LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 7/1 ts. 29-31
  • “Ke Bolokile Tumelo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ke Bolokile Tumelo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mafoko a Gagwe ka Namana a Ama Dingaka
  • Mekgele ya Semoya
  • Isagwe E E Tlhomamisegileng
  • Basha Ba Ba Nang Le “Bogolo yo Bo Leñ Bogolo Thata yoa Nonohō”
    Tsogang!—1994
  • “Ga ke Ise ke Tsamaye ke Ratwe Jaana”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Fa Ngwana A na Le Kankere
    Tsogang!—2011
  • Kafa Tumelo ya Me e Nthusitseng Ka Teng go Lebana le Masetlapelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 7/1 ts. 29-31

“Ke Bolokile Tumelo”

JAAKA GO BOLETSE DITSALA TSA GA BRUNELLA INCONDITI

“KE NE ke tshwerwe ke bodutu e bile letsatsi le ne le tsamaya ka bonya ka Matlhatso. Ke ne ke le mongwe mo kamoreng, ke ikutlwa ke swabile tota. E ne e kete ke tsamaya mo phasiking. Dilo di ne di itsamaela sentle, mme ke sa lebelela, mongwe a itaaganya lebati fa pele ga me, mme go ne go sena se nka se dirang, lefa ke ne ke leka thata jang.”

Brunella Inconditi wa dingwaga tse 15 o ne a kgobegile marapo tota. Letsatsi le le botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe jaaka motho yo o sa leng mosha le ne le ntse le feta. Go rata ga gagwe Jehofa le Bibela go ne go ile ga mo tlhotlheletsa pelenyana mo ngwageng oo go neela botshelo jwa gagwe mo go ene. O ne a tla kolobediwa ka July 1990 kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Puo e e Itshekileng” ya Basupi ba ga Jehofa kwa Montreal kwa Canada. Go na le gore a dire jalo, Brunella o ne a tlile go lekwa tumelo botshelo jotlhe jwa gagwe.

Malatsi a le mabedi fela pele ga Brunella a ka tshwantshetsa boineelo jwa gagwe ka go kolobediwa mo metsing, o ne a utlwa fa a tshwerwe ke lukemia. Dingaka mo sepateleng sa bana mo lefelong leo di ne di batla go simolola go mo alafa ka yone nako eo, ka jalo Brunella o ne a sala mo sepateleng.

Mafoko a Gagwe ka Namana a Ama Dingaka

Brunella o ne a itse gore madi a boitshepo mo go Jehofa Modimo. (Lefitiko 17:11) Batsadi ba gagwe, Edmondo le Nicoletta, ba ne ba supile gore ba ne ba sa batle gore go dirisiwe madi ape mo go alafeng morwadiabone. “Brunella o ne a batla gore dingaka di ikutlwele seo le mo go ene, le eleng fa a ne a le yo mmotlana,” go gakologelwa jalo rraagwe. “O ne a ba bolelela ka tlhomamo gore o ne a sa batle kalafi epe e e neng e tla roba molao wa Bibela wa go ‘ithiba mo mading.’”—Ditihō 15:20.

Ka July 10, 1990, dingaka tse tharo le modirediloago ba ne ba kopana le batsadi ba ga Brunella le badihedi ba babedi ba phuthego ya moo ya Basupi ba ga Jehofa. Ditlhatlhobo di ne di bontsha fa Brunella a na le lukemia e e tseneletseng ya dithishu tsa limfe. Dingaka di ne tsa tlhalosa tsela eo ba neng ba tlile go lwantsha bolwetsi joo ka teng. Ba ne ba tlhalosa ka tsela e e bonolo fa bo ne bo le thata go alafiwa. “Boitshwaro le maikemisetso a ga Brunella go obamela Modimo di ne di amile dingaka le modirediloago. Ba ne ba kgatlhilwe thata ke lorato lwa batsadi ba gagwe le ka tsela eo ditsala mo phuthegong ya Bokeresete di neng di mo ema nokeng ka gone. Ba ne ba anaanela gape tsela eo re neng re tlhaloganya le go tlotla boemo jwa bone,” go gakologelwa jalo mongwe wa bagolwane ba phuthego.

Dingaka di ne di iketleeleditse go sa dirise madi ape. Brunella o ne a tla newa kalafi ya dikhemikhale e ntsi, mme e se ka selekanyo sa gale le gale. Seno se ne se tla fokotsa tshenyo eo kalafi eo e ne e tla nna le yone mo diseleng tsa gagwe tsa madi. “Dingaka di ile tsa akanyetsa dilo tseo Brunella a neng a di tlhoka mo mmeleng, mo maikutlong le mo moyeng,” go tlhalosa jalo Nicoletta. “Fa re ne re ba kopa go bona moitseanape yo o nang le maitemogelo mo go alafeng lukemia ya bana kwantle ga go dirisa madi, ba ne ba dumela.” Go ne ga nna le sebofo se se kitlaneng sa lorato fa gare ga Brunella le badiri ba sepatela.

Mekgele ya Semoya

Lefa kalafi ya pele e ne e nna le matswela mangwe a a molemo, pogisego ya ga Brunella e ne e santse e simologa fela. Ka November 1990 bolwetsi jwa gagwe bo ne jwa nna botoka, ka jalo o ne a kolobediwa kwantle ga go senya nako. Fa a gopola dikgwedi di sekae tse di fetileng, Brunella o ne a dumela jaana: “Go ne go se motlhofo le eseng. O tlhoka nonofo e ntsi, gape o tshwanetse go akanya sentle. . . . Tumelo ya me e ne e lekiwa, mme ke ne ka nna ke ntse ke tlhomame, ebile ke ntse ke ikaeletse go direla jaaka mmulatsela wa ka metlha [modihedi wa nako e e tletseng].”

Mo tshimologong ya 1991, Brunella o ne a boa gape a lwala. O ne a batlile a swa fa a santse a newa kalafi ya dikhemikhale, mme se se neng sa gakgamatsa le go itumedisa mongwe le mongwe, o ne a nna botoka gape. Ka August o ne a le botoka thata go ka dira kgwedi mo bodiheding jwa phatlalatsa jaaka mmulatsela yo o thusang. Bolwetsi jwa gagwe bo ne jwa nna maswe gape, mme ka November 1991 o ne a nna le kankere mo dikarolong dingwe tsa mmele wa gagwe. Setlhopha se sengwe sa dingaka kwa sepateleng se sengwe di ne tsa simolola go mo oka ka go dirisa kalafi ya marang.

Brunella o ne a nna a tsepame le go ipeela mekgele ya semoya, lefa a ne a le mo maemong a a botlhoko jaana. Fa a ne a utlwa la ntlha gore o na le lukemia, o ne a bolelelwa gore gongwe o ne a ka tshela fela dikgwedi di le thataro. Jaanong, mo e ka nnang ngwaga le sephatlo moragonyana, Brunella o ne a santse a rulaganyetsa isagwe. “Ga a ka a senya nako epe go fitlhelela mekgele ya gagwe,” go akgela jalo mogolwane mongwe wa phuthego. “Tumelo ya ga Brunella mo Paradaiseng e e solofeditsweng ke Modimo e ne ya mo tshegetsa mo nakong ya pogisego. O ne a gola mo go nneng Mokeresete lefa a ne a le mmotlana mo dingwageng. Boitsholo le boitshwaro jwa gagwe bo ne jwa tlhotlheletsa phuthego mme jwa ama dipelo tsa ba ba neng ba mo itse, le e leng le badiri ba sepatela.” Mmaagwe o gakologelwa jaana: “O ne a se ke a ngongorega. Fa mongwe a ne a mmotsa gore o ne a ikutlwa jang, o ne a tle a re, ‘Sentle’ kana, ‘Ga go maswe go le kalo, mme wena?’”

Isagwe E E Tlhomamisegileng

Brunella o ne a ikaeletse go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi,” ya Basupi ba ga Jehofa ka July 1992. Lefa go ntse jalo, ka nako ya kopano, Brunella o ne a le mo sepateleng, mme botshelo jwa gagwe bo ne bo mo tswa diatleng. Lefa go ntse jalo, o ne a ya kopanong a le mo setulong sa maotwana, a ikaeletse go bona terama ya Go Dira Se Se Siameng mo Matlhong a Ga Jehofa.

O ne a boela kwa gae go ya go nna malatsi a bofelo a botshelo jwa gagwe le balelapa la gagwe. “O ne a amegile thata ka batho ba bangwe go na le ka ga gagwe, go ya fela kwa bokhutlong,” go rialo Nicoletta. “O ne a tle a ba kgothatse gore ba ithute Bibela, a ba reye a re, ‘Re tla nna mmogo kwa Paradaiseng.’”

Brunella o ne a tlhokafala ka July 27, 1992, a tlhomame mo tsholofelong ya gagwe ya go tsosediwa go tshela mo Paradaiseng mo lefatsheng. O ne a sa tswa go simolola go latelela mekgele ya gagwe, mme o ne a ikaeletse go tswelela ka botshelo jwa boineelo morago ga tsogo ya gagwe. Malatsi a le mmalwa fela pele ga Brunella a ka tlhokafala o ne a kwala lekwalo le le latelang, le le neng la balwa kwa tirelong ya segopotso sa gagwe.

“Ditsala tse di rategang:

“Ke leboga go bo le tlile. Go nna ga lona fano go raya go le gontsi mo batsading ba me.

“Go batho ba ba neng ba le gaufi le nna—re nnile le matshwenyego a le mantsi. Re nnile le dinako tse dintsi tse di bosula, mme go ne go na le tse di itumedisang. E ne e le kgaratlho e e thata le e telele, mme fela ga ke ikutlwe ke fentswe. Jaaka Dikwalo di bua, ‘ke tlhabanye ntwa e e molemo, ke digetse sebaka sa tshianō, ke bolokile tumèlō.’—2 Timotheo 4:7.

“Ke ile ka ithuta go le gontsi, ka gola go le gontsi, mme ditsala tse di neng di na le nna di ile tsa bona phetogo eo mo go nna. Ke batla go leboga botlhe bao ba ileng ba nkema nokeng.

“Lona ba lo dumelang mo tsamaisong e ntšha le mo go Jehofa lo itse gore go tla nna le tsogo ya baswi, fela jaaka Yohane 5:28, 29 e bua. Ka jalo nnang lo nonofile mo boammaaruring, mme re tla kopana gape.

“Ke batla go leboga batho bao ba itseng gore ke fetile eng. Ke rata go tlamparela le go atla mongwe le mongwe wa lona. Ke lo rata lotlhe.”

Brunella ga a ka a letla gore bosha kana bolwetsi jwa gagwe di mo die go ineela mo Modimong. Sekao sa gagwe sa tumelo le tlhoafalo ya gagwe di kgothatsa basha gammogo le ba ba godileng go latlha sengwe le sengwe se se ka ba kgoreletsang go siana tshiano ya botshelo.—Bahebera 12:1.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela