O ka Atlega mo Dilong Tseno Tse di Kgoreletsang!
SEFOFANE se segolo thata sa jete se ka nna sa rwala makgolokgolo a bapagami le ditone tse dintsintsi tsa morwalo. Sefofane se se rweleng jalo se ka tlhatloga mo lefatsheng jang? Ka thuso fela ya maatla a tsholetso.
Fa sefofane se ntse se siane ka lebelo le legolo mo lebaleng, phefo e fokela kafa godimo le kafa tlase ga diphuka tsa sone tse di obegileng. Seno se dira gore go nne le maatla a a tswang kwa godimo a a bidiwang maatla a tsholetso. Fa sefofane se setse se fetlhile maatla ano a tsholetso se ka kgona go tlhatloga mo lefatsheng mme sa fofa. Ke boammaaruri gore sefofane se se rweleng thata se ka se kgone go fetlha maatla a a lekaneng a tsholetso gore se fofe mo phefong.
Le rona re ka rwala merwalo e e fetang selekanyo. Mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng, Kgosi Dafite o ne a bolela gore ‘ditshiamololo tsa gagwe di ne di le jaaka morwalo o o bokete, di mo imela.’ (Pesalema 38:4) Ka mo go tshwanang, Jesu Keresete o ne a tlhagisa ka ga go imelwa ke ditlhodiego tsa botshelo. (Luke 21:34) Go akanya le go ikutlwa ka tsela e e sa siamang go ka re imela mo re ka nnang ga lebega re palelwa ke go “fofa mo phefong.” A o imelwa ka tsela eo? Kana o ile wa nna le selo se se go kgoreletsang gore o gatele pele semoyeng? Fa go le jalo, ke eng se se ka go thusang?
A o Lapa Pelo?
Go lapa pelo—e leng selo se se tshwenyang batho thata gompieno—go ka kgoreletsa mogopolo, le e leng mo bathong bangwe ba ga Jehofa. Basha segolobogolo ke bone ba ba ratang go tlhokomologa ditiro dingwe tse ba akanyang gore di lapisa pelo. A ka dinako tse dingwe o a tle o ikutlwe ka tsela e e ntseng jalo ka dipokano tsa Bokeresete? Fa go le jalo, ke eng se o ka se dirang gore o kgatlhegele go nna gone kwa dipokanong?
Go nna le seabe ke selo sa konokono. Paulo o ne a kwalela lekawana Timotheo jaana: “O itshikinye mo poifomodimong: Gonne go tshikinya mmele go molemo mokhutshwane; mme poifomodimo e molemo ka ga dilo tsotlhe, ka e na le tsholofetso ka ga botshelo jwa gompieno, le ka ga jone jo bo tlaa tlang.” (1 Timotheo 4:7, 8) Buka e e bontshang ka go itekanela mo mmeleng e ne e ka re lapisa pelo e bile e ka se ka ya re solegela molemo fa re ne re ka se latele tsela ya go itshidila mo mmeleng e e akantshitsweng moo. Dipokano tsa Bokeresete di diretswe gore re dirise ditlhaloganyo tsa rona mme re ka dira jalo fa re baakanyetsa le go nna le seabe. Fa re nna le seabe jalo go tla dira gore dipokano di nne le maduo a mantsi mo go rona e bile di kgatlhe.
Mosadi mongwe yo mmotlana wa Mokeresete yo o bidiwang Mara o ne a bolela jaana malebana le seno: “Fa ke sa baakanyetse dipokano, ga ke di itumelele. Lefa go ntse jalo, fa ke baakanyeditse go sa le gale, tlhaloganyo ya me le pelo di amogela se se buiwang. Dipokano di nna mosola thata, mme o fitlhele ke batla go akgela.”
Go ithuta go reetsa le gone go ka thusa. Go reetsa mmino o o monate go motlhofo e bile go nna monate ka bonako. Ga se ka dinako tsotlhe go natefelwa ke selo go ka itlelang fela ka bonako. Re natefelwa ke thulaganyo ya dipokano fa fela re reetsa ka kelotlhoko se se bolelwang. Mokeresete mongwe yo o bidiwang Rachel o ne a bolela jaana: “Fa sebui se se matlhagatlhaga, ke tlhoka gore ke reetse ka kelotlhoko tota. Molao o ke o ipeetseng ke wa gore, ‘Fa puo e sa kgatlhe thata, ke tlhoka gore ke reetse ka kelotlhoko.’ . . . Ke reetsa dikwalo thatathata, gore di ntsholegele molemo thata mo ke ka kgonang ka gone.” Re tlhoka gore re ikgalemele gore re kgone go reetsa fela jaaka Rachel. Buka ya Diane e bolela jaana: “Morwaaka, tlhokomela botlhale jwa me; sekegela tlhaloganyo ya me tsebe.”—Diane 5:1.
Tshedimosetso nngwe e e rileng e e neelwang kwa dipokanong e ka nna ya bo e boelediwa. Seno se botlhokwa! Batlhanka botlhe ba Modimo ba tlhoka gore ba gakololwe. Go sa itekaneleng ga nama, dilo tse e ratang go di dira le go lebala motlhofo fela, di tlhoka thuso e e leng teng. Moaposetoloi Petere o ne a ‘iketleeditse go gopotsa badumedikaene ka dilo dingwe, le mororo ba ne ba di itse e bile ba tlhomame mo boammaaruring.’ (2 Petere 1:12) Jesu le ene o ne a tlhalosa gore “mokwadi mongwe le mongwe . . . o tshwana le mong wa ntlo, yo o ntshang dilo tse dintšha le tse dikgologolo mo lohumong lwa gagwe.” (Mathaio 13:52) Ka gone, lefa gone dipokano tsa rona di re neela dintlha tsa Dikwalo tse re di tlwaetseng, kana ‘mahumo a magologolo,’ ka metlha go nna go na le ‘mahumo a masha’ a a re itumedisang.
Fa o ititeile sehuba gore dipokano di go solegele molemo ka botlalo o ka tsholetsega semoyeng ka tsela ya mmatota. Jesu o ne a bolela jaana: “Go itumela bao ba amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng [bao ba kopang semoyeng].” (Mathaio 5:3, NW, ntlhanyana e e kwa tlase) Fa o ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo ka dijo tse di itekanetseng tsa semoya kwa dipokanong o tla thusega go sa lape pelo.—Mathaio 24:45-47.
A o Kgobilwe Marapo ke Motho yo o Tlhomileng Sekao se se Bosula?
A o ile wa kgopisiwa ke tsela e mongwe a itshwereng ka yone mo phuthegong ya lona? Gongwe o ile wa ipotsa gore, ‘Go tla jang gore mokaulengwe yoo a itshware ka tsela eo mme a bo a santse a na le leina le lentle?’ Go akanya ka tsela e e ntseng jalo go ka go kgoreletsa mo mogopolong, ga go thibela go bona botlhokwa jwa go nna le botsala jo bo monate le batho ba Modimo.—Pesalema 133:1.
Gongwe maloko mangwe a phuthego ya Kolosa a ka ne a ile a nna le bothata jo bo tshwanang le joo. Paulo o ne a ba kgothatsa jaana: “Lo iphapaanye mongwe le yo mongwe; lo itshwarelane, fa motho mongwe a na le ngongorego ka ga yo mongwe.” (Bakolosa 3:13) Paulo o ne a lemoga gore Bakeresete bangwe ba kwa Kolosa ba ka tswa ba ile ba itshwara ka tsela e e sa siamang mme ka gone ba dira gore ba bangwe ba nne le lebaka le le utlwalang la go ngongorega. Ka jalo ga re a tshwanela go gakgamala thata fa ka dinako tse dingwe mongwe wa bakaulengwe kana bokgaitsadi ba rona a tlhaela nonofo nngwe ya Bokeresete. Jesu o ne a naya kgakololo e e utlwalang malebana le go rarabolola mathata a a masisi. (Mathaio 5:23, 24; 18:15-17) Mme mo makgetlhong a le mantsi, re ka itshokela fela ditlhaelo tsa badumedikarona re bo re ba itshwarela. (1 Petere 4:8) E bile tota, fa re tsaya kgato e e ntseng jalo e ka re solegela molemo e bo e solegela le ba bangwe molemo. Ke ka ntlha yang fa go le jalo?
Diane 19:11 e bolela jaana: “Pharologanyo ya motho e mo dira gore a nne bonya go galefa; le gone ke kgalalelo ya gagwe go tlhokomologa tlolo.” A bo go le botoka jang ne go itshwarela go na le go letlelela go galefa le gore bogale bo tuke! Salvador, e bong mogolwane mongwe yo o itsiweng ka moya wa gagwe o o lerato, o ne a bolela jaana: “Fa mokaulengwe mongwe a sa ntshware sentle kana a mpua leswe, ke ipotsa jaana: ‘Ke ka thusa mokaulengwe yo wa me jang? Ke ka tila jang gore ke se latlhegelwe ke botsala jo bo botlhokwa thata le ene?’ Ka dinako tsotlhe ke etse tlhoko kafa go leng motlhofo ka teng go bua sengwe se se phoso. Fa mongwe a ka bua sengwe se se boeleele, selo se se mosola se a ka se dirang ke go lebala se a se buileng mme a simolole gape kwa tshimologong. Mme seo ga se motlhofo, ka jalo ke tsaya tsela e nngwe e e molemo e leng go itlhokomolosa kakgelo eo ya gagwe. Ke tsaya fela gore seo se bakilwe ke nama ya gagwe e e sa itekanelang e seng gore totatota ke botho jwa mokaulengwe yoo wa me.”
O ka nna wa akanya gore seno se ka buiwa motlhofo fela lefa gone se le thata go dirwa. Mme mo gontsi go ikaegile ka tsela e re kaelang go akanya ga rona ka gone. Paulo o ne a gakolola jaana: “Dilo tsotlhe tse di rategang, . . . lo gopole dilo tse.” (Bafilipi 4:8) “Tse di rategang” totatota go raya “tse di tlhotlheletsang lerato.” Jehofa o batla gore re sekaseke se se siameng mo bathong, re tlhome mogopolo mo mekgweng e e tlhotlheletsang lerato go na le e e dirang gore bogale bo tuke. Ene ka boene o re neela sekao se segolo mo kgannyeng eno. Mopesalema o ne a re gakolola ka seno, fa a ne a re: “Jehofa, fa o ka bo o ne wa lotolotsa maikepo, go ka bo go ema mang, Morena?”—Pesalema 103:12; 130:3.
Ke boammaaruri gore mo lekgetlhong le lengwe boitshwaro jwa mokaulengwe mongwe bo ka nna jo bo swabisang, mme bontsi jwa badumedikarona ke dikao tse di molemo tota tsa botshelo jwa Bokeresete. Fa re gakologelwa seno, re tla itumela fela jaaka Dafite ‘go ntshetsa Jehofa malebogo a magolo re bo re mmaka fa gare ga bontsi jwa batho.’—Pesalema 109:30.
A go Nna Mosupi go Lebega go le Boima Thata?
Ka maswabi, batho ba bangwe ga ba ise ba simolole go baka Jehofa ka ntlha ya selo se sengwe gape se se kgoreletsang mogopolo. Banna ba bantsi ba e seng Basupi ba ga Jehofa ba tlamela malapa a bone ka tsela e e bontshang fa ba na le boikarabelo le gone ba ema basadi ba bone nokeng mo bodireding jwa Bokeresete. Ba botsalano mme ba ka nna ba bo ba kgatlhegela phuthego, mme ba ikgogona mo go nneng batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng. Ke eng se se ba thibelang?
Bothata jo bongwe e ka nna ya bo e le gore banna bano ba lemoga kafa basadi ba bone ba tshwaregileng thata ka gone mo tirong ya puso ya Modimo mme ba ikutlwa gore fa o le Mosupi go tlhokega gore o dire dilo di le dintsi. Kana gongwe ba tshaba gore ba ka se kgone go dira tiro ya go rera ka ntlo le ntlo. Ba akanya gore maikarabelo a yone a lebega a le mantsi fela thata go feta masego a yone. Ke ka ntlha yang fa go na le sekgoreletsi mo mogopolong? Baithuti ba le bantsi ba Baebele ba ithuta boammaaruri le go bo dirisa fa nako e ntse e ya. Mme banna ba ba sa dumeleng gantsi ba lemoga thata maikarabelo otlhe a Bokeresete pele ga ba ka nna le boikutlo jwa go a amogela.
Manuel, yo o neng a le mo boemong jono, o tlhalosa jaana: “Mo e ka nnang dingwaga di le lesome, ke ne ke ntse ke tsamaya le mosadi wa me kwa dikopanong le kwa dipokanong. Go bua boammaaruri, ke ne ke rata go nna gaufi le Basupi e seng batho ba lefatshe, mme ke ne ke itumelela go ba thusa fa ke ne ke kgona. Ke ne ke kgatlhiwa ke lerato le ba nang le lone. Mme go akanya ka go tsamaya ka ntlo le ntlo e ne e le selo se se nkgoreletsang tota, mme ke ne ke tshaba gore batho ba ke berekang le bone ba ne ba tla ntshega.
“Mosadi wa me o ne a le pelotelele mo go nna mme le ka motlha o ne a sa mpateletse go ithuta Baebele. Ene mmogo le bana ba ne ba ‘rera’ segolobogolo ka sekao sa bone se se molemo. José, mokaulengwe mongwe wa mogolwane mo phuthegong, o ne a nkgatlhegela tota. Ke akanya gore ke ene a nkgothaditseng gore kgabagare ke bo ke simolola go ithuta ke tlhoafetse. Fa ke sena go kolobediwa, ke ne ka lemoga gore ke ne ke akanya thata ka dilo tse di kgoreletsang. Fa ke sena go swetsa gore ke direla Jehofa, o ne a nthusa go fenya dilo tse ke neng ke di tshaba.”
Basadi le bagolwane ba Bakeresete ba ka thusa banna ba ba tshwanang le Manuel jang gore ba fenye selo se se ba kgoreletsang mo mogopolong? Go ithuta Baebele go ka dira gore motho a nne le kanaanelo le go eletsa go dira thato ya Modimo. Eleruri, go nna le kitso e kgolwane ya Dikwalo ke gone motheo wa go dumela le wa go ikanya tsholofetso e e tlang.—Baroma 15:13.
Ke eng se se ka kgothatsang banna ba ba ntseng jalo gore ba dumele go ithuta Baebele? Gantsi, go itsalanya le mokaulengwe mongwe yo o pelonomi mo phuthegong go ka dira gore motho a dire tshwetso. Gongwe mogolwane kana mokaulengwe mongwe yo o nang le boitemogelo a ka itsalanya le monna yono. Fa e setse e le ditsala tse di molemo, o ka tlhoka fela motho yo o ka ithaopelang gore a ithute le ene. (1 Bakorinthe 9:19-23) Fa go ntse go le jalo, mosadi wa Mokeresete yo o botlhale o ka abela monna wa gagwe yo o sa dumeleng dijonyana tsa semoya, a ntse a lemoga gore o ka nna a se ka a dumela go gatelelwa.—Diane 19:14.
Fela jaaka Manuel a ne a itemogela seo, fa motho a nonofa semoyeng, dikgoreletsi tse di neng di lebega di le dikgolo thata di a fokotsega. Jehofa o nonotsha ba ba eletsang go mo direla. (Isaia 40:29-31) Dikgoreletsi di ka tlosiwa ka maatla a Modimo le ka thuso ya Basupi ba ba godileng sentle. Ka gone, tiro ya ntlo le ntlo e ka nna ya se ka ya go boifisa le batho ba ba dirang le wena ba ka nna ba se ka ba go tshwenya, fa tirelo e o e dirang ka moya otlhe e simolola go go itumedisa.—Isaia 51:12; Baroma 10:10.
Go Tswelela Pele O na Le Maatla
Go a kgonega gore o atlege mo go fenyeng dilo tse di kgoreletsang tse di jaaka tse tharo tse re setseng re di sekasekile. Fa sefofane se emelela, gantsi go tlhokega maatla a magolo a enjene le gore batho ba ba berekang mo sefofaneng ba nne kelotlhoko thata. Fa sefofane se emelela, dienjene di dirisa mafura a mantsi thata go gaisa karolo epe fela ya leeto la sone. Ka mo go tshwanang, go ikgaoganya le dikakanyo le maikutlo a a sa siamang go tlhoka boiteko jo bogolo le go tlhoma mogopolo ka tsela e e nonofileng thata. Go simolola e ka nna kgato e e boima tota, le mororo fa o setse o na le maatla o ka kgona go gatela pele motlhofo fela.—Bapisa 2 Petere 1:10.
O ka kgona go gatela pele ka dinako tsotlhe fa o tlhwaela kgothatso ya Dikwalo tsebe ka bonako. (Pesalema 119:60) Re ka tlhomamisega gore phuthego e tla batla go thusa. (Bagalatia 6:2) Lefa go ntse jalo, se se botlhokwa thata ke go tshegediwa ke Jehofa Modimo. Ke fela jaaka Dafite a ne a bolela a re, “go bakwe Morena yo o rwalang merwalo ya rona ka malatsi.” (Pesalema 68:19) Fa re ithola merwalo ka thapelo, morwalo wa rona o nna motlhofo.
Ka dinako tse dingwe, sefofane se emelela pula e na e bile go le maru, se ralala maru, se bo se fofa mo loaping lo lo phatsimisitsweng ke letsatsi. Le rona re ka tlogela dikakanyo tse di sa siamang kwa morago. Ka thuso ya Modimo, re ka ralala maru, jaaka go ka tualo, mme ra aramela boemo jo bo phatsimang, jo bo itumedisang jwa setlhopha sa baobamedi ba lefatshe lotlhe ba ga Jehofa.
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Ka thuso ya ga Jehofa, re ka atlega mo go fenyeng dilo tse di re kgoreletsang mo mogopolong