e setse e simolotswe. Bogosi jwa gagwe bo setse bo tlhomilwe kwa legodimong mme bo setse bo ipaakanyeditse go dira dilo tse dingwe tse di tla dirang gore go nne le kagiso lefatshe ka bophara. Fa go santse go letilwe, dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba tshegetsang puso eno ya selegodimo, ba ithutile go tshela ka kagiso.

Go phepafetse he, gore re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore dintwa di ka tilwa. Mo godimo ga moo, re ka lebelela pele mo letsatsing le le gaufiufi le Jehofa a tla fedisang dintwa gotlhelele ka lone. (Pesalema 46:9) O tla tlhomamisa gore go ise go ye kae go bo go sa tlhole go na le ntwa mo lefatsheng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mo makgetlong a mangwe baeteledipele ba bodumedi ba ne ba nna batlhabani ka bobone. Kwa Ntweng ya Hastings (1066), mobishopo wa Mokatoliki Odo o ne a nna le seabe se segolo mme a tsaya molamu go na le gore a tseye tšhaka e le seipato fela. O ne a bolela gore fa go sa tshololwe madi, monna wa Modimo o na le tshwanelo ya go bolaya. Makgolo a matlhano a dingwaga morago ga foo, Mokadinale Ximenes e ne ya nna ene ka boene a etelelang Spain pele go ya go gapa Afrika Bokone.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

O ka kgona go tshela mo lefatsheng le lesha le le senang ntwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela