LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 4/15 ts. 19-21
  • A Ruri Tota Ke Bogodu?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ruri Tota Ke Bogodu?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Madi a ga Mang?
  • A O Ne a Ikadima Kana a Utswa?
  • Go Ikanya Modimo
  • Le ka Motlha O se Ka wa Nna Legodu!
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • O Leba Madi Jang?
    Tsogang!—2015
  • A madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Madi
    Tsogang!—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 4/15 ts. 19-21

A Ruri Tota Ke Bogodu?

ABIODUN e ne e le moabadijo yo mogolo mo hoteleng e kgolo kwa Nigeria. E ne ya re maitseboa mangwe fa a lotlela holo ya meletlo, a bona kgetsana e na le madi a a kana ka R6 066. O ne a isa madi ao ka bonako, mme morago mong wa one yo e neng e le moeng kwa hoteleng eo o ne a tla go a tsaya. Batsamaisi ba hotele ba ne ba duela Abiodun ka go mo okeletsa maemo gabedi, ba mo naya gape le sekgele sa “modiri yo o dirileng sentle wa ngwaga.” Mong wa madi le ene o ne a mo leboga ka madi.

Quality, lokwalodikgang lwa lefelo leo, lo ne lo na le kgang ya ga Abiodun lo mmitsa “Mosamaria yo o molemo.” Fa Quality e ne e botsa Abiodun gore a o ne a sa raelesege go ka itseela madi ao, o ne a re: ‘Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo fa ke fitlhela sengwe se e seng sa me, ke se busetsa kwa go mong wa sone.’

Batho ba le bantsi mo lefelong leo ba ne ba gakgamaditswe ke tsela e Abiodun a neng a ikanyega ka yone. Basupi mmogo le Abiodun ba ne ba itumeletse se se diragetseng, mme lefa go ntse jalo ba ne ba sa gakgamala. Go ralala lefatshe lotlhe Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka go nna le melaometheo e e kwa godimo. Mo go bone go ikanyega ga se selo se se sa tlwaelegang; ke molao, ke karolo ya botlhokwa mo Bokereseteng jwa boammaaruri.

Lefa go ntse jalo, ka dinako dingwe maemo a ka nna a dira gore go nne thata go farologanya go ikanyega le go sa ikanyege. Akanyetsa kgang eno. Festus, yo o neng a tlhokomela meneelo le diakhaonto mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Afrika Bophirima, o ne a tlhoka madi tota.a Mosadi wa gagwe o ne a tlhoka go ariwa karo e e masisi e dingaka tsa gagwe di neng di re e tshwanetse go dirwa ka bonako. Kokelo e ne e batla gore ba ntshe bontlhanngwe jwa madi pele karo e ka dirwa.

Festus o ne a tlhoka madi. Fa a re o bua le batho ba le mmalwa gore ba mo adime madi, ba ne ba mo latolela. Morago ga moo a gopola madi a a neng a a tshotse mme a akanya jaana, ‘A go siame gore ke tlogele mosadi wa me a swe ntswa nka kgona go dira sengwe go mo thusa? Ke eng ke sa “ikadime” madi a phuthego? Ke tla a busa fa ba bangwe ba ntuela madi a ba a nkolotang.’

Festus o ne a dirisa madi ao e neng e se a gagwe go duela kokelo. A tsela e a neng a akanya ka yone e ne e siame? A go ne go ka twe kgato e a e tsereng e siame fa go akanyediwa maemo a a neng a mo pitlagantse?

Ke Madi a ga Mang?

A re sekasekeng dipotso tseno ka go tlhatlhoba ka bokhutshwane dintlha di se kae kaga koo madi a Festus a a dirisitseng a tswang teng le boikaelelo jwa one. Madi ao ke meneelo ya boithatelo e e ntshiwang ke maloko a phuthego ao a batlang go tsweledisa pele kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa. (2 Bakorintha 9:7) Ga a dirisediwe go lefa batho, e re ka go sena ope yo o duelelwang se a se dirang mo phuthegong. Phapaanong le seo, madi a a ntshitsweng moneelo ano a dirisetswa segolobogolo go aga le go tlhokomela lefelo le go kopanelwang mo go lone, le gantsi e leng Holo ya Bogosi. Leno ke lefelo le le tshwanelang le le siameng le batho—ba basha le ba ba godileng, ba ba humileng le ba ba humanegileng—ba kgonang go kopana mmogo mo go lone go tla go rutiwa Bibela.

Ke madi a ga mang? Ke a phuthego yotlhe. Ga go na leloko lepe le le ka laolang le le nosi gore madi ao a dirisiwe jang. Lefa setlhopha sa bagolwane se kaela gore melato ya phuthego e duelwe ka tsela efe, fa go tlhokega gore go duelelwe sengwe se se sa tlwaelegang, bagolwane ba bolelela phuthego go utlwa fa e dumela.

A O Ne a Ikadima Kana a Utswa?

Ka ntlha ya go bo Festus a ne a rulagantse gore o tla busa madi ao ka bonako jo bo ka kgonegang, o ne a akanya gore o a ikadima. Lefa go ntse jalo, Webster’s New Dictionary of Synonyms e dirisa mafoko a mangwe fa e bua ka “go tsaya le go fudusa sengwe sa motho gantsi ka go se utswa kana a sa itse mme gantsi a sa go letla.” Mafoko ao ke “go utswa” le “legodu.” Festus o ne a tsaya madi a phuthego kwantle ga tetla kana taolo. Ee, ka jalo, o ne a na le molato wa go utswa. E ne e le legodu.

Gone mme, bogolo jwa molato bo supiwa ke lebaka le le dirileng gore motho a utswe. Re ka bona seno mo sekaing sa ga Judase Isekariota, yo o neng a filwe maikarabelo a go tlhokomela madi a a neng a tshwarwa ke Jesu le baaposetoloi ba ba ikanyegang. Bibela e bolela jaana: “[Yudase] ereka a chotse kgetsana ea madi, a itsèele mo go tseñwañ mo go eōna.” (Yohane 12:6) E re ka a ne a tlhotlhelediwa ke pelo e e bosula le bopelotshetlha, Judase o ne a senyegela kwa pele. Kgabagare o ne a nna maswe thata a bo a oka le Morwa Modimo—ka dipapetlana di le 30 tsa selefera.—Mathaio 26:14-16.

Lefa go ntse jalo, Festus o ne a tlhotlheletsega go dira seno ka ntlha ya gore a ne a amegile ka mosadi wa gagwe yo a neng a lwala. A seno se raya gore o ne a se molato? Legoka. Ela tlhoko se Bibela e se bolelang ka bogodu mo boemong jo bongwe jo bo neng bo lebega motho a pitlagantswe ke maemo: “Batho ga ba nyatse legodu, ha le ucwa gore mōea oa yeōna o kgorè motlhañ le bolawañ ke tlala: Me ha le chwerwe, le tla leha boshupa; le tla ntsha thoto eotlhe ea ntlo ea yeōna.” (Diane 6:30, 31) Ka mafoko a mangwe, fa legodu le tshwerwe, le tshwanetse go lebagana le molato o o ntshiwang ke molao. Go ya ka Molao wa ga Moshe, legodu le ne le tshwanetse go duelela tshenyo e le e dirileng. Ka jalo, go na le gore Bibela e kgothaletse kana e mpampetse bogodu, e tlhagisa gore lefa motho a pitlagantswe ke maemo, bogodu bo ka felela ka gore a latlhegelwe ke dithoto tsa gagwe, a tlhabisiwe ditlhong, mme se se masisi le go feta, a se ka a tlhola a amogelwa ke Modimo.

Jaaka Basupi ba ga Jehofa, Bakeresete botlhe ba boammaaruri, segolobogolo ba ba filweng maikarabelo mo phuthegong, ba tshwanetse go tlhoma sekao, mo go ‘tlhokeng molato.’ (1 Timotheo 3:10) Festus o ne a se ka a bona madi a a neng a a lebeletse, ka jalo a se ka a kgona go busetsa madi a a neng a a tsere. Go ne ga itsege gore o dirile eng. Go ne ga diragala eng ka ene? Fa a ka bo a ile a se ka a ikwatlhaela go utswa, a ka bo a ile a tlosiwa mo phuthegong e e itshekileng ya Bokeresete. (1 Petere 4:15) Mme lefa go ntse jalo, o ne a utlwa botlhoko thata mme a ikwatlhaya. Ka gone, o ne a se ka a lelekwa mo phuthegong, le mororo a ne a latlhegelwa ke ditshiamelo tsa gagwe tsa tirelo.

Go Ikanya Modimo

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gore fa motho yo o ipolelang gore o direla Jehofa a utswa go lere kgobo mo leineng la Modimo le la batho ba Gagwe. Paulo o ne a kwala jaana: “Wèna eo o rutañ eo moñwe, a u bile ga u ithute? wèna eo u rerañ gore motho a se ka a ucwa, a u bile ua ucwa? Gonne leina ya Modimo le tlhapadiwa . . . ka ntlha ea lona.”—Baroma 2:21, 24.

Agure, monna yo o botlhale wa bogologolo, o ne a dira sone fela se se tshwanang. Fa a ne a rapela o ne a kopa gore a se ka a ‘humanega, a tla a utswa, mme a dira leina la Modimo wa gagwe matlhapa.’ (Diane 30:9) Ela tlhoko gore monna yo o botlhale o ne a lemoga gore lehuma le tlisa maemo a a ka nnang a raela le motho yo o siameng gore a utswe. Ee, dinako tse di thata di ka leka Mokeresete gore a ruri o dumela gore Jehofa a ka kgona go naya batho ba gagwe dilo tse ba di tlhokang.

Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang, go akaretsa le bone ba ba humanegileng, ba dumela gore Modimo ke “moduedi oa ba ba o batlañ.” (Bahebera 11:6) Ba a itse gore Jehofa o duela batho ba gagwe ba ba ikanyegang ka go ba thusa gore ba kgone go itlamela. Jesu o ne a bolela seo mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, a re: “Ke gōna se itlhobaeleleñ, loa re, Re tla ya eñ? kgotsa, Re tla nwa eñ? kgotsa, Re tla apara eñ? . . . gonne Rra eno oa legodimo oa itse ha lo tlhōka dilō tse cotlhe. Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:31-33.

Modimo o tlamela ba ba tlhokang ba ba mo phuthegong ya Bokeresete jang? Ka ditsela tse dintsi. Tsela e nngwe ke ka badumedi ba bangwe. Batho ba Modimo ba bontshana lorato lwa boammaaruri. Ba tsaya masisi tlhagiso ya Bibela e e reng: “Leha e le mañ eo o nañ le dilō tsa lehatshe, me a bōna mogagabō a tlhōka, me a ikitsa go mo tlhomogèla pelo, ana lorato lwa Modimo lo ka nna yañ mo go èna? Banyana ba me, a re se rateñ ka molomo hèla, leha e le ka loleme hèla; ha e se ka tihō le boamarure.”—1 Yohane 3:17, 18.

Go ralala lefatshe lotlhe, mo diphuthegong tse di fetang 73 000, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione di le nnè le sephatlo ba leka ka natla go direla Modimo ba latela melaometheo ya gagwe e e siameng. Ba itse gore Modimo ga a kitla a latlha batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Bao ba ileng ba direla Jehofa ka dingwaga tse dintsi ba tlhaeletsa jaana ba dumelana le Kgosi Dafide, yo o neng a kwala jaana: “Nkile ka ne ke le lekau, me yana ke cohetse; leha go nntse yalo, ga ke e se nke ke bone mosiami a latlhilwe, leha e le bana ba gagwè ba lègalègèla diyō.”—Pesalema 37:25.

A bo go le botoka jang ne go nna le tumelo mo Modimong yo o tlhotlheleditseng mafoko ano, go na le go itesa gore re raelesege go utswa mme ka gongwe Modimo o bo o re latlhela ruri!—1 Bakorintha 6:9, 10.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Leina le fetotswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela