LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 2/1 ts. 4-7
  • Ke ka Ntlha Yang Fa e Le Nako ya go Dira Tshwetso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang Fa e Le Nako ya go Dira Tshwetso?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo Iseraele A ne A Ganwa
  • Botenegi jo Bogolo Jwa Labokeresete
  • A ga go Kake ga Kgonega Gore di Fetoge?
  • Jaanong ke Nako ya go ‘Tswa mo go Ene’
  • Tsala ya Maaka ya Bibela
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Modimo wa Boammaaruri le Isagwe ya Gago
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Mokgwa O Labokeresete A Nnileng Karolo ya Lefatshe Leno ka One
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Babelona o Mogolo—O Ole Ebile o Atlhotswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 2/1 ts. 4-7

Ke ka Ntlha Yang  Fa e Le Nako ya go Dira Tshwetso?

MO LEKGOLONG la bo16 la dingwaga B.C.E., Modimo o ne wa tlhopha Baiseraele go nna “boswabotshwerwe jwa gagwe go feta ditšhaba tsotlhe . . . morafe o o boitshepo.” (Ekesodo 19:5, 6) Ka bonakonyana ba ne ba itshekologa, ba tlogela go nna phepa mo bodumeding, ba itetla go kgotlelwa ke kobamelo ya medimo ya disetwa le mekgwa e e maswe ya merafe e ba neng ba bapile nayo. Ka jalo ba ne ba itshenola gore ke “tšhaba e e thamo e thata.” (Duteronome 9:6, 13; 10:16; 1 Bakorinthe 10:7-11) Mo lebakeng la dingwaga tse di fetang makgolo a mararo morago ga loso lwa ga Joshua, Jehofa o ne a dira gore go nne le baatlhodi, bagogi ba ba ikanyegang ba ba neng ba tshwanetse go bo ba ne ba gogela Baiseraele mo kobamelong ya boammaaruri. Lefa go ntse jalo, batho “ga ba a ka ba bakela ditiro tsa bone le fa e le mokgwa wa bone wa botlhogoethata.”—Baatlhodi 2:17-19.

Morago ga moo, Modimo o ne wa dira gore go nne le dikgosi le baperofeti ba ba ikanyegang go kgothaletsa batho go boela mo kobamelong ya boammaaruri. Moperofeti Asaria o ne a kgothaletsa Kgosi Asa le bagabone jaana go batla Jehofa: “Fa lo mmatla o tla bonwa ke lona; mme fa lo mo latlha le ene o tla lo latlha.” Asa o ne a thusa gore bodumedi bo fetolwe mo bogosing jwa Juta. (2 Ditirafalo 15:1-16) Morago ga seo, Modimo o ne wa ba laletsa gape ka moperofeti wa gagwe Joele. (Joele 2:12, 13) Moragonyana ga foo gape, Sefania o ne a kopa banni ba Juta thata go “batla Jehofa.” Kgosi Josia yo mmotlana o ne a dira jalo ka maikaelelo a go fedisa kobamelo ya medimo ya disetwa le mekgwa e e maswe.—Sefania 2:3; 2 Ditirafalo 34:3-7.

Go sa kgathalesege ditiragalo tse di ntseng jalo tsa go ikwatlhaya, seemo sa batho sa bodumedi se ne se nnela maswe kwa pele. (Jeremia 2:13; 44:4, 5) Jeremia o ne a kgala tsamaiso ya bodumedi e e neng e leswefaditswe ka kobamelo ya medimo ya disetwa, a e tlhalosa jaaka e e ka se fetolweng: “A Moethiopia o ka iphetola letlalo, le fa e le nkwe ditshubaba tsa yone? Foo le lona lo ka dira molemo, lona ba lo lemetseng go dira bosula.” (Jeremia 13:23) Modimo o ne a otlhaya bogosi jwa Juta botlhoko ka ntlha ya seno. Jerusalema le tempele ya yone di ne tsa senngwa ka 607 B.C.E., mme bafalodi ba ne ba tsewa go ya go nna batlhanka kwa Babilona, kwa ba neng ba nna teng dingwaga di le 70.

Fa lobaka loo lwa nako lo sena go feta, Modimo o ne wa ba utlwela botlhoko. O ne a kgothaletsa Kgosi Kuruse gore a golole Baiseraele ba masalela a bone a neng a boela kwa Jerusalema go ya go aga tempele sesha. Go na le gore ba ithute sengwe mo go seno, ba ne ba tlogela kobamelo ya boammaaruri gape mme ba dira gore Jehofa Modimo a ba laletse gape ka go bolela jaana: “Boelang mo go nna, mme ke tlaa boela mo go lona.”—Malaki 3:7.

Lebaka La go Bo Iseraele A ne A Ganwa

Seemo sa Baiseraele sa bodumedi e ne e le sefe mo motlheng wa ga Jesu? Baeteledipele ba baitimokanyi ba bodumedi e ne e le “bagogi ba ba foufetseng” ba ba neng ba ruta ‘dipolelo tsa batho fela.’ ‘Ba ne ba tlola molao wa Modimo ka ntlha ya mekgwa ya bone.’ Batho ba ne ba tlotla Modimo ka “dipounama” mme dipelo tsa bone di le kgakala le ene. (Mathaio 15:3, 4, 8, 9, 14) A bone jaaka setšhaba ba ne ba tla fiwa sebaka se sengwe gape sa gore ba ikwatlhaye? Nnyaa. Jesu o ne a bolela jaana: “Bogosi jwa Modimo lo tlaa bo tlosediwa, bo tlaa newa morafe o o tla ntshang maungo a lona.” Gape o ne a bolela jaana: “Ntlo ya lona,” tempele e e kwa Jerusalema, “lo e tlogeletswe e ropefetse fela.” (Mathaio 21:43; 23:38) Molato wa bone o ne o le mogolo thata. Ba ne ba ganne Jesu jaaka Mesia mme ba dira gore a bolawe, ba bo ba tlhopha Kaesare wa Roma yo o gatelelang gore a nne kgosi ya bone.—Mathaio 27:25; Johane 19:15.

Baiseraele ba ne ba sa batle go tlhaloganya gore lobaka lo Jesu a neng a le mo bodireding ka lone e ne e le motlha wa katlholo. Jesu o ne a bolelela banni ba ba sa ikanyegeng ba Jerusalema jaana: “O ne o sa itse motlha wa go lekolwa ga gago.”—Luke 19:44.

Ka Pentekosete ya 33 C.E., Modimo o ne wa bopa setšhaba se sesha, kgotsa batho, barutwa ba ga Morwawe, Jesu Keresete, ba ba tloditsweng ka moya, ba ba neng ba tla tlhophiwa mo morafeng mongwe le mongwe le setšhaba. (Ditiro 10:34, 35; 15:14) A go ne go na le tsholofelo epe ya gore tsamaiso ya bodumedi ya Sejuta e ne e tla felela e fetogile? Mephato ya Roma e ne ya araba potso eno ka 70 C.E., fa e ne e ripitla Jerusalema. Modimo o ne a ganne tsamaiso ya bone ya bodumedi gotlhelele.—Luke 21:5, 6.

Botenegi jo Bogolo Jwa Labokeresete

Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya gape ba bopile “morafe o o boitshepo, . . . tšhaba e e ruilweng ke Modimo ka sebele.” (1 Petere 2:9; Bagalatia 6:16) Mme le fa e le yone phuthego ya bogologolo ya Bokeresete ga e a ka ya ipoloka e le phepa mo bodumeding ka lobaka lo loleele.

Dikwalo di ne tsa bolelela pele botenegi jo bogolo, kgotsa go tenega mo tumelong ya boammaaruri. Mohoka wa tshwantshetso wa setshwantsho sa ga Jesu, ke gore, Bakeresete ba e seng bone, ba ne ba tla leka go fekeetsa mabele a tshwantshetso, kgotsa Bakeresete ba boammaaruri, ba ba tloditsweng ka moya wa Modimo. Setshwantsho se senola gore go anama ga Bokeresete jwa maaka, go go rotloediwang ke mmaba yo mogolo wa Modimo, Diabolo, go ne go setse go simologa fa, “go sa robetswe.” Seno se ne sa diragala fa baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Keresete ba sena go swa, ka lobaka lo lo neng lwa latela morago ga go robala semoyeng. (Mathaio 13:24-30, 36-43; 2 Bathesalonika 2:6-8) Jaaka baaposetoloi ba ne ba boleletse pele, Bakeresete ba bantsi ba e seng bone ba ne ba tsena ka bonokwane mo letsomaneng. (Ditiro 20:29, 30; 1 Timotheo 4:1-3; 2 Timotheo 2:16-18; 2 Petere 2:1-3) Johane e ne e le moaposetoloi wa bofelo go swa. Mo e ka nnang ka ngwaga wa 98 C.E., o ne a kwala gore “nako ya bofelo,” karolo ya bofelo ya motlha wa baaposetoloi, e ne e setse e simologile.—1 Johane 2:18, 19.

Fa mmusi wa Roma Constantine a ne a sena go kanela botsalano jwa bodumedi le sepolotiki, seemo sa Labokeresete sa semoya, sa thuto le sa boitsholo se ne sa senyega thata. Borahisitori ba bantsi ba dumalana gore “go fenya ga Kereke mo lekgolong la bonè la dingwaga,” e ne e le “matlhotlhapelo” go ya ka kgopolo ya Bokeresete. ‘Labokeresete o ne a latlhegelwa ke boitsholo jwa gagwe jwa maemo a a kwa godimo’ mme a amogela ditlwaelo le difilosofi tse dintsi tse di tswang mo boheitaneng jaaka “go obamela Marea” le go tlotla “baitshepi” mmogo le kgopolo ya Tharonngwe.

Seemo sa Labokeresete se ne sa senyegela pele morago ga phenyo ya gagwe ya maaka. Go tlhoma melawana le dithuto ga bomopapa le makgotlana le go tlhalosa ga bone dithuto mmogo le Dikgotlatshekelo Tse di Kgatlhanong le Boikeodi, Botlhabanelatumelo le dintwa tse di “boitshepo” fa gare ga Bakatoliki le Baporotesetanta, di dirile gore go nne le tsamaiso ya bodumedi e e ka se kang ya fetolwa.

William Manchester o kwala jaana mo bukeng ya gagwe A World Lit Only by Fire: “Bomopapa ba lekgolo la lesometlhano le la lesomethataro ba ne ba tshela jaaka babusi ba Roma. E ne e le banna ba ba neng ba humile thata mo lefatsheng, mme bone le bakadinale ba bone ba ne ba ikhumisa ka go tlhoma batho mo maemong a boitshepo ka madi.” Ka nako ya fa botenegi bo ne bo le bogolo, ditlhopha tse dipotlana kgotsa batho ka nosi ba ne ba batla go boela gape mo Bokereseteng jwa boammaaruri, ka jalo ba itshupa e le mabele a tshwantshetso. Gantsi ba ne ba bogisiwa thata. Buka eo e bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe go ne go lebega e kete baitshepi ba mmatota ba Bokeresete, ba Baporotesetanta le ba Bakatoliki ka go tshwana ba ntshofaditswe ke go fisiwa jaaka baswelatumelo.” Ba bangwe ba ba neng ba bidiwa Balweladiphetogo jaaka Martin Luther le John Calvin, ba ne ba kgona go tlhoma ditsamaiso tsa bodumedi tse di neng tsa nna ka lobaka lo loleele di farologane le Kereke ya Katoliki mme di dirisa dithuto tse di tshwanang le tsa bone tsa motheo. Gape ba ne ba tseneletse thata mo dikgannyeng tsa sepolotiki.

Mo Boporotesetanteng, go ne go dirwa maiteko a go tsosa bodumedi gape. Ka sekai, mo lekgolong la bo18 le la bo19 la dingwaga, maiteko a a ne a felela ka tiro ya borongwa e e neng e dirwa ka botlhaga kwa dinageng di sele. Lefa go ntse jalo, go ya ka se badisa ba se dumelang gompieno, seemo sa semoya sa letsomane la Baporotesetanta ga se kgothatse le e seng. Moithutabomodimo wa Moporotesetanta Oscar Cullmann o ne a dumela bosheng jaana gore “tumelo e setse e tla nyelela mo teng ga dikereke ka botsone.”

Diphetogo tse dikgolo le go fetola diphetogo di ile tsa rotloediwa mo Kerekeng ya Katoliki. Go simolola ka lekgolo la bo11 la dingwaga go ya go la bo13, fa bosula jwa baruti bo ne bo aname e bile ba humile thata, go ne ga simololwa ga kgaoganngwa baitlami ka maemo a motho a neng a ikana gore o tla nna a humanegile. Ba ne ba tlhokometswe thata, gape go ya ka bakanoki, ba ne ba gatelelwa ke baruti ba ba ba latelang ka maemo. Mo lekgolong la bo16 la dingwaga go ne ga tla Go Fetolwa ga Phetogo e Kgolo, mo go neng go rotloediwa ke Lekgotlana la Trent mme go lebagantswe thata le go nna kgatlhanong le Phetogo e Kgolo ya Boporotesetanta.

Mo sephatlong sa ntlha sa lekgolo la bo19 la dingwaga, ka nako ya fa go latelana ka maemo a boruti go ne go busediwa, Kereke ya Katoliki e ne ya laola ka thata le go ngaparela ngwao. Le gale ga go kake ga twe go ne ga dirwa diphetogo dipe go tsosolosa Bokeresete jwa boammaaruri. Go na le moo, ano e ne e le maiteko fela a go nonotsha taolo ya baruti fa bodumedi, dipolotiki le loago di ne di fetoga mo lefatsheng.

Bosheng thata jaana, ka bo1960, go ne go lebega e kete Kereke ya Katoliki e ne e batla go simolola mokgwa wa phetogo e e feletseng le lekgotlana la kereke la Vatican II. Lefa go ntse jalo, mo ba go bitsang go ntšhafatsa lekgotlana go ne ga emisiwa ke mopapa wa nako eo go thibela moya wa maloko a a kgatlhegelang dikgopolo tse disha a kereke. Karolo e, e bangwe ba e bitsang go busetsa Wojtyła, e tlhalositswe ke setlhopha sengwe sa Bakatoliki jaaka “mofuta o mosha wa boConstantine.” Jaaka go umakilwe mo lokwalopakeng lwa Ba-Jesuit, La Civiltà Cattolica, Kereke ya Katoliki, fela jaaka ditumelo tse dingwe, e lebagane le “mathata a magolo le a a amang kgolokwe yotlhe: a magolo ka gore a ama Bokeresete go tswa kwa moding wa jone; a ama kgolokwe yotlhe ka gore a ama dikarolo tsotlhe tsa Bokeresete.”

Ditumelo tsa Labokeresete ruri ga di a fetolwa, mme e se gore di ne di ka kgona go dira jalo ka gore Bokeresete jwa boammaaruri bo ne bo tla busediwa fela ka nako ya “thobo” fa go phuthelwa mabele a tshwantshetso mo phuthegong e le nngwe e e itshekileng. (Mathaio 13:30, 39) Lenaane le leleele la borukutlhi le ditiro tse di sa siamang tse di dirwang mo leineng la bodumedi, e le jo bo bolelang gore ke jwa Bokeresete kgotsa nnyaa, di dira gore motho a botse gore, A tota motho a ka solofela phetogo ya boammaaruri mo go Labokeresete?

A ga go Kake ga Kgonega Gore di Fetoge?

Lokwalo lwa Tshenolo, kgotsa Apokalipise, lo bua ka seaka se segolo sa tshwantshetso se se kwadilweng leina le le sa itsiweng “Babilone o Mogolo.” (Tshenolo 17:1, 5) Babadi ba Baebele ga ba bolo go leka go tlhalosa masaitseweng a setshwantsho se ka makgolo a mantsi a dingwaga. Ba bantsi ba ne ba tenwa ke khumo ya baruti le bosula jwa bone. Bangwe ba ne ba akanya gore Babilone o Mogolo o ne a emela setlhopha sa baruti ka go latelana ga maemo a bone. Mo go bone go ne go na le Jan Hus, moruti wa Katoliki wa Mobohemia yo o neng a fisiwa a ntse a tshela ka 1415, le Aonio Paleario, wa Motadiana yo o neng a kalediwa a bo a fisiwa ka 1570. Ka bobedi jwa bone, ba ne ba kgaratlhela go fetola Kereke ya Katoliki, mme ba se ka ba atlega, ka tsholofelo ya gore e tla boela “e tlotlomala jaaka kwa tshimologong.”

Go fapaana le seo, kgaolo 17 le 18 ya Tshenolo e supa gore Babilone o Mogolo o emela mmuso wa lefatshe wa bodumedi jotlhe jwa maaka.a “Seaka se segolo” seno se se dirilweng ka dikarolo tse di farologaneng ga se kake sa fetoga ka gore “dibe tsa gagwe di ile go fitlha le kwa legodimong.” Totatota, mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga, ditumelo tsotlhe, e seng fela tsa Labokeresete di na le molato mo dintweng tse go tswelelwang go tshololwa madi a mantsi mo go tsone le mo go senyegeng mo go masisi ga boitsholo mo go utlwisang batho botlhoko. Ka lebaka la seo, Modimo o laotse gore “Babilone” a senngwe.—Tshenolo 18:5, 8.

Jaanong ke Nako ya go ‘Tswa mo go Ene’

Go diragadiwa ga boperofeti jwa Baebele go senola gore motlha o re tshelang mo go one o lebagane le “bokhutlo jwa lefatshe” le le bosula le. (Mathaio 24:3) Mongwe le mongwe yo o batlang go obamela Modimo ka bopeloephepa ga a kake a sala mogopolo wa gagwe le dilo tse a di ratang morago. O tshwanetse go ‘batla Jehofa a santse a ka bonwa,’ ee, gone jaanong, ka gore “sepitla se segolo” se Jesu a se boleletseng pele se gaufi. (Isaia 55:6; Mathaio 24:21) Fela jaaka go diragetse ka batho ba Iseraele, Modimo ga a kitla a letla bosula jwa bodumedi bope fela ka go bo bo ikgantsha ka gore ke jwa bogologolo thata. Go na le go kgaratlhela go baakanya sekepe se se tlileng go nwela, botlhe ba ba eletsang go amogelwa ke Modimo ba tshwanetse gore kwantle ga tiego ba utlwe taelo eno e e tlhotlheleditsweng ya Tshenolo 18:4: “Tswang mo [Babilone o Mogolo], batho ba me, gore lo se tlhakanele nae dibe tsa gagwe le gone lo se bone dipetso tsa gagwe.”

E le gore re ‘tswa’ re ya kae? Ke kae gape kwa poloko e ka bonwang teng? A ga go na kotsi ya go batla botshabelo kwa lefelong le e seng lone? Bodumedi bo le bongwe jo bo amogelwang ke Modimo bo ka bonwa jang? Dikarabo tse di ka ikanngwang di ka bonwa fela mo Lefokong la Modimo. (2 Timotheo 3:16, 17) Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa gore o tlhatlhobe Baebele thata. O tla tlhaloganya gore ke bomang ba Modimo a ba tlhophileng go nna ‘batho ba leina la one’ ba a tla ba sireletsang mo letsatsing le le tla tlogang le tla la bogale jwa gagwe.—Ditiro 15:14; Sefania 2:3; Tshenolo 16:14-16.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go lemoga gore Babilone o Mogolo ke eng ka tsela e e siameng ya Dikwalo, bona dikgaolo 33 go ya go 37 tsa buka ya Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, e e gatisitsweng ka 1988 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Fa e le gore sekepe sa bodumedi jwa gago se a nwela, tshabela mo sekepeng sa Bokeresete jwa boammaaruri

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela