LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 4/15 ts. 15-20
  • Letsatsi le le Boitshegang la ga Jehofa le Gaufi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letsatsi le le Boitshegang la ga Jehofa le Gaufi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Mo Metlheng ya Bofelo”
  • Modimo o Gaufi le go Atlhola
  • Babolokabothokgami mo Bukeng ya Botshelo
  • Ke Mang yo o Tla Falolang Letsatsi la ga Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Buka ya Bibela ya bo 39—Malaki
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Lesego go Fitlha lo sa Tlhole lo Tlhoka Sepe”
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • Nako ya go Lekwa le go Feferwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 4/15 ts. 15-20

Letsatsi le le Boitshegang la ga Jehofa le Gaufi

“Lokwalo lwa segopodiso lwa kwalwa fa pele ga gagwe, lwa kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang leina la gagwe.”—MALAKI 3:16.

1, 2. Ke letsatsi lefe le le boitshegang le Malaki a tlhagisang batho ka lone go sale pele?

LE BOIFISA tota! Toropo nngwe e kgolo e ne ya nyelediwa ka ponyo ya leitlho fa letsatsi le ne le tlhaba ka August 6, 1945. Batho ba ka nna 80 000 ba ne ba swa! Bontsintsi jwa batho bo ne jwa gobala fela thata! Molelo o o tutumang! E ne e le bomo ya nuklea e e neng ya baka tshenyo eno e kgolo. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba amiwa ke masetlapelo ao jang? Go ne go na le Mosupi a le mongwe fela kwa Hiroshima—yo o neng a tswaleletswe mo dipoteng tse di sireletsegileng tsa kgolegelo ka go bo a ne a boloka bothokgami jwa gagwe jwa Bokeresete. Kgolegelo e ne ya gosomana, mme mokaulengwe wa rona o ne a se ka a gobala. Jaaka a ne a bolela, o ne a ntshiwa ke bomo ya atomo mo kgolegelong—gongwe seo ke sone fela se se molemo se bomo eo e neng ya se dira.

2 Lefa gone go thunya ga bomo eo go ne go tshosa jalo, ga se sepe fa go bapisiwa le ‘letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa’ le le setseng le le gaufi. (Malaki 4:5) Ee ruri, go ile ga nna le metlha e e boitshegang mo nakong e e fetileng, mme letsatsi leno la ga Jehofa le tla feta a mangwe otlhe.—Mareko 13:19.

3. Ke pharologanyo efe e e neng e le fa gare ga “batho botlhe” le lelapa la ga Noa e e neng ya dira gore go nne le Morwalela?

3 Mo motlheng wa ga Noa “batho botlhe ba [ne ba] sentse mekgwa ya bone mo lefatsheng,” mme Modimo o ne a bolela jaana: “Lefatshe le tletse thubakano ka ntlha ya bone. Bona, ke tlaa ba senya mmogo le lefatshe.” (Genesise 6:12, 13) Jaaka go ne ga kwalwa mo go Mathaio 24:39, (NW), Jesu o ne a bolela gore batho ba ne “ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o ba gogola botlhe.” Mme Noa yo o neng a ikanyega, “a le moreri wa tshiamo,” mmogo le lelapa la gagwe le le neng le boifa Modimo, ba ne ba falola Morwalela.—2 Petere 2:5.

4. Sotoma le Gomora di re beetse sekai sefe sa tlhagiso?

4 Juta 7 e bolela jaana: “Fela jaaka metse ya Sotoma le Gomora, le metse e e neng e le mo tikologong ya yone, ka e ile ya . . . ineela mo kgokafalong, ya latela mokgwa wa nama e sele, e beilwe sekao ka go bediwa ka molelo o o sa khutleng.” Batho bao ba ba sa reng sepe ka Modimo ba ne ba nyelela ka ntlha ya mofuta wa botshelo o ba neng ba o tshela o o makgapha. E kete batho ba ba itlwaeditseng tlhakanelodikobo ya lefatshe leno la segompieno ba ka tlhagisega! Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore Lote yo o neng a boifa Modimo le barwadie ba ne ba bolokwa ba tshela mo nakong ya masetlapelo ao, fela jaaka baobamedi ba ga Jehofa ba tla sirelediwa mo sepitleng se segolo se se ntseng se atamela ka bonako.—2 Petere 2:6-9.

5. Ke eng se re ka se ithutang ka go atlholwa ga Jerusalema?

5 Go tswa foo a o ko o sekaseke dikai tse di tlhagisang tse di neng tsa diragala fa Jehofa a ne a dirisa masole a a neng a tlhasela go senya Jerusalema, motse o o neng o galalela o o kileng wa “itumelelwa ke lefatshe lotlhe.” (Pesalema 48:2) Ditiragalo tseno tse di tshosang di ne tsa diragala la ntlha ka 607 B.C.E. mme tsa diragala gape ka 70 C.E., ka gonne batho ba ba neng ba bolelwa e le ba Modimo ba ne ba tlogela kobamelo ya boammaaruri. Se se itumedisang ke gore batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ne ba falola. Matlhotlhapelo a a neng a diragala ka 70 C.E. (a a tshwantshitsweng kwa tlase) a tlhalosiwa jaaka ‘pitlagano e e iseng e ko e bonwe gope, e sa le ka tshimologo ya tlholego e Modimo o e tlhodileng.’ A ne a tlosa tsamaiso ya Sejuta ya dilo ya botenegi gotlhelele, mme ka tsela e e ntseng jalo ‘ga a ketla a tlhola a bonwa gape.’ (Mareko 13:19) Mme le e leng yone katlholo eno ya Modimo e ne e le moriti wa “sepitla se segolo” se jaanong se tshosetsang tsamaiso ya dilo ya lefatshe lotlhe.—Tshenolo 7:14.

6. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a letlelela gore go nne le matlhotlhapelo?

6 Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa letlelela gore go nne le ditshenyego tse di tshosang, tse di neng tsa bolaya batho ba le bantsi jaana? Mo kgannyeng ya ga Noa, ya kwa Sotoma le Gomora le ya kwa Jerusalema, Jehofa o ne a atlhola ba ba neng ba senya tsela ya bone mo lefatsheng, ba ba neng ba senya polanete eno e ntle ka go e kgotlela ka tsela ya mmatota le go nna leswe mo boitsholong, le ba ba neng ba nna batenegi kana ba tlogela kobamelo ya boammaaruri. Gompieno re gaufi le katlholo ya batho botlhe e e tla atlholang lefatshe lotlhe.—2 Bathesalonika 1:6-9.

“Mo Metlheng ya Bofelo”

7. (a) Ke eng se se neng se bolelelwa pele ke dikatlholo tsa Modimo tsa bogologolo? (b) Re emetswe ke tebelelo efe e e galalelang?

7 Ditshenyego tseo tse di neng tsa diragala mo metlheng ya bogologolo di ne di bolelela pele ka sepitla se segolo se se boitshegang se se tlhalositsweng mo go 2 Petere 3:3-13. Moaposetoloi o bolela jaana: “Lo ntse lo itse mo pele, gore mo metlheng ya bofelo basotli ba tlaa tla ka tshotlo, ba tsamaya ka fa dithatong tsa bone.” Go tswa foo, Petere o kwala jaana fa a ne a tlhoma mogopolo mo motlheng wa ga Noa: “Lefatshe la jale le [ne la senyega], ka le penologelwa ke metsi. Magodimo a gompieno a beetswe molelo le lefatshe, e ntse e le ka lone lentswe leo, ka a letisiwa letsatsi la tshekiso le la tshenyego ya baikepi.” Morago ga sepitla se se tla di fetang tsotlhe, puso ya Bogosi jwa ga Mesia e e saleng ka e emetswe e tla atolosiwa sesha—“magodimo a maša, le lefatshe le leša, a go tlaa agang tshiamo mo go one.” A bo e le tebelelo e e itumedisang jang ne!

8. Ditiragalo tsa lefatshe di ya kwa setlhoeng sa tsone jang?

8 Mo lekgolong la rona la bo20 la dingwaga, ditiragalo tsa lefatshe di ne tsa tswelela pele di ya kwa setlhoeng sa tsone. Le mororo go senngwa ga Hiroshima e ne e se letsatsi la Modimo la tekolo, go ka nna ga amanngwa le “dilo tse di rerisang fa di bonwa,” tse Jesu a neng a bolelela pele ka tsone gore di ne di tla diragala mo motlheng wa bofelo. (Luke 21:11) Go ne go simolola matshosetsi a nuklea a a santseng a sa jese batho diwelang. Ka gone, setlhogo sengwe mo pampiring ya dikgang ya The New York Times ya November 29, 1993, se balega jaana: “Ditlhobolo di ka Tswa di Dule mo Fesheneng Mme Dibetsa Tsa Nuklea Tsone di Santse di Emetse Fela go Dirisiwa.” Fa go ntse go le jalo, dintwa tsa ditšhaba, tsa ditso le tsa merafe di tswelela pele di bolaya batho ba le bantsi. Mo dintweng tsa nako e e fetileng bontsi jwa batho ba ba neng ba gobala e ne e le masole. Gompieno, 80 lekgolong ya batho ba ba gobalang mo ntweng go begiwa e le baagi, re sa balele dimilione tsa batho ba ba tlogelang dinagagae tsa bone e le batshabi.

9. Baeteledipele ba bodumedi ba itshupile e le ditsala tsa lefatshe jang?

9 Gantsi baeteledipele ba bodumedi ba ile ba itshupa e le ‘ditsala tsa lefatshe,’ e bile ba tswelela pele ba itshupa e le tsone ka go nna le seabe mo dintweng le mo go menoleng dipuso ka tshololo ya madi. (Jakobe 4:4) Ba bangwe ba ile ba inaakanya le borakgwebo ba ba bogagapa ba lefatshe ba ba ntseng ba tsweletse ka go dira dibetsa tse dintsintsi le go rekisa diokobatsi ka selekanyo se segolo. Ka sekai, The New York Times e ne ya bolela jaana fa e ne e bega ka go bolawa ga moeteledipele mongwe wa diokobatsi wa kwa Amerika Borwa: “Fa a ne a fitlha thekiso ya gagwe ya diokobatsi o ne a bolela fa a humisitswe ke kgwebo e e ka fa molaong e bile o ne a itshupa e le motho yo o dirang molemo, o ne a na le seteishene se e leng sa gagwe sa radio mme gantsi o ne a tsamaya le baruti ba Roma Katoliki.” The Wall Street Journal e ne ya bega gore mo godimo ga gore moeteledipele yono wa diokobatsi a senye matshelo a batho ba le dimilione ba ba neng ba tshwakgolwa ke diokobatsi, o ne a laela ka boene gore diketekete tsa batho di bolawe. The Times ya Lontone e ne ya akgela jaana: “Gantsi babolai bano ba duelela Mmisa gore e nne o o kgethegileng e le go leboga . . . fa ka nako e le nngwe fela go tshwerwe mmisa mo lefelong le lengwe mo phitlhong ya motho yo o bolailweng.” A bo e le bosula ruri!

10. Re tshwanetse ra leba maemo a lefatshe a a ntseng a nnela maswe kwa pele jang?

10 Ke mang yo o itseng gore batho ba ba tlhotlhelediwang ke badimona ba ka nna ba tlisa leng tshenyo e e kana kang mo lefatsheng leno? Jaaka 1 Johane 5:19 e bolela gore, “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula,” Satane Diabolo. Gompieno go “latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.” (Tshenolo 12:12) Lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore Baroma 10:13 e re tlhomamisetsa gore “le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.”

Modimo o Gaufi le go Atlhola

11. Ke maemo afe kwa Iseraele a a neng a tlhotlheletsa Malaki gore a perofese?

11 Boperofeti jwa ga Malaki bo phepafatsa ka se se tla tlogang se diragala mo isagweng e e fa gaufi ya batho. Buka ya Malaki ke yone ya bofelo mo motseletseleng o motelele wa baperofeti ba Bahebera ba bogologolo. Baiseraele ba ne ba bona fa Jerusalema e senngwa ka 607 B.C.E. Mme dingwaga di le 70 moragonyana Jehofa o ne a ba tlhomogela pelo ka go ba bontsha bopelonomi jo bo lorato ka go busetsa setšhaba seo kwa nageng ya sone. Lefa go ntse jalo, go ise go fete dingwaga tse di lekgolo, Baiseraele ba ne ba boela gape mo boteneging le mo go direng bosula. Batho ba ne ba tlontlolola leina la ga Jehofa, ba itlhokomolosa melao ya gagwe e e siameng, e bile ba leswefatsa tempele ya gagwe ka go isa ditlhabelo tsa diphologolo tse di foufetseng, tse di golafetseng le tse di lwalang. Ba ne ba tlhala basadi ba bosha jwa bone gore ba tle ba kgone go nyala basadi ba seeng.—Malaki 1:6-8; 2:13-16.

12, 13. (a) Ke go phepafatsa mo go ntseng jang mo go neng go tlhokega gore go dirwe mo setlhopheng sa baperesiti se se tloditsweng? (b) Boidiidi jo bogolo le jone bo solegelwa molemo jang ke go ntlafadiwa?

12 Go ne go tlhokega tiro ya go phepafatsa. Tiro eno e tlhalositswe mo go Malaki 3:1-4. Fela jaaka Iseraele wa bogologolo, Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba ne ba tlhoka go ntlafadiwa, ka jalo tiro ya go phepafatsa e e tlhalositsweng ke Malaki e ka dira mo go bone. Fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne e ya kwa bokhutlong, Baithuti ba Baebele ba bangwe, jaaka Basupi ba ne ba itsiwe jalo ka nako eo, ba ne ba sa boloka boitlhaodi jo bo gagametseng mo dikgannyeng tsa lefatshe. Ka 1918, Jehofa o ne a roma ‘morongwa wa Gagwe wa kgolagano’ e bong Jesu Keresete, go ya kwa thulaganyong ya tempele ya Gagwe ya semoya gore a ntlafatse setlhopha sa baobamedi ba Gagwe mo go leswefadiweng ke lefatshe. Jehofa o ne a botsa jaana ka tsela ya boperofeti: “E mang yo o ka itshokelang motlha wa go tla ga gagwe? E mang yo o tlaa emang mogang o bonalang? Gonne o ntse jaaka molelo wa moitshekisi le jaaka molora wa moupeledi. O tlaa dula jaaka moitshekisi le montlafatsi wa selefera, o tlaa ntlafatsa bomorwa Lefi [setlhopha se se tloditsweng sa baperesiti], o tlaa ba ntlafatsa jaaka gouta le selefera; mme ba tlaa isetsa Jehofa ditshupelo mo tshiamong.” Ba ile ba dira fela jalo jaaka batho ba ba phepafaditsweng!

13 Palo ya setlhopha seo se se tloditsweng sa baperesiti ke 144 000 fela. (Tshenolo 7:4-8; 14:1, 3) Lefa go ntse jalo, re ka reng ka Bakeresete ba bangwe ba ba ineetseng gompieno? Gone jaanong ba setse ba oketsega go nna dimilione, batho bano ba bopa “boidiidi jo bogolo” jo le jone bo tshwanetseng go ntlafadiwa mo ditseleng tsa lefatshe, gore ‘ba tlhatswe dikobo tsa bone, ba di sweufatse mo mading a ga Kwana.’ (Tshenolo 7:9, 14) Ka gone, fa ba dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Kwana, Keresete Jesu, ba kgona go ipoloka ba le phepa fa pele ga Jehofa. Ba solofeditswe go falola sepitla sotlhe se segolo, letsatsi le le boitshegang la ga Jehofa.—Sefania 2:2, 3.

14. Ke mafoko afe a batho ba Modimo gompieno ba tshwanetseng go a tlhwaela tsebe fa ba ntse ba tswelela pele ba tlhagolela botho jo bosha?

14 Boidiidi jono jo bogolo bo kopane mmogo le masalela a baperesiti ba tshwanetse go tlhwaela tsebe mafoko ano a mangwe: “Ke tlaa atamela kwa go lona mo tshekisong; ke tlaa nna mosupi yo o bofefo wa go supa baloi, le bagokafadi, le ba ba ikanang ka maaka; le ba ba patikang mothapiwa mo tuelong ya gagwe, le mosadi wa motlholagadi, le masiela, le ba ba faposang moeng mo tshiamelong ya gagwe, mme ba sa mpoife . . . Gonne nna Jehofa ga ke fetoge.” (Malaki 3:5, 6) Nnyaa, ditekanyetso tsa ga Jehofa ga di fetoge, e re ka batho ba gagwe ba boifa Jehofa, ba tshwanetse go ila mefuta yotlhe ya kobamelo ya medimo ya disetwa gompieno mme ba nne boammaaruri, ba ikanyege le gore ba nne pelotshweu fa ba ntse ba tsweletse pele ba tlhagolela botho jwa Bokeresete.—Bakolosa 3:9-14.

15. (a) Jehofa o re laletsa ka taletso efe e e nang le kutlwelobotlhoko? (b) Re ka tila jang go ‘thukhutha’ Jehofa?

15 Jehofa o laletsa ope fela yo o ka tswang a fapogile mo ditseleng tsa gagwe tse di siameng, fa a re: “Boelang mo go nna, mme ke tlaa boela kwa go lona.” Fa bano ba botsa jaana: “Re tlaa boa mo go eng?” o araba jaana: “Lo a nthukhutha.” Mme o bolela jaana fa a araba potso eno e nngwe: “Re go thukhuthile mo go eng?” Jehofa o bolela gore ba ile ba mo thukhutha ka gore ba palelwe ke go lere ditlhabelo tsa bone tse di itekanetseng e le ditshupelo tsa tirelo ya tempele ya gagwe. (Malaki 3:7, 8) Fa re sena go nna karolo ya batho ba ga Jehofa, eleruri re tshwanetse go batla go dirisa karolo e kgolo ya maatla a rona, bokgoni le dithoto tsa rona mo tirelong ya ga Jehofa. Ka gone, go na le gore re thukhuthe Modimo, re nna re ‘batla pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe.’—Mathaio 6:33.

16. Re kgothadiwa jang mo go Malaki 3:10-12?

16 Batho botlhe ba ba ganang ditsela tsa lefatshe tsa go itirela, le dilo tse di bonalang ba tla bona maduo a magolo, jaaka Malaki 3:10-12 e bontsha: “‘Mme lo tle lo nteke ka gone,’ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘lo bone boo ga nketla ke le bulela dikgoro tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesego le go se ketlang go nna le bonno jo bo lekanyeng go le baya.’” Jehofa o solofetsa batho botlhe ba ba bontshang kanaanelo, gore ba tla huma semoyeng le go nna le maungo. O oketsa jaana: “Merafe yotlhe e tlaa lo raya e re: Lo letlhogonolo, gonne lo tlaa nna lefatshe le le kgatlhang.” A seo ga se a itshupa se ntse jalo mo dimilioneng tsa batho tse di lebogang Modimo mo lefatsheng lotlhe gompieno?

Babolokabothokgami mo Bukeng ya Botshelo

17-19. (a) Dikhuduego tsa kwa Rwanda di ne tsa ama bakaulengwe ba rona ba koo jang? (b) Ke eng se se neng sa tlhatswa batho botlhe bano ba ba ikanyegang pelo gore ba tswelele pele?

17 Mo nakong eno, re ka rata go akgela ka bothokgami jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Rwanda. Ba ne ba lere ditshupelo tsa semoya tse di molemolemo ka metlha kwa ntlong ya semoya ya kobamelo ya ga Jehofa. Ka sekai, kwa Kopanong ya bone ya Kgaolo ya “Thuto ya Bomodimo” ka December 1993, baboledi ba bone ba Bogosi ba le 2 080 ba ne ba tshwara palo ya 4 075 ya batho botlhe ba ba neng ba le gone. Go ne ga kolobediwa Basupi ba basha ba le 230, mme mo go bone, ba ba ka nnang 150 ba ne ba ikwadisetsa tirelo ya bobulatsela jo bo thusang mo kgweding e e latelang.

18 Fa go ne go tlhagoga letlhoo la setso ka April 1994, Basupi ba ba ka nnang 180, go akaretsa le molebedi wa motse kwa Kigali o e leng motsemogolo, le lelapa lotlhe la gagwe, ba ne ba bolawa. Baranodi ba le barataro kwa ofising ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Kigali, ba banè mo go bone ba e neng e le Bahutu, mme ba babedi ba e neng e le Batutsi, ba ne ba tswelela pele ba dira mo dibekeng di le mmalwanyana ba le kafa tlase ga matshosetsi a magolo, go fitlha fa baranodi ba Batutsi ba ne ba tshwanelwa ke go tshaba, ba bo ba ya go bolaelwa kwa molelwaneng. Kgabagare, ba bane ba ba neng ba setse ba ne ba tshabela kwa Goma, kwa Zaire, ba rwala sengwe le sengwe se se neng se setse sa dikhomputara tsa bone, koo ba santseng ba tsweletse pele ka boikanyegi ba ranola Tora ya Tebelo ka puo ya Sekinyarwanda.—Isaia 54:17.

19 Le mororo Basupi bano ba ba tshabileng ba le mo maemong a a boitshegang, ba ne ba ntse ba kopa dijo tsa semoya go gaisa go thusiwa ka dilo tse di bonalang. Bakaulengwe ba ba lorato ba ba tswang kwa dinageng di le mmalwanyana ba ne ba intsha setlhabelo ka gore ba kgone go fetisetsa dithuso tseno kwa go bone. Batshabi bano ba ile ba neela bosupi jo bo molemolemo ka melomo ya bone le ka go bo ba na le thulaganyo lefa ba le kafa tlase ga kgatelelo. Eleruri ba ne ba tswelela pele ba tlisa dilo tse di botoka thata go gaisa mo kobamelong ya ga Jehofa. Ba ile ba bontsha gore ba tlhatswegile pelo jaaka Paulo a ne a bolela mo go Baroma 14:8: “Le fa re tshela, re tshelela Morena; mme le fa re swa, re swela Morena; ke gone, le fa re tshela, kgotsa re swa, re ntse re le ba Morena fela.”

20, 21. (a) Ke maina a bomang a a sa kwalwang mo lokwalong lwa ga Jehofa lwa segopodiso? (b) Ke maina a bomang a a fitlhelwang mo lokwalong leno, mme ka ntlha yang?

20 Jehofa o gakologelwa botlhe ba ba mo direlang ka bothokgami. Boperofeti jwa ga Malaki bo tswelela pele jaana: “Foo ba ba boifang Jehofa ba tloga ba buisanya mmogo; Jehofa a reetsa, mme a utlwa, mme lokwalo lwa segopodiso lwa kwalwa fa pele ga gagwe, lwa kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang leina la gagwe.”—Malaki 3:16.

21 A bo gompieno go le botlhokwa jang ne gore re bontshe poifo ya bomodimo fa re tlotla leina la ga Jehofa! Fa re dira jalo, re ka se atlholwe ka katlholo e e botlhoko, jaaka go tla atlholwa batho ba ba ratang go tshegetsa ditsamaiso tsa lefatshe leno. Tshenolo 17:8 e bolela gore ‘maina a bone a ne a se ka a kwalwa mo lokwalong lwa botshelo.’ Kafa go tlhaloganyegang ka teng, leina le le fetang maina otlhe le le kwadilweng mo bukeng ya ga Jehofa ya botshelo ke la Kgosana ya botshelo, Morwa Modimo ka namana e bong Jesu Keresete. Mathaio 12:21 e bolela jaana: “Baditšhaba ba tlaa solofela mo leineng la gagwe.” Setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo se tlhomamisetsa batho botlhe ba ba dumelang mo go sone go bona botshelo jo bo sa khutleng. A bo e le tshiamelo e e molemo jang ne gore maina a rona ka namana a tsenngwe le leina la ga Jesu mo lokwalong leo!

22. Ke pharologanyo efe e e tla nnang gone fa Jehofa a tlisa katlholo?

22 Batlhanka ba Modimo ba tla atlega jang ka katlholo? Jehofa o araba jaana mo go Malaki 3:17, 18: “Ke tlaa ba rekegela, jaaka motho a tle a rekegele morwawe tota yo o mo direlang. Foo lo tlaa boa, mme lo tlaa farologanya gare ga basiami le baikepi, gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa o direleng.” Go tla kgaoganngwa batho botlhe: baikepi, ba tla tlhaolwa gore ba kgaolwe ka bosakhutleng, mme basiami, ba tla amogelwa gore ba bone botshelo jo bosakhutleng kafa tlase ga Bogosi. (Mathaio 25:31-46) Ka gone boidiidi jo bogolo jwa batho ba sekadinku ba tla falola letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

◻ Jehofa o ne a dira dikatlholo dife mo metlheng ya Baebele?

◻ Maemo a gompieno a tshwana le a metlha ya bogologolo jang?

◻ Ke bomang ba ba neng ba phepafadiwa e le go diragatsa boperofeti jwa ga Malaki?

◻ Ke maina a bomang a a kwadilweng mo lokwalong lwa Modimo la segopodiso?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela