LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 5/15 ts. 29-31
  • O ne a Eta Mesia Pele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne a Eta Mesia Pele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thomo ya Gagwe E ne E Boleletswe Pele
  • Lentswe mo Nageng
  • “Botlhe” ba Tlhagisitswe
  • Mesia o a Itsisiwe
  • O ne A Ikanyega go ya Fela Kwa Bofelong
  • Johane Mokolobetsi o Baakanya Tsela
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Johane o Baakanya Tsela
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Johane O Baakanya Tsela
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 5/15 ts. 29-31

O ne a Eta Mesia Pele

LETLALO la gagwe le le ntshofaditsweng ke letsatsi le ne le bonala sentle jaaka a ne a ipofile ka lebante le lekima la letlalo. Ruri o ne a lebega jaaka moperofeti ka a ne a apere seaparo se se dirilweng ka boboa jwa kamela. Batho ba bantsi ba ne ba mo kgobokanela kwa nokeng ya Joretane. Monna yono yo o kgatlhang thata fa a ne a le koo o ne a bolela ka bopelokgale gore o ne a ipaakanyeditse go kolobetsa baleofi ba ba ikwatlhayang.

Batho ba ne ba gakgametse thata! Monna yo e ne e le mang? O ne a ikaeletse go dira eng?

Jesu Keresete o ne a bolela jaana ka motho yo: “Mme lo ne lo tswelang? A e ne e le go bona moperofeti? Ee, ke a lo raya, e bile e le yo mogolo bogolo go feta moperofeti. . . . Mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go a tsoga ope yo mogolo go feta Johane Mokolobetsi.” (Mathaio 11:9-11) Ke ka ntlha yang fa Johane e ne e le monna yo o tlhomologileng thata jaana? Ke ka lebaka la gore o ne a eta Mesia pele.

Thomo ya Gagwe E ne E Boleletswe Pele

Dingwaga tse di fetang 700 pele ga Johane a tsalwa, Jehofa o ne a itsise gore o ne a tla goeletsa jaana mo nageng: “Baakanyang tsela ya ga Jehofa mo nageng, lo siamisetse Modimo wa rona tsela ya mheru mo sekakeng.” (Isaia 40:3; Mathaio 3:3) Dingwaga tse di fetang 400 pele ga Johane a tsalwa, Modimo Mothatayotlhe o ne a bolela jaana: “Bonang, ke tlaa roma Elija moperofeti kwa go lona pele, motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle.” (Malaki 4:5) Go bo Johane Mokolobetsi a tsetswe dikgwedi tse di ka nnang thataro pele ga ga Jesu ga go a itiragalela fela ka phoso le gone ga go a direga ka mokgwa wa tlholego. Fela jaaka botsalo jwa ngwana yo o neng a solofeditswe, e bong Isake, botsalo jwa ga Johane e ne e le kgakgamatso ka gore batsadi ba gagwe ka bobedi, Sakaria le Elisabethe, ba ne ba setse ba fetile dingwaga tse di tlwaelegileng tsa gore ba ka tshola bana.—Luke 1:18.

Le e leng pele ga Johane a imiwa, moengele Gabariele o ne a bolela ka thomo ya gagwe, tiro ya gagwe, le tsela e a neng a tla tshela ka yone. Johane o ne a tla dira ka matlhagatlhaga le ka maikutlo a a tshwanang le a ga Elija ka go faposa batho ba ba se nang kutlo mo tseleng e e isang losong mme a ba baakanyetsa go amogela Jesu jaaka Mesia. Go tswa fela kwa botsalong jwa gagwe, Johane o ne a tshwanetse go nna Monasaretha, a ineetse gotlhelele mo Modimong e bile o ne a sa tshwanela go nwa beine kgotsa bojalwa. Eleruri, dijo tsa gagwe kwa sekakeng e ne e le “tsie le dinotshe tsa naga.” (Mareko 1:6; Dipalo 6:2, 3; Luke 1:13-17) Fela jaaka Samuele, Johane o ne a abetswe go galaletsa Modimo Mogodimodimo go tswa bonyaneng.—1 Samuele 1:11, 24-28.

Le lone leina Johane le ne le tlhophilwe ke Modimo. Leina la Sehebera le le ranotsweng jaaka “Johane” le raya gore “Jehofa o Amogetse; Jehofa o Nnile Pelotshweu.”

Fa ngwana a ne a rupisiwa mo letsatsing la borobedi, rraagwe, e bong Sakaria, o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo gore a bolele jaana: “Ee, le wena ngwana, o tlaa bidiwa moperofeti wa Mogodimodimo; gonne o tlaa tsamaya fa pele ga sefatlhogo sa Morena go baakanya ditsela tsa gagwe; go naya batho ba gagwe kitso ya poloko ka boitshwarelo jwa dibe tsa bone. Ka ntlha ya boutlwelobotlhoko jo bonana jwa Modimo wa rona; jo bophepa jwa moso jo bo tswang godimong bo re lekotseng ka jone.” (Luke 1:76-78) Bodiredi jwa ga Johane jwa phatlalatsa bo ne bo tshwanetse go nna jwa botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa gagwe. Dilo tse dingwe di ne di sa tshwanela go nna tsa botlhokwa fa di ne di bapisiwa le jone. Ka jalo, Dikwalo di tlhalosa dingwaga tsa ntlha tse 30 tsa botshelo jwa ga Johane mo temaneng e le nngwe jaana: “Jalo ngwana a gola, a nonofa mo moweng; mme a nna mo dinageng go ya go fitlha mo lobakeng lwa go itshupa ga gagwe mo Iseraele.”—Luke 1:80.

Lentswe mo Nageng

E rile ka ngwaga wa bo15 wa puso ya ga Kaesare Tiberio, fa Ponto Pilatwe e ne e le molaodi wa Jutea, Johane Mokolobetsi o ne a bonala mo nageng a tshotse molaetsa ono o o gakgamatsang thata: “Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.” (Mathaio 3:2; Mareko 1:4; Luke 3:1, 2) Batho botlhe ba ba neng ba nna mo kgaolong eo ba ne ba tsibosiwa ke seo. Go bo a ne a bolela jalo ka bopelokgale go ne ga ama dipelo tsa batho ba ba neng ba tlhologeletswe tsholofelo e e tlhomameng. Kitsiso ya ga Johane gape e ne e tlhatlhoba go bona gore a motho o na le boikokobetso ka gore e ne e tlhoka gore motho a ikwatlhae go tswa mo pelong. Go bo a ne a le peloephepa e bile a tlhomamisega ka se a neng a se bua go ne ga tlhotlheletsa boidiidi jwa batho ba ba ikanyegang le ba ba peloephepa gore ba mo tseye jaaka monna yo o romilweng ke Modimo.

Johane o ne a tuma ka bonako thata. Ka go bo e ne e le moperofeti wa ga Jehofa, o ne a lemotshega motlhofo ka diaparo tse a neng a di apara le ka tsela e a neng a ineetse ka yone. (Mareko 1:6) Le bone baperesiti le Balefi ba ne ba tla ba tswa kwa Jerusalema gore ba tle go bona gore ke eng se se neng se gapile batho maikutlo thata jalo. Ba ne ba batla go itse gore ke eng a ne a re batho ba ikwatlhae? Ba ikwatlhaela eng? Monna yo e ne e le mang? Johane o ne a tlhalosa a re: “‘Ga ke Keresete.’ Ba mmotsa ba re: ‘Mme o eng ne? A o Elija?’ A re ‘Nnyaa.’ ‘A o ene moperofeti yo?’ A fetola a re: ‘Nnyaa.’ Ke gone ba mo raya ba re: ‘O mang? Gore re tle re fetole ba ba re romileng. O a reng ka ga gago?’ A re: ‘Nna ke lentswe la mongwe yo o kuang mo nageng a re: “Siamisang tsela ya Morena,” jaaka moperofeti Isaia a kile a bua.’ Ba ba romilweng ba bo ba tswa mo Bafarasaing. Ba mmotsa, ba mo raya ba re: ‘Mme o kolobeletsang, fa o se Keresete le fa e le Elija, le fa e le ene moperofeti?’”—Johane 1:20-25.

Go ne go le botlhokwa gore batho ba ba neng ba tla tshwanelega go tsena mo Bogosing ba ikwatlhae ba bo ba kolobediwe. Ka jalo, Johane o ne araba jaana: ‘Ke kolobetsa baleofi ba ba ikwatlhayang ka metsi; mme go tla yo o thata bogolo go nna, yo kgole ya ditlhako tsa gagwe ke sa tshwanelang go e hunolola; ene o tla lo kolobetsa ka mowa o o boitshepo le ka molelo. O tshotse loselo ka seatla mme o tla phuthela mabele mo ntlong ya polokelo mme o tla tshuba mmoko ka molelo.’ (Luke 3:15-17; Ditiro 1:5) Eleruri, balatedi ba ga Mesia ba ne ba tla tshololelwa moya o o boitshepo, mme baba ba gagwe ba ne ba tla senngwa ka molelo.

“Botlhe” ba Tlhagisitswe

Bajuta ba bantsi ba ba dipelo di ikanyegang ba ne ba tlhotlhelediwa ke mafoko a ga Johane mme ba ipolela dibe ba sa iphitlhe gore ba ne ba sa ikanyega mo kgolaganong ya Molao. Ba ne ba supa boikwatlhao jwa bone phatlalatsa ka go letla Johane gore a ba kolobetse mo Nokeng ya Joretane. (Mathaio 3:5, 6) Ka go bo ba ne ba dirile seo, ba ne ba setse ba ipaakanyeditse go amogela Mesia. Fa a ne a kgotsofatsa keletso ya bone ya go batla go dira se Modimo a se batlang, Johane o ne a itumelela go ba ruta jaaka barutwa ba gagwe, le e leng gone go ba ruta go rapela.—Luke 11:1.

Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana mabapi le moetapele yono wa ga Mesia: “Ene yoo, a tla go supa, gore a supe ka ga lesedi, gore botlhe ba dumele ka ene.” (Johane 1:7) Batho botlhe ba ne ba utlwa Johane Mokolobetsi fa a ne a “rera kolobetso ya boikwatlhao mo bathong botlhe ba Iseraele.” (Ditiro 13:24) O ne a tlhagisa bakgethisi gore ba se ka ba lopa madi a mantsi mo bathong ka boferefere. O ne a tlhagisa masole gore ba se ka ba tshwara batho makgwakgwa kgotsa go ba latofatsa ka maaka. O ne a raya Bafarisai le Basadukai ba baitimokanyi ba ba itshemang tshiamo a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona, lo tlhagisitswe e mang go tshaba bogale jo bo tlang? Ke gona ungwang maungo a a tshwanetseng boikwatlhao. Lo se ka lwa gopola lwa ithaya lwa re: ‘Re na le Aberahame ke ene rraetsho;’ gonne ke a lo raya, Modimo o nonofile go tsosetsa Aberahame bana ka maje a.”—Mathaio 3:7-9; Luke 3:7-14.

Baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Johane, jaaka setlhopha, ba ne ba gana go dumela se a neng a se bua mme ba mo pega molato wa gore o na le badimona. Ba ne ba gana tsela ya tshiamo e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Mo letlhakoreng le lengwe, bakgethisi ba baleofi le diaka ba ba neng ba dumela bosupi jwa ga Johane ba ne ba ikwatlhaya mme ba kolobediwa. Moragonyana, ba ne ba amogela Jesu Keresete jaaka Mesia.—Mathaio 21:25-32; Luke 7:31-33.

Mesia o a Itsisiwe

Ka dikgwedi tse thataro—go simolola ka dikgakologo tsa 29 C.E. go felela ka letlhabula la teng—mosupi yo o ikanyegang wa Modimo, Johane, o ne a tlhokomedisa Bajuta go goroga ga ga Mesia. E ne e le nako ya gore Mesia Kgosi a tle. Mme fa a ne a goroga, o ne a tla kwa go one metsi ao a Joretane mme a kopa gore a kolobediwe. Kwa tshimologong Johane o ne a gana mme morago a dumalana. A o ko o akanye fela ka fa a neng a itumela ka teng fa moya o o boitshepo o ne o fologela mo go Jesu mme lentswe la ga Jehofa le utlwala a itumelela Morwawe.—Mathaio 3:13-17; Mareko 1:9-11.

Johane e ne e le ene motho wa ntlha go amogela Jesu jaaka Mesia mme o ne a itsise barutwa ba gagwe ka Yo o Tloditsweng yono. Johane o ne a bolela jaana: “Bonang kwana wa Modimo, yo o tlosang boleo jwa lefatshe!” Gape o ne a bolela jaana: “Ke ene yo ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Morago ga me go tla monna yo o bileng a ntse pele ga me; gonne o ne a le yo pele ga me.’ Mme ka bo ke sa mo itse; ke tsile ke kolobetsa ka metsi gore a tle a senolelwe Iseraele.”—Johane 1:29-37.

Johane o ne a tsweledisa tiro ya gagwe ka nako e e tshwanang le e Jesu a neng a le mo bodireding ka yone ka dikgwedi tse di ka nnang thataro. Mongwe le mongwe wa bone o ne a tlhaloganya tiro e yo mongwe a neng a e dira. Johane o ne a itsaya jaaka tsala ya Monyadi mme o ne a itumelela go bona Keresete a gola, fa ene le tiro ya gagwe a ngotlega.—Johane 3:22-30.

Jesu o ne a tlhalosa gore Johane e ne e le moetapele wa gagwe, yo o neng a tshwantshediwa ke Elija. (Mathaio 11:12-15; 17:12) Ka nako nngwe, Jesu o ne a re: “Molao o ntse o le teng le baperofeti go tla go fitlha mo go Johane; e sa le ka lobaka loo Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo a ntse a rerwa, mme mongwe le mongwe o tsena mo go lone ka go ikeka.”—Luke 16:16.

O ne A Ikanyega go ya Fela Kwa Bofelong

Johane o ne a tshwarwa a ba a tsenngwa mo kgolegelong ka gore o ne a bolela boammaaruri ka bopelokgale. Ga a ka a tila boikarabelo jwa gagwe go senola le e leng jone boleo jwa ga Kgosi Herote. Kgosi eo e ne e tsuolotse molao wa Modimo ka go dira boaka ka mosadi wa ga morwadiarraagwe, e bong Herotiase. Johane o ne a bua ka bopelokgale a tlhalosa kgang ya gagwe sentle gore gongwe monna yono o ka ikwatlhaya mme Modimo a mo utlwela botlhoko.

A bo Johane e ne e le sekao se se molemo jang ne sa motho yo o nang le tumelo le lorato! O ne a itshupa gore o ne a ikanyega mo go Jehofa Modimo e bile a rata batho ka go intsha setlhabelo. Morago ga Johane a sena go tsenngwa mo kgolegelong ka lobaka lwa ngwaga, o ne a kgaolwa tlhogo ka ntlha ya leano le le neng le tlhotlhelediwa ke Diabolo mme le logilwe ke Herotiase yo o bosula, yo e neng e le “mmaba wa gagwe.” (Mareko 6:16-19; Mathaio 14:3-12) Mme moetapele wa ga Mesia o ne a boloka bothokgami jwa gagwe go Jehofa mme o tla tloga a tsosiwa mo baswing gore a ipelele botshelo mo lefatsheng la Modimo la tshiamo.—Johane 5:28, 29; 2 Petere 3:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela