Dipotso Tse di Tswang go Babadi
Fa re latela popego ya puo, a go na le pharologanyo fa gare ga mareo ano a Baebele “dinku di sele” le “boidiidi jo bogolo”?
Ee, le mororo re sa tshwanela go kukega maikutlo go sa tlhokege ka tsela e mafoko ano a dirisiwang ka yone kana go sa itumele fa mongwe a dirisa lereo le lengwe fa le lengwe le tshwanetseng go dirisiwa teng.
Bakeresete ba le bantsi ba tlwaelane le ditemana tse mareo ano a fitlhelwang mo go tsone. Johane 10:16 ke nngwe ya tsone. Jesu o ne a bolela jaana mo go yone: “Ke na le dinku di sele, tse e seng tsa saka le; le tsone ke na le go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; mme di tlaa nna letsomane le le lengwe fela, le modisa a le mongwe fela.” Polelwana e nngwe e e reng, “boidiidi jo bogolo,” e bonala mo go Tshenolo 7:9. Re bala jaana: “Morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga Kwana, ba apere dikobo tse ditshweu, ba tshotse makolane ka diatla.”
La ntlha a re ko re sekasekeng Johane 10:16. Dinku ke bomang? Ka gone, go tla bo go le molemo fa re gakologelwa gore balatedi botlhe ba ga Jesu ba ba ikanyegang ba bolelwa e le dinku. Mo go Luke 12:32, o ne a bitsa barutwa ba gagwe ba ba neng ba tla ya kwa legodimong a re “letsomanyane.” Ke letsomane la eng? La dinku. “Dinku” tsa “letsomanyane” di tla nna le seabe mo Bogosing kwa legodimong. Lefa go ntse jalo, go na le ba bangwe, ba ba nang le tsholofelo e e farologaneng, bao Jesu gape a ba lebang jaaka dinku.
Re ka bona seno mo go Johane kgaolo 10. Fa Jesu a sena go bolela ka dinku tse di jaaka baaposetoloi ba gagwe ba a neng a tla ba biletsa go ya go tshela kwa legodimong, o ne a oketsa jaana mo temaneng ya 16: “Ke na le dinku di sele, tse e seng tsa saka le; le tsone ke na le go di lere.” Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go lemoga gore mo temaneng eno Jesu o ne a bua ka batho ba ba lebeletseng go tshela mo lefatsheng. Batho ba le bantsi ba ba neng ba ikanyega ba ba neng ba tshela mo metlheng ya pele ga Bokeresete ba ne ba na le ditebelelo tse di ntseng jalo, ba ba jaaka Aberahame, Sara, Noa le Malaki. Ka jalo go a tshwanela gore ba akarediwe jaaka bangwe ba “dinku di sele” ba go buiwang ka bone mo go Johane 10:16. Ka Mileniamo, basupi bao ba ba neng ba tshela pele ga Bokeresete ba ba neng ba ikanyega ba tla tsosiwa mo losong mme go tswa foo ba tla ithuta ka ga Keresete Jesu le go mo amogela, gore ba nne “dinku di sele” tsa Modisa yo o Molemo.
Gape re itse gore fa e sale setlhopha sa ba ba tla bilediwang kwa legodimong se sena go lekana, dimilione tsa batho di ntse di nna Bakeresete ba boammaaruri. Bano le bone ba bidiwa “dinku di sele” ka tsela e e tshwanelang, ka gonne ga se bangwe ba “letsomanyane.” Go na le moo, ba dinku di sele gompieno ba lebeletse kwa pele go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.
Jaanong, re ka bolela eng ka go tlhaola “boidiidi jo bogolo” jo bo umakilweng mo go Tshenolo 7:9? Ebu, leba mo temaneng ya 13 mme go na le potso e e reng, “Ke bomang, mme ba tswa kae?” Re fitlhela karabo mo go Tshenolo 7:14: “Ba, ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo.” Ka jalo “boidiidi jo bogolo” bo akaretsa batho ba ba tla tswang mo sepitleng se segolo, kana ba ba tla se falolang. Jaaka temana ya 17 e bolela, ba tla ‘gogelwa kwa metsweding ya metsi a botshelo’ mo lefatsheng.
Lefa go ntse jalo, re tlhaloganya gore, gore batho bano ba tle ba falole sepitla seno se segolo se se ntseng se atamela, ba tshwanetse ba bo ba tlhatswitse dikobo tsa bone mo mading a ga Kwana go sa le pele, gore ba nne baobamedi ba boammaaruri. Ka gone, le mororo Tshenolo 7:9 e tlhalosa boidiidi jono morago ga sepitla, re ka nna ra dirisa lereo leno “boidiidi jo bogolo” mo bathong botlhe ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba ba direlang Jehofa tirelo e e boitshepo gone jaanong, pele go tlhaga sepitla se segolo le pele ga ditšhaba di tlhasela bodumedi jwa maaka.
Ka kakaretso fela, re ka nna ra gakologelwa fa “dinku di sele” e le lereo le le akaretsang batho ba le bantsi, le akaretsa batlhanka botlhe ba Modimo ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ka bosakhutleng. Le akaretsa setlhopha se se lekanyeditsweng sa batho ba sekadinku gompieno ba ba phuthiwang e le “boidiidi jo bogolo” ba ba solofetseng go tshela go ralala sepitla se segolo se se tla tlogang se tla. Bontsi jwa Bakeresete bao ba ba ikanyegang ba ba santseng ba tshela gompieno ke ba “dinku di sele” e bile gape e le bangwe ba “boidiidi jo bogolo.”
Go botlhokwa thata gore re boeletse seo, mabapi le kgang ya gore a re tshwanetse ra tlhomama mo ditlhalosong tseno, ga go tlhokege gore Mokeresete ope fela a tshwenyege thata ka mafoko ano—e le se se ka nnang sa bidiwa go tshwaya mafoko diphoso. Paulo o ne a ntsha tlhagiso kaga batho bangwe ba ba neng ba ‘ikgogomosa’ le ba ba neng ba ‘ganetsana ka mafoko.’ (1 Timotheo 6:4) Fa e le gore motho ka namana o bona dipharologanyo tse di rileng mo mareong ano, seo se siame. Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go tshwaya ba bangwe diphoso ba ba ka tswang ba sa dirise mareo ano a Baebele jaaka a tshwanetse, e ka tswa re dira jalo ka molomo kana mo pelong.