Go Kopana le Batho ba ba Boifang Modimo
“BATHO gongwe le gongwe ba eletsa go nna ba gololesegile ba sa boife—ba gololesegile mo go boifeng thubakanyo, mo go tlhokeng ditiro le malwetsi a a maswe thata. Rotlhe re eletsa seo. . . . Mme ke eng fa re tshwere kgang ka gore poifo e ka tlhagolelwa jang?” Potso eo e e tsosang kgatlhego e ne ya bodiwa ke sebui se se neng se fa puo ya setlhogo kwa go nngwe le nngwe ya Dikopano tsa Kgaolo tsa “Poifo ya Bomodimo,” tse di ileng tsa simolola ka June 1994.
Batho ba le dimilione ba ba nnileng gone—pele kwa Amerika Bokone, moragonyana kwa Yuropa, Bogare le Borwa jwa Amerika, Afrika, Asia le ditlhaketlhake tsa lewatle—ba ne ba iketleeditse go ithuta go tlhagolela poifo e e ntseng jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne gore re tle re nne le seabe mo masegong ao Jehofa Modimo a tla a nayang batho ba gagwe re tshwanetse ra nna le poifo ya bomodimo. Batlakopanong ba ne ba tlile mmogo go tla go ithuta kaga poifo ya bomodimo, mme ba ile ba ithuta go le gontsi kaga nonofo eno ya Bokeresete mo thulaganyong eo ya malatsi a le mararo.
‘Boifa Modimo O bo O Tshegetse Ditaolo Tsa One’
Seno e ne e le setlhogo sa letsatsi la ntlha la kopano, se se neng se theilwe mo go Moreri 12:13. Go boifa Modimo go kayang? Mo karolong ya ntlha fela ya thulaganyo ya kopano, modulasetulo wa kopano o ne a tlhalosa gore go nna le poifo ya bomodimo go supa go tshaba le go tlotla Jehofa ka tsela e e boteng mmogo le go mmoifa ka tshwanelo o tila go sa mo itumedise. Poifo e e ntseng jalo ya bomodimo ga se ya go tshaba lebekebeke; yone e siame e bile e tshwanetse.
Poifo eno e e itekanetseng e re solegela molemo jang? Puo e e latelang e e reng “Lo Se Ka Lwa Lapa Mme Lwa Tlhoboga,” e ne ya tlhalosa gore poifo ya bomodimo e tla re tlhotlheletsa go tshegetsa ditaolo tsa Modimo ka boitumelo. Poifo e e ntseng jalo mmogo le go rata Modimo le moagisani wa rona e tla re tlhotlheletsa gore re nne le nonofo ya semoya. Ee, poifo ya bomodimo e ka re thusa gore re se ka ra repisa mo lobelong lwa rona lwa botshelo jo bo sa khutleng.
Thulaganyo e ne ya tswelela ka dipotsolotso tse di neng di bontsha ka bosupi jwa mmatota jwa gore poifo ya bomodimo e ka re tshegetsa. Bao ba neng ba botsolodiwa ba ne ba bontsha kafa go boifa Modimo ka go mo tlotla go ileng ga ba tlhotlheletsa ka gone gore ba tswelele pele mo bodireding lefa batho ba sa kgatlhege, ba sa kgathale, kana ba ba bogisa le ka moo go ileng ga ba thusa ka gone gore ba itshoke lefa ba ne ba lebane le diteko motho ka namana.
Mme, he, ke ka ntlha yang batho bangwe ba na le poifo ya bomodimo fa ba bangwe ba se na yone? Mo puong e e reng “Go Tlhagolela le go Solegelwa Molemo Ke Poifo ya Bomodimo” sebui se se neng se neela puo ya setlhogo se ne sa tlhalosa gore Jehofa mo go Jeremia 32:37-39 o ne a solofetsa gore O tla naya batho ba Gagwe pelo e e boifang Modimo. Jehofa o tsenya poifo ya bomodimo mo dipelong tsa rona. Jang? Ka moya wa gagwe o o boitshepo le ka Lefoko la gagwe e bong Baebele. Lefa go ntse jalo, go phepafetse gore re tshwanetse go leka ka tlhoafalo go ithuta Lefoko la Modimo le go dirisa dithuso tse dintsi tsa semoya tse a di re baakanyeditseng. Tseno di akaretsa dikopano tsa rona tsa kgaolo le dipokano tsa rona tsa phuthego, tse di re thusang go ithuta go mmoifa.
Thulaganyo ya thapama e ne ya bula ka kgothatso ya go ikanya Jehofa le Lefoko la gagwe. Seno se ne sa latelwa ke tlhaloso e e neng e bontsha ditsela tsa konokono tse Bogosi bo tshwanetseng jwa ama matshelo a rona jaaka Bakeresete ka tsone.
Go ne ga latela simposiamo ya ntlha mo go tse tharo tse di neng di le teng kwa kopanong. Setlhogo sa simposiamo eno e ne e le “Poifo ya Bomodimo E Re Rotloetsa go Dira Se Modimo O Se Batlang.” Se se latelang ke sekai sa kgakololo ya Dikwalo—le e e dirang—e e neng ya neelwa.
□ Banna ba ba nyetseng: Poifo ya bomodimo e tshwanetse go tlhotlheletsa monna gore a rate mosadi wa gagwe jaaka a rata mmele wa gagwe. (Baefeso 5:28, 29) Monna ga a ke a utlwisa mmele wa gagwe botlhoko ka boomo, a itlhabisa ditlhong fa pele ga ditsala tsa gagwe, kana go seba ka dilo tse a tlhaelang mo go tsone. Ka jalo he, o tshwanetse go tshwara mosadi wa gagwe ka seriti le tlotlo e ene a itshwarang ka yone.
□ Basadi ba ba nyetsweng: Poifo ya bomodimo eo Jesu a neng a nna le yone e ne ya mo tlhotlheletsa gore a ‘kgatlhe Modimo ka metlha.’ (Johane 8:29) Jono ke boikutlo jo bontle jo basadi ba ka bo etsang fa ba dirisana le banna ba bone.
□ Batsadi: Batsadi ba Bakeresete ba ka bontsha poifo ya bomodimo ka go tsaya maikarabelo a bone a botsadi a le masisi, ba leba bana ba bone jaaka boswa jo bo tswang kwa go Jehofa. (Pesalema 127:3) Mokgele wa konokono wa batsadi e tshwanetse ya nna gore ba godise bana ba bone go nna Bakeresete ba mmatota.
□ Bana: Jehofa o laela bana gore ba utlwe “batsadi ba [bone] mo Moreneng.” (Baefeso 6:1) Ka jalo, fa ba utlwa batsadi ba bone ba utlwa Modimo.
Puo e e neng e konela letsatsi e ne ya ama maikutlo tota, ka gonne e ne e bua ka maikutlo a a boteng ao rotlhe re nnang le one fa re swelwa ke mongwe yo re mo ratang. Mme go ne ga nna le sengwe se se itumedisang fa polelo e ne e le mo bogareng jwa yone. Sebui se ne sa itumedisa bareetsi ka go ba itsise go gololwa ga boroutšhara jo bosha jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Kgatiso eno ya ditsebe tse 32 e e mebalabala e bua ka dilo tse dintsi tse di ka thusang ba ba hutsafetseng go tlhaloganya le go dirisana le maikutlo a a nnang gone fa motho a swetswe ke mongwe yo a mo ratang. A o kile wa iphitlhela o sena mafoko a o ka a bolelelang mongwe yo o hutsafetseng? Karolo ya boroutšhara jono e tlotla ka tsela eo re ka thusang ba ba hutsafetseng ka yone. Batho ba le bantsi mo bareetsing ba ne ba akantse ka mongwe yo o ka solegelwang molemo ke boroutšhara jono jo bosha fa ba ntse ba reeditse sebui.
‘Dira Tiro E E Kgatlhang Modimo ka Tshisimogo le Poifo’
Seo e ne e le setlhogo sa letsatsi la bobedi, se se neng se theilwe mo go Bahebere 12:28. Simposiamo ya bobedi e e reng, “Diphuthego Tse Di Boifang Jehofa,” e ne ya latela mo thulaganyong ya mo mosong. Karolo ya ntlha e ne e bua ka go nna gone kwa dipokanong. Go nna gone kwa dipokanong go bontsha fa re tlotla Modimo le dilo tse a re di fileng tsa semoya. Ka go nna gone, re bontsha fa re boifa leina la gagwe le gore re iketleeditse go dira thato ya gagwe. (Bahebere 10:24, 25) Sebui sa bobedi se ne sa tlhalosa gore mongwe le mongwe o tshwanetse go dira karolo ya gagwe ya go nna le boitsholo jo bo bontle, gore phuthego yotlhe e tle e boife Jehofa. Sebui sa bofelo se ne sa bua ka ga tshiamelo e e leng tiro eo Bakeresete botlhe ba nang le yone—go bolela mafoko a a molemo re sa kgaotse. Re tla tswelela pele re rera ka lobaka lo lokae? Go fitlhela Jehofa a re go lekane.—Isaia 6:11.
Go ne ga latela polelo e nngwe ka setlhogo se se reng “Boitumelo Jwa ga Jehofa Ke Botshabelo jwa Lona,” mme jaanong go buiwa ka yone mo ditlhogong tse di ithutiwang tsa makasine ono. (Nehemia 8:10) Ke eng fa batho ba ga Jehofa ba itumetse? Sebui se ne sa tlhalosa mabaka mangwe. Lebaka le le tlhomologileng thata ke la gore kamano e e gaufigaufi le Modimo e re dira gore re nne batho ba ba itumetseng go feta botlhe mo lefatsheng. Sebui se ne sa gopotsa batlakopanong gore ba akanye fela ka tshiamelo e re nang le yone ya go nna bangwe ba batho bao Jehofa a ileng a ba tlisa mo go Jesu Keresete. (Johane 6:44) A bo leo e le lebaka le le tiileng la go itumela jang ne!
Kolobetso e nna sengwe se se tlhomologileng kwa kopanong nngwe le nngwe, mme go ne ga nna jalo le mo Dikopanong tsa “Poifo ya Bomodimo.” Mo puong e e reng “Go Boifa Jehofa ka Boineelo le Kolobetso,” sebui se ne sa tlhalosa gore batho botlhe ba ba kolobeditsweng ba ikarabela mo dilong tse nne: (1) Re tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo re dirisa dikgatiso tse di re thusang go le tlhaloganya le go le dirisa; (2) re tshwanetse go rapela; (3) re tshwanetse go kopana le badumedikarona mo dipokanong tsa phuthego; le gone (4) re tshwanetse gore re supe ka leina la ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe.
Thulaganyo ya Matlhatso thapama e ne ya simolola ka kgang e e ritibatsang e e reng “Batho Ba Ba Sa Latlhwang Ke Jehofa.” Ka nako ya fa setšhaba sa Iseraele se ne se lebane le mathata makgolo a dingwaga a le 35 a a fetileng, Jehofa o ne a ba naya tsholofetso ka Moshe, a re: “Jehofa Modimo wa gago . . . ga a ketla a go tlhaela le fa e le go go latlha.” (Duteronome 31:6) Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso eo ka go sireletsa Baiseraele fa ba ne ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng ba bo ba le gapa. Le rona gompieno re ka nna le tsholofelo e e feletseng ya gore Jehofa ga a kitla a re latlha fa re ka nna gaufi le ene le go dirisa kgakololo ya Lefoko la gagwe fa re le mo ditekong tse di thata.
O ka itumelela go bala Baebele jang? Mo polelong e e reng “Bala Lefoko la Modimo, Bibela E E Boitshepo, Letsatsi le Letsatsi,” sebui se ne sa akantsha gore re bale ka mogopolo wa go batla go itse re bo re ipotsa dipotso tse di tshwanang le tseno: Pego eno e nthuta eng kaga dinonofo tsa ga Jehofa le ditsela tsa gagwe? Ke jang ke ka tshwanang le Jehofa mo dilong tseno? Go bala Baebele ka tsela eno go a itumedisa e bile go a duela.
Go ne ga simololwa jaanong simposiamo ya boraro mo thulaganyong ka setlhogo se se reng, “Dilo Tse Re Di Filweng Tse Di Thusang Ba Ba Boifang Jehofa.” Lefa Jehofa a sa direle batlhanka ba gagwe dikgakgamatso gompieno, gone o thusa ba ba mmoifang. (2 Petere 2:9) Simposiamo eno e ne ya bua ka dilo tse nne tse Jehofa a re di fang go re thusa mo dinakong tseno tse di tlhokofatsang: (1) Ka moya wa gagwe, Jehofa o re fa nonofo ya go dira ditiro tse di fetang maatla a rona kgakala. (2) O re fa kgakololo le kaelo ka Lefoko la gagwe. (3) O re naya segakolodi se se phepa ka thekololo. (4) O re kaela le go re sireletsa ka phuthego ya gagwe, go akaretsa le bagolwane. (Luke 11:13; Baefeso 1:7; 2 Timotheo 3:16; Bahebere 13:17) Re ka kgona go itshoka le go amogelwa ke Jehofa fa re dirisa dithuso tseno ka botlalo.
Polelo ya bofelo ka Matlhatso thapama, e e neng e theilwe mo boperofeting jwa ga Malaki, e ne e na le setlhogo se se reng “Letsatsi Le Le Boitshegang la ga Jehofa le Gaufi.” Go kile ga nna le dinako tse di boitshegang mo nakong e e fetileng mo hisitoring, jaaka fa Jerusalema e ne e atlholwa ka 70 C.E. Mme letsatsi le le boitshegang go feta otlhe e tla nna letsatsi le le tlang la ga Jehofa fa a “itefetsa mo go ba ba sa itseng Modimo, le mo go ba ba sa ineeleng go utlwa Mafoko a a Molemo a Morena wa rona Jesu.” (2 Bathesalonika 1:6-8) Seno se tla diragala leng? Sebui se ne sa re: “Bokhutlo bo gaufi! Jehofa o itse letsatsi leo le ura eo. Ga a kitla a fetola dinako tse a di tlhomileng. Re lalediwa gore re itshoke ka bopelotelele.”
Go ne go le thata go dumela gore malatsi a mabedi a ne a setse a fetile. Letsatsi la bofelo le ne le tla nna jang?
“Boihañ Modimo, Lo O Neè Kgalalèlo”
Setlhogo sa letsatsi la boraro se ne se theilwe mo go Tshenolo 14:7. Go ne ga neelwa motseletsele wa dipolelo mo thulaganyong ya mo mosong tse di neng di bua thata ka dithuto dingwe tsa motheo tse di farologanyang Basupi ba ga Jehofa le madumedi otlhe a mangwe.
Mo polelong e e reng “Go Tlile go Nna le Tsogo ya Basiami,” sebui se ne sa botsa potso e e kgatlhang se re: “Mo Letsatsing la Katlholo la dingwaga tse di sekete, batho ba ba ileng ba swa ba ikanyega mo dingwageng tseno tsa bofelo tsa tsamaiso ya dilo ya ga Satane, ba tlile go tsosiwa leng?” Karabo? Sebui se ne sa tlhalosa ka gore, “Baebele ga e bolele sepe. Lefa go ntse jalo, a ga go utlwale gore ba ba swang mo motlheng ono wa rona ba tla tsosiwa pele gore ba tle ba kgone go thusa ba boidiidi jo bogolo jo bo falotseng Haremagetone mo tirong e kgolo ya go ruta e e tla dirwang go ralala Letsatsi la Katlholo? Ee, eleruri!” A go tla nna le bafalodi? Tota ba tla nna teng. Mo polelong e e neng ya latela e e reng, “Go Bolokiwa O Tshela go Ralala Sepitla Se Segolo,” go ne ga tlhalosiwa ka phepafalo dithuto tsa Baebele le dikai tse di re tlhomamisetsang seno.
Ke kgale Basupi ba ga Jehofa ba tlhaloganya gore Baebele e bua ka diphelelo tse pedi—botshelo jo bo sa khutleng jo bo tla bonwang ke dimilione tse dintsi tsa batho mo lefatsheng la paradaise le botshelo jwa bosasweng jwa setlhopha se se lekanyeditsweng sa ba ba tla busang le Keresete mo Bogosing jwa gagwe. Polelo ya “Lecomanyane, Se Boiheñ,” e ne ya tlotla ka tsholofelo ya selegodimo. (Luke 12:32) Ka ntlha ya maemo a lefatshe la gompieno, letsomanyane le tshwanetse go nna le sena poifo; mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go itshokela go ya fela kwa bokhutlong. (Luke 21:19) Sebui se ne sa re: “Go tlhoka poifo ga bone go kgothatsa ba boidiidi jo bogolo. Le bone ba tshwanetse go tlhagolela go tlhoka poifo fa ba ntse ba lebeletse go gololwa mo motlheng ono o o tletseng mathata o lefatshe leno le iseng le ko le o bone.”
Bareetsi ba ne ba itumelela go bona terama e e theilweng mo Baebeleng ka setlhogo se se reng Tlhopho E E Go Lebaneng mo konelong ya thulaganyo ya mo mosong. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go dira tshwetso mo motlheng wa ga Joshua le mo go wa ga Elija. Ba ne ba tshwanetse go tlhopha. Elija o ne a re: “Lo tlaa akabala fa gare ga maikutlo a le mabedi ka lobaka lo lo kae? E re fa Jehofa e le ene Modimo yang nae; mme fa e le Baale, foo lo yeng nae.” (1 Dikgosi 18:21) Le gompieno batho ba tshwanetse go dira tlhopho. Eno ga se nako ya go akabala fa gare ga maikutlo a mabedi. Tlhopho e e siameng ke efe? Yone eo Joshua wa bogologolo a neng a e dira. O ne a re: “Mme ka ga me, le ba ntlo ya me, rona re tlaa direla Jehofa fela.”—Jošua 24:15.
Ka bonako fela e ne e le Sontaga thapama mme e le nako ya puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Lebaka la go Boifa Modimo wa Boammaaruri Jaanong.” Batho botlhe ba rotloediwa jaana mo go Tshenolo 14:6, 7: “Boifang Modimo lo o neye kgalalelo.” Ke ka ntlha yang fa go potlakile go boifa Modimo jaanong? Ka gonne “nako ya katlholo ya one e tsile,” jaaka lokwalo lono lo bontsha. Jehofa o tla khutlisa tsamaiso eno ya dilo e e leswe le e e tletseng botsuolodi, a dirisa Morwawe yo o setseng a beilwe jaaka Kgosi mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo. Sebui se ne sa tlhalosa gore eno ke yone fela tsela eo ka yone batho ba ba boifang Modimo ba ka gololwang le go falotsa le go boloka legae leno la rona le eleng lefatshe. Go potlakile gore re boife Modimo wa boammaaruri jaanong e re ka ano e le malatsi a bofelo a tsamaiso eno ya dilo!
Sebui sa bofelo se ne sa tla mo seraleng morago ga tshobokanyo ya thuto ya beke eo ya Tora ya Tebelo. O ne a tlhalosa gore ka ntlha ya thulaganyo ya kopano, batlakopanong ba ne ba ithutile go le gontsi kaga poifo ya bomodimo. O ne a gatelela ditsela tse dintsi tse batho ba ba boifang Modimo ba ka solegelwang molemo mo go tsone. Sebui se ne sa itsise go gololwa ga bidio e ntšha—United by Divine Teaching. E bontsha dikarolo tse di tlhomologileng tsa Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba tsa “Thuto ya Bomodimo,” tse di neng di tshwerwe ka 1993-94. Jaaka polelo e ne e tla bokhutlong, batho ba le bantsi ba ne ba ipotsa gore, ‘Ke eng se re ka se lebelelang mo ngwageng o o tlang?’ Dikopano tsa kgaolo tsa malatsi a le mararo mo mafelong a le mantsi.
Sebui se ne sa konela ka go umaka Malaki 3:16 e e reng: “Foo ba ba boifang Jehofa ba tloga ba buisanya mmogo; Jehofa a reetsa, mme a utlwa, mme lokwalo lwa segopodiso lwa kwalwa fa pele ga gagwe, lwa kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang leina la gagwe.” Batlakopanong ba ne ba tsamaya ba iketleeditse go akanya ka leina la ga Jehofa le go mo direla ka poifo ya bomodimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Batho ba ba yang go kolobediwa ba tshwanetse go tswelela pele ba bontsha poifo ya bomodimo
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Terama ya “Tlhopho E E Go Lebaneng” e ne ya gatelela mo bareetsing kafa go leng botlhokwa ka gone go ititaya sehuba fa re direla Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Batlakopanong ba ne ba itumelela go amogela boroutšhara jo bo bosha jwa “Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala”