A O Ruta Fela Jaaka Jesu A Ne A Ruta?
“Batho ba gakgamalela thuto ya gagwe, ka a ba ruta jaaka yo o nang le thata, e seng jaaka bakwadi ba bone.”—MATHAIO 7:28, 29.
1. Ke bomang ba ba neng ba sala Jesu morago fa a ntse a ruta kwa Galilea, mme Jesu o ne a itshwara jang?
GONGWE le gongwe kwa Jesu a neng a ya teng, boidiidi jwa batho bo ne bo mo sala morago. “Jesu a tsamayatsamaya le lefatshe lotlhe la Galilea, a etla a ruta mo matlong a thuto a bone, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa malwetse mangwe le mangwe otlhe, le dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe mo bathong.” Fa pego ya tiro ya gagwe e ntse e anama gotlhe, “matshutitshuti a mantsi a batho [a ne] a mo sala morago, a a tswang kwa Galilea, le kwa Dikapolise, le kwa Jerusalema, le kwa Jutea le kwa moseja ga Joretane.” (Mathaio 4:23, 25) Ya re a ba bona, “a ba tlhomogela pelo, ka ba patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” Fa a ntse a ruta ba ne ba kgona go lemoga gore o ba tlhomogela pelo kana o ba rata go tswa pelong; e ne e kete ke molemo o o okobatsang botlhoko jwa dintho tsa bone o o neng wa ba gogela gaufi le ene.—Mathaio 9:35, 36.
2. Ke eng gape se sengwe se se neng sa gogela boidiidi jwa batho, kwantle ga dikgakgamatso tsa ga Jesu?
2 A bo Jesu a ne a ba fodisa ka tsela e e gakgamatsang jang ne mo mmeleng—a ntlafatsa balepero, a dira gore bosusu ba utlwe, difofu di bone, digole di tsamaye, baswi ba tsogele botshelong gape! Eleruri dipontsho tseno tse di gakgamatsang tsa maatla a ga Jehofa tse di neng di dirwa ke Jesu di ne tsa gogela batho ba le bantsi! Mme e ne e se dikgakgamatso fela tse di neng tsa ba gogela; gape matshutitshuti a batho a ne a tla gore a fodisiwe semoyeng mo Jesu a neng a go dira fa a ntse a ruta. Ka sekai, ela tlhoko gore ba ne ba itshwara jang fa ba sena go utlwa Thero ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng: “E rile Jesu a sena go wetsa mafoko a, batho ba gakgamalela thuto ya gagwe, ka a ba ruta jaaka yo o nang le thata, e seng jaaka bakwadi ba bone.” (Mathaio 7:28, 29) Baruti ba bone ba ne ba nopola dingwao tse di sa kwalwang tse di tswang mo baruting ba bogologolo gore ba tshegetse dithuto tsa bone. Jesu o ne a ba ruta thuto e e tswang kwa Modimong: “Dilo tse ke di buang, ke di bua fela jaaka Rara a di mpoleletse.”—Johane 12:50.
Thuto ya Gagwe E Ne E Fitlhelela Pelo
3. Tsela e Jesu a neng a neela molaetsa wa gagwe ka yone e ne e farologana jang le ya bakwadi le Bafarisai?
3 Pharologanyo fa gare ga thuto ya ga Jesu le ya bakwadi le Bafarisai e ne e se fela se e se rutang—boammaaruri jo bo tswang kwa Modimong bo farologane le dingwao tse di sa kwalwang tse di boima tsa batho—mme gape le tsela e e neng e rutwa ka yone. Bakwadi le Bafarisai ba ne ba ikgogomosa e bile ba le bogale, ba batla maina a a tlotlometseng ka go ikgantsha mme ba nyatsa boidiidi jwa batho ka go ba sotla ba re “ba hutsegile.” Lefa go le jalo, Jesu o ne a le bonolo, a le bori, a le pelonomi, a le kutlwelobotlhoko, e bile gantsi a fetofetoga le seemo, mme a ba tlhomogela pelo. Jesu o ne a sa rute fela ka mafoko a boammaaruri mme gape le ka mafoko a a monate a a tswang mo pelong ya gagwe, a a neng a tsena ka tlhamalalo mo dipelong tsa bareetsi ba gagwe. Molaetsa wa gagwe o o itumedisang o ne o dira gore batho ba tle kwa go ene, o ba tlhotlheletsa go phakelela kwa tempeleng go ya go mo reetsa, mme o ne o ba dira gore ba mo sale morago gongwe le gongwe le go mo reetsa ka boitumelo. Ba ne ba ologela kwa go ene ka bontsi go ya go mo reetsa, ba ntse ba bolela jaana: “Ga go ise go ko go bue motho ope jaaka ene.”—Johane 7:46-49; Mareko 12:37; Luke 4:22; 19:48; 21:38.
4. Ke eng se segolobogolo se neng se gogela batho ba le bantsi fa Jesu a ne a rera?
4 Eleruri, lengwe la mabaka a a neng a dira gore batho ba ikutlwe ba rata thuto ya gagwe e ne e le go bo a ne a dirisa ditshwantsho. Jesu o ne a bona se ba bangwe ba neng ba se bona, mme o ne a akanya ka dilo tse ba neng ba sa di akanye gotlhelele. Dithunya tse di melang mo masimong, dinonyane tse di agang dintlhaga tsa tsone, banna ba ba jalang peo, badisa ba ba lereng dikonyana tse di latlhegileng, basadi ba ba rokelelang dibata mo diaparong tse dikgologolo, bana ba ba tshamekelang mo patlelong ya borekelo, batshwari ba ditlhapi ba ba gogang matloa a bone—e leng dilo tse di neng di tlwaelegile tse mongwe le mongwe a neng a di bona—e ne e se dilo tse di tlwaelegileng fela mo matlhong a ga Jesu. Gongwe le gongwe kwa a neng a leba teng, o ne a bona se a ka se dirisang go tshwantsha Modimo le Bogosi jwa Gagwe kana go tlhalosa sengwe kaga batho ba ba neng ba mo dikologile.
5. Jesu o ne a thaela ditshwantsho tsa gagwe mo go eng, mme ke eng se se neng sa dira gore ditshwantsho tsa gagwe di nne le matswela?
5 Ditshwantsho tsa ga Jesu di theilwe mo dilong tse di diragalang letsatsi le letsatsi tse batho ba setseng ba di bone ka makgetlho a le mantsi, mme fa boammaaruri bo bapisiwa le dilo tseno tse re di tlwaetseng, bo gatelelwa ka bonako le mo teng ga megopolo ya bao ba reeditseng. Boammaaruri jo bo ntseng jalo ga bo utlwiwe fela; mme bo nnela ruri mo mogopolong e bo e re moragonyana ga foo re bo re ka bo gakologelwa motlhofo. Ditshwantsho tsa ga Jesu di ne di le motlhofo, di sa tladiwa ka dilo tse di seng botlhokwa tse di ka nnang tsa thibela le go kgoreletsa batho go tlhaloganya boammaaruri. Ka sekai, akanya ka setshwantsho sa Mosamaria yo o molemo. O bona sentlentle gore moagisani yo o molemo go tewa eng. (Luke 10:29-37) Gape o ne a neela setshwantsho sa barwa ba babedi—yo mongwe o ne a bolela gore o tla dira mo tshimong ya mafine mme a se ka a dira jalo, yo mongwe a bolela gore o ka se dire mo go yone mme a dira. Ka bonako fela o bona ntlha ya botlhokwa ya go nna kutlo ka tsela ya mmatota—go dira tiro e o e abetsweng. (Mathaio 21:28-31) Ga go na ope wa bone yo o neng a otsela kana a eta mogopolo mo thutong ya ga Jesu e e monate thata jaana. Megopolo ya bone e ne e tshwaregile thata mo go reetseng le mo go boneng.
Jesu O Ne A Tlhotlhelediwa ke Lorato Gore A Fetofetoge
6. Go nna tekatekano, kana go fetofetoga go ka thusa leng segolobogolo?
6 Mo makgetlhong a le mantsi fa Baebele e bolela ka go nna tekatekano, ntlhanyana e e kwa tlase NW e bontsha gore go raya go fetofetoga. Botlhale jo bo tswang kwa Modimong bo a fetofetoga fa go na le maemo a a ka re dirisang sengwe se se rileng. Ka dinako tse dingwe re tshwanetse go nna tekatekano, kana ra fetofetoga. Bagolwane ba tshwanetse go fetofetoga ka ba tlhotlhelediwa ke lorato le ke go bona motho a ikwatlhaya ka tsela e e dirang gore go tshwanele gore ba dire jalo. (1 Timotheo 3:3; Jakobe 3:17) Jesu o ne a re tlogelela dikai tse di molemolemo tsa go fetofetoga, a potologa melao mengwe e e tlwaelegileng fa go tlhokega gore a dire jalo go bontsha bopelotlhomogi kana kutlwelobotlhoko.
7. Ke dikai dife tse dingwe tsa ga Jesu tsa go nna kutlwelobotlhoko?
7 Jesu o kile a bolela jaana: “Le fa e le mang yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa legodimong.” Mme o ne a se ka a gana Petere, le mororo Petere a ne a mo itatola gararo. O ne a dirile jalo ka ntlha ya maemo mangwe, ao go bonalang Jesu a ne a a akanyetsa. (Mathaio 10:33; Luke 22:54-62) Gape mosadi yo o sa itshekang yo o neng a tshologa madi o ne a dirwa ke maemo a a rileng gore a tlole Molao wa ga Moshe ka go tsena fa gare ga batho. Le ene Jesu o ne a se ka a mo kgala. O ne a tlhaloganya gore o ne a feletswe ke tshepo. (Mareko 1:40-42; 5:25-34; bona gape Luke 5:12, 13.) Jesu o ne a boleletse baaposetoloi ba gagwe gore ba se ka ba mo senola gore ke Mesia, lefa go ntse jalo o ne a se ka a ngaparela molao oo thata fa a ne a bolelela mosadi wa Mosamaria kwa sedibeng gore ke ene Mesia. (Mathaio 16:20; Johane 4:25, 26) Mo mabakeng ano otlhe, go ne go tshwanela gore a fetofetoge jalo ka ntlha ya lorato, bopelotlhomogi, le kutlwelobotlhoko.—Jakobe 2:13.
8. Bakwadi le Bafarisai ba ne ba sokamisa leng melao, mme ke leng ba neng ba sa e sokamise?
8 Bakwadi le Bafarisai ba ba sa fetofetogeng ba ne ba sa nna jalo. Fa e le bone ba amegang ba ne ba kgona go tlola dingwao tsa bone tsa Sabata gore ba ise kgomo ya bone go ya go nwa metsi. Kana fa kgomo ya bone kana morwaabone a wetse mo sedibeng, ba ne ba tlola Sabata gore ba mo ntshe. Mme ba ne ba ka se ka ba fetofetoga le e seng go thusa batho fela ba ba tlwaelegileng! Ba ne ba ka se ka ba “tshikinya [dilo tse di neng di tlhokega] le fa e le ka monwana wa bone.” (Mathaio 23:4; Luke 14:5) Batho ba ne ba le botlhokwa thata mo go Jesu go gaisa melao e mentsintsi; fa Bafarisai bone, melao e ne e le botlhokwa go gaisa batho.
O Nna “Morwa Molao”
9, 10. Batsadi ba ga Jesu ba ne ba mo fitlhela kae fa ba sena go boela kwa Jerusalema, mme lebaka la go bo Jesu a ne a botsa dipotso ke lefe?
9 Batho ba bangwe ba utlwisiwa botlhoko ke go bo go na le tiragalo e le nngwe fela e e kwadilweng ka ga Jesu fa a santse a le mo dingwageng tsa bosimane. Lefa go ntse jalo batho ba le bantsi ba palelwa ke go lemoga botlhokwa jo bogolo jwa tiragalo eo. Re e kwaletswe jaana mo go Luke 2:46, 47: “Ga dirala ya re malatsi a le mararo a sena go feta, ba mo fitlhela mo tempeleng, a dutse fa gare ga baruti, a ba utlwa, a ba a ba botsa dipotso. Mme botlhe ba ba mo utlwang ba nnela go gakgamadiwa ke tsela e a tlhaloganyang ka yone, le dikarabo tsa gagwe.” Theological Dictionary of the New Testament ya ga Kittel e tlisa kgopolo ya gore mo kgannyeng eno lefoko la Segerika le le ranotsweng go nna “botsa” e ne e se go batla go itse fela ga bongwana. Lefoko leno le ka raya go botsa mo go dirwang fa go sekasekiwa kgetsi, go tlhotlhomisa, go botsolotsa, tota le “dipotso tse di tlhotlhomisang le tse di boferefere tsa Bafarisai le Basadukai,” jaaka tse di umakilweng mo go Mareko 10:2 le 12:18-23.
10 Bukantswe yone eo e tswelela pele jaana: “Ka ntlha ya tsela eno e le dirisiwang ka yone go ka nna ga bodiwa gore a . . . ga se gore [Luke] 2:46 ga e kaye thata ka go botsa ga go batla go itse ga bongwana, mme go na le moo e kaya go ganetsa ga Gagwe mo go neng ga atlega. [Temana] 47 e ka dumalana sentle le kgopolo eo ya bofelo.”a Thanolo ya temana ya 47 ya ga Rotherham e e baya jaaka e kete ke puisano e e sa tlwaelegang gotlhelele: “Jaanong botlhe ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba gakgametse fela thata, ka ntlha ya tsela e a tlhaloganyang ka yone le dikarabo tsa gagwe.” Word Pictures in the New Testament ya ga Robertson e bolela gore go bo ba ne ba nnela go gakgamala go raya gore “ba ne ba bonala sentle gore ba gakgametse thata jaaka e kete matlho a bone a tla tswa mo dikgapeng.”
11. Maria le Josefa ba ne ba itshwara jang mabapi le se ba neng ba se bona le go se utlwa, mme bukantswe nngwe ya thutobomodimo e akantsha eng?
11 Kgabagare fa batsadi ba ga Jesu ba tsena mo tempeleng, “ba [ne ba] gakgamala.” (Luke 2:48) Robertson o bolela gore lefoko la Segerika le le mo polelwaneng eno le raya “go itaya, go diga ka lebole.” O oketsa ka gore Josefa le Maria “ba ne ba itewa” ke se ba neng ba se bona le go se utlwa. Ka mafoko a mangwe, Jesu o ne a setse a le morutisi yo o gakgamatsang. Mme ka ntlha ya tiragalo eno ya kwa tempeleng, buka ya ga Kittel e bolela gore “Jesu o setse a simolola kganetsano a le mo dingwageng tsa bosimane e kgabagare baganetsi ba Gagwe ba tla tshwanelwang ke go ineela mo go yone.”
12. Ke eng se se neng se tlhomologile ka dipuisano tsa moragonyana tsa ga Jesu le baeteledipele ba bodumedi?
12 Mme ba ne ba ineela! Dingwaga moragonyana ga foo, Jesu o ne a fenya Bafarisai ka go ba botsa ka tsela e e tshwanang mo e leng gore “e sa le ka letsatsi leo ba [ne ba] tshaba go tlhola ba mmotsa dipotso dipe.” (Mathaio 22:41-46) Basadukai le bone ba ne ba tswalwa molomo mabapi le kgang ya tsogo, mme “morago ga mo ba tshaba go tlhola ba mmotsa sepe.” (Luke 20:27-40) Bakwadi le bone ba ne ba se ka ba atlega. Morago ga gore mongwe wa bone a tshwanelwe ke go buisana le Jesu, “ga se ka ga tlhola go le ope yo o pelokgale ya go mmotsa potso epe.”—Mareko 12:28-34.
13. Ke eng se se neng sa dira gore tiragalo ya kwa tempeleng e nne ya botlhokwa mo botshelong jwa ga Jesu, mme e akantsha gore a ka tswa a ne a itse eng gape?
13 Ke ka ntlha yang fa tiragalo eno ya ga Jesu le baruti kwa tempeleng e le yone fela e e tlhophilweng ya mo dingwageng tsa gagwe tsa bosimane gore e anelwe? E ne e le tiragalo e e botlhokwa thata mo botshelong jwa ga Jesu. Fa a le dingwaga tse di ka nnang 12, o ne a nna mongwe yo Bajuta ba mmitsang “morwa molao,” a ikarabela go obamela melao yotlhe ya one. Fa Maria a ne a ngongorega gore Jesu o dirile gore ene le Josefa ba tshwenyege mo megopolong, karabo ya morwawe e ne e supa gore o ka tswa a ne a lemoga tsela e a tshotsweng ka yone e e gakgamatsang le gore o tla nna Mesia mo isagweng. Seo se akantshiwa ke go bo a ne a bolela jaana ka tlhamalalo, gore Modimo ke Rraagwe: “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa itse fa ke tshwanetse go nna mo go tse e leng tsa ga Rre?” Go ne ga diragala gore mafoko ano e nne one a ntlha a a builweng ke Jesu a a kwadilweng mo Baebeleng, mme a supa gore o ne a lemoga boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go bo a rometswe mo lefatsheng. Ka gone, tiragalo eno yotlhe ke ya botlhokwa thata.—Luke 2:48, 49.
Jesu O Rata Bana E Bile O A Ba Tlhaloganya
14. Ke dintlha dife tse di kgatlhang tse polelo ya ga Jesu yo mmotlana kwa tempeleng e ka di lemotshang basha?
14 Polelo eno e tshwanetse go itumedisa bana segolo bogolo. E bontsha tsela e Jesu a tshwanetseng a bo a ile a ithuta ka botlhaga ka gone fa a ntse a gola a nna monna. Baruti kwa tempeleng ba ne ba gakgamadiwa ke botlhale jwa “morwa molao” yo o neng a na le dingwaga di le 12. Lefa go ntse jalo o ne a ntse a dira le Josefa mo tirong ya go betla, ‘o ne a tswelela pele a utlwa’ ene le Maria, mme a tswelela pele “mo go ratweng ke Modimo le batho.”—Luke 2:51, 52.
15. Jesu o ne a tshegetsa basha ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng jang, mme seno se bolela eng ka basha gompieno?
15 Jesu o ne a tshegetsa basha thata fa a ne a le mo bodireding jwa gagwe jwa mo lefatsheng: “Mme ya re baperesiti ba bagolo le bakwadi ba bona dilo tse di gakgamatsang tse o di dirang, le banyana ba duduetsa ba re: ‘Hosana, Morwa Dafite,’ ba šakgala. Ba mo raya ba re: ‘A o a utlwa se ba se buang ba?’ Jesu a ba raya a re: ‘Ee, a ga lo ise lo ke lo bale fa go reng: “O lekantse pako ka a a tswang melomong ya banyana, le ba ba anyang”?’” (Mathaio 21:15, 16; Pesalema 8:2) O santse a tshegetsa diketekete tsa basha gompieno ba ba bolokang bothokgami jwa bone le ba ba neelang pako, bangwe ba bone tota ba dirile jalo ka go baya matshelo a bone mo kotsing!
16. (a) Ke thuto efe e Jesu a neng a e ruta baaposetoloi ba gagwe ka go emisa ngwana yo mmotlana fa gare ga bone? (b) Jesu o ne a santse a na le nako ya go nna le bana ka nako efe e e thata ya botshelo jwa gagwe?
16 Fa baaposetoloi ba ne ba ganetsana ka gore ke ofe yo mogolo mo go bone, Jesu o ne a bolelela barutwa ba ba 12 jaana: “‘Fa motho mongwe le fa e le mang a rata go nna wa kwa pele, a ene a nne wa moragorago, a ba a nne modiredi wa botlhe.’ Mme a tsaya ngwanyana, a mmaya fa gare ga bone; a mo tsaya mo mabogong a gagwe; a ba raya a re: ‘Lefa e le mang yo o tlaa tsholang mongwe wa banyana ba ba ntseng jaana, ka leina la me, o tshola nna; le gone le fa e le mang yo o tsholang nna, ga a tshole nna, o tshola ene yo o nthomileng.’” (Mareko 9:35-37) Mo godimo ga moo, fa a ne a ya la bofelo kwa Jerusalema, go ya go itshokela teko e e tshosang le loso, o ne a ipha nako a na le bana: “Lesang banyana ba tle kwa go nna, lo se ka lwa ba itsa, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo.” Go tswa foo o ne a “ba tsaya mo mabogong a gagwe, a ba segofatsa, ka go ba baya diatla.”—Mareko 10:13-16.
17. Ke ka ntlha yang go ne go le motlhofo gore Jesu a tsalane le bana, mme ke eng se bana ba tshwanetseng go se gakologelwa ka ga gagwe?
17 Jesu o itse gore go ntse jang go nna ngwana fa gare ga batho ba ba godileng. O ne a nna le batho ba ba godileng, a bereka le bone, a utlwa gore go bereka kafa tlase ga bone go ntse jang, mme gape o ne a ikutlwa a ratiwa e bile a babalesegile ka go bo ba ne ba mo rata. Bana, ene Jesu yoo ke tsala ya lona; o lo swetse, mme lo tla tshelela ruri fa lo ikobela ditaolo tsa gagwe.—Johane 15:13, 14.
18. Ke kgopolo efe e e itumedisang e re tshwanetseng go nna re e gakologetswe, segolo jang mo dinakong tse di gatelelang kana tse di kotsi?
18 Go dira fela jaaka Jesu a laetse ga go boima jaaka go ka bonala. Basha, o na le lona le batho ba bangwe botlhe, jaaka re bala jaana mo go Mathaio 11:28-30: “Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, [kana, “Tsenang kafa tlase ga jokwe ya me le nna,” ntlhanyana e e kwa tlase go NW] lo ithute ga me; gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, le morwalo wa me o motlhofo.” A o ko o akanye fela, fa o ntse o tshela o direla Jehofa, Jesu o ntse a tsamaya fa thoko ga gago, a dira gore jokwe e nne bonolo le morwalo gore o nne motlhofo. Eo ke kgopolo e e re itumedisang rotlhe!
19. Ke dipotso dife tse di mabapi le ditsela tse Jesu a neng a ruta ka tsone tse re ka nnang ra di sekaseka gangwe le gape?
19 Fa re sena go sekaseka ditsela di sekaenyana tse Jesu a neng a ruta ka tsone, a re fitlhela gore re ruta fela jaaka ene? Fa re bona batho ba ba lwalang mo mmeleng kana ba ba sa fepiweng sentle semoyeng, a bopelotlhomogi bo re tlhotlheletsa go dira se re ka se kgonang gore re ba thuse? Fa re ruta ba bangwe, a re ruta Lefoko la Modimo, kana, re ruta jaaka Bafarisai, re ruta se se tswang mo dikgopolong tsa rona? A re butse matlho go bona dilo tse di diragalang letsatsi le letsatsi tse di re dikologileng tse re ka di dirisang go phepafatsa, go akanya, go bopa, le go oketsa tsela ya go tlhaloganya boammaaruri jwa semoya? A re tila go ngaparela thata melao e e rileng, fa lorato le bopelotlhomogi di ka nna tsa bontshiwa ka tshwanelo ka ntlha ya maemo a a rileng, ka go fetofetoga malebana le go dirisa melao eo? Mme go tweng ka bana? A re ba bontsha gore re amega ka bone ka tsela e e bonolo le ka bopelonomi jo bo lorato tse Jesu a neng a di bontsha? A o kgothaletsa bana ba gago go ithuta ka tsela e Jesu a neng a ithuta ka yone fa a ne a le mosimanyana? A o ka tlhomama fela jaaka Jesu a ne a tlhomame mme wa iketleetsa gore o amogele batho ba ba ikwatlhayang ka lorato, ka tsela e koko e phuthang dikokwana tsa yone e di tsenya kafa tlase ga diphuka tsa yone?—Mathaio 23:37.
20. Re ka nna ra ikgomotsa ka kgopolo efe e e itumedisang fa re ntse re direla Modimo wa rona?
20 Fa re gagamalela go dira gotlhe mo re ka go kgonang fela jaaka Jesu a ne a dira, eleruri o tla re letla gore re ‘tsene kafa tlase ga jokwe ya gagwe le ene.’—Mathaio 11:28-30.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Legale, re na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore Jesu o ne a tla ela tlhoko se a se buang le ba ba neng ba mo feta ka dingwaga, segolo jang ba ba ditlhogodipududu le baperisiti.—Bapisa Lefitiko 19:32; Ditiro 23:2-5.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa boidiidi jwa batho bo ne bo ologela kwa go Jesu?
◻ Ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe Jesu a ne a fetofetoga malebana le melao e mengwe?
◻ Ke eng se re ka se ithutang mabapi le gore Jesu a botse baruti dipotso kwa tempeleng?
◻ Re ka ithuta eng mabapi le go bo Jesu a ne a le botsalano le bana?