A o a Gakologelwa?
A o ile wa itumelela go bala ditokololo tsa moragonyana tsa Tora ya Tebelo? He, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:
▫ Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa keteke letsatsi la botsalo jwa ga Jesu?
Go ya ka The World Book Encyclopedia, “Bakeresete ba ntlha ba ne ba sa keteke letsatsi la botsalo [jwa ga Jesu] ka gonne ba ne ba tsaya gore go keteka letsatsi la botsalo jwa motho lefa e le mang ke mokgwa wa boheitane.”—12/15, tsebe 4.
▫ A dithapelo di tshwanetse go lebisiwa kwa go Jesu?
Nnyaa, ka gore dithapelo ke tsela nngwe ya kobamelo e e neelwang Modimo Mothatayotlhe fela. Fa re isa dithapelo tsa rona tsotlhe kwa go Jehofa Modimo, re a bo re supa gore re nna re gakologetswe kaelo ya ga Jesu ya gore re rapele jaana: “Rraetsho yo o kwa legodimong.” (Mathaio 6:9)—12/15, tsebe 25.
▫ Ke ka ntlha yang fa Kgosi Dafite a ne a atlholelwa boleo jo bo masisi jo a neng a bo dirile ka tsela e e farologaneng le e Ananiase le Safira ba neng ba atlholelwa maleo a bone ka yone? (2 Samuele 11:2-24; 12:1-14; Ditiro 5:1-11)
Kgosi Dafite o ne a leofa ka ntlha ya bokoa jwa nama. Fa a ne a bodiwa ka se a neng a se dirile, o ne a ikwatlhaya, mme Jehofa a mo itshwarela—lefa gone a ne a tshwanela go tshela le matswela a boleo jwa gagwe. Ananiase le Safira ba ne ba leofa ka gore ba ne ba bua maaka ka boitimokanyo; ba leka go tsietsa phuthego ya Bokeresete mme ka go dira jalo ba ‘aketsa moya o o boitshepo le Modimo.’ (Ditiro 5:3, 4) Seno se ne se supa gore ba ne ba na le pelo e e bosula, ka jalo ba ne ba otlhaiwa botlhoko go feta.—1/1, ditsebe 27, 28.
▫ Ke eng se se ka re thusang go direla Jehofa ka pelo e e itumedisang?
Re tshwanetse go leba masego a rona le ditshiamelo tse re di neilweng ke Modimo ka tsela e e siameng le e e bontshang kanaanelo mme le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore fa re latela Lefoko la Modimo, re a bo re mo itumedisa.—1/15, ditsebe 16, 17.
▫ Ke dilo dife tse pedi tse re tshwanetseng go nna re di gakologetswe gore re kgothatse ba bangwe ka tsela e e ka ba solegelang molemo?
Selo sa ntlha, akanya ka se o tla se buang e le gore o kgothatse ka kgang e e rileng fela. Sa bobedi, batla tshono ya go buisana le motho yo o tlhokang go akgolwa kana yo o tlhokang go agiwa.—1/15, tsebe 23.
▫ Ke ka ntlha yang fa ba “boidiidi jo bogolo” ba “tshotse makolane ka diatla”? (Tshenolo 7:9)
Go bo ba tshotse makolane go supa gore ba “boidiidi jo bogolo” ba baka Bogosi jwa ga Jehofa le Kgosi ya gagwe e e tloditsweng, Jesu Keresete, ka boipelo. (Bona Lefitiko 23:39, 40.)—2/1, tsebe 18.
▫ Ke dithuto dife tse di botlhokwa thata tse di fitlhelwang mo lokwalong lwa ga Jobe?
Lokwalo lwa ga Jobe lo re bontsha ka moo re ka rarabololang mathata ka gone. E neela dikai tse di tlhomologileng tsa kafa mongwe yo o lebaneng le diteko a tshwanetseng go gakololwa ka teng—le kafa a sa tshwanelang go gakololwa ka teng. Mo godimo ga moo dilo tse di diragaletseng Jobe di ka re thusa gore re itshware ka tsela e e lekalekaneng fa re iphitlhela re le mo maemong a a gwetlhang.—2/15, tsebe 27.
▫ Dikgakgamatso tsa ga Jesu di re ruta eng?
Dikgakgamatso tsa ga Jesu di galaletsa Modimo, di tlhomela Bakeresete sekao sa go galaletsa Modimo. (Baroma 15:6) Di kgothaletsa batho go dira molemo, gore ba bontshe bopelotshweu le gore ba nne pelotlhomogi.—3/1, tsebe 8.
▫ Bagolwane ba thusa go fitlhelela eng fa ba boeletsa dipotso tse di baakanyeditsweng le batho ba ba sa tswang go ineela?
Seno se tlhomamisa gore a moyakolobetsong o tlhaloganya dithuto tsa Baebele tsa motheo ka botlalo le gore o lemoga gore go nna Mosupi wa ga Jehofa go mo tlhoka eng.—3/1, tsebe 13.
▫ Dithapelo tse di mo Baebeleng di ka re thusa jang?
Fa re tlhokomela dithapelo tse di mo Dikwalong, re ka kgona go fitlhela tse di builweng ke mongwe a le mo seemong se se tshwanang le sa rona. Go batla, go bala le go tlhatlhanya ka dithapelo tseno go ka re thusa go nonotsha puisano ya rona le Jehofa.—3/15, ditsebe 3, 4.
▫ Poifo ya bomodimo ke eng?
Poifo ya bomodimo ke go sisimoga Jehofa, go mo tlotla thata, mmogo le go tshaba ka tsela e e siameng go dira dilo tse di sa mo itumediseng. (Pesalema 89:7)—3/15, tsebe 10.
▫ Baebele e bontsha ka ditsela dife tse tharo gore re botlhokwa mo matlhong a Modimo?
Baebele e ruta gore mongwe le mongwe wa rona o botlhokwa mo matlhong a Modimo (Luke 12:6, 7); e phepafatsa gore ke eng se Jehofa a se bonang se le botlhokwa mo go rona (Malaki 3:16); gape e tlhalosa gore Jehofa o dirile eng go supa gore o a re rata. (Johane 3:16)—4/1, ditsebe 11, 12, 14.
▫ Ke ka ntlha yang fa Bahebere 10:24, 25 e se taolo fela ya gore Bakeresete ba kopane mmogo?
Mafoko ano a ga Paulo a tlhalosa molaomotheo o o tlhotlheleditsweng ke Modimo wa dipokano tsotlhe tsa Bokeresete—o o dirang gongwe le gongwe fela fa Bakeresete ba kopane mmogo.—4/1, tsebe 16.