“Lorato Ga lo Ke lo Tlhaela Gope”
JAAKA GO BOLETSE SAMUEL D. LADESUYI
Fa ke leba kwa morago mme ke bona dilo tsotlhe tse di kgonneng go dirwa mo dingwageng tse di fetileng ke gakgamala thata. Jehofa o ntse a dira dilo tse di molemo thata go ralala lefatshe. Kwa Ilesha, kwa Nigeria, ba sekae ba rona ba ba simolotseng go rera ka 1931 ba dirile diphuthego tse 36. Baboledi ba ba neng ba ka tshwara 4 000 kwa Nigeria fa baalogi ba ntlha ba Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate ba goroga ka 1947, ba oketsegile ba feta 180 000. Mo malatsing a pele re ne re sa solofela, lefa e le gone go akanya gore e tla re nako nngwe re tla oketsega. A bo ke itumela jang ne go bo ke nnile le seabe mo tirong e e molemolemo eno! Mma ke lo bolelele ka yone.
RRE o ne a rekisa ditlhobolo le boupe jo bo thunyang jwa tlhobolo mo ditoropong; o ne a sa nne thata mo lapeng. O ne a na le basadi ba le supa ba ke ba itseng, mme ba ne ba sa nne le ene botlhe. Rre o ne a tsaya mmè mo go mogolowe fa a sena go tlhokafala. O ne a nna mosadi wa gagwe wa bobedi, mme ke ne ka nna le ene.
Letsatsi lengwe, Rre o ne a tla gae a tswa go etela mosadi wa gagwe wa ntlha, yo o neng a nna mo motseng o o neng o le gaufi le wa rona. Fa a le koo, o ne a utlwalela gore morwarre, ngwana wa mosadi yoo, o ne a tsena sekolo. Morwarre o ne a na le dingwaga di le lesome, o ne a lekana le nna. Ka jalo Rre o ne a swetsa ka gore le nna ke tshwanetse go tsena sekolo. O ne a mpha dipeni tse robonngwe—dipeni tse tharo gore ke reke buka e e ithutiwang mme dipeni tse thataro e le tsa gore ke reke seleite. Seno se diragetse ka 1924.
Go Simololwa Setlhopha sa Thuto ya Baebele
Go tswa bonnyaneng ke ne ke rata Lefoko la Modimo, Baebele. Ke ne ke ipelela go tsena ditlelase tsa Baebele kwa sekolong mme ke ne ke aga ke akgolwa ke barutabana ba me ba sekolo sa Sontaga. Ka jalo, ka 1930 ke ne ka ya kwa puong e e neng e neelwa ke Moithuti mongwe wa Baebele yo o neng a etile, yo e neng e le mongwe wa batho ba ntlha go rera kwa Ilesha. Morago ga puo eno, o ne a ntlogelela buka ya The Harp of God ka puo ya Seyoruba.
Ke ne ke ya sekolong sa Sontaga ka metlha. Jaanong ke ne ka simolola go tsaya The Harp of God fa ke ya teng gore ke tle ke e dirise go ganetsa dingwe tsa dithuto tse ba neng ba di ruta koo. Go ne ga nna le dikganetsano, mme ke ne ke tlhagisiwa kgapetsakgapetsa ke baeteledipele ba kereke gore ke se ka ka sala ‘thuto e ntšha’ eno morago.
Mo ngwageng o o latelang, fa ke ne ke tsamaya mo seterateng, ke ne ka kopana le setlhopha sa batho ba reeditse monna yo o neng a ba ruta. Motho yo o neng a ruta e ne e le J. I. Owenpa, yo e neng e le Moithuti wa Baebele. O ne a rometswe koo ke William R. Brown (yo gantsi a neng a bidiwa Bible Brown), yo a neng a okametse tiro ya go rera ka Bogosi a le kwa Lagos. Ke ne ka utlwa gore go ne go bopilwe setlhopha se sennye sa thuto ya Baebele go ithuta The Harp of God kwa Ilesha, ka jalo ke ne ka kopanela le bone.
Ke ne ke le monnye go ba feta botlhe mo setlhopheng seo—ke ne ke le mosimanyana fela yo o tsenang sekolo, wa dingwaga tse di ka nnang 16. Ka tlwaelo ke ka bo ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong kgotsa, le gone go tshaba go tlwaelana thata le banna bao ba ba neng ba na le dingwaga tse 30 le go feta. Mme ba ne ba itumelela go nna ga me le bone, e bile ba ne ba nkgothatsa. Ba ne ba tshwana le borre mo go nna.
Kganetso ya Baruti
Ka bonakonyana re ne ra tshwanelwa ke go lebagana le kganetso e e masisi go tswa mo baruting. Bakatoliki, le Ba-Anglican le ba bangwe ba ba neng ba kile ba bo ba lwantshana, jaanong ba ne ba kopana gore ba nne kgatlhanong le rona. Ba ne ba loga maano le go buisana le dikgosi gore di tseye kgato go re kgoba marapo. Ba ne ba romela mapodise gore a gape dibuka tsa rona ba re di kotsi mo bathong. Lefa go ntse jalo, modiredimogolo wa kgaolo o ne a ba tlhagisa gore ba ne ba sa tshwanela go tsaya dibuka tseo mme e ne ya re dibeke tse pedi moragonyana dibuka tsa busiwa.
Morago ga seno, re ne ra bilediwa gore re ye go kopana le oba, kgotsa kgosikgolo, mmogo le batho ba bangwe ba maemo a a kwa godimo ba toropo eo. Ka nako eo re ne re ka tshwara 30 ka palo. Maikaelelo a bone e ne e le go re dira gore re emise go bala dibuka tse di “kotsi.” Ba ne ba re botsa gore a re batho ba ba tswang go sele, mme e ne ya re fa ba leba difatlhego tsa rona sentle, ba re, “Ke bana ba rona lefa gone go na le batho ba ba tswang go sele mo go bone.” Ba ne ba re bolelela gore ba ne ba sa batle gore re tswelele go ithuta dibuka tsa bodumedi jo bo neng bo tlile go re tlhagisetsa kotsi.
Re ne ra ya gae re sa bua sepe, ka gore re ne re dirile tshwetso ya gore re ne re sena go reetsa batho bao ba maemo a a kwa godimo. Bontsi jwa rona bo ne bo itumeletse se bo neng bo ntse bo se ithuta fela thata, e bile re ne re ititeile sehuba gore re tlile go tswelela re ithuta. Lefa gone ba sekae ba ne ba tshoga ba bo ba tswa mo setlhopheng sa rona, bontsi jwa rona re ne ra tswelela re ithutela mo lefelong le go neng go betlelwa mo go lone. Re ne re sena motho yo o neng a re tshwarela thuto. Re ne re simolola ka thapelo mme re bo re refosana go bala dirapa tsa buka. Morago ga nako e e ka nnang ura, re ne re rapela gape re bo re ya gae. Mme re ne re beilwe leitlho, gape dikgosi le baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tswelela go nna ba ntse ba re bitsa dibeke dingwe le dingwe tse pedi mme ba re tlhagisa kgatlhanong le go ithuta dibuka tsa Baithuti ba Baebele.
Mo nakong eo, re ne re leka go dirisa kitso e nnye e re neng re na le yone go thusa batho mme ba bantsi ba ne ba dumalana le rona. Batho ba ne ba kopanela le rona ka bongwe ka bongwe. Re ne re itumetse thata, mme re ne re ntse re sa itse sepe se sentsi ka bodumedi jo re neng re le mo go jone.
Fa 1932 a simologa, mokaulengwe mongwe o ne a tla a tswa kwa Lagos go tla go re thusa go rulaganya mme ka April “Bible” Brown le ene o ne a tla. Fa a ne a bona gore go ne go na le setlhopha se se ka tshwarang 30, Mokaulengwe Brown o ne a botsa gore re ne re tsweletse pele jang ka go bala. Re ne ra mmolelela sotlhe se re neng re se itse. O ne a bolela gore re setse re siametse go kolobediwa.
E re ka e ne e se nako ya dipula, re ne ra tshwanela go ya kwa nokeng e e dikilometara di le 14 go tswa mo Ilesha mme ba ka tshwara 30 ba rona ba ne ba kolobediwa. Go tswa foo go ya pele re ne ra ikutlwa re tshwanela go rera ka Bogosi mme ra simolola go tsamaya ka ntlo le ntlo. Re ne re sa solofela go dira seno mme jaaanong re ne re batla thata go bolelela ba bangwe se re neng re se itse. Re ne re tshwanetse go baakanyetsa sentle gore re tle re kgone go itshegetsa ka Baebele gore re ganetse dithuto tsa maaka tse re neng re kopana le tsone. Ka jalo, kwa dipokanong re ne re buisana ka dithuto tseo, re thusana ka se re neng re se itse.
Tiro ya Rona ya go Rera
Re ne re rera mo motsesetoropong otlhe. Batho ba ne ba re sotla le go re kuelela mme re ne re sa tshwenyege ka seo. Re ne re ipela thata ka gore re ne re itse boammaaruri, lefa gone re ne re santse re tshwanetse go ithuta mo gontsi.
Re ne re tsamaya ka ntlo le ntlo Sontaga mongwe le mongwe. Batho ba ne ba re botsa dipotso mme re ne re leka go di araba. Ka bo Sontaga maitseboa re ne re neela thuto ya phatlalatsa. Re ne re sena Holo ya Bogosi, ka jalo re ne re tshwarela dipokano kwa ntle. Re ne re phutha batho, re ba ruta, re bo re ba letla go botsa dipotso. Ka dinako tse dingwe re ne re rera mo dikerekeng.
Gape re ne re ya kwa mafelong a batho ba neng ba ise ba utlwe sepe ka Basupi ba ga Jehofa kwa go one. Gantsi re ne re tsamaya ka dibaesekele mme ka dinako tse dingwe re ne re hira bese. E ne e re fa re tsena mo motseng re bo re leletsa hutara kwa godimo. Batho botlhe mo motseng ba ne ba kgona go re utlwa! Batho ba ne ba itlhaganela go tla go bona se se neng se diragala. Go tswa foo re bo re bolela molaetsa wa rona. E ne e re fa re sena go fetsa go bua, batho ba bo ba lwela go itseela dikhopi tsa dibuka tsa rona. Re ne re tsamaisa tse dintsi thata.
Re ne re lebeletse ka tlhoafalo e kgolo gore Bogosi jwa Modimo bo tle. Ke gakologelwa gore fa re ne re amogela 1935 Yearbook, mongwe wa bakaulengwe o ne a botsa jaana fa a ne a bona thulaganyo e e tletseng ya ditlhaloso tsa ditemana tsa ngwaga oo: “A seno se raya gore re tlile go fetsa ngwaga e nngwe gape pele ga Haramagetone e tla?”
Motsamaisi o ne a fetola ka go mmotsa jaana: “Mokaulengwe, a o akanya gore fa Haramagetone e ka tla ka moso, re tla emisa go bala Yearbook?” Fa mokaulengwe a ne a re nnyaa, motshwari wa thuto o ne a re: “Jaanong ke ka ntlha yang fa o tshwenyega?” Re ne re tlhologeletswe letsatsi la ga Jehofa e bile re santse re ntse re le tlhologeletswe le gompieno.
Dingwaga Tsa Ntwa
Ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, re ne ra thibelwa go tlhola re otora dibuka. Mokaulengwe mongwe ka go tlhoka go tlhokomela, kwa Ilesha, o ne a neela lepodise lengwe buka ya Riches. Lepodise leo le ne la botsa jaana: “Buka e ke ya ga mang?” Mokaulengwe o ne a bolela gore ke ya gagwe. Lepodise le ne la mo raya la re e ne e le buka e e ilediwang ke fa le mo isa kwa seteisheneng sa mapodise mme la mo tswalela mo kgolegelong.
Ke ne ka ya kwa seteisheneng sa mapodise mme ya re morago ga go tlhotlhomisa ra golola mokaulengwe ka nakwana gore a letele tsheko kwa ntle. Morago ga seo ke ne ka founela Mokaulengwe Brown kwa Lagos ke mmolelela gore go ne go diragetse eng. Gape ke ne ka botsa gore a go ne go na le molao o o neng o iletsa go anamisiwa ga dibuka tsa rona. Mokaulengwe Brown o ne a mpolelela gore go ne go thibetswe go romelwa mme e seng go anamisiwa ga dibuka tsa rona. Malatsi a mararo moragonyana, Mokaulengwe Brown o ne a romela mokaulengwe mongwe go tswa kwa Lagos gore a tle go bona gore go ne go diragala eng. Mokaulengwe yono o ne a swetsa ka gore rotlhe re tshwanetse go ya go rera letsatsi le le latelang re tshotse dimakasine le dibuka.
Re ne ra anama mo dintlheng tse di farologaneng. Morago ga nako e e neng e ka tshwara ura, ke ne ka utlwa gore bontsi jwa bakaulengwe ba ne ba tshwerwe. Ka jalo ke ne ka tsamaya le mokaulengwe yo o neng a etile kwa seteisheneng sa mapodise. Mapodise a ne a gana go re reetsa fa re ne re tlhalosa gore dibuka di ne di sa thibelwa.
Bakaulengwe ba ba 33 ba ba neng ba tshwerwe ba ne ba isiwa kwa Kgotlatshekelong ya ga Mmakaseteratamogolo kwa Ife mme ke ne ka tsamaya le bone. Batho ba ba neng ba nna mo toropong eo ba ba neng ba re bona re tsewa ba ne ba goeletsa jaana, “Gompieno tiro ya batho ba e emisitswe. Ga ba na go tlhola ba tla fa gape.”
Tatofatso e ne ya begelwa mmakaseteratamogolo wa Mo-Nigeria. Dibuka tsotlhe le dimakasine di ne tsa ntshiwa tsa beiwa fa pele ga botlhe. O ne a botsa gore ke mang yo o neng a laetse ramapodise gore a tshware batho bano. Ramapodise o ne a araba ka gore o ne a reeditse taolo e e neng e ntshitswe ke modiredimogolo wa kgaolo. Mmakaseteratamogolo o ne a biletsa ramapodise le baemedi ba rona ba bane, go akaretsa le nna, kwa dikamoreng tsa gagwe tsa tshekelo.
O ne a botsa gore Rre Brown e ne e le mang. Re ne ra mmolelela gore e ne e le moemedi wa Mokgatlho wa Watch Tower kwa Lagos. O ne a re bolelela gore o ne a amogetse thelekerama e e tswang kwa go Rre Brown e e neng e le malebana le rona. O ne a seegela tsheko eo kwa thoko mme a golola bakaulengwe lone letsatsi leo. Letsatsi le le latelang o ne a se ka a bona bakaulengwe molato mme a ba golola a ba a laela mapodise gore a buse dibuka.
Re ne ra boela kwa Ilesha re opela. Batho ba ne ba simolola go goeletsa gape, mme gompieno ba ne ba re, “Ba tlile gape!”
Molao wa ga Jehofa wa Lenyalo o a Phepafadiwa
Baalogi ba pele ba bararo ba Gileate ba ne ba goroga kwa Nigeria ka 1947. Mongwe wa bakaulengwe bano, e bong, Tony Attwood, o santse a le teng fano, o direla kwa Bethele ya Nigeria. Go simologa ka nako eo, re ne ra bona go nna le diphetogo tse dikgolo mo phuthegong ya ga Jehofa kwa Nigeria. Nngwe ya diphetogo tse dikgolo e ne e le tsela e re neng re leba go nyala lefufa ka yone.
Ke ne ka nyala Olabisi Fashugba ka February 1941 mme ke ne ke setse ke na le kitso e e lekaneng ya gore ke ne ke sa tshwanela go nyala basadi ba bangwe ba ba oketsegileng. Mme go nyala lefufa go ne go tletse mo diphuthegong go fitlha barongwa ba goroga ka 1947. Bakaulengwe ba ba neng ba nyetse lefufa ba ne ba bolelelwa gore ba ne ba nyetse basadi ba ba fetang bongwe ka go tlhoka kitso. Ka jalo, ba ne ba bolelelwa gore fa ba na le basadi ba le bararo kgotsa ba le bane kgotsa ba le batlhano, ba ne ba ka tswelela ba nna le bone, mme ba se ka ba nyala ba ba oketsegileng. Re ne re dira dilo ka one mokgwa oo.
Batho ba bantsi ba ne ba eletsa go kopanela le rona fela thata, segolobogolo batho ba Mokgatlho wa Cherubim le Seraphim wa kwa Ilesha. Ba ne ba bolela gore Basupi ba ga Jehofa e ne e le bone fela batho ba ba neng ba ruta boammaaruri. Ba ne ba dumalana le dithuto tsa rona mme ba ne ba batla go fetola dikereke tsa bone gore e nne Diholo tsa Bogosi. Re ne re dira ka natla gore re kopane le bone. E bile re ne re na le mafelo a go thapisediwang bagolwane ba bone kwa go one.
Jaanong go ne ga tla taelo e ntšha e e neng e amana le go nyala lefufa. Mongwe wa barongwa o ne a neela ka puo kwa kopanong ya potologo ka 1947. O ne a bua ka boitshwaro le mekgwa e mentle. Go tswa foo o ne a nopola 1 Bakorinthe 6:9, 10, e e bolelang gore ba ba sa siamang ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo. O ne a oketsa jaana: “Mme batho ba ba nyetseng lefufa ga ba ketla ba rua Bogosi jwa Modimo!” Bareetsi ba ne ba goa ba re: “Ehe, gatwe batho ba ba nyetseng lefufa ga ba ketla ba rua Bogosi jwa Modimo!” Go ne ga nna le dikgaogano. E ne e kete ke ntwa. Bontsi jwa batho ba ba neng ba sa tswa go kopanela ba ne ba emisa go kopanela, ba re: “Re leboga Modimo go bo re ne re ise re nwele mo phuthegong e.”
Lefa go ntse jalo, bontsi jwa bakaulengwe ba ne ba simolola go baakanya maemo a bone ka go tsamaisa basadi ba bangwe ba bone. Ba ne ba ba fa madi ba bo ba ba raya ba re, ‘Fa o santse o le mmotlana, tsamaya o ye go batla monna yo mongwe. Ke dirile phoso ka go go nyala. Jaanong ke tshwanetse go nna monna wa mosadi a le mongwe.’
Go ne ga tlhaga bothata jo bongwe gape ka bonakonyana. Bangwe e ne ya re ba sena go swetsa gore ba tla nna le mosadi a le mongwe mme ba letle ba bangwe gore ba tsamaye, ba fetoga ba batla gape gore ba tseye mongwe wa basadi ba bangwe mme ba tsamaise yo ba neng ba ntse ba na le ene! Ka jalo mathata a ne a simolola gape.
Go ne ga tla kaelo e nngwe gape go tswa kwa ntlokgolong kwa Brooklyn, e e neng e theilwe mo go Malaki 2:14 e e buang ka “mosadi wa bokau jwa gago.” Taelo e ne e re banna ba ne ba tshwanetse go nna le basadi ba bone ba ba ba nyetseng pele. Kgang e ne ya rarabololwa ka tsela e e ntseng jalo kwa bofelong.
Ditshiamelo Tsa Tirelo
Ka 1947 Mokgatlho o ne wa simolola go nonotsha diphuthego mme wa di kgaoganya ka dipotologo. Ba ne ba batla go tlhoma bakaulengwe ba ba neng ba godile ba na le kitso e ntsi go nna ‘batlhanka ba bakaulengwe’ ba jaanong ba bidiwang balebedi ba potologo. Mokaulengwe Brown o ne a mpotsa gore a ke ne ke ka amogela kabelo e e tshwanang le eo. Ke ne ka mmolelela gore lebaka la bo go ke kolobeditswe e ne e le gore ke dire thato ya ga Jehofa mme ka oketsa ka gore: “E bile ke wena o nkolobeditseng. A o akanya gore fa go na le sebaka sa go direla Jehofa ka botlalo, ke ka gana?”
Ka October ka one ngwaga oo, ba le supa mo go rona ba ne ba bilediwa kwa Lagos mme ra thapisiwa pele ga re romelwa kwa tirong ya go potologa. Mo metlheng eo dipotologo di ne di le dikgolo thata. Naga yotlhe e ne e kgaogantswe fela ka dipotologo tse supa. Diphuthego di ne di se dintsi.
Tiro ya rona re le batlhanka ba bakaulengwe e ne e le bokete. Re ne re tsamaya ka dinao dikilometara tse dintsi letsatsi le letsatsi, gantsi re tsamaya mo dikgweng tse di mogote thata tsa boboatsatsi. Re ne re tshwanetse go tsamaya re tswa mo motseng re tsena mo go o mongwe beke le beke. Ka dinako tse dingwe ke ne ke utlwa e kete maoto a me a gana go tsamaya. Ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa gore ke a swa! Mme gape go ne go le monate thata, segolobogolo fa re leba dipalo tse di oketsegang tsa batho ba ba neng ba amogela boammaaruri. Go a gakgamatsa go bo palo ya baboledi mo nageng yotlhe e ne ya oketsega go menagane gane mo dingwageng di le supa fela!
Ke ne ka dira tiro ya potologo go fitlha ka 1955 fa botsogo jo bo seng bontle bo ne bo mpateletsa gore ke boele kwa Ilesha mme ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa toropokgolo eo. Go nna kwa gae go ne ga dira gore ke kgone go thusa ba lelapa la me semoyeng. Gompieno banake botlhe ba barataro ba direla Jehofa ka boikanyego.
Lorato Lwa Boammaruri Ga lo Ke lo Tlhaela Gope
Fa ke leba kwa morago go kgabaganya dingwaga, ke na le dilo tse dintsi tse ke tshwanetseng go di lebogela. Go ne go na le dilo tse di swabisang, dilo tse di tshwenyang le malwetse mme gape go ne go na le dilo tse dintsi tse di neng di ipedisa. Lefa gone kitso ya rona le go tlhaloganya dilo di tokafetse fa dingwaga di ntse di kgabaganya, ke ithutile ka dilo tse di ntiragaletseng se se kaiwang ke 1 Bakorinthe 13:8, e e reng: “Lorato ga lo ke lo tlhaela gope.” Fa o rata Jehofa mme o nitame mo tirelong ya gagwe, o tla go thusa fa o le mo mathateng e bile o tla go tshololela masego a mantsi.
Lesedi la boammaaruri le ntse le phatsimela pele. Mo metlheng ya fa re ne re simolola re ne re ithaya re re Haramagetone e tla tla ka bonako; ke sone se re neng re itlhaganelela go dira gotlhe mo re neng re ka go kgona. Mme gotlhe go re solegetse molemo. Ke lone lebaka le ke dumalanang le mafoko ano a mopesalema: “Ke tlaa nna ke baka Jehofa ke sa ntse ke tshedile; ke tlaa opelela Modimo wa me dipako ka ke sa ntse ke leyo.”—Pesalema 146:2.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Samuel le Milton Henschel ka 1955
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Samuel le mosadi wa gagwe, Olabisi