LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 4/1 ts. 10-15
  • O Tlhwatlhwakgolo mo Matlhong a Modimo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Tlhwatlhwakgolo mo Matlhong a Modimo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o go Tsaya o le Botlhokwa
  • Jehofa o re Bona re le Eng?
  • Se Jehofa a se Dirileng go Supa Lorato Lwa Gagwe
  • Ga go Na Sepe Se se Ka Dirang “Gore Modimo A se Ka a Tlhola a re Rata”
    Atamalana le Jehofa
  • “Modimo ke Lorato”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Jehofa O a Go Rata!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • O Botlhokwa mo Matlhong a Modimo!
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 4/1 ts. 10-15

O Tlhwatlhwakgolo mo Matlhong a Modimo!

“Ke go ratile ka lorato lo lo sa khutleng; ke gone ka moo ke go gogileng ka bopelonomi jwa lorato.”—JEREMIA 31:3.

1. Boikutlo jwa ga Jesu ka batho ba ba tlwaelegileng ba motlha wa gagwe bo ne bo farologana jang le jwa Bafarasai?

BA NE ba kgona go lo bona mo matlhong a gagwe. Monna yo, Jesu, o ne a sa tshwane ka gope le baeteledipele ba bone ba bodumedi; o ne a amega. O ne a tlhomogela batho bano pelo ka gonne ba ne ba “patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Baeteledipele ba bone ba bodumedi ba ne ba tshwanetse go nna badisa ba ba lorato ba ba emetseng Modimo o o lorato, o o kutlwelobotlhoko. Go na le gore ba dire jalo, ba ne ba lebela batho ba ba tlwaelegileng kwa tlase jaaka boesemang—e bile ba hutsegile!a (Johane 7:47-49; bapisa Esekiele 34:4.) Go phepafetse gore kgopolo eno e e kgopameng, e e seng ya dikwalo e ne e farologane thata le tsela e Jehofa a lebang batho ba gagwe ka yone. O ne a boleletse morafe wa gagwe wa Iseraele jaana: “Ke go ratile ka lorato lo lo sa khutleng.”—Jeremia 31:3.

2. Ditsala tsa ga Jobe tse tharo di ne tsa leka jang go mmontsha gore o ne a sena mosola mo matlhong a Modimo?

2 Lefa go ntse jalo, Bafarasai tota e ne e se bone ba ntlha go leka go bolelela dinku tse Jehofa a di ratang gore di ne di sena mosola. Akanya ka kgang ya ga Jobe. Mo go Jehofa o ne a siame a sena molato, mme “bagomotsi” ba bararo ba ne ba tlisa mogopolo wa gore Jobe o ne a na le maitsholo a a bosula, e le motenegi yo o boikepo yo o neng a tla swa mme go sale go sa bonale gore o kile a nna teng. Ba ne ba bolela gore Modimo o ne o ka se ka wa tsaya tshiamo epe ya ga Jobe tsia, ka gonne Modimo o ne o sa ikanye le bone baengele ba one tota le gone o ne o leba lone legodimo le se phepa!—Jobe 1:8; 4:18; 15:15, 16; 18:17-19; 22:3.

3. Satane o dirisa eng gompieno go leka go dira gore batho ba dumele gore ga ba na mosola e bile ga ba ratege?

3 Gompieno, Satane o santse a dirisa ‘tiro eno ya boferefere’ ya go leka go dira gore batho ba dumele gore ga ba ratiwe e bile ga ba na mosola. (Baefeso 6:11, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Ke boammaaruri gore gantsi o tsietsa batho ka go dirisa go ipona ga bone le go ikgogomosa. (2 Bakorinthe 11:3) Mme lefa go ntse jalo gape o itumelela go dira gore batho ba ba bokoa ba se ka ba itlotla. Go ntse jalo bogolo jang mo ‘metlheng eno ya bofelo’ e e tlhokofatsang. Batho ba le bantsi gompieno ba golela mo malapeng a go senang “lorato lwa tlholego” mo go one; ba le bantsi ba tlamega gore letsatsi le letsatsi ba dirisane le batho ba ba bogale, ba ba pelotshetlha, le ba ba tlhogoethata. (2 Timotheo 3:1-5) Batho ba ba ntseng jalo ba ka nna ba bo ba setse ba dumela gore ga ba na mosola e bile ga ba ratege ka ntlha ya go tshwarwa setlhogo ka dingwaga tse dintsi, ba tlhaolwa ka ntlha ya lotso, ba ilwa, kana ba sotliwa. Monna mongwe o ne a kwala jaana: “Ga ke ikutlwe ke rata ope kana ke ratiwa ke ope. Ke fitlhela go le thata tota gore nka dumela gore Modimo o amega ka nna ka tsela epe fela.”

4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa kgopolo ya gore motho ga a na mosola e sa dumalane le Dikwalo? (b) Nngwe ya diphelelo tse di kotsi tsa go dumela gore ga go na boiteko bope jo re bo dirang jo bo botlhokwa ke efe?

4 Kgopolo ya gore motho ga a na mosola e fapaana gotlhelele le ntlha ya konokono ya boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, thuto ya thekololo. (Johane 3:16) Fa e le gore Modimo o ne o ka ntsha tlhwatlhwa e kgolo thata jaana—botshelo jo bo tlhwatlhwakgolo jwa Morwawe ka boene—gore a re rekele tshono ya go tshelela ruri, ruri O tshwanetse a bo a re rata; ruri re tshwanetse ra bo re na le mosola mongwe mo matlhong a Gagwe!

5 Mo godimo ga moo, a bo go ne go ka kgoba marapo jang ne go akanya gore ga re itumedise Modimo, gore maiteko a rona otlhe ga se a sepe! (Bapisa Diane 24:10.) Fa e lejwa ka kgopolo eno e e phoso, tota le kgothatso e e newang ka maitlhomo a mantle fela, e e diretsweng go re kgothatsa gore re tswelele pele ka tirelo ya rona go Modimo fa go kgonega, e ka nna ya utlwala jaaka kotlhao mo go ba bangwe. E ka nna ya lebega e gatelela se rona re ntseng re se akantse gore sengwe le sengwe fela se re se dirang ga se a lekana.

6. Ke eng se se ka re thusang thata fa re na le megopolo e e bosula mo go feteletseng kaga rona?

6 Fa o ikutlwa o na le megopolo eo e e phoso, o se ka wa kgobega marapo. Bontsi jwa rona re na le go itshwayatshwaya diphoso go sa tlhokege ka dinako tse dingwe. Mme gape gakologelwa, Lefoko la Modimo le diretswe “go tlhamalatsa dilo” le go “menola dilo tse di itsetsepetseng thata.” (2 Timotheo 3:16, NW; 2 Bakorinthe 10:4, NW) Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Re tlaa itse fa re le ba boammaaruri ka gone mo, re tlaa itsholofetsa pelo fa pele ga one. Mo go se fela pelo tsa rona di re nyatsang mo go sone; ka Modimo o le mogolo go feta dipelo tsa rona, mme o itse dilo tsotlhe.” (1 Johane 3:19, 20) Ka jalo, a re tlhatlhobeng ditsela tse tharo tse Baebele e re rutang ka tsone gore re tlhwatlhwakgolo mo go Jehofa.

Jehofa o go Tsaya o le Botlhokwa

7. Jesu o ne a ruta Bakeresete botlhe jang kafa ba leng botlhokwa ka gone mo matlhong a Modimo?

7 Selo sa ntlha, Baebele e re ruta ka tlhamalalo gore mongwe le mongwe wa rona o botlhokwa mo matlhong a Modimo. Jesu o ne a re: “Dithaga di le tlhano, a ga di rekwe ka madinyana a le mabedi? Mme go bo go se epe ya tsone e e lebalwang fa pele ga Modimo. Le meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe; ke gone, se boifeng; gonne lo molemo bogolo go dithaga di le dintsi.” (Luke 12:6, 7) Mo metlheng eo, thaga e ne e le yone nonyane e e rekisiwang ka madi a a kwa tlase go gaisa tsotlhe tse di rekisediwang go jewa, lefa go ntse jalo ga go na epe ya tsone e e neng e sa tlhokomelwe ke Mmopi wa yone. Ka jalo go thewa motheo wa papiso e e gakgamatsang: Fa e le ka batho—ba ba botlhokwa le go feta—Modimo o itse sengwe le sengwe ka bone. Go ntse jaaka e kete yone meriri ya ditlhogo tsa rona e badilwe ka bongwe ka bongwe!

8. Ke ka ntlha yang fa go utlwala go akanya gore Jehofa o ne a ka bala meriri ya ditlhogo tsa rona?

8 Meriri e balwa? Fa e le gore o akanya gore karolo eno ya setshwantsho sa ga Jesu ga e utlwale, akanya ka seno: Modimo o gakologelwa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang sentle mo e leng gore o kgona go ba tsosa—a bopa karolo nngwe le nngwe ya bone sesha, go akaretsa ditogwa tsa bone tse di raraaneng tsa tsalo le dilo tse ba di gakologelwang le maitemogelo a dingwaga tsa bone tse dintsi. Go bala meriri ya rona (e e ka tswang e le 100 000 mo tlhogong nngwe le nngwe) e ka nna kgetsi e potlana thata fa e bapisiwa le go tsosa baswi!—Luke 20:37, 38.

Jehofa o re Bona re le Eng?

9. (a) Dingwe tsa dinonofo tse Jehofa a di tsayang di le botlhokwa ke dife? (b) Ke eng fa o akanya gore o tsaya dinonofo tseno di le tlhwatlhwakgolo?

9 Sa bobedi, Baebele e re ruta ka se Jehofa a se tsayang se le tlhwatlhwakgolo mo go rona. Fa re e baya ka bokhutshwane fela, o itumelela dinonofo tsa rona tse di siameng le maiteko a rona. Kgosi Dafite o ne a bolelela morwawe Solomone jaana: “Jehofa o kheleisa dipelo tsotlhe, o tlhaloganya dikakanyo tsotlhe tsa megopolo.” (1 Ditirafalo 28:9) Fa Modimo o ntse o sekaseka dipelo tsa batho ba ba dibilione mo lefatsheng leno le le tletseng thubakanyo le kilo, o tshwanetse a bo a itumela tota fa a bona pelo e e ratang kagiso, boammaaruri, le tshiamo! (Bapisa Johane 1:47; 1 Petere 3:4.) Go diragala eng fa Modimo a bona pelo e e mo ratang tota, e e batlang go ithuta kaga gagwe le go abelana kitso eo le ba bangwe? Mo go Malaki 3:16, Jehofa o re bolelela gore o reetsa ba ba buang le ba bangwe kaga gagwe e bile o na le “lokwalo lwa segopodiso” lwa botlhe “ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang leina la gagwe.” Dinonofo tse di ntseng jalo di tlhwatlhwakgolo mo go ene!

10, 11. (a) Bangwe ba ka tlhokomologa jang bosupi jwa gore Jehofa o tsaya dinonofo tsa bone tse di molemo di le botlhokwa? (b) Sekai sa ga Abija se bontsha jang gore Jehofa o tsaya dinonofo tse di molemo di le botlhokwa go sa kgathalesege selekanyo sa tsone?

10 Lefa go ntse jalo, pelo e e itshwayang diphoso e ka nna ya gana bosupi jo bo ntseng jalo jwa gore re botlhokwa mo matlhong a Modimo. E ka nna e ntse e seba jaana e sa kgaotse, ‘Mme kana go na le batho ba bangwe ba le bantsi thata ba ba tlhomang sekao go mpheta ka dinonofo tseno. Jehofa o tshwanetse a bo a kgobega marapo tota fa a mpapisa le bone!’ Jehofa ga a bapise batho, le gone ga a akanye ka tsela e e gagametseng, a beile ditekanyetso tse di sa fetofetogeng. (Bagalatia 6:4) O kgona go bala dipelo go fitlha le kwa teng tota, mme o tsaya dinonofo tse di molemo di le botlhokwa go sa kgathalesege gore ke tsa selekanyo se se kana kang.

11 Ka sekai, fa Jehofa a ne a laola gore batho botlhe ba batenegi ba ntlo ya ga Kgosi Jeroboame ya segosi ba bolawe, ba phimolwe jaaka “motshotelo,” o ne a laola gore morwa a le mongwe fela wa barwa ba kgosi e bong Abija, a fitlhwe ka tsela e e tlotlegang. Ka ntlha yang? “Mo go ene go fitlhetswe sengwe se se molemo ntlheng ya ga Jehofa, Modimo wa Iseraele.” (1 Dikgosi 14:10, 13) A seno se ne se kaya gore Abija e ne e le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa? E seng jalo tota, ka gonne le ene o ne a bolawa fela jaaka ba gabone botlhe ba ba boikepo. (Duteronome 24:16) Go ntse go le jalo, Jehofa o ne a tsaya “sengwe se se molemo” se a neng a se bona mo pelong ya ga Abija se le botlhokwa mme a tsaya kgato e e supang seo. Matthew Henry’s Commentary on the Whole Bible e bolela jaana: “Lefa go na le molemonyana mongwe fela, o tla bonwa: Modimo o o senkang, o a o bona, lefa o le monnye thata, mme o a o itumelela.” Gape o se ka wa lebala gore fa Modimo o fitlhela le fa e le selekanyo se sennye fela sa nonofo e e molemo mo go wena, o ka dira gore e gole fa fela wena o leka go mo direla ka boikanyegi.

12, 13. (a) Pesalema 139:3 e bontsha jang gore Jehofa o tsaya maiteko a rona a le botlhokwa? (b) Go ka bolelwa jang gore Jehofa o fefera ditiro tsa rona?

12 Jehofa o tsaya maiteko a rona a le botlhokwa fela jalo. Re bala jaana mo go Pesalema 139:1-3: “Jehofa, o mphukuditse, mme o nkitsile. O itse go dula ga me le go nanoga ga me, o tlhaloganyetsa mogopolo wa me kwa kgakala. O hukutsa tselana ya me le go rapama ga me, mme o tlwaetse mekgwa ya me yotlhe fela.” Ka jalo Jehofa o itse ditiro tsa rona tsotlhe. Mme ga se go di itse fela. Ka Sehebera mafoko a a reng “o tlwaetse mekgwa ya me yotlhe fela” gape a ka nna a raya gore “o tsaya ditsela tsa me tsotlhe di le tlhwatlhwakgolo” kana “o rata ditsela tsa me tsotlhe.” (Bapisa Mathaio 6:19, 20.) Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a ka rata ditsela tsa rona jang fa rona re sa itekanela jaana e bile re tlwaetse go dira boleo?

13 Se se kgatlhang ke gore, go ya ka bakanoki bangwe, fa Dafite a ne a kwala gore Jehofa o “hukutsa” ditselana tsa gagwe le go ikhutsa ga gagwe, lefoko la Sehebera le a le dirisitseng totatota le ne le kaya go “fefera” kana go “olosa.” Buka nngwe e ne ya akgela jaana: “Go kaya . . . go olosa gore mmoko otlhe o tswe, go sale mabele—go boloka gotlhe mo go tlhokegang. Ka jalo fano go kaya gore Modimo o ne a mo fefera, jaaka go ka tualo. . . . O ne a latlha gotlhe mo e neng e le mmoko, kana gotlhe mo go neng go sena mosola, mme a bona gore go ne go setse eng se e leng sa mmatota e bile se le botlhokwa.” Pelo e e itshwayatshwayang diphoso e ka nna ya fefera ditiro tsa rona ka tsela e sele, e re kgala mo go botlhoko ka ntlha ya diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng e bo e tsaya dilo tse di molemo tse re di dirileng jaaka tse e seng tsa sepe. Mme lefa go ntse jalo Jehofa o itshwarela maleo a rona fa re ikwatlhaya ka bopeloephepa re bo re leka thata gore re se ka ra boeletsa diphoso tsa rona. (Pesalema 103:10-14; Ditiro 3:19) O fefera ditiro tsa rona tse di molemo a bo a di gakologelwa. E bile tota, o di gakologelwa ka bosakhutleng fa fela re nna re ntse re ikanyega mo go ene. O ne a ka leba go di lebala e le tshiamololo, mme ga a ke a nna tshiamololo!—Bahebere 6:10.

14. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o tsaya tiro ya rona mo bodireding jwa Bokeresete e le botlhokwa?

14 Dingwe tsa ditiro tse di molemo tse Modimo o di tsayang di le tlhwatlhwakgolo ke dife? Sengwe le sengwe fela se re se dirang re etsa Morwawe, Jesu Keresete. (1 Petere 2:21) Ka jalo tiro e e leng botlhokwa thata kwantle ga pelaelo he, ke go anamisiwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Re bala jaana mo go Baroma 10:15: “Ana dinao di dintle jang tsa ba ba lereng mafoko a a itumedisang, a dilo tse di molemo!” Lefa gone gantsi re ka se ka ra akanya gore dinao tsa rona tse di tlwaelegileng fela di “dintle,” lefoko le Paulo a le dirisitseng fano le ne le tshwana le le le dirisitsweng mo thanolong ya Septuagint ya Segerika fa e tlhalosa Rebeka, Ragele, le Josefe—e le batho ba ka boraro jwa bone ba neng ba itsege ba le bantle. (Genesise 26:7; 29:17; 39:6) Ka jalo fa re tshwarega mo tirelong ya Modimo wa rona, Jehofa, seo se sentle thata e bile se tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

15, 16. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tsaya boitshoko bo le botlhokwa, mme mafoko a ga Kgosi Dafite a a mo go Pesalema 56:8 a gatelela ntlha eno jang?

15 Nonofo e nngwe e Modimo a e tsayang e le ya botlhokwa ke boitshoko jwa rona. (Mathaio 24:13) Gakologelwa, Satane o batla gore o tlhanogele Jehofa. Mo letsatsing lengwe le lengwe le o tswelelang pele o ikanyega mo go Jehofa ka lone o a bo o thusitse go araba dikgobo tsa ga Satane. (Diane 27:11) Ka dinako tse dingwe go itshoka ga go nne motlhofo. Mathata a botsogo, mathata a madi, go tshwenyega thata mo maikutlong, le dikgoreletsi tse dingwe di ka dira gore letsatsi lengwe le lengwe le le fetang e nne teko. Go itshoka kafa tlase ga diteko tse di ntseng jalo go tlhwatlhwakgolo thata mo go Jehofa. Ke sone se Kgosi Dafite a neng a kopa Jehofa gore a boloke dikeledi tsa gagwe mo “modutwaneng” wa tshwantshetso, a botsa jaana a sena dipelaelo, “A ga di mo lokwalong lwa gago?” (Pesalema 56:8) Ee, mo go Jehofa dikeledi tsotlhe le matshwenyego tseo re di itshokelang fa re ntse re tshegeditse boikanyegi jwa rona mo go ene di tlhwatlhwakgolo e bile o a di gakologelwa. Le tsone di tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.

16 Fa re akanya ka dinonofo tsa rona tse di molemo thata le maiteko a rona, a bo go phepafala sentle jang ne gore Jehofa o bona mongwe le mongwe wa rona a le botlhokwa! Go sa kgathalesege gore lefatshe la ga Satane le re tshwere jang, Jehofa o re leba re le tlhwatlhwakgolo e bile re le “dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe.”—Hagai 2:7.

Se Jehofa a se Dirileng go Supa Lorato Lwa Gagwe

17. Ke ka ntlha yang fa setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo se tshwanetse go dira gore re dumele gore Jehofa le Jesu ba a re rata motho ka namana?

17 Sa boraro, Jehofa o dira go le gontsi go supa gore o a re rata. Go phepafetse gore, setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo ke yone karabo e e dirang thata malebana le maaka a ga Satane a gore ga re na mosola e bile re ka se ke re ratiwe. Le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore loso lo lo botlhoko lwa ga Jesu mo koteng ya tlhokofatso le kutlobotlhoko e kgolo le go gaisa e Jehofa a e itshoketseng fa a ntse a lebeletse Morwawe yo o rategang a swa e ne e le bosupi jwa gore ba a re rata. Mo godimo ga moo, lorato loo lo dira mo go rona motho ka namana. Moaposetoloi Paulo o ne a e leba jalo, ka gonne o ne a kwala jaana: “Morwa Modimo . . . o [nthatile] a ba a intshetsa nna.”—Bagalatia 2:20.

18. Jehofa o re gogela kwa go Keresete jang?

18 Jehofa o supile gore o a re rata ka go thusa mongwe le mongwe wa rona gore a dirise melemo ya setlhabelo sa ga Keresete. Jesu o ne a bolela jaana mo go Johane 6:44: “Ga go motho ope yo o ka tlang mo go nna, fa Rara yo o nthomileng a sa mo goge.” Jehofa o re gogela ka namana kwa go Morwawe le kwa tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng, a dirisa tiro ya go rera, eo e re fitlhelelang motho ka bongwe, le moya wa gagwe o o boitshepo, o Jehofa a o dirisang go re thusa go tlhaloganya le go dirisa boammaaruri jwa semoya go sa kgathalesege dilo tse re sa kgoneng go di dira le go sa itekanela ga rona. Ka jalo, Jehofa o ka bolela jaana ka rona jaaka a boletse ka Iseraele: “Ke go ratile ka lorato lo lo sa khutleng; ke gone ka moo ke go gogileng ka bopelonomi jwa lorato.”—Jeremia 31:3.

19. Ke ka ntlha yang fa tshiamelo ya thapelo e tshwanetse ya dira gore re dumele gore Jehofa o a re rata motho ka namana?

19 Lefa go ntse jalo, gongwe re utlwa lorato lwa ga Jehofa ka tsela e e gaufiufi ka tshiamelo ya thapelo. O laletsa mongwe le mongwe wa rona gore a mo ‘rapele ka go bisa go khutla.’ (1 Bathesalonika 5:17) O a reetsa! E bile tota o bidiwa “Yo o utlwang thapelo.” (Pesalema 65:2) Ga a neela ope o sele maemo ano, lefa e le ene Morwawe tota. A ko o akanye fela: Mmopi wa lobopo o re kgothatsa gore re mo atamele ka thapelo, re gololesege fela go bua le ene. Mekokotlelo ya gago e ka nna ya bo ya tlhotlheletsa Jehofa gore a dire sengwe se a ka bong a sa se dira.—Bahebere 4:16; Jakobe 5:16; bona Isaia 38:1-16.

20. Ke ka ntlha yang fa tsela e Modimo a re ratang ka yone e sa tshwanela go nna seipato sa gore re ipone re le botoka kana re ikgogomose?

20 Ga go na Mokeresete ope yo o lebang dilo ka tekatekano yo o neng a ka tsaya bosupi jo bo ntseng jalo jwa lorato lwa Modimo le go re tsaya re le tlhwatlhwakgolo jalo e le lebaka la gore a ipone a le botlhokwa go feta kafa tota a leng ka teng. Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne ke raya mongwe le mongwe mo go lona, ka tshegofatso e ke e neilweng, ka re, a se ka a ikgopola bogolo go tshwanelo ya gagwe ya go ikgopola; mme a ikgopole ka tekano, ka fa Modimo o abetseng mongwe le mongwe selekanyo sa tumelo ka teng.” (Baroma 12:3) Ka jalo fa re ntse re itumelela lorato lwa Rraarona wa selegodimo, a re nneng tekatekano mme re gakologelwe gore lorato lwa Modimo lwa bopelonomi ga lo a re tshwanela.—Bapisa Luke 17:10.

21. Ke maaka afe a ga Satane a re tshwanetseng go ganana le one ka metlha, mme ke boammaaruri bofe jwa Modimo jo re tshwanetseng go nna re akanya kaga jone?

21 A mongwe le mongwe wa rona a dire gotlhe mo a ka go kgonang gore re tile megopolo yotlhe e Satane a e rotloetsang mo lefatsheng leno le legologolo le le felang. Seo se akaretsa go gana kgopolo ya gore ga re na mosola kana ga re ratiwe. Fa e le gore go tshela mo tsamaisong eno go go rutile gore o ipone o le sengwe se se boitshegang mo e leng gore le lone lorato lwa Modimo lo logolo lo ka se go apese, kana go go rutile gore ditiro tsa gago tse di molemo ga se tsa sepe mo e leng gore matlho a gagwe a a bonang sengwe le sengwe a ka se ka a di lemoga, kana gore dibe tsa gago di dikgolo mo e leng gore le lone loso lwa Morwawe yo a mo ratang lo ka se ka lwa di phimola, o rutilwe maaka. Gana maaka ao ka go a ferogela sebete jaaka go tshwanetse! A re nneng re gopotse mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a a mo go Baroma 8:38, 39 ka metlha: “Gonne ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo, go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a E bile tota, ba ne ba bitsa bahumanegi ka lefoko leno la tshotlo “ʽam-ha·ʼaʹrets,” kana “batho ba naga.” Mokanoki mongwe o bolela gore Bafarasai ba ne ba ruta gore motho ga a tshwanela go ba ikanya mo a ka ba tshwarisang dilwana tse di tlhwatlhwakgolo, le gone ga a tshwanela go tshepa bosupi jo ba bo neelang, le fa e le go ba tlamela jaaka baeng, le fa e le go ba etela, le fa e le go reka mo go bone tota. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba bolela gore go nyadisa morwadio mongwe wa batho bano go ne go tla tshwana le go mo isa kwa sebataneng se a ka se kgoneng go iphemela mo go sone.

O Akanya Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa Satane a leka go dira gore re dumele gore ga re na mosola e bile ga re ratege?

◻ Jesu o ne a ruta jang gore Jehofa o tsaya mongwe le mongwe wa rona a le botlhokwa?

◻ Re itse jang gore Jehofa o rata dinonofo tsa rona tse di molemo?

◻ Re ka tlhomamisa jang gore Jehofa o tsaya maiteko a rona a le tlhwatlhwakgolo?

◻ Jehofa o bontshitse jang gore o rata mongwe le mongwe wa rona ka namana?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Jehofa o lemoga batho botlhe ba ba akanyang ka leina la gagwe e bile o a ba gakologelwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela