Metlha e Fetogile
A BO go tshwanetse ga bo go ne go itumedisa jang ne go tshela mo Iseraele wa bogologolo mo pusong e e molemo thata ya ga Kgosi Solomone yo o ikanyegang! E ne e le motlha wa kagiso, kgatelopele le boitumelo. Jehofa o ne a segofatsa setšhaba seo thata ka nako ya fa Solomone a ne a emetse kobamelo ya boammaaruri a nonofile. Modimo o ne wa se ka wa naya Kgosi Solomone khumo e ntsi fela mme o ne wa mo naya gape le “pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang” gore Solomone a buse ka tshiamo le ka lorato. (1 Dikgosi 3:12) Baebele e bolela jaana: “Dikgosi tsotlhe tsa lefatshe tsa rata go bona Solomone, le go utlwa botlhale jwa gagwe jo Modimo o bo tsentseng mo pelong ya gagwe.”—2 Ditirafalo 9:23.
Jehofa o ne a naya batho polokesego, kagiso le dilo tse dintsi tse di molemo. Lefoko la Modimo la re: “Bajuta le Baiseraele ba bo ba le bantsi jaaka mošawa o o fa lewatleng ka bontsi, ba ja ba nwa ba dira mokete fela.” Ka tsela ya mmatota le ka tshwantshetso, batho ba ne ba “agile ka thagamo, mongwe le mongwe fa tlase ga mofine wa gagwe le fa tlase ga mofeige wa gagwe . . . ka metlha ya ga Solomone.”—1 Dikgosi 4:20, 25.
Metlha e fetogile. Botshelo bo farologane thata le metlha eo ya boitumelo ya bogologolo. Go farologana le mo metlheng ya ga Solomone, khumanego ke bothata jo bogolo gompieno. Go na le batho ba ba humanegileng le mo ditšhabeng tse di humileng. Ka sekai, United Nations Development Program e bolela gore kwa United States le kwa dinageng tsa European Union mo e ka nnang diperesente di le 15 tsa batho di humanegile.
Fa e le kaga maemo a lefatshe lotlhe, The State of the World’s Children 1994, e e leng pego ya UNICEF (United Nations Children’s Fund), e akgela ka gore nngwetlhanong ya baagi ba lefatshe e humanegile tota, e oketsa ka gore botshelo jwa batho ba ba humanegileng thata mo lefatsheng bo “ntse bo nna bokete le go nnela maswe kwa pele.”
Kwa dinageng tse dingwe, go tlhatloga ga ditlhwatlhwa go oketsa mathata a bahumanegi. Mosadi mongwe mo nageng nngwe ya Afrika o ne a re: “O bona sengwe kwa mabenkeleng, o bo o re, ‘Go siame ke tla ya go tsaya madi kwa gae ke tla go se reka.’ Fa o boa morago ga ura o bolelelwa gore ga o kake wa kgona go se reka gonne tlhwatlhwa ya sone e okeditswe. Ke eng se motho a tlileng go se dira? Go dira gore o tlalelwe tota.”
Mosadi mongwe gone koo o ne a re: ‘Re lebala ka dilo tse re di tlhokang gore re kgone go tshela. Re nna re akantse fela kafa re ka bonang dijo ka teng jaanong.’
Go ya ka Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, isagwe ga e solofetse le eseng. Ka sekai, UNICEF e fopholetsa gore fa batho ba ka oketsega ka selekanyo se se tshwanang le sa gone jaanong, palo ya batho ba ba humanegileng mo lefatsheng e tla menagana gararo “mo nakong ya botshelo jwa motho a le mongwe.”
Lefa go ntse jalo, le mororo maemo a ikonomi le a loago a ntse a senyegela kwa pele, batlhanka ba Modimo bone ba na le mabaka a a dirang gore ba nne le tsholofelo. Le mororo ba tshela le batho ba ba itlhobogileng ka isagwe, batlhanka ba Modimo bone ba solofetse isagwe ba itumetse e bile ba na le tshepo. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa mabaka a seno.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
De Grunne/Sipa Press