LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 4/15 ts. 31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Madi—A Botlhokwa Thata Gore O Tshele
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • Anaanela Mpho ya Botshelo E o E Abetsweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tsela e Modimo a Lebang Botshelo ka Yone
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 4/15 ts. 31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ke eng fa masole a ga Saule a ne a se ka a bolawa fa a ne a ja nama le madi a yone, ka gore e ne e le katlholo e e neng e tlhomilwe mo Molaong wa Modimo?

Banna bano ba ne ba tlotse molao wa Modimo wa madi, mme ba ka nna ba bo ba ile ba utlwelwa botlhoko ka go bo ba ne ba tlotla madi, le mororo ba ne ba ka bo ba ile ba bontsha tlotlo eo botoka.

A ko o akanye ka boemo jono. Baiseraele ba ba neng ba eteletswe pele ke Kgosi Saule le morwawe Jonathane ba ne ba lwa le Bafilisitia. Ka nako ya fa ‘batho ba Iseraele ba ne ba pitlagane’ mo ntweng, Saule o ne a ikanisa masole a gagwe ka tshoganetso fela gore a se ka a ja go fitlha a fenya mmaba. (1 Samuele 14:24) Go ise go ye kae ikano ya gagwe e ne ya baka mathata.

Masole a gagwe a ne a fenya ntwa e e thata e ba neng ba le mo go yone, mme boima jo ba neng ba lwa ka jone bo ne bo ba fetsa nonofo. Ba ne ba bolailwe ke tlala e bile ba lapile. Ke eng se ba neng ba se dira mo maemong a a maswemaswe ao? “Me batho ba phomègèla thopō, ba gapa dinku, dikgomo, le dinamane, ba di bolaèla hèla ha hatshe: me batho ba di yèla le madi a cōna.”—1 Samuele 14:32.

Ka go dira jalo ba ne ba tlola molao wa Modimo wa madi, fela jaaka batho bangwe ba ga Saule ba ne ba mmolelela jaana: “Bōna, batho ba leohèla Yehofa, ka ba yèla le madi.” (1 Samuele 14:33) Ee, Molao o ne o bolela gore fa diphologolo di bolawa, madi a tsone a ne a tshwanetse gore a tshololwe pele nama ya tsone e ka jewa. Modimo o ne o sa batle gore dilo di fetelediwe fa go latelwa ditsela tsa go tsholola madi. Fa batlhanka ba gagwe ba tsaya dikgato tse di tshwanetseng go tsholola madi, ba ne ba tla bo ba supa fa ba leba madi a le botlhokwa. (Duteronome 12:15, 16, 21-25) Madi a diphologolo a ne a ka nna a dirisediwa ditlhabelo mo aletareng, mme a ne a sa tshwanela go jewa. Fa motho a ne a tlola molao ono ka bomo o ne a otlhaiwa ka loso, ka gore batho ba Modimo ba ne ba boleletswe jaana: “Lo se ka loa ya madi a nama epè: gonne botshelō yoa nama eotlhe ke madi a eōna: leha e le mañ eo o a yañ o tla kgaolwa.”—Lefitiko 17:10-14.

A masole a ga Kgosi Saule a ne a tlotse Molao ka bomo? A ba ne ba tlola molao wa Modimo o o malebana le madi ba gagametse fela ka boikaelelo?—Bapisa Dipalō 15:30.

Ga re a tshwanela go swetsa jalo. Pego e bolela gore ba ne ba ‘bolaela diphologolo fa fatshe mme ba di jela le madi a tsone.’ Ka jalo ba ka tswa ba ne ba ile ba dira maiteko a go di tsholola madi. (Duteronome 15:23) Lefa go ntse jalo, e re ka ba ne ba lapile e bile ba bolailwe ke tlala, ga ba a ka ba kgwagetsa dinama tsa diphologolo go dira gore madi a tshologe sentle. Ba ne ba bolaela dinku le dikgomo “ha hatshe,” mme seo se ka tswa se ne se thibela madi go tshologa sentle. Mme ba ne ba sega nama mo ditotong tse di neng di ka tswa di ne di letse mo godimo ga madi. Ka gone, le mororo ba ne ba batla go ikobela molao wa Modimo, ga ba a ka ba o ikobela ka tsela e e tshwanetseng le ka mo go feletseng.

Batho ba ne ba feleletsa ba ‘jetse le madi,’ mme ba ne ba leofa. Saule o ne a lemoga seno mme o ne a laela gore go pitikololelwe leje le legolo kwa go ene. O ne a laela masole jaana: “A moñwe le moñwe a nteretse kgomo ea gagwè, le moñwe le moñwe nku ea gagwè, me lo di bolaèlè ha, me lo yè; lo se ka loa leohèla Yehofa ka go yèla le madi.” (1 Samuele 14:33, 34) Masole a a molato a ne a ikobela taolo eo, mme “Saule a agèla Yehofa sebesho.”—1 Samuele 14:35.

Gongwe go bolaela diphologolo mo godimo ga leje go ne go thusa gore madi a tshololwe sentle. Nama ya diphologolo e ne e ka nna ya jelwa kgakala le lefelo le di bolaetsweng mo go lone. Gongwe Saule o ne a dirisa madi a mangwe a a tsholotsweng mo sebesong gore a kopele batho ba ba leofileng kutlwelobotlhoko mo Modimong. Jehofa o ne a ba utlwela botlhoko, gongwe e le ka go bo a ne a itse gore masole a dirile boiteko bofe le mororo a ne a lapile e bile a bolailwe ke tlala thata. Gongwe Modimo o ne wa akanyetsa gore ikano e Saule a e dirileng kwantle ga go akanya ke yone e e neng ya tsenya banna bano mo boemong jo ba neng ba le mo go jone.

Pego eno e bontsha gore maemo a tshoganetso ga a neye motho seipato sa go tlola molao wa Modimo. Gape e re thusa gore re akanye sentle pele re dira ikano, ka gore ikano e e dirwang kwantle ga go akanya e ka re bakela mathata mmogo le ba bangwe.—Moreri 5:4-6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela