A o Tshwanetse go Rapela Jesu?
BATHO ba bangwe ba akanya gore go tshwanetse gore go rapelwe Jesu. Kwa Jeremane batho ba le bantsi ba ile ba rutwa ba sa le bana gore pele ba ja dijo tsa bone ba tshwanetse go phutha matsogo ba bo ba leboga Jesu Keresete.
Eleruri Jesu o mo boemong jo bo kwa godimo thata kwa legodimong, go ya ka se Baebele e se bolelang. Lefa go ntse jalo, a seo se raya gore re tshwanetse gore re mo rapele? O ka nna wa bo o le mongwe wa batho ba ba rapelang Jesu ka tlhamalalo ka go bo o mo rata, mme Jesu ene o akanya jang ka dithapelo tse di ntseng jalo?
Selo sa ntlha, ke ka ntlha yang fa go tsoga dipotso tseno? Ka gonne Baebele e bolela gore Jehofa Modimo ke “yo o utlwang thapelo.” Ga go gakgamatse he, go bo batlhanka ba Modimo mo metlheng ya bogologolo, ba ba jaaka Baiseraele, ba ne ba rapela Jehofa Modimo fela, Mothatayotlhe.—Pesalema 5:1, 2; 65:2.
A dilo di ne tsa fetoga fa Jesu, Morwa Modimo, a ne a tla mo lefatsheng go tla go golola batho mo boleong le mo losong? Nnyaa, dithapelo di ne di ntse di isiwa kwa go Jehofa. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng ka boene o ne a rapela Rraagwe wa selegodimo gangwe le gape, mme o ne a ruta ba bangwe gore ba dire ka tsela e e tshwanang. A o ko o akanye fela ka thapelo ya sekao, eo ka dinako tse dingwe e bidiwang Thapelo ya Morena kana Rraetsho, e leng nngwe ya dithapelo tse di itseweng thata mo lefatsheng. Jesu o ne a se ka a re ruta gore re mo rapele; o ne a re neela sekao seno: “Rraetsho yo o kwa legodimong, leina la gago a le itshepisiwe.”—Mathaio 6:6, 9; 26:39, 42.
Jaanong a re sekasekeng kgang eno thatathata ka go tlhatlhoba se tota thapelo e leng sone.
Thapelo ke Eng?
Dithapelo tsotlhe ke tsela nngwe ya go obamela. The World Book Encyclopedia e dumalana le seno fa e bolela jaana: “Thapelo ke tsela nngwe ya go obamela e mo go yone motho a ka nnang a ineela, a leboga, a ipolela, kana go rapela Modimo.”
Mo tiragalong e nngwe Jesu o ne a bolela jaana: “Go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, mme o direle one o le osi fela.’” Jesu o ne a tshegetsa boammaaruri jwa motheo jwa gore kobamelo—mmogo le dithapelo—e tshwanetse ya lebisiwa fela kwa go Rraagwe, Jehofa Modimo.—Luke 4:8; 6:12.
Go Amogela Jesu mo Dithapelong Tsa Rona
Jesu o ne a swa jaaka setlhabelo sa batho sa thekololo, a tsosiwa ke Modimo, mme a golelediwa kwa boemong jo bo kwa godimo. Fela jaaka o ne o ka akanya, seno sotlhe se ile sa lere phetogo mabapi le dithapelo tse di amogelwang. Ka tsela e e ntseng jang?
Moaposetoloi Paulo o tlhalosa tlhotlheletso e kgolo e boemo jwa ga Jesu bo nang le yone mo thapelong ka tsela eno: “Ke gone ka moo Modimo le one o mo godisitseng thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a otlhe; gore mangole otlhe a khubame ka leina la ga Jesu, e bong a dilo tse di kwa legodimong, le a dilo tse di mo lefatsheng, le a dilo tse di kwa tlase ga lefatshe, le gore diteme tsotlhe di bolele fa Jesu Keresete e le Morena, kgalaletsong ya Modimo Rara.”—Bafilipi 2:9-11.
A mafoko a a reng “gore mangole otlhe a khubame ka leina la ga Jesu” a raya gore re tshwanetse go mo rapela? Nnyaa. Seelana sa Segerika se se leng fano “se kaya leina le le kopanyang batho ba ba khubamang ka mangole, (πᾶν γόνυ) le botlhe ba ba obamang ba kopantswe ke lone. Leina le Jesu a ileng a le amogela le tlhotlheletsa batho botlhe gore ba obamele ka kutlwano.” (A Grammar of the Idiom of the New Testament, e e kwadilweng ke G. B. Winer) Eleruri, gore thapelo e nne e e amogelwang, e tshwanetse ya rapelwa “ka leina la ga Jesu,” mme lefa go ntse jalo, e lebisitswe kwa go Jehofa Modimo e bile e a mo galaletsa. Paulo o bolela jaana ka ntlha ya lebaka leno: “Mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Bafilipi 4:6.
Fela jaaka tsela e ka go isa kwa o batlang go ya teng, fela jalo Jesu ke “tsela” e e re isang kwa Modimong Mothatayotlhe. “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna,” Jesu o ne a ruta baaposetoloi jalo. (Johane 14:6) Ka gone, re tshwanetse go lebisa dithapelo tsa rona go Modimo ka Jesu mme re sa di tlhamalaletse kwa go Jesu ka boene.a
Batho ba bangwe ba ka nna ba botsa jaana: ‘A mme Baebele ga e bege gore morutwa e bong Setefane mmogo le moaposetoloi Johane ba ne ba bua le Jesu a le kwa legodimong?’ Seo se boammaaruri. Lefa go ntse jalo, ditiragalo tseno di ne di sa amane ka gope le dithapelo, e re ka Setefane le Johane mongwe le mongwe wa bone a ne a bona Jesu mo ponatshegelong ba bo ba bua le ene ka tlhamalalo. (Ditiro 7:56, 59; Tshenolo 1:17-19; 22:20) Gakologelwa gore tota le gone go bua fela le Modimo ga go reye gore ke thapelo. Adame le Efa ba ne ba bua le Modimo, ba ntsha diipato tsa go bo ba ne ba dirile boleo jo bogolo, fa A ne A ba atlhola fa ba sena go leofa kwa Edena. Go bua jalo le ene e ne e se go rapela. (Genesise 3:8-19) Ka gone, go ne go tla bo go se boammaaruri go umaka Setefane kana Johane fa ba ne ba bua le Jesu jaaka bosupi jwa gore tota re tshwanetse go mo rapela.
Leina la ga Jesu le ‘Bidiwa’ Jang?
A o santse o belaela, o akanya gore re tshwanetse go rapela Jesu? Mosadi mongwe o ne a kwalela ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower jaana: “Ka maswabi, ke santse ke ise ke tlhatswege pelo gore Bakeresete ba ntlha ba ne ba sa rapele Jesu.” O ne a akantse mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Bakorinthe 1:2, moo a neng a umaka “botlhe mo mafelong a otlhe ba ba bitsang leina la Morena wa rona Jesu Keresete.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Lefa go ntse jalo, motho o tshwanetse go lemoga gore mo puong ya ntlhantlha, polelwana e e reng “go bitsa” e ka kaya dilo tse dingwe kwantle ga thapelo.
Leina la ga Keresete le ne la ‘bidiwa’ mo mafelong a otlhe jang? Tsela e nngwe e ne e le ya gore balatedi ba ga Jesu wa Nasaretha ba ne ba bolela phatlalatsa gore o ne a tla nna Mesia le “Mmoloki wa lefatshe,” ba dira dikgakgamatso di le dintsi mo leineng la gagwe. (1 Johane 4:14; Ditiro 3:6; 19:5) Ka gone, The Interpreter’s Bible e bolela gore seelana se se reng “go bitsa leina la Morena wa rona . . . go raya go bolela fa o dumela gore ke Morena e seng go mo rapela.”
Go amogela Keresete le go dumela mo mading a gagwe a a tsholotsweng, e leng gone go dirang gore go itshwarela maleo go kgonege le gone ke go “[bitsa] leina la Morena wa rona Jesu Keresete.” (Bapisa Ditiro 10:43 le 22:16.) Mme re bua leina la ga Jesu ka tsela ya mmatota nako le nako fa re rapela Modimo ka ene. Ka jalo, lefa Baebele e bontsha gore re ka kgona go bitsa leina la ga Jesu, ga e supe gore re tshwanetse go mo rapela.—Baefeso 5:20; Bakolosa 3:17.
Se Jesu a ka re Direlang Sone
Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe sentlentle jaana: “Fa lo [lopa, NW] sengwe fela ka leina la me, sone ke tlaa se dira.” A seno se tlhoka gore a rapelwe? Nnyaa. Re isa kopo ya rona kwa go Jehofa Modimo—mme ka leina la ga Jesu. (Johane 14:13, 14; 15:16) Re kopa Modimo gore Morwawe e bong Jesu, a dirise maatla a gagwe a magolo le thata go re thusa.
Jesu o buisana le balatedi ba gagwe ba boammaaruri jang gompieno? Tlhaloso ya ga Paulo ya phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ka tshwantshetsa seno. O ne a e tshwantsha le mmele mme Jesu Keresete e le tlhogo ya yone. “Tlhogo” e neela ditokololo tsa mmele wa semoya dilo tse di di tlhokang “ka malokololo le mesifa,” kana ka ditsela le dithulaganyo tsa go fepa phuthego ya gagwe semoyeng le go e kaela. (Bakolosa 2:19) Ka tsela e e tshwanang, Jesu gompieno o dirisa ‘dineo tse e leng banna,’ kana banna ba ba tshwanelang semoyeng, gore ba etelele pele mo phuthegong, tota le e leng go tlhamalatsa dilo fa go tlhokega. Ga go na thulaganyo e e diretsweng maloko a phuthego gore a buisane le Jesu ka tlhamalalo kana a mo rapele, mme totatota ba tshwanetse—ee, ba tshwanetse—go rapela Rraagwe Jesu, Jehofa Modimo.—Baefeso 4:8-12.
O Tlotla Jesu Jang?
Malebana le go bolokiwa ga batho, a bo Jesu a na le seabe sa konokono jang ne! Moaposetoloi Petere o ne a bolela jaana: “Ga go na poloka mo go ope o sele; le gone ga go na leina lepe le sele fa tlase ga legodimo, le batho ba le neilweng, le re nang le go bolokwa mo go lone.” (Ditiro 4:12) A o etse tlhoko gore leina la ga Jesu le botlhokwa go le kana kang?
Ga re nyatse boemo jwa ga Jesu fa re sa ise dithapelo kwa go ene ka tlhamalalo. Go na le moo, re tlotla Jesu fa re rapela mo leineng la gagwe. Mme fela jaaka bana ba tlotla batsadi ba bone ka gore ba nne kutlo, re tlotla Jesu Keresete ka gore re utlwe ditaolo tsa gagwe, segolo jang taolo e ntšha ya gore re ratane.—Johane 5:23; 13:34.
Dithapelo Tse di ka Amogelwang
A o eletsa go rapela dithapelo tse di ka amogelwang? Ka gone he di ise kwa go Jehofa Modimo, mme o dire jalo ka leina la Morwawe, Jesu. Ithute go rata ga Modimo, mme dithapelo tsa gago di supe gore o tlhaloganya seo. (1 Johane 3:21, 22; 5:14) O ka bona nonofo mo mafokong ano a Pesalema 66:20: “A go bakwe Modimo o o se kang wa faposa morapelo wa me, le fa e le boutlwelobotlhoko jwa one go bo faposa mo go nna.”
Jaaka re setse re bone, dithapelo ke tsela nngwe ya kobamelo e e isiwang fela go Modimo Mothatayotlhe. Fa re isa dithapelo tsa rona tsotlhe kwa go Jehofa Modimo, re a bo re supa gore re nna re gakologetswe kaelo ya ga Jesu ya gore re rapele jaana: “Rraetsho yo o kwa legodimong.”—Mathaio 6:9.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Batho ba bangwe ba ka nna ba rapela Jesu ka gonne ba dumela gore ke Modimo. Mme Jesu e ne e le Morwa Modimo, mme le ene o ne a obamela Jehofa, Rraagwe. (Johane 20:17) Go bona tlhaloso e e oketsegileng mo kgannyeng eno, bona A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.