LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 6/1 ts. 13-18
  • Go Itse Bodumedi jo bo Siameng Go Na Le Boikarabelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Itse Bodumedi jo bo Siameng Go Na Le Boikarabelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Tsaya Kgato Efe Ka Lefoko la Modimo?
  • A O Ineetse mo go Jehofa Ka mo go Feletseng?
  •  Lorato lwa ga Keresete Lo go Ama Go Le Kana Kang?
  • Go Kgaogana le Lefatshe—Ka Selekanyo Se Se Kana Kang?
  • Lorato lwa Gago Lo Kana Kang?
  • Go Neela Bosupi ka Bogosi—Go Botlhokwa Go Le Kana Kang mo go Wena?
  • A O Bone Bodumedi jo bo Siameng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Kobamelo e e Amogelwang ke Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Bodumedi
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Molaetsa o re Tshwanetseng go o Bolelela ba Bangwe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 6/1 ts. 13-18

Go Itse Bodumedi jo bo Siameng Go Na Le Boikarabelo

“Go segō ba ba utlwañ lehoko ya Modimo, ba le boloka.”—LUKE 11:28.

1. Ke batho ba mofuta ofe ba e reng ba sena go tlhaola bodumedi jo bo siameng ba bo ba tshela go dumelana le jone?

GA GO a lekana fela go tlhaola bodumedi jo bo siameng. Fa re bo bone, mme re le batho ba ba ratang se se siameng le se se boammaaruri, re tla dumalanya matshelo a rona le jone. Bodumedi jwa boammaaruri ga se thuto fela e e nnang mo mogopolong; ke mokgwa wa botshelo.—Pesalema 119:105; Isaia 2:3; bapisa Ditihō 9:2.

2, 3. (a) Jesu o ne a gatelela jang kafa go leng botlhokwa ka gone go dira thato ya Modimo? (b) Mongwe le mongwe yo o itseng bodumedi jo bo siameng o na le boikarabelo bofe?

2 Jesu Keresete o ne a gatelela kafa go leng botlhokwa ka gone go dira se Modimo a bontshitseng gore ke thato ya Gagwe. Fa Jesu a ne a konela se jaanong se bidiwang Thero ya mo Thabeng, o ne a itsise gore ga se botlhe ba ba neng ba mmitsa Morena (ka jalo ba ipolela gore ke Bakeresete) ba ba neng ba tla tsena mo Bogosing; mme go ne go tla tsena fela ba ba dirang thato ya ga Rraagwe. O ne a bolela gore ba bangwe ba ne ba tla ganwa go twe ke ‘ba ba dirang tshiamololo.’ Ke ka ntlha yang fa go twe ba dira tshiamololo? Ka gonne jaaka fa Bibela e bolela, go sa dire thato ya Modimo ke boleo, mme boleo jotlhe ke tshiamololo. (Mathaio 7:21-23; 1 Yohane 3:4; bapisa Baroma 10:2, 3.) Motho a ka itse bodumedi jo bo siameng, a ka akgola ba ba bo rutang, e bile a ka nna a bua bontle batho ba ba bo dirisang, mme gape o na le boikarabelo jwa go bo dirisa mo botshelong jwa gagwe ka namana. (Yakobe 4:17) Fa a amogela boikarabelo joo, o tla fitlhela gore botshelo jwa gagwe bo tla nna monate thata, mme o tla itumela go feta jaaka a ne a ka itumedisiwa ke sepe fela se sele.

3 Mo setlhogong se se fetileng, re tlhatlhobile dilo tse thataro tse di tlhaolang bodumedi jwa boammaaruri. Sengwe le sengwe sa tsone ga se re thuse fela go tlhaola bodumedi jo bo siameng mme gape di neela mongwe le mongwe wa rona ka namana dikgwetlho le dibaka tsa gore a dire sengwe. Jang?

O Tsaya Kgato Efe Ka Lefoko la Modimo?

4. (a) Fa batho ba basha ba simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa, ba lemoga eng ka bofefo malebana le tsela e Basupi ba dirisang Bibela ka yone? (b) Go fepiwa sentle semoyeng go ama batlhanka ba ga Jehofa jang?

4 Jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba ithuta Bibela le batho ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng, ba le bantsi ba batho bano ba basha ka bofefo ba lemoga gore se se rutiwang se tswa mo Bibeleng. Fa ba botsa dipotso, ga ba arabiwe ka go tlhalosediwa ditumelo tsa kereke, kana go bolelelwa kafa batho ba ba tlhomologileng ba lebang dilo ka gone. Lefoko la Modimo ka bolone ke lone le fang dikarabo. Fa ba ya kwa Holong ya Bogosi, ba lemoga gore le gone koo Bibela ke yone buka ya konokono. Batho ba ruri ba batlang boammaaruri ga go ba tseye lobaka go lemoga gore selo sa konokono se se itumedisang Basupi ba ga Jehofa ke gonne ba jesiwa sentle semoyeng ka Lefoko la Modimo.—Isaia 65:13, 14.

5. (a) Batho ba ba tlhomang Basupi ba ga Jehofa leitlho ba lebana le kgwetlho efe? (b) Ba ka dira jang gore ba itumele jaaka Basupi?

5 Fa e le gore o lemoga seno, o itshwara jang ka sone? Fa e le gore o a se lemoga, tota go ka se tshwanele gore o nne mmogedi fela yo o sa direng sepe, le gone ga o a tshwanela go batla go nna ene. Bibela e bontsha gore ba eleng “bautlwi hèla” mme e se “badihi ba lehoko” ba ‘iphora fela.’ (Yakobe 1:22) Ba a iphora ka gonne ga ba lemoge gore go sa kgathalesege gore ba bua eng, fa ba palelwa ke go utlwa Modimo, seo se bontsha gore tota ga ba mo rate. Go ipolela fa o na le tumelo mme e sa tshegediwe ke ditiro ke go nna le tumelo e e suleng. (Yakobe 2:18-26; 1 Yohane 5:3) Phapaanong le seo, yo o tlhotlhelediwang ke go rata Jehofa gore a nne “modihi wa lehoko” “o tla segōhala mo go diheñ ga gagwè.” Ee, fela jaaka Jesu Keresete a tlhalositse, “go segō ba ba utlwañ lehoko ya Modimo, ba le boloka.”—Yakobe 1:25; Luke 11:28; Yohane 13:17.

6. Fa e le gore ruri re anaanela Lefoko la Modimo, ke dibaka dife tseo re tla lekang go di dirisa ka namana?

6 Boitumelo joo bo tla oketsega fa o ntse o nna le kitso e e oketsegileng ka thato ya Modimo o bo o diragatsa dilo tse di oketsegileng tse o di ithutang. O tla dira boiteko jo bo kana kang gore o ithute Lefoko la Modimo? Batho ba le dikete tse di masomesome ba ba neng ba sa itse go bala le go kwala ba ile ba iteka ka natla gore ba ithute go bala, lebaka la konokono e le gore ba kgone go bala Dikwalo le go di ruta batho ba bangwe. Ba bangwe ba tsoga ka makuku letsatsi le letsatsi gore ba tle ba dirise nakonyana letsatsi le letsatsi ba bala Bibela kana dibuka tse di thusang go ithuta Bibela, tse di jaaka Tora ya Tebelo. Fa o ntse o ipalela Bibela kgato ka kgato kana o bala dikwalo tse di nopotsweng mo go nngwe ya dibuka tse di dirisiwang go ithuta, ela tlhoko melao ya ga Jehofa le ditaolo tsa gagwe, mme o leke go lemoga melaometheo e mentsi e e ka re kaelang. Tlhatlhanya ka se karolo nngwe le nngwe e se senolang kaga Modimo, maikaelelo a gagwe, le kafa a dirisanang ka gone le batho. Letla nako ya gore seno se age pelo ya gago. Tlhatlhoba gore a go na le ditsela tse ka tsone o ka dirisang kgakololo ya Bibela ka botlalo go feta jaanong mo botshelong jwa gago ka namana.—Pesalema 1:1, 2; 19:7-11; 1 Bathesalonia 4:1.

A O Ineetse mo go Jehofa Ka mo go Feletseng?

7. (a) Thuto ya Tharonngwe e ile ya ama batho jang mo maitekong a bone a gore ba obamele Modimo? (b) Ke eng se se ka diragalang fa motho a ithuta boammaaruri ka ga Jehofa?

7 Batho ba le dimilionemilione ba ile ba wela makgwafo fa ba sena go utlwa gore Modimo wa boammaaruri ga se Tharonngwe. Ba ne ba ise ba ko ba tsamaye ba kgotsofadiwe ke tlhaloso ya gore “ke masaitseweng.” Ba ne ba ka atamela jang Modimo o o neng o ka se tlhaloganngwe? Ka ntlha ya thuto eo, ba ne ba atisa go tlhokomologa Rara (yo ba neng ba se ke ba utlwa leina la gagwe le buiwa kwa kerekeng) mme ba obamela Jesu jaaka Modimo kana ba isa kobamelo ya bone go Maria (yo ba neng ba rutiwa gore ke “Mmaagwe Modimo”). Mme dipelo tsa bone di ne tsa itumela fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a bula Bibela a ba bontsha leina la Modimo ka namana, Jehofa. (Pesalema 83:18) Mosadi mongwe wa kwa Venezuela o ne a itumela thata fa a ne a bontshiwa leina la Modimo mo e leng gore o ne a ba a tlamparela morweetsana wa Mosupi yo o neng a mmontshitse boammaaruri joo jo bo tlhwatlhwakgolo a bo a dumela gore a ithute Bibela le ene mo gae. Fa batho ba ba ntseng jalo ba utlwa gore Jesu o ne a re Rraagwe ke “Modimo oa me, le Modimo oa lona” le gore Jesu o ne a bitsa Rraagwe a re ke “Modimo o o osi, o o boamarure,” ba lemoga gore se Bibela e se rutang kaga Modimo se ka tlhaloganngwa. (Yohane 17:3; 20:17) Fa ba ntse ba ithuta dinonofo tsa ga Jehofa, ba ikutlwa ba le gaufi le ene, ba simolola go mo rapela, mme ba batla go mo itumedisa. Go felela ka eng?

8. (a) Dimilione tsa batho di ile tsa dira eng ka gonne di rata Jehofa e bile di eletsa go mo itumedisa? (b) Ke ka ntlha yang fa kolobetso ya Bakeresete e le botlhokwa thata?

8 Mo dingwageng tse some tse di fetileng, batho ba le 2 528 524 mo dikontinenteng di le thataro le mo ditlhaketlhakeng di le dintsintsi ba ile ba neela Jehofa matshelo a bone ba bo ba tshwantshetsa boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo metsing. A o ne o le mongwe wa bone, kana gone jaanong o ipaakanyetsa go kolobediwa? Kolobetso ke kgato ya botlhokwa mo botshelong jwa Mokeresete mongwe le mongwe wa boammaaruri. Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba dire batho ba merafe yotlhe barutwa ba bo ba ba kolobetse. (Mathaio 28:19, 20) Gape ke sengwe se se kgatlhang gore e ne ya re morago fela ga kolobetso ya ga Jesu ka boene Jehofa a bua ka esi a le kwa magodimong, a re: “U morwaake eo o ratègañ; ke itumetse thata mo go wèna.”—Luke 3:21, 22.

9. Gore re nne re amogelwa ke Jehofa, ke eng se rona re tlhokang go se dira?

9 Go nna le kamano e e molemo le Jehofa ke sengwe se se ka tseelwang kwa godimo. Fa e le gore o setse o tsene mo kamanong e e ntseng jalo ka go ineela le go kolobediwa, tila sengwe le sengwe fela se se ka koafatsang kamano eo. O se ka wa letla ditlhobaelo tsa botshelo le go amega thata ka dilo tse di bonalang gore di e kgarameletse kwa morago. (1 Timotheo 6:8-12) Dira gore o tshele tota go dumalana le kgakololo e e mo go Diane 3:6: “Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna [Jehofa], me o tla siamisa ditselana tsa gago.”

 Lorato lwa ga Keresete Lo go Ama Go Le Kana Kang?

10. Ke ka ntlha yang fa go obamela Jehofa go sa dire gore re tlhokomologe Jesu?

10 Gone ke boammaaruri, go anaanela Jehofa ka tshwanelo jaaka Modimo o o osi wa boammaaruri ga go dire gore motho a tlhokomologe Jesu Keresete. Phapaanong le seo, Tshenolō 19:10 e bolela jaana: “Chupō ea ga Yesu ke mōea oa thutō.” Go tswa mo go Genesise go ya kwa go Tshenolō, boperofeti jo bo tlhotlheleditsweng bo neela tshedimosetso malebana le seabe sa ga Jesu Keresete mo boikaelelong jwa ga Jehofa. Fa motho a ntse a tlwaelana le dintlha tseo, o simolola go lemoga sengwe se se kgatlhang se se sa sokamisiwang kana se sa tlhaloganngwe sentle ka ntlha ya dithuto tsa maaka tsa Labokeresete.

11. Go ithuta se tota se rutiwang ke Bibela kaga Morwa Modimo go ne ga ama jang mosadi mongwe kwa Poland?

11 Go lemoga boammaaruri kaga Morwa Modimo go ka ama motho ka tsela e e boteng. Go ne ga direga jalo ka Danuta, mosadi mongwe wa kwa Poland. O ne a ntse a dirisana le Basupi ba ga Jehofa ka lobaka lwa dingwaga di le robedi, a itumelela se ba neng ba se ruta, mme lefa go ntse jalo a sa dire gore kobamelo ya boammaaruri e nne mokgwa wa botshelo jwa gagwe. Go tswa foo o ne a amogela kopi ya buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, eo e tlhalosang botshelo jwa ga Keresete ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa.a E ne ya re ka maabanyane, a bula buka, a ikaeletse go bala kgaolo e le nngwe fela fela. Lefa go ntse jalo, o ne a beela buka eo kwa thoko fela fa a setse a feditse go e bala yotlhe, bosigo boo sa. O ne a simolola go lela. “Jehofa, intshwarele,” o ne a ikopela jalo. Se a neng a se badile se ne sa mmontsha ka phepafalo go feta lefa e le leng pele kafa Jehofa le Morwawe ba bontshitseng lorato ka gone. O ne a lemoga gore mo dingwageng tse robedi o ne a ntse a tlogela thuso e Modimo a neng a ntse a e mo neela ka bopelotelele. Ka 1993 o ne a kolobediwa go tshwantshetsa boineelo jwa gagwe mo go Jehofa jo bo theilweng mo tumelong e a nang le yone mo go Jesu Keresete.

12. Go nna le kitso ya boammaaruri kaga Jesu Keresete go ama matshelo a rona jang?

12 “Kitso e e tlhomameng kaga Morena wa rona Jesu Keresete” e amana le go nna Mokeresete yo o tlhagafetseng le yo o ungwang. (2 Petere 1:8, NW) O tla nna le seabe ka selekanyo se se kana kang mo tirong e e ntseng jalo, go neela ba bangwe molaetsa wa Bogosi? Selekanyo se batho ba kgonang go se dira se angwa ke mabaka a le mantsi. (Mathaio 13:18-23) Mabaka a mangwe re ka se ke re a fetole; a mangwe re ka a fetola. Ke eng se se tla re rotloetsang go lemoga maemo ao le go dira diphetogo tse re ka di dirang? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Loratō loa ga Keresete loa re patèlèla”; ka mafoko a mangwe, lorato lo a lo bontshitseng ka go re swela lo logolo mo e leng gore fa re ntse re lo anaanela ka mo go oketsegileng, dipelo tsa rona di tla tlhotlheletsega thata. Ka ntlha ya seno, re lemoga gore go tla bo go sa tshwanela tota ka rona gore re tswelele pele re latela mekgele ya bopelotshetlha mme thata re tshelela fela go ikgotsofatsa ka borona. Go na le go dira jalo, re fetola maemo a rona gore re tseele kwa godimo tiro e Keresete a rutileng barutwa ba gagwe gore ba e dire.—2 Bakorintha 5:14, 15.

Go Kgaogana le Lefatshe—Ka Selekanyo Se Se Kana Kang?

13. Ke ka ntlha yang fa re ka se ke re batle go nna karolo epe ya bodumedi jo bo itirileng karolo ya lefatshe?

13 Ga go thata go bona leina le Labokeresete le ditumelo tse dingwe di le itiretseng ka go batla go nna karolo ya lefatshe. Madi a kereke a ile a dirisediwa go duelela ditiro tsa botsuolodi. Baruti ba ile ba fetoga batlhabani ba ditsuolodi. Letsatsi le letsatsi, dipampiri tsa dikgang di neela dipego ka ga ditlhopha tsa bodumedi tse di lwang mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Diatla tsa bone di tshologa madi. (Isaia 1:15) Mme mo lefatsheng lotlhe baruti ba tswelela pele ka go leka go laola ditiragalo tsa bopolotiki. Baobamedi ba boammaaruri ga ba na seabe mo go seno.—Yakobe 4:1-4.

14. (a) Gore re nne re kgaogane le lefatshe re tshwanetse ra tila eng ka namana? (b) Ke eng se se ka re thusang go tila go raelwa ke maikutlo le mekgwa ya lefatshe?

14 Mme go ikgaoganya le lefatshe go akaretsa se se fetang seo. Lefatshe le tletse ka lorato lwa madi le se se ka rekwang ka madi, keletso ya motho go tlotlomala ka boene, le go latelela menate ruri, mmogo le dilo tse di tshwanang le go sa amege ka mmatota ka batho ba bangwe, go aka le matlhapa, go tsuologela babusi, le go sa dirise boikgapo. (2 Timotheo 3:2-5; 1 Yohane 2:15, 16) Ka ntlha ya go sa itekanela ga rona, ka dinako dingwe re ka bontsha mengwe ya mekgwa eo ka tsela nngwe. Ke eng se se ka re thusang fa re ntse re leka go tila dirai tse di ntseng jalo? Re tshwanetse ra ikgopotsa gore ke mang yo o di tlhotlheletsang. “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Lefa tsela nngwe e ka lebega e gogela jang, lefa e ka bo e dirisiwa ke batho ba le bantsi jang, fa re bona gore mmaba yo mogolo wa ga Jehofa, Satane Diabolo, ke ene a e tlhotlheletsang, re lemoga kafa e leng bosula tota ka teng.—Pesalema 97:10.

Lorato lwa Gago Lo Kana Kang?

15. Lorato lo lo senang bopelotshetlha lo o lo boneng lo go thusitse jang go tlhaola bodumedi jo bo siameng?

15 Fa o ne o simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa, kwantle ga pelaelo lorato lwa bone lo ne lwa go kgatlha ka gonne lo ne lo farologane le moya wa lefatshe. Tsela e go gatelelwang lorato lo lo senang bopelotshetlha ka yone e dira gore kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa e farologane le mefuta e mengwe yotlhe ya kobamelo. Seno e ka nna ya bo e le sone se go tlhomamiseditseng gore Basupi ba ga Jehofa ruri ba mo bodumeding jo bo siameng. Jesu Keresete ka boene o ne a re: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:35.

16. Go na le dibaka dife tse re ka di dirisang motho ka namana gore re pitlologe mo loratong lwa rona?

16 A nonofo eo le wena e go tlhaola jaaka mongwe wa barutwa ba ga Keresete? A go na le ditsela tse o ka pitlologang ka tsone mo loratong lo o lo bontshang? Kwantle ga pelaelo rotlhe re ka kgona. Lorato lo kaya se se fetang go nna botsalano le ba bangwe kwa Holong ya Bogosi. Mme fa re ne re ka rata ba ba re ratang fela, re ne re tla bo re farologane ka eng le lefatshe? “Bogolo go dilō cotlhe, a go ratana ga lona go tukè,” Bibela e kgothatsa jalo. (1 Petere 4:8) Re ka bontsha mang lorato lo logolwane? A ke mokaulengwe kana kgaitsadi wa Mokeresete yo o godisitsweng ka tsela e e sa tshwaneng le ya rona mme e bile tsela e a dirang dilo dingwe ka yone e re kgopisa? A ke mongwe yo o ntseng a sa kgone go tla dipokanong ka metlha ka ntlha ya bolwetsi kana botsofe? A ke molekane wa lenyalo? A kana gongwe ke batsadi ba rona ba ba tsofalang? Batho bangwe bao ba neng ba bontsha maungo a moya sentle, go akaretsa lorato, ba ne ba ikutlwa e kete ba ne ba a ithuta sesha fa ba ne ba kopana le maemo a a bokete a a nnang teng fa motho a tla go tlhokomela mongwe mo lelapeng mo e batlileng e le ka mo go feletseng ka go bo a golafetse thata. Gone ke boammaaruri, lefa re lebane le maemo ano, re tshwanetse ra supa lorato lwa rona le mo bathong ba e seng ba ntlo ya rona.

Go Neela Bosupi ka Bogosi—Go Botlhokwa Go Le Kana Kang mo go Wena?

17. Fa e le gore rona ka namana re solegetswe molemo ke maeto a Basupi ba ga Jehofa, jaanong re tshwanetse ra ikutlwa re tlhotlheletsega go dira eng?

17 Tsela ya botlhokwa e re bontshang ka yone gore re rata bangwe ka rona ke go ba neela bosupi kaga Bogosi jwa Modimo. Go na le setlhopha se le sengwe fela fela se se dirang tiro eno e Jesu a e boleletseng pele. (Mareko 13:10) Ke Basupi ba ga Jehofa. E ile ya re solegela molemo motho ka namana. Jaanong re na le tshiamelo ya go thusa ba bangwe. Fa e le gore re leba kgang eno ka tsela e Modimo o e lebang ka yone, tiro eno e tla nna ya botlhokwa mo matshelong a rona.

18. Go bala buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo go ka nna ga ama jang tsela e rona re nnang le seabe ka yone mo go neeleng bosupi ka Bogosi?

18 Buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo e neela pego e e kgatlhang ya kafa molaetsa wa Bogosi o ileng wa isiwa le kwa mafelong a a kgakala a lefatshe ka gone mo metlheng eno ya bofelo. Fa e le gore e teng ka puo ya gago, o se ka wa tlhoka go e bala. Mme fa o ntse o e bala, ela tlhoko thata ditsela tse ka tsone batho ba ileng ba nna le seabe mo go neeleng bosupi kaga Bogosi. A go na le bangwe ba o ka latelang sekao sa bone? Rotlhe re bulegetswe ke dibaka di le dintsi. E kete go rata Jehofa ga rona go ka re tlhotlheletsa gore re di dirise ka botlalo.

19. Re solegelwa molemo jang fa re amogela boikarabelo jo bo tsamayang mmogo le go itse bodumedi jo bo siameng?

19 Fa re dira thato ya ga Jehofa ka natla jalo, re tla bona karabo ya potso eno, Botshelo bo kaya eng? (Tshenolō 4:11) Ga re tlhole re apaapa, re ikutlwa re le lolea fela. Ga go na tiro epe ya botshelo jotlhe e o ka e dirang mme wa kgotsofala go feta jaaka fa o ne o ka dira ka pelo yotlhe mo tirelong ya ga Jehofa Modimo. Mme a bo e na le isagwe e e molemolemo jang ne! Botshelo jo bo sa khutleng jo bo kgotsofatsang mo lefatsheng la gagwe le lesha, koo re tla kgonang go dirisa bokgoni jwa rona ka botlalo go dumelana le boikaelelo jwa lorato jo Modimo a bo bopetseng batho.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore bodumedi bo amogele Bibela jaaka Lefoko la Modimo bo bo bo tlotle Jehofa jaaka Modimo wa boammaaruri?

◻ Bodumedi jwa boammaaruri bo ruta eng malebana le seabe sa ga Jesu jaaka Morekolodi?

◻ Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go ipoloka ba kgaogane le lefatshe mme ba na le lorato lo lo seng pelotshetlha?

◻ Go neela bosupi kaga Bogosi go na le seabe sefe mo bodumeding jo bo siameng?

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Kolobetso ke kgato ya botlhokwa gore o amogele maikarabelo a kobamelo ya boammaaruri. Kgwedi le kgwedi, batho ba ka nna 25 000 mo lefatsheng lotlhe ba tsaya kgato eo

Russia

Senegal

Papua New Guinea

U.S.A.

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Bibela ke karolo ya kobamelo ya boammaaruri

U.S.A.

U.S.A.

Brazil

Hong Kong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela