Batlhanka Ba Modimo—Batho Ba Ba Nang le Thulaganyo le Ba Ba Itumetseng
“Go sego tšhaba e Modimo wa yone e leng Jehofa.”—PESALEMA 144:15.
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a na le tshwanelo ya go beela batlhanka ba gagwe melao? (b) Ke dinonofo dife tse pedi tsa ga Jehofa tse re ka batlang go di etsa segolobogolo?
JEHOFA ke Molaodi wa Lobopo, Modimo yo o mothatayotlhe, Mmopi. (Genesise 1:1; Pesalema 100:3) Ka jalo, o na le tshwanelo ya go laola gore batlhanka ba gagwe ba tshwanetse go itshwara jang, e re ka a itse gore ke eng se se ba siametseng. (Pesalema 143:8) Gape ke Motlhomasekao wa bone yo Mogolo yo ba tshwanetseng go etsa dinonofo tsa gagwe. “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang,” go ne ga kwala jalo moaposetoloi mongwe.—Baefeso 5:1.
2 Nonofo nngwe ya Modimo e re tshwanetseng go e etsa e amana le thulaganyo. Ga se ‘Modimo wa tlhakatlhakano.’ (1 Bakorinthe 14:33) Fa re tlhatlhoba ka kelotlhoko dilo tse Modimo a di bopileng, re tlamega go konela ka gore ke ene Motho yo o nang le thulaganyo go gaisa botlhe mo lobopong. Lefa go ntse jalo, nonofo e nngwe e Modimo a batlang gore batlhanka ba gagwe ba e etse ke boitumelo jwa gagwe, ka gonne ke “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11, NW) Ka jalo, o kgona go rulaganya dilo a ntse a itumetse. Ga a tseele nonofo epe mo go tse pedi tseno kwa godimo a bo a tlhokomologa e nngwe.
3. Magodimo a a tletseng dinaledi a supa jang kafa Modimo a kgonang go rulaganya dilo ka gone?
3 Sengwe le sengwe se Jehofa a se dirileng, go tloga mo dilong tse dikgolo thata go ya go tse dinnye thata, se bontsha gore ke Modimo wa thulaganyo. Ka sekai, a ko o akanye ka lobopo lo re lo bonang ka matlho. Lo na le dinaledi di le dibilionebilione. Mme lefa go ntse jalo ga di a gasama fela kwantle ga thulaganyo. George Greenstein yo e leng moithuti wa popego ya dinaledi o bolela gore go na le “mokgwa o dinaledi di rulagantsweng ka one.” Di rulagantswe ka ditlhopha tse di bidiwang di-galaxy, dingwe tsa tsone di na le diketekete tsa dimilione tsa dinaledi. Mme go akanyediwa gore go na le diketekete tsa dimilione tsa di-galaxy! Di-galaxy le tsone di rulagantswe, dingwe tsa tsone (go tloga go di sekae go ya go di le diketekete) di gobokilwe mmogo go bopa lesomo la di-galaxy. Mme go akanngwa gore masomo a di-galaxy le one a rulagantswe go bopa masomo a magolwane go feta ao a a bidiwang di-supercluster.—Pesalema 19:1; Isaia 40:25, 26.
4, 5. Ntsha dikai tse di supang thulaganyo mo ditsheding tse di mo lefatsheng.
4 Tsela ya maemo a a kwa godimo e popo ya Modimo e rulagantsweng ka yone e bonwa gongwe le gongwe, e seng mo magodimong a re kgonang go a bona fela mme gape le mo lefatsheng, mo ditsheding tsa lone tse dintsintsi. Porofesa wa thuto ya fisikisi e bong Paul Davies, fa a ne a kwala kaga dilo tseno tsotlhe o ne a bolela gore batho ba ba di bonang ba “gakgamadiwa” ke “kafa dilo tsa lefatshe le re le bonang di rulaganeng ka manontlhotlho le ka go raraana ka teng.”—Pesalema 104:24.
5 Ela tlhoko dikai di le mmalwa tsa ‘go rulaganngwa mo go raraaneng’ mo go fitlhelwang mo ditsheding. Joseph Evans yo e leng ngaka e e arang boboko o ne a bolela jaana kaga boboko jwa motho le monyetsane: “Go na le thulaganyo e kgolo thata mo go batlileng go le thata go e dumela.” Moithuti mongwe wa dibaketeria e bong H. J. Shaughnessy o ne a bolela jaana kaga sele e e tshelang e e ka se kang ya bonwa motlhofo fela ka matlho: “Thulaganyo e e raraaneng le e ntle ya dilo tsa botshelo tse di ka se bonweng ka matlho e dirilwe ka tsela e e molemolemo mo eleng gore e lebega e le karolo ya tsamaiso e e rulagantsweng ke Modimo.” Mme moithuti wa thutotshelo ya dimolekhule e bong Michael Denton o ne a bolela jaana kaga tshedimosetso ya ditogwa tsa tsalo (DNA) e e mo teng ga sele: “E feletse mo eleng gore tshedimosetso yotlhe . . . e e tlhokegang go tlhalosa popego ya mefuta yotlhe ya ditshedi tse di kileng tsa nna teng mo lefatsheng . . . e ne e ka thelwa mo leswaneng le lennye fela mme go bo go santse go ka sala sebaka sa gore go thelwe tshedimosetso e e mo dibukeng tsotlhe tse di kileng tsa kwalwa.”—Bona Pesalema 139:16.
6, 7. Ke eng se se bontshang gore go na le thulaganyo mo dibopiweng tsa semoya, mme di bontsha jang gore di anaanela Modiri wa tsone?
6 Jehofa ga a rulaganye dilo tse a di bopileng tse di bonalang fela mme o rulaganya le dibopiwa tsa gagwe tsa semoya tse di kwa legodimong. Daniele 7:10 e re bolelela gore baengele ba le ‘makgolo a makgolokgolo ba ne ba ema fa pele ga Jehofa.’ Go ne go na le dibopiwa tse di maatla tsa semoya di le dimilione di le lekgolo, sengwe le sengwe se abetswe tiro ya sone! Go a akabatsa go akanya ka bokgoni jo bo ka tlhokegang go rulaganya dipalo tse dikgolo go le kalo. Go a tshwanela he go bo Baebele e bolela jaana: “Bakang Jehofa lona baengele ba gagwe; lona dinatla mo nonofong, ba lo dirafatsang lefoko la gagwe, lo ntse lo reeditse lentswe la lefoko la gagwe. Bakang Jehofa lona masomosomo otlhe a [baengele ba] gagwe; lona badiredi ba gagwe ba lo dirang go natefelwa ga gagwe.”—Pesalema 103:20, 21; Tshenolo 5:11.
7 A bo ditiro tsa Mmopi di rulagantswe ka tsela e e gakgamatsang e bile di dira sentle jang ne! Ga go gakgamatse go bo dibopiwa tse di maatla tsa semoya tse di kwa legodimong di bolela jaana ka tsela e e bontshang poifo le boineelo: “Go go tshwanetse Morena wa rona, le Modimo wa rona, o a bo o bona kgalalelo, le tlotlo, le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, di ne di le yo, tsa bopiwa ka ntlha ya go rata ga gago.”—Tshenolo 4:11.
8. Ke dikai dife tse di supang gore Jehofa o rulaganya batlhanka ba gagwe mo lefatsheng?
8 Gape Jehofa o rulaganya batlhanka ba gagwe mo lefatsheng. Fa a ne a tlisa Morwalela wa motlha wa ga Noa ka 2370 B.C.E., Noa le batho ba bangwe ba supa ba ne ba falola Morwalela e le lelapa le le rulagantsweng. Ka Khuduga ya 1513 B.C.E., Jehofa o ne a ntsha batho ba gagwe ba le dimilione di le dintsi mo bokgobeng jwa kwa Egepeto mme a ba neela melao e e tlhalositsweng sentle e e neng e tla rulaganya ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi le kobamelo ya bone. Mme moragonyana, mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba le dikete di le masomesome mo go bone ba ne ba rulaganyediwa go dira tirelo e e kgethegileng kwa tempeleng. (1 Ditirafalo 23:4, 5) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, diphuthego tsa Bakeresete di ne di rulagantswe ka kaelo ya Modimo: “A neela bangwe gore ba nne baaposetole; ba bangwe gore ba nne baperofeti; ba bangwe bareri ba Mafoko a a Molemo; le ba bangwe badisa ba phuthego, le baruti; gore baitshepi ba itekanediwe, le gore ba dire tiro ya tirelo ya phuthego.”—Baefeso 4:11, 12.
Batlhanka ba Motlha wa Gompieno le Bone Ba Rulagantswe
9, 10. Jehofa o rulagantse batho ba gagwe jang mo motlheng wa rona?
9 Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o rulagantse batlhanka ba gagwe ba motlha wa gompieno gore ba kgone go dira tiro ya gagwe ya motlha wa rona ka botlalo—ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa gagwe pele a fedisa tsamaiso ya jaanong ya dilo e e boikepo. (Mathaio 24:14) Ela tlhoko se se akarediwang mo tirong eno ya lefatshe lotlhe le kafa go leng botlhokwa ka gone go rulaganya dilo sentle. Banna, basadi, le bana ba le dimilionemilione ba thapisiwa go ruta ba bangwe boammaaruri jwa Baebele. Go gatisiwa Dibaebele le dikgatiso di le dintsintsi tse di thailweng mo Baebeleng gore di thuse mo thapisong eno. Ebu, go gatisiwa dimakasine di feta dimilione tse 16 tsa tokololo nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo ka dipuo di le 118, mme go gatisiwa dimakasine di ka nna dimilione tse 13 tsa tokololo nngwe le nngwe ya Tsogang! ka dipuo di le 73. Mo e batlileng e le ditokololo tsotlhe di gatisiwa ka nako e le nngwe fela mo eleng gore tota batlhanka ba ga Jehofa botlhe ba bona tshedimosetso e e tshwanang nako e le nngwe fela.
10 Mo godimo ga moo, diphuthego di feta 73-000 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe di rulaganyeditswe go kopana ka metlha go bona kaelo e e tswang mo Baebeleng. (Bahebere 10:24, 25) Gape go na le dikokoano tse dikgolwane di le diketekete—dikopano tsa potologo le dikopano tsa kgaolo—ngwaga le ngwaga. Go na le tiro e kgolo ya go aga mo lefatsheng lotlhe go agiwa Diholo tsa Bogosi tse disha kana tse di ntšhafadiwang, Diholo tsa Dikopano, magae a Bethele, le mafelo a go ka gatisediwang dibuka tse di theilweng mo Baebeleng mo go one. Go na le dikolo tse barutisi ba Baebele ba fiwang thapiso e kgolwane mo go tsone mo dinageng tse di farologaneng go dikologa lefatshe, tse di tshwanang le Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade se se thapisang barongwa le Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela.
11. Go ithuta go rulaganya dilo sentle gone jaanong go tla nna le mosola ofe mo nakong e e tlang?
11 A bo Jehofa a rulagantse batho ba gagwe ba ba mo lefatsheng sentle jang ne gore ba ‘swetse tirelo ya bone,’ ba thusiwa ke baengele ba gagwe ba ba direlang! (2 Timotheo 4:5; Bahebere 1:13, 14; Tshenolo 14:6) Modimo o fitlhelela selo se sengwe gape ka go ruta batlhanka ba gagwe go rulaganya dilo sentle gone jaanong. Batlhanka ba gagwe ba baakanngwa sentle gore fa ba falola bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo, ba bo ba setse ba rulaganyeditswe go simolola botshelo mo lefatsheng le lesha. Go tswa foo ba tla simolola go tsosolosa Paradaise ya lefatshe lotlhe ka thulaganyo ba kaelwa ke Jehofa. Gape ba tla bo ba ipaakanyeditse sentle go ruta batho ba le dimilione di le diketekete ba ba tla tsosiwang mo baswing dilo tsotlhe tse Modimo a di batlang mo go bone gore ba tshele.—Isaia 11:9; 54:13; Ditiro 24:15; Tshenolo 20:12, 13.
Ba Rulagantswe mme Ba Itumetse
12, 13. Ke eng fa re ka bolela gore Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba itumele?
12 Lefa Jehofa a dira ditiro tse di gakgamatsang gape a rulaganya dilo ka tsela e e molemo thata, ga se motho yo o senang maikutlo, yo o sa fetofetogeng, kana yo o dirang dilo seomodiro fela. Go na le moo, ke Motho yo o lorato thata, yo o itumetseng, yo o amegileng ka gore re itumele. “O a lo babalela,” go bolela jalo 1 Petere 5:7. Dilo tse a di diretseng batho di re bontsha kafa a amegang ka gone ka batlhanka ba gagwe e bile a eletsa gore ba itumele. Ka sekai, fa Modimo a ne a bopa monna le mosadi yo o itekanetseng, o ne a ba baya mo paradaiseng ya boitumelo. (Genesise 1:26-31; 2:8, 9) O ne a ba neela sengwe le sengwe se ba neng ba se tlhoka gore ba itumele tota. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba itatlhela dilo tseno tsotlhe ka go tsuologa. Ka ntlha ya boleo jwa bone, re ruile bosaitekanelang le loso.—Baroma 3:23; 5:12.
13 Lefa rona batho re sa itekanela gone jaanong, re santse re ka itumelela se Modimo a se dirileng. Go na le dilo di le dintsi tse di re itumedisang—dithaba tse dikgolo; matšha a mantle, dinoka tse dintle, mawatle a mantle le dintshi tsa lewatle tse dintle; dithunya tse di mebalamentle, tse di nkgang monate le merogo e mengwe ya mefuta e mentsintsi; dijo tse dintsi tse di monate; tiragalo e ntle ya go phirima ga letsatsi e e sekeng e re lapisa; magodimo a a tletseng dinaledi ao re itumelelang go a lebelela bosigo; mefuta e mentsintsi ya diphologolo le bana ba tsone ba ba tlolakang ka tsela e e kgatlhang; mmino o o monate; tiro e e monate e e nang le mosola; ditsala tse di siameng. Go bonala sentle gore Ene yo o rulagantseng dilo tse di ntseng jalo ke motho yo o itumetseng yo o ipelelang go dira gore ba bangwe ba itumele.
14. Jehofa o batla re lekanyetsa dilo jang fa re mo etsa?
14 Ka jalo, Jehofa ga a batle gore tiro e dirwe sentle ka thulaganyo fela. Gape o batla gore batlhanka ba gagwe ba itumele, fela jaaka le ene a itumetse. Ga a batle gore ba rulaganye dilo mo go feteletseng mo e leng gore ba felelwa ke boitumelo jwa bone. Batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go lekalekanya bokgoni jwa bone jwa go rulaganya dilo le boitumelo, fela jaaka ene, ka gonne kwa moya wa gagwe o o boitshepo o o maatla o gone, go na le boitumelo. E bile tota, Bagalatia 5:22 e bontsha gore loungo lwa bobedi lwa moya wa Modimo o o boitshepo lo lo dirang mo bathong ba gagwe ke “boitumelo.”
Lorato lo Tlisa Boitumelo
15. Ke eng fa lorato lo le botlhokwa thata jaana gore re itumele?
15 Go kgatlha thata go lemoga gore Baebele ya re: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8, 16, NW) Ga e ke e re: “Modimo ke thulaganyo.” Lorato ke nonofo ya Modimo ya konokono, mme batlhanka ba gagwe ba tshwanetse go e etsa. Ke gone ka moo loungo lwa ntlha lwa moya wa Modimo lo lo kwadilweng mo go Bagalatia 5:22 e leng “lorato,” go bo go latela “boitumelo.” Lorato lo tlisa boitumelo. Fa re etsa lorato lwa ga Jehofa fa re dirisana le batho ba bangwe, seo se lere boitumelo ka gonne batho ba ba lorato ke batho ba ba itumetseng.
16. Jesu o ne a supa jang kafa lorato lo leng botlhokwa ka gone?
16 Dithuto tsa ga Jesu di bontsha kafa go leng botlhokwa thata ka gone go etsa lorato lwa bomodimo. O ne a re: “Ke bua dilo tse fela jaaka Rara a nthutile.” (Johane 8:28) Jesu o ne a rutiwa eng segolobogolo, se le ene a se rutileng ba bangwe? E ne e le gore melao e megolo e mebedi ke go rata Modimo le go rata moagelani. (Mathaio 22:36-39) Jesu o ne a re tlhomela sekao sa lorato loo. O ne a re: “Ke rata Rara,” mme a supa seo ka go dira thato ya Modimo go ya losong. Mme o ne a bontsha gore o rata batho ka go ba swela. Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba kwa Efeso jaana: ‘Keresete o lo ratile mme a lo intshetsa setlhabelo.’ (Johane 14:31; Baefeso 5:2) Ka jalo, Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Taolo ya me ke e, gore lo ratane, fela jaaka le nna ke lo ratile.”—Johane 15:12, 13.
17. Paulo o ne a supa jang gore go bontsha ba bangwe lorato go botlhokwa?
17 Paulo o ne a bontsha kafa lorato lo lwa bomodimo lo leng botlhokwa ka gone fa a ne a re: “Fa ke bua dipuo tsa batho le tsa baengele, mme fa ke se na lorato, ke be ke etsa kgotlho e e gogomang, kgotsa dimatla tsa tshipi tse di opanngwang fela. Fa ke na le neo ya go ranola, ke bile ke itse masaitsiweng otlhe le kitso yotlhe; fa ke na le tumelo yotlhe, e le e e lekanyeng go hudusa dithaba, mme fa ke se na lorato, ke be ke se sepe fela. Fa ke ntsha dilo tsotlhe tsa me, ke otla bahumanegi ka tsone, fa ke ntshetsa mmele wa me go fisiwa, mme fa ke se na lorato, ga go nthuse sepe. . . . Jaana go sala tumelo, le tsholofelo, le lorato, boraro jo; mme se segolo mo borarong jo ke lorato.”—1 Bakorinthe 13:1-3, 13.
18. Re ka solofela gore Jehofa a dire eng se se tla oketsang boitumelo jwa rona?
18 Fa re etsa lorato lwa ga Jehofa, re ka ikanya lorato lo a re ratang ka lone, le fa re dira diphoso, ka gonne ke “Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri.” (Ekesodo 34:6) Fa re ikwatlhaya ka bopeloephepa fa re dira diphoso, Modimo ga a nne a gopotse dilo tseno mme o re itshwarela ka lorato. (Pesalema 103:1-3) Ee, ‘Jehofa o tletse bopelotlhomogi le boutlwelobotlhoko.’ (Jakobe 5:11) Go itse seno go oketsa boitumelo jwa rona.
Boitumelo jo bo Sa Felelang Jaanong
19, 20. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka se kgonege go nna le boitumelo jo bo feletseng gone jaanong? (b) Baebele e bontsha jang gore re ka nna le boitumelo ka selekanyo se se rileng gone jaanong?
19 Lefa go ntse jalo, a go ka kgonega go itumela gompieno, re ntse re tshela mo metlheng ya bofelo ya lefatshe leno la ga Satane le le tletseng bokebekwa, bothubaki, boitsholo jo bo sa siamang, le mo go lone re tlhaselwang ke bolwetsi le loso? Gone ke boammaaruri, re ka se ke gone jaanong ra bo re setse re solofela go itumela ka selekanyo se re tla itumelang ka sone mo lefatsheng le lesha la Modimo, jaaka Lefoko la gagwe le bolelela pele: “Ke tlhola magodimo a maša, le lefatshe le leša; mme dilo tsa pele ga di ketla di gakologelwa, le fa e le go tla mo mogopolong. Lona lo ipele, lo itumele ka bosakhutleng mo go se ke se tlholang.”—Isaia 65:17, 18.
20 Batlhanka ba Modimo gompieno ba ka nna fela le boitumelo jo bo sa felelang ka gonne ba itse thato ya gagwe gape ba na le kitso ya boammaaruri ka masego a magolo ao a tla tlogang a tla mo lefatsheng la gagwe le lesha la paradaise. (Johane 17:3; Tshenolo 21:4) Ke gone ka moo Baebele e ka reng: “Jehofa wa masomosomo, go sego motho yo o ikantseng mo go wena,” “go sego mongwe le mongwe yo o boifang Jehofa, yo o tsamayang mo ditseleng tsa gagwe,” “go sego ba ba pelonomi; gonne ba tlaa rua lefatshe.” (Pesalema 84:12; 128:1; Mathaio 5:5) Ka jalo, lefa go na le maemo a a bokete a re tshwanetseng go a itshokela gone jaanong, re ka itumela ka selekanyo se se bonalang. Tota le fa re diragalelwa ke dilo tse di bosula, ga re hutsafale jaaka go hutsafala batho ba ba sa itseng Jehofa le ba ba sa solofelang botshelo jo bo sa khutleng.—1 Bathesalonika 4:13.
21. Fa batlhanka ba ga Jehofa ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang, seo se thusa jang gore ba itumele?
21 Batlhanka ba ga Jehofa gape ba itumela ka gonne ba dirisa nako, maatla, le dilo tse ba nang le tsone ba ruta batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele, bogolo jang batho ba ba ‘fegelwang, le ba ba sonelelang dilo tsotlhe tse di makgapha’ tse di dirwang mo lefatsheng la ga Satane. (Esekiele 9:4) Baebele e re: “Go [itumela, NW] yo o gopolang bahumanegi; Jehofa o tlaa mo tlamela, a ba a mo tshedisa, mme o tlaa [bolelwa fa a itumetse, NW] mo lefatsheng.” (Pesalema 41:1, 2) Jaaka fa Jesu a ne a bolela, “go aba go lesego bogolo go go amogela.”—Ditiro 20:35.
22. (a) Bapisa batlhanka ba Modimo le batho ba ba sa mo direleng, malebana le boitumelo. (b) Ke lebaka lefe le le kgethegileng le le ka dirang gore re solofele gore re tla itumela?
22 Ka jalo, e re ntswa batlhanka ba Modimo ba sa tshwanela go solofela gore ba tla itumela ka selekanyo se se kwa godimo gompieno, ba ka bona boitumelo jo batho ba ba sa direleng Modimo ba senang jone. Jehofa o bolela jaana: “Bonang, batlhanka ba me ba tlaa opela ka go thama ga pelo, mme lona lo tlaa lela ka go jewa ke moetlo mo moeng, le ka bohutsana jwa pelo lo tla bokolela.” (Isaia 65:14) Gape, ba ba direlang Modimo ba na le lebaka le le kgethegileng thata la gore ba itumele gone jaanong—ba na le moya wa gagwe o o boitshepo o “Modimo o o neileng bone ba ba o utlwang.” (Ditiro 5:32) Mme gape gakologelwa, kwa moya wa Modimo o leng teng, boitumelo le jone bo teng.—Bagalatia 5:22.
23. Re tla tlhatlhoba eng mo thutong ya rona e e latelang?
23 Mo phuthegong ya batlhanka ba Modimo gompieno, “bagolwane” ba na le seabe sa botlhokwa, ba etelela diphuthego pele, ba thusa gore batho ba ga Jehofa ba itumele. (Tito 1:5) Ba tshwanetse go leba maikarabelo a bone jang, mmogo le tsela e ba tshwanetseng go dirisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya ka yone? Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlhalosa.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Popo e supela jang gore Jehofa o rulaganya dilo?
◻ Jehofa o ne a rulaganya batlhanka ba gagwe jang mo nakong e e fetileng le gone jaanong?
◻ Jehofa o batla gore re lekalekanye dilo jang?
◻ Lorato lo tlhokega go le kana kang gore re itumele?
◻ Re ka solofela go itumela jang mo motlheng wa rona?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]
Top: Courtesy of ROE/Anglo-Australian Observatory, photograph by David Malin