Go Disa Letsomane la Modimo ka Lorato
“Disang letsomane la Modimo le le mo go lona.”—1 PETERE 5:2.
1, 2. Nonofo ya ga Jehofa e e tlhomologileng ke efe, mme e bonala jang?
MO DIKWALONG tsotlhe tse di Boitshepo, go tlhalosiwa sentle gore lorato ke lone nonofo e e tlhomologileng ya Modimo. “Modimo ke lorato,” go bolela jalo 1 Johane 4:8, (NW). E re ka lorato lwa gagwe lo bonala ka ditiro, 1 Petere 5:7 e bolela gore Modimo “o a lo babalela.” Mo Baebeleng tsela e Jehofa a babalelang batho ba gagwe ka yone e tshwantshiwa le tsela e modisa yo o lorato a babalelang dinku tsa gagwe ka go di neneketsa ka yone: “Bonang, Morena Modimo o . . . tlaa fudisa letsomane la gagwe jaaka modisa; o tlaa phuthela dikwanyana mo letsogong la gagwe, a di gara mo sehubeng sa gagwe, tse di amusang o tlaa di tsamaisa ka pepetletso.” (Isaia 40:10, 11) A bo Dafide a ne a gomotsegile jang ne gore a kgone go re: “Jehofa ke modisa wa me; ga nketla ke tlhoka sepe”!—Pesalema 23:1.
2 Go a tshwanela go bo Baebele e tshwantsha batho ba Modimo o ba ratang le dinku, ka gonne dinku di ritibetse, di ikobela badisa ba tsone ba ba di babalelang e bile di a ba utlwa. Jaaka Modisa yo o lorato, Jehofa o amega thata ka batho ba gagwe ba sekadinku. O bontsha seo ka go ba tlamela ka dilo tsa mo nameng le tsa semoya le ka go ba kaela gore ba itshokele ‘metlha eno ya bofelo’ e e bokete ya lefatshe leno le le bosula mme ba ye kwa lefatsheng la gagwe le le tlang la tshiamo.—2 Timotheo 3:1-5, 13; Mathaio 6:31-34; 10:28-31; 2 Petere 3:13.
3. Mopesalema o ne a tlhalosa jang tsela e Jehofa a tlhokomelang dinku tsa gagwe ka yone?
3 Ela tlhoko kafa Jehofa a tlhokomelang dinku tsa gagwe ka lorato ka gone: “Matlho a ga Jehofa a mo go ba ba mmoifang, le ditsebe tsa gagwe di kwa go goeng ga bone. . . . Ba ne ba goa, mme Jehofa a utlwa, a ba golola mo ditlalelong tsotlhe tsa bone. Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng, o boloka ba ba mowa o o ngomogileng. Dipatikego tsa mosiami di dintsi; mme Jehofa o mo golola mo go tsone tsotlhe.” (Pesalema 34:15-19) A bo Modisa wa Lobopo lotlhe a gomotsa batho ba gagwe ba sekadinku thata jang ne!
Sekao sa Modisa yo o Molemo
4. Jesu o na le seabe sefe mo go tlhokomeleng letsomane la Modimo?
4 Morwa Modimo e bong Jesu o ne a ithuta tota mo go Rraagwe, ka gonne Baebele e bitsa Jesu e re ke “modisa yo o molemo.” (Johane 10:11-16) Tirelo ya botlhokwa e a e direlang letsomane la Modimo e kwadilwe mo go Tshenolo kgaolo 7. Mo temaneng ya 9, batlhanka ba Modimo ba motlha wa rona ba bidiwa “boidiidi jo bogolo jwa batho . . . ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo.” Go tswa foo temana 17 e bolela jaana: “Kwana [Jesu] . . . o tlaa nna modisa wa bone, o tlaa ba gogela kwa metsweding ya metsi a botshelo, mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.” Jesu o kaela dinku tsa Modimo kwa metsing a boammaaruri ao a isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Ela tlhoko gore Jesu o bidiwa “Kwana,” se se bontshang gore le ene o na le dinonofo tsa senku, e re ka e le ene sekao se segolo sa boineelo go Modimo.
5. Jesu o ne a ikutlwa jang ka batho?
5 Jesu o ne a tshela le batho fa a ne a le mo lefatsheng mme a bona boemo jwa bone jo bo tlhomolang pelo. O ne a amega jang ka selelo sa bone? “A ba tlhomogela pelo, ka ba patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Dinku tse di senang modisa di tlhorontshiwa thata ke dibatana, fela jaaka go ntse le ka dinku tse di nang le badisa mme ba sa di tlhokomele. Mme lefa go ntse jalo Jesu o ne a amega thata, ka gonne o ne a re: “Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me; gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, le morwalo wa me o motlhofo.”—Mathaio 11:28-30.
6. Jesu o ne a bontsha jang gore o amega ka batho ba ba gateletsweng?
6 Boperofeti jwa Baebele bo ne jwa bolelela pele gore Jesu o ne a tla dirisana ka lorato le batho: “Jehofa o ntloleditse . . . gore ke fape ba ba pelo di phatlogileng, . . . go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.” (Isaia 61:1, 2; Luke 4:17-21) Le ka motlha Jesu ga a ise a ko a lebele batho ba ba humanegileng le ba ba sotlegileng kwa tlase. Go na le moo, o ne a diragatsa Isaia 42:3: “Lotlhaka lo lo phitsegileng ga a ketla a lo roba, le lodi lo lo kukelang ga a ketla a lo tima.” (Bapisa Mathaio 12:17-21.) Batho ba ba lwalang ba ne ba tshwana le lotlhaka lo lo phitsegileng, le mogala wa lobone o o tlogang o tima ka gonne o sena mafura. Jesu fa a lemoga seemo sa bone se se utlwisang botlhoko o ne a ba tlhomogela pelo mme a ba neela maatla le tsholofelo, a ba fodisa semoyeng le mmeleng.—Mathaio 4:23.
7. Jesu o ne a lebisa batho ba ba neng ba mo amogela kae?
7 Batho ba sekadinku ba ne ba tla kwa go Jesu ka bontsi. Thuto ya gagwe e ne e gogela thata mo e leng gore batlhankedi ba ba neng ba romilwe go ya go mo tshwara ba ne ba bega jaana: “Ga go ise go ko go bue motho ope jaaka ene.” (Johane 7:46) Aitsane, baeteledipele ba ba boitimokanyo ba bodumedi ba ne ba ngongorega jaana: “Lefatshe le ile go mo sala morago”! (Johane 12:19) Mme lefa go ntse jalo Jesu o ne a sa ipatlele tlotlo kana kgalalelo. O ne a lebisa batho kwa go Rraagwe. O ne a ba ruta gore ba direle Jehofa ba tlhotlhelediwa ke go rata dinonofo tsa Gagwe tse di rategang: “O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka thata yotlhe ya gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.”—Luke 10:27, 28.
8. Tsela e batho ba Modimo ba mo utlwang ka yone e farologane jang le e batho ba bangwe ba utlwang babusi ba lefatshe ka yone?
8 Jehofa o itumela thata ka gonne bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe bo tshegeditswe ke batho ba gagwe ba sekadinku, ba dira jalo ka gonne ba mo rata. Ba itlhophela go mo direla ka go rata ka gonne ba itse dinonofo tsa gagwe tse di rategang. A bo seo se farologane thata jang ne le baeteledipele ba lefatshe leno ba ba utlwiwang ke batho ba bone fela ka gonne ba ba tshaba, kana ba ba utlwa ka go ikgoga, kana ka ntlha ya maitlhomo mangwe a sele fela! Tota fa go buiwa ka ga Jehofa le Jesu go ka se ka ga buiwa mafoko a a tshwanang le a a builweng kaga mopapa mongwe wa Kereke ya Roma Katoliki: “O ne a kgatlhegelwa ke batho ba le bantsi, a tshabiwa ke batho botlhe, a sa ratiwe ke ope.”—Vicars of Christ—The Dark Side of the Papacy, e e kwadilweng ke Peter De Rosa.
Badisa Ba Ba Setlhogo kwa Iseraele
9, 10. Tlhalosa kafa baeteledipele ba Iseraele wa bogologolo le ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba ntse ka gone.
9 Ka go sa tshwane le Jesu, baeteledipele ba bodumedi ba Iseraele ba mo motlheng wa gagwe ba ne ba sa rate dinku. Ba ne ba tshwana le babusi ba bogologolo ba Iseraele ba Jehofa a neng a boletse jaana ka bone: “A bo go latlhega badisa ba Iseraele ba ba ijesang fela! Badisa a ga ba a tshwanela go fudisa dinku? . . . Tse di bobolang ga lo a di thatafatsa, ga lo a fodisa tse di lwalang, ga lo a fapa tse di robegileng, le gone ga lo a busa tse di lelekilweng, ga lo a batla tse di timetseng; mme lo di laotse ka kgolo le patiko.”—Esekiele 34:2-4.
10 Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba le peloethata jaaka badisa bao ba bopolotiki. (Luke 11:47-52) Go tshwantsha seno, Jesu o ne a bua kaga Mojuda mongwe yo o neng a thukhuthiwa, a itewa, a tlogelwa fa thoko ga tsela a le gaufi le go swa. Moperesite wa Moiseraele o ne a feta mme ya re a bona Mojuda yono, a mo fapoga a feta kafa ntlheng e nngwe ya tsela. Molefi mongwe le ene a dira fela jalo. Go tswa foo mongwe yo eseng Moiseraele, e le Mosamaria yo o tseelwang kwa tlase, o ne a feta mme a tlhomogela motho yono pelo. O ne a mo hapa dintho, a mo pega mo eseleng a ba a mo isa kwa ntlong nngwe ya baeng, a mo tlhokomela. O ne a duela mong wa ntlo mme a bolela gore o ne a tla boa a tla go duelela ditshenyegelo dipe fela tse di ka salang.—Luke 10:30-37.
11, 12. (a) Boikepo jwa baeteledipele ba bodumedi bo ne jwa ya magoletsa jang mo motlheng wa ga Jesu? (b) Baroma ba ne ba feleletsa ba dirile eng ka baeteledipele ba bodumedi?
11 Baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba le bosula mo e leng gore fa Jesu a sena go tsosa Lasaro mo baswing, baperesite ba bagolo le Bafarasai ba ne ba epa pitso ya Sanehederine mme ba re: “Re dirang, gonne monna yo [Jesu] o dira ditshupo di le dintsi? Fa re mo lesa fela jaana, batho botlhe ba tlaa dumela mo go ene; Baroma ba tlaa tla ba tlosa bonno jwa rona le morafe wa rona.” (Johane 11:47, 48) Ba ne ba sena sepe le selo se sentle se Jesu a neng a se diretse monna yo o neng a sule. Ba ne ba amegile ka maemo a bone. Ka jalo “go simolola fela ka letsatsi leo ba gakololana gore ba mmolaye [Jesu].”—Johane 11:53.
12 Ditlhogo tsa baperesite di ne tsa oketsa boikepo jwa tsone ka go “gakololana gore ba bolaye le ene Lasaro; ka gobo e le ka ntlha ya gagwe fa Bajuta ba le bantsi ba tsamaile, mme ba dumela mo go Jesu.” (Johane 12:10, 11) Maiteko a bone a bopelotshetlha a go leka go sireletsa maemo a bone e ne ya nna a lefela, ka gonne Jesu o ne a ba boleletse jaana: “Ntlo ya lona lo e tlogeletswe e ropefetse fela.” (Mathaio 23:38) Mafoko ao a ne a diragadiwa ka gonne, mo go yone kokomana eo, Baroma ba ne ba tla mme ba tsaya ‘bonno jwa bone le morafe wa bone,’ mmogo le matshelo a bone.
Badisa Ba Ba Lorato mo Phuthegong ya Bokeresete
13. Jehofa o ne a solofetsa gore o tla romela mang gore a dise letsomane la gagwe?
13 Mo boemong jwa badisa bao ba ba setlhogo ba ba pelotshetlha, Jehofa o ne a tla tlisa Modisa yo o Molemo, Jesu, gore a tlhokomele letsomane la Gagwe. Gape o ne a solofetsa go tlisa badisa ba babotlana gore ba tlhokomele dinku: “Ke tlaa tlhoma badisa mo go one ba ba tlaa a otlang; ga a ketla a tlhola a boifa.” (Jeremia 23:4) Ka jalo, jaaka mo diphuthegong tsa Bokeresete tsa lekgolo la ntlha la dingwaga, le gompieno go ‘tlhongwa bagolwane mo motseng mongwe le mongwe.’ (Tito 1:5) Banna bano ba ba godileng semoyeng ba ba fitlhelelang dilo tse di batliwang ke Dikwalo ba tshwanetse go ‘disa letsomane la Modimo.’—1 Petere 5:2; 1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:7-9.
14, 15. (a) Ke boikutlo bofe jo barutwa ba neng ba thatafalelwa ke go nna le jone? (b) Jesu o ne a dira eng go ba bontsha gore bagolwane e tshwanetse ya nna batlhanka ba ba ikokobeditseng?
14 Fa ba ntse ba tlhokomela dinku, bagolwane ba tshwanetse gore “bogolo go dilo tsotlhe” ba di ‘rate ka lorato lo lo tukang.’ (1 Petere 4:8) Mme lefa go ntse jalo barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanelwa ke gore ba ithute go dira jalo ka gonne ba ne ba tshwenyegile thata ka matlho a batho le maemo a bone. Ka jalo fa mmaagwe barutwa ba gagwe ba babedi a ne a raya Jesu a re: “Laola gore bomorwaake ba babedi ba, ba dule, mongwe ka fa tsogong la gago le legolo, yo mongwe ka fa go la molema, mo bogosing jwa gago,” barutwa ba bangwe ba ne ba tenega. Jesu o ne a ba raya a re: “Balaodi ba Baditšhaba ba . . . bogoma mo go bone, le bagolo ba bone ba gagamatsa taolo mo go bone. Ga go ketla go nna jalo mo go lona; mme le fa e le mang yo o ratang go tla a nna mogolo mo go lona, a a nne modiredi wa lona; le gone le fa e le mang yo o ratang go nna wa pele mo go lona, a a nne motlhanka wa lona.”—Mathaio 20:20-28.
15 Ka nako e nngwe, fa barutwa ba ne “ba ganetsantse mo tseleng kgang ya go re, yo mogolo ke mang,” Jesu o ne a ba raya a re: “Fa motho mongwe le fa e le mang a rata go nna wa kwa pele, a ene a nne wa moragorago, a ba a nne modiredi wa botlhe.” (Mareko 9:34, 35) Go ikokobetsa mo moyeng le go rata go direla ba bangwe go ne go tshwanetse ga nna karolo ya botho jwa bone. Lefa go ntse jalo barutwa ba ne ba tswelela pele ba ketefalelwa ke go amogela dikgopolo tseo, ka gonne mo go jone bosigo jwa pele Jesu a swa, kwa sejong sa gagwe sa bofelo sa maitseboa, go ne ga tsoga “kgang” mo gare ga bone ya gore ke mang yo mogolo! Seo se ne sa direga le mororo Jesu a ne a ba bontshitse gore mogolwane o tshwanetse go direla letsomane jang; o ne a ile a ikokobetsa a bo a ba tlhapisa dinao. O ne a re: “Fa nna yo ke leng Morena le Moruti, ke tlhapisitse dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse go tlhapisanya dinao. Gonne ke lo beetse sekao, gore le lona lo dire jaaka ke lo diretse.”—Luke 22:24; Johane 13:14, 15.
16. Watch Tower e ne ya bua eng ka 1899 malebana le nonofo e e botlhokwatlhokwa ya bagolwane?
16 Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go nna ba ruta gore bagolwane ba tshwanetse go nna jaana. Mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, Watch Tower ya April 1, 1899 e ne ya umaka mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Bakorinthe 13:1-8 go tswa foo e bo e re: “Moaposetoloi o bontsha sentle gore kitso le go kgona go bua ka tsela e e borethe ga se tsone dilo tsa botlhokwa thata tse di lejwang, mme lorato lo lo tswang mo pelong lo lo amang botshelo jotlhe, lo dirisa e bile lo laola mebele ya rona e e swang, ke yone teko ya mmatota—bosupi jwa mmatota jwa gore re na le kamano le Modimo. . . . Nonofo ya botlhokwatlhokwa e e tshwanetseng ya batliwa go mongwe le mongwe yo o amogelwang jaaka motlhanka wa kereke, gore a direle mo dilong tse di boitshepo, e tshwanetse gore pele e nne moya wa lorato.” E ne ya tlhalosa gore banna ba ba neng ba sa direle ka boikokobetso ba tlhotlhelediwa ke lorato “ke barutisi ba ba ka tswang ba sa siama, mme ba ka nna ba senya go na le go dira molemo.”—1 Bakorinthe 8:1.
17. Baebele e gatelela jang dinonofo tse bagolwane ba tshwanetseng ba nna le tsone?
17 Ka jalo, bagolwane ga ba a tshwanela go ‘rena’ mo letsomaneng. (1 Petere 5:3) Go na le moo, ba tshwanetse go tlhoma sekao ka go ‘nna pelonomi mongwe mo go yo mongwe le pelonamagadi.’ (Baefeso 4:32) Paulo o ne a gatelela jaana: “Lo apare pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele. . . . Mme mo godimo ga dilo tsotlhe tse lo apare lorato, lo e leng lone sebofo sa boitekanelo.”—Bakolosa 3:12-14.
18. (a) Paulo o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo sa go dirisana le dinku? (b) Ke eng fa bagolwane ba sa tshwanela go tlhokomologa dilo tse di tlhokwang ke dinku?
18 Paulo o ne a ithuta go dira seno, a re: “Re ne re le bonolo mo gare ga lona, jaaka fa moamusi a ngomaela bana ba e leng ba gagwe; fela jalo, e re ka re ne re lo tlhoafaletse ka lorato, ra bo re itumela go lo naya, e seng Mafoko a a Molemo a Modimo a le osi, le e leng mewa ya rona, ka lo ne lo setse lo ratwa ke rona thata.” (1 Bathesalonika 2:7, 8) O ne a bua se se dumelanang le seo, a re: “Nametsang ba ba lapang pelo, pepetletsang ba ba bokoa, lo nne pelotelele mo go botlhe.” (1 Bathesalonika 5:14) Go sa kgathalesege gore dinku di ka ba tlisetsa bothata bofe, bagolwane ba tshwanetse go gakologelwa Diane 21:13: “Le fa e le mang yo o thibelang go gala ga mohumanegi ditsebe tsa gagwe, le ene o tlaa gala, mme ga a ketla a utlwiwa.”
19. Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba ba lorato e le thuso, mme dinku di itshwara jang ka ntlha ya lorato lo lo ntseng jalo?
19 Bagolwane ba ba disang letsomane ka lorato ba tswa letsomane thuso. Isaia 32:2 e ne ya bolelela pele jaana: “Monna o tlaa nna jaaka boipoteletso mo phefong, le boitekeletso mo ledimong; jaaka dinoka tsa metsi mo sekakeng, jaaka moriti wa lefika le legolo mo nageng e e lapisang.” Re itumelela go itse gore bagolwane ba rona ba le bantsi ba tshwanela tlhaloso e ntle eo e e tlhalosang ka go lapolosa. Ba ithutile go diragatsa molaomotheo ono: “Mo go rateng bakaulengwe, lo nne lo ratane ka lorato lo lo pepetletsang; mo tlotlong, a mongwe a beye yo mongwe kwa pele.” (Baroma 12:10) Fa bagolwane ba bontsha mofuta ono wa lorato le boikokobetso, seno se dira gore dinku di ba “tlotle thatathata mo loratong ka ntlha ya tiro ya bone.”—1 Bathesalonika 5:12, 13.
Tsayang Tsiya Kgololesego ya Motho ya go Itlhophela
20. Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba tshwanetse go tsaya tsia gore motho o tshwanetse go nna le kgololesego ya go itlhophela se a se batlang?
20 Jehofa o bopile batho ba na le kgololesego ya go itlhophela gore ba itirele ditshwetso. Le fa bagolwane ba tshwanetse go gakolola le e leng go otlhaya batho, ga ba a tshwanela go laola botshelo kana tumelo ya yo mongwe. Paulo o ne a re: “E be e se gore re na le borena mo tumelong ya lona, mme re bakokotletsi ba boitumelo jwa lona, gonne lo eme ka tumelo.” (2 Bakorinthe 1:24) Ee, “motho mongwe le mongwe o tlaa ithwalela morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5) Jehofa o re neile kgololesego e ntsi mme re le kafa tlase ga melao le melaometheo ya gagwe. Ka jalo bagolwane ba tshwanetse ba tila go tlhoma melao fa melaometheo ya Dikwalo e sa tlolwe. Gape ba tshwanetse ba tila tlwaelo epe ya gore ba ntshe maikutlo a bone ka namana gore e nne one a latelwang kana ba letle boikgogomoso bo ba dire gore ba kgoreletse dilo fa mongwe a sa dumelane le maikutlo ao.—2 Bakorinthe 3:17; 1 Petere 2:16.
21. Tsela e Paulo a neng a ikutlwa ka yone ka Filemone e ka re ruta eng?
21 Ela tlhoko gore fa Paulo a ne a santse a le mo kgolegelong kwa Roma o ne a dirisana jang le Filemone, Mokeresete mongwe yo o neng a na le lelata kwa Kolosa kwa Asia Minor. Lelata la ga Filemone le le neng le bidiwa Onesimo le ne la tshabela kwa Roma, la fetoga Mokeresete, la bo la thusa Paulo. Paulo o ne a kwalela Filemone jaana: “Ke ne ke rata e ka bo ne ne fano ke sa ntse ke na nae, gore a ntirele mo boemong jwa gago, ke le mo dikgoleng tsa Mafoko a a Molemo. Mme ga ke na go dira sepe kwa ntle ga mogopolo wa gago; gore molemo wa gago o se ka wa nna jaaka e kete o a o patelediwa, mme gore o nne wa go itatola ga pelo ya gago fela.” (Filemone 13, 14) Paulo o ne a busa Onesimo, a ba a kopa Filemone gore a mo tshware jaaka mokaulengwe wa Mokeresete. Paulo o ne a itse gore letsomane e ne e se la gagwe; e ne e le la Modimo. O ne a se mong wa lone mme a le motlhanka wa lone. Paulo o ne a seka a laela Filemone gore a dire eng; o ne a tsaya tsia gore o na le kgololesego ya go tlhopha se a se batlang.
22. (a) Bagolwane ba tshwanetse go tlhaloganya gore boemo jwa bone ke bofe? (b) Jehofa o bopa phuthego e e ntseng jang?
22 Fa phuthego ya Modimo e ntse e gola, go tlhongwa bagolwane ba ba oketsegileng. Bone mmogo le bagolwane ba ba nang le maitemogelo thata, ba tshwanetse go tlhaloganya gore boemo jwa bone bo tlhoka gore ba direle ka boikokobetso. Ka jalo, fa Modimo a ntse a isa phuthego ya gagwe kwa lefatsheng le lesha, e tla tswelela pele e gola jaaka a batla—e rulagantswe sentle mme e sa tlhokomologe lorato le bopelotlhomogi e le fela gore e dire dilo ka maatlametlo. Ka jalo, phuthego ya gagwe e tla tswelela pele e gogela batho ba sekadinku ba ba tla iponelang ka matlho gore ‘[Modimo o dira gore, NW] dilo tsotlhe di dirisane mmogo, go direla ba ba ratang Modimo molemo.’ Re ka solofela go bona seo mo phuthegong e e theilweng mo loratong, ka gonne “lorato ga lo ke lo tlhaela gope.”—Baroma 8:28; 1 Bakorinthe 13:8.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Baebele e tlhalosa jang tsela e Jehofa a tlhokomelang batho ba gagwe ka yone?
◻ Jesu o na le seabe sefe mo go tlhokomeleng letsomane la Modimo?
◻ Bagolwane ba tshwanetse go nna le nonofo efe ya konokono?
◻ Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba tshwanetse go tsaya tsia kgololesego ya go itlhophela eo dinku di nang le yone?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Jesu, “modisa yo o molemo,” o ne a le kutlwelobotlhoko
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Baeteledipele ba ba boikepo ba bodumedi ba ne ba loga maano a go bolaya Jesu