“A a Tswang Melomong ya Banyana”
FA SAMUELE e ne e le mosimanyana, o ne a tlhwaela tsebe thata melaometheo e e siameng go sa kgathalesege bosula jwa barwa ba Moperesiti yo Mogolo e bong Eli. (1 Samuele 2:22; 3:1) Mo metlheng ya ga Elisha, setshwarwana sengwe sa Moiseraele kwa Siria se ne sa neela mohumagadi wa sone bosupi ka bopelokgale. (2 Dikgosi 5:2-4) Fa Jesu a ne a le dingwaga di le 12, o ne a bua le baruti ba Baiseraele ka bopelokgale, a ba botsa dipotso a bo a ba araba ka tsela e e neng ya gakgamatsa babogedi. (Luke 2:46-48) Jehofa o ntse a direlwa ka boikanyegi ke baobamedi ba gagwe ba babotlana mo hisitoring yotlhe.
A basha gompieno ba bontsha mokgwa o o tshwanang wa go ikanyega? Ee, eleruri! Dipego tse di tswang kwa diofising tsa lekala la Mokgatlho wa Watch Tower di bontsha gore basha ba le bantsintsi ba ba dumelang ba “italetsa ka pelo e e thamileng” mo tirelong ya ga Jehofa. (Pesalema 110:3) Diphelelo tse di molemo tsa maiteko a bone di kgothatsa Bakeresete botlhe, bannye le bagolo, gore ‘ba se ka ba lapa mo go direng molemo.’—Bagalatia 6:9.
Sekai se se molemo ke sa ga Ayumi, mosetsanyana wa Mojapane yo o neng a simolola go nna mmoledi a na le dingwaga di le thataro mme a itirela mokgele wa go neela mongwe le mongwe bosupi mo tlelaseng ya gagwe. O ne a letlelelwa go baya dibuka di le mmalwanyana mo laeboraring ya tlelase, a ntse a ipaakanyetsa go araba dipotso dipe tse a ka nnang a di bodiwa ke bana ba ba tsenang sekolo le ene. Mo e ka nnang bana botlhe ba a tsenang le bone mo tlelaseng mmogo le morutabana ba ne ba bala dibuka tseno. Mo dingwageng tse thataro tsa fa Ayumi a le mo sekolong se se potlana, o ne rulaganyetsa batho ba le 13 gore ba ithute Baebele. O ne a kolobediwa fa a le mo mophatong wa bonè, mme mongwe wa ditsala tsa gagwe yo a neng a ithuta le ene o ne a kolobediwa a le mo mophatong wa borataro. Mo godimo ga moo, mmaagwe moithuti yono wa Baebele le bomogolowe ba babedi ba basetsana le bone ba ne ba ithuta mme ba kolobediwa.
Boitshwaro jo bo Siameng bo Neela Bosupi
“Lo tshele ka mokgwa o montle mo go Baditšhaba,” go ne ga bolela jalo moaposetoloi Petere, mme Bakeresete ba basha ba amogela taolo eno ka tsela e e masisi. (1 Petere 2:12) Ka ntlha ya seo, gantsi tsela e ba itshwarang ka yone e e siameng e neela bosupi jo bo molemo. Mo nageng ya Afrika ya Cameroon, e ne e le lekgetlho la bobedi monna mongwe a tla kwa pokanong ya phuthego ya Basupi ba ga Jehofa mme a iphitlhela a ntse fa thoko ga mosetsanyana mongwe. Fa sebui se ne se laletsa bareetsi gore ba batle temana nngwe mo Baebeleng, monna yono o ne a lemoga gore mosetsanyana o ne a bona temana eo ka bonako fela mo Baebeleng ya gagwe a bo a e bala ka tidimalo a reeditse ka kelotlhoko. Boitshwaro jwa gagwe bo ne jwa mo kgatlha fela thata mo e neng ya re pokano e tswa, a ba a ya kwa go sebui mme a bolela jaana: “Mosetsanyana yono o ntirile gore ke batle go ithuta Baebele le wena.”
Mo Afrika Borwa go na le sekolo sengwe se se nang le baithuti ba le 25 ba e leng bana ba Basupi ba ga Jehofa. Boitshwaro jwa bone jo bo siameng bo dirile gore Basupi ba ga Jehofa ba bolelwe ka tsela e e molemo. Morutabana mongwe o ne a bolelela motsadi mongwe wa Mosupi gore o ne a sa tlhaloganye gore Basupi ba kgona jang go thapisa bana ba bone sentle jaana, segolo jang ka gonne kereke ya gagwe e itshupile e palelwa ke go thusa basha. Morutabana yo mosha o ne a tla go thusa mo sekolong seno mme go ise go ye kae o ne a lemoga boitshwaro jo bo siameng jwa bana ba Basupi. O ne a botsa mongwe wa basimane ba Basupi gore o ne a tshwanetse go dira eng gore a tle a nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a mo tlhalosetsa gore o tshwanetse go ithuta Baebele, mme o ne a rulaganya gore batsadi ba gagwe ba tle ba tsweledise kgatlhego.
Kwa Costa Rica, Rigoberto o ne a lemoga boammaaruri jo bo utlwalang fa bana ba tlelase ya gagwe ba babedi ba ne ba dirisa Baebele go araba dipotso tsa gagwe ka ga Tharonngwe, moya, le molelo wa dihele. Se ba neng ba se bolela se ne sa mo tlhotlheletsa ka tsela e e siameng e seng ka go bo ba kgona go tlhalosa Dikwalo fela mme gape ka go bo boitshwaro jwa bone jo bo molemolemo bo ne bo farologane thata le jo a bo boneng mo dikerekeng tsa Labokeresete. Rigoberto o tsweletse sentle mo thutong ya gagwe ya Baebele, le mororo a ganediwa ke ba lelapa la gagwe.
Basupi ba ga Jehofa ba le babedi kwa Spain—yo mongwe wa bone a na le dingwaga di le robongwe—ba ne ba etela monna mongwe yo o bidiwang Onofre. Fa Mosupi yo mogolo a ntse a bua ka nako e telele, Mosupi yo mmotlana o ne a bala ka tidimalo fa go ntse go balwa mo Dikwalong a bo a nopola ditemana tse dingwe tsa Baebele ka tlhogo. O ne a kgatlha Onofre thata. O ne a swetsa gore o batla go ithuta Baebele kwa mosimanyana yono a ithutileng go tlhalosa Dikwalo sentle jaana gone. Ka gone, o ne a ya kwa Holong ya Bogosi ka makuku a moso wa letsatsi la Sontaga se se latelang. O ne a tshwanelwa ke go leta kwa ntle go fitlha ka sethoboloko, fa Basupi ba ne ba tla pokanong ya bone. Fa e sa le ka nako eo, o ne a tswelela pele sentle mme o sa tswa go bontsha boineelo jwa gagwe ka go kolobediwa mo metsing.
Basupi ba Basha ba ba Tlhagafetseng
Ee, Jehofa o dirisa basha mmogo le bagolo go fitlhelela batho ba ba pelontle. Seo se ne sa bonala mo go oketsegileng mo boitemogelong bongwe jwa kwa Hungary. Mooki mongwe wa sepetlele gone koo o ne a lemoga gore nako le nako fa baeng ba tla go tlhola molwetse mongwe wa dingwaga di le lesome, ba ne ba mo tlela sengwe se a ka se balang mmogo le dijo. E re ka a ne a swegaswega, o ne a ipotsa gore mosetsanyana yo o kana o ne a ka bala ka ga eng mme a fitlhela gore e ne e le Baebele. Mooki o ne a bua le ene mme kwa morago a bolela jaana: “Fa e sa le re kopana la ntlha, o ne a nthuta tota.” Fa mosetsanyana a ne a tswa mo sepetlele, o ne a laletsa mooki gore a nne gone kwa kopanong e kgolo, mme mooki o ne a se ka a dumela go nna gone. Lefa go le jalo, moragonyana o ne a dumela go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Puo E E Itshekileng.” Go ise go ye kae morago ga moo, o ne a simolola go ithuta Baebele, mme ngwaga moragonyana o ne a kolobediwa—seno sotlhe e ne e le ka ntlha ya mosetsanyana yo o neng a dirisa nako ya gagwe kwa sepetlele go bala dibuka tsa Baebele.
Ana Ruth wa kwa El Salvador, o ne a le mo ngwageng wa gagwe wa bobedi mo sekolong se segolwane. O ne a tlwaetse go tlogela dibuka tsa Baebele mo godimo ga teseke ya gagwe gore ba bangwe ba ipalele tsone fa ba ne ba batla. Ana Ruth o ne a bona gore dibuka di ne di na le go nyelela mme di bo di tloga di bonala gape morago ga nakonyana, mme a lemoga gore Evelyn, yo o tsenang sekolo le ene, o ne a di bala. Morago ga nakonyana, Evelyn o ne a dumela go ithuta mme a simolola go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego. Kgabagare o ne a kolobediwa, mme jaanong o direla jaaka mmulatsela yo o thusang wa ka metlha. Ana Ruth ke mmulatsela wa ka metlha.
Kwa Panama kgaitsadi mongwe o ne a simolola go ithuta le mosadi mongwe yo monna wa gagwe a neng a simolola go ganetsa boammaaruri mo thuto e neng ya batla e ema. Lefa go ntse jalo, fa go ntse go ya boikutlo jwa monna bo ne jwa kokobela. Ka nako nngwe moragonyana, morwarraagwe wa Mosupi o ne a mo kopa gore a mo tsenyetse alamo e e tlhagisang ka magodu mo ntlong ya gagwe. Fa a ntse a tsenya alamo, setlogolo sa gagwe se se nang le dingwaga di le robongwe se ne sa tla mo gae se lebega se utlwile botlhoko. O ne a mmotsa gore go diragetse eng, mme o ne a mmolelela gore ene le mogolowe wa mosetsana ba ne ba ile go tshwara thuto ya Baebele mme motho yoo o ne a seyo mo gae, ka jalo o ne a se ka a kgona go direla Jehofa sepe mo letsatsing leo. Rangwanaagwe o ne a bolela jaana: “Ke ka ntlha yang o sa ntherele? Ka jalo o tla direla Jehofa sengwe.” Setlogolo sa gagwe se ne sa taboga se itumetse go ya go tsaya Baebele ya sone, mme se ne sa simolola thuto.
Mmaagwe mosetsana (e leng mosadi wa ga morwarraagwe monna yo) o ne a reeditse. O ne a akanya gore ba a tshameka fela, mme nako le nako fa monna yono a ne a tla mo lelapeng la gagwe, o ne a kopa setlogolo sa gagwe gore se mo rute Baebele. Fa mmè a ne a bona gore morwarraagwe monna wa gagwe o tlhoafetse e bile o na le dipotso dingwe tse di thata, o ne a akanya gore e nne ene a tshwarang thuto eo le morwadie a le teng. O ne a simolola go ithuta gabedi mo bekeng mme a gatela pele ka bonako. Kgabagare, o ne a fitlha mo ntlheng ya gore a ineele mme a kolobediwa mo kopanong e le nngwe fela le mosadi wa gagwe—e le ka thuso ya boitshwaro jo bo siameng jwa setlogolwana sa gagwe.
Bopelokgale Jwa Basha bo Neela Bosupi jo bo Molemo
Baebele e bolela jaana: “O nne thata, mme a pelo ya gago e natlafale; ee, lebelela mo go Jehofa.” (Pesalema 27:14) Mafoko ano a ama batlhanka botlhe ba Modimo, mme bannye mmogo le bagolo ba ne ba a dirisa mo ngwageng o o fetileng. Kwa Australia, fa mosetsanyana mongwe wa dingwaga di le tlhano a ne a ya go simolola kwa sekolong se sesha, mmaagwe o ne a ya go bona morutabana gore a mo tlhalosetse se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang. Morutabana o ne a bolela jaana: “Ke setse ke itse se o se dumelang. Morwadio o ntlhaloseditse sengwe le sengwe.” Mosetsanyana yono o ne a se ka a boifa go buisana le morutabana wa gagwe a le esi fela gore a tlhalose se a se dumelang.
Andrea yo o nang le dingwaga di le tlhano wa kwa Romania le ene o ne a nna pelokgale. Fa mmaagwe a ne a tlogela bodumedi jwa Orthodox gore a nne Mosupi, baagisani ba gagwe ba ne ba gana go mo reetsa. Ka letsatsi lengwe kwa Thutong ya Buka ya Phuthego, Andrea o ne a utlwa molebedi wa tirelo a gatelela gore go a tlhokega gore re rerele baagisani. O ne a akanya ka seno thata, mme fa ba le kwa gae o ne a bolelela mmaagwe jaana: “Fa o sena go ya tirong, ke tla tsoga, ke bo ke tsenya dibuka mo bekeng ya me jaaka o tle o dire, Mama, mme ke tla rapela Jehofa gore a nthuse go bua ka boammaaruri le baagisani.”
Mo letsatsing le le latelang Andrea o ne a dira fela jaaka a solofeditse. Go tswa foo o ne a letsa tshipi ya lebati la moagisani fa a ntse a leka go nna pelokgale. Fa moagisani a tla fa kgorong, mosetsanyana yono o ne a bolela jaana: “Ke a itse gore fa e sale mmè a simolola go nna Mosupi, ga o mo rate. O lekile go bua le wena ka makgetlho a le mmalwa, mme o ne o sa batle go mo reetsa. Selo seno se mo utlwisa botlhoko, mme ke batla gore o itse gore re a go rata.” Go tswa foo, Andrea, o ne a tswelela pele a neela bosupi jo bo molemo. Mo letsatsing le le lengwe fela, o ne a tsamaisa dibuka di le thataro, dimakasine di le thataro, dibukana di le nne, le dipampitshana di le nne. Fa e sa le ka nako eo, o ntse a ya mo tirelong ya tshimo ka metlha.
Kwa Rwanda bakaulengwe ba rona ba ne ba tshwanelwa ke go bontsha bopelokgale thata ka ntlha ya ntwa e e leng koo. Mo tiragalong e nngwe lelapa lengwe la Basupi le ne la tsenngwa mo kamoreng koo masole a neng a ipaakanyeditse go ba bolaela gone. Lelapa leo le ne la kopa gore le letlelelwe go rapela pele. Le ne la dumelelwa go dira jalo, mme botlhe ba ne ba rapela ka tidimalo, fa e se morwadiabone Deborah fela. Go ya ka pego nngwe, Deborah o ne a rapela ka lentswe le le kwa godimo jaana: “Jehofa, mo bekeng eno nna le Papa re tsamaisitse dimakasine di le tlhano. Re tlile go boela jang kwa bathong bano gore re ba rute boammaaruri le go ba thusa go bona botshelo? Mo godimo ga moo, ke tlile go nna mmoledi jang jaanong? Ke ne ke batla go kolobediwa e le gore ke go direle.” Lesole lengwe le ne la bolela jaana fa le sena go utlwa seno: “Re ka se ka ra lo bolaya ka ntlha ya mosetsanyana yono.” Deborah o ne a araba jaana: “Ke a leboga.” Lelapa leno le ne la falola.
Fa Jesu a ne a tsena mo Jerusalema ka phenyo fa a le gaufi le go wetsa botshelo jwa gagwe a le mo lefatsheng, o ne a dumedisiwa ke matshutitshuti a batho, ba duduetsa. Matshutitshuti ano a batho a ne a akaretsa bana mmogo le bagolo. Go ya ka pego eno, banyana “[ba ne] ba duduetsa ba re: ‘Hosana, Morwa Dafite.’” Fa baperesiti ba bagolo le bakwadi ba ne ba ngongoregela seno, Jesu o ne a ba araba jaana: “A ga lo ise lo ke lo bale fa go reng: ‘O lekantse pako ka a a tswang melomong ya banyana, le ba ba anyang’?”—Mathaio 21:15, 16.
A ga go itumedise go bona gore mafoko a ga Jesu a boammaaruri le e leng gompieno? “Jehofa o lerile pako ka a a tswang mo melomong ya banyana, le ba ba anyang”—re ka nna ra oketsa ka gore, le basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome le banna le basadi ba ba saleng basha. Eleruri, fa go tliwa mo go bakeng Jehofa, ga go na yo go tweng o monnye thata.—Joele 2:28, 29.