LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 11/15 ts. 15-20
  • Tuelo ya ga Jobe—Motswedi wa Tsholofelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tuelo ya ga Jobe—Motswedi wa Tsholofelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jobe O Neela Bosupi ka Bopelokgale
  • Elihu O A Bua
  • Jehofa O Araba Jobe
  • Behemotha le Lefiathane
  • Dituelo Tse Di Solofeditsweng Di Dira Gore Re Nne le Tsholofelo
  • Buka ya Bibela ya bo 18—Yobe
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jobe O ne A Baka Leina la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Monna yo o Tlhomang Sekao yo o Neng a Amogela Kgalemelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Jobe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 11/15 ts. 15-20

Tuelo ya ga Jobe—Motswedi wa Tsholofelo

“Morena a segofatsa Jobe go ya kwa bokhutlong jwa gagwe bogolo go tshimologo ya gagwe.”—JOBE 42:12.

1. Ke eng se Jehofa a se direlang batho ba gagwe, lefa gone diteko di ba koafatsa fela thata?

JEHOFA ke “moduedi wa ba ba [mma]tlang.” (Bahebere 11:6) Gape o rotloetsa batho ba ba ineetseng mo go ene gore ba neele bosupi ka bopelokgale, le fa gone diteko di ba dirile gore ba nne bokoa jaaka baswi. (Jobe 26:5; Tshenolo 11:3, 7, 11) Seo se ne sa itshupa se le boammaaruri mo kgannyeng ya go boga ga ga Jobe. Le mororo bagomotsi ba bararo ba maaka ba ne ba mo pateletsa, o ne a se ka a didimala ka ntlha ya go tshaba batho. Go na le moo, o ne a neela bosupi ka bopelokgale.

2. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba falola diteko jang, le mororo ba ne ba bogisiwa le go tshwenngwa?

2 Basupi ba le bantsi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba ile ba bogisiwa thata ka tsela e e ntseng jalo le go tshwenngwa mo ba neng ba batla ba swa. (2 Bakorinthe 11:23) Lefa go ntse jalo, ba ile ba bontsha gore ba rata Modimo mme ba dira se se siameng fela jaaka Jobe. (Esekiele 14:14, 20) Gape ba ile ba falola diteko tsa bone ba iketleeleditse go itumedisa Jehofa, ba nonofetse go neela bosupi ka bopelokgale, e bile ba tletse tsholofelo ya mmatota.

Jobe O Neela Bosupi ka Bopelokgale

3. Jobe o ne a neela bosupi jo bo ntseng jang mo puisanong ya gagwe ya bofelo?

3 Mo mafokong a ga Jobe a bofelo, o ne a neela bosupi thata go gaisa jaaka a ne a a neela pelenyana. O ne a dira gore bagomotsi ba gagwe ba maaka ba didimale gotlhelele. O ne a bolela jaana ka tshotlo e e botlhoko: “Ana o thusitse jang ene yo o se nang thata!” (Jobe 26:2) Jobe o ne a galaletsa Jehofa, yo maatla a gagwe a lepeleditseng kgolokwe ya rona ya lefatshe mo go seng sepe le yo o lepeleditseng maru a a tletseng metsi kwa godimo ga lefatshe. (Jobe 26:7-9) Lefa go ntse jalo, Jobe o ne a bolela gore dikgakgamatso tse di ntseng jalo ‘ke dintlhana fela tsa ditsela tsa ga Jehofa.’—Jobe 26:14.

4. Ke eng se Jobe a neng a se bolela ka bothokgami, mme ke ka ntlha yang a ne a ka itlhalosa ka tsela eo?

4 Jobe o ne a bolela jaana a tlhomamisegile gore ga a na molato: “Ga nketla ke itlosa thokgamo ya me, go ba ke tla ke swa.” (Jobe 27:5) Go farologana le ditatofatso tsa maaka tse a neng a latofadiwa ka tsone, o ne a sa dira sepe se se neng se ka dira gore a tshwanelwe ke se se mo tlhagetseng. Jobe o ne a itse gore Jehofa ga a utlwe dithapelo tsa batenegi mme o tla duela batho ba ba bolokang bothokgami. Seno se ka nna sa re gakolola sentle gore mo bogautshwaneng Haremagetone e tla itaya e bo e tlosa baikepi mo maemong a bone, mme ga ba ka ke ba falola seatla se segolo sa Modimo. Batho ba ga Jehofa ba tla tswelela pele ba boloka bothokgami jwa bone go fitlha ka nako eo.—Jobe 27:11-23.

5. Jobe o ne a tlhalosa botlhale jwa boammaaruri jang?

5 A o ko o akanye ka banna ba bararo ba ba nang le botlhale jwa go tlhaloganya dikgang tsa batho ka tsela ya selefatshe ba ntse ba reeditse fa Jobe a ne a ba bontsha gore motho o ile a dirisa kitso ya gagwe go batla gouta, selefera, le dikhumo tse dingwe mo lefatsheng le mo lewatleng. O ne a bolela jaana: “Tlhwatlhwa ya botlhale e feta ya borube.” (Jobe 28:18) Bagomotsi ba maaka ba ga Jobe ba ne ba ka se ka ba kgona go reka botlhale jwa boammaaruri. Motswedi wa jone ke Modiri wa phefo, pula, legadima, le tladi. Eleruri, ‘go boifa Jehofa ka tshisimogo—ke jone botlhale, mme go kgaogana le bosula ke yone tlhaloganyo.’—Jobe 28:28.

6. Ke ka ntlha yang fa Jobe a ne a bua ka botshelo jwa gagwe jwa pele?

6 Jobe o ne a se ka a tlogela go direla Jehofa go sa kgathalesege tsela e a neng a boga ka yone. Mo boemong jwa go latlha Mogodimodimo, monna yono wa mmolokabothokgami o ne a eletsa “tsalano ya Modimo” e a neng a na le yone pele. (Jobe 29:4) Jobe o ne a sa ipelafatse fa a ne a bolela gape gore o ‘ne a boloka bahumanegi, a ikapesa tshiamo, gape e ne e le rre wa mmatota wa batlhoki.’ (Jobe 29:12-16) Go na le moo, o ne a umaka dintlha tsa botshelo jwa gagwe jaaka motlhanka wa ga Jehofa yo o ikanyegang. A o itiretse rekoto e e ntseng jalo e e molemo? Ke boammaaruri gore Jobe gape o ne a senola maaka a ditatofatso tse di dirilweng ke batsietsi ba bararo ba baitimokanyi.

7. Jobe e ne e le motho yo o ntseng jang?

7 Jobe o ne a tshegiwa ke makawana ‘a borraabone ba neng a ka se ka a ba baya le fa e le le dintša tsa letsomane la gagwe.’ Batho ba ne ba mmona a le makgapha e bile ba mo kgwa mathe. Go ne go sena ope yo o neng a utlwela Jobe botlhoko, le mororo a ne a le mo botlhokong jo bo kalokalo. (Jobe 30:1, 10, 30) Lefa go ntse jalo, o ne a na le segakolodi se se phepa mo a neng a ka bolela jaana ka gonne a ne a ineetse ka botlalo mo go Jehofa: “A ke lekanngwe mo selekanyong sa pego se se lekalekanyeng, gore Modimo o tlo o itse thokgamo ya me.” (Jobe 31:6) Jobe e ne e se moakafadi kana leferefere, mme o ne a sa palelwa ke go thusa batlhoki. Le mororo a ne a humile, le ka motlha ga a ise a ikanye dikhumo tse di bonalang. Mo godimo ga moo, Jobe o ne a se ka a tsena mo kobamelong ya medimo ya disetwa ka gore a obamele dilo tse di sa tsheleng, tse di jaaka kgwedi. (Jobe 31:26-28) Ka go ikanya Modimo, o ne a tlhoma sekao se se molemo jaaka mmolokabothokgami. Go sa kgathalesege dilo tsotlhe tse Jobe a neng a di boga le go nna gone ga bagomotsi ba maaka, o ne a iphemela ka tsela e e botlhale mme a neela bosupi jo bo molemolemo. Fa a konela mafoko a gagwe, o ne a leba Modimo jaaka Moatlhodi le Moduedi wa gagwe.—Jobe 31:35-40.

Elihu O A Bua

8. Elihu e ne e le mang, mme o ne a bontsha tlotlo mmogo le bopelokgale jang?

8 Go ne go na le lekawana Elihu gaufi le bone, setlogolwana sa ga Busa morwa Nahore mme ka gone e ne e le losika lo lo kgakala lwa tsala ya ga Jehofa e bong Aberahame. (Isaia 41:8) Elihu o ne a bontsha banna ba ba godileng tlotlo ka gore a reetse matlhakore oomabedi a puisano. Lefa go ntse jalo, o ne a bua ka bopelokgale mabapi le dikgang tse ba neng ba le phoso mo go tsone. Ka sekai, bogale jwa gagwe bo ne jwa tukela Jobe “ka a itshiamisa bogolo go Modimo.” Bogale jwa ga Elihu bo ne jwa tukela bagomotsi ba maaka segolobogolo. Mafoko a bone a ne a lebega a tlotlomatsa Modimo mme totatota a ne a mo kgoba ka gore ba ne ba eme le Satane mo kganetsanong eno. Ka gonne Elihu o ne a ‘tletse mafoko’ e bile a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo, e ne e le mosupi wa ga Jehofa yo o sa tlhaoleng batho.—Jobe 32:2, 18, 21.

9. Elihu o ne a akantsha jang gore Jobe a ka tsosolosiwa gape?

9 Jobe o ne a setse a amegile thata ka go itlotlomatsa go na le go tlotlomatsa Modimo. E bile tota, o ne a ile a ganetsana le Modimo. Lefa go ntse jalo, fa moya wa ga Jobe o ne o setse o le gaufi le go swa, go ne ga nna le sengwe se se neng se supa gore o tla tsosolosiwa gape. Jang? Ebu, Elihu o ne a tlhotlheletsega go bolela gore Jehofa o ne a amogela Jobe ka molaetsa ono: “Mo golole, gore a se ka a fologela mo moleteng, ke bonye thekololo. Nama ya gagwe e tlaa šafala bogolo go ya ngwanyana, o tlaa boela mo malatsing a bokau jwa gagwe.”—Jobe 33:24, 25.

10. Jobe o ne a tla lekwa go ya bokgakaleng bofe, mme ke eng se re ka tlhomamisegang ka sone go ya ka 1 Bakorinthe 10:13?

10 Elihu o ne a tlhamalatsa Jobe fa a ne a bolela gore ga go thuse sepe go itumelela Modimo ka go boloka bothokgami. Elihu o ne a bolela jaana: “A go nne kgakala le Modimo, fa o ka dira bosula, le Mothatayotlhe, fa a ka dira boikepo. Gonne o tlaa lefela motho ka fa tirong ya gagwe.” Jobe o ne a itlhaganelela dilo mo go feteletseng ka go tlhalosa kafa a siameng ka teng, mme o ne a dira jalo a sena kitso e e lekaneng le temogo. Elihu o ne a oketsa jaana: “A bo Jobe a ka bo a lekelwa le go ya kwa bokhutlong, ka ntlha ya go fetola ga gagwe jaaka batho ba ba bosula ba tle ba fetole.” (Jobe 34:10, 11, 35, 36) Ka mo go tshwanang, tumelo le bothokgami jwa rona di ka itshupa ka botlalo fa fela re ‘lekiwa go ya bokhutlong’ ka tsela e e rileng. Lefa go ntse jalo, Rraarona yo o lorato wa selegodimo o ka se re lese gore re raelwe go feta nonofo ya rona.—1 Bakorinthe 10:13.

11. Ke eng se re tshwanetseng go se gakologelwa fa re lekwa ka tsela e e setlhogo?

11 Fa Elihu a ne a tsweletse a bua, gape o ne a bontsha gore Jobe o ne a gatelela ka mo go feteletseng tsela e ene a siameng ka yone. O tshwanetse a ka bo a ne a lebisitse tlhokomelo mo Modiring wa rona Yo Mogolo. (Jobe 35:2, 6, 10) Modimo “ga o boloke botshelo jwa ba ba bosula; mme o naya ba ba patikwang tshiamelo ya bone,” Elihu o ne a bolela jalo. (Jobe 36:6) Ga go na ope yo o ka reng tsela ya Modimo e phoso mme a bolela gore o dirile tshiamololo. O mogolo thata go feta jaaka re ka itse, mme dingwaga tsa one di retela go ka tlhotlhomisiwa. (Jobe 36:22-26) Fa re lekwa ka tsela e e setlhogo, re gakologelwe gore Modimo wa rona wa bosakhutleng o siame mme o tla re duelela ditiro tsa rona tse di ikanyegang tse di mo galaletsang.

12. Mafoko a ga Elihu a bofelo a supa eng mabapi le go diragadiwa ga katlholo ya batho ba ba bosula ke Modimo?

12 Fa Elihu a ntse a bua, maru a pula ya matlakadibe a ne a ipopa. Pelo ya gagwe e ne ya garoga ya bo ya roroma fa maru ano a ne a ntse a atamela. O ne a bolela ka dilo tse dikgolo tse di dirilweng ke Jehofa mme a bolela jaana: “A ko o reetse se; ema fela, o akanye ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo.” Fela jaaka Jobe, re tlhoka go akanya ka ditiro tsa Modimo tse di gakgamatsang le seriti sa gagwe se se boitshegang. “Ka ga Mothatayotlhe, ga re kake ra mo tlhantlhabetsa,” Elihu o ne a rialo. “O tlotlometse mo thateng, mo katlholong le mo tshiamisong e e tletseng, ga a ketla a patika. Mme batho ba mmoifa ka ntlha ya gone moo.” (Jobe 37:1, 14, 23, 24) Mafoko a ga Elihu a bofelo a re gakolola gore fa Modimo o tla go atlhola batho ba ba bosula mo bogautshwaneng, ga a ne a tsaya tshiamiso le tshiamo motlhofo mme o tla boloka ba ba mmoifang jaaka ba ba mo obamelang ka tshisimogo. A bo e le tshiamelo jang ne go nna mongwe wa batho ba ba bolokang bothokgami ba ba ntseng jalo ba ba dumelang fa Jehofa e le Molaodi wa Lobopo lotlhe! Itshoke fela jaaka Jobe a ne a itshoka, mme le ka motlha o se ka wa letlelela gore Diabolo a go ntshe mo lefelong la gago le le segofaditsweng la boidiidi jwa batho ba ba itumetseng.

Jehofa O Araba Jobe

13, 14. (a) Jehofa o ne a simolola go botsa Jobe ka eng? (b) Ke dintlha dife tse re ka ithutang tsone mo dipotsong tse dingwe tse Modimo o neng wa di botsa Jobe?

13 Jobe o tshwanetse a bo a ne a gakgametse thata fa Jehofa a ne a bua le ene a le mo sefefong! Matsubutsubu ao a diphefo a ne a tsositswe ke Modimo, ga a tshwane le phefo e kgolo e Satane a neng a e dirisa go ribegetsa ntlo le go bolaya bana ba ga Jobe. Jobe o ne a seka a tswa molomo fa Modimo o ne o mmotsa jaana: “E rile ke thaya metheo ya lefatshe, wa bo o le fa kae? . . . Yo o beileng lentswe la kgokgotsho la lone e mang? Jale ka dinaledi tsa moso di opela mmogo le bomorwa Modimo botlhe ba thela lošalaba lwa boitumelo?” (Jobe 38:4, 6, 7) Jehofa o ne a botsaka Jobe dipotso di le dintsi ka ga lewatle, seaparo sa lone sa leru, moso, dikgoro tsa loso, lesedi le lefifi, le masomo a dinaledi. Jobe o ne a sa kgone go bua sepe fa a ne a bodiwa jaana: “A o itse melao ya magodimo?”—Jobe 38:33.

14 Dipotso tse dingwe di ne di supa gore pele ga motho a bopiwa le gore a laole ditlhapi, dinonyane, diphologolo, le dilo tse di gagabang, Modimo o ne a di fepa—a sa thusiwe kana go gakololwa ke motho ope. Dipotso tse dingwe tsa ga Jehofa di ne di botsa ka dibopiwa tse di jaaka nare, ntšhe, le pitse. Jobe o ne a bodiwa jaana: “A ntswi yo motona o fofela kwa godimo ka taolo ya gago, mme a dire setlhaga sa gagwe kwa godimo?” (Jobe 39:27) Tota nnyaa! A o ko o akanye gore Jobe o ne a ikutlwa jang fa Modimo o ne o mmotsa jaana: “Yo o betogang fela a o tlaa ganela le Mothatayotlhe?” Ga go gakgamatse go bo Jobe a ne a bolela jaana: “Bona, ga ke sepe; ke tlaa go fetola ke reng? Ke ipaya seatla mo molomong fela.” (Jobe 40:2, 4) E re ka Jehofa ka dinako tsotlhe a dira se se siameng, fa ka nako nngwe re ikutlwa re raelesega go ngongorega ka ene, re tshwanetse go ‘baya seatla sa rona mo melomong ya rona.’ Gape dipotso tsa Modimo di ne tsa tlotlomatsa bogolo jwa gagwe, seriti, le maatla a gagwe, jaaka re a bona mo dilong tse a di bopileng.

Behemotha le Lefiathane

15. Gantsi go akanngwa gore Behemotha e ne e le phologolo efe, mme dingwe tsa dilo tse e tlhomologileng ka tsone ke dife?

15 Morago ga moo Jehofa o ne a umaka Behemotha, e ba le bantsi ba dumelang gore ke kubu. (Jobe 40:15-24) Phologolo eno e e itshedisang ka go ja dimela ‘e ja bojang jo botala,’ mme e tlhomologile ka mmele wa yone o mogolo, bokete jwa yone jo bogolo, le letlalo le le thata. Thata le nonofo ya yone di mo lothekeng lwa yone le mo mesifeng ya mpa ya yone. Marapo a maoto a yone a nonofile jaaka “mephakalego ya kgotlho.” Behemotha ga e boife sepe fa e le mo metsing a a elelang ka thata mme e shapa motlhofo fa e ya kwa metsi a tswang teng.

16. (a) Tsela e Lefiathane le neng le tlhalosiswa ka yone e tshwanela sebopiwa sefe, mme dingwe tsa dilo tse di boammaaruri ka ga lone ke dife? (b) Ke eng se maatla a Behemotha le a Lefiathane a ka nnang a se akantsha malebana le go diragatsa dikabelo mo tirelong ya ga Jehofa?

16 Gape Modimo o ne a botsa Jobe jaana: “A o ka goga [Lefiathane, NW] wa [le] ntshetsa kwa ntle ka kgoge ya tlhapi, kgotsa a o ka gatelela loleme lwa [l]one ka lodi?” Tlhaloso ya Lefiathane e supa gore ke kwena. (Jobe 41:1-34) Le ka se dire kgolagano ya kagiso le ope, e bile ga go na motho ope yo o botlhale yo e leng gore o pelokgale go ka rumola segagabi seno. Metswi ga e ka ke ya e tshabisa, mme “e tshege go ibalala ga putlela.” Lefiathane le le bogale le bedisa boteng jaaka pitsa e e belang ya setlolo. Lebaka la go bo Lefiathane le Behemotha di nonofile thatathata go feta Jobe le ne la mo thusa gore a ikokobetse. Le rona re tshwanetse go lemoga ka boikokobetso gore ga re maatla ka borona. Re tlhoka botlhale jo bo tswang kwa Modimong le maatla gore re tshabe meno a a bogale a ga Satane, e leng Noga, mme re dire dikabelo tsa rona mo tirelong ya ga Jehofa.—Bafilipi 4:13; Tshenolo 12:9.

17. (a) Jobe o ne a “bona Modimo” jang? (b) Ke eng se se neng sa supiwa ke dipotso tse Jobe a neng a palelwa ke go di araba, mme seno se ka re thusa jang?

17 Jobe o ne a lemoga ka boikokobetso jo bogolo gore kgopolo ya gagwe e phoso mme a dumela gore o buile ka go tlhoka kitso. Lefa go ntse jalo, o ne a boletse fa a dumela gore o ne a tla “bona Modimo.” (Jobe 19:25-27) Seo se ne se ka direga jang, ka gonne ga go na motho ope yo o ka bonang Jehofa mme a tshela? (Ekesodo 33:20) Totatota, Jobe o ile a bona maatla a bomodimo, a utlwa lefoko la Modimo, mme matlho a gagwe a tlhaloganyo a ne a bulega gore a bone boammaaruri kaga Jehofa. Ka gone Jobe ‘o ne a boela kwa morago mme a ikwatlhaya ka lorole le melora.’ (Jobe 42:1-6) Dipotso di le dintsi tse a ileng a palelwa ke go di araba di ne tsa supa fa Modimo o le mogolo e bile di bontshitse fa motho a le mmotlana, tota le ene motho yo o ka ineelang jaaka Jobe a ne a ineetse mo go Jehofa. Seno se re thusa go bona gore dilo tse re di kgatlhegelang ga di a tshwanela go tsewa di le botlhokwa go gaisa go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe. (Mathaio 6:9, 10) Re tshwanetse go amega thata ka go boloka bothokgami go Jehofa le go tlotla leina la gagwe.

18. Ke eng se bagomotsi ba ga Jobe ba maaka ba neng ba tlhoka go se dira?

18 Lefa go ntse jalo, go tweng ka bagomotsi ba maaka ba ba iponang ba siame? Go ne go ka tshwanela gore Jehofa a bolaye Elifase, Biletate, le Sofare ka gonne ba ne ba sa bolele boammaaruri ka ga gagwe, jaaka Jobe a ne a dira. Modimo o ne wa bolela jaana: “Tsayang dikgomo di supa, le diphelefu di supa, lo ye kwa go Jobe motlhanka wa me, lo ikisetse tshupelo e e fisiwang; mme Jobe motlhanka wa me o tlaa lo rapelela.” Banna bano ba bararo ba ne ba tshwanetse go ikokobetsa gore ba tle ba kgone go dira jalo. Jobe wa mmolokabothokgami o ne a tshwanetse go ba rapelela, mme Jehofa o ne a bona thapelo ya gagwe e ka amogelwa. (Jobe 42:7-9) Mme re ka reng ka mosadi wa ga Jobe, yo o neng a mo rotloeditse gore a itatole Modimo mme a swe? Go lebega a ne a letlanngwa le ene ka boutlwelobotlhoko jwa Modimo.

Dituelo Tse Di Solofeditsweng Di Dira Gore Re Nne le Tsholofelo

19. Jehofa o ne a bontsha gore O mogolo mo go Diabolo jang malebana le kgang ya ga Jobe?

19 E ne ya re fela fa Jobe a kgaotsa go tlhola a tshwenyega ka dipogo tsa gagwe a bo a tsweledisa tirelo ya Modimo, Jehofa a mo tokafaletsa dilo. Morago ga gore Jobe a rapelele banna bano ba bararo, Modimo ‘o ne wa busa botshwaro jwa one’ mme wa mo neela ‘mo a kileng a bo a na le gone go menagane gabedi.’ Jehofa o ne a bontsha gore O mogolo mo go Diabolo ka go emisa letsogo la ga Satane le le bakang bolwetse mme a fodisa Jobe ka tsela e e gakgamatsang. Gape Modimo o ne wa tlosa lesomosomo la badimona mme o ne wa nna o ba disitse ka go sireletsa Jobe gape ka go dira gore baengele ba Gagwe ba thibelele mo ntlheng tsotlhe.—Jobe 42:10; Pesalema 34:7.

20. Jehofa o ne a duela le go segofatsa Jobe ka ditsela dife?

20 Bomorwarraagwe Jobe, bokgaitsadie, le batho ba ba neng ba mo itse pele ba nnela go tla gore ba je le ene, ba ne ba mo utlwela botlhoko, le go mo gomotsa ka ntlha ya matlhotlhapelo a Jehofa a neng a letlile gore a mo diragalele. Mongwe le mongwe wa bone o ne a neela Jobe madi le lenyena la gouta. Jehofa o ne a segofatsa Jobe go ya kwa bokhutlong bogolo go tshimologo ya gagwe, mo e leng gore o ne a nna le dinku di le 14 000, dikamela di le 6 000, dikgomo tsa dijokwe di le 1 000, le diesela tse di namagadi di le 1 000. Gape Jobe o ile a nna le barwa ba le supa le barwadie ba le bararo, e leng palo e e lekanang le e a neng a na le yone pele. Barwadie—Jemima, Kesia, le Kerene-hapuke—ba ne ba le bantle go gaisa basadi botlhe mo lefatsheng, mme Jobe o ne a ba naya boswa mo go bokgaitsadiabone. (Jobe 42:11-15) Mo godimo ga moo, Jobe o ne a tshela dingwaga tse dingwe di le 140, mme o ne a bona dikokomana di le nne tsa bana ba gagwe. Polelo eno e konela ka go bolela jaana: “Jobe a swa, a tsofetse a le malatsi a a tletseng.” (Jobe 42:16, 17) Go okediwa ga malatsi a botshelo jwa gagwe e ne e le tiro e e gakgamatsang ya ga Jehofa Modimo.

21. Polelo ya Dikwalo e e bolelang ka ga Jobe e re thusa jang, mme ke eng se re tshwanetseng go iketleetsa go se dira?

21 Polelo eno ya Dikwalo e e bolelang ka ga Jobe e dira gore re lemoge maretshwa a ga Satane mme e re thusa go bona kafa bolaodi jwa lobopo lotlhe bo amanang ka teng le go boloka bothokgami ga motho. Fela jaaka Jobe, batho botlhe ba ba ratang Modimo ba tla lekwa. Mme re ka kgona go itshoka fela jaaka Jobe a ne a itshoka. O ne a fenya diteko tsa gagwe ka tumelo le go nna le tsholofelo, mme o ne a duelwa ka dilo di le dintsi. Jaaka batlhanka ba ga Jehofa gompieno, re na le tumelo ya boammaaruri le tsholofelo. Mme a bo re na le tsholofetso e kgolo jang ne e Moduedi Yo Mogolo a e beetseng mongwe le mongwe wa rona! Fa batlodiwa ba nna ba gakologetswe tuelo ya bone ya selegodimo go tla ba thusa go direla Modimo ka boikanyegi botshelo jwa bone jotlhe mo lefatsheng. Batho ba le bantsi ba ba lebeletseng go tshela mo lefatsheng ga ba kitla ba swa, mme ba ba tla swang ba tla duelwa ka go tsogela mo Paradaiseng mo lefatsheng, mmogo le Jobe ka boene. E kete rotlhe ba re ratang Modimo re ka supa fa Satane e le moaki ka gore re nne re nitame ka fa go Jehofa jaaka batho ba ba bolokang bothokgami le jaaka batshegetsi ba ba ikanyegang ba bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe, re ntse re na le tsholofelo e e ntseng jalo ya mmatota mo pelong le mo mogopolong.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke dintlha dife tse dingwe tse di neng tsa buiwa ke Jobe fa a ne a araba bagomotsi ba gagwe ba maaka la bofelo?

◻ Elihu o ne a itshupa gore ke mosupi yo o sa tlhaoleng batho wa ga Jehofa jang?

◻ Ke dipotso dife tse dingwe tse Modimo o neng wa di botsa Jobe, mme di ne tsa mo ama jang?

◻ Polelo ya Dikwalo e e bolelang ka ga Jobe e go solegetse molemo jang?

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Mafoko a ga Jehofa ka ga Behemotha le Lefiathane a ne a thusa go dira gore Jobe a ikokobetse

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela