LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 3/1 ts. 8-13
  • Katlholo ya ga Jehofa Kgatlhanong le Barutisi ba Maaka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Katlholo ya ga Jehofa Kgatlhanong le Barutisi ba Maaka
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ba Sepela ka Maaka”
  • Go Senola Kafa Ba Leng Molato ka Gone
  • Go Atlholwa ga Barutisi ba Maaka
  • Go Bolela “Morwalo wa ga Jehofa”
  • Go Senolwa ga La-Bodumedi Jaaka Moetleetsi wa Kobamelo ya Maaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Dikatlholo tsa Modimo Di Tshwanetse go Bolelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Jeremia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Buka ya Bibela ya bo 24—Yeremia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 3/1 ts. 8-13

Katlholo ya ga Jehofa Kgatlhanong le Barutisi ba Maaka

“Mo baperofeting ba Yerusalema ke bonye [dilo tse di tsitlisang marapo, NW]; baa akahala, ba sepela ka maaka . . . botlhe hèla ba hetogile ba nntse yaka Sodoma mo go nna, le banni ba gōna ba nntse yaka Gomora.”—YEREMIA 23:14.

1. Ke ka ntlha yang fa motho yo o rutang thuto ya bomodimo a sikara boikarabelo jo bogolo thata?

MONGWE le mongwe yo o rutang thuto ya bomodimo o sikara boikarabelo jo bo masisi tota. Yakobe 3:1 e tlhagisa jaana: “Ba ga echo lo se ka loa nna baruti lo le bantsi, ka lo itse ha rona baruti re tla bōna tshekishō e e bokete bogolo.” Ee, batho ba ba rutang Lefoko la Modimo ba na le boikarabelo jo bo masisi thata go gaisa jwa Bakeresete ka kakaretso gonne ba tshwanetse go neela pego e e kgotsofatsang. Seno se tla kaya eng mo go ba ba itshupang e le barutisi ba maaka? A re tlhatlhobeng boemo jwa motlha wa ga Jeremia. Re tla bona gore bo ne bo tshwantshetsa se se diragalang gompieno jang.

2, 3. Jehofa o ne a ntsha katlholo efe a dirisa Jeremia malebana le barutisi ba maaka ba Jerusalema?

2 Ka 647 B.C.E., ka ngwaga wa bo 13 wa puso ya ga Kgosi Josia, Jeremia o ne a tlhomiwa jaaka moperofeti wa ga Jehofa. Jehofa o ne a ngongorega ka Juda, ka jalo o ne a roma Jeremia go ya go itsise seo. Baperofeti kana barutisi ba maaka ba Jerusalema ba ne ba dira ‘dilo tse di tsitlisang marapo’ mo matlhong a Modimo. Bosula jwa bone bo ne bo le bogolo thata mo e leng gore mo Modimong Jerusalema le Juda di ne di tshwana le Sodoma le Gomora. Yeremia kgaolo 23 e re bolelela ka ga seno. Temana 14 ya re:

3 “Mo baperofetiñ ba Yerusalema ke bonye [dilo tse di tsitlisang marapo, NW]; baa akahala, ba sepela ka maaka, ba thatahatsa diatla tsa badiha boshula, me go bo go se opè eo o boeañ mo boikepoñ yoa gagwè: botlhe hèla ba hetogile ba nntse yaka Sodoma mo go nna, le banni ba gōna ba nntse yaka Gomora.”

4. Sekao se se maswe sa boitsholo sa barutisi ba Jerusalema se tshwana jang le sa Labokeresete gompieno?

4 Ee, baperofeti bano, kana barutisi, ba ne ba tlhoma dikao tse di maswe thata ka bobone tsa boitsholo, mme totatota ka go dira jalo ba ne ba kgothaletsa batho gore ba dire se se tshwanang. A o ko o lebe boemo jwa Labokeresete gompieno! A ga bo tshwane fela le jwa motlha wa ga Jeremia? Gompieno baruti ba letla bagokafadi le basodoma gore ba tswelele pele mo maemong a boruti mme e bile ba ba letla go etelela pele mo ditirelong tsa kereke. A go a gakgamatsa go bo ba le bantsi jaana ba ba ikwadisitseng go nna maloko a kereke le bone ba bo ba se na maitsholo a mantle?

5. Ke ka ntlha yang fa boitsholo jo bo maswe jwa Labokeresete bo gaisa le jwa Sodoma le Gomora?

5 Jehofa o ne a tshwantsha baagi ba Jerusalema le ba Sodoma le Gomora. Mme boitsholo jo bo sa siamang jwa Labokeresete bo maswe thata go gaisa jwa Sodoma le Gomora. Ee, bo makgapha le go feta mo matlhong a ga Jehofa. Baruti ba gagwe ba nyatsa melao ya Bokeresete ya boitsholo. Mme seno se dira gore boitsholo bo senyegele kwa pele mme e bile go na le mefuta yotlhe ya dithaelo tse di fitlhegileng tsa go dira bosula. Boemo jono jwa boitsholo bo aname mo e leng gore gompieno bosula bo lebiwa jaaka selo se se tlwaelegileng fela.

“Ba Sepela ka Maaka”

6. Jeremia o ne a reng kaga bosula jwa baperofeti ba Jerusalema?

6 Jaanong ela tlhoko gore temana 14 ya reng kaga baperofeti ba Jerusalema. Ba ne “ba sepela ka maaka.” Mme karolo ya bofelo ya temana 15 ya re: “Go tlhapatsa go dule mo baperofetiñ ba Yerusalema go ile le lehatshe yeotlhe hèla.” Go tswa foo temana 16 e oketsa ka go re: “Yehofa oa mashomōshomō o bua yana: a re, Lo se ka loa reetsa mahoko a baperofeti ba ba lo perofesetsañ; ba lo ruta boithamakō: ba bua ponatshègèlō ea pelo ea bōnè hèla eseñ e e cwañ mo molomuñ oa ga Yehofa.”

7, 8. Ke ka ntlha yang fa baruti ba Labokeresete ba tshwana le baperofeti ba maaka ba Jerusalema, mme seno se amile batho ba ba tsenang kereke jang?

7 Jaaka baperofeti ba maaka ba Jerusalema, baruti ba Labokeresete le bone ba sepela ka maaka, ba anamisa dithuto tsa botenegi, dithuto tse di seong mo Lefokong la Modimo. Dingwe tsa dithuto tseno tsa maaka ke dife? Gore moyasebele ga o swe, Tharonngwe, pakatori, le molelo wa dihele o batho ba tlhokofalediwang ruri mo go one. Gape ba ngwaya ditsebe tsa ba ba utlwang ka go rera se batho ba batlang go se utlwa. Ba opela pina ya gore Labokeresete ga a lebana le masetlapelo ape mme o na le kagiso ya Modimo. Mme lefa go ntse jalo baruti ba bua “ponatshègèlō ea pelo ea bōnè hèla.” Ke ya maaka. Ba ba dumelang maaka a a ntseng jalo ba jesiwa botlhole jwa semoya. Ba a timediwa mme ba isiwa tshenyegong!

8 Ela tlhoko gore Jehofa a reng kaga barutisi bano ba maaka mo go temana 21: “Ga kea roma baperofeti ba, leha go nntse yalo ba tabogile: ga kea bua nabō, leha go nntse yalo, ba perofesitse.” Ka jalo, baruti gompieno ga ba a romiwa ke Modimo, le gone ga ba rute boammaaruri jwa gagwe. Seno se feletse ka eng? Bontsi jo bo gakgamatsang jwa batho ba ba tsenang kereke ga ba itse Bibela ka gonne baruti ba bone ba ba fepa ka difilosofi tsa lefatshe.

9, 10. (a) Baruti ba maaka ba Jerusalema ba ne ba lora ditoro tse di ntseng jang? (b) Baruti ba Labokeresete ba maaka le bone ka tsela e e tshwanang ba rutile “ditōrō tsa maaka” jang?

9 Mo godimo ga moo, baruti gompieno ba dira ditsholofetso tsa maaka. Ela tlhoko temana 25: “Ke utlwile se baperofeti ba se buileñ, ba ba porofesañ maaka ka leina ya me, ba re, Ke lorile, ke lorile.” Ke ditoro tsa mofuta ofe? Temana 32 e re bolelela jaana: “Bōnañ, ke tlhabana le ba ba perofesañ ditōrō tsa maaka, go bua Yehofa, ba di bolèle, ba timetse batho ba me ka maaka a bōnè, le ka go ipelahatsa ga bōnè ga boithamakō: leha go nntse yalo ga kea ba roma, leha e le go ba laola; le gōna ga ba ketla ba thusa batho [ka] sepè, go bua Yehofa.”

10 Baruti ba rutile ditoro kana ditsholofetso dife tsa maaka? Ee, gore gompieno batho ba ka solofela gore Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ke lone fela le ka tlisang kagiso le polokesego. Mo dingwageng tsa bosheng jaana ba ne ba bitsa Lekgotla la UN ba re “ke lone fela go ka solofelwang gore le tlise kutlwano le kagiso,” “lekgotla le le kwa godimo la kagiso le tshiamiso,” “ke lone fela mo lefatsheng le le ka lereng kagiso mo lefatsheng.” Abo seo e le go ijesa dijo tsa ditoro jang ne! Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo batho ba ka bo ikanyang. Mme lefa go ntse jalo, baruti ga ba rere e bile ga ba rute boammaaruri kaga puso eo ya selegodimo, eo e neng e le setlhogo se segolo sa thero ya ga Jesu.

11. (a) Baruti ba Jerusalema ba maaka ba ne ba dira eng se se bosula ka leina la Modimo? (b) Go fapaana le setlhopha sa Jeremia, baruti ba gompieno ba maaka ba dirile eng ka leina la Modimo?

11 Temana 27 e re bolelela mo go oketsegileng. “Ba ba itlhomañ ba tla lebatsa batho ba me leina ya me ka ditōrō tse moñwe le moñwe o di bolèlèlañ oa ga gabō, yaka borrabō ba ne ba lebala leina ya me ka Baale.” Baperofeti ba maaka ba Jerusalema ba ne ba dira gore batho ba lebale leina la Modimo. A barutisi ba gompieno ba maaka ga ba a dira fela jalo? Mme se se maswe le go feta, ba fitlha leina la Modimo, Jehofa. Ba ruta gore ga go tlhokege gore le dirisiwe, le gone ba le tlosa mo dithanolong tsa bone tsa Bibela. Ba ganetsa thata mongwe le mongwe yo o rutang batho gore leina la Modimo ke Jehofa. Mme lefa go ntse jalo, setlhopha sa Jeremia, masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, mmogo le ditsala tsa bone, ba dirile fela jaaka Jesu a dirile. Ba rutile batho ba le dimilione leina la Modimo.—Yohane 17:6.

Go Senola Kafa Ba Leng Molato ka Gone

12. (a) Ke ka ntlha yang fa barutisi ba maaka ba bodumedi ba na le molato o mogolo jaana wa madi? (b) Baruti ba ile ba nna le seabe sefe mo dintweng tse pedi tsa lefatshe?

12 Setlhopha sa Jeremia ga se bolo go nna se senola baruti kgapetsakgapetsa gore ke barutisi ba maaka ba ba eteletseng matsomane a bone pele go ba isa mo tseleng e kgolo ya tshenyego. Ee, masalela a dirile gore go phepafale gore ke ka ntlha yang fa batho bao ba ba lorang ba tshwanelwa ke go atlholwa botlhoko ke Jehofa. Ka sekai, batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba atisa go umaka Tshenolō 18:24, e e bolelang gore madi a “botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ” a ne a fitlhelwa mo go Babelona o Mogolo. Akanya fela ka dintwa tsotlhe tse di sa bolong go lowa ka ntlha ya go sa dumelane mo dilong tsa bodumedi. A bo baruti ba bodumedi jwa maaka ba na le molato o mogolo jang ne wa madi! Dithuto tsa bone di bakile dikgaogano e bile di okeditse letlhoo fa gare ga batho ba ditumelo tse di farologaneng le ba merafe e e farologaneng. Buka ya Preachers Present Arms e bolela jaana kaga Ntwa ya Lefatshe I: “Clercs [baruti] ba ne ba dira gore ntwa e nne e e botlhokwa thata semoyeng le go e dira gore e nne maswe thata. . . . Ka gone kereke e ne ya tsenelela thata mo dintweng.” Go ne ga nna fela jalo le ka Ntwa ya Lefatshe II. Baruti ba ne ba tshegetsa ka botlalo merafe e e neng e lwa ba bo ba segofatsa masole a yone. Go ne ga simologa dintwa tse pedi tsa lefatshe mo go Labokeresete tse mo go tsone badumedimmogo ba neng ba ganyaolana. Makoko a e seng a bodumedi le a e leng a bodumedi mo go Labokeresete a santse a baka tshololo ya madi go fitlha le mo nakong eno. A bo dithuto tsa bone tsa maaka di nnile le diphelelo tse di bosula jang ne!

13. Yeremia 23:22 e supa jang gore baruti ba Labokeresete ga ba amane ka gope le Jehofa?

13 Tsweetswee a ko o ele tlhoko Yeremia kgaolo 23, temana 22: “Ha ba kabo ba eme le ba lekgotla ya me, hoñ ba ka bo ba utlwisitse batho ba me mahoko a me, ba ka bo ba ba bositse mo tseleñ ea bōnè e e boshula, le mo boshuleñ yoa ditihō tsa bōnè.” Fa baperofeti ba bodumedi ba Labokeresete ba ka bo ba eme mo setlhopheng sa ga Jehofa se se gaufiufi le ene, ba na le kamano e e gaufi le ene jaaka e kete motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale, he le bone ba ka bo ba tshela go dumelana le melao ya Modimo. Le bone ba ka bo ba ntse ba dira gore ditšhaba tse di mo go Labokeresete di utlwe mafoko a Modimo ka boone. Go na le gore ba dire jalo, barutisi ba gompieno ba maaka ba dirile balatedi ba bone batlhanka ba ba difofu ba Moganetsi wa Modimo, Satane Diabolo.

14. Baruti ba Labokeresete ba ne ba senolwa jang ka tsela e e nonofileng ka 1958?

14 Setlhopha sa Jeremia se ntse se senola baruti ka mafoko a a bogale. Ka sekai, kwa Kopanong ya Basupi ba ga Jehofa ya Ditšhabatšhaba ya Thato ya Bomodimo ya 1958 kwa New York City, motlatsaporesidente wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a bua mafoko a mangwe a one a neng a re: “Kwantle ga go nna mafoko mantsi lefa e le go tikatika re bolela fa motswe wa konokono wa bokebekwa jotlhe, boganana, letlhoo, mathata, go tlhaola batho, . . . le tobekano eno e le bodumedi jo eseng jone, bodumedi jwa maaka; jo bo laolwang ke mmaba yo o sa bonaleng wa motho, Satane Diabolo. Banna ba e leng bone segolobogolo ba bakileng boemo jono jwa lefatshe ke bakaedi le baeteledipele ba bodumedi; mme ba ba molato thata mo go bano ke baruti ba bodumedi ba Labokeresete. . . . Mo dingwageng tsotlhe fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe I, kamano ya Labokeresete le Modimo e tshwana le ya Iseraele mo motlheng wa ga Jeremia. Ee, Labokeresete o lebanwe ke tshenyego e e boifisang e bile e senya tota go gaisa e Jeremia a boneng e diragalela Jerusalema.”

Go Atlholwa ga Barutisi ba Maaka

15. Baruti ba dirile diperofeso dife tsa kagiso? A di tla diragadiwa?

15 Go ntse go neetswe tlhagiso eno, baruti ba ile ba itshwara jang fa e sale ka nako eo? Go ntse fela jaaka temana 17 e bega: “Ba tlhōla ba nntse ba raea ba ba nnyatsañ, ba re, Yehofa o rile, Lo tla bōna kagishō; me ba ree moñwe le moñwe eo o sepelañ kaha logwadiñ loa pelo ea gagwè, ba re, Ga go na boshula bopè yo bo tla tlañ mo go lona.” A seo ke boammaaruri? Nnyaa! Jehofa o tla senola kafa boperofeti jono jwa baruti bo leng maaka ka gone. Ga a kitla a diragatsa se ba se buang mo leineng la gagwe. Lefa go ntse jalo, tsela e baruti ba tlhomamisetsang batho ka yone ka maaka gore ba tla nna le kagiso le Modimo e tsietsa tota!

16. (a) Boitsholo jwa lefatshe leno bo ntse jang, mme ke bomang ba ba nang le seabe mo go bo bakeng? (b) Setlhopha sa Jeremia se dira eng ka megopolo e e bosula ya boitsholo ya lefatshe leno?

16 A o akanya jaana, ‘Nna, ke tsiediwa ke dithuto tsa maaka tsa baruti? Legoka!’ Mme gone, o se ka wa tlhomamisa thata jalo! Gakologelwa gore dithuto tsa baruti tsa maaka di bakile moya wa boitsholo o o bosula o o raelang. Dithuto tsa bone tse di senang dithibelo di letlelela mo e batlileng e le sengwe le sengwe fela, go sa kgathalesege gore ke sa boitsholo jo bo maswe go le kana kang. Mme moya ono wa boitsholo jo bo maswe o aname mo mefuteng yotlhe ya boitlosobudutu, dibaesekopo, thelebishene, dimakasine, le mmino. Ka gone, rona re tshwanetse ra nna kelotlhoko fela thata, e se re kgotsa ra simolola go tlhotlhelediwa ke moya ono wa boitsholo jo bo maswe mme bo raela ka tsela e e fitlhegileng. Basha ba ka raelwa ke dibidio le mmino o o bosula. Gakologelwa gore boikutlo jono jwa go letlelela sengwe le sengwe jo batho ba nang le jone ke ditlamorago tsa dithuto tsa maaka tsa baruti le go palelwa ga bone go boloka melao ya Modimo ya tshiamo. Setlhopha sa Jeremia se ntse se lwa le megopolo eno ya boitsholo jo bo sa siamang e bile se thusa batlhanka ba ga Jehofa go gana bosula jo bo tlhasetseng Labokeresete.

17. (a) Go ya ka Jeremia, Jerusalema yo o bosula o ne a tla welwa ke katlholo efe? (b) Ke eng se se tla tlogang se diragalela Labokeresete?

17 Barutisi ba maaka ba Labokeresete ba tla atlholwa jang ke Jehofa, Moatlhodi yo mogolo? Ditemana 19, 20,39, le 40 di araba jaana: “Bōnañ, ledimo ya ga Yehofa, eboñ cararègō ea gagwè, le cogile, E, ke ledimo ye le shokeletsañ: le tla thubègèla mo tlhogoñ ea baikepi. Bogale yoa ga Yehofa ga bo ketla bo boea, go tsamaea a dihatsa, le go tsamaea a diha maikaèlèlō a pelo ea gagwè. . . . Ke tla lo lebalèla rure, ke tla lo latlhèla koñ, le motse o ke o lo neileñ le borra eno, lo tla tloga ha pele ga me: Me ke tla lere kgōbō e e sa khutleñ mo go lona, le ditlhoñ tse di sa eeñ kae, tse di se ketlañ di lebalwa.” Dilo tseo tsotlhe di ne tsa diragalela Jerusalema o o boikepo le tempele ya gagwe, mme jaanong Labokeresete yo o boikepo le ene o tloga a welwa ke masetlapelo a a ntseng jalo!

Go Bolela “Morwalo wa ga Jehofa”

18, 19. Jeremia o ne a itsise Juda kaga “morwalo wa ga Jehofa” ofe, mme seo se ne se kaya eng?

18 Ka jalo, boikarabelo jwa setlhopha sa Jeremia le ditsala tsa sone ke bofe? Temana 33, (NW), e re bolelela jaana: “Fa morafe o o go botsa kana moperofeti kana moperisiti, a re, ‘Morwalo wa ga Jehofa ke eng?’ o ba reye o re, ‘“Batho ke lona—A bo lo le morwalo ruri! Mme ruri ke tla lo latlha,” go bua Jehofa.’”

19 Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go nna “morwalo” le na le ditlhaloso tse pedi. Le ka kaya mafoko a a masisi a Modimo kana la kaya sengwe se se imelang maikutlo ebile se lapisa. Fano polelwana “morwalo wa ga Jehofa” e kaya boperofeti jo bo masisi—mafoko a gore Jerusalema o ne a tlile go senngwa. A batho ba ne ba rata go utlwa mafoko a a masisi jalo a boperofeti a Jeremia a neng a a ba bolelela kgapetsakgapetsa a tswa kwa go Jehofa? Nnyaa, batho ba ne ba sotla Jeremia ba re: ‘Jaanong o a bo o re tlela boperofeti (morwalo) bofe? Boperofeti jwa gago e a bo e le morwalo o mongwe o o lapisang!’ Mme Jehofa ene o ne a ba raya a reng? O ne a ba raya a re: “Batho ke lona—A bo lo le morwalo ruri! Mme ruri ke tla lo latlha.” Ee, batho ba e ne e le morwalo mo go Jehofa, mme o ne a tlile go ba tlosa gore ba se ka ba tlhola ba nna morwalo mo go ene.

20. “Morwalo wa ga Jehofa” ke eng gompieno?

20 Gompieno “morwalo wa ga Jehofa” ke eng? Ke molaetsa o o masisi wa boperofeti o o tswang mo Lefokong la Modimo. O tletse dikatlholo tse di itsiseng ka go senngwa ga Labokeresete mo go setseng go le gaufi. Mme fa e le rona batho ba ga Jehofa, re na le boikarabelo jo bogolo jwa go itsise “morwalo wa ga Jehofa.” Jaaka bokhutlo bo ntse bo atamela, re tshwanetse ra bolelela batho botlhe gore batho ba ba itirelang se ba se ratang ba Labokeresete ke “morwalo,” ee, “morwalo ruri!” mo go Jehofa Modimo, le gore o tloga a ithola “morwalo” ono ka go isa Labokeresete mo matlhotlhapelong.

21. (a) Ke ka ntlha yang fa Jerusalema a ne a senngwa ka 607 B.C.E.? (b) Fa Jerusalema a sena go senngwa, go ne ga diragala eng ka baperofeti ba maaka le moperofeti wa ga Jehofa wa boammaaruri, mme seo se re tlhomamisetsa eng gompieno?

21 Katlholo ya ga Jehofa e ne ya diragadiwa mo motlheng wa ga Jeremia fa Bababelona ba ne ba senya Jerusalema ka 607 B.C.E. Jaaka go ne ga bolelelwa pele, selo seo e ne e le ‘kgobo le ditlhong’ mo Baiseraeleng bao ba ba sa ikanyegeng ba ba ditlhogo di thata. (Yeremia 23:39, 40) Se ne sa ba bontsha gore Jehofa, yo ba neng ba mo tlontlolotse kgapetsakgapetsa, jaanong o ne a ba latlhile gore ba utlwe ditlamorago tsa bosula jwa bone. Melomo ya baperofeti ba bone ba maaka ba ba ikgogomosang jaanong e ne e didimaditswe. Lefa go ntse jalo, molomo wa ga Jeremia o ne wa tswelela pele o perofesa. Jehofa ga a ka a mo latlha. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa ga a kitla a latlha setlhopha sa Jeremia fa tshwetso ya gagwe e e masisi e dira gore a fedise baruti ba Labokeresete le ba ba dumelang maaka a bone.

22. Dikatlholo tsa ga Jehofa di tla tlogela Labokeresete a le mo boemong bofe?

22 Ee, tsela e Jerusalema e neng e ntse ka yone e swafetse e sena baagi morago ga 607 B.C.E. ke yone tsela e Labokeresete ya bodumedi e tla lebegang ka yone fa a sena go amogiwa dikhumo tsa gagwe a ba a tlogelwa a senotswe jalo ka matlhabisaditlhong. Eno ke yone katlholo e e ba tshwanetseng e Jehofa a e boletseng kgatlhanong le barutisi ba maaka. Katlholo eo ruri e tla diragadiwa. Fela jaaka melaetsa yotlhe e e tlhotlheleditsweng e e tlhagisang ya ga Jeremia e ile ya diragala mo nakong e e fetileng, e tla diragala gape mo tiragatsong ya yone ya motlha wa segompieno. Ka jalo e kete re ka tshwana le Jeremia. A re itsiseng batho morwalo wa ga Jehofa wa boperofeti ka go tlhoka poifo, ba tle ba itse gore ke ka ntlha yang fa katlholo ya gagwe ya tshiamo e tla wela ka botlalo baruti botlhe ba maaka ba bodumedi!

Dipotso tsa Poeletso

◻ Go ya kafa Jehofa a neng a leba dilo ka gone, Jerusalema o ne a le maswe go le kana kang?

◻ Labokeresete o ‘sepetse mo maakeng’ ka ditsela dife?

◻ Go bonwa molato ga baruti ba motlha wa segompieno go ile ga senolwa jang?

◻ “Morwalo wa ga Jehofa” o go bolelwang ka one gone jaanong ke ofe?

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Baperofeti ba Jerusalema ba ne ba dira ‘dilo tse di tsitlisang marapo,’ [NW]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

“Ba bua ponatshègèlō ea pelo ea bōnè hèla”

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Seemo sa Jerusalema fa e sena go senngwa se tshwantshetsa se kgabagare se tla diragalelang Labokeresete

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela