Tlhagolelang Go Nna Tekatekano
“A go nna tekatekano ga lona go itsiwe ke batho botlhe. Morena o gaufi.”—BAFILIPI 4:5 NW.
1. Ke eng fa go gwetlha thata jaana go nna tekatekano mo lefatsheng gompieno?
MOKWADI wa dikgang wa Moesemane, Sir Alan Patrick Herbert o ne a bitsa “motho yo o tekatekano” a re ke motho wa ditlhamane fela. Gone mme, ka dinako tse dingwe go ka lebega e kete ga go tlhole go na le batho ba ba tekatekano mo lefatsheng leno le le tletseng dintwa. Bibela e ne ya bolelela pele gore mo “metlheñ ea bohèlō” e e botlhoko eno, batho ba ne ba tla nna “bogale,” “e le ba ba tlhōgōethata,” “e le ba ba sa ichwareleñ”—ka mafoko a mangwe, ba se tekatekano le eseng. (2 Timotheo 3:1-5) Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba tseela go nna tekatekano kwa godimo, ba itse gore ke letshwao la gore o na le botlhale jwa bomodimo. (Yakobe 3:17) Ga re akanye gore motho a ka se ka a kgona go nna tekatekano mo lefatsheng le le senang tekatekano leno. Go na le moo, re iketleeditse go dira fela go ya ka kgwetlho eno e e mo kgakololong e e tlhotlheleditsweng ya ga moaposetoloi Paulo e e bonwang mo go Bafilipi 4:5 (NW): “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe ke batho botlhe.”
2. Mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go Bafilipi 4:5 a re thusa jang go sekaseka gore a re tekatekano?
2 Ela tlhoko kafa mafoko a ga Paulo a re thusang ka teng go itlhatlhoba gore a re tekatekano. Se segolo ga se gore rona re iteba jang; se segolo ke gore ba bangwe ba re bona jang, re itsiwe re ntse jang. Thanolo ya Phillips e ranola temana eno jaana: “Lo itsege ka go nna tekatekano.” Mongwe le mongwe wa rona a ka botsa jaana, ‘Ke itsiwe jang? A ke itsiwe ke le tekatekano, ke ineela, e bile ke le bonolo? Kana ke itsege ke sa fetoge, ke le bogale, kana ke le tlhogoethata?’
3. (a) Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “tekatekano” le kaya eng, mme ke eng fa nonofo eno e kgatlha thata jaana? (b) Mokeresete a ka ithuta go nna tekatekano jang?
3 Tsela e re itsegeng re ntse ka yone mo ntlheng eno e tla supa selekanyo se re etsang Jesu Keresete ka sone. (1 Bakorintha 11:1) Fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu o ne a supa ka botlalo sekao se se kwa godimo sa ga Rraagwe sa go nna tekatekano. (Yohane 14:9) E bile tota, Paulo fa a ne a kwala ka “bopelonōlō le bopelonomi yoa ga Keresete,” o ne a dirisa lefoko la Segerika (e·pi·ei·kiʹas) le le kayang bopelonomi mme lone gape le kaya “tekatekano” kana, fa le tsewa jaaka le ntse, le kaya “boikobo.” (2 Bakorintha 10:1) The Expositor’s Bible Commentary e le bitsa “lengwe la mafoko a magolo a a tlhalosang kafa motho a ntseng ka teng mo T[esetamenteng] E N[tšha].” Le tlhalosa nonofo e e kgatlhang tota mo e leng gore mokanoki mongwe o e bitsa “tekatekano e e omosang maikutlo.” Ka gone, mma re tlhalose ditsela tse tharo tse Jesu, jaaka Rraagwe, Jehofa, a neng a supa tekatekano ka tsone. Ka go dira jalo le rona re ka ithuta go nna tekatekano.—1 Petere 2:21.
O “Iketleeditse go Ichwarèla”
4. Jesu o ne a itshupa jang gore o “iketleeditse go ichwarèla”?
4 Fela jaaka Rraagwe, Jesu o ne a supa tekatekano ka go ‘iketleetsa go itshwarela’ gangwe le gape. (Pesalema 86:5) Akanya ka nako ya fa Petere, tsala ya gagwe e kgolo, a ne a itatola Jesu gararo mo bosigong jo Jesu a neng a tshwarwa le go sekisiwa ka jone. Jesu ka boene o ne a buile jaana pele ga foo: “Leha e le mañ eo o tla intatolañ ha pele ga batho, le nna ke tla itatola èna ha pele ga Rrè.” (Mathaio 10:33) A Jesu o ne a dirisa molao ono mo go Petere a gagametse e bile a sena pelotlhomogi? Nnyaa; Jesu o ne a etela Petere fa A sena go tsosiwa mo baswing, ga go belaetse gore o ne a ya go gomotsa le go kgothatsa moaposetoloi yono yo o ikwatlhaileng le yo a neng a utlwile botlhoko. (Luke 24:34; 1 Bakorintha 15:5) Ka bonakonyana fela morago ga foo, Jesu o ne a letla Petere gore a nne le maikarabelo a magolo. (Ditihō 2:1-41) Seno e ne e le tekatekano e e omosang pelo eleruri! A ruri ga go gomotse go akanya gore Jehofa o tlhomile Jesu jaaka Moatlhodi wa batho botlhe?—Isaia 11:1-4; Yohane 5:22.
5. (a) Bagolwane ba tshwanetse go itsege jaaka batho ba ba ntseng jang mo dinkung? (b) Ke tshedimosetso efe e bagolwane ba ka e boeletsang pele ba rarabolola dikgetsi tsa katlholelo, le gone ka ntlha yang?
5 Fa bagolwane ba dira jaaka baatlhodi mo phuthegong, ba leka go latela sekao sa go nna tekatekano sa ga Jesu. Ga ba batle gore dinku di ba boife jaaka baotlhai. Go na le moo ba batla go etsa Jesu gore dinku di ikutlwe di bolokesegile fa di na le bone jaaka badisa ba ba lorato. Mo dikgetsing tsa katlholelo, ba leka ka natla go nna tekatekano, le go iketleetsa go itshwarela. Pele ba rarabolola kgang e e ntseng jalo, bagolwane bangwe ba ile ba fitlhela go le mosola go boeletsa ditlhogo tseno tsa Tora ya Tebelo ya July 1, 1992, “Jehofa, ‘Moatlhodi oa Lehatshe Yeotlhe’ Yo O Sa Tlhaoleng Batho” le “Bagolwane, Atlholang ka Tshiamo.” Ka go dira jalo ba nna ba gakologelwa mafoko ano a a sobokanyang kafa Jehofa a atlholang ka teng: “O gagamatsa seatla fa go tlhokega, o utlwela botlhoko fa go kgonega.” Tota ga go phoso go supa kutlwelobotlhoko fa go atlholwa fa go na le mabaka a a utlwalang a go dira jalo. (Mathaio 12:7) Ke phoso e kgolo go nna bogale kana go tlhoka kutlwelobotlhoko. (Esekiele 34:4) Ka jalo, bagolwane ba tila go dira phoso ka go senka tsela e e lorato go gaisa, ya go supa kutlwelobotlhoko fa ba atlhola.—Bapisa Mathaio 23:23; Yakobe 2:13.
Go Fetofetoga mo Maemong A A Fetogang
6. Jesu o ne a supa tekatekano jang fa a ne a dirisana le mosadi wa Moditšhaba yo morwadie a neng a tsenwe ke badimona?
6 Fela jaaka Jehofa, Jesu o ne a supa gore o kgona go fetola ditsela tsa gagwe ka bonako kana go inyalanya le maemo a masha fa a tlhaga. Ka nako nngwe mosadi mongwe wa Moditšhaba o ne a mo kopa gore a fodise morwadie yo a neng a tsenwe ke badimona. Kwa tshimologong, Jesu o ne a supa ka ditsela tse tharo tse di farologaneng gore o ne a sa tle go mo thusa—la ntlha, o ne a tila go mo araba; la bobedi, o ne a bua ka tlhamalalo gore o ne a sa romiwa kwa Baditšhabeng, mme o ne a romilwe mo Bajudeng; la boraro, ka go dira setshwantsho se se neng se tlhalosa seo ka bonolo. Lefa go ntse jalo, mosadi yono o ne a mo emelela, a mo naya bosupi jwa gore o na le tumelo tota. Fa a akanyetsa maemo ano a a sa tshwaneng le ape, Jesu o ne a kgona go bona gore eno e ne e se nako ya go dirisa molao oo o o akaretsang; e ne e le nako ya go fetoga mme a dirise melaometheo e e kwa godingwana.a Ka gone, Jesu o ne a dira sone se a neng a supile ka makgetlho a mararo gore o ne a se kitla a se dira. O ne a fodisa morwadia mosadi yoo!—Mathaio 15:21-28.
7. Batsadi ba ka supa tekatekano ka ditsela dife, mme ka ntlha yang?
7 A le rona re itsiwe re iketleeditse go fetoga fa go tshwanela? Batsadi ba tshwanela go supa tekatekano e e ntseng jalo nako le nako. E re ka bana ba sa tshwane gotlhelele, mekgwa e e dirang mo go yo mongwe e ka nna ya se dire mo go yo mongwe. Mo godimo ga moo, fa bana ba ntse ba gola, dilo tse ba di tlhokang di a fetoga. A nako e ba e beetsweng ya go tla mo gae e tshwanetse go fetolwa? A thuto ya lelapa e ne e tla nna mosola thata fa e ne e ka tshwarwa ka tsela e e matlhagatlhaga? Fa motsadi a ka feteletsa dilo fa a utlwa ka phoso e nnye, a o iketleeditse go ikokobetsa le go tlhamalatsa dilo? Batsadi ba ba ikobang ka ditsela tseo ba tila go galefisa bana ba bone go sa tlhokege le go ba katosa mo go Jehofa.—Baefesia 6:4.
8. Bagolwane ba phuthego ba ka etelela pele jang mo go fetofetogeng fa go tla mo dilong tse di tlhokegang mo tshimong?
8 Bagolwane le bone ba tlhoka go fetoga fa maemo a masha a tlhaga, mme le ka motlha ba sa ineele fa go tla mo melaong e e tlhamaletseng ya Modimo. Fa o okametse tiro ya go rera, a o etse tlhoko diphetogo tse di diragalang mo tshimong? Jaaka fa mekgwa e go tshelwang ka yone mo tikologong ya lona e fetoga, gongwe bosupi jwa maitseboa, jwa mmila, kana ka mogala bo tshwanetse go simololwa. Go fetofetoga re dira dilo ka ditsela tse di ntseng jalo go re thusa go dira tiro ya rona ya go rera ka tsela e e nnang le maungo tota. (Mathaio 28:19, 20; 1 Bakorintha 9:26) Gape Paulo o ne a tlhomamisa gore o fetofetoga le mefuta yotlhe ya batho mo bodiheding jwa gagwe. A re dira jalo, ka sekai, a re ithuta go le gontsi ka ditumelo tsa lefelo la rona le dingwao gore re kgone go thusa batho?—1 Bakorintha 9:19-23.
9. Ke eng fa mogolwane a sa tshwanela go ganelela go rarabolola mathata ka tsela e a kileng a bo a dira ka yone bogologolo?
9 Fa metlha eno ya bofelo e ntse e nnela botlhoko kwa pele, badisa le bone ba ka tlhoka go fetofetoga le mathata a a raraaneng ka tsela e e gakgamatsang le a a sa itumediseng a letsomane le lebaneng le one jaanong. (2 Timotheo 3:1) Bagolwane, eno ga se nako ya go gagamatsa dilo! Gone ruri, mogolwane ga a kake a lwela go rarabolola mathata jaaka a ne a dira pele fa mekgwa eo e sa tlhole e le mosola kana fa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” a bone go tshwanela gore a gatise tshedimosetso e ntšha ka dikgang tse di ntseng jalo. (Mathaio 24:45; bapisa Moreri 7:10; 1 Bakorintha 7:31.) Mogolwane mongwe yo o ikanyegang o ne a leka go thusa kgaitsadi mongwe yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong yoo a neng a tlhoka motho yo a ka mo reetsang. Lefa go ntse jalo, o ne a se ka a tsaya tsia go tshwenyega mo maikutlong ga gagwe mme a mo naya kgakololo e e neng e sa rarabolole bothata. Morago Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa gatisa tshedimosetso e e thailweng mo Bibeleng e e neng e bua ka jone bothata jwa gagwe tota. Mogolwane o ne a ya go bua le ene gape, jaanong a dirisa tshedimosetso e ntšha eno le go supa fa a mo utlwela botlhoko ka bothata jwa gagwe. (Bapisa 1 Bathesalonia 5:14, 15.) A sekao se se molemo sa go supa tekatekano!
10. (a) Bagolwane ba tshwanetse go supa jang gore ba ineela mongwe mo go yo mongwe le mo setlhopheng sotlhe sa bagolwane? (b) Setlhopha sa bagolwane se tshwanetse go leba ba ba itshupang ba se tekatekano jang?
10 Bagolwane gape ba tshwanetse ba ineela yo mongwe mo go yo mongwe. Fa setlhopha sa bagolwane se kopana, a bo go le botlhokwa jang ne gore go se ka ga nna le mogolwane yo o laolang gore dilo di dirwe jang! (Luke 9:48) Yo o okametseng puisano o tlhoka go itshwara tota mo ntlheng eno. Mme fa mogolwane a le mongwe kana ba babedi ba sa dumelane le tshwetso ya setlhopha sotlhe sa bagolwane, ga ba ne ba gatelela gore go tsewe tsela ya bone. Go na le moo, fela fa go sena molaomotheo ope wa Dikwalo o o tlolwang ba tla ineela, ba gakologelwa gore bagolwane botlhe ba tshwanetse go nna tekatekano. (1 Timotheo 3:2, 3) Kafa letlhakoreng le lengwe, setlhopha sa bagolwane se tshwanetse go gakologelwa gore Paulo o ne a kgalema phuthego ya kwa Korintha gonne e ne e ‘iphapaanya batho ba ba seng tekatekano’ (NW) ba ba ipolelang e le “baaposetoloi ba bagolo.” (2 Bakorintha 11:5, 19, 20) Ka jalo, ba tshwanetse gore ba bo ba iketleeditse go kgalemela mogolwane yo mongwe yo o tlhogoethata, yo o seng tekatekano, mme le bone ka bobone ba tshwanetse go nna bonolo le pelonomi fa ba dira jalo.—Bagalatia 6:1.
Go Nna Tekatekano mo go Diriseng Thata
11. Tsela e baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba neng ba dirisa thata ka yone mo metlheng ya ga Jesu e ne e farologana jang le kafa Jesu a neng a e dirisa ka teng?
11 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, go nna tekatekano ga gagwe ruri go ne go itshupa ka tsela e a neng a dirisa thata e a e filweng ke Modimo ka yone. A bo a ne a farologane jang ne le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe! Akanyetsa sekai seno. Molao wa Modimo o ne o laotse gore go se ka ga dirwa tiro epe, lefa e le go phutha dikgong, ka Sabata. (Ekesodo 20:10; Dipalō 15:32-36) Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba batla go laela batho gore ba dirise molao oo ka tsela efe. Ka jalo bone ka bobone ba ne ba laola gore motho a ka tsholetsa eng ka Sabata. Ba ne ba laetse jaana: go se ka ga tsholediwa sepe se se bokete go feta difeige tse pedi tse di omisitsweng. Ba ne ba thibela le gore go se ka ga rwalwa ditlhako tse di neng di na le dipekere, ba bolela gore go emisa bokete jwa dipekere tseo go ne go tshwana le go dira! Go bolelwa gore, borabi ba ne ba okeditse molao wa Modimo wa Sabata ka melawana e fa e balwa yotlhe e neng e le 39 e bile ba okeditse melawana eo fela thata. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jesu, o ne sa batle go laola batho ka go ba sotla ka go ba beela melawana e mentsi e e ba thibelang kana go tlhoma melao e e sa fetogeng, e ba ka se kang ba e kgona.—Mathaio 23:2-4; Yohane 7:47-49.
12. Ke eng fa re ka bolela gore Jesu o ne a tlhomame fa go tla mo melaong e e siameng ya ga Jehofa?
12 A re tshwanetse go tsaya gore Jesu o ne a sa boloke melao ya Modimo ya tshiamo a nonofile? O ne a dira jalo! O ne a tlhaloganya gore melao e dira thata fa batho ba ela tlhoko thata melaometheo e e gatelelwang ke melao eo. Fa Bafarasai bone ba ne ba amegile thata ka go batla go laola batho ka melao e mentsintsi, Jesu ene o ne a batla go ama dipelo tsa bone. Ka sekai, o ne a itse gore ga go kake ga fetoga sepe fa go tla mo melaong ya bomodimo e e jaaka “tshabañ boaka.” (1 Bakorintha 6:18) Ka jalo, Jesu o ne a tlhagisa batho ka dikgopolo tse di ka gogelang mo boitsholong jo bo maswe. (Mathaio 5:28) Go ruta ka tsela eo go ne go batla botlhale le temogo go na le go tlhoma melawana e e gagametseng.
13. (a) Ke eng fa bagolwane ba tshwanetse go tila go tlhama melao le melawana e e sa fetogeng? (b) Ke mo mabakeng afe go leng botlhokwa go tlotla segakolodi sa motho yo mongwe?
13 Bakaulengwe ba ba nang le boikarabelo gompieno le bone ba kgatlhegela thata go ama dipelo tsa batho. Ka jalo, ba tila go tlhoma melao e ba e ikakanyeditseng, e e sa fetogeng kana go fetola tsela e ba bonang dilo ka yone le dikgopolo tsa bone go nna melao. (Bapisa Daniele 6:7-16.) Ka dinako tse dingwe go ka tshwanela ga bo ga tlhokega gore go neelwe kgakololo e e thusang mo dikgannyeng tse di tshwanang le diaparo le go ikgabisa mme mogolwane a ka senyega leina gore ga a tekatekano fa a nnela go touta dikgang tseo kana a leka go gatelela se se ratiwang ke ene. Totatota, botlhe mo phuthegong ba tshwanetse go tila go leka go laola ba bangwe.—Bapisa 2 Bakorintha 1:24; Bafilipi 2:12.
14. Jesu o ne a supa jang gore o tekatekano mo go se a neng a lebelela ba bangwe go se dira?
14 Bagolwane ba ka nna ba rata go itshekatsheka mo ntlheng e nngwe gape: ‘A ke supa tekatekano mo dilong tse ke lebeletseng ba bangwe go di dira?’ Jesu o ne a ntse fela jalo. O ne a tlhola a bontsha balatedi ba gagwe gore o ne a lebeletse fela gore ba dire maiteko ka moya otlhe le gore o ne a tseela seo kwa godimo. O ne a akgola motlholagadi wa mohumanegi go bo a ntshitse madinyana a boleng jo bo kwa tlase. (Mareko 12:42, 43) O ne a kgalema barutwa ba gagwe fa ba ne ba kgala Maria ka moneelo wa gagwe wa selo se se jang madi a mantsi a re: “Mo leseñ; . . . O dihile kaha o nonohileñ ka gōna.” (Mareko 14:6, 8) O ne a supa tekatekano le ka nako ya fa balatedi ba gagwe ba ne ba mo swabisa. Ka sekai, le mororo a ne a kopile baaposetoloi ba bararo ba a neng a atamalane thata nabo gore ba nne ba thantse le go leta le ene mo bosigong jo a neng a tlile go tshwarwa ka jone, ba ne ba mo swabisa ka go nnela go robala. Lefa go ntse jalo, o ne a akgela jaana ka kutlwelobotlhoko: “Mōea ōna o tlhaga, me nama e bokoa.”—Mareko 14:34-38.
15, 16. (a) Ke eng fa bagolwane ba tshwanetse go ela tlhoko gore ga ba gatelele letsomane le go le galefela? (b) Kgaitsadi mongwe yo o ikanyegang o ne a fetola mogopolo jang ka se a neng a lebeletse ba bangwe go se dira?
15 Ke boammaaruri gore Jesu o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe “go iteka ka natla.” (Luke 13:24, NW) Lefa go ntse jalo ga a ise a ko a ba pateletse go dira jalo! O ne a ba tlhotlheletsa, a ba tlhomela sekao, a ba etelela pele, e bile o ne a batla go ama dipelo tsa bone. O ne a ikanya gore maatla a moya wa ga Jehofa a tla wetsa tiro e a e simolotseng. Bagolwane le bone gompieno ba tshwanetse go kgothatsa letsomane go direla Jehofa ka pelo yotlhe mme ba tshwanetse go tila go bua ka bogale ba ba dira gore ba ikutlwe ba le molato kana ba tlhajwa ke ditlhong, ba kaya gore se ba se direlang Jehofa gone jaanong ka tsela nngwe se sennye kana ga a se amogele. Go kgopakgopetsa mongwe o gagametse o re “oketsa, oketsa, oketsa!” go ka kgoba batho ba ba dirang gotlhe mo ba ka go kgonang marapo. A bo go ne go ka utlwisa botlhoko jang ne fa mogolwane a ka itsege e le motho yo o “sa kgotsofadiweng ke sepe”—selo se se farologaneng thata le tekatekano!—1 Petere 2:18.
16 Rotlhe re tshwanetse go nna tekatekano mo dilong tse re lebeletseng ba bangwe go di dira! Kgaitsadi mongwe o ne a kwala jaana morago ga go tlogela kabelo ya borongwa fa ene le monna wa gagwe ba ne ba ile go tlhokomela mmaagwe yo o lwalang: “Metlha eno e bokete thata mo go rona baboledi mo diphuthegong. Fa re ne re le mo tirelong ya go potologa le kgaolo, re ne re sireleditswe mo mathateng a mantsi, mme re ne ra lemoga seno ka tshoganetso le ka tsela e e botlhoko. Ka sekai, ke ne ke tlhola ke ipotsa jaana, ‘Ke eng fa kgaitsadi yole a sa tsamaise kgatiso e e tsamaisiwang kgwedi eno? A ga a bale Tirelo ya Bogosi?’ Jaanong ke itse lebaka la seo. Mo go ba bangwe ke gone gotlhe go ba ka go dirang gore ba tswele [mo tirelong].” A bo go le botoka jang ne go akgolela bakaulengwe ba rona se ba se dirang go na le gore re ba atlhole ka se ba sa se direng!
17. Jesu o ne a re tlhomela sekao sa go nna tekatekano jang?
17 Akanyetsa sekai sa bofelo sa kafa Jesu a dirisang thata ya gagwe ka tekatekano ka teng. Fela jaaka Rraagwe, Jesu ga a sireletse thata ya gagwe ka bopelotshetlha e kete o tla e tseelwa. Le ene ke moabi yo mogolo wa ditiro, o tlhomile setlhopha sa gagwe sa motlhanka yo o ikanyegang go tlhokomela “dilō cotlhe tse o nañ nacō” mono mo lefatsheng. (Mathaio 24:45-47) E bile ga a boife go reetsa dikgopolo tsa ba bangwe. O ne a tlhola a botsa bareetsi ba gagwe jaana: “Lo gopola yañ?” (Mathaio 17:25; 18:12; 21:28; 22:42) Go tshwanetse ga nna fela jalo le mo balateding botlhe ba ga Keresete gompieno. Thata epe fela e ba ka nnang le yone ga e a tshwanela go ba dira gore ba se ka ba reetsa. Batsadi, reetsang! Banna ba ba nyetseng, reetsang! Bagolwane, reetsang!
18. (a) Re ka kgona go bona jang gore re itsiwe jaaka batho ba ba tekatekano? (b) Rotlhe re ka iketleetsa go dira eng?
18 Eleruri, mongwe le mongwe wa rona o batla “go itsiwe jaaka motho yo o tekatekano.” (Bafilipi 4:5, Phillips) Mme re ka itse jang gore re itsege re le batho ba ba ntseng jalo? Gone, Jesu o ne a botsa ditsala tsa gagwe tse a neng a di ikanya, fa a ne a batla go itse gore batho ba ne ba reng ka ene. (Mathaio 16:13) Ke eng fa o sa sale sekao sa gagwe morago? O ka botsa motho mongwe yo o mo ikanyang yo o itseng gore o kgona go bolela dilo jaaka di ntse gore a o itsege o le motho yo o tekatekano, yo o ineelang. Eleruri, go na le go le gontsi goo rotlhe re ka go dirang go etsa sekao se se itekanetseng sa ga Jesu sa go nna tekatekano! Segolo thata fa re na le thata mo go ba bangwe, a re lateleng sekao sa ga Jehofa le Jesu, re e dirise ka tekatekano, re iketleeditse go itshwarela, go ikoba, kana go ineela fa go tshwanela. Eleruri a mongwe le mongwe wa rona a leke go “nna tekatekano”!—Tito 3:2, NW.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Buka ya New Testament Words e akgela jaana: “Motho yo o epieikēs [tekatekano] o itse gore go na le dinako tse selo sengwe se ka tshwanelang ka botlalo go ya ka molao mme lefa go ntse jalo se le phoso fa se dirwa. Motho yo o epieikēs o itse nako e a tshwanetseng go repisa molao ka yone fa a patelediwa ke maatla a a kwa godimo le a a fetang molao.”
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go nna tekatekano?
◻ Bagolwane ba ka etsa Jesu jang mo go iketleetseng go itshwarela?
◻ Ke eng fa re tshwanetse go leka go fetofetoga jaaka Jesu a ne a ntse?
◻ Re ka supa jang gore re tekatekano ka tsela e re dirisang thata ka yone?
◻ Re ka itshekatsheka jang go bona gore ruri re tekatekano?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Jesu o ne a itshwarela Petere yo o neng a ikwatlhaile ka bonako fela
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Ka nako ya fa mosadi mongwe a ne a supa gore o na le tumelo tota, Jesu o ne a bona gore e ne e se nako ya go dirisa molao o o neng o akaretsa
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Batsadi reetsang!
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Banna ba ba nyetseng reetsang!
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Bagolwane reetsang!