LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 4/1 ts. 25-28
  • Motho A Ka Nna mo Tshwanong ya Modimo Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motho A Ka Nna mo Tshwanong ya Modimo Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dinonofo tsa ga Jehofa
  • Go Leka Go Etsa Modimo
  • Re Ka Tshwana Thata le Modimo Jang Gompieno?
  • Go Rera Mafoko A A Molemo
  • Godisa Jehofa Jaaka Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • “Modimo o re Ratile mo go Kalo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Merafe Yotlhe e Tloga e Bona Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Etsa Jehofa—Dira Dilo ka Tshiamiso le ka Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 4/1 ts. 25-28

Motho A Ka Nna mo Tshwanong ya Modimo Jang?

“MODIMO oa tlhōla motho mo chwanoñ ea ōna tōta, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo; oa ba tlhōla nona le tshadi.” Mokwalo o o tlhotlheleditsweng o bolela jalo, mme o kaya eng? Monna le mosadi ba ntlha ba ne ba bopiwa jang mo tshwanong ya Modimo?—Genesise 1:27.

A ba ne ba tshwana le Modimo ka mebele? Nnyaa, go ka se ke go nne jalo. Motho ke wa senama, o diretswe go tshela mo lefatsheng. Modimo ke moya, o tshela mo kgalalelong ya selegodimo e e ka se akanngweng e go senang motho ope yo o ka bang a e atamela. (Ekesodo 33:18-20; 1 Bakorintha 15:50) Jaanong, motho o ne a dirwa mo tshwanong ya Modimo jang he? Ka gonne motho o ne a fiwa bokgoni jwa gore a dirise dinonofo tsa Modimo tse di tlhomologileng—lorato, tshiamiso, botlhale, le maatla—mmogo le dinonofo tse dingwe.

Dinonofo tsa ga Jehofa

Dinonofo tsa ga Jehofa Modimo di bonala mo popong ya gagwe yotlhe, mme lefa go ntse jalo di ne tsa bontshiwa ka tsela e e gakgamatsang ka tsela e a neng a dirisana ka yone le batho ba ntlha ba babedi, Adame le Efa. (Baroma 1:20) Lorato lwa gagwe lo ne lwa bonala ka gonne o ne a bopa lefatshe le tshwanela batho tota gore ba tshele mo go lone. Jehofa o ne a bopela monna mosadi yo o itekanetseng gore a nne mopati wa gagwe a bo a nne mmaagwe bana ba gagwe. O ne a ba baya ka bobedi mo tshimong e ntle a bo a ba naya letlotlo la dilo tsotlhe tse di tlhokegang gore ba tswelele pele ba tshela e bile ba itumetse. Mme se se molemo go gaisa tsotlhe, Modimo o ne a ba neela sebaka sa gore ba tshelele ruri.—Genesise 2:7-9, 15-24.

Botlhale jwa Modimo bo bonetse fa a ne a leka batho ba ntlha ba babedi. E le gore ba tle ba tswelele pele ba le maloko a lelapa la ga Jehofa la lobopo lotlhe le gore ba tshelele ruri e le batsadi ba lotso lwa motho, ba ne ba tla tshwanelwa ke gore ba tlhome sekao sa go nna batho ba ba ikanyegang le ba ba obamelang ka boammaaruri. Ka jalo, Jehofa o ne a ba neela sebaka sa gore ba bontshe gore ba ntse jang mo pelong ka teko nngwe e e tshwanelang—ba ne ba sa tshwanela go ja loungo lwa setlhare sa kitso ya molemo le bosula. A bo e ne e le selo se se botlhale jang ne ka Jehofa gore a letle batho gore ba bontshe gore ba a mo utlwa le go mo rata pele ga a ba neela ditshiamelo tse di molemo tse a neng a di gopotse!

Tshiamiso ya Modimo e ne ya bonala mo tseleng e ka yone a neng a gatelela gore dibopiwa tsa gagwe di nne le ditekanyetso tse di kwa godimo le ka fa a sa kang a roba ditekanyetso tseo ka gone. E ne ya bonala mo tseleng eo ka yone a neng a neela Adame le Efa sebaka sengwe le sengwe gore ba dire se se tshwanetseng. Mme fa ba ne ba palelwa ke go dira jalo, tshiamiso ya gagwe e ne ya bonala fa a ne a ba atlholela gore ba bone kotlhao e e neng e beetswe batho ba ba tsuologang.

Maatla a ga Jehofa a ne a bonala fa a ne a tswelela pele ka kotlhao ya gagwe. Satane, motsuolodi yo mogolo o ne a kaile gore Jehofa ke moaki, mme Satane o ne a solofeditse Efa gore fa a sa utlwe Modimo o tla bona dilo tse dikgolo. (Genesise 3:1-7) Mme lefa go ntse jalo Satane ga a ka a kgona go diragatsa tsholofetso ya gagwe. O ne a se ka a kgona go kganela Jehofa gore a kobe Adame le Efa mo tshimong ya Edena, gape o ne a palelwa ke go kganela mafoko a Modimo o a boleletseng Adame gore a se ka a diragala: “U lorole, me u tla boèla mo loroleñ.” (Genesise 3:19) Lefa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a diragatsa katlholo ya loso gone fela foo, mme ka go dira jalo o ne a santse a bontsha kafa a leng lorato ka gone. O ne a fa Adame le Efa nako ya gore ba tshole bana ba e neng e tla re ka bone a diragatse boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong ka batho.—Genesise 1:28.

Sa bofelo, dinonofo tsa ga Jehofa Modimo tsa tshiamiso, lorato, maatla, le botlhale di ne tsa bonala fa a ne a solofetsa go tlisa losika lo lo neng lo tla senya ditiro tsa ga Satane lo bo lo dirolola matswela a a bosula a batho ba ntlha ba ba ileng ba tsuologela bolaodi jwa bomodimo. (Genesise 3:15) A bo re na le Mmopi yo o molemo jang ne!

Go Leka Go Etsa Modimo

Lefa batho ba sa tlhole ba itekanetse, ba santse ba ka bontsha dinonofo tsa Modimo. Ka jalo, Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete ba motlha wa gagwe jaana: “Nnañ baetsi ba Modimo, yaka bana ba ba ratègañ.” (Baefesia 5:1) Lefa go ntse jalo, mo hisitoring yotlhe, bontsi jwa batho bo ile jwa tlhokomologa dinonofo tsa Modimo gotlhelele. Mo motlheng wa ga Noa, batho ba ne ba setse ba le bosula mo e leng gore Jehofa o ne a ikaelela go senya batho botlhe kwantle ga Noa le lelapa la gagwe. Noa e ne e le “monna eo o siameñ, a itekanetse mo ditshikeñ tsa gagwè,” mme o ne a bontsha kafa a ratang Modimo ka gone ka go diragatsa ditaolo tsa Modimo. “Noa a diha yalo: mo go cotlhe tse Modimo o di mo laoletseñ, a diha hèla yalo.” (Genesise 6:9, 22) Noa o ne a bontsha lorato lwa gagwe go bangwe ka ene le tsela e a neng a rata tshiamiso ka yone ka go nna “moreri oa tshiamō.” (2 Petere 2:5) O ne a bontsha botlhale a ba a dirisa maatla a gagwe a mmele sentle ka go dira jaaka a laetswe ke Modimo gore a age araka e kgolo, a beye dijo mo go yone, a kgobokanye diphologolo, a bo a tsene mo teng ga araka fa Jehofa a bua. Gape o ne a bontsha kafa a ratang tshiamo ka gone ka go sa letle baagisani ba gagwe ba ba boikepo gore ba senye mekgwa ya gagwe.

Bibela e bua ka ba bangwe gape ba bantsi ba le bone ba bontshitseng dinonofo tsa bomodimo. Wa botlhokwatlhokwa e ne e le Jesu Keresete, yo e neng e le tshwano ya Modimo tota mme ka jalo a kgona go re: “Eo o mponyeñ, o bonye Rara.” (Yohane 14:9) Mo dinonofong tsotlhe tse Jesu a neng a di bontsha, ya botlhokwatlhokwa e ne e le lorato lwa gagwe. Lorato lo a neng a rata Rraagwe le batho ka lone lo ne lwa mo tlhotlheletsa gore a tlogele legae la gagwe kwa legodimong le gore a tle go tshela mo lefatsheng jaaka motho. Lo ne lwa mo tlhotlheletsa gore a galaletse Rraagwe ka go itshwara ka tshiamo le ka go rerela batho mafoko a a molemo a poloko. (Mathaio 4:23; Yohane 13:31) Go tswa foo, lorato lo ne lwa tlhotlheletsa Jesu gore a ntshe botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng gore batho ba bolokwe, mme sa botlhokwa thata, gore leina la Modimo le itshepisiwe. (Yohane 13:1) A go na le sekao sengwe se se botoka go gaisa sa ga Jesu Keresete se re ka se latelang fa re ntse re leka ka thata go etsa Modimo?—1 Petere 2:21.

Re Ka Tshwana Thata le Modimo Jang Gompieno?

Rona gompieno re ka bontsha jang dinonofo tsa Modimo mme ka jalo ra dira kafa tshwanong ya Modimo? Ebu, ela tlhoko nonofo ya ntlha ya lorato. Jesu o ne a re: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago.” Re ka bontsha jang gore re rata Modimo? Moaposetoloi Johane o araba jaana: “Lo ke lōna loratō loa Modimo, gore re bolokè ditaolō tsa ōna: me ditaolō tsa ōna ga di tlhokohatse.”—Mathaio 22:37; 1 Yohane 5:3.

Gone ke boammaaruri, gore re obamele ditaolo tsa ga Jehofa, re tshwanetse gore re di itse. Seo se akaretsa go bala, go ithuta, le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo, Bibela, le dibuka tsa Bibela. Jaaka mopesalema, re tshwanetse ra kgona go re: “Ana ke rata molaō oa gago yañ! Ko ōna go tlhatlhanya ga me ka letsatsi yeotlhe.” (Pesalema 119:97) Fa re ntse re tlhaloganya Lefoko la Modimo go ya kwa teng, re simolola go tlhotlhelediwa ke tsela e Modimo a akanyang ka yone. Re simolola go rata tshiamo le go ila tshiamololo. (Pesalema 45:7) Adame o fositse gone foo. O ne a itse molao wa ga Jehofa, mme lefa go ntse jalo o ne a sa o rate mo go lekaneng gore a ka o ngaparela. Fa re bala Lefoko la Modimo, ka metlha re tshwanetse ra ipotsa jaana, ‘Seno se nkama jang? Ke ka dira eng gore tsela eo ke itshwarang ka yone e dumelane thata le dinonofo tsa Modimo?’

Gape Jesu o ne a re: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Mathaio 22:39) Motho mongwe le mongwe yo o itekanetseng o a ithata le gone o ipatlela dilo tse di molemo. Seo ga se phoso. A mme re bontsha moagisani wa rona lorato lo lo ntseng jalo? A re latela kgakololo ya Bibela e e reng: “Ba ba chwanecweñ ke go dihèlwa molemō, u se ka ua gana ka ōna, ha go le mo thateñ ea seatla sa gago go o diha”?—Diane 3:27; Bagalatia 6:10.

Go tweng ka nonofo ya botlhale? Fa re batla go bontsha nonofo eno re tla ithuta Bibela ka gonne ke yone e rweleng botlhale jwa bomodimo. Pesalema 119:98-100 e balega jaana: “Ditaolō tsa gago di ntlhalehisa go gaisa baba ba me; gonne di nna le nna ka galè. Ke na le tlhaloganyō go gaisa baruti botlhe ba me; gonne dichupō tsa gago ke cōna tlhatlhanyō ea me. Ke tlhaloganya bogolo go bacohe, ka gonne ke bolokile dikaèlō tsa gago.” Mo go Diane 3:18, botlhale bo tlhalosiwa jaaka “setlhare sa botshelō.” Fa re bapala botlhale re bo re bo dirisa, re tla amogelwa ke Modimo le gone re tla bona tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Moreri 7:12.

Go tweng ka tshiamiso? Mo lefatsheng leno le le boikepo, tshiamiso ke nonofo e e botlhokwa mo go ba ba batlang go itumedisa Modimo. Jesu o ratile tshiamo mme a ila boikepo. (Bahebera 1:9) Bakeresete gompieno ba dira fela jalo. Tshiamiso e dira gore ba lemoge dinonofo tse di tshwanetseng. Ba tila ditsela tse di sa siamang tsa lefatshe leno mme ba dira gore go dira thato ya Modimo e nne sone selo se se botlhokwa thata mo matshelong a bone.—1 Yohane 2:15-17.

Fa e le ka thata, rotlhe re na le selekanyo se se rileng sa yone. Ka tlholego re na le thata ya mmele le ya tlhaloganyo, mme fa re ntse re gola jaaka Bakeresete, re nna le thata ka tsela ya semoya. Jehofa o oketsa thata ya rona ka moya wa gagwe o o boitshepo gore, lefa re lebega re le bokoa, re kgone go diragatsa thato ya ga Jehofa. Paulo o ne a re: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.” (Bafilipi 4:13) Re ka nna le maatla one ao fa re rapelela go nna le moya wa ga Jehofa.

Go Rera Mafoko A A Molemo

Gore re bontsha dinonofo tsa Modimo tse nne tsa konokono go tla bonala fa re obamela taolo eno: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō. Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:19, 20) Tiro e e ntseng jalo ya go ruta e fa batho ba ba e tsayang tsia botshelo. A bo seo se bontsha lorato ka tsela e e molemo jang ne mo go bao ka kakaretso re simololang re sa ba itse gotlhelele!

Mo godimo ga moo, thuto e e ntseng jalo ke tsela ya botlhale. E lere maungo a a nnelang ruri. Ke tiro efe gape e go ka bolelwang jaana ka yone: “Ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ”? (1 Timotheo 4:16) Ga go na ope yo o latlhegelwang mo tirong ya go dira barutwa. Ba ba reetsang mmogo le ba ba rutang botlhe ba bona masego a a sa khutleng.

Fa e le ka tshiamiso, Bakeresete ba ruta baithuti ba bone ba Bibela melaometheo ya tshiamiso le e e siameng. Re ba thusa gore ba direle Jehofa, “Modimo oa tshiamishō.” (Malaki 2:17) Bao gompieno ba neelang matshelo a bone go direla Jehofa ba bo ba tswelela pele ba dira ka boikanyegi go bolelwa ba le tshiamo, ba dira se se tshwanetseng, go fitlha ba falola Haramagedona.—Baroma 3:24; Yakobe 2:24-26.

A bo go rera le go ruta mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe go supa maatla jang ne! (Mathaio 24:14) Go tlhokega gore motho a nne le boitshoko gore a tle a kgone go rera a sa kgaotse mo ditshimong tse bontsi jwa batho bo sa batleng go utlwa. Mme lefa go ntse jalo Jehofa, ka moya wa gagwe, o re fa maatla a re a tlhokang gore re itshoke go fitlha kwa bokhutlong.—Isaia 40:30, 31; Mathaio 24:13; Luke 11:13.

Ke boammaaruri, jaaka bana ba ba sa itekanelang ba ga Adame, re ka se ke re dirise dinonofo tseno tse di molemo ka mo go feletseng. Lefa go ntse jalo, gakologelwa, motho o dirilwe mo tshwanong ya Modimo, mme fa re leka go tshwana thata le Modimo, he ka tsela nngwe re diragatsa lebaka la go bo re le mono. (Moreri 12:13) Fa re iteka thata gore re dire sentle ka mo re ka kgonang ka gone e bile re kopa maitshwarelo fa re fositse, re ka solofela go falolela mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo, koo e ka nnang ya re kgabagare ra nna batho ba ba itekanetseng. Go tswa foo, re tla nna mo lefatsheng la paradaise le le tletseng ka batho ba ba itekanetseng, botlhe ba bontsha dinonofo tsa ga Jehofa Modimo ka botlalo. A boitumelo ruri! Kgabagare, batho ba tla bo ba le mo tshwanong ya Modimo ka botlalo tota.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Jesu o ne a re bontsha kafa re ka tlhagolelang dinonofo tsa ga Jehofa tsa bomodimo ka gone

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Kgabagare, batho ba tla bo ba le mo tshwanong ya Modimo ka mo go feletseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela