Dipotso Tse di Tswang go Babadi
Johane wa Ntlha 4:18 e re bolelela jaana: “Ga go na poifo epe mo loratong; mme lorato lo lo itekanetseng lo tle lo latlhele poifo kwa ntle.” Mme lefa go ntse jalo Petere o ne a kwala jaana: “Ratang bokaulengwe. Boifang Modimo.” (1 Petere 2:17) Re ka dumalanya ditemana tseno tse pedi jang?
Petere le Johane ka bobedi jwa bone e ne e le baaposetoloi ba ba neng ba ithutile ka tlhamalalo go tswa mo go Jesu Keresete ka boene. Ka jalo re ka tlhomamisa gore se ba se kwadileng se a dumalana. Fa e le ka ditemana tse di tsopotsweng fa godimo, tharabololo ke gore baaposetoloi ba babedi bano ba ne ba bua ka mefuta e e sa tshwaneng ya poifo.
A re tlhatlhobeng kgakololo ya ga Petere pele. Jaaka ditemana tse di dikologileng di bontsha, Petere o ne a neela Bakeresetekaene kgakololo e e tlhotlheleditsweng malebana le tsela e ba neng ba tshwanetse go leba ba ba mo taolong ka yone. Ka mafoko a mangwe, o ne a akgela ka gore go ineela kafa tlase ga taolo go tshwanetse ga lebiwa jang mo maemong mangwe. Ka jalo, o ne a gakolola Bakeresete gore ba ineele mo banneng ba ba neng ba na le maemo a taolo mo dipusong tsa batho, jaaka dikgosi kana babusi. (1 Petere 2:13, 14) Petere fa a tswelela pele o ne a kwala jaana: “Tlotlang batho botlhe. Ratang bokaulengwe. Boifang Modimo. Tlotlang kgosi.”—1 Petere 2:17.
Fa go akanyediwa ditemana tse di dikologileng, go bonala sentle gore fa Petere a ne a re Bakeresete ba tshwanetse go ‘boifa Modimo,’ o ne a raya gore re tshwanetse ra tlotla Modimo ka tsela e e boteng, re nne le poifo ya go tshaba go direla mongwe wa maemo a a kwa godimodimo mo taolong phoso.—Bapisa Bahebere 11:7.
Go tweng ka kakgelo ya ga moaposetoloi Johane? Pelenyana mo go 1 Johane kgaolo 4, moaposetoloi o ne a bua ka kgang ya gore go tlhokega go tlhotlhomisa “mafoko a a tlhotlheleditsweng” jaaka a a tswang mo baperofeting ba maaka. Mafoko ao kwantle ga pelaelo ga a tswe kwa go Jehofa Modimo; a tswa mo lefatsheng le le boikepo kana a bontsha mekgwa ya lone.
Go fapaana le seo, Bakeresete ba ba tloditsweng “ke ba Modimo.” (1 Johane 4:1-6, NW) Ka ntlha ya seo, Johane o ne a kgothatsa jaana: “Baratwa, a re rataneng; gonne lorato ke selo sa Modimo.” Modimo o ne a tsaya kgato pele ya go bontsha lorato—o ne a “roma Morwa one go tla a nna seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.” (1 Johane 4:7-10) Re tshwanetse ra itshwara jang?
Ka phepafalo, re tshwanetse ra tswelela pele re utlwana le Modimo wa rona yo o lorato. Ga re a tshwanela go mo tshaba lebekebeke kana ra roroma fa re tshwanetse go mo atamela ka thapelo. Pelenyana Johane o ne a gakolola jaana: “Fa pelo tsa rona di sa re nyatse, re na le botlhokapoifo ntlheng ya Modimo; le fa e le eng se re se lopang fela, re se amogela mo go one, ka re bolokile ditaolo tsa one, re bile re dira dilo tse di kgatlhang mo matlhong a one.” (1 Johane 3:21, 22) Ee, segakolodi se se molemo se re neela kgololesego ya go atamela Modimo kwantle ga poifo e e re fetsang maatla kana e e dirang gore re se ka ra kgona go dira sepe. Ka ntlha ya lerato, re ikutlwa re gololesegile go ka bua le Jehofa, kana go mo atamela ka thapelo. Mo ntlheng eno, “ga go na poifo epe mo loratong.”
Jaanong a re kopanyeng dintlha tse pedi tseno. Mokeresete o tshwanetse a boifa Jehofa ka tlotlo ka dinako tsotlhe, a nne le poifo e e bakwang ke go mo tlotla thata ka ntlha ya maemo a gagwe, thata ya gagwe, le tshiamiso. Mme gape re tshwanetse ra rata Modimo jaaka Rraarona re bo re ikutlwe re le gaufi thata le ene gape re gololesegile go mo atamela. Go na le gore re kgorelediwe ke go mo tshaba ka tsela epe, re tshepha gore re ka mo atamela, fela jaaka ngwana a ikutlwa a gololesegile go atamela motsadi yo o lerato.—Jakobe 4:8.