Batsadi, Bana ba Lona Ba Tlhoka Tlhokomelo E E Kgethegileng
“Bana ba gago ba tla nna yaka macwèla a motlhware, ba dikanyetsa lomati loa boyèlō loa gago.”—PESALEMA 128:3.
1. Go godisa dimela le go godisa bana go ka bapisiwa jang?
MO MABAKENG a le mantsi, bana ba gola ba bo ba nonofe jaaka dimela. Ka gone, ga go gakgamatse go bo Bibela e bitsa mosadi wa monna mongwe e re ke “mofine o o uñwañ” e bo e tshwantsha bana ba gagwe le “macwèla a motlhware, ba dikanyetsa lomati loa boyèlō loa [gagwe].” (Pesalema 128:3) Molemi o tla go bolelela gore ga go motlhofo go godisa dijalo tse di santseng di le dinnye, segolobogolo fa maemo a tlelaemete le mmu a se mantle. Ka mo go tshwanang, go thata tota go godisa bana mo ‘metlheng eno ya bofelo’ e e tlhokofatsang gore ba nne bagolo ba ba tshwanelang sentle, ba ba boifang Modimo.—2 Timotheo 3:1-5.
2. Gantsi ke eng se se tlhokegang gore o bone thobo e kgolo?
2 Molemi o tlhoka mmu o o nonneng, marang a letsatsi a a bothitho, le metsi gore a tle a bone thobo e e nametsang. Mo godimo ga go lema le go tlhagola, gape o tshwanetse go tlhokomela dijalo gore di se ka tsa jewa ke diji le go di tlhokomela ka mekgwa e mengwe ya go di sireletsa. Go ka nna ga nna le dinako tsa mathata fa dijalo di ntse di gola, go fitlha fa di rojwa. A bo go utlwisa botlhoko jang ne gore e re ka nako ya thobo, dijalo di bo di bodile! Lefa go ntse jalo, a bo molemi a ka itumela jang ne fa a ka bona thobo e e nametsang morago ga go dira ka natla jalo!—Isaia 60:20-22; 61:3.
3. O ka bapisa jang botlhokwa jwa dimela le jwa bana, mme bana ba tshwanetse go neelwa mofuta ofe wa tlhokomelo?
3 Eleruri botshelo jwa motho yo o atlegileng, yo o kgonang go dira bo tlhwatlhwakgolo thata go gaisa thobo ya molemi. Ka gone ga go gakgamatse go bo go godisa ngwana ka katlego go ka tsaya nako e ntsi le boiteko jo bogolo go feta fa o godisa dijalo tse dintsi. (Duteronome 11:18-21) Ngwana yo monnye yo o lemilweng mo tshingwaneng ya botshelo, fa a nosediwa a bo a fepiwa ka lorato le go neelwa ditekanyetso tse di siameng, o ka gola a bo a tswelela pele semoyeng lefa a le mo lefatsheng le le tletseng ka ditekanyetso tse di sa siamang tsa boitsholo. Mme fa ngwana a sa tshwarwe sentle kana a gatelelwa, o tla omelela mo teng mme gongwe a bo a swa semoyeng. (Bakolosa 3:21; bapisa Yeremia 2:21; 12:2.) Eleruri, bana botlhe ba tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng!
Go Tlhokomelwa Malatsi Otlhe go Tswa Bonyaneng
4. Bana ba tlhoka mofuta ofe wa tlhokomelo go tswa “bonyaneñ”?
4 Batsadi ba tshwanetse go tlhokomela ngwana yo o sa tswang go tsholwa mo e ka nnang ka dinako tsotlhe. Lefa go ntse jalo, a ngwana o tlhoka go tlhokomelwa mo mmeleng kana ka dilo tse di bonalang fela ka malatsi otlhe? Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana fa a ne a kwalela motlhanka wa Modimo Timotheo: “Yaka dikwalō tse di boitshèpō u sa le u di itse mo bonyaneñ yoa gago, e le tse di nonohileñ go gu tlhalehisetsa polokoñ.” (2 Timotheo 3:15) Ka jalo tlhokomelo e Timotheo a neng a e neelwa ke batsadi ba gagwe, go tswa fela kwa bonyaneng, gape e ne e le ya semoya. Mme bonyana bo simologa leng?
5, 6. (a) Bibela e bolela eng ka bana ba ba iseng ba tsholwe? (b) Ke eng se se bontshang gore batsadi ba tshwanetse go amega ka boitekanelo jwa ngwana yo o iseng a tsholwe?
5 Lefoko la Segerika le Paulo a le dirisitseng fano (breʹphos) gape le ka kaya ngwana yo o iseng a tsholwe. Elisabethe, mmaagwe Johane Mokolobetsi, o ne a bolelela Maria wa losika lwa gagwe jaana: “Ea re lencwe ya tumedishō ea gago le tsèna hèla mo ditsebeñ tsa me, ñwana [breʹphos] a tlola ka boitumèlō mo sebopeloñ sa me.” (Luke 1:44) Ka gone, tota le ba ba iseng ba tsholwe ba bidiwa banyana, mme Bibela e bontsha gore ba ka kgona go tsiboswa ke sengwe se se diragalang ka kwa ntle ga popelo. Ka ntlha ya seo, a go tlhokomela ngwanyana yo o iseng a tsholwe, e leng selo se se kgothalediwang thata gompieno, go tshwanetse ga akaretsa go mo tlhokomela semoyeng?
6 Seo ke sengwe se re tshwanetseng go se akanyetsa ka gonne bosupi bo bontsha gore bana ba ba iseng ba tsholwe ba ka nna ba solegelwa molemo ke se ba se utlwang kana sa ba ama mo go botlhoko. Mokaedi mongwe wa mmino o ne a fitlhela gore mmino mongwe o o tlhamilweng o a neng a ntse a o letsa kgapetsakgapetsa o ne o utlwala o se mosha mo ditsebeng tsa gagwe, segolobogolo karolo ya seletswa sa cello. Fa a ne a bolelela mmaagwe ka maina a mmino oo, mmaagwe, yo e neng e le kgeleke ya cello, o ne a bolela gore e ne e le a mmino o a neng a o letsa kgapetsakgapetsa fa a ne a mo imile. Ka mo go tshwanang, bana ba ba iseng ba tsholwe ba ka nna ba amega mo go botlhoko fa bommaabone ba lebelela diterama tsa thelebishene tse dikarolo tsa tsone di nnang di bontshiwa ka metlha. Ka gone, lokwalopaka longwe lwa bongaka lo ne lwa bolela ka “go tshwakgolwa ke diterama ga bana ba ba iseng ba tsholwe.”
7. (a) Batsadi ba le bantsi ba ne ba tlhokomela jang boitekanelo jwa bana ba bone ba ba iseng ba tsholwe? (b) Ke dilo dife tse ngwana a ka kgonang go di dira?
7 Batsadi ba le bantsi fa ba lemoga molemo wa go rotloetsa masea ka tsela e e siameng, ba simolola go balela ngwana wa bone, go bua le ene, le go mo opelela lefa a ise a tsholwe. Le wena o ka dira se se tshwanang. Lefa losea lwa gago lo ka se ka lwa tlhaloganya mafoko, lo tla solegelwa molemo ke lentswe la gago le le gomotsang e bile le na le lorato. Fa ngwana a sena go tsholwa, o tla simolola go tlhaloganya mafoko a gago, gongwe ka bofefo thata go feta fa o ka akanya. Mo dingwageng tse pedi kana tse tharo fela, ngwana o ithuta puo e e thata fela ka go bo e buiwa a le teng. Gape ngwana o ka simolola go ithuta “puō e e itshekileñ” ya boammaaruri jwa Bibela.—Sefania 3:9.
8. (a) Go bonala Bibela e raya jang fa e bolela gore Timotheo o ne a itse dikwalo tse di boitshepo go tswa “bonyaneñ”? (b) Ke eng se se neng sa itshupa se le boammaaruri kaga Timotheo?
8 Paulo o ne a raya jang fa a re Timotheo o sa le a ‘itse dikwalo tse di boitshepo go tswa bonyaneng’? Go bonala a ne a raya gore Timotheo o ne a katisitswe semoyeng go tswa bonnyenyaneng, e seng fela a sa le ngwanyana. Seno se dumelana le tlhaloso ya lefoko la Segerika breʹphos, le ka tlwaelo le rayang ngwana yo o sa tswang go tsholwa. (Luke 2:12, 16; Ditihō 7:19) Timotheo o ne a rutiwa dilo tsa semoya ke mmaagwe e bong Eunike le mmaagwemogolo Loise go tswa bokgakaleng jo a neng a ka bo gakologelwa. (2 Timotheo 1:5) Seane se se reng, ‘Lore lo ojwa lo sa le metsi’ tota se ne se tshwanela Timotheo. O ne a ‘godisitswe ka thuto mo tseleng e a tshwanetseng go e tsamaya,’ mme ka ntlha ya seo o ne a nna motlhanka wa Modimo yo o molemo.—Diane 22:6; Bafilipi 2:19-22.
Tlhokomelo E E Kgethegileng E E Tlhokegang
9. (a) Ke eng se batsadi ba tshwanetseng go tila go se dira, mme ka ntlha yang? (b) Fa ngwana a ntse a gola, ke eng se batsadi ba tshwanetseng go se dira, mme ba tshwanetse ba tlhwaela sekai sefe tsebe?
9 Gape bana ba tshwana le dimela ka gore ga ba na mekgwa e e tshwanang botlhe, le gone ga ba tsibosiwe ke mekgwa e e tshwanang ya tlhokomelo. Batsadi ba ba botlhale ba tla tlotla tsela e bana ba farologaneng ka yone mme ba tla tila go tshwantsha ngwana yo mongwe le ba bangwe. (Bapisa Bagalatia 6:4.) Gore bana ba gago ba tle ba nne bagolo ba ba godisitsweng sentle, o tshwanetse wa lebelela mekgwa ya bone e e sa tshwaneng, o tlhagolela e e siameng o bo o kumola e e sa siamang. Go tweng fa o lemoga bokoa bongwe kana mokgwa mongwe o o sa tshwanelang, gongwe wa go sa ikanyege, go rata dilo tse di bonalang, kana bogagapa? O tlhamalatse ka bopelonomi, fela jaaka Jesu a ne a tlhamalatsa makoa a baaposetoloi ba gagwe. (Mareko 9:33-37) Sa botlhokwa, akgolela ngwana mongwe le mongwe dinonofo tsa gagwe le mekgwa ya gagwe e e molemo ka metlha.
10. Ke eng se bana ba se tlhokang thatathata, mme ba ka se neelwa jang?
10 Se bana ba se tlhokang segolobogolo ke go tlhokomelwa ka lorato motho ka namana. Jesu o ne a ipha nako ya go tlhokomela bana ba bannye ka tlhokomelo e e ntseng jalo e e kgethegileng, tota le mo malatsing a bofelo a bodihedi jwa gagwe ao a neng a tshwaregile thata mo go one. (Mareko 10:13-16, 32) Batsadi, latelang sekao seo! Ipheng nako ya go nna le bana ba lona ka tsela e e bontshang go ba akanyetsa. Mme lo se ka lwa tlhabiwa ke ditlhong go ba bontsha lorato lwa mmatota. Ba tshware ka letsogo, jaaka Jesu a ne a dira. Ba tlamparele ka lorato le go ba atla. Fa batsadi ba ba kgonneng go godisa bana gore ba nne bagolo ba ba tshwanelang sentle ba ne ba bodiwa gore ba ka neela batsadi ba bangwe kgakololo efe, dingwe tsa dikarabo tse di neng di fiwa ke ba le bantsi ke tseno: ‘Ba rate thata,’ ‘dirisa nako o na le bone,’ ‘ba bontshe tlotlo botlhe,’ ‘ba reetse tota,’ ‘ba neele kaelo go na le go ba neela polelo,’ mme ‘o solofele dilo tsa mmatota.’
11. (a) Batsadi ba tshwanetse go leba jang go neela bana ba bone tlhokomelo e e kgethegileng? (b) Batsadi ba ka ipelela dipuisano tse di botlhokwa le bana ba bone leng?
11 Go ba tlhokomela ka tsela e e ntseng jalo e e kgethegileng go ka itumedisa. Motsadi mongwe yo o neng a atlega o ne a kwala jaana: “Fa basimane ba rona ba babedi ba ne ba santse ba le babotlana thata, thulaganyo ya go ba baakanyetsa go robala, go ba balela, go ba tsenya sentle mo dikobong, le go rapela le bone e ne e le monate.” Dinako tse di ntseng jalo lo le mmogo di dira gore go nne le sebaka sa puisano e e ka kgothatsang batsadi mmogo le bana. (Bapisa Baroma 1:11, 12.) Banyalani bangwe ba ne ba reetsa ngwana wa bone wa dingwaga tse tharo a kopa Modimo gore a segofatse “Wally.” O ne a rapelela “Wally” ka masigo a a latelanang, mme batsadi bano ba ne ba kgothala tota fa ba lemoga gore o raya bakaulengwe ba kwa Malawi, ba ba neng ba bogisiwa ka nako eo. Mmè mongwe o ne a bolela jaana: ‘Fa ke ne ke le dingwaga di le nnè fela, mmè o ne a nthusa go tshwara dikwalo ka tlhogo le go opela dipina tsa Bogosi ke eme fa godimo ga setulo gore ke phimole dijana fa mmè a ntse a di tlhatswa.’ A o ka akanya ka dinako tse o ka ipelelang puisano e e botlhokwa le bana ba gago ka tsone?
12. Ke eng se batsadi ba Bakeresete ba ka se neelang bana ba bone ka botlhale, mme ke ditsela dife tse ba ka di dirisang?
12 Batsadi ba Bakeresete ba ba botlhale ba dira gore go nne le thulaganyo ya go ithuta ya ka metlha. Le fa gone o ka nna wa dirisa mokgwa o o tlwaelegileng wa dipotso le dikarabo, a o ka dira gore puisano e nne e e monate ka go fetola thuto go ya ka maemo, segolobogolo mo baneng ba bannye? O ka nna wa akaretsa go dira ditshwantsho tsa ditiragalo tsa Bibela, go bolela dipolelo tsa Bibela, kana go reetsa polelo e o kopileng ngwana gore a e baakanyetse. Dira kafa o ka kgonang ka gone gore Lefoko la Modimo le natefelele bana ba gago mo e leng gore ba a le tlhologelela. (1 Petere 2:2, 3) Rrabana mongwe o ne a bolela jaana: ‘Fa bana ba ne ba le babotlana thata, re ne re gagaba le bone mo bodilong re tshameka ditiragalo tsa hisitori tse di akaretsang batho ba ba tumileng ba Bibela e buang ka bone. Bana ba ne ba go rata tota.’
13. Mosola wa dithulaganyo tsa go ikatisa ke ofe, mme lo ka ikatisetsa eng mo go tsone?
13 Dithulaganyo tsa go ikatisa le tsone di dira gore go nne le puisano ya botlhokwa ka gonne di thusa basha go ipaakanyetsa maemo a mmatota a ba tla lebanang le one mo botshelong. Mongwe wa bana ba ga Kusserow—bao ka bo11 jwa bone ba neng ba ikanyega mo Modimong ka nako ya pogiso ya Bonazi—o ne a bolela jaana ka batsadi ba gagwe: “Ba ne ba re bontsha kafa re tshwanetseng go dira ka teng le kafa re ka iphemelang ka teng re dirisa Bibela. [1 Petere 3:15] Gantsi re ne re na le dithulaganyo tsa go ikatisa, re botsana dipotso re bo re di araba.” Ke ka ntlha yang lo sa dire se se tshwanang? Lo ka baakanyetsa dipuisano tsa bodihedi, motsadi a dira jaaka mong wa ntlo. Kana thulaganyo ya go ikatisa e ka amana le diteko tsa mmatota tse di ka re tlhagelang. (Diane 1:10-15) “Go ipaakanyetsa maemo a a thata go ka dira gore ngwana a nne le kitso le tsholofelo,” go ne ga tlhalosa jalo motho mongwe. “Go ipaakanyetsa gono go ka akaretsa go tshameka karolo ya tsala nngwe e neela ngwana wa gago sekerete, dino kana diokobatsi.” Dithulaganyo tseno di ka go thusa go tlhaloganya tsela e ngwana wa gago a tla itshwarang ka yone mo maemong a a ntseng jalo.
14. Ke ka ntlha yang fa go buisana le bana ba gago ka tsela e e lorato le ka bopelotlhomogi go le botlhokwa jaana?
14 Fa o ntse o buisana le ngwana wa gago, bua le ene ka tsela e e lorato e e tshwanang le ya mokwadi wa mafoko ano: “Morwaaka, u se ka ua lebala molaō oa me; me a pelo ea gago e tshegetsè ditaolō tsa me: Gonne di tla gu okeletsa bolele yoa malatsi, le dinyaga tsa botshelō, le kagishō.” (Diane 3:1, 2) A seno se ka se ame pelo ya ngwana wa gago fa o mo tlhalosetsa ka lorato gore o batla a nna kutlo ka gonne seno se tla felela ka gore a nne le kagiso le malatsi a maleele—tota e bile gore a bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la kagiso la Modimo? Akanyetsa botho jwa ngwana wa gago fa o mmontsha mabaka o dirisa Lefoko la Modimo. Dira seno ka thapelo, mme Jehofa o tla segofatsa maiteko a gago. Dipuisano tse di ntseng jalo tse di lorato tse di theilweng mo Bibeleng di tshwanetse tsa nna le matswela a a molemo le go lere melemo e e sa feleng.—Diane 22:6.
15. Batsadi ba ka thusa bana ba bone go rarabolola mathata jang?
15 Lefa tota lo ka se ka lwa buisana ka nako ya thuto e lo e rulagantseng, lo se ka lwa itewa tsebe ke dilo tse dingwe. Reetsa ka kelotlhoko e seng fela se ngwana wa gago a se buang mme le kafa a itlhalosang ka teng. “Leba ngwana wa gago,” go ne ga bolela jalo mankge mongwe. “Mo reetse ka kelotlhoko. Go tlhokega gore o mo tlhaloganye, e seng go mo utlwa fela. Batsadi ba ba dirang boiteko jo bo oketsegileng jalo ba ka kgona go tokafatsa matshelo a bana ba bone fela thata.” Gompieno bana ba kopana le mathata a a masisi kwa sekolong le kwa mafelong a mangwe. Jaaka motsadi, dira gore ngwana a bue a gololesegile, mme o mo thuse go leba dilo go ya ka pono ya Modimo. Fa o sa tlhomamise gore o ka rarabolola bothata jang, dira patlisiso mo Dikwalong le mo dikgatisong tse re di bonang ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Leka ka natla go neela ngwana wa gago tlhokomelo yotlhe e e kgethegileng e e tlhokegang go rarabolola bothata.
Dirisang Nako ya Lona Mmogo ka Botlalo
16, 17. (a) Ke ka ntlha yang fa basha segolobogolo ba tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng le thuto gompieno? (b) Ke eng se bana ba tlhokang go se itse fa ba otlhaiwa ke batsadi ba bone?
16 Basha ba tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng thata go feta lefa e le leng pele ka gonne re tshela mo “metlheñ ea bohèlō,” mme tseno ke “dipaka tse di tlhokohatsañ.” (2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:3-14) Batsadi le bana ka go tshwana ba tlhoka phemelo e e tswang mo botlhaleng jwa boammaaruri jo bo “boloka[ng] botshelō yoa eo o nañ nayō.” (Moreri 7:12) E re ka botlhale jwa bomodimo bo akaretsa go dirisa sentle kitso e e theilweng mo Bibeleng, bana ba tlhoka go rutiwa Lefoko la Modimo ka metlha. Ka gone, ithuteng Dikwalo le bana ba lona. Ba boleleleng kaga Jehofa, lo ba tlhalosetsa ka kelotlhoko gore o batla eng mo go rona, mme lo ba dire gore ba lebelele pele go diragadiwa ga maikaelelo a gagwe a magolo ka boitumelo. Bua dilo tseno le bone kwa gae, fa o ntse o tsamaya mmogo le bana ba gago—tota, ka sebaka sengwe le sengwe se se tshwanetseng.—Duteronome 6:4-7.
17 Balemi ba itse gore dimela ga di gole tsotlhe kafa tlase ga maemo a a tshwanang. Dimela di tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng. Ka mo go tshwanang, ngwana mongwe le mongwe o farologane le ba bangwe mme o tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng, thuto, le kotlhao. Ka sekai, fa motsadi a latlhela leitlho fela ka tsela e e bontshang go sa rate go lekane go emisa ngwana mongwe yo o dirang phoso, fa ngwana yo mongwe ene a tlhoka kotlhao e e nonofileng go feta eo. Mme bana ba gago botlhe ba tlhoka go itse gore ke ka ntlha yang fa o sa itumedisiwa ke mafoko kana ditsela tse di rileng tse ba di tsereng, mme batsadi ka bobedi ba tshwanetse go dirisana mmogo gore kotlhao e nne e e tlhomameng ka metlha. (Baefesia 6:4) Go botlhokwa thatathata gore batsadi ba Bakeresete ba neele kaelo e e phepafetseng e e dumelanang le Dikwalo.
18, 19. Batsadi ba Bakeresete ba na le boikarabelo bofe malebana le bana ba bone, mme matswela e ka nna afe fa tiro eo e dirilwe sentle?
18 Molemi o tshwanetse go jala le go tlhagola ka nako e e tshwanetseng. Fa a diega kana a sa tlhokomele dijalo tsa gagwe, o tla nna le thobo e nnye kana a se ka a roba sepe. Ebu, bana ba lona ba bannye ke “dimela” tse di golang tse di tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng gone jaanong, e seng mo kgweding e e tlang kana mo ngwageng o o tlang. O se ka wa lesa sebaka se sentlentle se feta o sa godisa bomoya jwa bone go dumelana le Lefoko la Modimo le gone o sa kumola dikgopolo tsa lefatshe tse di ka ba dirang gore ba swabe le go swa semoyeng. Dirisa nako le malatsi a gago ka botlalo ao o nang le tshiamelo ya go a dirisa le bana ba gago, e re ka dinako tseo di feta ka bofefo. Dira ka natla go tlhagolela dinonofo tsa bomodimo mo baneng ba gago tse ba di tlhokang gore ba itumelele botshelo jaaka batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. (Bagalatia 5:22, 23; Bakolosa 3:12-14) Tiro eno ga se ya motho yo mongwe; ke tiro ya gago, mme Modimo o ka go thusa go e dira.
19 Neela bana ba gago boswa jwa botlhokwa jwa semoya. Ithute Lefoko la Modimo le bone, mme lo ipelele boitlosobodutu jo bo phepa mmogo. Tsamaya le bana ba gago kwa dipokanong tsa Bokeresete, mme o tsamaye le bone mo tirong ya go rera ka Bogosi. Aga mofuta wa botho o Jehofa a tla o amogelang mo baneng ba gago ba ba rategang, mme kwantle ga pelaelo ba tla go itumedisa thata mo botshelong jwa mo isagweng. Eleruri, “rragwè mosiami o tla ipela thata: le eo o tsalañ ñwana eo o botlhale o tla bōna boitumèlō kaga gagwè. A bo rrago le mmago ba itumèlè, le eo o gu belegeñ a a ipele thata.”—Diane 23:24, 25.
Tuelo E Kgolo
20. Ke selo sefe sa konokono se se ka thusang motsadi wa bana ba dingwaga tsa bolesome gore a atlege?
20 Go godisa bana ke kabelo e e raraaneng, e e tsayang nako e telele. Go godisa ‘matswela ano a motlhware a a dikologileng lemati la gago la bojelo’ gore a nne bagolo ba ba boifang Modimo ba ba ungwang maungo a Bogosi go ntse go bidiwa porojeke ya dingwaga di le 20. (Pesalema 128:3; Yohane 15:8) Gantsi porojeke eno e nna boima fa bana ba fitlha mo dingwageng tsa bolesome, nako e gantsi ba nnang le dikgatelelo tse di oketsegileng mme batsadi ba bona go le botlhokwa gore ba dire boiteko jo bo oketsegileng. Mme selo sa konokono se se ba dirang gore ba atlege ga se fetoge—go nna kelotlhoko, lorato, le go ba tlhaloganya. Gakologelwa gore tota bana ba gago ba tlhoka tlhokomelo ka namana. O ka ba neela tlhokomelo e e ntseng jalo ka go ba bontsha gore eleruri o amegile ka bone ka lorato gore ba atlege. Gore o ba thuse, o tshwanetse wa intsha setlhabelo ka go ba neela nako, lorato, le kamego e tota ba e tlhokang.
21. Ke tuelo efe e o ka e bonang fa o neela bana tlhokomelo e e kgethegileng?
21 Tuelo e o tla e bonang ka ntlha ya maiteko a gago a go tlhokomela maungo a a rategang ao Jehofa a go a neetseng e ka kgotsofatsa go gaisa thobo e ntsi ya molemi lefa e ka nna efe. (Pesalema 127:3-5) Ka gone he batsadi, tswelelang pele lo neela bana ba lona tlhokomelo e e kgethegileng. Dirang jalo gore ba bone molemo le go galaletsa Rre wa rona wa selegodimo, Jehofa.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Go godisa dimela le go godisa bana go ka bapisiwa jang?
◻ Ngwana o tshwanetse go neelwa mofuta ofe wa tlhokomelo letsatsi le letsatsi go tswa bonyaneng?
◻ Bana ba tlhoka tlhokomelo efe e e kgethegileng, mme ba ka e neelwa jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go neela bana ba gago tlhokomelo e e kgethegileng?