Tsela e Bakeresete ba Itshwarang ka Yone fa ba Kgobiwa ke Batho
OIKUTLWA jang fa motho a go kgoba kana a bua maaka ka wena mo bathong ba bangwe? Ka tlholego fela o utlwa botlhoko thata. Basupi ba ga Jehofa ba diragalelwa ke seo fa go buiwa maaka ka bone kana go bolelwa sengwe ka tsela e e seng yone mo metsweding ya tshedimosetso. Mme fela jaaka Jesu a ne a bolela mo go Mathaio 5:11, 12, ba santse ba na le lebaka la go itumela.
Ka sekai, kgatiso nngwe ya Katoliki kwa Jeremane e ne ya bolela gore “Mosupi mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go ntsha moneelo o o fa gare ga 17 le 28 lekgolong ya madi a a a amogelang gore a isiwe kwa ntlokgolong ya lekoko leo.” Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga se lekoko, e bile tiro ya bone yotlhe e thusiwa ka madi a meneelo ya boithatelo. Babadi ba le bantsi ba ne ba faposiwa ke tshedimosetso eno ya maaka, e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba e bona e swabisa tota. Mme Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go itshwara jang fa ba kgobiwa mo metsweding ya tshedimosetso?
Sekai se Bakeresete ba Tshwanetseng go se Sala Morago
Mathaio kgaolo 23 e tlhalosa ka tsela e e utlwalang ka fa Jesu a neng a kgala baganetsi ba gagwe ba badumedi ka gone ka ntlha ya boitimokanyi jwa bone le go tsietsa. A seno se beela Bakeresete ba gompieno sekao sa kafa ba ka itshwarang ka teng fa batho ba ba tshwaya diphoso? Tota nnyaa. Morwa Modimo o ne a kgala baganetsi ba gagwe ba bodumedi ka ntlha ya taolo e e sa tshwaneng le epe le temogo tse a neng a na le tsone, a dira jalo gore boidiidi jo bo neng bo mo reeditse bo solegelwe molemo.
Mathaio 15:1-11 e bolela gore Jesu o ne a tshwaiwa diphoso ka gonne go ne ga bolelwa fa barutwa ba gagwe ba ile ba tlola ngwao ya Sejuta. Jesu o ne a itshwara jang? O ne a ema a nitame. Mo makgetlhong a mangwe, Jesu o ne a ganetsana le batshwayadiphoso ba gagwe ka tlhamalalo, a sa dumalane le dikgopolo tsa bone tse di phoso. Ka kakaretso fela, Bakeresete gompieno ga ba dire phoso fa ba leka go baakanya dilo tse e seng tsone tse di boletsweng ka tiro ya bone kana dithuto tsa bone, ba leka go baakanya boemo ka mokgwa wa go ntsha mabaka le o o tlhaloganyesegang. Ba dira seno e le gore ba thuse batho ba ba dipelodiphepa gore ba lemoge fa go tshwaiwa phoso ga Basupi ba ga Jehofa go sena lebaka e bile go ba nyatsa.
Mme ela tlhoko kafa Jesu a neng a itshwara ka teng mo nakong e khutshwane morago ga gore barutwa ba gagwe ba bolele jaana: “A o a itse fa e rile Bafarisai ba utlwa lefoko le, ba kgotšwa?” Bafarisai bano ba ne “ba kgotšwa”—ba ne ba sa kgopisega fela mme ba ne ba nna baganetsi ba ba ditlhogodithata bao Jesu a neng a ba latlha. Ka gone o ne a araba jaana: “Ba leseng; ke bagogi ba ba foufetseng.” E ne e tla bo e le go senya nako fela gore a tswelele pele a bua le baganetsi bao ba ba neng ba se botsalano, go ne go ka se solegele ope molemo, e bile go ne go tla lere kganetsano e e senang mosola fela. (Mathaio 7:6; 15:12-14; bapisa 27:11-14.) Dikarabo tse Jesu a neng a ba araba ka tsone di bontsha gore go na le “motlha wa go didimala, le motlha wa go bua.”—Moreri 3:7.
Basupi ba ga Jehofa ga ba a lebelela gore mongwe le mongwe a bue molemo ka bone. Ba gakologelwa mafoko ano a ga Jesu: “Go latlhega lona, mogang batho botlhe ba buang sentle ka ga lona, gonne borraabo ba diretse baperofeti ba tsietso fela jalo!” (Luke 6:26) C. T. Russell, poresidente ya ntlha ya Mokgatlho wa Watch Tower, o kile a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa a ne a sa iphemele fa a kgobiwa. O ne a araba jaana: “Ga go na mosola go iphemela mo ngongoregong nngwe le nngwe.”
Ka jalo ga re a tshwanela go letlelela dikakgelo tsa baganetsi ba ba ititeileng sehuba gore di re fapose mo go direleng Modimo. (Pesalema 119:69) A re ko re tlhomeng mogopolo mo tirong ya Bakeresete ba boammaaruri, e e leng ya go rera efangele. Ka ntlha ya seo, re tla nna le sebaka sa go araba dipotso le go tlhalosa ntlha ya konokono ya tiro ya rona, e e jaaka go tokafatsa maitsholo a motho le go mo ruta Lefoko la Modimo.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.
A o Tshwanetse go Ipuelela fa o Tshwaiwa Phoso?
Jesu o ne a bolela jaana ka balatedi ba gagwe: ‘Ga lo ba lefatshe . . . ke gone lefatshe le lo ilang.’ (Johane 15:19) Dipego tse dintsi tsa metswedi ya dikgang tse di kgobang Basupi ba ga Jehofa di bontsha letlhoo lone leo, mme dipego tseo di tshwanetse tsa tlhokomologiwa. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe metswedi ya tshedimosetso e ka nna ya bega tshedimosetso e e supang gore ga e itse Basupi sentle kana e e sokamisang mabaka mangwe a a rileng e bile e sa a bolele jaaka a ntse. Babegadikgang bangwe ba ka nna ba tsaya tshedimosetso mo bathong ba ba buang go ya kafa bone ba ikutlwang ka teng. Go ikaegile ka maemo, motho yo o simolotseng go tshwaya phoso, le se a se ikaeletseng, gore a re tla tlhokomologa tshedimosetso ya maaka e e tswang mo metsweding ya tshedimosetso kana re tla femela boammaaruri ka ditsela tse di tshwanetseng.
Ka dinako tse dingwe se se diragetseng se ka baakanngwa ka go kwalela morulaganyi lekwalo fa e le gore le tla gatisiwa lotlhe. Mme lefa go ntse jalo lekwalo leo le ka nna la se ka la diragatsa se se ikaeletsweng ka lone gotlhelele. Jang? Ka gonne maaka a ntlha a ka nna a bonwa ke batho ba le bantsi go feta pele, kana baganetsi ba ka nna ba neelwa sebaka se sengwe sa gore ba gatise maaka kana dipuo tseo tse di leswe. Mo mabakeng a le mantsi go botlhale go letlelela bagolwane gore e nne bone ba sekasekang gore a go ka kwalelwa morulaganyi. Fa pego e e seng yone ya dikgang e tsosa letlhoo, ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower e ka neela diphuthego tsa mo nageng eo tshedimosetso e e leng yone, ka go dira jalo le thusa baboledi botlhe gore ba tlhalosetse batho ba ba ba botsang ka tsela e e kgotsofatsang.
A wena ka esi o tlhoka go nna le seabe ka tsela epe mo ditatofatsong tse di ntseng jalo tse di seng boammaaruri? Go phepafetse gore kgakololo ya ga Jesu ya gore “ba leseng,” ba tlhokomologeng, e a tshwanela mo setlhopheng seno sa baba. Bakeresete ba ba ikanyegang ba na le mabaka a a tswang mo Baebeleng a gore ba gane batenegi le dikgopolo tsa bone. (1 Bakorinthe 5:11-13; Tito 3:10, 11; 1 Johane 2:19; 2 Johane 10, 11) Fa motho mongwe a kgatlhegela go itse ka bopeloephepa gore go tshwaiwa phoso ga Basupi go theilwe mo go sengwe se se boammaaruri kana se se maaka, gantsi kitso ya gago e e tlhomameng e lekane gore o mo arabe.—Bona Tora ya Tebelo ya March 15, 1986, ditsebe 13 le 14.
Fa o kopana le tshedimosetso e e sokameng mo motsweding wa dikgang, tlhwaela tsebe kgakololo eno ya Diane 14:15: “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.” Kwa Switzerland batho ba le bantsi ba ne ba gaketse fa pego ya baanamisi ba dikgang e e tsosang maikutlo e ne e bolela gore Mosupi mongwe wa mosadi yo o neng a santse a le mosha o ne a tlhokafala ka gonne ba losika lwa gagwe ba ne ba gana go letlelela dingaka gore di mo tshele madi. A seo e ne e le sone se se diragetseng? Nnyaa. Molwetse o ne a gana go tshelwa madi ka ntlha ya mabaka a bodumedi, mme o ne a dumela kalafi epe fela e e sa diriseng madi e e ka dirisiwang. Ba ka bo ba ile ba simolola go mo alafa kwantle ga go senya nako mme gongwe ba ka bo ba ile ba boloka botshelo jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, ba ne ba diega go mo alafa kwa kokelong go sena lebaka lepe go fitlha a tlhokafala. Pego ya baanamisi ba dikgang e ne ya se ka ya umaka mabaka ano.
Ka gone, sekaseka ka kelotlhoko gore dipego tseno di boammaaruri go le kana kang. Re ka tlhalosetsa batho ba ba botsang gore bagolwane ba ba mo lefelong leo ba dirisana le maemo a a ntseng jalo ka tsela e e lorato le go dumalana le dikaelo tsa Baebele. Fa re ba araba re ngaparetse melaometheo go tla re thibela gore re itirele ditshwetso.—Diane 18:13.
Tshedimosetso e e Tswang mo Motsweding wa Mmatota e Botlhokwa
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba ne ba anamisa maaka ka ga Jesu Keresete e le gore ba senye leina la gagwe, ba bangwe e bile ba bolela fa e le motsuolodi. (Luke 7:34; 23:2; bapisa Mathaio 22:21.) Moragonyana, phuthego e potlana ya Bokeresete e ne ya ganediwa ke batho ba le bantsi ba bodumedi le ba lefatshe. E re ka “Modimo o itshenketse dilo tse di kaiwang dinyana ke lefatshe,” batho ba le bantsi ba ne ba nyatsa batlhanka ba gagwe. (1 Bakorinthe 1:22-29) Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba tshwanetse go amogela kgobo, e e leng mofuta wa pogiso.—Johane 15:20.
Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba anaanela fa ba bua le motho yo o sa tseyeng letlhakore le ope mme a bontsha boikutlo jo bo tshwanang le jwa baeng ba bangwe ba ga Paulo kwa Roma, ba ba neng ba bolela jaana: “Re eletsa go utlwa mo go wena ka fa o gopotseng ka teng, gonne ka ga lekoko le, go a itsiwe ke rona fa le nyadiwa ka ntlha tsotlhe.”—Ditiro 28:22.
Tlhalosetsa batho ba ba neetsweng tshedimosetso e e phoso, o dira jalo ka tsela e e bonolo. (Baroma 12:14; bapisa 2 Timotheo 2:25.) Ba laletse gore ba bone tshedimosetso e e tswang mo motsweding wa mmatota ka ga Basupi ba ga Jehofa, e e tla ba thusang gore ba se ka ba tsiediwa ke ditatofatso tsa maaka. Gape o ka dirisa ditlhaloso tse di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower tse di neelang dintlha ka phuthego, hisitori ya yone le dithuto tsa yone.a Filipo o kile a araba Nathanaele ka gore fela: “A re tsamaye, o ye go bona.” (Johane 1:46) Le rona re ka dira se se tshwanang. Mongwe le mongwe yo o ratang o amogelwa ka lorato gore a etele Holo ya Bogosi e e mo lefelong la ga bone gore a tle go bona ka boene gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba mofuta ofe le se ba se dumelang.
O Se ka Wa Tshosiwa ke Baganetsi
A bo go kgothatsa jang ne go itse gore kgobo ga e thibele batho gore ba nne Basupi! Mo lenaneong lengwe la thelebishene kwa Jeremane, batenegi ba ne ba bua maaka a magolo ka Basupi. Mmogedi mongwe wa thelebishene o ne a lemoga gore dilo tse batenegi ba natetshang puo ka tsone ga di boammaaruri mme o ne a tlhotlheletsega gore a simolole go ithuta Baebele le Basupi gape. Ee, ka dinako tse dingwe go kgobiwa ke batho go lere diphelelo tse di siameng!—Bapisa Bafilipi 1:12, 13.
Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore batho ba bangwe ba ne ba tla tsaya tsia thata “dipolelo tsa maaka” go na le boammaaruri. Ka gone o ne a kwala jaana: “O itshokele bothata, o dire tiro ya motsamaisa Mafoko a a Molemo, o swetse tirelo ya gago.” (2 Timotheo 4:3-5) Ka jalo o se ka wa iteseletsa gore ba go iteye tsebe, mme ‘o se boifisiwe mo go sepe’ ke baganetsi ba gago. (Bafilipi 1:28) Nna o ritibetse e bile o sa tshwenngwe ke sepe o bo o rera mafoko a a molemo ka boitumelo, mme o tla itshwara ka tsela e e tlhomameng fa o kgobiwa ke batho. Ee, gakologelwang tsholofetso ya ga Jesu: “Lo a bo lo le sego fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba lo pateletsa bosula bongwe le bongwe ka ntlha ya me. Itumeleng lo bo lo ipele thata; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne ba bogisitse fela jalo baperofeti ba ba neng ba le pele ga lona.”—Mathaio 5:11, 12.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona dikgatiso tse di jaaka Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe, Basupi ba ga Jehofa mo Lekgolong la Dingwaga la Masome a Mabedi, le Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo.
[Mafoko a a mo go tsebe 27]
Fa Jesu a ne a kopana le baganetsi, o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Ba leseng.” O ne a kaya eng?
[Mafoko a a mo go tsebe 29]
“Lo a bo lo le sego fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba lo pateletsa bosula bongwe le bongwe ka ntlha ya me.”—Mathaio 5:11