Ke Eng fa Lefatshe Le Le mo Poifong?
KE MANG yo o batlang go tshelela mo poifong? Ka kakaretso motho o eletsa pabalesego, go sena sepe se se tshosetsang botshelo jwa gagwe kana dithoto tsa gagwe. Ke gone ka moo batho ba le bantsi ba fudugang go tswa mo mafelong a a tletseng bokebekwa. Lefa go ntse jalo, dilo tse di boifisang di gongwe le gongwe.
Dikotsi tse di ka bakwang ke dibetsa tsa nuklea le madirelo a a ntshang maatla a nuklea di dira gore go nne le poifo ya gore batho botlhe ba ka nyelediwa. Bothubaki jo bo ntseng bo golela pele bo baka poifo. Batho ba le bantsi ba boifa gore AIDS e tla nna leroborobo le le bolayang thata go gaisa a mangwe otlhe mo lekgolong leno la dingwaga. Go senngwa ga tikologo ya rona ke sengwe sa dilo tse dingwe tse di bakang poifo. A go na le sengwe se se kgethegileng se se kaiwang ke dipoifo tseno? Mme le gone a re ka solofela gore re tla tsamaya re nna mo lefatsheng le le senang poifo e e ntseng jalo?
Poifo ya Lefatshe Lotlhe E Kaya Sengwe
Poifo ya gompieno e e anameng e kaya sengwe ka ntlha ya se se neng sa bolelelwa pele mo Bibeleng. Fa Jesu Keresete a ne a perofesa ka ga metlha ya bofelo, o ne a umaka maemo a a neng a tla boifisa. O ne a re: “Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: me go tla nna meshwèle, le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe.” Jesu gape o ne a bolela gore “boikèpō bo tla bo bo ntsihetse.” Fa e sale ka 1914, dintwa tse di boitshegang go feta tsotlhe tse di kileng tsa nna, ditlala, dithoromo tsa lefatshe, le go sa utlwe molao di ile tsa felela ka gore batho ba boife thata mme go swe ba le bantsi.—Mathaio 24:7-14.
Tota le tsela e batho ba itshwarang ka yone e baka poifo gompieno. Mo go 2 Timotheo 3:1-4, re bala mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a boperofeti: “Mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, ba sena loratō loa tlholègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, e le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.” E re ka re faraferwe ke batho ba ba ntseng jalo mo metlheng eno ya bofelo, ga go gakgamatse go bo go na le poifo e e kanakana!
Se Lefatshe Leno Le Ka Se Solofelang
Jesu o ne a tshwantsha motlha ono le metlha ya bofelo ya lefatshe la motlha wa ga Noa. Kwantle ga pelaelo, ka nako eo, go ne go boifiwa thata, ka gonne rekoto ya hisitori ya Bibela ya re: “Lehatshe le ne le bodile ha pele ga Modimo, me lehatshe le ne le tletse thubakanyō.” Ka jalo, “Modimo oa raea Noa, oa re, Bokhutlō yoa nama eotlhe bo hitlhile ha pele ga me; ka lehatshe le tletse thubakanyō.” (Genesise 6:11, 13) Lefatshe leo le le boikepo le ne le tletse thubakanyo mo eleng gore Modimo o ne wa le fedisa ka Morwalela wa lefatshe lotlhe. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya lorato, Jehofa Modimo o ne a boloka Noa yo o siameng le lelapa la gagwe.—2 Petere 2:5.
Ka gone lefatshe la gompieno le le tletseng thubakanyo le ka lebelela eng? Ebu, Modimo o tlhoile batho ba ba setlhogo ba ba sa amegeng ka gore ba bangwe ba tshele sentle. Seno se bonala sentle mo mafokong a mopesalema a a reng: “Yehofa o leka basiami: me moikepi le eo o ratañ go thubaka, mōea oa gagwè oa ba ila.” (Pesalema 11:5) Jehofa o ne a fedisa lefatshe le le neng le tletse thubakanyo la motlha wa ga Noa. Ka jalo, a re ka se lebelele gore Modimo a fedise lefatshe leno le le tletseng thubakanyo e e boifisang?
Moaposetoloi Petere o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo gore a kwale kaga go nna gone ga ga Keresete le go perofesa gore lefatshe la gompieno le le boikepo le tlelwa ke masetlapelo. O ne a kwala jaana: “Mo metlheñ ea bohèlō bashotli ba tla tla ka chotlō, ba tsamaea kaha dithatoñ tsa bōnè, ba re, Polèlō ea choloheco ea go tla ga gagwè e kae? gonne e sa le ka borara ba rōbala, dilō cotlhe di sa nntse di nntse yaka di nntse di nntse le mo tshimologoñ ea popō.” Go tswa foo Petere o ne a dirisa lefoko “magodimo” a bua ka tsamaiso e e sa itekanelang e e laolang batho mo lefatsheng a bo a dirisa lefoko “lehatshe” a bua ka setšhaba sa batho ba ba sa siamang. “Gonne,” o ne a rialo, “mo ba go lebala ka boomo, go re, galè bogologolo go no go le magodimo, le lehatshe le golokilwe le kwetogile mo metsiñ, le bile le eme mo gare ga metse, e le ka lencwe ya Modimo; me ea nna aōna a lehatshe ya yale [ka motlha wa ga Noa] le senyegileñ ka aōna, ka le penologèlwa ke metse: Me magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe, e nntse e le ka yeōna lencwe yeuō, ka a letisiwa letsatsi ya tshekishō le ya tshenyègō ea baikepi.”—2 Petere 3:3-7.
A bua ntlha e e tshwanang, Paulo o ne a bontsha gore Keresete le baengele ba gagwe ba ba nonofileng ba ne ba tla “itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu: E le ba ba tla utlwañ thupa, eboñ tshenyègō e e sa khutleñ.” (2 Bathesalonia 1:6-9) Buka ya bofelo ya Bibela e bua kaga go kgobokanngwa ga merafe go ya “kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” e bile e re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla “senya ba ba senyañ lehatshe.”—Tshenolō 11:18; 16:14-16.
Nako ya Go Itumela, E Seng Go Boifa
Batho ba ba siameng ba na le mabaka a gore ba itumele, go na le gore ba tshosiwe ke se Bibela e se bolelelang pele ka lefatshe leno. Jehofa o tla tloga a fedisa lefatshe leno le le bosula, mme lefa go ntse jalo o tla dira seno go solegela batho ba ba ratang tshiamo molemo. Go tla latela eng fa Modimo o sena go fedisa tsamaiso ya gompieno ya dilo? Ebu, tsamaiso e ntšha kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, jo Jesu a rutileng balatedi ba gagwe gore ba bo rapelele! O ne a re: “Ke gōna lo rapèlè, lo re yana: lo re, Rra echo eo o kwa legodimoñ, leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9, 10) Go ka solofelwa diphetogo dife fa thato ya Modimo e dirwa mo lefatsheng?
Ntwa e tla bo e fedile le dipoifiso tsa yone. Pesalema 46:9 e re: “O [Jehofa Modimo] khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe; o rōba bora, o putlaganya lerumō ka bogare; o hisa dikara tsa tlhabanō mo moleloñ.” Mme fa e le ka batho “moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa.”—Mika 4:4.
Malwetsi a a bolayang ga a kitla a tlhola a boifisa le go bolaya batho. Tsholofetso ya Modimo ke gore: “Monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.” (Isaia 33:24) A selo se se itumedisang ruri!
Go boifa bokebekwa le thubakanyo le gone go tla bo go sa tlhole go le teng. Pesalema 37:10, 11 e solofetsa jaana: “E tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna: E, u tla sekaseka helō ga gagwè ka tlhōahalō, me èna o tla ba a seeō. Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”
Go boifa go go leng teng gompieno go tla emisediwa jang ke kagiso ya boammaaruri le polokesego? Ka puso e le nngwe fela ya tshiamo—Bogosi jwa Modimo. Daniele 2:44 e bolela jaana kaga motlha wa rona: “E tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi aouō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.” Kgosi e e tlhomilweng ke Jehofa, Jesu Keresete, ‘o na le go busa fela go fitlha Modimo o baya baba ba gagwe botlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe.’ (1 Bakorintha 15:25) Puso ya ga Jesu ya Dingwaga tse di Sekete e tla diragatsa boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong jwa go dira gore lefatshe la paradaise le agiwe ka bosakhutleng ke batho ba ba itumetseng.—Luke 23:43; Tshenolō 20:6; 21:1-5.
Mo lefatsheng leo la Paradaise, go tla bo go na le poifo e le nngwe fela e e siameng. E tla bo e le “go boiha Yehofa.” (Diane 1:7) E bile tota, re tshwanetse ra nna le poifo eno le gone jaanong jaana, ka gonne ke tlotlo e e boteng le tshisimogo mmogo le go boifa go itumolola Modimo ka gonne re anaanela bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato le bomolemo jwa gagwe. Poifo eno e tlhoka gore motho a ikanye Jehofa ka mo go feletseng a bo a mo utlwe ka boikanyegi.—Pesalema 2:11; 115:11.
Ditiragalo tse di boifisang di bontsha gore eno ke metlha ya bofelo. Lefa go ntse jalo, fa re bontsha gore re rata Modimo, re ka itumela go na le gore re boife. Boperofeti jwa Bibela bo bontsha gore go setse go le gaufi gore Modimo o fedise lefatshe leno. Le tla emisediwa ka lefatshe le Jehofa Modimo a le solofeditseng la tshiamo. (2 Petere 3:13) Eleruri, go tloga go nna le lefatshe le le senang poifo e e sa siamang kafa tlase ga puso ya Bogosi.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
MAATLA A KOPI E LE NNGWE FELA
TOMASZ ke lekawana lengwe la kwa Poland, le le neng la tsena mo mathateng a semolao a a neng a dira gore le tshabele kwa nageng e sele. Ka dikgwedi di le thataro o ne a tshela ka go kopa boradikoloi gore ba mo pege go ralala Yuropa, a robala mo tenteng le go bereka mo mafelong a a farologaneng. Fa go ntse go le jalo, o ne a nna a akantse ka potso eno ka metlha: Lebaka la go bo botshelo bo le gone ke lefe?
Potso ya ga Tomasz e ne ya arabiwa fa a ne a neelwa kopi ya Tora ya Tebelo ka puo ya Sepholishe. O ne a e bala ka makgetlho a le mantsi mme a lemoga gore makasine ono o ne o tshotse boammaaruri jo a neng a ntse a bo batla. Tomasz o ne a kopa boradikoloi gore ba mo pege sekgala sa dikilomitara di le 200 go ya kwa ofising ya lekala la Watch Tower kwa Selters/Taunus, kwa Jeremane. Fa a goroga ka Mantaga maitseboa, o ne a ntsha makasine wa gagwe wa Tora ya Tebelo mme o ne a bolela jaana: “Ke ka rata gore mongwe a ntlhalosetse thata ka se se leng mo makasineng ono. Ke eng se ke tshwanetseng go se dira?”
Mo maitseboeng ao, Basupi ba ga Jehofa ba le babedi ba ne ba buisana le Tomasz kaga boikaelelo jwa botshelo, ba theile puisano ya bone mo Bibeleng. Tomasz o ne a nna a etela ofisi ya lekala letsatsi le letsatsi mo bekeng eo a tlhagafaletse go ithuta mo gontsi, a ithuta Bibela mmogo le buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise.
Tomasz o ne a swetsa ka gore a boele kwa Poland, le mororo a ne a ya go thulana le mathata koo. Ka gone, ka Labotlhano, malatsi a le mane fela morago ga gore a goroge kwa ofising ya lekala ya kwa Selters, Tomasz o ne a boela kwa nagagaeng ya gagwe. O ne a simolola go ithuta le Basupi ba ga Jehofa ka bonako fela kwa Poland. Tomasz o ne a bontsha kgatelopele ka bonako mme a simolola go buisana le ba bangwe ka tlhoafalo ka se a neng a se ithuta. Ka October 1993, dikgwedi di le nne fela morago ga gore a etele kwa Selters e le la ntlha, o ne a kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Kopi e le nngwe fela ya Tora ya Tebelo e ne ya thusa lekawana leno go tlhotlhomisa lebaka la go bo botshelo bo le gone!
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Fa go busa Bogosi jwa ga Jesu Keresete, lefatshe ga le kitla le tlhola le nna mo poifong gape