Batsadi le Bana: Bayang Modimo Kwa Pele!
“Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one.”—MORERI 12:13.
1. Batsadi le bana ba tlhoka go nna le poifo e e ntseng jang, mme e tla ba leretse eng?
BOPEROFETI bongwe jo bo malebana le Jesu Keresete bo ne jwa bolela gore “go thama ga gagwe go tlaa nna mo go boifeng Jehofa.” (Isaia 11:3) Tota poifo ya gagwe e ne e le go tlotla Modimo mo go boteng, go tshaba go sa itumedise Modimo ka gonne a ne a mo rata. Batsadi le bana ba tlhoka go boifa Modimo jalo jaaka Keresete, mme seo se tla ba itumedisa fela jaaka Jesu. Ba tshwanetse go baya Modimo kwa pele mo matshelong a bone ka go utlwa ditaolo tsa gagwe. Go ya ka mokwadi mongwe wa Baebele, eno “ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Moreri 12:13.
2. Taolo e e botlhokwa go di feta tsotlhe mo Molaong e ne e le efe, mme e neetswe mang segolobogolo?
2 Taolo e e botlhokwa go di feta tsotlhe tsa Molao, e leng gore re tshwanetse go ‘rata Jehofa ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, le ka nonofo yotlhe ya rona,’ e ne ya neelwa batsadi segolobogolo. Seno se bontshiwa ke mafoko a mangwe a Molao: “O a rute bana ba gago ka tlhoafalo [mafoko ano a a buang ka ga go rata Jehofa], o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.” (Duteronome 6:4-7; Mareko 12:28-30) Ka jalo batsadi ba ne ba laelwa gore ba beye Modimo kwa pele ka go mo rata bone ka bobone le ka go ruta bana ba bone gore ba dire fela jalo.
Boikarabelo Jwa Mokeresete
3. Jesu o ne a bontsha jang kafa go leng botlhokwa ka gone go ipha nako le bana?
3 Jesu o ne a bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone go tlhokomela le bone bana ba bannye tota. Ka lekgetlho lengwe fa Jesu a tloga a wetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, batho ba ne ba simolola go isa banyana ba bone kwa go ene. Go bonala gore barutwa ba ne ba akanya gore Jesu o ne a tshwaregile thata a sa batle go tshwenngwa, mme ka jalo ba leka go kganela batho go dira jalo. Mme lefa go ntse jalo Jesu o ne a kgalemela barutwa ba gagwe jaana: “Lesang banyana, ba tle mo go nna; lo se ka lwa ba itsa.” Jesu o ne a ba a “ba tsaya mo mabogong a gagwe,” ka go rialo a bontsha ka tsela e e lorato gore go botlhokwa jang go tsaya bana tsia.—Luke 18:15-17; Mareko 10:13-16.
4. Ke bomang ba ba neng ba newa taolo ya gore ba “dire merafe yotlhe barutwa,” mme seno se ne se tla tlhoka gore ba dire eng?
4 Gape Jesu o ne a bontsha sentle gore balatedi ba gagwe ba ne ba na le boikarabelo jwa go ruta batho ba bangwe kwantle ga bana ba bone. Fa Jesu a sena go swa le go tsosiwa, o ne a “bonwa ke badumedi ba ba fetang 500 ka lobaka lo le longwe fela”—go akaretsa le batsadi bangwe. (1 Bakorinthe 15:6) Go bonala gore seno se diragetse mo thabeng nngwe kwa Galilea koo baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 le bone ba neng ba kokoane teng. Jesu o ne a ba rotloetsa botlhe jaana gone koo: “Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, . . . lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:16-20, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ga go na Mokeresete ope yo o tshwanetseng go tlhokomologa taolo eno! Gore borre le bommè ba diragatse taolo eno go tlhokega gore ba tlhokomele bana ba bone ba bo ba nne le seabe mo tirong ya go rera le go ruta phatlalatsa.
5. (a) Ke eng se se bontshang gore bontsi jwa baaposetoloi, fa e se bone botlhe, ba ne ba nyetse mme gongwe ba na le bana? (b) Ditlhogo tsa malapa di ne di tshwanetse go ela kgakololo efe tlhoko thata?
5 Ke ga botlhokwa gore le bone baaposetoloi ba bo ba ile ba tshwanelwa ke go lekalekanya maikarabelo a bone a lelapa le tiro e ba tshwanetseng go e dira ya go rera mmogo le go disa letsomane la Modimo. (Johane 21:1-3, 15-17; Ditiro 1:8) Seno ke ka gonne bontsi jwa bone, fa e se bone botlhe, ba ne ba nyetse. Ka jalo moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana: “A ga re na tshiamelo ya go tsamaya le mosadi re mo tsere, yo e leng modumedi, fela jaaka baaposetole ba bangwe, le jaaka bomonna Morena, le jaaka Kefase?” (1 Bakorinthe 9:5, mokwalo o o sekameng ke wa rona; Mathaio 8:14.) Baaposetoloi bangwe gape ba ka tswa ba ile ba nna le bana. Borahisitori ba bogologolo, ba ba jaaka Eusebius, ba re Petere o ne a na le bone. Batsadi botlhe ba bogologolo ba Bakeresete ba ne ba tshwanetse go dirisa kgakololo eno ya Dikwalo: “Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.”—1 Timotheo 5:8.
Boikarabelo jo Bogolo
6. (a) Bagolwane ba Bakeresete ba ba nang le malapa ba lebanwe ke kgwetlho efe? (b) Boikarabelo jo bogolo jwa mogolwane ke bofe?
6 Bagolwane ba Bakeresete ba ba nang le malapa gompieno le bone ba mo seemong se se tshwanang le sa baaposetoloi. Ba tshwanetse go lekalekanya boikarabelo jwa bone jwa go tlhokomela dilo tsa semoya le tsa senama tse di tlhokwang ke malapa a bone le se ba tshwanetseng go se dira e leng go rera phatlalatsa le go disa letsomane la Modimo. Ke tiro efe e e tshwanetseng go tsewa e le ya botlhokwatlhokwa? Tora ya Tebelo ya February 1, 1965, e ne ya bolela jaana: “Tshwanelo ya gagwe [rrabana] ya pele e lelwapeng la gagwe, mme a ka seke, tota a dire sentle ha ane a sa tlhokomele tshwanelo e.”
7. Borrabana ba Bakeresete ba baya Modimo kwa pele jang?
7 Ka jalo borrabana ba tshwanetse go baya Modimo kwa pele ka go diragatsa taolo ya gore ba ‘godisetse bana ba bone mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.’ (Baefeso 6:4) Boikarabelo joo bo ka se ka jwa fetisediwa kwa go ope o sele, le fa rre a ka tswa a na le kabelo ya go okamela ditiro tsa mo phuthegong ya Bokeresete. Borre ba ba ntseng jalo ba ka diragatsa maikarabelo a bone jang—ba tlhokomela ba malapa a bone mo mmeleng, semoyeng, le mo maikutlong—mme ka nako e e tshwanang ba kaela le go okamela phuthego?
Go Tshegetsa Kafa go Tlhokegang ka Gone
8. Mosadi yo o nyetsweng ke mogolwane a ka mo tshegetsa jang?
8 Go phepafetse gore bagolwane ba ba nang le maikarabelo a lelapa ba ka solegelwa molemo ke go tshegediwa. Tora ya Tebelo e e nopotsweng fa godimo e boletse gore mosadi wa Mokeresete a ka tshegetsa monna wa gagwe. E ne ya re: “O [ka mo tlhofofaletsa dilo ka mo a ka kgonang ka teng gore a kgone go baakanyetsa dikabelo tsa gagwe tse di farologaneng, ka go nna le thulaganyo e e siameng mo lwapeng go ba thusa gore ba se ka ba senya nako, a dira gore dijo di siame ka nako a bo a ipaakanyetsa go ya dipokanong tsa phuthego ka bonako.] . . . Kafa tlhase ga kaelo ya monna wa gagwe, mosadi wa Mokeresete o ka dira go gogolwanyane go ruta bana mo tseleng eo ba tshwanetseng go e tsaya go itumedisa Jehofa.” (Diane 22:6) Ee, mosadi o ne a bopetswe gore a nne “thuso,” mme monna wa gagwe o tla bontsha botlhale ka go amogela thuso ya gagwe. (Genesise 2:18) Tsela eo a tshegetsang monna wa gagwe ka yone e ka dira gore a kgone go tlhokomela lelapa la gagwe mmogo le maikarabelo a gagwe a phuthego sentle thata.
9. Ke bomang mo phuthegong ya Thesalonika ba ba neng ba kgothalediwa gore ba thuse maloko a mangwe a phuthego?
9 Lefa go ntse jalo, basadi ba bagolwane ba Bakeresete ga se bone fela ba ka nnang le seabe mo ditirong tse di tshegetsang molebedi yo o tshwanetseng gore a ‘dise letsomane la Modimo’ a bo a tlhokomele ba ntlo ya gagwe. (1 Petere 5:2) Ke mang gape yo o ka tshegetsang? Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa bakaulengwe ba kwa Thesalonika gore ba tlotle bao ba ba ‘busang.’ Lefa go ntse jalo, fa Paulo a tswelela pele a bua le bone bakaulengwe bao—bogolo jang ba ba sa okamelang—o ne a kwala jaana: “Re a lo laya, bagaetsho, ra re tlhagisang ba ba fuduang, nametsang ba ba lapang pelo, pepetletsang ba ba bokoa, lo nne pelotelele mo go botlhe.”—1 Bathesalonika 5:12-14.
10. Thuso e e lorato ya bakaulengwe botlhe e na le matswela afe a a molemo mo phuthegong?
10 A bo go nna molemo jang ne fa bakaulengwe mo phuthegong ba na le lorato lo lo ba tlhotlheletsang gore ba nametse ba ba lapileng pelo, ba pepetletse ba ba bokoa, ba tlhagise ba ba fuduang, le gore ba nne pelotelele mo go botlhe! Bakaulengwe ba kwa Thesalonika, bao ba neng ba sa tswa go amogela boammaaruri jwa Baebele lefa ba ne ba boga ka ntlha ya pitlagano e kgolo, ba ne ba dirisa kgakololo ya ga Paulo ya gore ba dire seno. (Ditiro 17:1-9; 1 Bathesalonika 1:6; 2:14; 5:11) A ko o akanye fela kafa go dirisana le bone ka lorato go neng ga kgona ka teng go nonotsha le go kopanya phuthego yotlhe! Ka tsela e e tshwanang, fa bakaulengwe gompieno ba nametsana, ba pepetletsana, le go layana, seo se dira gore boikarabelo jwa bagolwane jwa bodisa bo nne motlhofo thata, ka gantsi ba a bo ba na le malapa a ba tshwanetseng go a tlhokomela.
11. (a) Ke ka ntlha yang fa go utlwala go konela ka gore basadi ba ne ba akarediwa fa go twe “bagaetsho”? (b) Mosadi yo o godileng wa Mokeresete a ka thusa basadi ba meroba jang gompieno?
11 A moaposetoloi Paulo o ne a akaretsa le basadi fa a ne a bua le “bagaetsho”? Ee, o ne a ba akaretsa ka gonne basadi ba le bantsi ba ne ba fetoga badumedi. (Ditiro 17:1, 4; 1 Petere 2:17; 5:9) Basadi bao ba ne ba ka thusa jang? Ebu, go ne go na le basadi ba meroba mo diphuthegong ba ba neng ba na le bothata jwa go laola “dikeletso tsa tlhakanelodikobo” kana ba fetoga “ba ba lapang pelo.” (1 Timotheo 5:11-13, bapisa NW.) Basadi bangwe gompieno ba na le mathata a a tshwanang. Se ba ka se tlhokang thata ke mongwe yo o ka ba reetsang fela kana mongwe yo o ka nnang pelotlhomogi. Gantsi mosadi yo o godileng wa Mokeresete ke ene a ka thusang thata mo ntlheng eo. Ka sekai, a ka tlotla ka mathata a gagwe ka esi le mosadi yo mongwe, a monna wa Mokeresete ene a neng a ka se ka a kgona go a rarabolola sentle. Paulo o ne a kwala jaana a gatelela kafa go leng botlhokwa ka gone go neela thuso e e ntseng jalo: “Basadibagolo le bone ba nne . . . ba ba rutang batho se se molemo; gore ba rute basadi ba meroba go rata banna ba bone, le go rata bana ba bone. Le go nna mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boitsheko, e le ba ba itirelang mo gae, ba le pelonomi, ba le kutlo mo banneng ba bone, gore lefoko la Modimo le se tlhapadiwe.”—Tito 2:3-5.
12. Ke kaelo ya ga mang e e botlhokwa gore botlhe mo phuthegong ba e latele?
12 A bo bokgaitsadi ba ba boikokobetso e le lesego jang ne mo phuthegong fa ba tshegetsa banna ba bone mmogo le bagolwane ka tirisanommogo! (1 Timotheo 2:11, 12; Bahebere 13:17) Bagolwane ba ba nang le maikarabelo a lelapa ke bone ba solegelwang molemo segolobogolo fa batho botlhe ba dirisana mmogo gore ba thusane ka moya wa lorato le fa botlhe ba ineela gore ba kaelwe ke badisa ba ba tlhomilweng.—1 Petere 5:1, 2.
Batsadi, Lo Baya Eng Kwa Pele?
13. Borrabana ba le bantsi ba palelwa jang ke go diragatsa maikarabelo a bone mo malapeng?
13 Dingwaga di le dintsi tse di fetileng mongwe yo o tlhomologileng mo go tsa boitlosobodutu o ne a re: “Ke bona banna ba atlega fa ba okametse dikhampani tse di nang le banna ba le makgolokgolo; ba itse go dirisana le boemo bongwe le bongwe, ba itse go otlhaya le go duela mo go tsa kgwebo. Mme kgang ya botlhokwa thata e ba e okametseng ke lelapa la bone mme ga ba diragatse maikarabelo a bone mo go lone.” Ka ntlha yang? A ga se ka gonne ba baya kgwebo le dilo tse dingwe kwa pele ba bo ba tlhokomologa kgakololo ya Modimo? Lefoko la gagwe la re: “Mafoko a ke a go laolelang . . . o a rute bana ba gago ka tlhoafalo.” Mme seno se ne se tshwanetse go dirwa letsatsi le letsatsi. Batsadi ba tshwanetse go neela nako ya bone ba sa ikgogone—mme segolobogolo le lorato lwa bone le kamego ya bone e e boteng.—Duteronome 6:6-9.
14. (a) Batsadi ba tshwanetse go tlhokomela bana ba bone jang? (b) Go thapisa bana sentle go akaretsa eng?
14 Baebele e re gakolola gore bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa. (Pesalema 127:3) A o tlhokomela bana ba gago jaaka thoto ya Modimo, mpho e a rileng o e tlhokomele? Ngwana wa gago a ka nna a itumela fa o mo tlamparela, ka jalo o bontsha gore o amega ka ene ka gonne o mo rata e bile o mo fa nako ya gago. (Mareko 10:16) Mme lefa go ntse jalo go ‘godisa ngwana ka thuto mo tseleng e a tshwanetseng go e tsamaya’ ga go tlhoke go mo tlamparela le go mo suna fela. Gore ngwana a tle a nne le botlhale jo bo tla mo thusang go tila dipharagobe tsa botshelo, o tlhoka le kotlhao e e lorato. Motsadi o bontsha lorato lwa mmatota ka ‘go mo otlhaya go sa le gale.’—Diane 13:1, 24; 22:6.
15. Ke eng se se bontshang gore batsadi ba tlhoka go otlhaya bana?
15 Tsela e go tlhokegang ka yone gore batsadi ba otlhae bana e bonala mo tlhalosong ya mogakolodi mongwe wa sekolo a tlhalosa bana ba ba tlang kwa ofising ya gagwe: “Ba tlhomola pelo, ba tshwenyegile thata mo maikutlong, e bile ba feletswe ke tsholofelo. Ba bua ba ntse ba lela kaga tsela e dilo di ntseng ka yone tota. Ba le bantsi—ba le bantsi go feta jaaka o ka akanya—ba lekile go ipolaya, e se ka gonne ba itumetse thata mo ba sa itseng gore ba itire eng; ke ka gonne ba ikutlwa ba sa itumela gotlhelele, ba latlheletswe, e bile ba ngomogile pelo thata ka gonne, ba ntse ba le bannye jalo, ke bone ba ‘laolang’ mme go ba imela fela thata.” O ne a oketsa jaana: “Ke sengwe se se boifisang thata mo mothong yo mosha gore a ikutlwe e le ene a tlhokometseng dilo.” Ke boammaaruri, bana ba ka nna ba gana go otlhaiwa, mme ba anaanela tota fa batsadi ba ba kaela le go ba thibela. Ba itumelela gore batsadi ba bone ba amega mo go kalo mo ba ka ba beelang dithibelo. Mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo batsadi ba gagwe ba neng ba di mmeela o ne a bolela jaana: “Go nthotse morwalo tota.”
16. (a) Ke eng se se diragalang ka bana bangwe ba ba godisitsweng mo magaeng a Bokeresete? (b) Ke ka ntlha yang fa go nna seganana ga ngwana go sa reye gore ka dinako tsotlhe batsadi ba a bo ba sa mo thapisa sentle?
16 Lefa go ntse jalo, basha bangwe lefa ba na le batsadi ba ba ba ratang e bile ba ba thapisa sentle, ba gana kaelo ya bone ba bo ba timela fela jaaka morwa wa sesinyi wa setshwantsho sa ga Jesu. (Luke 15:11-16) Lefa go ntse jalo, seo ka bosone se ka nna sa se ka sa kaya gore batsadi ga ba a diragatsa boikarabelo jwa bone jwa go thapisa ngwana wa bone sentle, jaaka Diane 22:6 e laela. Mafoko a gore motho a ‘godise ngwana ka thuto mo tseleng e a tshwanetseng go e tsamaya mme lefa a tsofetse ga a ne a kgaogana nayo’ ke mafoko a a builweng go akarediwa fela. Ka maswabi, jaaka ngwana wa sesenyi, bana bangwe ba tla ‘nyatsa go utlwa motsadi.’—Diane 30:17.
17. Batsadi ba bana ba ba diganana ba ka ikgomotsa ka eng?
17 Rraagwe morwa mongwe yo o neng a le seganana o ne a bua jaana ka kutlobotlhoko: “Ke lekile ka thata gore ke fitlhelele pelo ya gagwe. Ga ke itse gore ke dire eng ka gonne ke lekile dilo di le dintsi thata. Ga go na sepe se se atlegileng.” Re ka solofela gore bana ba ba ntseng jalo ba diganana fa go ntse go ya ba tla gopola thapiso e e lorato e ba e neilweng mme ba boe fela jaaka sesenyi. Lefa go ntse jalo, ntlha e e salang ke gore bana bangwe ba a tsuologa ba bo ba nna le maitsholo a a sa siamang mme seo se utlwise batsadi ba bone botlhoko thata. Batsadi ba ka ikgomotsa ka go itse gore le ene morutisi yo mogolo go gaisa botlhe yo o kileng a tshela mo lefatsheng o ne a okwa ke moithuti wa gagwe wa nako e telele e bong Jutase Isekariota. Mme Jehofa ka boene kwantle ga pelaelo o ne a hutsafala fa bomorwawe ba le bantsi ba semoya ba ne ba latlha kgakololo ya gagwe mme ba tsuologa e se molato wa Gagwe.—Luke 22:47, 48; Tshenolo 12:9.
Bana—Lo Tla Itumedisa Mang?
18. Bana ba ka bontsha jang gore ba baya Modimo kwa pele?
18 Jehofa o rotloetsa lona basha jaana: “Utlwang batsadi ba lona mo Moreneng.” (Baefeso 6:1) Basha ba baya Modimo kwa pele fa ba dira seno. O se ka wa nna seleele! Lefoko la Modimo la re: “Lesilo le nyatsa thuto ya rra lone.” Le gone o se ka wa akanya ka boikgodiso gore o ka kgona go atlega fela o sa otlhaiwe. Ntlha ke gore, “go na le losika lwa batho ba ba iponang boitsheko, le fa go ntse jalo ba sa tlhapisiwa maswe a bone.” (Diane 15:5; 30:12) Ka jalo utlwa kaelo ya Modimo—“reetsa” ditaolo le kotlhao tsa batsadi, di ‘ipeele,’ ‘o se ka wa di lebala,’ ‘o di tlhokomele,’ ‘o di tshegetse,’ o bo ‘o se ka wa di latlha.’—Diane 1:8; 2:1; 3:1; 4:1; 6:20.
19. (a) Bana ba na le mabaka afe a a nonofileng a gore ba utlwe Jehofa? (b) Basha ba ka bontsha jang gore ba leboga Modimo?
19 O na le mabaka a a nonofileng a gore o utlwe Jehofa. O a go rata, le gone o a go sireletsa le go go thusa gore o itumelele botshelo ka go go naya melao ya gagwe, go akaretsa le molao wa gore bana ba utlwe batsadi ba bone. (Isaia 48:17) Gape o go ntsheditse Morwawe gore a go swele gore o tle o kgone go bolokwa mo boleong le mo losong mme o itumelele botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16) A o a mo leboga? Modimo o lebile a le kwa magodimong, a tlhatlhoba pelo ya gago go bona gore a ruri o a mo rata le go anaanela dilo tseo a di go direlang. (Pesalema 14:2) Satane le ene o lebeletse, mme o kgoba Modimo, a bolela gore ga o kitla o Mo obamela. Fa o sa utlwe Modimo, o itumedisa Satane mme o “hutsafatsa” Jehofa. (Pesalema 78:40, 41) Jehofa o go kopa jaana: “Morwaaka, o tlhalefe, o ipedise pelo ya me [ka go nkutlwa], gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” (Diane 27:11) Ee, potso ke gore, O tla itumedisa mang, Satane kana Jehofa?
20. Mosha mongwe o ne a dira jang gore a nne a ntse a le pelokgale gore a direle Jehofa le fa a boifa?
20 Ga go motlhofo go dira thato ya Modimo Satane a ntse a go gatelela le lefatshe la gagwe. Go ka tshosa. Mosha mongwe o ne a bolela jaana: “Go boifa go tshwana le go sitwa. O ka dira sengwe ka gone.” O ne a tlhalosa jaana: “Fa o sitwa, o apara jesi. Fa o ntse o sitwa fela, o apara e nngwe. Mme o nna o ntse o apara sengwe fa godimo go fitlha serame se fela o bo o sa tlhole o sitwa. Ka jalo go rapela Jehofa fa o boifa go tshwana le go apara jesi fa o sitwa. Fa e ka re ke sena go rapela gangwe fela ka bo ke ntse ke boifa ke rapela gape, ke bo ke rapela gape, go fitlha poifo e fela. Mme go a dira. Go mphaloditse mathata!”
21. Jehofa o tla re tshegetsa jang fa re leka tota gore re mmeye kwa pele mo matshelong a rona?
21 Fa ruri re leka go baya Modimo kwa pele mo matshelong a rona, Jehofa o tla re tshegetsa. O tla re nonotsha, a dirisa baengele gore ba re thuse fa go tlhokega, fela jaaka a ne a dira ka Morwawe. (Mathaio 18:10; Luke 22:43) Nnang pelokgale lona lotlhe batsadi le bana. Nnang le poifo e e tshwanang le ya ga Keresete, mme e tla lo itumedisa. (Isaia 11:3) Ee, “boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Moreri 12:13.
A o ka Araba?
◻ Balatedi ba ga Jesu ba pele ba ne ba tshwanelwa ke go lekalekanya maikarabelo afe?
◻ Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go diragatsa boikarabelo bofe?
◻ Bagolwane ba Bakeresete ba ba nang le malapa ba ka thusiwa ke eng?
◻ Bokgaitsadi ba ka dira tiro efe e e botlhokwa mo phuthegong?
◻ Go botlhokwa gore bana ba utlwe kotlhao le kaelo efe?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Gantsi mosadi yo o godileng wa Mokeresete a ka neela mosadi wa moroba thuso eo a e tlhokang
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Batsadi ba bana ba ba diganana ba ka gomodiwa ke eng go tswa mo Dikwalong?