LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 6/1 ts. 24
  • Modimo Ga Se Motlhaodi wa Batho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo Ga Se Motlhaodi wa Batho
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Leta Bogosi jo ‘e Seng Karolo ya Lefatshe Leno’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Jehofa o Segofatsa go sa Itsape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ke ne Ka Itumelela go Direla Jehofa Le fa Ke Lebane le Diteko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Thusa ba Bangwe go Obamela Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 6/1 ts. 24

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Modimo Ga Se Motlhaodi wa Batho

DINGWAGA tse 1 900 tse di fetileng, moaposetoloi Petere o ne a neela molaodi wa masole Korenelio bosupi ka go re: “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” (Ditihō 10:34, 35) Korenelio o ne a bontsha fa a boifa Modimo e bile a rata tshiamo. O ne a amogela bosupi jo Petere a ileng a bo mo neela, a bo a nna Mokeresete.

Go ntse jalo le gompieno—Modimo ga se motlhaodi wa batho. Re lemoga seno ka boitemogelo jono go tswa kwa Jeremane. Pego e re:

“Mo lefelong leo phuthego ya rona e leng mo go lone, go na le dibarakisi tse dikgolo tsa masole a Russia. Ka 1989, Lebota la Berlin le sa tswa go wa, bagolwane ba ile ba botsa fa bangwe ba baboledi ba ne ba kgona go bua Se-Russia. Bangwe ba rona ba ne ba itse, mme re ne ra ya go dira mo lefelong leo, mo go ileng ga itumedisa thata. Boitemogelo jo bo latelang ke jo bongwe mo go a le mantsi.

“Ke ne ke tsamaya le mmoledi yo o sa kolobediwang (yo jaanong a kolobeditsweng) fa re ne re buisana le molaodi wa sesole. Molaodi yono wa sesole o ne a reetsa se re neng re se bua mme a re kopa gore re bue le masole a gagwe. O ne a re le bone ba ne ba tshwanetse go utlwa ka ga Modimo le Bibela, ka jalo re ne ra dira thulaganyo ya go boa.

“Re ne ra kopa kgaitsadi mongwe yo o neng a bua Se-Russia sentle go tsamaya le rona go re tolokela. Fa re tsena mo kamoreng eo ba kopanelang mo go yone mo dibarakising, re ne ra baakanya tafole eo mo go yone re ileng ra baya dibuka mme ra kgona go bua le go arabela dipotso tsa masole a a 68. Morago ga moo ba ne ba itumelela go amogela dibuka tse 35 le dimakasine tse di ka nnang 100. Re ne ra bona jaaka ditlhophanyana tsa masole di ntse di buisana ka dibuka tseo, fa re sena go tswa mo kamoreng eo ba kopanetseng mo go yone.

“Re ne ra rulaganya go boa ka July 4, 1992. Fa re goroga ka 10:50 a.m., molebedi wa kgoro ya dibarakisi o ne a re bolelela gore masole a ne a re lebeletse. Majoro wa masole o ne a tsena le rona mo kamoreng eo ba kopanelang mo go yone, mme re ne ra fitlhela mosadi mongwe, yo pelenyana a neng a tsere dibuka mo go rona go baya mo laeboraring, a tlhomile dipolakate mo dibarakising go itsise fa re ne re tla goroga. Bakaulengwe ba le bararo ba ne ba neela dipuo tse dikhutshwane ba tlhalosa ka ga tiro ya rona ya lefatshe ka bophara mme ba bontsha gore ke ka ntlha yang fa re ka ikanya Bibela. Mme jaanong bareetsi ba ne ba simolola go re botsa dipotso, tseo re ileng ra di araba ka Bibela. Gareng ga dipotso tseo ba neng ba re di botsa e ne e le gore, Boemo jwa Basupi ba ga Jehofa e ne e le bofe ka ga tirelo ya bosole, le gore a bangwe ba bone ke masole? Seno se ne sa naya mmoledi yo o sa kolobediwang yo o neng a tsamaya le nna pelenyana sebaka sa go tlhalosa tiro ya gagwe ya dingwaga tse 25 mo bosoleng jwa kwa Jeremane Botlhaba, a dira jaaka kapoteine wa masole a difofane mo dingwageng tsa bofelo. O ne a tlhalosa jaaka a ile a ithuta ka ga Modimo le Bibela le gore jaanong o ne a batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Masole a ne a kgatlhilwe thata ke seo ba neng ba se utlwile. Masole a ne a tsaya dibuka tseo re neng re tlile ka tsone tsotlhe mo metsotsong e ka nna supa fela, mme ba le bantsi ba bone ba ne ba batla Dibibela. Re ne ra kgona go reka Dibibela di le supa tsa Se-Russia kwa lebenkeleng la dibuka, tseo ba ileng ba di anaanela thata. E ne e le boitumelo jo bogolo go naya batho bano ba ba tshwerweng ke tlala ya semoya tshedimosetso eno ya Bibela, mme re solofela gore ba tla dira tumalanong le yone.”

Eleruri, Modimo ga se motlhaodi wa batho. O dira gore batho ba ba nang le dipelo tse di ikanyegang ba tle mo go ene ka Lefoko la gagwe go sa kgathalesege gore ke bomang kana ba nna kwa kae. O ba laletsa go ithuta ka ga gagwe le Morwawe, Jesu Keresete, mme ba le bantsi ba mefuta yotlhe ba dira jalo.—Yohane 17:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela