LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 4/15 ts. 26-29
  • Go Ikaelela go Direla Jehofa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikaelela go Direla Jehofa!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fenya Bodutu
  • Go Ema O Nonofile Fa O Ganediwa
  • Go Ikoba Kwa Ntle ga go Ineela
  • “Ba Kgōnwè Kwa Ntlè ga Lehoko”
  • ‘Jala ka Dikeledi; O Robe ka Boitumelo’
  • Tlhogo ya Mosadi ke Monna
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Go Nna le Boikobo mo Lenyalong go Raya Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Kaelo e e Mosola e e Newang Banyalani
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Banna—Sireletsang Malapa a Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 4/15 ts. 26-29

Go Ikaelela go Direla Jehofa!

“OSE ka wa tlhola o ya go rera!” “Batho ba gago ba se ka ba tlhola ba tla fa!” Basadi ba bantsi ba Bakeresete ba utlwa mafoko ano mmogo le a mangwe a a tshwanang le one go tswa mo banneng ba bone ba ba ganetsang. E bile fa banna bano ba dira mo bosoleng, tumelo ya basadi ba bone e lekwa ka ditsela tse di sa tlwaelegang. (Isaia 2:4; Yohane 17:16) Ka jalo, basadi bano ba Bakeresete ba kgona jang go ipoloka ba nonofile mo tumelong e bile ba direla Bogosi ba le tlhaga?

Ba thusiwa ke go ikanyega mo go Jehofa Modimo le go ikaelela. “Ke akanya gore ke ka go bo ke ikaeletse,” go ne ga tlhalosa jalo Yvonne, yo monna wa gagwe e leng lesole. “Ke ne ke itse gore go na le ditsela tse ke neng nka tila kganetso ya monna wa me ka tsone.” Eleruri di ne di le teng.

Mosadi yo mongwe wa Mokeresete yo o nyetsweng ke ofisiri ya bosole o bolela gore go ikaelela ga gagwe go nolofatsa le botshelo jwa monna wa gagwe. “O itse thulaganyo ya me le ya gagwe, mme batho ba ba leng mo bosoleng ba itumelela seo,” o tlhalosa jalo. Lefa go ntse jalo, ga go motlhofo mo go ene go nna a tswelela a direla Jehofa.

Go Fenya Bodutu

Basadi ba banna ba ba mo tirelong ya sesole gantsi ba lebana le kgwetlho ya go fuduga ba itsisitswe malatsi a le mmalwa fela fa go tlhokega gore ba ye le banna ba bone kgakala le legae. Go motlhofo gore o ikutlwe o latlhegile fa o le mo tikologong e o sa e itseng. Mme gone ga go a tshwanela go nna jalo. Ba ba direlang Jehofa ba ka sola seno molemo. Ka eng? Go ya ka moaposetoloi wa Mokeresete Petere, selo seo ke “bokauleñwe.” Basupi ba ga Jehofa ba jaanong palo ya bone e leng dimilione mo dinageng tse 231, ba tshwana le lelapa le legolo la Bokeresete, ke “bakaulengwe.” O ba fitlhela mo e ka nnang gongwe le gongwe.—1 Petere 2:17, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.

Susan, yo a neng a fuduga kwa legaeng la gagwe ka bonako, o ne a goroga kwa lefelong la masole a difofane koo monna wa gagwe a neng a rometswe teng. E re ka a ne a le mosha mo tumelong e bile monna wa gagwe yo o sa dumeleng a mo gatelela gore a tlogele bodihedi jwa Bokeresete, o anela jaana: “Ke ne ka ya kwa dipokanong tsa lefelo leo ka bonako, mme fa ke le koo ke ne ka kgona go nna le go tlotla le bokgaitsadi ba bangwe. Tota nka bolela gore bokopano jono ke jone jo bo neng bo nthusa thata.”

Ka dinako tse dingwe bodutu bo dira gore o tshwenyege thata mo maikutlong. Mafoko a a molemo le one a ka go imolola. Glenys, kgaitsadi mongwe wa Moesemane yo a neng a tsamaile le monna wa gagwe fa a ne a rometswe kwa moseja, o bolela jaana: “Ka nako ya fa ke ne ke ikutlwa ke le bokoa thata, mongwe yo ke neng ke sa bolo go mo itse ka dingwaga tse dintsi fa ke ne ke santse ke le mo bosoleng o ne a nkwalela ke sa lebelela mme a mpolelela gore o sa tswa go kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Seo se ne sa nnonotsha fela ka nako e e tshwanetseng.”

Jane, yo a neng a tsamaya le monna wa gagwe go ya kwa Kenya, o ne a fitlhela gore dipokano tsa Bokeresete di ne di mo nonotsha, le e leng lefa di ne di tshwarwa ka dipuo tse a neng a sa di tlhaloganye. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke itse gore ke kwa Jehofa a mpatlang teng. Ke ne ke na le bakaulengwe ba me, mme ba ne ba tshwana le molemo. Ba ne ba nkamogela, mme ke ne ka utlwa gore re lelapa.”

Jane ke mongwe wa batho ba bantsi ba ba mo maemong ano ba ba neng ba bona masika a semoya a ba neng ba sa itse gore ba na nao!—Mareko 10:29, 30.

Go Ema O Nonofile Fa O Ganediwa

Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Lo se ka loa gopola, go re, ke tsile go lere kagishō mo lehatshiñ. Ga kea tla go lere kagishō, ha e se chaka hèla.” (Mathaio 10:34) O ne a raya jang? Le eleng mo lelapeng, koo go lebelelwang gore go na le kagiso, “tšhaka e ka nna ya somolwa ka tshoganetso,” go akgela jalo A. T. Robertson mo go Word Pictures in the New Testament. Jesu o ne a re: “Le baba ba motho e tla nna bōnè ba ntlo ea gagwè.” (Mathaio 10:36) A bo mafoko ano a itshupa a le boammaaruri jang ne fa molekane wa lenyalo a sa rate boammaaruri!

Ka nako ya fa Diane a ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, monna wa gagwe, yoo e leng moofisiri wa masole a difofane, o ne a se ka a itumela. Seno se ne sa ama lenyalo la bone jang? Diane o a tlhalosa: “E ne e kete kgapetla e kgolo ya aese e tsene fa gare ga rona. Re ne re ntse re itumetse mo lenyalong la rona. Ka bonako fela re ne re le batho fela mo ntlong.” Tota o ne a kgona go itshokela seno jang? “Go tlhatswega pelo le go ikaelela mmogo le thuso e e tswang kwa go Jehofa le moya wa gagwe, di ne di le botlhokwa thata.” Diane o ne a tlhoma pelo ya gagwe mo sekaong sa Bibela sa ga moperofeti Daniele.

Fa a ne a le kwa botshwarwa kwa Babelona mme a newa dijo tse a neng a ka se ka a di ja jaaka motlhanka wa Modimo, Daniele o ne a “ikaèlèla mo peduñ ea gagwè ha a se ketla a iitshekolola ka diyō tsa kgosi.” Ee, Daniele o ne a dira tshwetso ka tsela e e botlhale. O ne a swetsa mo pelong ya gagwe gore ga a kitla a iitshekolola ka go ja dijo tseo. A bo a ne a supa bopelokgale jang ne fa a ne a nnetse go “lōpa kgōsana ea baopahadiwi gore a mmè a se ka a iitshekolola”! Go ne ga felela jang? Jehofa o ne a segofatsa boemo jo a neng a bo tsaya jwa go ikaelela.—Daniele 1:8, 9, 17.

Ka mo go tshwanang le gompieno, monna yo o ganetsang a ka nna a raya mosadi wa gagwe a re a tlogele go ya kwa dipokanong tsa phuthego. O tshwanetse go dira eng? Jane o ne a iphitlhela a le mo boemong jono. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke se kitla ke ineela fa ke gatelelwa jalo. Ke ne ke itse gore ga ke a tshwanela go ineela. Ke ne ke tshwanetse go supa kafa dipokano di neng di le botlhokwa ka teng mo go nna.” Jehofa o ne a mo segofatsa ka ntlha ya tshwetso ya gagwe fa a ntse a ya kwa dipokanong.

Glenys o anela jaana: “Monna wa me o ne a leka go nthibela go ya kwa dipokanong, mme seo ga se a ka sa tsaya lobaka. Ke ne ke ntse ke ya. Fa ke boela gae, ka dinako tse dingwe o ne a mpetsa, mme ka dinako tse dingwe o ne a sa mpuise.” Lefa go ntse jalo, o ne a itshoka, a rapela kgapetsakgapetsa. Gape, bagolwane bangwe ba babedi ba phuthego ba ne ba tlhola ba rapela le ene, selo se se neng sa mo kgothatsa thata gore a nne a ye kwa dipokanong.—Yakobe 5:13-15; 1 Petere 2:23.

Ka dinako tse dingwe ba bagolo kwa tirong ba ka nna ba gatelela monna gore a thibele mosadi wa gagwe go rera mafoko a a molemo. Diane o ne a iphitlhela a tshwanetse go phepafaletsa monna wa gagwe gore se se neng se le botlhokwa thata ke sefe. O ne a re: “Ke ne ke iketleeditse go lebana le se se neng se tla ntiragalela fa ke tswelela ke rera.” A bo kgato eno e tshwana le ya baaposetoloi jang ne! (Ditihō 4:29, 31) Lefa go ntse jalo, o ne a rera ka botlhale. O anela jaana: “Ke ne ke tlhola ke laletsa batho go tla go nwa kofi ke bo ke naya mongwe le mongwe yo o tlileng buka ya Boamarure.”—Mathaio 10:16; 24:14.

Go Ikoba Kwa Ntle ga go Ineela

Le mororo ba ngomolwa pelo ke mathata a lenyalo, basadi ba Bakeresete ba lebile pele kwa isagweng mme ba ikaega ka Jehofa. Seno se ba thusa gore ba lebe dilo ka tekatekano. Ba ema banna ba bone nokeng kafa ba ka kgonang ka teng ba sa latlhe tumelo ya bone. Ka go dira jalo, ba latela kgakololo e e tlhotlheleditsweng eno ya ga Petere: “Lona basadi ba lo nyecweñ lo nnè kutlō mo bannèñ ba lona.” (1 Petere 3:1) Kaelo eno ya seaposetoloi e balega jaana mo go The Amplified New Testament: “Lo ba ikobele jaaka ba ba kwa tlase le ba ba ikaegileng ka bone, lo fetofetoge le bone.” Ela tlhoko gore Jane o ne a latela kgakololo eno jang. Ela tlhoko kafa Jane a neng a dirisa taolo eno ka teng. O tlhalosa jaana: “Monna wa me o ne a mpolelela gore sepe fela se ke se dirang se se ka sa ama tiro ya gagwe. Ka jalo ke ne ka leka go batla ditsela tsa go mo thusa.”

Ka jalo, basadi bangwe ba Bakeresete ba ne ba dumela go ya kwa dikokoanong tsa maitiso tse banna ba bone ba lalediwang kwa go tsone. Mme lefa go ntse jalo ba nna ba sweditse gore ga ba ne ba tlogela tumelo ya bone. Jane o ne a tsaya nako a bua le monna wa gagwe ka seno. O ne a tlhalosetsa monna wa gagwe ka bonolo gore o ne a batla go ya mme o ne a sa batle gore go ya le ene koo go fete go mo tlhabise ditlhong. “Ke ne ke itse gore gangwe le gape botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba lalediwa go ema ka dinao mme ba kgomanye digalase tsa dino. Ke ne ke ithutile gore ke tshwanetse go ikanyega mo go Jehofa fela, le gore go kgomanya digalase tsa dino go ne go kaya se se fetang go supa tlotlo. Monna wa me o ne a lemoga kafa seno se tlileng go nna thata ka teng, ka jalo o ne a re: ‘O se ka wa tla!’ Ke ne ka mo reetsa.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, Glenys o ne a ya le monna wa gagwe kwa maitisong a a ntseng jalo, mme o ne a lepa baofisiri ba ba nnang kwa tlhogong ya tafole. Fa a ne a bona gore ba baakanyetsa gore go tle go kgomanngwe digalase tsa dino, o ne a tswa a ya kwa ntlwaneng! Ee, basadi bano ba ne ba fetofetoga le maemo mme ba ne ba se ka ba ineela.

“Ba Kgōnwè Kwa Ntlè ga Lehoko”

“Fa nka tokafatsa dinonofo tsa me jaaka mosadi, monna wa me o tla bona gore boammaaruri bo a mphetola,” Yvonne o ne a akanya jalo. Ka jalo, o ne a bala kgaolo e e mo bukeng ya Botshelo jwa Lelapa ya setlhogo se se reng “Mosadi Yoo O Ratiwang Thata” gantsintsi.a “Ke ne ka tlhokomela thata tshedimosetso e e kafa tlase ga setlhogwana se se reng ‘Baledi, Batataladi’! Mme ke ne ka fitlhela gore dilo di ne di senyegela kwa pele fa ke ntse ke leka go bua le monna wa me.” Lefa go ntse jalo, kwa bokhutlong o ne a kgona go thusa monna wa gagwe gore a direle Jehofa. Jang? Ka go dirisa molaomotheo o o kwadilweng mo go 1 Petere 3:1, wa gore banna ba ka nna ba ‘kgonwa kwa ntle ga lefoko.’

Tsela e basadi ba Bakeresete ba tlhokomelang bamalapa a bone ka yone e dira go le gontsi thata mo go bueleleng Bokeresete mo go ba bangwe. Diane o anela jaana: “Ke ne ka leka ka ditsela tsotlhe go dira gore boammaaruri bo kgatlhe. Fa ke ne ke ya kwa dipokanong, monna wa me o ne a tla ikutlwa a latlhegile, ka jalo ke ne ke tlhomamisa gore ke bolelela bana gore ba itshware sentle thata fa re goroga kwa gae. Ke ne ke leka go mo tlakisa thata fa re goroga.” Boikutlo jwa monna wa gagwe bo ne jwa fetoga ka bonya ka bonya fa a ntse a itumelela bopelonomi jwa lelapa la gagwe.

Batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa le bone ba ka thusa. Jane o anela ka gore monna wa gagwe o ne a itumelela go tsalana le barongwa ba Basupi ba a neng a kopana le bone kwa Kenya. “Ba ne ba tsalana nae mme ba bua ka kgwele ya dinao, e bile ba ne ba rata baeng. Re ne ra lalediwa kwa magaeng a a farologaneng a barongwa go ya go ja dijo ka makgetlo a le mmalwa.” Monna wa gagwe o ne a tlhalosa jaana moragonyana: “Ke ne ka simolola go bona tumelo ya ga Jane ka tsela e e farologaneng tota. Ditsala tsa gagwe e ne e le batho ba ba botlhale thata ba ba neng ba kgona go bua ka dilo tse di farologaneng.” Monna wa ga Diane ka tsela e e tshwanang o ne a fetola kgopolo ya gagwe ka boammaaruri. Fa koloi e a neng a e kgweetsa e ne e robega, Mosupi mongwe yo mmotlana o ne a tla go mo thusa. “Seo se ne sa nkgatlha tota,” o bolela jalo.

Gone mme, ga se balekane botlhe ba lenyalo ba ba gapelwang mo boammaaruring. Go ka dirwang he? Jehofa o thusa ba ba ikanyegang gore ba itshoke. (1 Bakorintha 10:13) Akanyetsa kgothatso eno e Glenys a e nayang ba ba leng mo boemong jo bo tshwanang le jwa gagwe: “Le ka motlha o se ka wa bo wa belaela gore Jehofa ke Ene a simolotseng lenyalo le gore o batla gore banyalani ba nne mmogo. Ka jalo, lefa monna wa gago a ka dira eng kana lefa ba ba go dikologileng ba ka go bogisa ka tsela efe, Jehofa ga a kitla a go letla gore o we.” Le mororo monna wa gagwe a ise a nne moobamedi wa ga Jehofa, o nolofetse maikutlo ka ene le ka boammaaruri.

‘Jala ka Dikeledi; O Robe ka Boitumelo’

Eleruri, basadi bano ba Bakeresete ba ikaeletse go direla Jehofa. Fa o le mo maemong a a tshwanang dira tshwetso e e tshwanang. Gakologelwa kgothatso eno: “U boihè Yehofa Modimo oa gago; u dihèlè èna; u ñaparèlè èna.”—Duteronome 10:20.

Mopesalema o bolela jaana: “Leha motho a ka cwa a tsamaea a nntse a lela, me a chotse peo, o tla ba a tla gapè, diñata tsa gagwè a na nacō.” (Pesalema 126:6) “O tsholola dikeledi thata fa o ntse o leka go bontsha molekane wa gago boammaaruri, ka tidimalo kana o bua,” go dumela jalo Mosupi mongwe. “Mme kwa bofelong o lela ka boitumelo gonne lefa a sa amogele boammaaruri, Jehofa o go segofaletsa maiteko a o a dirang.”

Botlhe ba ba direlang Jehofa mme ba ntse ba bogisiwa kwa gae ba akgolwa tota. Ba tshwanetse go engwa nokeng le go ratiwa. E ke te ba ka nna ba ntse ba sa ineele, ba ikaeletse go direla Jehofa!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc. (1981).

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Go ikaelela ga Mokeresete go nonotshiwa ke fa a ntse a ithuta a ntse a rapela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela