“Fepa Molomo, E Seng Dinao”
Go Tlhatlhoba Ditlwaelo Tsa Dingwao tsa go Fitlha tsa Seafrika
“GA BA fitlhe baswi ba bone!” Ke se gantsi se buiwang ka Basupi ba ga Jehofa kwa Afrika Bophirima. Lefa go ntse jalo, go itsege sentle gore Basupi tota ba fitlha baswi ba bone.
Ke eng fa batho ba re Basupi ba ga Jehofa ga ba fitlhe baswi ba bone? Ba bua jalo ka go bo Basupi ga ba latele dingwao tse dintsi tse di tlwaelegileng tsa go fitlha baswi tsa mo mafelong a bone.
Ditlwaelo tsa go Fitlha Tse E Leng Dingwao
Aliu o nna kwa motseng o monnye kwa Nigeria Bogare. Fa mmaagwe a ne a tlhokafala, o ne a itsise balosika ka loso lwa gagwe mme a rulaganyetsa gore go fiwe puo e e thailweng mo Dikwalong kwa ntlong ya gagwe. Puo e e neng e neelwa ke mogolwane wa phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la bone e ne e bua thata ka boemo jwa baswi le ka tsholofelo e e itumedisang ya tsogo e go buiwang ka yone mo Bibeleng. Morago ga puo, mmaagwe Aliu o ne a fitlhwa.
Balosika ba ne ba galefile thata. Mo go bone phitlho e ne e sa felela fa go ne go sena tebelelo, e gantsi e neng e tshwarwa bosigo morago ga fa motho a sena go swa. Mo bathong ba lefelo le Aliu a nnang mo go lone tebelelo ke nako ya go dira mokete e seng ya go hutsafala. Setopo se a tlhapisiwa, se phuthelwa ka matsela a masweu, se bo se rapamisiwa mo bolaong. Batho ba ba swetsweng ba tla kopa gore baopedi ba tle, ba reka dikase tsa bojalwa, le dijeke tsa beine ya matute a mokolana, ba bo ba rulaganye gore go bolawe poo kana podi gore e nne setlhabelo. Morago ga foo balosika le ditsala ba tla tla go opela, go bina, go ja le go nwa go fitlha ka makuku a letsatsi le le latelang.
Fa go ketekiwa jaana, go bewa dijo mo dinaong tsa setopo. Bontlhanngwe jwa moriri, dinala tsa menwana le tsa maoto di a pomiwa mme di beelwa “phitlho ya bobedi.” Seno se dirwa matsatsi, dibeke kana le e leng dingwaga moragonyana ga foo.
Letsatsi morago ga tebelelo, setopo se a fitlhwa, lefa gone meletlo ya phitlho e ntse e tla tswelela pele beke kana go feta. Morago ga foo, go nna phitlho ya bobedi. Bontlhanngwe jwa moriri le dinala tsa menwana le tsa maoto di phuthelwa ka letsela le lesweu, le le bofelelwang mo lepolankeng la legong le le boleele jwa dimetara di le 1,5 go ya go di le 1,8. Lepolanka leno le isiwa kwa mabitleng go ntse go opelwa go binwa mme le bo le fitlhwa gaufi le motho yo o suleng. Ba bo ba boa ba bina, ba nwa, ba dira moletlo. Fa thulaganyo ya phitlho e ya kwa bofelong, go thuntshediwa sethunya gangwe kwa loaping.
E re ka Aliu a ne a sa dumelele dilo tseno, o ne a latofadiwa ka gore ga a tlotle baswi le dingwao tse di ba tlotlang. Mme gone, ke eng fa Aliu, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a gana go nna le seabe mo dingwaong? Ke ka go bo segakolodi sa gagwe se ne se sa mo letle go amogela megopolo ya bodumedi e dingwao tseno di thailweng mo go tsone.
Ditumelo tsa Dingwao tsa Seafrika
Go ralala Afrika yotlhe, batho ba dumela gore batho botlhe ba tswa kwa lefelong la moya mme botlhe ba tla boela teng. Bayoruba ba kwa Nigeria ba re: “Lefatshe ke lefelo le motho a fetang mo go lone mme legodimo ke legae la motho.” Mme Ba-Igbo bone ba re: “Mongwe le mongwe yo o tlang mo lefatsheng o tla boela gae, lefa a ka diega go le kana kang mo lefatsheng.”
Akanya ka dingwao tse go builweng ka tsone kwa pelenyana. Tebelelo e direlwa go laela moya sentle. Diaparo tse di tshweu di lejwa jaaka tse di tshwanelang lefelo la moya. Go baya dijo fa dinaong go amanngwa le kgopolo ya gore setopo se ja ka maoto mme se tshwanetse gore se fepiwe gore se se ka sa bolawa ke tlala fa se le mo loetong lo lo yang kwa nageng ya bagologolwane.
Mo godimo ga moo, batho ka kakaretso ba dumela gore fa moya o tswa mo mmeleng, o nna mo gare ga batho ba ba tshelang mme ga o boele kwa bagologolwaneng go fitlha o gololwa ka phitlho ya bobedi. Batho ba boifa gore fa phitlho ya bobedi e sa dirwe moya o tla galefa mme o tshwenye batho ba ba tshelang ka bolwetsi kana ka loso. Sethunya se thuntshiwa gore “moya o romelwe” kwa legodimong.
Le mororo diphitlho di farologana thata mo mafelong a a farologaneng mo Afrika, gantsi kgangkgolo ke gore moya wa tswa fa mmele o swa. Boikaelelo jo bogolo jwa dilo tse di dirwang tseno ke go thusa moya gore o arabele “pitso ya one kwa gae.”
Ditumelo tseno le ditiro tseno di ile tsa tlhotlhelediwa ke dithuto tsa Labokeresete tsa gore moya ga o swe le tsa go obamela “baitshepi.” Sekai sa seno ke kakgelo ya moruti mongwe wa sesole wa kwa Swaziland yo o neng a bolela gore Jesu o ne a sa tla go senya ditumelo tsa dingwao, mme o ne a tlile go di tlhomamisa le go di diragatsa. E re ka baruti gantsi e nnang bone ba okamelang dithulaganyo tsa phitlho, batho ba bantsi ba akanya gore Bibela e tshegetsa dilo tse di dumelwang tsa dingwao le ditlwaelo tse di tswang mo go tsone.
Se Bibela E Se Bolelang
A Bibela e tshegetsa ditumelo tseno? Moreri 3:20 e bolela jaana kaga boemo jwa baswi: “Cotlhe hèla [batho mmogo le diphologolo] di ea heloñ go le goñwe hèla; cotlhe di cwa mo mbuñ, me cotlhe di hetoge mbu gapè.” Dikwalo di tswelela pele gape di bolela jaana: “Batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè . . . Loratō loa bōnè, le kilō, le bopelotshèt[l]ha, yanoñ go nyeletse gotlhe hèla . . . Ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ kwa u eañ gōna.”—Moreri 9:5, 6, 10.
Dikwalo tseno le tse dingwe di bontsha sentle gore baswi ga ba kgone go re bona kana go re utlwa kana go re thusa kana go re utlwisa botlhoko. A seno ga se dumalane le se le wena o setseng o se lemogile? O ka tswa o itse monna mongwe yo o humileng wa maemo a a kwa godimo yo o neng a swa mme morago ga foo lelapa la gagwe le neng la boga, le mororo ba ne ba dira meletlo yotlhe e e tlwaelegileng ya phitlho. Fa e le gore monna yo o ntse a tshela mo lefelong la moya, ke eng a sa thuse lelapa la gagwe? Ga a kgone go ba thusa ka go bo se Bibela e se bolelang se boammaaruri—baswi tota ga ba tshele, “ba nyeletse” ka jalo ga ba kgone go thusa ope.—Isaia 26:14.
Morwa Modimo, Jesu Keresete o ne a itse gore seno se boammaaruri. A o ko o akanye ka se se diragetseng morago ga loso lwa ga Lasaro. Bibela e bolela jaana: “A [Jesu] ba [barutwa ga gagwe] raea, a re, Lasaro, tsala ea rona, o robetse; me kea ea gore ke mo cosè mo borokoñ. Hoñ barutwa ba mo raea, ba re, Morèna, ha a robetse, o tla hōla. Me yana Yesu o na a bua kaga losho loa gagwè.”—Yohane 11:11-13.
Ela tlhoko gore Jesu o amanya loso le boroko, le go ikhutsa. Fa a fitlha kwa Bethania, o ne a gomotsa bokgaitsadie Lasaro e bong Maria le Maratha. E re ka Jesu a ne a tlhomoga pelo thata, o ne a lela. Mme lefa go ntse jalo, ga a ka a bua sepe kana a dira sepe se se akantshang gore Lasaro o ne a na le moya o o santseng o tshela o o batlang go thusiwa gore o fitlhe kwa nageng ya bagologolwane ba gagwe. Go na le moo, Jesu o ne a dira se a neng a rile o tla se dira. O ne a tsosa Lasaro mo borokong jwa loso ka go mo tsosa mo baswing. Seno e ne e le bosupi jwa gore kgabagare Modimo o tla dirisa Jesu go tsosa botlhe ba ba mo diphuphung.—Yohane 11:17-44; 5:28, 29.
Ke Eng Fa Ba Bangwe Ba Farologane?
A go phoso ka tsela epe fela go nna le seabe mo dingwaong tsa phitlho tse di thailweng mo ditumelong tse e seng tsa dikwalo? Aliu le dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore go phoso. Ba itse gore go tla bo go le phoso—kana le e leng go itimokanya—fa ba ka dira ditlwaelo dipe fela tse go phepafetseng gore di thailwe mo dithutong tsa maaka tse di tsietsang. Ga ba batle go tshwana le bakwadi le Bafarisai ba Jesu a neng a ba nyatsa ka ntlha ya boitimokanyi jwa bone jwa bodumedi.—Mathaio 23:1-36.
Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa modiri ka ene Timotheo jaana: “Mōea o bua ka thanolō, go re, mo metlheñ ea moragō, bañwe ba tla tenèga mo tumeloñ, ba tlhōkōmèla meōea e e timetsañ, le dithutō tsa badimo, ka boitimokanyō yoa batho ba ba buañ maaka.” (1 Timotheo 4:1, 2) A kgopolo ya gore baswi ba tshela mo lefelong la moya ke thuto ya badimona?
Ee, ke yone. Satane Diabolo, “rra aōna maaka,” o ne a bolelela Efa gore a ka se ka a swa, a supa gore o tla nna a ntse a tshela mo nameng. (Yohane 8:44; Genesise 3:3, 4) Seo se ne se sa tshwane le go bolela gore moya o o sa sweng o tswelela pele o tshela fa mmele o sena go swa. Lefa go ntse jalo, Satane le badimona ba gagwe ba leka go faposa batho mo boammaaruring jwa Lefoko la Modimo ka go tlhotlheletsa kgopolo ya gore botshelo bo nna bo ntse bo tswelela pele morago ga loso. E re ka Basupi ba ga Jehofa ba dumela se Modimo a se bolelang mo Bibeleng, ga ba nne le seabe mo dikgopolong le mo ditlwaelong tse di tshegetsang maaka a ga Satane.—2 Bakorintha 6:14-18.
E re ka batlhanka ba ga Jehofa ba tila ditlwaelo tsa phitlho tse e seng tsa dikwalo, ba tlhoiwa ke batho ba ba sa lebeng dilo jaaka bone. Basupi ba bangwe ba tingwa boswa. Ba bangwe ba tlhaolwa ke ba malapa a bone. Lefa go ntse jalo, jaaka Bakeresete ba boammaaruri, ba itse gore go utlwa Modimo ka boikanyegi go dira gore motho a se ka a ratiwa ke lefatshe. Jaaka baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ba ikanyegang, ba iketleeditse go “utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditihō 5:29, Yohane 17:14.
Fa ba ntse ba akantse ka baratiwa ba bone ba ba robetseng mo losong, Bakeresete ba boammaaruri ba leka go supa lorato mo bathong ba ba tshelang. Ka sekai, Aliu o ne a tsaya mmaagwe a ya go nna le ene fa rraagwe a sena go swa mme a mo fepa le go mo tlhokomela botshelo jwa gagwe jotlhe. Fa ba bangwe ba re Aliu o ne a sa rate mmaagwe ka go bo a ne a sa mo fitlha ka tsela e e tlwaelegileng, o dirisa puo e batho ba lefelo la bone ba tlwaetseng go e dirisa thata ya gore: “Fepa molomo wa me pele o ka fepa dinao tsa me.” Go fepa molomo, kana go tlhokomela motho fa a santse a tshela, go botlhokwa thata go na le go fepa dinao jaaka tlwaelo e e tlhalositsweng kwa pelenyana e e amanang le tebelelo ya fa motho a sena go swa. Tota gone, go fepa dinao, ga go solegele motho yo o suleng molemo ka gope.
Aliu o botsa batho ba ba mo tshwayang phoso gore, ‘Ke eng se ba tla eletsang gore se dirwe—gore ba malapa a bone ba ba tlhokomele fa ba tsofetse kana ba dire mokete o mogolo fa ba setse ba sule?’ Ba bantsi ba tlhopha gore ba tlhokomelwe fa ba santse ba tshela. Mme gape ba itumelela go itse gore fa ba sule, ba tla direlwa tirelo ya segopotso se se tlotlegang se se thailweng mo Bibeleng le phitlho e e tlotlegang.
Ke sone se Basupi ba ga Jehofa ba lekang go se direla baratiwa ba bone. Ba fepa molomo e seng dinao.