Mafoko Ano A A Molemo A Tshwanetse go Rerwa Pele
“Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.”—MAREKO 13:10.
1, 2. Basupi ba itsiwe ka lotshwao lofe lo lo ba tlhaolang, mme ka ntlha yang?
KE KA ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba tswelela pele ba rera ba sa kgaotse jaana? Eleruri re itsiwe lefatshe ka bophara ka bodihedi jwa rona jwa phatlalatsa, e ka tswa e le jwa ntlo le ntlo, jwa mo mebileng, kana jwa go buisana le batho ka tsela e e seng ya ka tlwaelo. Mo sebakeng sengwe le sengwe se se tshwanetseng, re ipolela gore re Basupi mme re bo re leka ka botlhale gore re buisane le batho ka mafoko a a molemo a re a tsayang a le botlhokwa thata. Tota e bile, re ka bolela fela gore bodihedi jono ke lotshwao lwa rona lo lo re tlhaolang!—Bakolosa 4:6.
2 A o ko o akanye fela—nako le nako fa batho ba bona setlhopha sa banna, basadi, le bana ba ba apereng sentle, ba tshotse dibeke mo tikologong ya bone, gantsi ke eng se se tlang pele mo megopolong ya bone? A ba re, ‘Ija, ba a bo ba tla gape Bakatoliki (kana Ba-Orthodox)!’ kana ba re, ‘Ba a bo ba tla gape Bapentekosete (kana Ba-Baptist)!’ Nnyaa. Batho ba itse gore mo ditumelong tse di ntseng jalo malapa ga a dire mmogo mo bodiheding jwa ntlo le ntlo. Gongwe ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi di romela batho ba ba reng ke “barongwa” kwa dikarolong tse di rileng go ya go dira tiro eo mo dingwageng di le pedi fela, mme maloko a bone a mangwe a e seng baruti ga a dire bodihedi bope jo bo tshwanang le jono. Ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba itsiweng ka botlhaga jwa bone lefatshe ka bophara jwa go bolelela ba bangwe molaetsa wa bone mo sebakeng sengwe le sengwe se se tshwanelang. Mme ba itsiwe ka dimakasine tsa bone, e leng Tora ya Tebelo le Tsogang!—Isaia 43:10-12; Ditihō 1:8.
Ba Farologane le Baruti ba Labokeresete
3, 4. Gantsi baruti ba Labokeresete ba bontshiwa ba ntse jang mo metsweding ya dikgang?
3 Se se farologaneng gotlhelele, gangwe le gape babegadikgang ba ile ba senola bontsi jwa baruti mo dinageng tse dingwe gore ba tlhakanela dikobo le bana, ba dira boitsholo jo bo sa siamang mo sephiring, le gore ke maferefere. Ditiro tsa bone tsa nama le tsela e ba tshelang ka yone e e manobonobo mo go feteletseng di bonwa ke mang le mang. Mokwadi mongwe wa dipina yo o ratiwang thata o ne a tlhalosa seno sentle mo pineng ya gagwe e e reng “A Jesu O Ne A Ka Rwala Rolex [e leng tshupanako e e turang thata ya gouta] mo Lenaneong la Gagwe la Thelebishene?” O botsa jaana: “A Jesu o ne a ka tsena mo dipolotiking fa A ne a ka tla gape mo Lefatsheng? A o ne a ka nna le legae la Gagwe la bobedi kwa Palm Springs [e leng motse o o kwa California wa bahumi] a bo a leka go fitlha dikhumo tse dingwe tsa Gagwe?” A bo mafoko ano a ga Jakobe a tshwanela jang ne: “Lo nntse lo tshela ka monate mo letlepuñ, loa ikgatlha; lo ikotlile dipelo mo letsatsiñ ya polaō.”—Yakobe 5:5; Bagalatia 5:19-21.
4 Go inaakanya ga baruti le boradipolotiki tota le gone go nna le seabe mo ditlhophong ba tsena e le bontlhopheng go ba senola e le bakwadi le Bafarisai ba motlha wa segompieno. Lefa go ntse jalo, mo dinageng tse di jaaka United States le Canada, ditlhopha tsa bodumedi di senyegelwa ke madi ka ntlha ya go duela madi a mantsi a dikgetsi tsa dikgotlatshekelo le go atlholwa ga baruti, ba atlholelwa boitshwaro jo bo maswe jo ba bo dirang le bana le bagolo.—Mathaio 23:1-3.
5. Ke ka ntlha yang fa baruti ba Labokeresete ba itshupile ba se “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”?
5 Go a tshwanela go bo Jesu a ne a ka bolelela baruti ba motlha wa gagwe jaana: “A bo go latlhèga lona, bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! gonne lo chwana le diphupu tse di shweuhadicweñ, tse di bōnalañ di le dintlè ka ha ntlè, me mo teñ di tletse marapō a bashwi, le boitshekologō yotlhe hèla. Hèla yalo le lona, kaha ntlè lo bōnala mo bathuñ yaka ekete lo siame, me mo teñ lo bo lo tletse boitimokanyō, le boikèpō.” Ka gone, Modimo ga o a roma baruti ba Labokeresete gore ba rute mafoko a a molemo, lefa e ka tswa e le ba Bakatoliki, Baporotesetanta, Ba-Orthodox, kana ba ba seng mo bodumeding bope fela. Ga ba a itshupa e le “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yo go neng ga bolelelwa pele ka ene.—Mathaio 23:27, 28; 24:45-47.
Ke Ka Ntlha Yang Fa go Rerwa Mafoko A A Molemo Pele?
6. Ke ditiragalo dife tse di tla tlogang di diragala?
6 Mo pegong ya ga Mareko e e opang kgomo lonaka e e bolelang ka taelo ya ga Jesu ya go rera mafoko a a molemo mo ditšhabeng tsotlhe, ke ene fela yo a dirisitseng lefoko “pele.” (Mareko 13:10; bapisa Mathaio 24:14.) Pego e e kwadilweng ke J. B. Phillips e balega jaana: “Mme pele bokhutlo bo tla efangele e tshwanetse go bolelwa mo ditšhabeng tsotlhe.” Tsela e letlhalosi “pele” le dirisitsweng ka teng e bontsha gore ditiragalo tse dingwe di tla latela morago ga tiro ya go rera efangele ya lefatshe ka bophara. Ditiragalo tseo di tla akaretsa sepitla se segolo se se boleletsweng pele le puso ya ga Keresete e e siameng e e tla busang lefatshe le lesha.—Mathaio 24:21-31; Tshenolō 16:14-16; 21:1-4.
7. Ke ka ntlha yang fa Modimo o batla gore mafoko a a molemo a rerwe pele?
7 Ka jalo ke ka ntlha yang fa Modimo o batla gore mafoko a a molemo a rerwe pele? Lebaka le lengwe ke gore ke Modimo o o lorato, o o tshiamiso, o o botlhale, le o o maatla. Re ka bona dinonofo tseno tsa ga Jehofa di itshupa ka tsela e e kgatlhang fa go diragadiwa dipolelo tsa ga Jesu tse di kwadilweng mo go Mathaio 24:14 le mo go Mareko 13:10. A re ko re tlhatlhobeng nngwe le nngwe ya dinonofo tseno ka bokhutshwane mme re bone gore di amana jang le go rerwa ga mafoko a a molemo.
Mafoko A A Molemo le Lorato lwa ga Jehofa
8. Go tla jang gore go rera mafoko a a molemo e nne tsela e Modimo o bontshang lorato ka yone? (1 Yohane 4:7-16)
8 Go rera mafoko a a molemo go supa lorato lwa Modimo jang? Selo sa ntlha, ke ka gonne ga se molaetsa o o diretsweng fela lotso kana setlhopha se le sengwe. Ke mafoko a a molemo a “merahe eotlhe.” Modimo o rata batho thata mo a ileng a bo a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore a nne setlhabelo sa thekololo sa maleo a batho botlhe, e seng a lotso lo le longwe fela. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ. Gonne Modimo ga oa ka oa roma Morwa ōna mo lehatshiñ go sekisa lehatshe, me e le gore lehatshe le bolokwè ka èna.” (Yohane 3:16, 17) Eleruri mafoko a a molemo ke bosupi jwa lorato lwa Modimo, e leng molaetsa o o solofetsang lefatshe le lesha le le nang le kagiso, kutlwano, le tshiamiso.—2 Petere 3:13.
Mafoko A A Molemo le Maatla a ga Jehofa
9. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a se ka a dirisa bodumedi jo bo nonofileng jwa Labokeresete gore bo rere mafoko a a molemo?
9 Maatla a ga Jehofa a bontshiwa jang ke go rerwa ga mafoko a a molemo? A o ko o akanye, o ile a dirisa bomang go diragatsa thomo eno? A o ile a dirisa mekgatlho ya bodumedi e e nonofileng thata ya Labokeresete, e e jaaka Kereke ya Roma ya Katoliki kana mekgatlho e e tumileng ya kereke ya Porotesetanta? Nnyaa, lebaka la go bo ba inaakantse le dipolotiki go bontsha gore ga ba tshwanelege go dira tiro eno. (Yohane 15:19; 17:14; Yakobe 4:4) Jehofa Modimo ga a kgatlhiwa ke dikhumo tsa bone tse dintsi le go itsalanya ga bone le go tlhotlhelediwa ke setlhopha sa boramaemo, le gone ga a kgatlhiwa ke thutabomodimo ya bone e kopaneng le dingwao. Ga go tlhokege maatla a motho gore thato ya Modimo e dirwe.—Sekaria 4:6.
10. Modimo o tlhophile bomang gore ba rere?
10 Ke fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a bolela jaana mo lokwalong lwa gagwe fa a ne a kwalela phuthego ya Korintha: “Ba ga echo, a lo ko lo lebeñ go bidiwa ga lona, yaka go se bantsi ba ba botlhale kaha nameñ, go se bantsi ba ba nonohileñ, go se bantsi ba ba tlotlègañ, ba ba bidicweñ: Me Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ dinyana ke lehatshe, gore o tlhabisè ba ba botlhale ditlhoñ; e bile gapè Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ bokōa ke lehatshe, gore o tlhabisè dilō tse di nonohileñ ditlhoñ; le tse di kaiwañ matlakala a lehatshe, le dilō tse di nyatsègañ, Modimo o di itshenketse, E, le dilō tse di seeoñ, gore o nyeletsè dilō tse di [l]eoñ: Gore go se ka ga ikgantsha nama epè ha pele ga Modimo.”—1 Bakorintha 1:26-29.
11. Ke dintlha dife kaga Basupi tse di dirileng gore ba se ka ba tshwana le bape?
11 Basupi ba ga Jehofa ba na le maloko a sekaenyana fela a a humileng mo phuthegong ya bone mme totatota ga gona bape ba ba tshwereng marapo mo go tsa dipolotiki. E re ka ba sa tseye letlhakore gotlhelele mo dikgannyeng tsa sepolotiki go raya gore ba ka se nne le seabe mo ditlhotlheletsong tsa sepolotiki. Se se fapaaneng le seo, gantsi ba ile ba bogisiwa mo go botlhoko ka ntlha ya tlhotlheletso ya baeteledipele ba bodumedi le ba bopolotiki mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege kganetso e e bogale e e neng ya tlhotlhelediwa ke maloko a Bonazi, Bofasi, Bokomonisi, bosetšhaba, le bodumedi jwa maaka, Basupi ga ba rere fela mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe mme gape ba ile ba oketsega ka dipalo tse dikgolo.—Isaia 60:22.
12. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ntse ba atlega?
12 Basupi ba tsaya gore ke eng se se dirang gore ba atlege? Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe jaana: “E tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Ka jalo, tota ke eng se se neng se tla dira gore ba atlege? Jesu o ne a bolela jaana: “E tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō.” Ka mo go tshwanang gompieno, maatla a a tswang kwa Modimong ke one a ntseng e le selo sa konokono se se dirang gore Basupi ba atlege mo bodiheding jwa bone jwa lefatshe ka bophara, ga se ka thata ya motho. Modimo o fitlhelela tiro eno e kgolo ya go ruta mo hisitoring ka go dirisa batho ba ba kaiwang ba le bokoa.—Ditihō 1:8; Isaia 54:13.
Mafoko A A Molemo le Botlhale jwa ga Jehofa
13. (a) Ke ka ntlha yang fa Basupi ba dira ka go rata mme ba sa duelwe? (b) Jehofa o arabile jang kgobo ya ga Satane?
13 Mafoko a a molemo a rerwa ke baithaopi. Jesu o ne a bolela jaana: “Lo amogetse hèla, naeañ hèla.” (Mathaio 10:8) Ka gone, ga go na bape mo Basuping ba ga Jehofa ba ba amogelang madi ka gonne ba direla Modimo, kana gone gore ba a batla. Tota e bile, ga ba ntshe dikoleke kwa dipokanong tsa bone. Ba itumelela go neela Modimo karabo ya mopateletsi wa gagwe, e bong Satane Diabolo ka go ineela mo tirelong ya bone kwantle ga bopelotshetlha. Tota se se neng sa bolelwa ke moganetsi yono wa Modimo wa semoya ke gore batho ba ne ba ka se direle Modimo ka boikutlo jo bo senang bopelotshetlha. Ka botlhale jwa gagwe Jehofa o ile a ntsha karabo e e fenyang kgobo ya ga Satane—ka gore dimilione tsa Basupi ba Bakeresete ba ba ikanyegang ba rere mafoko a a molemo ka ntlo le ntlo, mo mebileng, le ka tsela e e seng ya ka tlwaelo.—Yobe 1:8-11; 2:3-5; Diane 27:11.
14. “Botlhale yo bo nntseñ bo hitlhilwe” jo Paulo a bolelang ka jone ke eng?
14 Bosupi jo bongwe jwa botlhale jwa Modimo fa a ne a dira gore mafoko a a molemo a rerwe ke gore tsholofetso ya Bogosi ka boyone ke pontsho ya botlhale jwa Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Leha go nntse yalo re bua botlhale mo go ba ba itekanetseñ: me e be e le botlhale boñwe yo e señ yoa lehatshe yeno, leha e le yoa babusi ba lehatshe yeno, ba ba cwañ lehèla hèla; me re bua botlhale yoa Modimo ka bosaitsiweñ, eboñ botlhale yo bo nntseñ bo hitlhilwe, yo Modimo o bo laoletseñ kgalaleco ea rona galè pele ga dipopō.” ‘Botlhale joo jo bo ntseng bo fitlhilwe’ bo kaya se Modimo a tla se dirisang ka botlhale go fedisa botsuolodi jo bo neng jwa simologa kwa Edena. Botlhale joo jwa masaitseweng a a boitshepo bo ne jwa senolwa ka Jesu Keresete, yo e leng ene motho wa botlhokwa mo mafokong a a molemo a Bogosi jwa Modimo.a—1 Bakorintha 2:6, 7; Bakolosa 1:26-28.
Mafoko A A Molemo le Tshiamiso ya Modimo
15. Re itse jang gore Jehofa ke Modimo wa tshiamiso? (Duteronome 32:4; Pesalema 33:5)
15 Re bona botlhokwa jwa lefoko “pele” mo go Mareko 13:10 bogolo jang fa re bua ka tshiamiso. Jehofa ke Modimo wa tshiamiso e e kopaneng le bopelonomi jo bo lorato. O bolela jaana a dirisa moperofeti wa gagwe Jeremia: “Eo o ipelahatsañ a a ipelahatsè ka go re, oa ntlhaloganya, oa nkitse, ha ke le Yehofa eo ke dihañ bopelonomi yoa loratō, le katlholō, le tshiamō, mo lehatshiñ: gonne ke natehèlwa ke dilō tseuō, go bua Yehofa.”—Yeremia 9:24.
16. Go ka tshwantshiwa jang go bontsha gore tshiamiso e tlhoka gore go neelwe tlhagiso pele?
16 Tshiamiso ya ga Jehofa e bontshitswe jang malebana le go rera mafoko a a molemo? A re ko re e tshwantsheng le mmè yo o dirileng kuku e e monate ya tšhokolete e e tla jewang moragonyana mo letsatsing leo fa baeng ba gorogile. Fa a e tlogela fela fa godimo ga tafole ya khitšhine a sa bolelela bana ba gagwe gore e tla jewa leng, bana ba tla nna le tshekamelo efe e e leng ya tlholego? Rotlhe re kile ra nna bana! Monwananyana o tla batla go kgotla kuku eo! Jaanong fa mmè a ile a palelwa ke go ba tlhagisa go santse go na le nako, o ka se nne le lebaka le le tiileng la go ba otlhaya. Mo letlhakoreng le lengwe, fa a ba bolelela sentle gore kuku eno e tla jewa kgantele fa baeng ba goroga mme ka jalo ba se ka ba e ja, he o ntshitse tlhagiso e e phepafetseng. Fa ba sa utlwe, o na le tshwanelo ya go tsaya kgato e e tlhomameng le e e tshiamo.—Diane 29:15.
17. Jehofa o bontshitse tshiamiso jang ka tsela e e kgethegileng fa e sa le ka 1919?
17 Jehofa, ka tshiamiso ya gagwe, o ka se atlhole tsamaiso eno ya dilo e e boikepo a ise a e tlhagise pele ka mo go tlhokegang ka teng. Ka gone, segolobogolo fa e sa le ka 1919, morago ga gore ntwa ya lefatshe ya ntlha e lere “botlhoko yoa pèlèga,” Jehofa o ile a dira gore Basupi ba gagwe ba bolele mafoko a a molemo ka tlhagafalo mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:7, 8, 14) Ditšhaba di ka se bolele gore ga di ise di utlwe tlhagiso eno e e sa tshwaneng le epe.
Lefatshe Le Fitlheletswe Go Le Kana Kang?
18. (a) Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore Basupi ba a dira kwa dikarolong tse di kgakala? (b) Ke dikai dife tse dingwe tse o di itseng?
18 Bosupi jwa go bona gore tiro eno ya go ruta ya lefatshe ka bophara e na le matswela bo ka bonwa mo bukeng ya Last Places—A Journey in the North. Mokwadi wa yone o bolela gore fa a ne a tlhatlhoba ditšhate tsa lewatle tse di bontshang ka setlhaketlhake se se kgakala sa Foula, e leng se sengwe sa Ditlhaketlhake tsa Shetland tse di kwa bokone jwa Scotland, ditšhate tseno di ne di supa gore “go dikologa setlhaketlhake sotlhe go na le WKS (wrecks [dikgoropa]), RKS (rocks [maje]), LDGS (ledges [dithotana tse di kafa tlase ga metsi]), le OBS (obstructions [dikgoreletsi]).” Dilo tseno “di ne di tlhagisa motsamaisi wa sekepe yo o ka nnang a eletsa go ya koo gore a se ka a ba a leka. Lewatle le le dikologileng Foula le ne le tshwana le lefelo le le epetsweng dilo tse di thunyang tse di tshosang tota, mme seo se ne se dira gore setlhaketlhake seo se se ka sa etelwa ke batsamaisi ba dikepe, ba ba etang motshegare, tota le e leng sone setlhopha sa go aga sa ga Mmamosadinyana mme e seng Basupi ba ga Jehofa—jaaka ke ile ka lemoga malatsi a sekae moragonyana.” O ne a tswelela pele jaana: “Fela jaaka ba ne ba phuruphutsa ditakana tse dikgolo tsa mo motsemogolong le Dinaga Tse Di Tlhabologang ba batla batho ba ba ka sokologang, ba ne ba sokolola batho gore ba amogele tumelo ya bone le kwa setlhaketlhakeng seno sa Foula se se kgakala.” O ne a dumela gore Andrew, e bong moagi mongwe wa mo lefelong leo, o na le kopi ya Tora ya Tebelo e e neng e tlogetswe fa mojakong wa ntlo ya gagwe mo dikgweding di sekae pelenyana ga foo. Go tswa foo o ne a oketsa jaana: “Beke moragonyana ga foo ke ne ka bona kopi ya [Tsogang! ka puo ya Sedanishe] kwa ditlhaketlhakeng tsa Faeroe [e leng ditlhaketlhake tsa North Sea] mme mo dikgweding tse pedi morago ga foo ke ne ka bona kopi ya [Tora ya Tebelo ka puo ya Sedanishe] kwa Nuuq, kwa Greenland.” A bo e le bosupi jo bo tlhotlheletsang jang ne jwa gore Basupi ba ga Jehofa ba dira ka botlhaga kwa dikgaolong tseo tsa bokone!
Ke Eng Se Se Tlhotlheletsang Basupi Gore Ba Tswelele Pele?
19, 20. (a) Ke eng se se tlhotlheletsang Basupi ba ga Jehofa gore ba tswelele pele ba rera? (b) Ke dipotso dife tse di tla arabiwang mo setlhogong se se latelang?
19 Ke boammaaruri gore go rerela batho ba o sa ba itseng ka ntlo le ntlo ga se kgetsi e potlana, go sa kgathalesege gore motho o na le dingwaga di le kae a ntse a le Mosupi. He ke eng se se tlhotlheletsang Bakeresete bano gore ba tswelele pele? Ke boineelo jwa bone jwa Bokeresete le go ikutlwa ba na le boikarabelo. Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne ha ke rèra Mahoko a a Molemō, ga ke na sepè se ke se ikgantshetsañ; gonne kgorobèlèlō e mo go nna; gonne go ka bo go latlhèga nna, ha ke sa rere Mahoko a a Molemō.” Bakeresete ba boammaaruri ba tshotse molaetsa o o nayang botshelo, ka jalo ba tla bo ba o bolokela eng fa ba sa o neye batho ba bangwe? Molaomotheo wa gore motho a ka nna le molato wa madi fa a sa tlhagise ka kotsi e e tlang nako e santse e le teng ke lebaka le le ba tlhotlheletsang gore ba rere mafoko a a molemo.—1 Bakorintha 9:16; Esekiele 3:17-21.
20 He, mafoko a a molemo a ntse a rerwa jang? Ke selo sefe sa konokono se se dirang gore Basupi ba atlege? Ke dikarolo dife tsa bodihedi le phuthego ya bone tse di thusang go ba tlhaola jaaka bodumedi jwa boammaaruri? Setlhogo sa rona se se latelang se tla araba dipotso tseo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e e oketsegileng ya botlhale jwa Modimo le ‘masaitseweng a a boitshepo,’ bona Insight on the Scriptures, Bolumo II, tsebe 1190, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke eng se se farologanyang Basupi ba ga Jehofa le baruti?
◻ Go rera go supa jang lorato, maatla, le botlhale jwa Modimo?
◻ Go rera mafoko a a molemo go supa jang tshiamiso ya Modimo?
◻ Ke eng se se dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba tswelele pele mo bodiheding jwa bone?
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Go sa kgathalesege gore batho ba kgakala go le kana kang, Basupi ba ga Jehofa ba batla gore ba ba fitlhelele