LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 11/15 ts. 29-31
  • O Ne A Ratwa Thata Ke Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ne A Ratwa Thata Ke Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshiamelo E E Molemolemo E A E Boneng
  • O Nna Mosadi wa ga Josefe
  • Maria O Ne A Na le Bana Ba Bangwe
  • Mmè Yo O Boifang Modimo
  • Maria Jaaka Morutwa wa ga Jesu
  • Masego a Bosakhutleng
  • “Bona! Lelata la ga Jehofa!”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • Se Sekao sa ga Marea Se ka Re Rutang Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Bona! Lelata la ga Jehofa!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • O Falotse Tšhaka ya Khutsafalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 11/15 ts. 29-31

O Ne A Ratwa Thata Ke Jehofa

“DUMELA wena yo o sego thata, Morena o na nao.” A tumediso e e monate ruri! Yo o buang yono ga se ope fela fa e se moengele Gaberiele. O dumedisa lekgarebana le le ikokobeditseng—Maria, morwadia monna yo o bidiwang Heli. Ngwaga ke wa 3 B.C.E., mme motse ke wa Nasaretha.—Luke 1:26-28.

Josefe wa mmetli o solofeditse Maria gore o tlile go mo nyala. Go ya ka molao le ngwao ya Sejuta, o lejwa jaaka mosadi wa gagwe. (Mathaio 1:18) Maemo a monna yono le a mosadi yono ke a a kwa tlase mo botshelong. Ka jalo, ke eng fa moengele a mo dumedisa a re ke yo o ratwang thata?

Tshiamelo E E Molemolemo E A E Boneng

Gaberiele o oketsa jaana: “O se ka wa boifa Maria; gonne o bonye lesego mo Modimong. Bona, o tlaa nna moimana, mme o tlaa bona ngwana wa mosimane, o tlaa mo raya leina o re, Jesu. O tlaa nna mogolo, mme o tlaa bidiwa Morwa Mogodimodimo; Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe. O tlaa busa ntlo ya ga Jakobe ka bosakhutleng; bogosi jwa gagwe ga bo ketla bo nna le bokhutlo.”—Luke 1:29-33.

Maria o botsa jaana a gakgametse e bile a sa tlhaloganye: “Mo go tlaa nna jang, ka ke sa itse monna?” Gaberiele o araba jaana: “Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Mogodimodimo e tlaa go tshutifalela; ke gone le sone seo se se boitshepo se o tlaa se belegang, se tlaa bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.” Go tlosa dipelaelo, moengele o oketsa jaana: “Bona, Elisabethe wa losika lwa gago, le ene o ithwele ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe; mme e, ke yone kgwedi ya borataro mo go ene yo o neng a bidiwa moopa. Gonne ga go na lefoko lepe le le tswang Modimong le le ka tlhokang nonofo.”—Luke 1:34-37.

Maria o amogela tshiamelo eno e e itumedisang thata ka bonako. O iketleeditse, mme lefa go ntse jalo o araba jaana a ikokobeditse: “Bona, lelata la Morena; a go ntirafalele jaaka lefoko la gago.” Morago ga foo, Gaberiele o a tsamaya. Maria o itlhaganelela kwa motseng o o kwa kgaolong ya dithaba wa Juta. Fa a goroga kwa legaeng la ga moperesiti Sekaria le mosadi wa gagwe, Elisabethe, o fitlhela go ntse fela jaaka moengele a boletse. A bo pelo ya ga Maria e tletse boitumelo jang ne! Dipounama tsa gagwe di bolela mafoko a a galaletsang Jehofa.—Luke 1:38-55.

O Nna Mosadi wa ga Josefe

Mmele wa ga Jesu wa motho o tlile go tsholwa ke lekgarebane, ka go bo go boleletswe pele jalo. (Isaia 7:14; Mathaio 1:22, 23) Mme ke ka ntlha yang fa go tlhokega lekgarebane le le beeleditsweng? Gore go tle go nne rre yo o tla mo tsayang go nna ngwana wa gagwe le go dira gore a tsholwe a na le tshwanelo ya go nna mo setulong sa ga Kgosi Dafite sa bogosi. Josefe le Maria ke ba lotso lwa Juta e bile ke ditlogolwana tsa ga Kgosi Dafite. Ka jalo Jesu o tlile go tsalelwa bogosi go tswa matlhakoreng oomabedi. (Mathaio 1:2-16; Luke 3:23-33) Leno ke lone lebaka la go bo moengele moragonyana a tlhomamisetsa Josefe gore a nyale Maria semolao, le mororo a ne a ithwele.—Mathaio 1:19-25.a

Molao wa go duela lekgetho o o neng o ntshitswe ke Kaesare Aguseto o ne o pateletsa Josefe le Maria go ya go ikwadisa kwa Bethelehema. Fa ba le koo, o tshola morwa wa gagwe wa leitibolo. Badisa ba tla go bona lesea leno, mme ba galaletsa Rraagwe, Jehofa. Fa a sena go ntlafadiwa morago ga malatsi a le 40 a latela Molao wa ga Moshe, Maria o ya kwa tempeleng kwa Jerusalema go ya go ntshetsa maleo a gagwe tetlanyo. (Lefitiko 12:1-8; Luke 2:22-24) Ee, e re ka a ne a sa tsholwa a itshekile, o ne a ruile boleo, ka jalo bosaitekanelang jwa gagwe jwa tlholego bo tshwanetse jwa letlanngwa ka ditlhabelo.—Pesalema 51:5.

Fa Maria le Josefe ba santse ba le kwa tempeleng, Simeone yo o tsofetseng le moperofeti wa mosadi yo o tsofetseng, Ana, ba bona tshiamelo ya go bona Morwa Modimo. Ga go a lejwa Maria thata. (Luke 2:25-38) Moragonyana, Balepadinaledi ga ba mo obamele, mme ba obamela Jesu.—Mathaio 2:1-12.

Fa ba sena go tshabela kwa Egepeto le go leta go fitlha Herote yo o maswe a swa, batsadi ba ga Jesu ba ne ba boa mme ba nna mo motseng wa Nasaretha. (Mathaio 2:13-23; Luke 2:39) Ke gone koo Josefe le Maria ba godisetsang Jesu teng mo lelapeng la bomodimo.

Maria O Ne A Na le Bana Ba Bangwe

Morago ga foo, Maria le Josefe ba tshola bomorwarraagwe Jesu le bokgaitsadie. Fa bodiredi jwa ga Jesu bo mo lere mo motseng waabo wa Nasaretha, ba a godileng nabo ba lemoga gore ke mang. Ba botsa jaana: “A yo ga se morwa mmetli wa dikgong? A mmaagwe ga se Maria? Le bomonnawe a ga se boJakobe, le Josefe, le Simone le Jutase? Le bokgaitsadie a ga re na nabo botlhe? Ana monna yo o a ba a tshotse kae dilo tsotlhe tse?” (Mathaio 13:55, 56) Banasaretha ba bua ka lelapa la ga Josefe le Maria, mmogo le barwa le barwadi bao ba itseng gore ke bomorwarraagwe Jesu le bokgaitsadie ba tlholego.

Bomorwarraagwe Jesu le bokgaitsadie ba ba umakiwang bano ga se bontsalae. E bile ga se barutwa ba gagwe, kana bomorwarraagwe le bokgaitsadie ba semowa, ka go bo Johane 2:12 e farologanya ditlhopha tse pedi tseno ka go bolela jaana: “Morago ga moo a fologela kwa Kaperenaume, ene [Jesu] le mmaagwe, le bomonnawe, le barutwa ba gagwe.” Dingwaga morago ga foo kwa Jerusalema, moaposetoloi Paulo o ne a bona Kefase, kana Petere, a bo a oketsa jaana: “Mme ga ke a bona ope wa baaposetoloi ba bangwe; Ke bone fela Jakobe, morwaraa Morena.” (Bagalatia 1:19, The Jerusalem Bible) Mo godimo ga moo, polelo ya gore Josefe ‘o ne a se ka a itse [Maria] go tsamaya a bona ngwana wa mosimane pele’ e bontsha gore motho yono yo e neng e se rraagwe Jesu wa tlholego o ne a tlhakanela dikobo le mmaagwe moragonyana mme a nna le bana ba bangwe le ene. (Mathaio 1:25) Luke 2:7 e bitsa Jesu sentle gore ke morwa “wa ntlha” wa gagwe.

Mmè Yo O Boifang Modimo

Jaaka mmè yo o boifang Modimo, Maria o dirisana mmogo le Josefe mo go ruteng bana ba gagwe tshiamo. (Diane 22:6) Mafoko a gagwe a a nonofileng a semowa fa a dumedisa Elisabethe a supa gore o ne a ithuta Dikwalo tota. Ka nako eo, mmaagwe Jesu o boeletsa mafoko a pina ya ga Hana mme o supa gore o itse dipesalema, mekwalo ya hisitori le ya boperofeti, le dibuka tsa ga Moshe. (Genesise 30:13; 1 Samuele 2:1-10; Diane 31:28; Malaki 3:12; Luke 1:46-55) Maria o itse ditiragalo le dipolelo tsa seperofeti ka tlhogo, o di bolokile mo pelong ya gagwe, e bile o tlhatlhanya ka tsone mo tlhaloganyong ya gagwe. Ka jalo o siame sentle go ka kaela lekawana Jesu jaaka motsadi.—Luke 2:19, 33.

Jesu yo o rutilweng sentle yo o nang le dingwaga tse 12 o supa gore o itse Dikwalo fa a gakgamatsa banna ba ba rutegileng kwa tempeleng. Mmaagwe o bolela jaana, gonne a ne a kgaogane le bone ka nako ya Tlolaganyo: “Morwaaka, o ne o re direlelang jalo? Bona, rraago le nna re go batlile ka bohutsana.” Jesu o araba jaana: “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa itse fa ke tshwanetse go nna mo go tse e leng tsa ga Rre?” Maria o ne a boloka seno mo pelong gonne a ne a sa tlhaloganye karabo eno. Fa a boela kwa Nasaretha, Jesu o ne a “tswelela mo botlhaleng le mo go goleng, le mo go ratweng ke Modimo le batho.”—Luke 2:42-52.

Maria Jaaka Morutwa wa ga Jesu

A bo go tshwanela jang ne gore Maria kgabagare e nne morutwa yo o ineetseng wa ga Jesu! O boikobo e bile ga a eletse go nna kwa godimo ga batho ba bangwe le mororo Modimo o mo file tiro e e sa tshwaneng le epe. Maria o itse Dikwalo. Fa o ka di sekaseka ka bowena, ga o kitla o mo fitlhela a tlhalosiwa a le mo kgalalelong, a ntse mo setulong jaaka “mmè mohumagadi” e bile a le mo kgalalelong ya ga Keresete. Go na le moo, o tla fitlhela a le kwa morago, a sa bonale.—Mathaio 13:53-56; Johane 2:12.

Jesu o ne a thibela go sa le gale sepe fela se se tshwanang le kobamelo ya lekgarebane Maria mo balateding ba gagwe. Ka nako nngwe fa a ntse a bua, “mosadi mongwe mo bontsing, a mo raya a re: ‘Go sego sebopelo se se go belegeng le mabele a o a amuleng.’ Mme ene a re: ‘Ee, mme bogolo go sego ba ba utlwang lefoko la Modimo, ba le boloka.’” (Luke 11:27, 28) Jesu o ne a bua le Maria jaana kwa moletlong wa lenyalo: “Mosadi, ke dirang ka wena? Lobaka lwa me ga lo ise lo tle.” (Johane 2:4) Dithanolo tse dingwe di balega jaana: “Tlogela seo mo diatleng tsa me.” (Weymouth) “Se leke go mpolelela gore ke dire eng.” (An American Translation) Ee, Jesu o ne a tlotla mmaagwe, mme o ne a sa mo obamele.

Masego a Bosakhutleng

A bo Maria a ne a bona ditshiamelo tse di molemo thata jang ne! O ne a tshola Jesu. Morago o ne a nna mmaagwe ngwana yo mmotlana yono a bo a mo katisa. Kwa bokhutlong, o ne a supa fa a na le tumelo, a nna morutwa wa ga Keresete le kgaitsadie wa semowa. Mo lekgetlhong la bofelo mo Dikwalong koo re bonang Maria teng, re mmona a le kwa kamoreng e e kwa godimo kwa Jerusalema. O ntse koo le baaposetoloi ba ga Jesu, barwa ba gagwe ba bangwe, le basadi ba bangwe ba ba ikanyegang—botlhe ke baobamedi ba ga Jehofa.—Ditiro 1:13, 14.

Kgabagare Maria o ne a swa mme mmele wa gagwe wa boela mo loroleng. Fela jaaka balatedi ba bangwe ba pele ba ba tloditsweng ba morwa wa gagwe yo a mo ratang, o ne a robala mo losong go fitlha go tla lobaka lo Modimo o le tlhomileng la go mo tsosa jaaka sebopiwa sa mowa gore a ye go tshelela ruri kwa legodimong. (1 Bakorinthe 15:44, 50; 2 Timotheo 4:8) A bo “yo o sego thata” yono a tshwanetse a bo a itumetse jang ne jaanong a na le Jehofa Modimo le Jesu Keresete!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maria o ne a tla nyalwa ke mang fa e ne e se lekgarebane? Bajuta ba ne ba gatelela gore mosetsana e tshwanetse ya nna lekgarebane.—Duteronome 22:13-19; bapisa Genesise 38:24-26.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Maria o ne a ratwa thata jaaka mmaagwe Jesu

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela