LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 6/1 ts. 3-5
  • Tsholofetso ya Lefatshe le le Senang Tsietso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsholofetso ya Lefatshe le le Senang Tsietso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsietsa Go a Go Ama
  • Se Baebele E se Re Bolelang
  • Batho ba ka Fetoga
  • Tsholofetso ya ga Jehofa
  • Ke Eng Fa go Na le Tlolomolao e e Kanakana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Go Lwantsha Tlolomolao ka Tšhaka ya Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Bonweenwee—Bo Aname go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Bogosi Jwa Modimo—Puso E e Se Nang Bonweenwee
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 6/1 ts. 3-5

Tsholofetso ya Lefatshe le le Senang Tsietso

TSIETSO e gongwe le gongwe koo go nang le batho gone. E ka tswa e le mo pusong, mo saenseng, mo metshamekong, mo bodumeding, kana mo kgwebong, go bonala tsietso e sa kgone go laolwa.

Go na le dikgang tse di hutsafatsang tse di tlhagelelang mo metsweding ya tshedimosetso tse di malebana le matlhabisaditlhong a tsietso mo lefatsheng lotlhe. Batho ba le bantsi ba ba ileng ba solofetsa gore ba tla direla setšhaba ba lemogilwe gore ba amogela dipipamolomo le go fokotsa ditlhwatlhwa gore bone ka bobone ba solegelwe molemo. Bokebekwa jo go ka tweng ke jwa babereki ba diofisi bo aname. Batho ba ba ntseng ba oketsega ba maemo a a kwa godimo mo setšhabeng le ba ba nang le madi a mantsi ba na le melato e e masisi ya boitsholo le ya bokebekwa jo bo amanang le ditiro tsa bone.

Batho ba amegile thata ka se lokwalopaka longwe lwa kwa Yuropa lo neng lwa se bitsa “‘go tsietsa ga batho ba maemo a a kwa godimo’—e leng mo badiredi ba bagolo, baemedi ba puso, mme gangwe le gape le baeteledipele ba puso ba batlang madi pele ba ka dumela gore go rekwe sengwe se segolo kana go dirwe tiro nngwe e kgolo.” Kwa nageng nngwe “dipatlisiso tse mapodisi a neng a di dira ka dingwaga di le pedi le go tswalela batho mo e ka nnang letsatsi le letsatsi ga go a ka ga dira gore batho ba go tsietsa go ba tseneng mo mading ba tlogele,” go bolela jalo makasine wa kwa Boritane wa The Economist.

E re ka go tsietsa go aname thata jaana gompieno, batho ba le bantsi ba akanya gore ga go na motho ope yo ba ka mo ikanyang. Ba ikutlwa jaaka mokwadi wa Baebele Dafite fa a ne a bolela jaana: “Ba fapogile botlhe fela; ba leswefetse mmogo; ga go na ope yo o dirang molemo, nnyaa, le fa e le yo mongwe fela.”—Pesalema 14:3.

O kgona jang go itshokela tsietso e e anameng mo lefatsheng lotlhe? Batho ba le bantsi gompieno ba go itlhokomolosa fela. Mme lefa o ka itlhokomolosa tsietso, e tla nna e go utlwisa botlhoko. Jang?

Go Tsietsa Go a Go Ama

Go tsietsa ka selekanyo se se kwa godimo mmogo le ka se se kwa tlase gotlhe go dira gore batho ba tlhoke madi a mantsi mo botshelong, go fokotsa boleng jwa dilwana, e bile go dira gore ditiro di fokotsege le gore go nne le dituelo tse di kwa tlase. Ka sekai, go fopholediwa gore bokebekwa jo bo ntseng jaaka go kunya madi le go tsietsa ka one go ja bobotlana madi a a lekanang le a a tserweng ka go thubelwa, go thukuthwa, le ke bogodu go menagane makgetlho a le lesome. The New Encyclopædia Britannica (1992) e bolela gore “madi a a sentsweng mo bokebekweng jo bo leng mo dikgwebong tse dikgolo kwa United States bo ka lekana le $200 000 000 000 [R526 000 000 000] ka ngwaga—bo feta tlhwatlhwa ya bokebekwa jo bo rulagantsweng go menagane gararo.” Buka eno e tlhalosa gore le mororo matswela a jone a ka se ka a lemogiwa ka bonako “bokebekwa jo bo ntseng jalo bo ama pabalesego ya badiredi, batho ba ba rekang le tikologo thata.”

Matswela a a hutsafatsang a tsietso a re gakolola mafoko a ga Kgosi Solomone a a reng: “Foo ka menoga mme ka bona dipatiko tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi; mme bonang, dikeledi tsa ba ba patikwang, mme ba bo ba se na mogomotsi; mo ntlheng ya bapatiki ba bone go ne go le nonofo, mme bone ba bo ba se na mogomotsi.”—Moreri 4:1.

A rona he, re tshwanetse go ineela mo tsietsong? A ga go na kafa e ka tilwang ka teng? A lefatshe le go senang tsietso mo go lone ke toro fela e e se kitlang e diragadiwa? Ka lesego, ga go a nna jalo! Baebele e re ruta gore tshiamololo le boikepo bo tla tloga bo tlosiwa.

Se Baebele E se Re Bolelang

Baebele e re bolelela gore tsietso e ile ya simologa fa moengele yo o maatla a tsuologela Modimo a bo a tlhotlheletsa banyalani ba ntlha gore le bone ba tsuologe. (Genesise 3:1-6) Ga ba a ka ba solegelwa molemo ka gope ka ntlha ya boleo jo ba bo dirileng. Go na le moo, go tloga ka letsatsi le Adame le Efa ba neng ba leofela Jehofa Modimo ka lone, ba ne ba simolola go boga ka ntlha ya ditlamorago tsa tsietso. Mebele ya bone e ne ya simolola go koafala ka bonya, e leng selo se se neng sa dira gore ba feleletse ba sule. (Genesise 3:16-19) Fa e sa le ka nako eo, hisitori e supa fa go na le dikai tse dintsi tsa pipamolomo, boferefere le tsietso. Lefa go ntse jalo, go bonala fa bontsi jwa batho ba ba dirang dilo tseno ba sa otlhaiwe.

Go farologana le dikebekwa tse di tlwaelegileng, ga se gantsi batho ba maemo a a kwa godimo le boradipolotiki ba ba tsietsang ba ya kgolegelong kana ba busa dilo tse ba di tsereng ka tsietso. Ka ntlha ya tsela e ba tsayang dipipamolomo ka sephiri ka gone, le ka mo ba tsietsang ka teng, le ka moo ba duelang madi a pipamolomo mo sephiring ka gone, gantsi go dira gore go nne thata gore go tsietsa ga maemo a a kwa godimo go senolwe. Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore go nna le lefatshe le go senang tsietso mo go lone ke toro e e se kitlang e diragadiwa.

Jehofa Modimo, Mmopi wa batho ke ene a tla re gololang mo tsietsong eno. Modimo ke ene fela a tla tlisang tharabololo ka go tsaya kgato. Ka ntlha yang? Ka gonne mmaba wa batho yo o sa bonaleng e bong Satane Diabolo, o ntse a tswelela pele go tsietsa batho. Jaaka fa re bala mo go 1 Johane 5:19, “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.” Ke eng se sengwe se se ka tlhalosang go oketsega ga tsietso botoka go feta seno—bontsi jwa yone bo dirwa mme go sena kgato epe e e tsewang?

Maatla a motho a ka se ka a kgona go fenya Satane le badimona ba gagwe. Modimo ke ene fela a ka tsayang kgato ya go isa batho ba ba kutlo “mo kgololesegong ya kgalalelo ya bana ba Modimo.” (Baroma 8:21) Jehofa o solofetsa gore go ise go ye kae Satane o tla bo a kganetswe gore a se ka a tlhola a tsietsa batho gape. (Tshenolo 20:3) Fa e le ga jaanong, fa e le gore re batla go tshela mo lefatsheng la Modimo le lesha le go senang tsietso mo go lone, re tshwanetse gore re gane mekgwa ya go tsietsa ya lefatshe leno.

Batho ba ka Fetoga

Mo metlheng ya ga Jesu Keresete, go ne go na le batho ba ba neng ba dirisa maatla a bone ka tsela e e sa tshwanelang mme ba gatelela batho ba bangwe. Ka sekai, bakgethisi ba ne ba itsege thata ka ditsela tsa bone tse di bosula. Ba ne ba dira seno lefa molao wa Modimo o ne o bolela jaana ka tlhamalalo: “O se ka wa amogela neo epe, gonne neo e tle e foufatse ba ba bonang, e fapose mo go sekwang ga mosiami.” (Ekesodo 23:8) Sakaio yo e neng e le mokgethisi yo mogolo, o ne a dumela gore o gapetse batho dilo ka patiko. Go na le gore Jesu a tlhotlheletse batho ba le bantsi gore ba fetoge, o ne a bua le batho ka namana gore ba sokologe le gore ba tlogele ditsela tsa bone tsa tsietso. Ka ntlha ya seo, bakgethisi ba ba neng ba itsege ka go tsietsa ba ba tshwanang le Mathaio le Sakaio ba ne ba tlogela mokgwa o ba neng ba tshela pele ka one.—Mathaio 4:17; 9:9-13; Luke 19:1-10.

Batho ba ba sa ikanyegeng gompieno le bone ba ka tlogela bosula ka go apara “motho yo moša, yo ka fa Modimong o bopilweng mo tshiamong, le mo boitshepong jwa boammaaruri.” (Baefeso 4:24) Go ka tswa go se motlhofo go duela makgetho ka boikanyegi kana go tlogela go nna le seabe mo dilong tse di belaetsang. Lefa go ntse jalo, maiteko lefa e ka nna afe a motho a a dirang a a duela.

Batho ba ba sa tlholeng ba laolwa ke lefatshe le le tletseng tsietso leno, ba ba amegileng ka batho ba bangwe ba na le kagiso ya mogopolo. Ga ba tshwenyege ka gore ba tla tshwarwa ba dira bosula. Go na le moo, ba na le segakolodi se se phepa. Ba etsa sekao se se mo Baebeleng sa ga moperofeti Daniele. Pego ya Baebele e bolela gore balaodi ba ne ba leka go bona seipato sa go pega Daniele molato. “Mme ba se ka ba bona seipato le fa e le molato; gonne o ne a le boikanngo, mme go ne go sa fitlhelwe timelo le fa e le molato mo go ene.”—Daniele 6:4.

Tsholofetso ya ga Jehofa

Jehofa o solofetsa gore “le fa moleofi a dira bosula ga lekgolo, a ba a golola metlha ya gagwe, le fa go ntse jalo, ruri ke a itse fa go tlaa nna molemo mo go ba ba boifang Modimo, ba boifa fa pele ga one; mme ga go ketla go nna molemo mo moikeping, le gone ga a ketla a golola malatsi a gagwe a a ntseng jaaka moriti; ka a sa boife fa pele ga Modimo.”—Moreri 8:12, 13.

A bo go tla itumedisa jang ne fa tsietso e tla bo e sa tlhole e dira gore go nne le bohutsana! A bo e le lesego jang ne go tshelela ruri mo lefatsheng le go senang tsietso mo go lone! Seno ga se toro fela. Baebele e bua ka ‘tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng, jo Modimo, o o sa ka keng wa aka, o bo solofeditseng batho pele ga metlha e e se nang tshimologo.’ (Tito 1:2) Fa e le gore o ila tsietso mme o rata tshiamo, tota o ka kgona go bona tsholofetso ya Modimo ya lefatshe le go senang tsietso mo go lone e diragadiwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Tsietso e aname mo pusong le mo go tsa kgwebo

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Tsietso gantsi e ama ditirisano le badiredi ba setšhaba

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela