Go Botlhokwa go Tlhatlhoba Dithapelo Tse di mo Baebeleng ka Kelotlhoko
MOSADI yo o tlhobaelang, kgosi, le Morwa wa Modimo ka boone ba ne ba rapela dithapelo tse re tla di tlhatlhobang ka kelotlhoko gone jaanong. Thapelo nngwe le nngwe e ne e rapelwa ka ntlha ya maemo a a farologaneng. Lefa go ntse jalo, maemo a a ntseng jalo a ka re ama gompieno. Dikai tseno di ka re ruta eng?
“Leba Patikego ya Lelata la Gago”
A o tshwaragane le bothata bongwe jo bo sa feleng? A kana o tlhobaela thata? Fa go le jalo o mo boemong jo bo tshwanang thata le jwa ga Hana pele a tshola ngwana wa gagwe wa ntlha, Samuele. O ne a sena ngwana e bile a sotliwa ke mosadi yo mongwe. E bile tota, boemo jwa ga Hana bo ne bo mo tshwentse thata mo e leng gore o ne a sa batle le go ja. (1 Samuele 1:2-8, 15, 16) O ne a ikuela mo go Jehofa mme a mo kokotlela jaana:
“Jehofa wa masomosomo, fa ruri o tlaa leba patikego ya lelata la gago, wa nkgakologelwa, o sa lebale lelata la gago, mme wa naya lelata la gago ngwana wa mosimane, foo ke tlaa mo naya Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, mme ga go ketla go tla logare mo tlhogong ya gagwe.”—1 Samuele 1:11.
Ela tlhoko gore Hana o ne a sa bue dilo ka go akaretsa fela. O ne a bua le Jehofa ka kopo e e rileng (ngwana wa mosimane) mme gape a ititeile sehuba tota (gore o tla mo isa gore a direle Modimo). Seno se re ruta eng?
Fa o le mo bothateng, rapela ka bothata jwa gago ka tlhamalalo. Go sa kgathalesege gore bothata jwa gago ke bofe—e ka tswa e le boemo jwa mo lelapeng la gago, bodutu, kana botsogo jo bo seng monate—rapela Jehofa ka jone. Mo tlhalosetse ka tlhamalalo gore o na le bothata jwa mofuta ofe le gore o ikutlwa jang. Motlholagadi mongwe yo o bidiwang Louise o ne a re, “Ke bolelela Jehofa mathata a me otlhe maitseboa mangwe le mangwe. Ka dinako tse dingwe a a bo a le mantsinyana, mme ke mmolelela bongwe le bongwe ka phepafalo.”
Go bua le Jehofa ka mafoko a a tlhomameng go na le mosola. Go dira jalo go re thusa gore re tlhaloganye bothata jwa rona sentle, mme seo se ka dira gore bo lebege bo sa boitshege go le kalo. Go rapela ka tlhamalalo go dira gore re se ka ra tlhobaela. Tota le fa thapelo ya gagwe e ise e arabiwe, Hana o ne a ikutlwa a wetse dibete, le “sefatlhogo sa gagwe sa se ka sa tlhola se tlhontse.” (1 Samuele 1:18) Mo godimo ga moo, go bua ka tlhamalalo go dira gore re kgone go bona fa thapelo ya rona e arabiwa. “Fa ke rapela dithapelo tsa me ka tlhamalalo,” go bolela jalo Bernhard, Mokeresete mongwe kwa Jeremane, “dikarabo tsa tsone di bonala sentle.”
“Ke Ngwanyana Fela”
Lefa go ntse jalo, motho a ka nna a ikutlwa a tshwenyegile ka tsela e nngwe fa a neelwa kabelo eo a akanyang gore a ka se ka a kgona go e dira. A ka dinako tse dingwe o ikutlwa o fekeediwa ke boikarabelo jo Jehofa a go bo neelang? A kana batho bangwe ba bona o sa tshwanele kabelo ya gago? Solomone yo mmotlana o ne a le mo seemong seo fa a ne a tlodiwa gore a nne kgosi ya Iseraele. Banna bangwe ba ba nang le maemo ba ne ba ka rata gore go tlhongwe mongwe o sele mo bogosing. (1 Dikgosi 1:5-7, 41-46; 2:13-22) Fa Solomone a ne a sa tswa go simolola go busa, o ne a kopa jaana ka thapelo:
“Jehofa Modimo wa me, o dirile motlhanka wa gago kgosi . . . Ke ngwanyana fela; ga ke itse go tswa le go tsena. . . . Naya motlhanka wa gago pelo e e tlhaloganyang gore a tle a atlhole tšhaba ya gago, gore ke farologanye molemo le bosula.”—1 Dikgosi 3:7-9.
Solomone fa a ne a rapela o ne a bua thata ka kamano ya gagwe le Jehofa, tshiamelo eo a neng a e neetswe, le tsela e a neng a kgona go diragatsa kabelo eo ka yone. Ka tsela e e tshwanang, nako le nako fa re neelwa boikarabelo jo re akanyang gore re ka se ka ra bo kgona, re tshwanetse ra kopa Modimo gore o re thuse re kgone go dira tiro eo. Ela tlhoko maitemogelo a a latelang:
Eugene o tlhalosa jaana, “Fa ke ne ke kopiwa gore ke sikare maikarabelo a magolwane kwa ofising ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower, ke ne ke ikutlwa ke ka se ka ka kgona gotlhelele. Go ne go na le ba bangwe ba ba neng ba ka a kgona go mpheta e bile ba na le boitemogelo jo bo fetang jwa me kgakala. Mo masigong a mabedi ao a ileng a latela, ke ne ke robala go le gonnye fela, ke dirisa nako e ntsi ke rapela, mme seo sa mpha maatla le go nkgothatsa mo ke neng ke go tlhoka.”
Roy o ne a kopiwa gore a neele puo ya phitlho morago ga gore lekawana lengwe la tsala ya gagwe le le neng le itsege thata le tlhokafale ka tshoganetso e bile e le ka tsela e e setlhogo. Go ne go bonala sentle gore go ne go tla tla makgolokgolo a batho. Roy o ne a dira eng? “Ke ka sewelo ke rapetseng thata jaana gore ke bone maatla le bokgoni jwa go dirisa mafoko a a tshwanetseng gore ke bue dintlha tse di agelelang ke bo ke gomotse.”
Jaaka Mmopi a ntse a ‘akofisa dilo’ le phuthego ya gagwe e ntse e gola, seo ka tlholego fela se felela ka gore batlhanka ba gagwe ba ba ntseng ba oketsega ba neelwe maikarabelo. (Isaia 60:22) Fa o kopiwa gore o sikare maikarabelo a a oketsegileng, itse fela gore Jehofa a ka oketsa fa o tlhaelang teng ka boitemogelo, thapiso, kana bokgoni. Bua le Modimo fela jaaka Solomone a ne a dira, mme O tla go thusa gore o kgone go diragatsa kabelo eo.
“Gore ba Nne Bangwe Fela Botlhe”
Boemo jwa boraro jo bo tsogang gompieno ke jwa gore motho a kopiwe gore a emele setlhopha sa batho ka thapelo. Fa re kopiwa gore re rapelele ba bangwe, re tshwanetse ra rapelela eng? Akanya ka thapelo ya ga Jesu e e kwadilweng mo go Johane kgaolo 17. O ne a rapela thapelo eno fa pele ga barutwa ba gagwe ka maitseboa a gagwe a bofelo e le motho. O ne a kopa Rraagwe wa selegodimo dilo tsa mofuta ofe?
Jesu o ne a bua thata ka mekgele le tsholofelo e batho botlhe ba ba neng ba le teng ba neng ba na nayo. O ne a umaka gore leina la ga Jehofa Modimo le ne le tla galalediwa le gore Bogosi bo ne bo tla itsisiwe. Jesu o ne a gatelela kafa go leng botlhokwa ka gone go nna le kamano ka namana le Rara le Morwa, re e theile mo kitsong ya Dikwalo. O ne a bua ka go ikgaoganya le lefatshe, a bolela fa seo se ne se tla thusa balatedi ba gagwe gore ba ipaakanyetse pogiso. Gape Keresete o ne a kopa Rraagwe gore a sireletse barutwa ba gagwe a bo a dire gore ba utlwane mo kobamelong ya boammaaruri.
Ee, Jesu o ne a gatelela gore ba utlwane. (Johane 17:20, 21) E ne e rile go le maabanyane, barutwa ba gagwe ba bo ba ngangisana ka tsela e e sa bontsheng go gola. (Luke 22:24-27) Lefa go ntse jalo, fa Keresete a rapela o ne a sa leke go kgalemela mme o ne a leka go kopanya. Ka tsela e e tshwanang, dithapelo tsa lelapa le tsa phuthego di tshwanetse go rotloetsa lorato le go leka go fedisa dikgotlhang fa gare ga batho. Batho ba ba rapelelwang ba tshwanetse gore ba atamalane ka kutlwano.—Pesalema 133:1-3.
Kutlwano eno e bonala fa kwa bofelong ba ba reeditseng ba re, “Amen,” kana “A go nne jalo.” Gore seno se kgonege, ba tshwanetse gore ba bo ba tlhaloganya e bile ba dumalana le sengwe le sengwe se se bolelwang. Ka jalo, go tla bo go sa tshwanela go umaka mo thapelong kgang e e sa itseweng ke bangwe ba batho ba ba leng teng. Ka sekai, mogolwane yo o emetseng phuthego ka thapelo a ka kopa Jehofa gore a segofatse mokaulengwe kana kgaitsadi mongwe wa semoya yo o lwalang thata. Mme lefa go ntse jalo gantsi go tla bo go le molemo gore a dire jalo fa fela e le gore bontsi jo bogolo jwa ba ba leng teng ba itse motho yoo e bile ba utlwile gore o a lwala.
Gape, ela tlhoko gore Jesu ga a ka a nankola dilo tse di tlhokwang ke mongwe le mongwe yo o neng a le mo setlhopheng. Fa a ne a ka dira jalo seo se ne se tla tlhoka gore a bue dikgang tsa motho ka namana tse di itsiweng fela ke batho bangwe. Dilo tse di amang motho ka namana di ka tshwanela fa di umakiwa mo thapelong ya mo sephiring, eo e ka nnang telele e bile e bua dilo tse di mo amang ka namana kafa a batlang ka teng.
Motho o tshwanetse a ipaakanyetsa jang gore a emele setlhopha se segolo sa baobamedi ka thapelo? Mokeresete mongwe yo o nang le boitemogelo o tlhalosa jaana: “Ke akanya e sale pele gore nka lebogela eng, gore bakaulengwe ba ka tswa ba batla go kopa eng, le gore nka ba kopela eng. Ke rulaganya dikgopolo tsa me, go akaretsa le mafoko a pako sentle mo mogopolong wa me. Pele ke rapela phatlalatsa, ke rapela ka tidimalo, ke kopa thuso ya gore ke emele bakaulengwe ka tsela e e nang le seriti.”
Go sa kgathalesege gore maemo a gago ke afe, gongwe o tla fitlhela thapelo nngwe mo Baebeleng e e builweng ke mongwe a le mo seemong se se tshwanang le sa gago. Mefuta e mentsi ya dithapelo tse di mo Dikwalong e supa bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo. Go bala dithapelo tseno le go tlhatlhanya ka tsone go tla go thusa gore o tokafatse dithapelo tsa gago.
[Lebokoso mo go tsebe 5]
DITHAPELO TSE DI TLHOMOLOGILENG MO BAEBELENG
Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba rapela ba le tlase ga maemo a mantsi a a farologaneng. A go na le boemo bongwe kana maemo mangwe a a tshwanang le a gago mo go a a latelang?
A o tlhoka kaelo e e tswang kwa Modimong, jaaka e ne e tlhokwa ke Eliesere?—Genesise 24:12-14.
A o lebanwe ke kotsi, jaaka e ne e lebane Jakobe?—Genesise 32:9-12.
A o batla go itse Modimo botoka, jaaka go ne go batla Moshe?—Ekesodo 33:12-17.
A o tlhasetswe ke baganetsi, jaaka ba ne ba tlhasetse Elija?—1 Dikgosi 18:36, 37.
A o fitlhela go rera go le bokete, jaaka Jeremia a ne a go fitlhela go ntse?—Jeremia 20:7-12.
A o tlhoka go ipolela dibe le go kopa maitshwarelo, jaaka Daniele a ne a tlhoka go dira jalo?—Daniele 9:3-19.
A o a bogisiwa, jaaka barutwa ba ga Jesu ba ne ba bogisiwa?—Ditiro 4:24-31.
Bona gape le Mathaio 6:9-13; Johane 17:1-26; Bafilipi 4:6, 7; Jakobe 5:16.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
SE O KA SE RAPELELANG FA O LWANTSHA MOKGWA MONGWE O O TSENELETSENG
A o leka go lwantsha bokoa jo bo ganang go fela? Dithapelo tse di kwadilweng mo Baebeleng di ka go solegela molemo jang? Ithute mo go Dafite, yo o neng a rapela ka makgetlho a a farologaneng kaga makoa a gagwe.
Dafite o ne a opela jaana: “Modimo, a ko o mphukutse, o bo o itse pelo ya me; nteka, mme o itse megopolo ya me.” (Pesalema 139:23) Dafite o ne a eletsa gore Jehofa Modimo a mo hukutse a ntshe dikeletso, maikutlo, kana maikaelelo a a sa siamang. Ka mafoko a mangwe, Dafite o ne a kopa thuso ya ga Jehofa gore a tile boleo.
Mme lefa go ntse jalo Dafite o ne a fekeediwa ke makoa a gagwe, mme o ne a leofa thata. Fano le gone, o ne a thusiwa ke thapelo—mo lekgetlhong leno e mo thusa gore a boe a nne le kamano le Modimo gape. Go ya ka Pesalema 51:2, Dafite o ne a rapela jaana: “Ntlhapisetsa ruri mo boikepong jwa me, o nntlafatse mo boleong jwa me.”
Le rona re ka rapela ka boikokobetso gore Jehofa a re thuse gore re kgone go laola dikeletso tse di phoso. Seno se tla re nonotsha gore re fenye bokoa jo bo tseneletseng gape go ka re thusa gore re tile boleo. Fa re boela mo go jone, re tshwanetse ra ya kwa go Jehofa gangwe le gape gore a re thuse go tswelela pele re lwa.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Dithapelo tse di direlwang setlhopha di tshwanetse go gatelela ditsholofelo tsa Dikwalo le mekgele ya botlhe ya semoya