Batho Ba ba Nnang Mmogo mo ‘Lefatsheng’ le le Tsosolositsweng
“Lona lo tlaa bidiwa baperesiti ba ga Jehofa; batho ba tlaa lo bitsa badiredi ba Modimo wa rona.”—ISAIA 61:6.
1, 2. (a) Seemo sa basokologela Sejuteng kwa Iseraele e ne e le sefe? (b) Maloko a “boidiidi jo bogolo” a ile a bontsha boikutlo bofe mo metlheng ya segompieno?
MO METLHENG ya bogologolo, fa Baiseraele ba ne ba ikanyega ba ne ba direla mo lefatsheng jaaka bosupi jwa kgalalelo ya ga Jehofa. (Isaia 41:8, 9; 43:10) Batho ba le bantsi ba ditšhaba di sele ba ne ba amogela bosupi mme ba tla go obamela Jehofa mmogo le batho ba Gagwe ba a ba itlhophetseng. Totatota, ba ne ba raya Baiseraele se Ruthe a neng a se raya Naomi: “Batho ba gaeno e tlaa nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tlaa nna Modimo wa me.” (Ruthe 1:16) Ba ne ba ikobela ditumalano tsa kgolagano ya Molao, banna ba rupisiwa. (Ekesodo 12:43-48) Bangwe ba basadi ba teng ba ne ba nyalwa ke Baiseraele. Rahabe wa kwa Jeriko le Ruthe wa kwa Moaba ba ne ba nna bagologolwane ba ga Jesu Keresete. (Mathaio 1:5) Batho bao ba ba neng ba sokologetse Sejuteng ba ne ba le karolo ya phuthego ya Iseraele.—Duteronome 23:7, 8.
2 Fela jaaka basokologela Sejuteng kwa Iseraele, ba “boidiidi jo bogolo” gompieno ba reile masalela a batlodiwa ba re: “Re tlaa ya le lona, gonne re utlwile fa Modimo o ntse le lona.” (Tshenolo 7:9; Sekaria 8:23) Ba lemoga gore Bakeresete bano ba ba tloditsweng ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” wa ga Jehofa, mme ba dira gaufiufi le ene mo eleng gore batlodiwa le “dinku di sele” ke “letsomane le le lengwe fela, le modisa a le mongwe fela.” (Mathaio 24:45-47; Johane 10:16) Ke eng se se tla diragalelang ba boidiidi jo bogolo fa barwarraabone ba ba tloditsweng ba neelwa tuelo ya bone ya selegodimo? Ga ba a tshwanela go boifa. Mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ Jehofa o ile a baakanyetsa nako eo.—2 Timotheo 3:1.
“Lefatshe” la Semoya
3. “Magodimo a maša” a a boleletsweng pele ke Petere ke eng, mme a ne a tlhomiwa leng?
3 Moaposetoloi Petere o ne a bolelela pele ka thulaganyo ya selegodimo e e busang e Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 ba tla nnang karolo ya yone. O ne a re: “Ka fa polelong ya one ya tsholofetso, re lebeletse magodimo a maša, le lefatshe le leša, a go tlaa agang tshiamo mo go one.” (2 Petere 3:13) “Magodimo a maša” ano a ne a tlhomiwa ka 1914, fa Keresete a ne a tlhomiwa jaaka Kgosi mo Bogosing jwa selegodimo. Mme go tweng ka “lefatshe le leša”?
4. (a) Go ne ga diragala eng se se neng se sa solofelwa ka 1919? (b) ‘Morafe o o belegetsweng gongwe fela,’ e ne e le eng mme ‘naga e e tsetsweng’ e ne e le eng?
4 Ka 1919, Jehofa o ne a rekolola masalela a a tloditsweng mo botshwarweng jwa kwa Babilone O Mogolo. (Tshenolo 18:4) Baeteledipele ba Labokeresete ba ne ba sa lebelela tiragalo eno e e kgatlhang gotlhelele. Baebele e bolela jaana ka yone: “Mang yo o kileng a utlwa selo se se ntseng jalo? Mang yo o bonyeng tse di ntseng jalo? A lefatshe le ka tsalwa ka letsatsi le le lengwe fela? A morafe o ka belegelwa gongwe fela?” (Isaia 66:8) Fa phuthego e e tloditsweng e ne e tlhagelela ka tshoganetso fa pele ga merafe jaaka batho ba ba golotsweng, eleruri e ne e le morafe o o ‘belegetsweng gongwe fela.’ Mme lefa go ntse jalo “lefatshe” e ne e le eng? Ka tsela nngwe, e ne e le sengwe se se tshwanang ka tsela ya semoya le lefatshe la Iseraele wa bogologolo. E ne e le lefelo la tiro le le neng le neetswe “morafe” o o sa tswang go tsalwa, lefelo le boperofeti jwa buka ya Isaia jo bo buang ka Paradaise bo neng bo tla diragadiwa mo go lone gone jaanong, ka tsela ya semoya. (Isaia 32:16-20; 35:1-7; bapisa Bahebere 12:12-14.) Gongwe le gongwe kwa Mokeresete a ka tswang a le teng ka mmele, o mo ‘lefatsheng’ leo.
5. Ke motheo ofe o o neng wa simolola go nna teng ka 1919? Tlhalosa.
5 Seno se ne se amana jang le “lefatshe le leša” le Petere a neng a bolelela pele ka lone? Gone, “morafe” o mosha oo, o o tsetsweng ka 1919 mo ‘lefatsheng’ le le tsosolositsweng, o ne o tla gola o nna phuthego ya lefatshe lotlhe e bopilwe ka batlodiwa le babaki ba ga Jehofa ba e seng batlodiwa. Phuthego eno e tla falola Haramagetone e bo e tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo. Ka tsela eno morafe o o ka lejwa jaaka motheo wa setšhaba sa batho ba ba siameng, lefatshe le lesha, le le tla nnang teng fa lefatshe la ga Satane le sena go senngwa.a Mo magareng a bo1930, batlodiwa, jaaka setlhopha, ba ne ba kokoanyeditswe mo lefatsheng le le tsosolositsweng. Fa e sale ka nako eo, go ntse go gatelelwa go kokoanngwa ga boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele, tse gompieno di fitlhileng go palo e e batlileng e le dimilione tse tlhano. (Tshenolo 14:15, 16) A “lefatshe” leo le a penologa ka batho? Nnyaa, melelwane ya lone e kgona go katolosiwa ka selekanyo se se tlhokegang. (Isaia 26:15) Eleruri go a kgatlha go bona palo ya batho ba lone e gola jaaka masalela a batlodiwa a tlatsa “lefatshe” ka “loungo”—dijo tse di itekanetseng, tse di tlhagafatsang tsa semoya. (Isaia 27:6) Mme lefa go ntse jalo maemo a dinku di sele tseno ke afe mo ‘lefatsheng’ le le tsosolositsweng la batho ba Modimo?
Baeng ba Tlhagafetse mo ‘Lefatsheng’
6. Baeng ba ntse ba tlhagafetse jang mo ‘lefatsheng’ la batho ba Modimo?
6 Fela jaaka basokologela Sejuteng kwa nageng ya Iseraele ba ne ba ikobela Molao wa ga Moshe, boidiidi jo bogolo gompieno bo utlwa ditaolo tsa ga Jehofa mo ‘lefatsheng’ le le tsosolositsweng. Ba rutiwa ke barwarraabone ba ba tloditsweng, mme ba ithiba mo mefuteng yotlhe ya kobamelo ya maaka e bile ba tsaya madi a le boitshepo. (Ditiro 15:19, 20; Bagalatia 5:19, 20; Bakolosa 3:5) Ba rata Jehofa ka pelo yotlhe ya bone, ka tlhaloganyo, moya le maatla otlhe a bone e bile ba rata moagisani wa bone jaaka ba ithata. (Mathaio 22:37; Jakobe 2:8) Kwa Iseraele wa bogologolo batho ba ba sokologetseng mo Sejuteng ba ne ba thusa go aga tempele ya ga Solomone gape ba ne ba tshegetsa tiro ya go busetsa bodumedi jwa boammaaruri. (1 Ditirafalo 22:2; 2 Ditirafalo 15:8-14; 30:25) Gompieno, boidiidi jo bogolo le jone bo nna le seabe mo ditirong tsa go aga. Ka sekai, ba thusa go bopa diphuthego le dipotologo, re sa bue sepe ka go tsenelela mo ditirong tsa go aga dikago tse di bonalang, tse di jaaka go aga Diholo tsa Bogosi, Diholo tsa Dikopano, le dikago tsa makala.
7. Go ne ga diragala eng kwa Jerusalema morago ga nako ya botshwarwa fa go ne go sena Balefi ba ba lekaneng go ka dira ditiro tsa tempele?
7 Ka 537 B.C.E., fa Baiseraele ba ne ba boa kwa botshwarwa kwa Babilone, ba ne ba simolola go rulaganya tiro kwa lefelong la tempele. Lefa go ntse jalo, Balefi ba ba neng ba boa ba ne ba se bantsi thata. Ka jalo, Banethinime—baeng ba ba rupisitsweng ba pele ba neng ba thusa Balefi—ba ne ba neelwa ditshiamelo tse di oketsegileng mo tirelong ya tempele. Lefa go ntse jalo, ba ne ba sa lekane ka maemo le baperesiti ba ba tloditsweng ba lelapa la ga Arone.b—Esera 7:24; 8:15-20; Nehemia 3:22-26.
8, 9. Dinku di sele di nnile le seabe se se ntseng se oketsega jang mo tirong ya go dira tirelo e e boitshepo mo metlheng ya bofelo?
8 Bakeresete ba ba tloditsweng gompieno ba ile ba latela mokgwa ono. Jaaka ‘motlha wa bokhutlo’ o ntse o feta, masalela a batlodiwa a ntse a fokotsega thata mo ‘lefatsheng’ la batho ba Modimo. (Daniele 12:9; Tshenolo 12:17) Ka ntlha ya seno, ba boidiidi jo bogolo jaanong ba diragatsa bontsi jwa tiro ya go dira “tirelo e e boitshepo.” (Tshenolo 7:15, NW) Ba “isets[a] Modimo tshupelo ya pako ka ene ka metlha yotlhe, e bong loungo lwa melomo e e ipolelang leina la gagwe,” ba dira jalo ba eteletswe pele ke barwarraabone ba ba tloditsweng. Ga ba ‘lebale go dira molemo le go thusanya,’ ba itse gore “Modimo o kgatlhwa ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.”—Bahebere 13:15, 16.
9 Mo godimo ga moo, e re ka boidiidi jo bogolo bo ntse bo oketsega ka makgolo a le diketekete ngwaga le ngwaga, go tlhokega thata gore go nne le bolebedi. Ka nako nngwe balebedi e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng fela. Jaanong, bontsi jwa diphuthego, mmogo le dipotologo, dikgaolo, le makala di okametswe ke ba dinku di sele ka gonne go tlhokega jalo. Ka 1992, ba le mmalwa ba bone ba ne ba fiwa tshiamelo ya go nna gone kwa dikokoanong tsa dikomiti tsa Setlhopha se se Laolang ba bo ba direla jaaka bathusi fela ba ba sa direng ditshwetso. Lefa go ntse jalo, ba dinku di sele ba tswelela pele ba ikanyega go Bakeresetekabone ba ba tloditsweng e bile ba bona e le tshiamelo gore ba ba tshegetse jaaka e le motlhanka yo boikanngo le yo o botlhale wa ga Jehofa.—Mathaio 25:34-40.
“Jaaka Kgosana”
10, 11. Fela jaaka bangwe ba Bafilisitia, bangwe ba e kileng ya bo e le baba ba batho ba Modimo ba ile ba fetola megopolo jang? Seo se ne sa felela ka eng?
10 Tsela e motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale a dirisitseng dinku di sele ka yone mo maemong a boikarabelo e ne ya bolelelwa pele mo go Sekaria 9:6, 7. E balega jaana: “Ke tlaa kgaola pelafalo ya Bafilisitia. Ke tlaa tlosa madi a gagwe mo ganong la gagwe, le dilo tse di makgapha tsa gagwe mo gare ga meno a gagwe; le ene o tlaa nna lesalela la Modimo wa rona; o tlaa nna jaaka kgosana mo Juta, le Ekerone jaaka Mojebuse.”c Bafilisitia e ne e le baba ba ba maswe ba batho ba ga Jehofa, fela jaaka lefatshe la ga Satane le ntse gompieno. (1 Johane 5:19) Fela jaaka Bafilisitia e ne ya re kgabagare ba nyelediwa jaaka setšhaba, lefatshe leno le lone, mmogo le dikarolo tsa lone tsa bodumedi, tsa bopolotiki, le tsa papadi, go ise go ye kae di tla senngwa ke Jehofa ka bogale.—Tshenolo 18:21; 19:19-21.
11 Lefa go ntse jalo, go ya ka mafoko a ga Sekaria, Bafilisitia bangwe ba ne ba fetola maikutlo, mme seno se ne se tshwantshetsa pele gore batho bangwe ba lefatshe gompieno ba ne ba se kitla ba tswelela pele e le baba ba ga Jehofa. Ba ne ba tla tlogela boaka jwa bodumedi le dingwao tsa jone tse di makgapha le ditlhabelo tsa jone tse di makgapha mme ba phepafadiwe mo matlhong a ga Jehofa. Mo motlheng wa rona “Bafilisitia” ba ba ntseng jalo ba ba fetogileng ba fitlhelwa mo boidiiding jo bogolo.
12. Mo metlheng ya segompieno, “Ekerone” o setse a ntse “jaaka Mojebuse” jang?
12 Go ya ka boperofeti, motse o mogolo wa Bafilisitia wa Ekerone o ne o tla nna “jaaka Mojebuse.” Bajebuse le bone ba ne ba kile ba nna baba ba Baiseraele. Jerusalema e ne e laolwa ke bone go fitlha Dafite a e gapa. Lefa go ntse jalo, go bonala sentle gore bangwe ba batho ba ba falotseng dintwa tse di neng di lowa le Baiseraele ba ne ba sokologela mo Sejuteng. Ba ne ba direla mo lefatsheng la Iseraele e le batlhanka ba bo ba nna le tshiamelo ya go dira mo kagong ya tempele. (2 Samuele 5:4-9; 2 Ditirafalo 8:1-18) Gompieno, “Baekerone” ba ba simololang go obamela Jehofa le bone ba na le ditshiamelo tsa go direla mo ‘lefatsheng’ ba okametswe ke motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.
13. Dikgosana e ne e le eng mo lefatsheng la bogologolo?
13 Sekaria o bolela gore Mofilisitia o ne a tla nna jaaka kgosana (sheikh, NW) mo Juta. Lefoko la Sehebera ʼal·luphʹ, fa le ranotswe go nna “kgosana” le kaya “moeteledipele wa dikete” (kana, “chiliarch”). E ne e le maemo a a kwa godimo fela thata. Go bonala gore morafe wa pele wa Edoma o ne o na le dikgosana di le 13 fela. (Genesise 36:15-19) Lefoko “kgosana” ga se gantsi le dirisiwa fa go buiwa ka Iseraele, mme tlhaloso “molaodi wa (kana tlhogo ya) makgolo a makgolo” e dirisiwa gantsi. Fa Moshe a ne a bitsa baemedi ba setšhaba sa Iseraele, o ne a bitsa “ditlhogo tsa dikete tsa Iseraele.”d Ba ne ba le 12, le gone go lebega ba ne ba fetwa ke Moshe fela ka maemo. (Dipalo 1:4-16, NW) Ka tsela e e tshwanang, mo thulaganyong ya sesole, balaodi ba dikete ba ne ba le kwa tlase ga mojenerale fela kana kgosi ka maemo.—2 Samuele 18:1, 2; 2 Ditirafalo 25:5.
14. Gompieno “Mofilisitia” o tshwana le kgosana jang?
14 Sekaria ga a ka a bolelela pele gore Mofilisitia yo o ikwatlhayang tota o ne a tla nna kgosana kwa Iseraele. Go ne go ka se ke go tshwanele, ka gonne e ne e se Moiseraele wa tlholego. Mme lefa go ntse jalo o ne a tla nna jaaka kgosana, a na le maemo a taolo a a tshwanang le a kgosana. Mme go diragetse fela jalo. Fa masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng a ntse a fokotsega ka palo le bontsi jwa ba ba setseng bo fela maatla ka ntlha ya dingwaga tsa bone, dinku di sele tse di thapisitsweng sentle, di a thusa fa go tlhokega. Ga ba batle go tlosa barwarraabone ba ba tloditsweng mo maemong a bone. Mme lefa go ntse jalo motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale o ba neela thata fa go tlhokega mo ‘lefatsheng’ gore phuthego ya Modimo e kgone go tswelela e gatela pele ka tsela e e nang le thulaganyo. Kgatelopele eo e e sa kgaotseng e bonwa mo boperofeting jo bongwe gape.
Baperesiti le Balemi
15. (a) Fa go diragadiwa Isaia 61:5, 6, ke bomang ba e leng “baperesiti ba ga Jehofa,” mme ba direla mo maemong ano ka botlalo leng? (b) “Baeng” ba ba dirang tiro ya temothuo mo Iseraele ke bomang, mme tiro eno e akaretsa eng—ka tsela ya semoya?
15 Isaia 61:5, 6 e balega jaana: “Baeng ba tlaa ema ba fudisa matsomane a lona, ba ditšhaba ba tlaa nna balemedi ba lona le babaakanyetsi ba lona ba mafine. Lona lo tlaa bidiwa baperesiti ba ga Jehofa; batho ba tlaa lo bitsa badiredi ba Modimo wa rona; lo tlaa ja mafumo a merafe, lo tlaa itlotla ka kgalalelo ya yone.” Gompieno, “baperesiti ba ga Jehofa” ke Bakeresete ba ba tloditsweng. Ka kgopolo ya bofelo e bile e le e e feletseng, ba tla direla jaaka “baperesiti ba ga Jehofa . . . , badiredi ba Modimo wa rona,” mo Bogosing jwa selegodimo. (Tshenolo 4:9-11) “Baeng” ba ba dirang tiro ya temothuo ke bomang? Bano ke dinku di sele, ba ba nnang mo ‘lefatsheng’ la Iseraele wa Modimo. Go disa, go lema, le go baakanya mafine mo go tweng ba go dire ke eng? Ditiro tseno fa di lejwa ka tsela e e botlhokwa ya semoya, di amana le go thusa, go tlamela le go kotula batho.—Isaia 5:7; Mathaio 9:37, 38; 1 Bakorinthe 3:9; 1 Petere 5:2.
16. Ke bomang ba e tla reng kgabagare ba bo ba dira tiro yotlhe mo ‘lefatsheng’ la batho ba Modimo?
16 Gone jaanong, go setse palonyana ya Baiseraele ba semoya mo lefatsheng ba ba nnang le seabe mo go diseng, mo go lemeng, le mo go tlhokomeleng mafine ka tsela ya semoya. Fa phuthego e e tloditsweng yotlhe e setse e kopantswe le Keresete, tiro eno yotlhe e tla tlogelelwa dinku di sele. Tota le go okamelwa ke batho ga “lefatshe” ka nako eo go tla bo go le mo diatleng tsa dinku di sele tse di tshwanelang, tse mo bukeng ya Esekiele di bidiwang setlhopha sa dikgosana.—Esekiele, dikgaolo 45, 46.e
“Lefatshe” le Nnela Ruri
17. Jehofa o ntse a dira dipaakanyetso dife mo metlheng eno ya bofelo?
17 Ee, boidiidi jo bogolo ga bo a tshwanela go boifa! Jehofa o ba diretse dipaakanyetso tse di lekaneng. Tiragalo ya botlhokwa thata mo lefatsheng mo metlheng eno ya bofelo e ntse e le go kokoanngwa le go kanwa ga batlodiwa. (Tshenolo 7:3) Lefa go ntse jalo, fa Jehofa a ntse a tlhomamisa gore seno se a dirwa, o dirile gore dinku di sele di dirisane le bone mo lefatsheng le le tsosolositsweng la semoya. Ba ile ba fiwa dijo tsa semoya koo ba bo ba thapisediwa go tshela ka tsela ya Bokeresete. Mo godimo ga moo, ba ile ba thapisediwa tirelo e e boitshepo sentle, go akaretsa le bolebedi. Ba leboga Jehofa thata ka ntlha ya seno le barwarraabone ba ba tloditsweng.
18. Dinku di sele di tla itshokela ditiragalo dife ka boikanyegi mo ‘lefatsheng’ la Iseraele wa semoya?
18 Fa Goge wa Magoge a tlhasela batho ba Modimo la bofelo, dinku di sele di tla ema di tlhomame le masalela a batlodiwa mo ‘lefatsheng la metsana e e sa agelwang dithako.’ Ba dinku di sele ba tla bo ba santse ba le mo ‘lefatsheng’ leo fa ba falola go senngwa ga ditšhaba koo mme ba tsena mo lefatsheng la Modimo le lesha. (Esekiele 38:11; 39:12, 13; Daniele 12:1; Tshenolo 7:9, 14) Ba tla tswelela pele ba ikanyega, mme le ka motlha ga ba ketla ba tlhoka go tlogela lefelo leo le le itumedisang.—Isaia 11:9.
19, 20. (a) Mo lefatsheng le lesha, baagi ba “lefatshe” ba tla itumelela go okamelwa ka tsela e e molemolemo jang? (b) Re lebeletse eng ka boitumelo?
19 Baiseraele ba bogologolo ba ne ba busiwa ke dikgosi tsa batho mme ba ne ba na le baperesiti ba Balefi. Mo lefatsheng le lesha, Bakeresete ba tla bo ba okametswe ka tsela e e molemo fela thata. Ba le kafa tlase ga Jehofa Modimo, ba tla bo ba laolwa ke Moperesiti yo Mogolo le Kgosi, Jesu Keresete, le ke baperesiti le dikgosi tse di dirang le ene tse 144 000—bangwe ba bone e le ba ba neng ba ba itse pele e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete mono lefatsheng. (Tshenolo 21:1) Baagi ba ba ikanyegang ba lefatshe leo la semoya ba tla tshela mo lefatsheng le le tsosolositsweng go nna paradaise ya mmatota, ba itumelela masego a a fodisang a a tlisiwang ka Jerusalema o Mosha.—Isaia 32:1; Tshenolo 21:2; 22:1, 2.
20 Jaaka koloi ya ga Jehofa ya selegodimo e ntse e ya kwa pele e sa eme gore e diragatse maikaelelo a gagwe, rotlhe re lebile pele ka boitumelo jo bogolo go tla re diragatsa karolo ya rona e re e abetsweng. (Esekiele 1:1-28) Fa kgabagare maikaelelo ao a setse a diragaditswe, akanya fela gore go itshepisiwa ga ga Jehofa ga phenyo go tla itumelelwa ka boitumelo jo bogolo jang! Go tswa foo popo yotlhe e tla opela pina e e utlwalang sentle ya setšhaba e e kwadilweng mo go Tshenolo 5:13: “Pako, le tlotlo, le kgalalelo le puso, di nne kwa go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, le kwa go Kwana ka bosakhutleng le ka bosaengkae!” Lefa e le gore re tla bo re le kwa legodimong kana re le mo lefatsheng, a ga re eletse gore re bo re le teng, le rona mantswe a rona a tlhagelela mo pineng e ntle eo ya pako?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona “New Heavens and a New Earth,” e e gatisitsweng ka 1953 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 322-3.
b Go bona tlhaloso e e feletseng, bona setlhogo se se reng “Dilo Tse Jehofa A Di Re Nayang Ebong ‘Ba re Ba Neetsweng Ruri’” mo tokololong ya April 15, 1992, ya Tora ya Tebelo.
c Bona “The Nations Shall Know That I Am Jehovah”—How?, e e gatisitsweng ka 1971 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 401-7.
d Bona Paradise Restored to Mankind—By Theocracy!, e e gatisitsweng ka 1972 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 264-9.
e Sehebera: raʼ·shehʹ ʼal·phehʹ Yis·ra·ʼelʹ, le ranolwa ka go re khi·liʹar·khoi Is·ra·elʹ “dikgosana [chiliarchs] tsa Iseraele” mo go Septuagint.
O Araba Jang?
◻ Ka 1919 ke “lefatshe” lefe le le neng la tsosolosiwa, mme le ne la tladiwa jang ka baagi?
◻ Dinku di sele di ile tsa neelwa maikarabelo a a oketsegileng jang mo ‘lefatsheng’ la batho ba Modimo ba ba tsosolositsweng?
◻ Maloko a boidiidi jo bogolo a ntse jang “jaaka Mojebuse”? “jaaka kgosana mo Juta”?
◻ Dinku di sele tse di ikanyegang di tla tswelela pele di le mo ‘lefatsheng’ ka lobaka lo lokae?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Mofilisitia wa segompieno o tla nna “jaaka kgosana mo Juta”
[Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Batlodiwa le dinku di sele ba direla mmogo mo lefatsheng la semoya