Amogela Baebele Jaaka e Ntse
“[Ga re] khutle go ntshetsa Modimo malebogo, ka gobo e rile lo tshola lefoko la taetso mo go rona, e bong lefoko la Modimo, lwa le amogela e seng jaaka lefoko la batho, fa e se jaaka lefoko la Modimo fela, jaaka e le lone ruri, le le bileng le dira mo go lona ba lo dumelang.”—1 BATHESALONIKA 2:13.
1. Ke tshedimosetso ya mofuta ofe e e dirang gore Baebele e nne buka e e tlhomologileng tota?
BAEBELE e e Boitshepo ke yone buka e e ranotsweng e bile e anamisitswe thata go gaisa tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng. Ga go na le fa e le ope yo o ka ganetsang gore ke nngwe ya dibuka tse dikgolo tse di kileng tsa kwalwa. Lefa go ntse jalo, sa botlhokwa le go feta, ke gore Baebele e neela kaelo e e tlhokwang ka potlako ke batho ba ditso tsotlhe le ba ditšhaba tsotlhe, go sa kgathalesege gore ba dira eng kana ba na le maemo afe mo botshelong. (Tshenolo 14:6, 7) Ka tsela e e kgotsofatsang pelo le mogopolo, Baebele e araba dipotso tse di tshwanang le e e reng: Motho o ne a felwang botshelo? (Genesise 1:28; Tshenolo 4:11) Ke ka ntlha yang fa mebuso ya batho e sa kgona go tlisa kagiso le polokesego tse di nnelang ruri? (Jeremia 10:23; Tshenolo 13:1, 2) Ke ka ntlha yang fa batho ba swa? (Genesise 2:15-17; 3:1-6; Baroma 5:12) Mo lefatsheng leno le le tletseng matshwenyego, re ka dirisana le mathata a botshelo ka katlego jang? (Pesalema 119:105; Diane 3:5, 6) Ke eng se re tla se bonang mo isagweng?—Daniele 2:44; Tshenolo 21:3-5.
2. Ke ka ntlha yang fa Baebele e araba dipotso tsa rona ka tsela e re ka e ikanyang gotlhelele?
2 Ke ka ntlha yang fa Baebele e araba dipotso tseno ka go tlhomamisega jaana? Ke ka gonne e le Lefoko la Modimo. O dirisitse batho gore ba e kwale, mme lefa go ntse jalo jaaka go bontshitswe ka phepafalo mo go 2 Timotheo 3:16, “Lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” Ga se sengwe se batho ba se boneng fela ka go itlhatlhobela ditiragalo tsa batho. “Ga go polelelopele [dipolelo tsa dilo tse di tla tlang, ditaolo tsa Modimo, ditekanyetso tsa Baebele tsa boitsholo] epe e e kileng ya tla ka go rata ga motho fela; mme go bua ga batho ga tswa mo Modimong, ka ba tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo.”—2 Petere 1:21.
3. (a) Neela dikai dingwe tsa ka moo batho ba ba mo dinageng tse di farologaneng ba ileng ba anaanela mosola wa Baebele ka gone. (b) Ke eng fa batho bangwe ba ne ba iketleeleditse go itsenya mo kotsing ya go bolawa e le fela go bala Dikwalo?
3 E re ka ba anaanela mosola wa Baebele, batho ba le bantsi ba ile ba itsenya mo kotsing ya go tsenngwa mo kgolegelong, le e leng go bolawa, gore ba nne le yone ba bo ba e bale. Go ne ga diragala jalo mo dingwageng tse di fetileng ka ntlha ya Bakatoliki ba Spain, koo baruti ba neng ba tshoga gore batho ba ne ba tla nyatsa taolo ya bone fa ba ka ipalela Baebele ka puo ya bone; go ne ga direga jalo gape le kwa Albania, koo puso ya balatolamodimo e neng ya tsaya dikgato tse di gagametseng go fedisa tlhotlheletso yotlhe ya bodumedi. Lefa go ntse jalo, batho ba ba boifang Modimo ba ne ba tsaya Dikwalo di le tlhwatlhwakgolo, ba di bala, ba bo ba di abelana mmogo. Ka Ntwa ya Lefatshe II, kwa kampeng ya pogisetso ya Sachsenhausen, Baebele e ne ya fetisiwa go tswa mo seleng e nngwe go ya kwa go e nngwe ka kelotlhoko (lefa go dira jalo go ne go sa letlelelwa), mme ba ba neng ba kgona go e bala ba ne ba gopola dikarolo tsa yone ka tlhogo gore ba kgone go di bolelela ba bangwe. Ka bo1950, mo nageng e ka nako eo e neng e bidiwa Communist East Germany, Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone ba ne ba itsenya mo kotsing ya go ka golegwa lobaka lo lotelele motho a le nosi mo seleng fa ba ne ba fapaanela dikarolo tsa Baebele gore ba di bale bosigo. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba dira jalo? Ka gonne ba ne ba tsaya gore Baebele ke Lefoko la Modimo, gape ba ne ba itse “fa motho a sa tshele ka dijo di le tsosi” mme a tshela “ka sengwe le sengwe se se tswang mo molomong wa ga Jehofa.” (Duteronome 8:3) Mafoko ano, a a kwadilweng mo Baebeleng, a ne a dira gore Basupi ba kgone go tswelela pele ba tshela semoyeng lefa ba direlwa bosetlhogo jo bogolo.
4. Baebele e tshwanetse gore e nne botlhokwa go le kanakang mo botshelong jwa rona?
4 Baebele ga se buka e e diretsweng fela gore e tsenngwe mo shelofong gore e nne e balwa ka sewelo, le gone ga e a direlwa gore e balwe fela fa badumedimmogo ba kokoane go tla go obamela mmogo. E tshwanetse ya dirisiwa letsatsi le letsatsi go re fa lesedi ka maemo a re lebanang le one le gore e re bontshe tsela e re tshwanetseng go tsamaya ka yone.—Pesalema 25:4, 5.
E Diretswe go Balwa le go Tlhaloganngwa
5. (a) Fa go ka kgonega, ke eng se mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go nna le sone? (b) Kwa Iseraele wa bogologolo, batho ba ne ba kgona jang go itse gore go kwadilweng mo Dikwalong? (c) Pesalema 19:7-11 e dira gore o nne le boikutlo bofe malebana le go bala Baebele?
5 Mo motlheng wa rona, mo dinageng di le dintsi Baebele e ka iponelwa motlhofo ke mongwe le mongwe mme re rotloetsa mmadi mongwe le mongwe wa Tora ya Tebelo gore a nne le e e leng ya gagwe. Ka nako e Baebele e neng e kwalwa ka yone, go ne go sena metšhine e e gatisang. Batho ka kakaretso ba ne ba sena tse e leng tsa bone ka namana. Mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a rulaganya gore batlhanka ba gagwe ba utlwe se se neng se kwadilwe. Ka jalo, Ekesodo 24:7 e bega gore, fa Moshe a sena go kwala se Jehofa a neng a se laetse, o ne a “tsaya lokwalo lwa kgolagano, a lo bala mo kutlong ya batho.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) E re ka ba ne ba bone ditiro tsa maatla a a fetang a motho kwa Thabeng ya Sinai, ba ne ba lemoga gore Moshe o ne a ba balela sengwe se se tswang kwa Modimong le gore ba ne ba tlhoka go itse tshedimosetso eno. (Ekesodo 19:9, 16-19; 20:22) Le rona re tlhoka go itse se se kwadilweng mo Lefokong la Modimo.—Pesalema 19:7-11.
6. (a) Moshe o ne a dira eng pele ga morafe wa Iseraele o tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng? (b) Rona re ka etsa jang sekao sa ga Moshe?
6 Fa morafe wa Iseraele o ntse o ipaakanyetsa go kgabaganya Noka ya Joretane le go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, ka go rialo ba tlogela go tshela ka go kgarakgatshega mo nageng, go ne go tshwanela sentle gore ba tlhatlhobe Molao wa ga Jehofa le kafa a dirisanang ka gone le bone. Moshe o ne a tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo gore a tlhatlhobe Molao le bone. O ne a ba gakolola ka se se kwadilweng mo Molaong, mme gape o ne a gatelela melaometheo e e amegang le maikutlo a a neng a tla tlhotlheletsa kamano ya bone le Jehofa. (Duteronome 4:9, 35; 7:7, 8; 8:10-14; 10:12, 13) Le rona gompieno fa re simolola dikabelo tse disha kana re lebana le maemo a masha mo botshelong re tla bo re dira sentle go tlhatlhoba gore kgakololo ya Dikwalo e tshwanetse ya tlhotlheletsa jang se re se dirang.
7. Ke eng se se neng sa dirwa ka bonakonyana fa Baiseraele ba sena go kgabaganya noka ya Joretane go gatelela Molao wa ga Jehofa mo megopolong le mo dipelong tsa bone?
7 Nako e khutshwane fela fa Baiseraele ba sena go kgabaganya Noka ya Joretane, batho ba ne ba phuthega gape go tla go sekaseka se Jehofa a neng a se ba boleletse ka Moshe. Setšhaba se ne sa phuthega mo e ka nnang dikilometara tse 50 kwa bokone jwa Jerusalema. Sephatlo sa morafe se ne se le fa pele ga Thaba ya Ebale, mme sephatlo se sengwe se le fa pele ga Thaba ya Gerisime. Fa ba le koo, Joshua o ne a “bala mafoko otlhe a molao, tshegofatso le phutso, ka fa go tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lwa molao.” Ka jalo, banna, basadi, bana, mmogo le baagi ba ba tswang kwa ntle, ba ne ba utlwa molaetsa o o tshwanelang sentle o o malebana le melao e e bontshang gore Jehofa o ne a sa rate maitsholo afe le gore ba ne ba tla amogela masego afe fa ba utlwa Jehofa. (Jošua 8:34, 35) Ba ne ba tshwanetse go tlhaloganya sentle gore ke eng se Jehofa a neng a se tsaya se siame le gore ke eng se a neng a se tsaya se le bosula. Mo godimo ga moo, ba ne ba tshwanetse go tsenya lorato mo dipelong tsa bone le go ila se se bosula, fela jaaka mongwe le mongwe wa rona a dira gompieno.—Pesalema 97:10; 119:103, 104; Amose 5:15.
8. Mosola wa go bala Lefoko la Modimo nako le nako kwa diphuthegong tsa setšhaba sa Baiseraele e ne e le ofe?
8 Mo godimo ga go bala Molao ka nako ya ditiragalo tse di ntseng jalo tsa botlhokwa, Duteronome 31:10-12 e ne ya gatelela gore Lefoko la Modimo le balwe ka metlha. Nako le nako ka ngwaga wa bosupa setšhaba se ne se tshwanetse go phuthega go tla go utlwa Lefoko la Modimo le balwa. Le ne le ba neela dijo tsa semoya. Le ne le dira gore ba nne ba ntse ba gopotse mo megopolong le mo dipelong tsa bone ditsholofetso ka ga Losika mme ka jalo la kaela batho ba ba ikanyegang kwa go Mesia. Dithulaganyo tsa go tlamela batho ka dijo tsa semoya tse di neng tsa dirwa fa Baiseraele ba ne ba le mo nageng ga di a ka tsa fela fa ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. (1 Bakorinthe 10:3, 4) Go na le moo, Lefoko la Modimo le ne la okediwa ka go akaretsa ditshenolo tse dingwe ka ga baperofeti.
9. (a) A Baiseraele ba ne ba bala Dikwalo fela fa ba phuthegile ka ditlhopha tse dikgolo? Tlhalosa. (b) Malapa a a farologaneng a ne a neela taolo ya Dikwalo jang, mme e le ka boikaelelo bofe?
9 Go tlhatlhoba kgakololo ya Lefoko la Modimo go ne go sa tle go dirwa fela ka dinako tsa fa batho ba phuthegile mmogo jaaka setlhopha se segolo. Dikarolo tsa Lefoko la Modimo le melaometheo e e mo go lone di ne di tshwanetse go tlhatlhobiwa letsatsi le letsatsi. (Duteronome 6:4-9) Gompieno mo mafelong a le mantsi, batho ba ba saleng basha ba ka kgona go nna le Dibaebele tse e leng tsa bone ka namana, e bile go botlhokwa thata gore ba nne le tsone. Mme lefa go ntse jalo, kwa Iseraele wa bogologolo, go ne go sa nna jalo. Mo metlheng eo, fa batsadi ba ne ba fa taolo e e tswang mo Lefokong la Modimo, ba ne ba tshwanetse go ikaega ka se ba neng ba se tshwere ka tlhogo le mo dintlheng tsa boammaaruri tse ba neng ba di bolokile mo dipelong tsa bone, mmogo le dikarolonyana dipe fela tse ba neng ba ka nna ba bo ba di ikwaletse. Ba ne ba ka leka go godisa lorato lwa go rata Jehofa le ditsela tsa gagwe ka go nna ba boaboeletsa tao kgapetsakgapetsa. Boikaelelo e ne e le go thusa mongwe le mongwe yo o mo lapeng go tshela ka tsela e e bontshang go rata Jehofa le Lefoko la gagwe, e seng go nna le tlhogo e e tletseng kitso fela.—Duteronome 11:18, 19, 22, 23.
Go Bala Dikwalo mo Disinagogeng
10, 11. Go ne go latelwa thulaganyo efe ya go bala Dikwalo kwa sinagogeng, mme Jesu o ne a leba dinako tseno jang?
10 Nakwana fela fa Bajuta ba sena go isiwa botshwarwa kwa Babelona, go ne ga tlhongwa disinagoge mo mafelong a kobamelo. Go ne ga kwalwa Dikwalo tse di oketsegileng gore Lefoko la Modimo le tle le balwe le go tlhatlhobiwa mo mafelong ano a bokopanelo. Seno ke sone se ileng sa thusa gore dikhopi tse 6 000 tsa bogologolo tse di kwadilweng ka seatla tse di nang le dikarolo tsa Dikwalo tsa Sehebera di kgone go tswelela di le teng.
11 Karolo ya botlhokwa ya tirelo ya sinagoge e ne e le go balwa ga Torah, e e neng e tshwana le dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Dibaebele tsa mo motlheng wa gompieno. Ditiro 15:21 e bega gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., go ne go balwa jalo ka Sabata mongwe le mongwe, mme Mishnah e bontsha gore ka lekgolo la bobedi la dingwaga, Torah e ne e balwa ka letsatsi la bobedi le la botlhano la beke. Batho ba le mmalwa ba ne ba nna le seabe mo go baleng dikarolo tse ba neng ba di abetswe, ba di fapaanela. Mokgwa wa Bajuta ba ba neng ba nna kwa Babelona e ne e le go bala Torah yotlhe ngwaga le ngwaga; mokgwa wa kwa Palesetina e ne e le go rulaganyetsa go e bala mo lobakeng lwa dingwaga tse tharo. Karolo ya Baperofeti le yone e ne e balwa e bo e tlhalosiwa. E ne e le mokgwa wa ga Jesu gore a nne teng mo dithulaganyong tsa go bala Baebele ka Sabata kwa a neng a nna teng.—Luke 4:16-21.
Kafa Batho ka Namana ba Itshwarang ka Teng le go e Dirisa
12. (a) Fa Moshe a ne a balela batho Molao, batho ba ne ba solegelwa molemo jang? (b) Batho ba ne ba arabela jang?
12 Go balwa ga Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng e ne e sa tshwanela go nna seomodiro fela. Go ne go sa direlwe go kgotsofatsa go batla go itse dilo ga batho fela. Fa Moshe a ne a balela Baiseraele “lokwalo lwa kgolagano” mo patlelong e e neng e lebagane le Thaba ya Sinai, o ne a dira jalo gore ba tle ba itse maikarabelo a bone go Modimo ba bo ba a diragatse. A ba ne ba tla dira jalo? Mmalo ono o ne o tlhoka gore ba tseye kgato. Batho ba ne ba lemoga seno, mme ba ne ba bua, ba re: “Gotlhe mo Jehofa o go buileng re tlaa go dira, re go utlwa.”—Ekesodo 24:7; bapisa Ekesodo 19:8; 24:3.
13. Fa Joshua a ne a bala diphutso tsa go sa utlwe, batho ba ne ba tshwanetse go dira eng, mme e le ka boikaelelo bofe?
13 Moragonyana, fa Joshua a ne a balela setšhaba masego le diphutso, ba ne ba tshwanetse go arabela. Morago ga phutso nngwe le nngwe, go ne go ntshiwa taolo e e reng: “Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’” (Duteronome 27:4-26) Ka jalo, fa go sena go buiwa ntlha nngwe le nngwe ba ne ba bontsha fa ba dumalana le Jehofa fa a kgala diphoso tse di neng di umakiwa. A bo e tshwanetse ya bo e ne e le tiragalo e e itumedisang jang ne fa setšhaba sotlhe se bua ka lentswe le le kwa godimo gore se a dumalana!
14. Ke ka ntlha yang fa mo metlheng ya ga Nehemia go bala Molao phatlalatsa go ne go le mosola ka tsela e e kgethegileng?
14 Mo metlheng ya ga Nehemia, fa batho botlhe ba ne ba kokoana kwa Jerusalema ba ya go utlwa Molao, ba ne ba bona gore ba ne ba ntse ba sa diragatse ditaolo jaaka di kwadilwe koo. Ka nako eo ba ne ba diragatsa se ba neng ba se ithutile gone fela foo. Go ne ga felela ka eng? “Boitumelo jo bogolo.” (Nehemia 8:13-17) Fa ba sena go fetsa beke ba ntse ba bala Baebele letsatsi le letsatsi kwa moletlong, ba ne ba lemoga gore go ne go santse go tlhokega mo go oketsegileng. Ba ne ba tlhatlhoba ka thapelo hisitori ya ditirisano tsa ga Jehofa le batho ba gagwe go tswa mo metlheng ya ga Aberahame go ya pele. Seno sotlhe se ne sa ba tlhotlheletsa gore ba ikane gore ba dumalane le se se neng se batliwa ke Molao, gore ba tile go nyalana le batho ba ba tswang kwa ntle le go amogela maikarabelo a gore ba tlhokomele tempele le tirelo ya yone.—Nehemia, dikgaolo 8-10.
15. Ditaolo tse di mo go Duteronome 6:6-9 di bontsha jang gore go ruta Lefoko la Modimo mo malapeng e ne e sa tshwanela go nna seomodiro fela?
15 Ka tsela e e tshwanang, go ruta Dikwalo mo lelapeng e ne e sa tshwanela go nna seomodiro fela. Jaaka re setse re bone, mo go Duteronome 6:6-9, batho ba ne ba bolelelwa ka tsela ya tshwantshetso gore ba ‘bofelele lefoko la Modimo jaaka sesupo mo seatleng sa bone’—ka jalo ba bontsha ka sekao sa bone le ka ditiro gore ba rata ditsela tsa ga Jehofa. Mme ba ne ba tshwanetse go baya mafoko a Modimo jaaka ‘sebeo fa gare ga matlho a bone’—ka jalo ba dira gore ba nne ba akantse melaometheo e e mo Dikwalong ba bo ba dirisa seno jaaka motheo wa ditshwetso tsa bone. (Bapisa mafoko a a dirisitsweng mo go Ekesodo 13:9, 14-16.) Ba ne ba tshwanetse go di ‘kwala mo mephakwaneng ya mejako ya bone, le mo dikgorong tsa bone’—ka jalo ba supa fa magae a bone le metse ya bone e le lefelo le lefoko la Modimo le neng le tla tlotliwa le go dirisiwa mo go lone. Ka mafoko a mangwe, ba ne ba tshwanetse go supa ka ditsela tse dintsi tse ba tshelang ka tsone gore ba ne ba rata melao ya ga Jehofa ya tshiamo e bile ba e dirisa. A bo seo se ne se ka nna mosola jang ne! A Lefoko la Modimo le botlhokwa go le kalo mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi mo magaeng a rona? Ka maswabi, Bajuta ba ne ba dira gotlhe mono gore e nne seomodiro fela, ba tsamaya ba rwele matlojana a tsentse ditemana mo teng jaaka e kete ke dipheko. Kobamelo ya bone e ne e sa tlhole e tswa mo pelong mme Jehofa a e gana.—Isaia 29:13, 14; Mathaio 15:7-9.
Boikarabelo Jwa ba ba Mo Maemong a Bolebedi
16. Ke ka ntlha yang fa go bala Dikwalo go ne go le botlhokwa mo go Joshua?
16 Malebana le kgang ya go balwa ga Dikwalo, go ne go lebiwa thata ba ba neng ba okametse setšhaba. Jehofa o ne a raya Joshua a re: ‘O tlhokomele go dira ka fa molaong otlhe.’ Gore a tle a fitlhelele boikarabelo joo, o ne a bolelelwa jaana: “O akanye mo go lone motshegare le bosigo, . . . gonne tsela ya gago e tlaa nna le letlhogonolo jalo, mme o tlaa bona go segofala sentle.” (Jošua 1:7, 8) Fela jaaka go ntse ka molebedi ope fela wa Mokeresete gompieno, fa Joshua a ne a bala Dikwalo ka metlha seo se ne se tla mo thusa gore a nne a gopotse sentle ditaolo tse di tlhomameng tse Jehofa a neng a di neetse batho ba Gagwe. Gape Joshua o ne a tlhoka go tlhaloganya kafa Jehofa a neng a ile a dirisana ka gone le batlhanka ba Gagwe mo maemong a a farologaneng. Fa a ntse a bala mafoko ka ga boikaelelo jwa Modimo, go ne go le botlhokwa gore a nne a akanya ka boikarabelo jwa gagwe malebana le boikaelelo joo.
17. (a) Gore dikgosi di solegelwe molemo ke go bala Dikwalo ka tsela e Jehofa a boletseng ka yone, ke eng se gape ba neng ba tlhoka go se dira mo godimo ga go bala ga bone? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore bagolwane ba Bakeresete ba bale Baebele ba bo ba tlhatlhanye ka yone ka metlha yotlhe?
17 Jehofa o ne a laela gore mongwe le mongwe fela yo o neng a direla jaaka kgosi ya batho ba Gagwe o ne a tshwanetse gore fa a simolola go busa, a ikwalele lokwalo lwa Molao wa Modimo, a tseye mafoko mo go le le neng le nna mo baperesiteng. Mme o ne a tshwanetse gore a “bale mo go lone ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.” Boikaelelo jwa gagwe e ne e se go tshwara se se mo go lone ka tlhogo fela. Go na le moo, e ne e le gore “a ithute go boifa Jehofa Modimo wa gagwe” le gore “pelo ya gagwe e se ka ya ikgodisetsa bana ba ga rraagwe.” (Duteronome 17:18-20) Seno se ne se tlhoka gore a tlhatlhanye thata ka se a neng a se bala. Go bonala gore dikgosi tse dingwe di ne di akanya gore di tshwaregile thata ka ditiro tsa go laola mo di ka se kang tsa dira seo, mme morafe otlhe o ne o tsena mo mathateng ka ntlha ya go o itlhokomolosa ga bone. Tota seabe sa bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete ga se tshwane le sa dikgosi. Lefa go ntse jalo, fela jaaka go ne go ntse ka dikgosi, go botlhokwa gore bagolwane ba bale ba bo ba tlhatlhanye ka Lefoko la Modimo. Fa ba dira jalo seo se tla ba thusa gore ba nne ba ntse ba leba batho ba ba ba tlhokometseng ka tsela e e tshwanetseng. Gape go tla dira gore ba kgone go diragatsa boikarabelo jwa bone jaaka barutisi ka tsela e ruri e tlotlang Modimo e bile e nonotsha Bakeresetekabone semoyeng.—Tito 1:9; bapisa Johane 7:16-18; farologanya le 1 Timotheo 1:6, 7.
18. Ke sekao sefe sa ga moaposetoloi Paulo sa go bala ka metlha le go ithuta Baebele se se ka re thusang fa re ka se etsa?
18 Moaposetoloi Paulo, molebedi wa Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga, o ne a itse Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng sentle. Fa a ne a supela batho ba ba kwa Thesalonika wa bogologolo, o ne a kgona go fetolana le bone ka Dikwalo ka tsela e e molemo e bile a ba thusa gore ba di tlhaloganye. (Ditiro 17:1-4) O ne a fitlhelela dipelo tsa batho ba e neng e le bareetsi ba ba tlhoafetseng. Ka jalo, batho ba bantsi ba ba neng ba mo utlwa ba ne ba nna badumedi. (1 Bathesalonika 2:13) A o kgona go fetolana ka Dikwalo le batho ka tsela e e molemo ka ntlha ya thulaganyo ya gago ya go bala Baebele? A nako e o balang Baebele le tsela e o e balang ka yone e supa gore tota o anaanela botlhokwa jwa go nna le Lefoko la Modimo? Mo setlhogong se se latelang, re tla bona ka moo dipotso tseno di ka arabiwang le e leng ke batho ba ba tshwaregileng thata.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa batho ba ile ba itsenya mo kotsing ya go bolawa le go latlhegelwa ke kgololesego ya bone gore ba tle ba bale Baebele?
◻ Rona re solegelwa molemo jang ke melemo e e neng e diretswe Baiseraele ba bogologolo ya go utlwa Lefoko la Modimo?
◻ Re tshwanetse go dira eng ka se re se balang mo Baebeleng?
◻ Ke eng fa go le botlhokwa segolobogolo gore bagolwane ba Bakeresete ba bale le go tlhatlhanya ka Baebele?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Jehofa o ne a raya Joshua a re: “O akanye mo go lona motshegare le bosigo”