Go Boga ga Batho—Ke Eng Fa Modimo A Go letleletse?
FA MOTHO a ne a nna gone kwa tshimologong, go ne go sena lefa e le selelo sa bohutsana kana botlhoko. Batho ba ne ba sa boge. Batho ba ne ba bopilwe ba itekanetse. “Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata.”—Genesise 1:31.
Mme lefa go ntse jalo ba bangwe ba ngongorega ka go re, ‘Polelo ya ga Atame le Efa ya kwa tshimong ya Etena ke setshwantsho fela.’ Se se hutsafatsang ke gore baruti ba le bantsi ba Labokeresete le bone ba bolela jalo. Lefa go ntse jalo, motho yo o ka ikanngwang thata e bong Jesu Keresete o ne a tlhomamisa gore ditiragalo tsa kwa Etena di ne tsa diragala tota. (Mathaio 19:4-6) Mo godimo ga moo, tsela e le nngwe fela e re ka tlhaloganyang ka yone gore ke ka ntlha yang fa Modimo o letleletse gore batho ba boge jaana ke fa re sekaseka ditiragalo tseno tsa hisitori ya motho ya bogologolo.
Monna wa ntlha, e bong Atame, o ne a neelwa tiro e e kgotsofatsang ya go tlhokomela tshimo ya Etena. Gape, Modimo o ne wa mmeela mokgele wa go atolosa legae la gagwe la Etena gore le nne tshimo ya boitumelo ya lefatshe lotlhe. (Genesise 1:28; 2:15) Gore Atame a fitlhelele tiro eno e kgolo, Modimo o ne wa mo neela molekane wa lenyalo, e bong Efa, mme o ne a ba bolelela gore ba ate mme ba ntsifale ba bo ba tlale lefatshe. Lefa go ntse jalo go ne go tlhokega selo se sengwe gape go tlhomamisa gore boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe le batho bo atlege. E re ka motho a ne a dirilwe mo setshwanong sa Modimo, o ne a ka itlhophela se a se batlang; ka gone, go ne go tlhokega gore go itlhophela ga motho se a se batlang go se ka ga thulana le ga Modimo. Fa go ne go ka nna jalo, go ne go tla nna le tlhakatlhakano mo lobopong, mme boikaelelo jwa Modimo jwa go tlatsa lefatshe ka batho ba ba nang le kagiso bo ne bo ka se diragadiwe.
Go ikobela puso ya Modimo e ne e se selo se se itlelang fela motlhofo. E ne e tla bo e le tiro e e bontshang lorato ya fa motho a ne a itlhophela se a se batlang. Ka sekai, re bala gore fa Jesu Keresete a ne a lebane le teko e e botlhoko thata, o ne a rapela jaana: “Rra, fa e le go rata ga gago, tlosa senwelo se mo go nna; le fa go ntse jalo, e seng go rata ga me, mme a go rata ga gago go dirale.”—Luke 22:42.
Ka mo go tshwanang, go ne go ikaegile ka Atame le Efa gore ba itshupe gore a ba batla go ikobela puso ya Modimo. Ka ntlha ya boikaelelo jono, Jehofa Modimo o ne a rulaganya gore go nne le teko e potlana. Setlhare se sengwe mo tshimong se ne se bidiwa “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” Se ne se emela gore Modimo o na le tshwanelo ya go tlhomamisa ditekanyetso tsa boitshwaro jo bo siameng. Go ne go phepafetse sentle gore Modimo o ne wa itsa gore go se ka ga jewa loungo lwa setlhare seno fela. Fa Atame le Efa ba ne ba ka se ka ba ikobela seno, go ne go tla felela ka gore ba swe.—Genesise 2:9, 16, 17.
Tshimologo ya go Boga ga Batho
Ka letsatsi lengwe morwa mongwe wa Modimo wa semoya o ne a simolola go belaela tsela e Modimo a busang ka yone. O ne a botsa Efa jaana a dirisa noga go bua: “Kana, a ruri Modimo o rile: ‘Lo se ka lwaa ja ditlhare tsa tshimo’?” (Genesise 3:1) Ka gone peo ya go belaela gore a tsela ya Modimo ya go busa e ne e siame e ne ya jalega mo mogopolong wa ga Efa.a Efa o ne a mo neela karabo e e siameng, e a neng a e ithutile mo monneng wa gagwe. Lefa go ntse jalo, go tswa foo sebopiwa sa semoya se ne sa ganetsa Modimo mme sa bua maaka mabapi le diphelelo tsa fa ba sa ikobele seo, ka go bolela jaana: “Ruri ga lo ketla loo swa; gonne Modimo o a itse gore, e tlaa re mo letsatsing le lo lo jang, foo matlho a lona a tlaa buduloga, mme lo tlaa nna jaaka Modimo, lo itse molemo le bosula.”—Genesise 3:4, 5.
Se se hutsafatsang ke gore Efa o ne a tsiediwa gore a akanye gore go sa nne kutlo go ne go ka se felele ka gore batho ba boge, fa e se ka gore ba tshele botshelo jo bo botoka. Fa a ne a tlhoma loungo matlho thata, o ne a bona lo eletsega tota, mme a simolola go lo ja. Moragonyana ga foo, o ne a tlhotlheletsa Atame gore le ene a lo je. Se se utlwisang botlhoko ke gore Atame o ne a itlhophela gore a amogelwe ke mosadi wa gagwe go na le Modimo.—Genesise 3:6; 1 Timotheo 2:13, 14.
Ka gore sebopiwa sa semoya se tlhotlheletse botsuolodi jo, se ne sa itira moganetsi wa Modimo. Ka go dira jalo o ne a bidiwa Satane, e leng leina le le tswang mo lefokong la Sehebera le le rayang “moganetsi.” Gape o ne a bua maaka ka Modimo, ka go dira jalo a itira mosebi. Ka gone, gape o bidiwa Diabolo, le le tswang mo lefokong la Segerika le le rayang “mosebi.”—Tshenolo 12:9.
Ka gone, batho ba ne ba simolola go boga. Dibopiwa tsa Modimo di le tharo di ile tsa se ka tsa dirisa mpho ya tsone sentle ya go itlhophela se di se batlang, tsa tlhopha tsela e e bopelotshetlha ya botshelo e e leng kgatlhanong le Mmopi wa tsone. Mme jaanong go ne go tsoga potso e e reng, Modimo o ne o tla baakanya botsuolodi jono jang ka tsela e e siameng e e neng e tla dira gore dibopiwa tsa gagwe tsotlhe tse di botlhale, go akaretsa le baengele ba ba ikanyegang kwa legodimong le ditlogolwana tsa ga Atame le Efa tsa nako e e tlang di nne le tsholofelo?
Kgato E E Botlhale E E Tserweng ke Modimo
Ba bangwe ba ka nna ba ganetsana ka gore go ka bo go nnile molemolemo fa Modimo o ka bo a ile a fedisa Satane, Atame, le Efa ka yone nako eo. Mme seo se ne se ka se rarabolole dikgang tse di neng tsa tsosiwa ke botsuolodi jo bo dirilweng. Satane o ne a ile a ganetsa tsela e Modimo a busang ka yone, ka go dira jalo a akantsha gore batho ba ne ba ka ipelela botshelo jo bo botoka fa ba sa busiwe ke Modimo. Gape, go bo a ne a atlega mo go direng gore batho ba babedi ba ntlha ba nne kgatlhanong le puso ya Modimo go ne ga tsosa dipotso tse dingwe. E re ka Atame le Efa ba ne ba leofa, a seno ga se reye gore go ne go na le sengwe se se phoso ka tsela e Modimo a ileng a bopa motho ka yone? A go ne go ka nna le mongwe mo lefatsheng yo o neng a ka ikanyega mo Modimong? Mme go tweng ka barwa ba ga Jehofa ba baengele ba ba neng ba lebeletse fa Satane a tsuologa? A ba ne ba tla tshegetsa tshiamo ya bolaodi jwa Gagwe? Go phepafetse gore go ne go tlhokega nako e e lekaneng gore go rarabololwe dikgang tseno. Ke gone ka moo Modimo o ileng wa letlelela Satane gore a tshele go fitlha le mo motlheng wa rona.
Modimo o ne wa atlholela Atame le Efa loso mo letsatsing le ba neng ba tlhoka kutlo ka lone. Ka jalo go swa go ne ga simologa. Ditlogolwana tsa ga Atame le Efa, tse di neng tsa tsholwa fa ba sena go leofa, di ne tsa rua boleo le loso go tswa mo batsading ba tsone ba ba sa itekanelang.—Baroma 5:14.
Satane o ne a simolola a na le batho ba ntlha ba babedi mo letlhakoreng la gagwe la kgangkgolo eno. O ntse a dirisa nako e a e letleletsweng go leka go laola ditlogolwana tsotlhe tsa ga Atame. Gape o ne a atlega mo go tsietseng baengele ba le bantsi gore ba pataganele le ene botsuolodi jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa barwa ba Modimo ba baengele ba ne ba tshegetsa tshiamo ya puso ya ga Jehofa ka boikanyegi.—Genesise 6:1, 2; Juta 6; Tshenolo 12:3, 9.
Kgangkgolo e ne e le ka puso ya Modimo kgatlhanong le ya ga Satane, mme e ne e le kgang ya moruthutha mo metlheng ya ga Jobe. Monna yono yo o ikanyegang o ne a supa ka boitshwaro jwa gagwe gore o rata puso ya Modimo e e siameng e seng ya boitaolo ya ga Satane, fela jaaka banna ba ba boifang Modimo e bong Abele, Enoke, Noa, Aberahame, Isake, Jakobe, le Josefa ba ne ba setse ba supile. Go ne ga buiwa ka Jobe kwa legodimong fa pele ga baengele ba Modimo ba ba ikanyegang. Gore Modimo o tshegetse puso ya Gagwe e e siameng, o ne wa bolelela Satane jaana: “A o ntse o tlhokometse motlhanka wa me Jobe, gonne ga go na ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng, e le monna yo o itekanetseng, yo o siameng, motho yo o boifang Modimo, a tshaba bosula?”—Jobe 1:6-8.
E re ka Satane a ne a sa batle go dumela gore o fentswe, o ne a bolela gore Jobe o direla Modimo fela ka ntlha ya bopelotshetlha, ka go bo Modimo a ile a segofatsa Jobe thata ka dikhumo tse di bonalang. Ka jalo Satane o ne a latofatsa jaana: “A ko o ntshe seatla sa gago jaana, o ame tsotlhe tse o nang natso, mme o tlaa go itatola mo matlhong a gago.” (Jobe 1:11) Satane o ile a tswelela pele a ganetsa le bothokgami jwa dibopiwa tsotlhe tsa Modimo. “Tsotlhe tse motho o nang natso o tlaa di ntshetsa botshelo jwa gagwe,” o ne a latofatsa jalo. (Jobe 2:4) Ga se Jobe fela yo o neng a senngwa leina mme le baobamedi botlhe ba ba ikanyegang ba Modimo kwa legodimong le mo lefatsheng. Satane o ne a tlhalosa gore ba ne ba tla tlogela kamano ya bone le Jehofa fa matshelo a bone a le mo kotsing.
Jehofa Modimo o ne a ikanya bothokgami jwa ga Jobe ka botlalo. Go neela bosupi jwa seo, o ne a letlelela Satane gore a bogise Jobe. Jobe o ne a se ka a goletsa leina la gagwe fela ka boikanyegi jwa gagwe mme sa botlhokwa thata, o ne a tshegetsa tshiamo ya bolaodi jwa ga Jehofa. Diabolo o ne a itshupa e le moaki.—Jobe 2:10; 42:7.
Lefa go ntse jalo, sekao se se molemolemo sa go ikanyega fa motho a lekwa e ne e le Jesu Keresete. Modimo o ne o tsere botshelo jwa Morwa yono wa moengele go tswa kwa legodimong a bo tsenya mo sebopelong sa lekgarebane. Ka gone Jesu o ne a se ka a rua boleo le go sa itekanela. Go na le moo o ne a gola a nna monna yo o itekanetseng, a lekalekana sentle le monna wa ntlha a ise a latlhegelwe ke boitekanelo jwa gagwe. Satane o ne a itebaganya le Jesu ka namana, a mo tlisetsa dithaelo di le dintsi le diteko, mme di ne tsa ya kwa setlhoeng fa a ne a mo isa kwa tlase ka go mmolaya. Mme lefa go ntse jalo Satane o ne a palelwa ke go dira gore Jesu a robe bothokgami. Jesu o ne a tshegetsa tshiamo ya puso ya ga Rraagwe ka tsela e e feletseng. Gape o ne a supa gore monna yo o itekanetseng Atame o ne a sena seipato sa go kopanela le Satane mo botsuoloding jwa gagwe. Atame o ka bo a ile a ikanyega kafa tlase ga teko ya gagwe e potlana.
Ke Eng Gape Se Se Ileng Sa Supiwa?
Go setse go fetile mo e ka nnang dingwaga di le 6 000 batho ba ntse ba boga fa e sa le Atame le Efa ba tsuologa. Mo nakong eno Modimo o ile wa letlelela batho gore ba busiwe ke mefuta e e farologaneng e le mentsi ya puso. Pego e e tshosang ya go boga ga batho e supa gore motho ga a kgone go ipusa. E bile tota, jaanong go setse go tletse tlhakatlhakano mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Go tswa kafa tlase ga puso ya Modimo jaaka Satane a ne a go buelela go felela ka matshwenyego.
Go ne go sa tlhokege gore Jehofa a leke go bona sepe. O a itse gore tsela ya gagwe ya go busa ke e e siameng e bile e tla solegela dibopiwa tsa gagwe molemo thata. Lefa go ntse jalo, o santse a letleletse dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale gore di itlhophele puso ya gagwe e e siameng gore a arabe dipotso tsotlhe tse di neng tsa tsosiwa ke go tsuologa ga ga Satane ka tsela e e kgotsofatsang.
Dituelo tsa go rata Modimo le go mo ikanya di gaisa go boga ka nakwana kafa tlase ga Diabolo. Kgang ya ga Jobe e tshwantsha seno. Jehofa Modimo o ne a fodisa bolwetsi jwa ga Jobe jo a ileng a bo tsenngwa ke Diabolo. Mo godimo ga moo, Modimo “[o ne] a segofatsa Jobe go ya kwa bokhutlong jwa gagwe bogolo go tshimologo ya gagwe.” Kgabagare, fa a sena go okelediwa botshelo ka dingwaga di le 140, “Jobe a swa, a tsofetse a le malatsi a a tletseng.”—Jobe 42:10-17.
Mokwadi wa Baebele wa Mokeresete e bong Jakobe o re tlhokomedisa seno, fa a bolela jaana: “Lo utlwile ka ga bopelotelele jwa ga Jobe mme lo ile lwa bona diphelelo tse Jehofa a di mo neetseng, tsa gore Jehofa o tletse bopelotlhomogi e bile a le kutlwelobotlhoko.”—Jakobe 5:11, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW.
Jaanong Satane o saletswe ke nako e khutshwane le lefatshe la gagwe. Mo bogautshwaneng, Modimo o tla fetola pogo yotlhe e go tsuologa ga ga Satane go e lerileng mo bathong. Tota le baswi ba tla tsosiwa. (Johane 11:25) Morago ga moo, batho ba ba ikanyegang ba ba jaaka Jobe ba tla bona sebaka sa go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la parataise. Masego ano a mo isagweng a Modimo o tla a tshololelang batlhanka ba gagwe a tla mo tlotlomatsa goyagoile jaaka Molaodi yo o siameng yo eleruri “o tletse[ng] bopelotlhomogi, e bile a le boutlwelobotlhoko.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mmueledi mongwe e bile e le mokwadi wa mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, e bong Philip Mauro, yo o neng a sekaseka kgang eno mo tlhalosong ya gagwe ya “Kwa Bosula Bo Simologileng Teng,” o ne a fetsa ka gore seno se ne sa “baka mathata otlhe a batho ba nang le one.”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8]
MEDIMO E E SETLHOGO YA BATHO
MEDIMO ya bogologolo gantsi e ne e supiwa e nyoretswe madi a batho e bile e rata tlhakanelodikobo. Batsadi ba ne ba e itumedisa ka go fisa bana ba bone ba tshela mo melelong. (Duteronome 12:31) Kafa letlhakoreng le lengwe gape, borafilosofi ba baheitane ba ne ba ruta gore Modimo o ne o sa galefe kana gone go utlwa botlhoko.
Dikgopolo tse di tlhotlheleditsweng ke badimona tsa borafilosofi bano di ne tsa tlhotlheletsa le Bajuta, batho ba ba neng ba ipitsa ba Modimo. Rafilosofi wa Mojuta Philo, yo a neng a tshela mo metlheng ya ga Jesu, o ne a gatelela gore Modimo “ga o kgone go utlwela ope botlhoko gotlhelele.”
Le sone setlhopha se se neng se gagametse sa Bajuta sa Bafarisai se ne sa tlhotlhelediwa ke difilosofi tsa Bagerika. Ba ne ba tsaya dithuto tsa ga Plato tsa gore mowa wa motho o o tswaletsweng mo mmeleng wa gagwe ga o swe. Mo godimo ga moo, go ya ka rahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga, Josephus, Bafarisai ba ne ba dumela gore mewa ya batho ba ba bosula e ne e “bogisiwa ka bosakhutleng.” Lefa go ntse jalo, Baebele ga e akantshe sepe se se tshwanang le seo.—Genesise 2:7; 3:19; Moreri 9:5; Esekiele 18:4.
Go tweng ka balatedi ba ga Jesu? A ba ne ba tlhotlhelediwa ke difilosofi tsa seheitane? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba bangwe jaana fa a ne a lemoga kotsi eno: “Lo itise e se be kgotsa go bo go le mongwe yo o lo thopang ka botlhajana, jo e leng jwa gagwe le ka tsietso e e ithamakang, ka fa melawaneng ya batho, le ka fa ditlhakeng tsa kitso ya lefatshe, e seng ka fa mokgweng wa ga Keresete.”—Bakolosa 2:8; bona gape 1 Timotheo 6:20.
Ka maswabi, balebedi ba sekae ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba lekgolo la bobedi le la boraro la dingwaga ba ne ba itlhokomolosa tlhagiso eo mme ba ruta gore Modimo ga o kake wa utlwela ope botlhoko. The Encyclopedia of Religion e bolela jaana: “Gantsi, dinonofo tsa Modimo di ne di tlhaloganngwa sentle jaaka di ne di ntse di gatelelwa ke dikgopolo tsa Sejuta le tsa filosofi ya nako eo . . . Kgopolo ya gore Modimo Rara a ka nna le maikutlo a a tshwanang le kutlwelobotlhoko . . . e ne e sa bolo go nna e sa dumelwe go fitlha mo bofelong jwa lekgolo la bomasomeamabedi la dingwaga.”
Ka jalo, Labokeresete e ne ya dumela thuto ya maaka ya gore modimo o o setlhogo o bogisa baleofi ba ikutlwa ka bosakhutleng. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa Modimo o bolela ka phepafalo mo Lefokong la gagwe, Baebele, gore “maduo a boleo ke loso,” eseng go bogisiwa ka bosakhutleng o ikutlwa.—Baroma 6:23.
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Above: Acropolis Museum, Greece
Courtesy of The British Museum
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Boikaelelo jwa Modimo jwa go fetola lefatshe leno gore le nne parataise e e tshwanang le ya Etena bo tshwanetse go diragadiwa!