Motho yo o Lefufa
PUO ya Sehebera e na le modi o le mongwe fela wa lefoko “lefufa.” Lefa go ntse jalo, puo ya Segerika e na le mafoko a le mmalwa a a kayang “lefufa.” Fela jaaka lefoko le le kaelang gongwe le lone la Sehebera, lefoko zeʹlos le ka kaya lefufa le le siameng mmogo le la boleo. Lefoko le lengwe la Segerika, phthoʹnos, le kaya lefufa le le bosula fela.
Lefoko phthoʹnos le ne le dirisiwa jang mo Segerikeng sa bogologolo? The Anchor Bible Dictionary e bolela jaana: “Go fapaana le motho yo o pelotshetlha, motho yo o nang le phthonos ga se gore o batla dithoto tse a sa rateng yo mongwe a nna le tsone; ke fela gore ga a batle gore motho yoo a nne le tsone. O farologane le motho yo o gaisanang ka gonne maikaelelo a gagwe ga se gore o batla go fenya, jaaka motho yo o gaisanang, mme ke gore a thibele ba bangwe gore ba se ka ba fenya.”
Motho yo o lefufa gantsi ga a lemoge gore boikutlo jwa gagwe ke jone segolobogolo bo mmakelang mathata. Yone dikishinare eo e tlhalosa jaana: “Sengwe sa dilo tse di tlhomologileng tsa phthonos ke go sa itemoge. Motho yo o nang le phthonos, fa a kopiwa gore a ntshe mabaka a tsela e a itshwarang ka yone, ka dinako tsotlhe o tla ipolelela a bo a bolelele ba bangwe gore batho ba a ba tlhaselang ba tshwanelwa ke gone le gore o tshwaya diphoso ka go bo go na le go sa lekalekane mo boemong jo bo rileng. Fa a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa a ka bua jalo ka tsala ya gagwe, o tla bolela gore o tshwaya tsala ya gagwe diphoso ka gonne a batla go mo thusa.”
Bakwadi ba Efangele e bong Mathaio le Mareko ba dirisa lefoko la Segerika phthoʹnos go tlhalosa boikaelelo jwa batho ba ba neng ba bolaya Jesu. (Mathaio 27:18; Mareko 15:10) Ee, ba ne ba tlhotlhelediwa ke lefufa. Jone boikutlo jono jo bo kotsi bo fetotse batenegi gore ba tlhoe bakaulengwe ba bone ba pele ka tsela e e setlhogo. (1 Timotheo 6:3-5) Ga go gakgamatse go bo batho ba ba lefufa ba kganelwa gore ba se ka ba tsena mo Bogosing jwa Modimo! Jehofa Modimo o boletse gore batho botlhe ba ba tswelelang pele ba “tletse lefufa” “ba tshwanetse go swa.”—Baroma 1:29, 32; Bagalatia 5:21, bapisa NW.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
O se ka wa letla lefufa la senya botshelo jwa gago