LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 9/1 ts. 5-7
  • Saense, Bodumedi, le go Batla Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Saense, Bodumedi, le go Batla Boammaaruri
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bodumedi Bo Dira Gore Popo E Lebiwe ka Tsela E E Sa Siamang
  • Go Dirisa Maatla ka Tsela E E Sa Tshwanelang
  • Go Fenya ga Bodumedi jwa Boammaaruri
  • Go Letlanya Saense le Bodumedi
    Tsogang!—2002
  • Lobopo le Botshelo di Nnile Gone Jang?
    Tsogang!—2002
  • Kgang E e Sa Itseweng ya Popo
    Tsogang!—2014
  • O ka Bona Dikarabo Kae?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 9/1 ts. 5-7

Saense, Bodumedi, le go Batla Boammaaruri

“Lebaka la go bo bodumedi jwa maaka bo aname . . . go ne ga ntlhotlheletsa ka tsela nngwe.”—Charles Darwin

MO MASIMOLOGONG a lekgolo la bo19 la dingwaga, saense le bodumedi di ne di tshwaragane. “Tota le e leng mo dikwalong tsa saense, bakwadi ba ne ba sa okaoke go bua kaga Modimo ka mokgwa o o leng wa tlholego fela le o o peloephepa,” go bolela jalo buka ya Darwin: Before and After.

Buka ya ga Darwin ya Origin of Species e ne ya nna le seabe mo go direng gore seo se fetoge. Saense le thutotlhagelelo di ne tsa tshwaragana mme tsa dira gore batho ba tlhokomologe bodumedi le Modimo. Sir Julian Huxley o bolela jaana: “Go ya ka kgopolo ya thutotlhagelelo, ga go sa tlhole go tlhokega kana go tshwanela gore go twe go na le motlhodi mongwe wa maatla a a fetang a motho.”

Gompieno kgopolo ya thutotlhagelelo e bolelwa fa e le motheo o o botlhokwa wa saense. Lebaka la konokono la go bo go na le tshwaragano eno le bolelwa jaana ke moitseanape mongwe wa physics e bong Fred Hoyle: “Borasaense ba ba tshwareletseng mo segologolong ba amegile thata ka go thibela gore dikgopolo tse di feteletsang dilo tsa bodumedi tsa nako e e fetileng di se ka tsa boela gape go na le gore ba lebelele pele go batla boammaaruri.” Ke mofuta ofe wa dikgopolo tse di feteletsang dilo o o dirileng gore bodumedi bo se ka jwa tlhola bo batlega mo saenseng?

Bodumedi Bo Dira Gore Popo E Lebiwe ka Tsela E E Sa Siamang

“Batho ba ba dumelang kgopolo ya gore dilo di bopilwe ke Modimo” ka go akanya gore ba leka go tshegetsa Bibela—gantsi e le ba ba inaakantseng le batho ba ba dumelang ditumelo tsa Baporotesetanta ba ba gatelelang gore go latelwe se se kwadilweng—ba ile ba gatelela gore lefatshe le lobopo di na le dingwaga tse di sa feteng 10 000 di ntse di le gone. Kgopolo eno e e feteletsang dilo e ile ya dira gore baithuti ba jeoloji, baithutadinaledi, le baitseanape ba physics ba kgalwe, ka gonne ga e dumalane le dilo tse ba di fitlheletseng.

Mme tota ke eng se Bibela e se bolelang? “E rile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe.” (Genesise 1:1) Ga go a bolelwa gore seo se tsere nako e e kana kang. “Letsatsi le le leñwe hèla” la popo le ne la simololwa go umakiwa mo go Genesise 1:3-5. “Legodimo le lehatshe” di ne di setse di le teng fa “letsatsi” leno la ntlha le simologa. Ka gone, a magodimo le lefatshe di ka tswa di na le dibilione tsa dingwaga di ntse di le teng, jaaka borasaense ba bolela? Go ka tswa go ntse jalo. Tota Bibela ga e bolele gore di na le nako e e kana kang.

Kgopolo e nngwe e e feteletsang dilo ya bodumedi ke tsela e bangwe ba tlhalosang ‘malatsi’ a marataro a popo ka yone. Batho ba bangwe ba ba dumelang gore Bibela e tshwanetse ya tsewa fela jaaka e ntse ba gatelela gore malatsi ano ke a mmatota, ba bolela gore dilo tse di mo lefatsheng di bopilwe mo nakong ya diura di le 144. Seno se dira gore borasaense ba belaelwe, ka gonne ba akanya gore selo seno se ba se bolelang ga se dumalane gotlhelele le dilo tse di phepafetseng sentle tse di fitlheletsweng mo saenseng.

Lefa go ntse jalo, se se sa dumalaneng le saense ke tlhaloso ya batho ba ba dumelang gore Bibela e tshwanetse ya tsewa fela jaaka e ntse—e seng tlhaloso ya Bibela ka boyone. Bibela ga e bolele gore “letsatsi” lengwe le lengwe la popo le ne le tsaya diura di le 24; totatota, e akaretsa ‘malatsi’ ano otlhe gore ke “motlha o Yehofa Modimo o dihileñ lehatshe le legodimo ka ōna,” se se bontshang gore ga se ‘malatsi’ otlhe a a mo Bibeleng a a neng a na le diura tse 24 fela. (Genesise 2:4) Mangwe a one a ka nna a bo a ne a le boleele jwa diketekete tsa dingwaga.a

Ka gone, batho ba ba dumelang kgopolo ya gore dilo di bopilwe ke Modimo le batho ba ba dumelang gore Bibela e tshwanetse ya tsewa fela jaaka e ntse ba ile ba dira gore popo e lebiwe ka tsela e e sa siamang. Dithuto tsa bone tse di rutang ka gore lobopo lo na le dingwaga di le kana kang le boleele jwa ‘malatsi’ a popo ga di dumalane le saense e e utlwalang sentle lefa e le yone Bibela. Lefa go ntse jalo, gape go na le dikgopolo tse dingwe tse di feteletsang dilo tse di ileng tsa dira gore borasaense ba tseye gore bodumedi bo makgapha.

Go Dirisa Maatla ka Tsela E E Sa Tshwanelang

Bodumedi bo ile jwa ikarabelela mo go tlhokeng tshiamiso jaana mo go le teng go ralala hisitori. Ka sekai, mo Metlheng ya Bogare go ne ga sokamisiwa thuto ya popo gore e tshwanele mokgwa wa kereke wa go tshegetsa puso ya bobusaesi ya Yuropa. Batho ba ne ba bolelelwa gore ke molao wa Modimo o o bayang batho go ya ka maemo a bone, bahumi kana bahumanegi. Buka ya The Intelligent Universe e tlhalosa jaana: “Barwa ba babotlana ba batsadi ba bone e neng e le bahumi ba ne ba bolelelwa gore ke ‘tsamaiso ya Modimo’ gore ba amogele lemmenyana fela kana ba se ka ba amogela sepe se se tswang mo lelapeng la bone, mme monna yo o berekang o ne a rotloediwa ka metlha gore a kgotsofalele ‘boemo jo bo ileng jwa itumedisa Modimo gore a tle a mmitse a le mo go jone.’”

Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba boifa go boela kwa “dikgopolong tse di feteletsang dilo tsa bodumedi tsa nako e e fetileng”! Mo boemong jwa gore bodumedi bo kgotsofatse motho ka dilo tse a di tlhokang semoyeng, gantsi bo nna bo ntse bo mo gapela tsone. (Esekiele 34:2) Mokwadi mongwe o akgela jaana mo makasineng wa India Today: “Ka rekoto e bodumedi bo itiretseng yone mo dingwageng tse di fetileng, go a gakgamatsa go bo bo ile jwa ikanngwa. . . . Mo leineng la Mmopi Yo Mogolo, . . . batho ba ile ba direla bangwekabone ditiro tse di bosula.”

Rekoto e e maswe ya bodumedi jwa maaka e nnile le tlhotlheletso e kgolo mo mogopolong wa ga Darwin. O ne a kwala jaana: “Fa nako e ntse e tsamaya ke ne ke sa tlhole ke dumela gore Bokeresete bo tswa kwa Modimong. Lebaka la go bo bodumedi jwa maaka bo aname ka bofefo jaana kwa dikarolong tse dikgolo tsa lefatshe go ne ga ntlhotlheletsa ka tsela nngwe.”

Go Fenya ga Bodumedi jwa Boammaaruri

Boitimokanyi jwa bodumedi ga se selo se sesha mo lefatsheng leno. Jesu o ne a bolelela baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ba ba neng ba rata maemo a a kwa godimo jaana: “Kafa ntle lo lebega jaaka batho ba ba molemo—mme mo teng ga lona lo tletse boitimokanyi le bosula.”—Mathaio 23:28, Phillips.

Lefa go ntse jalo, Bokeresete jwa boammaaruri ga “se [jwa] lehatshe.” (Yohane 17:16) Ba ba bo latelang ga ba nne le seabe mo bodumeding le mo dipolotiking tse di senyang; e bile ga ba tsiediwe ke botlhajana jo bo ganetsang gore Mmopi o teng. “Botlhale yoa lehatshe yeno ke dinyana mo Modimoñ,” moaposetoloi Paulo o ne a kwala jalo.—1 Bakorintha 3:19.

Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore Bakeresete ba mmatota ga ba itse saense. Se se fapaaneng le seo, balatedi ba bodumedi jwa boammaaruri ba rata saense. Moperofeti wa bogologolo Isaia o ne a bolelelwa jaana: “[Kalela] matlhō a [gago] godimo, me [o] bōnè eo o tlhodileñ dilō tse.” (Isaia 40:26) Ka mo go tshwanang, gore Jobe a tle a tlhaloganye Mmopi botoka o ne a lalediwa gore a bone dikgakgamatso tsa tlhago le lobopo.—Yobe, dikgaolo 38-41.

Ee, ba ba dumelang mo Mmoping ba leba popo ka tlotlo e kgolo. (Pesalema 139:14) Mo godimo ga moo, ba ikanya se Mmopi, e bong Jehofa Modimo a se bolelang mabapi le tsholofelo e e molemolemo ya mo isagweng. (Tshenolō 21:1-4) Batho ba le dimilionemilione ba ithuta go tswa mo thutong ya bone ya Bibela gore go nna gone ga motho lefa e le isagwe ya gagwe ga go itiragalele fela. Go na le moo, Jehofa o dirile motho a na le boikaelelo, mme boikaelelo joo bo tla diragadiwa—mme seo se tla tlisetsa batho botlhe ba ba utlwang masego. Re go kopa gore o tlhatlhobe kgang eno ka bowena.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 545, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., le Awake!, ya November 8, 1982, ditsebe 6-9, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kgopolo ya gore dilo di bopilwe le dilo tse e sa dumalaneng le saense le Bibela ka tsone, bona ditokololo tsa Awake! tsa March 8, 1983, ditsebe 12-15; March 22, 1983, ditsebe 12-15, le Tora ya Tebelo, ya April 1, 1986, ditsebe 12, 13.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

A GA BA ITSE BOSUPI?

“TOTA le e leng Basupi ba ga Jehofa ba ithutile thata ka thutotshelo,” go ne ga kwala jalo mmueledi mongwe e bong Norman Macbeth mo bukeng ya gagwe ya 1971 e go tweng Darwin Retried—An Appeal to Reason. Macbeth o kwala jaana fa a sena go bala setlhogo sengwe mo makasineng wa Tsogang! o o neng o bua ka thutotlhagelelo: “Ke ne ka gakgamadiwa ke go bona gore se tshwaya kgopolo ya ga Darwin diphoso ka tsela e e botlhale.” Mokwadi yono o konela jaana fa a sena go bona gore go dirilwe patlisiso e e tseneletseng mo setlhogong seno le go nopola metswedi ya tshedimosetso ka tsela e e botlhale: “Ga go sa tlhole go tshwanela gore Simpson a bolele jaana: ‘. . . ba ba sa dumeleng mo go yone [thutotlhagelelo], mo e ka nnang mongwe le mongwe wa bone, go phepafetse gore ga ba itse bosupi jwa saense.’”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Isagwe ya batho ga e a tlogelwa fela gore e itiragalele fela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela