A ke “Tesetamente e Kgologolo” Kana ke “Dikwalo Tsa Sehebera”?
GOMPIENO go tlwaelegile mo go Labokeresete go dirisa mafoko “Tesetamente e Kgologolo” le “Tesetamente e Ntšha” go tlhalosa dikarolo tsa Baebele tsa dipuo tsa Sehebera/Searamaika le Segerika. A mme go na le lebaka lengwe le le theilweng mo Baebeleng la go dirisa mafoko ano? Mme ke ka ntlha yang fa ka kakaretso Basupi ba ga Jehofa ba tila go a dirisa mo dikgatisong tsa bone?
Ke boammaaruri, go ya ka King James Version le dithanolo tse dingwe tse di kgologolo, tse di jaaka Septembertestament ya Sejeremane le thanolo ya ntlha ya ga Martin Luther (1522), 2 Bakorinthe 3:14 e ka nna ya lebega e tshegetsa mokgwa ono. Temana eno e balega jaana mo go King James Version: “Mme megopolo ya bone e ne e foufaditswe: ka gonne go tla go fitlha gompieno losire lo santse lo le teng lo sa tlosiwa fa go balwa tesetamente e kgologolo; mme losire loo lo tlosiwa ke Keresete.”
Lefa go ntse jalo, a moaposetoloi fano o bua ka dibuka tse 39 tse gantsi di bidiwang “Tesetamente e Kgologolo”? Lefoko la Segerika le fano le ranotsweng go nna “tesetamente” ke di·a·theʹke. Fa saetlopedia e e itsegeng ya Sejeremane ya thutabomodimo ya Theologische Realenzyklopädie e akgela ka 2 Bakorinthe 3:14, e bolela gore mafoko ‘fa go balwa di·a·theʹke e kgologolo’ mo temaneng eo a tshwana le a a reng ‘go balwa Moshe’ a a mo temaneng e e latelang. E bolela gore, ka gone, ‘di·a·theʹke e kgologolo’ e emela Molao wa ga Moshe, kana bogolo, Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano. Kwantle ga pelaelo ga e kaye Lokwalo lotlhe lo lo tlhotlheleditsweng lwa pele ga motlha wa Bokeresete.
Moaposetoloi o bua fela ka karolo nngwe ya Dikwalo tsa Sehebera, kgolagano e kgologolo ya Molao, e Moshe a e kwadileng mo Dibukeng Tsa Ntlha Tse Tlhano; ga a bue ka Dikwalo tsa Sehebera le Searamaika di feletse. Mo godimo ga moo, ga a kaye gore mekwalo e e tlhotlheleditsweng ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. e bopa “tesetamente e ntšha,” e re ka lefoko leno le sa tlhage gope mo Baebeleng.
Gape re tshwanetse go lemoga gore lefoko la Segerika di·a·theʹke le Paulo a le dirisitseng fano totatota le kaya “kgolagano.” (Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona New World Translation of the Holy Scriptures—With References, Appendix 7E, tsebe 1585, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., 1984.) Ka jalo dithanolo di le dintsi tsa bosheng ka tshwanelo di balega di re “kgolagano e kgologolo” e seng “tesetamente e kgologolo.”
“National Catholic Reporter” e ne ya bolela jaana malebana le kgang eno: “Lefoko ‘Tesetamente e Kgologolo’ eleruri le dira gore go nne le mogopolo wa go nna maemo a kwa tlase le go siiwa ke nako.” Mme lefa go ntse jalo tota Baebele ke sengwe se se dirilweng se le sengwe fela, e bile ga go na karolo epe ya yone e e fetilweng ke nako, kana e “kgologolo.” Molaetsa wa yone o a tshwana go tloga ka buka ya ntlha mo karolong ya Sehebera go ya mo bukeng ya bofelo ya karolo ya Segerika. (Baroma 15:4; 2 Timotheo 3:16, 17) Ka jalo re na le mabaka a a utlwalang a go tila mafoko ano a a theilweng mo dikgopolong tse di phoso, mme re rata go dirisa mafoko a a boammaaruri thata e leng “Dikwalo tsa Sehebera” le “Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete.”